KGAOLO 9
“Tshabang Kgokafalo”
“Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.”—BAKOLOSA 3:5.
1, 2. Balaame o ne a loga leano lefe gore a tsenye batho ba ga Jehofa mo mathateng?
MOTSHWARADITLHAPI o ya kwa lefelong le a ratang go tshwara ditlhapi mo go lone. Go na le mofuta mongwe wa tlhapi o a batlang go o tshwara. O tlhopha sengwe se a ka okang tlhapi ka sone a bo a se latlhela mo metsing a se golegeletse mo mogaleng. Morago ga nakonyana, mogala o a gagamala, thupa e e golegetsweng mogala e a obega, mme o goga tlhapi e a e tshwereng. O a nyenya ka gonne o itse gore o ne a tlhophile sengwe se se tshwanelang go oka tlhapi.
2 Ka ngwaga wa 1473 B.C.E., monna mongwe yo o bidiwang Balaame o ne a akanya thata gore a ka dirisa thaelo efe. Le fa go ntse jalo, ene o ne a batla go tshwara batho ba Modimo, ba ba neng ba thibeletse mo Dipoeng tsa Moabe, gaufi fela le Lefatshe le le Solofeditsweng. Balaame o ne a ipolela fa e le moporofeti wa ga Jehofa, mme tota e ne e le monna fela yo o pelotshetlha yo o neng a thapetswe go hutsa Baiseraele. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dira gore Balaame a segofatse Baiseraele. E re ka Balaame a ne a batla fela go bona tuelo, o ne a ipolelela gore gongwe o ne a ka dira gore Modimo a hutse batho ba gagwe, fa fela ba ne ba ka raelesega go dira boleo jo bo masisi. Ka jone boikaelelo joo, Balaame o ne a tlisa thaelo—barweetsana ba ba hepisang ba Moabe.—Dipalo 22:1-7; 31:15, 16; Tshenolo 2:14.
3. Leano la ga Balaame le ne la atlega go le kana kang?
3 A leano leno le ne la bereka? Ee, le ne la bereka ka selekanyo se se rileng. Banna ba Baiseraele ba le diketekete ba ne ba raelesega gore ba ‘nne le dikamano tsa boitsholo jo bo maswe le bomorwadia Moabe.’ Ba ile ba bo ba simolola go obamela medimo ya Bamoabe, go akaretsa le Baale wa Peore yo o makgapha yo e leng modimo wa tsalo, kgotsa tlhakanelodikobo. Seo se ne sa felela ka gore Baiseraele ba le 24 000 ba swe ba setse ba le gaufi fela le go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. A matlhotlhapelo ruri!—Dipalo 25:1-9.
4. Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba le diketekete ba ile ba raelesega go dira boitsholo jo bo sa siamang?
4 Masetlapelo ano a ne a bakilwe ke eng? Batho ba le bantsi ba ne ba setse ba na le pelo e e boikepo ka gonne ba katogetse kgakala le Jehofa, ene Modimo yo o neng a ba golotse kwa Egepeto, a ba fepa kwa nageng mme a ba babalela go fitlha ba tsena kwa lefatsheng le le solofeditsweng. (Bahebera 3:12) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a akantse ka kgang eno: “Le gone a re se direng kgokafalo, jaaka bangwe ba bone ba ne ba dira kgokafalo, mme ga wa ba le dikete di le masome a mabedi le boraro ba bone mo letsatsing le le lengwe.”a—1 Bakorintha 10:8.
5, 6. Ke ka ntlha yang fa pego e e kaga boleo jwa Baiseraele kwa Dipoeng tsa Moabe e re solegela molemo gompieno?
5 Go na le dilo tse dintsi tsa botlhokwa tse batho ba Modimo gompieno, ba ba leng gaufi thata le go tsena mo lefatsheng le le botoka thata le le solofeditsweng, ba ka di ithutang mo pegong e e mo go Dipalo. (1 Bakorintha 10:11) Ka sekai, batho ba ilwe tlhogong ke tlhakanelodikobo jaaka Bamoabe ba bogologolo, mme gompieno go maswe le go feta. Mo godimo ga moo, ngwaga le ngwaga Bakeresete ba le diketekete ba raelesega go dira boitsholo jo bo sa siamang—fela jaaka Baiseraele le bone ba ile ba raelesega go dira jalo. (2 Bakorintha 2:11) Mme fela jaaka Simeri yo o neng a nna le sebete sa go tlisa mosadi wa Momidiana mo teng ga bothibelelo jwa Baiseraele a bo a mo isa kwa mogopeng wa gagwe, bangwe ba ba kopanelang le batho ba Modimo gompieno ba ile ba tlhotlheletsa bangwe mo teng ga phuthego ya Bokeresete gore ba dire boitsholo jo bo sa siamang.—Dipalo 25:6, 14; Jude 4.
6 A o lemoga gore o mo seemong se se tshwanang le se Baiseraele ba neng ba le mo go sone kwa Dipoeng tsa Moabe? A o bona gore o setse o le gaufi le go bona tuelo ya gago—go tsena mo lefatsheng le lesha le o sa bolong go le emela? Fa go le jalo, dira bojotlhe jwa gago gore o nne o le mo loratong lwa Modimo ka go ikobela taelo eno: “Tshabang kgokafalo.”—1 Bakorintha 6:18.
KGOKAFALO KE ENG?
7, 8. “Kgokafalo” ke eng, mme batho ba ba e dirang ba roba se ba se jadileng ka tsela efe?
7 Lefoko “kgokafalo” (ka Segerika, por·neiʹa) fa le dirisiwa mo Baebeleng, le kaya tlhakanelodikobo e e seng kafa molaong mo gare ga batho ba ba sa nyalanang kafa Dikwalong. Le akaretsa boaka, go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang, mmogo le tlhakanelodikobo ya go dirisa molomo mo dirweng tsa tsalo le tlhakanelodikobo ya marago le go phoraphora dirwe tsa tlhakanelodikobo tsa motho yo o sa nyalanang le ene. Gape le akaretsa go dirwa ga ditiro tseo ke batho ba bong jo bo tshwanang mmogo le go robala le diphologolo.b
8 Dikwalo di bua ka tlhamalalo mo kgannyeng eno: Batho ba ba dirang kgokafalo ba ka se ka ba tswelela ba le mo phuthegong ya Bokeresete e bile ga ba kitla ba bona botshelo jo bo sa khutleng. (1 Bakorintha 6:9; Tshenolo 22:15) Mo godimo ga moo, tota le gone jaanong ba itlisetsa mathata a a seng kana ka sepe a a jaaka gore batho ba se ka ba tlhola ba ba ikanya, ba se ka ba tlhola ba itlotla, ba nne le mathata a lenyalo, ba tshwenngwe ke segakolodi, ba ime ba sa ikaelela, ba tshwarwe ke malwetse kgotsa ba swe. (Bala Bagalatia 6:7, 8.) Tota o tla bo o tseelang tsela e e tletseng mathata jaana? Ka maswabi, batho ba le bantsi ga ba akanye ka ditlamorago fa ba tsaya kgato ya ntlha e e phoso—e gantsi e akaretsang tshedimosetso e e hepisang.
KGATO YA NTLHA —TSHEDIMOSETSO E E HEPISANG
9. A tshedimosetso e e hepisang ga e kotsi jaaka bangwe ba bolela? Tlhalosa.
9 Mo dinageng di le dintsi, tshedimosetso e e hepisang e bewa mo marekisetsong a makwalodikgang, go opelwa ka yone, e tlhaga mo thelebisheneng, e bile e tletsetletse mo Internet.c A tshedimosetso eno ga e kotsi, jaaka bangwe ba bolela? Seo ga se boammaaruri le e seng! Batho ba ba lebang ditshwantsho tse di hepisang ba ka nna le mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo mme “ba fisegele tlhakanelodikobo e e tlhabisang ditlhong,” e e ka felelang ka gore ba lemalele tlhakanelodikobo, ba nne le dikeletso tse e seng tsa tlholego, mathata a a masisi a lenyalo, ba bo ba tlhalane.d (Baroma 1:24-27; Baefeso 4:19) Mmatlisisi mongwe o tshwantsha go lemalela tlhakanelodikobo le kankere. A re: “E nnela go gola le go anama. Ga se gantsi e iphelela ka boyone fela, gape go thata go e alafa le go e fodisa.”
10. Re ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Jakobe 1:14, 15? (Bona lebokose le le reng “Se se Nnonotshitseng Gore ke Nne ke le Phepa mo Boitsholong.”)
10 Ela tlhoko mafoko a a mo go Jakobe 1:14, 15 e e reng: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.” Ka jalo fa o tlelwa ke keletso e e sa siamang, tsaya kgato gore o e fedise ka yone nako eo! Ka sekai, fa o tshogana o bone ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, leba go sele ka bonako, tima khomputara kgotsa o lebe seteishene se sele sa thelebishene. Dira sengwe le sengwe se o ka se kgonang gore o tile go ineela mo keletsong e e sa siamang pele e gola e bo e go fekeetsa!—Bala Mathaio 5:29, 30.
11. Fa re lwantsha dikeletso tse di sa siamang, re ka bontsha jang gore re ikanya Jehofa?
11 Go a utlwala go bo Ene yo o re itseng botoka go feta jaaka re ikitse a re kgothatsa jaana: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.” (Bakolosa 3:5) Ke boammaaruri gore go dira jalo go ka nna ga se nne motlhofo. Mme gopola gore re na le Rre yo o lorato le yo o pelotelele kwa legodimong yo re ka mo kopang gore a re thuse. (Pesalema 68:19) Ka jalo mo rapele ka bonako fa o tlelwa ke dikakanyo tse di sa siamang. Rapelela gore o nne le “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” mme o leke ka natla gore o akanye ka dilo tse dingwe.—2 Bakorintha 4:7; 1 Bakorintha 9:27; bona lebokose la setlhogo se se reng “Nka Latlha Jang Mokgwa o o Maswe?”
12. “Pelo” ya rona ke eng, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go e dibela?
12 Monna yo o botlhale e bong Solomone o ne a kwala jaana: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” (Diane 4:23) “Pelo” ya rona ke se re leng sone kafa teng, se tota re leng sone mo matlhong a Modimo. Mo godimo ga moo, se se laolang gore a re tla bona botshelo jo bo sa khutleng kgotsa nnyaa ke se Modimo a se bonang mo ‘pelong’ ya rona—e seng se batho ba bangwe ba ka tswang ba akanya gore re sone. Go ntse fela jalo. E bile go masisi fela jalo. Jobe yo o ikanyegang o ne a dira kgolagano kgotsa tumalano le matlho a gagwe gore a se ka a leba mosadi ka tsela e e sa tshwanelang. (Jobe 31:1) A bo a re tlhometse sekao se se molemo jang ne! Mopesalema mongwe o ne a bontsha gore o ikutlwa fela jalo fa a ne a rapela a re: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.”—Pesalema 119:37.
DINA O TSAYA TSELA E E PHOSO
13. Dina e ne e le mang mme ke ka ntlha yang fa ditsala tsa gagwe e ne e le ditsala tse di sa siamang?
13 Jaaka fa re bone mo Kgaolo 3, ditsala tsa rona di ka re tlhotlheletsa thata gore re dire se se molemo kgotsa se se bosula. (Diane 13:20; bala 1 Bakorintha 15:33.) Akanya ka sekai sa ga Dina, morwadia Jakobe yo e neng e le tlhogo ya lotso. (Genesise 34:1) Le fa Dina a ne a godisitswe sentle, o ne a tsaya tsela e e phoso ka go itsalanya le basetsana ba Bakanana. Fela jaaka Bamoabe, Bakanana ba ne ba itsege ka boitsholo jo bo sa siamang. (Lefitiko 18:6-25) Mo banneng ba Bakanana, go akaretsa Shekema—yo o neng a ‘tlotlega thata’ mo go ba ntlo ya ga rraagwe—Dina o ne a lebega a ka raelesega motlhofo.—Genesise 34:18, 19.
14. Go ne ga nna le masetlapelo afe ka ntlha ya mofuta wa ditsala tse Dina a neng a di tlhopha?
14 Dina o tshwanetse a bo a ne a sa akanya ka tlhakanelodikobo fa a bona Shekema. Mme Shekema ene o ne a dira se bontsi jwa Bakanana ba neng ba ka tsaya go siame go se dira fa ba na le keletso ya tlhakanelodikobo. Le fa Dina a ne a leka go gana ka motsotso wa bofelo, seo se ne se sa thuse sepe, ka gonne Shekema o ne “a mo tsaya” a bo “a mmetelela.” Go lebega Shekema a ne a “rata” Dina moragonyana, mme seo ga se a ka sa fetola se a neng a se mo dirile. (Bala Genesise 34:1-4.) Mme tiragalo eno ga e a bakela Dina mathata a le esi. Ka ntlha ya mofuta wa ditsala tse a neng a di tlhopha, go ne ga diragala dilo tse di neng tsa tlisa matlhabisaditlhong mo lelapeng lotlhe la gabone.—Genesise 34:7, 25-31; Bagalatia 6:7, 8.
15, 16. Re ka dira jang gore re nne le botlhale jwa mmatota? (Bona lebokose le le reng “Ditemana Tse o ka Tlhatlhanyang ka Tsone.”)
15 Fa e le gore Dina o ne a ithuta thuto nngwe ya botlhokwa, o e ithutile botlhoko. Batho ba ba ratang Jehofa e bile ba mo ikobela ga ba tlhoke go ithuta dilo botlhoko mo botshelong. E re ka ba reetsa Modimo, ba tlhopha go ‘tsamaya le batho ba ba botlhale.’ (Diane 13:20a) Ka jalo ba tlhaloganya “tsela yotlhe ya se se molemo” mme ba tila mathata le kutlobotlhoko e e sa tlhokegeng.—Diane 2:6-9; Pesalema 1:1-3.
16 Botlhale jwa Modimo bo ka bonwa ke batho botlhe ba ba eletsang go nna le jone e bile ba tsaya kgato ya gore ba bo bone ka go nna ba rapela le go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha mmogo le tshedimosetso e ba e newang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego. (Mathaio 24:45; Jakobe 1:5) Boikokobetso le jone bo botlhokwa, mme motho o bonala gore o na le jone fa a iketleeletsa go ikobela kgakololo ya Dikwalo. (2 Dikgosi 22:18, 19) Ka sekai, Mokeresete a ka tswa a dumela gore pelo ya gagwe e boferefere e bile e gagamalela se e se batlang. (Jeremia 17:9) Mme fa go tlhokega, a o ikokobeditse mo a ka amogelang kgakololo le thuso e a e tlhokang, e a e newang ka lorato?
17. Tlhalosa seemo se se ka nnang teng mo lelapeng mme o bontshe kafa rre a ka thusang morwadie ka teng mo kgannyeng eno.
17 Akanya ka seemo seno. Rre o gana morwadie a tsamaya le lekawana la Mokeresete ba le babedi fela ba sa patiwa ke ope. Mosetsana a re: “Ao Ntate, a ga o ntshepe? Re ka se dire sepe se se maswe!” Mosetsana yono o ka tswa a rata Jehofa e bile a sa batle go dira sepe se se maswe, mme gone a o ‘tsamaya ka botlhale jwa Modimo’? A o ‘tshaba kgokafalo’? Kgotsa a ka boeleele o ‘ikanya pelo ya gagwe’? (Diane 28:26) Gongwe o ka gopola melaometheo e mengwe gape e e ka thusang rre yono le morwadie go akanyetsa kgang eno.—Bona Diane 22:3; Mathaio 6:13; 26:41.
JOSEFA O NE A TSHABA KGOKAFALO
18, 19. Josefa o ne a lebana le thaelo efe, mme o ne a dirang?
18 Mosha mongwe yo o siameng yo o neng a rata Modimo mme a tshaba kgokafalo e ne e le Josefa, kgaitsadie Dina ka rraagwe. (Genesise 30:20-24) Fa Josefa a ne a sa le mosha, o ne a bona ditlamorago tsa boeleele jwa ga kgaitsadie. Kwantle ga pelaelo, e re ka Josefa a ne a gopola dilo tseno e bile a eletsa go nna a le mo loratong lwa Modimo, seno se ne sa mo sireletsa dingwaga moragonyana fa a ne a le kwa Egepeto mme mosadi wa mong wa gagwe a leka go mo raela “letsatsi le letsatsi.” Gone ke boammaaruri gore ka gonne Josefa e ne e le motlhanka, o ne a ka se ka a tlogela tiro fela a tsamaya! O ne a tshwanetse go nna botlhale le pelokgale mo seemong seno. O ne a dira jalo ka go gana ka makgetlho a mantsi go robala le mosadi wa ga Potifaro, mme kwa bofelong a tshaba.—Bala Genesise 39:7-12.
19 Akanya ka seno: Fa Josefa a ne a kile a ijesa dijo tsa ditoro ka mosadi yono kgotsa a ne a na le mokgwa wa go nna a akantse thata ka go tlhakanela dikobo, a o ka bo a ile a kgona go nna a ikanyega? Ga go lebege a ne a ka kgona. Mo boemong jwa go nnela go akanya ka go dira boleo, Josefa o ne a tsaya kamano ya gagwe le Jehofa e le botlhokwa, mme seo se bonala mo mafokong a a neng a a raya mosadi wa ga Potifaro. O ne a tle a re: “Mong wa me . . . ga a a gana ka sepe gotlhelele mo go nna fa e se ka wena fela, ka gonne o mosadi wa gagwe. Ka jalo ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?”—Genesise 39:8, 9.
20. Jehofa o ne a dira gore dilo di tsamaele Josefa jang?
20 Akanya fela kafa Jehofa a tshwanetseng a bo a ile a itumela ka teng go bona Josefa yo mmotlana a nna a ikanyega letsatsi le letsatsi le fa a ne a le kgakala le kwa gabone. (Diane 27:11) Moragonyana Jehofa o ne a dira gore Josefa a gololwe mo kgolegelong a bo a dirwe motlatsa mmusi wa Egepeto le molaodi wa dijo! (Genesise 41:39-49) A bo mafoko ano a Pesalema 97:10 a le boammaaruri jang ne: “Lona ba lo ratang Jehofa, tlhoang se se bosula. O disitse meya ya batho ba gagwe ba ba ikanyegang; o ba golola mo seatleng sa ba ba boikepo”!
21. Lekawana lengwe la mo nageng nngwe ya Afrika le ne la bontsha jang gore le ikemiseditse go nna le boitsholo jo bo siameng?
21 Le gompieno batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba bontsha gore ba ‘tlhoile se se bosula mme ba rata se se molemo.’ (Amose 5:15) Mokaulengwe mongwe wa mosha mo nageng nngwe ya mo Afrika o gakologelwa gore mosetsana mongwe yo a neng a tsena sekolo le ene o ne a mo solofetsa a sa potapote gore fa a ne a ka mo thusa mo tlhatlhobong ya dipalo o ne a tla tlhakanela dikobo le ene. A re: “Ke ne ka gana gone fela foo. Ka go nna ke ikanyega, ke kgonne go nna ke na le seriti e bile ke itlotla, tse e leng tsone dilo tsa botlhokwa thata mo botshelong.” Ke boammaaruri gore boleo bo ka tlisa ‘monate wa nakwana,’ mme gantsi menate e e ntseng jalo e e fetang e felela ka mahutsana a a seng kana ka sepe. (Bahebera 11:25) Mo godimo ga moo menate eo ga se ya sepe fa e bapisiwa le boitumelo jo bo nnelang ruri jo bo tlisiwang ke go ikobela Jehofa.—Diane 10:22.
AMOGELA THUSO YA MODIMO YO O KUTLWELOBOTLHOKO
22, 23. (a) Fa Mokeresete a dira boleo jo bo masisi, a ga go na sepe se se ka tlholang se dirwa? (b) Motho yo o dirileng phoso a ka thusiwa jang?
22 E re ka re sa itekanela, rotlhe re lwela go gatelela dikeletso tsa nama le go dira se se siameng mo matlhong a Modimo. (Baroma 7:21-25) Jehofa o itse seno, “a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:14) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe Mokeresete a ka dira boleo jo bo masisi. A ga go na sepe se se ka tlholang se dirwa? Nnyaa, ga go a nna jalo! Gone ke boammaaruri gore motho yo o dirileng phoso a ka nna a tlelwa ke ditlamorago tse di botlhoko ka ntlha ya diphoso tse a di dirileng fela jaaka go diragetse ka Kgosi Dafide. Le fa go ntse jalo, ka metlha Modimo o “iketleeleditse go itshwarela” ba ba ikwatlhayang e bile ba ‘ipolela maleo a bone ka tshosologo.’—Pesalema 86:5; Jakobe 5:16; bala Diane 28:13.
23 Mo godimo ga moo, Modimo ka bopelonomi o neile phuthego ya Bokeresete “dimpho tse e leng banna”—badisa ba ba godileng semoyeng ba ba tshwanelegang go thusa e bile ba iketleeleditse go dira jalo. (Baefeso 4:8, 12; Jakobe 5:14, 15) Mokgele wa bone ke go thusa motho yo o dirileng phoso gore a boe a nne le kamano e e molemo le Modimo mme jaaka monna yo o botlhale a boletse, ba mo thuse gore a ‘bapale pelo’ gore a se ka a boeletsa boleo joo gape.—Diane 15:32.
‘BAPALA PELO’
24, 25. (a) Lekawana le le tlhalosiwang mo go Diane 7:6-23 le ne la bontsha jang gore ‘ga le botlhale’? (b) Re ka ‘bapala pelo’ jang?
24 Baebele e bua ka batho ba ba “seng botlhale” mmogo le ba ba “bapalang pelo.” (Diane 7:7) Ka ntlha ya go se tlhaloganye tsela e Modimo a lebang dilo ka yone le go se nne le maitemogelo mo tirelong ya Modimo, motho yo o “seng botlhale” a ka nna a se nne le temogo kgotsa a se lebe dilo sentle. Fela jaaka lekawana le le tlhalosiwang mo go Diane 7:6-23, go ka nna motlhofo gore a wele mo boleong jo bo masisi. Le fa go ntse jalo, motho “yo o bapalang pelo” o tlhokomela motho wa kafa teng thata ka go ithuta Lefoko la Modimo le go rapela ka metlha. Mme le fa a sa itekanela, o dira sotlhe se a ka se kgonang gore dikakanyo tsa gagwe, dikeletso tsa gagwe, maikutlo a gagwe le mekgele e a nang le yone mo botshelong e dumalane le se Modimo a se amogelang. Ka jalo “o rata moya wa gagwe,” kgotsa o itlisetsa masego mme “o tla bona molemo.”—Diane 19:8.
25 Ipotse jaana: ‘A ke tlhomamisegile tota gore melao ya Modimo e siame? A ke dumela ka pelo yotlhe gore go e ikobela go felela ka boitumelo jo bogolo?’ (Pesalema 19:7-10; Isaia 48:17, 18) Fa o na le pelaelo, le fa e ka nna nnye go le kana kang, leka go baakanya seemo. Akanya ka ditlamorago tsa go tlhokomologa melao ya Modimo. Mo godimo ga moo, ‘leka mme o bone gore Jehofa o molemo’ ka go tshela go dumalana le boammaaruri le ka go tlatsa mogopolo wa gago ka dikakanyo tse di molemo—dilo tse di boammaaruri, tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang, le tse di buiwang molemo. (Pesalema 34:8; Bafilipi 4:8, 9) Eleruri fa o ntse o dira jalo, lorato lo o ratang Modimo ka lone lo a gola, o simolola go rata se a se ratang le go tlhoa se a se tlhoileng. Josefa o ne a sa itekanela. Le fa go ntse jalo, o ne a kgona go ‘tshaba kgokafalo’ ka gonne o ne a letla Jehofa gore a mmope ka dingwagangwaga, gore a mo neye botlhale. E kete le wena o ka dira fela jalo.—Isaia 64:8.
26. Go tla tlotliwa ka kgang efe ya botlhokwa mo dikgaolong tse di latelang?
26 Mmopi wa rona o re diretse dirwe tsa tsalo gore re kgone go tshola bana le go ipelela dikamano tsa lenyalo, e seng go di dirisetsa menate fela e e fetang. (Diane 5:18) Dikgaolo tse pedi tse di latelang di tla tlhalosa gore Modimo o leba lenyalo jang.
a Go lebega palo e e dirisitsweng mo bukeng ya Dipalo e ne e akaretsa “ba e leng ditlhogo tsa batho” ba ba bolailweng ke baatlhodi, ba ba ka tswang ba ne ba le 1 000, mmogo le ba ba neng ba bolailwe ke Jehofa ka tlhamalalo.—Dipalo 25:4, 5.
b Go bona gore boitshekologo le boitshwaro jo bo repileng di kaya eng, bona setlhogo sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2006, o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
c Fano polelwana e e reng “tshedimosetso e e hepisang” e kaya tshedimosetso e e diretsweng go tsosa keletso ya tlhakanelodikobo, e ka tswa e tla ka ditshwantsho, e kwadilwe kgotsa e le mantswe. Tshedimosetso e e hepisang e ka akaretsa ditshwantsho tsa motho a ntse kana a eme ka tsela e e hepisang le ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo ya mofuta o o ferosang sebete e e dirwang ke batho ba le babedi kgotsa go feta foo.
d Kgang ya go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo e tlhalosiwa mo setlhogong sa Dintlha Tse di Oketsegileng se se reng, “Fenya Mokgwa wa go Itshwaratshwara Dirwe Tsa Tlhakanelodikobo.”