KGAOLO 20
Lefoko la ga Jehofa le ‘Gola Thata e Bile le a Fenya’
Le fa Ba Ganediwa Kafa Apolose le Paulo ba thusitseng ka gone go anamisa dikgang tse di molemo
E tswa mo go Ditiro 18:23–19:41
1, 2. (a) Paulo le batho ba a tsamayang le bone ba lebane le maemo afe a a kotsi kwa Efeso? (b) Re tlile go sekaseka eng mo kgaolong eno?
GO UTLWALA modumo o mogolo wa boidiidi jwa batho ba ba goang le ba ba tabogakang mo mebileng ya Efeso. Go tsogile segopa sengwe, mme go runtse khuduego e e seng kana ka sepe mo motseng! Batho ba babedi ba ba tsamayang le moaposetoloi Paulo ba a tshwarwa le go gogagogwa. Ka bonako fela mmila o mogolo o o bulegileng o go nang le mabenkele mo go one o nna lolea e re ka boidiidi jo bo ntseng bo oketsega bo thologela mo bobogelong jo bogolo jwa motse, jo bo kgonang go tshola batho ba le 25 000. Bontsi jwa batho bano ga bo itse gore tota ke eng se se bakileng khuduego eno, mme gone ba belaela gore tempele ya bone le modimo wa bone o o rategang wa sesadi e bong Aretemise di tlile go senngwa. Ka jalo, ba simolola go goa ba ntse ba re: “Aretemise wa Baefeso o mogolo!”—Dit. 19:34.
2 Le fano gape, re bona Satane a leka go dirisa segopa se se tletseng thubakanyo gore a emise go anamisiwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ke boammaaruri gore Satane ga a dirise fela thubakanyo go thibela tiro ya go rera. Mo kgaolong eno, re tla tlotla ka maano a le mmalwa a Satane a neng a a dirisa go kgoreletsa tiro ya Bakeresete bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga le go dira gore ba se tlhole ba utlwana. Sa botlhokwa le go feta, re tla bona gore maano ao otlhe a gagwe a ile a itaya se fololetse, ka gonne “lefoko la ga Jehofa le ne la tswelela le gola thata e bile le fenya.” (Dit. 19:20) Ke eng fa Bakeresete bao ba ile ba kgona go fenya? Fela jaaka Jehofa a re thusa gompieno, le bone o ile a ba thusa. Ke boammaaruri gore phenyo ga se ya rona mme ke ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re tshwanetse go dira seabe sa rona. Moya wa ga Jehofa o tla re thusa gore re nne le dinonofo tse di tla re thusang go wetsa bodiredi jwa rona ka katlego. Mma re sekaseke pele sekao sa ga Apolose.
O ne “A Itse Dikwalo Sentle” (Ditiro 18:24-28)
3, 4. Ke kgang efe ya botlhokwa e Akhwila le Perisila ba neng ba lemoga gore Apolose ga a e itse, mme ba ne ba dira eng ka gone?
3 Fa Paulo a le mo tseleng a ya kwa Efeso mo loetong lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa, Mojuda mongwe yo o bidiwang Apolose o ne a goroga mo motseng oo. O ne a tswa kwa motseng o o itsegeng thata wa Alekesanderia, kwa Egepeto. Apolose o ne a na le dinonofo dingwe tse di tlhomologileng. E ne e le kgeleke mo puong. Mo godimo ga moo, o ne “a itse Dikwalo sentle.” Gape o ne “a tuka mo moyeng.” E re ka Apolose a ne a tlhoafetse thata, o ne a rerela bareetsi ba Bajuda ka bopelokgale mo sinagogeng.—Dit. 18:24, 25.
4 Akhwila le Perisila ba ne ba utlwa Apolose a bua. Ruri ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse fa ba utlwa a ruta “sentle dilo tse di ka ga Jesu.” Dilo tse a neng a di bua ka Jesu di ne di le boammaaruri. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae banyalani bao ba Bakeresete ba ne ba lemoga gore go na le kgang nngwe ya botlhokwa e Apolose a neng a sa e itse. O ne “a tlwaelane fela le kolobetso ya ga Johane.” Banyalani bano ba ba ikokobeditseng, ba tiro ya bone e neng e le go dira ditente, ga ba a ka ba tshosiwa ke gore Apolose e ne e le kgeleke mo puong kgotsa gore o rutegile. Go na le moo, ba ne “ba tsamaya le ene mme ba mo tlhalosetsa tsela ya Modimo sentle ka botlalo.” (Dit. 18:25, 26) Mme monna yono yo o neng a buiwa molemo e bile a rutegile o ne a itshwara jang? Ga go pelaelo gore o ne a bontsha nngwe ya dinonofo tsa botlhokwa tse Mokeresete a tshwanetseng go nna le tsone—boikokobetso.
5, 6. Ke eng se se neng sa dira gore Jehofa a dirise Apolose thata, mme re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Apolose?
5 E re ka Apolose a ile a amogela thuso ya ga Akhwila la Perisila, o ne a nna motlhanka wa ga Jehofa yo o nang le matswela mo bodireding. O ne a ya kwa Akaia, mme a “thusa thata” badumedi ba koo. Gape tsela e a neng a rera ka yone e ne ya solegela Bajuda ba mo kgaolong eo molemo, e re ka ba ne ba gatelela gore Jesu e ne e se Mesia yo go neng go boleletswe pele ka ene. Luke a re: “O ne a bontsha Bajuda . . . gore dithuto tsa bone di ne di le phoso mme a dira jalo ka tlhagafalo, a ba bontsha go tswa mo Dikwalong gore Jesu ke Keresete.” (Dit. 18:27, 28) Ruri Apolose o ne a thusa diphuthego fela thata! Tota e bile, o ne a thusa gore “lefoko la ga Jehofa” le tswelele go fenya. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Apolose?
6 Bakeresete botlhe ba tshwanetse go leka ka natla go nna boikobo. Modimo o neile mongwe le mongwe wa rona bokgoni jo bo rileng—e ka tswa e le jo re tshotsweng re na le jone, maitemogelo a re nang le one kgotsa kitso e re e bapetseng. Le fa go ntse jalo, boikokobetso jwa rona bo tshwanetse go bonala go feta bokgoni joo. Go seng jalo bokgoni joo jwa rona bo ka re bakela mathata. Go ka nna motlhofo fela gore re nne boikgodiso. (1 Bakor. 4:7; Jak. 4:6) Fa tota re ikokobeditse, re tla leka ka natla go tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga rona. (Bafil. 2:3) Ga re kitla re gana kgakololo kgotsa re gana go rutwa ke ba bangwe. Ruri ga re kitla re nna boikgodiso mme re ganelela mo dikgopolong tsa rona le fa re lemoga gore ga di dumalane le tsela e moya o o boitshepo o re kaelang ka yone gone jaanong. Fa fela re nna re ikokobeditse, Jehofa le Morwawe ba tla re dirisa.—Luke 1:51, 52.
7. Paulo le Apolose ba re tlhometse jang sekao sa go nna boikokobetso?
7 Gape boikokobetso bo thusa gore go se ka ga nna le moya wa kgaisano. Akanya fela kafa Satane a neng a tlhoafaletse ka gone go baka dikgaogano mo Bakereseteng bao ba bogologolo! Ruri o ne a tla itumela tota fa Apolose le moaposetoloi Paulo, banna ba ba neng ba kgona go tlhotlheletsa ba bangwe, ba ne ba ka itetla gore ba gaisane, gongwe yo mongwe a fufegela yo mongwe mme a leka go gaisana le ene gore go bonale e kete ke ene yo o nang le tlhotlheletso e kgolo mo diphuthegong! Go ne go ka nna motlhofo gore ba dire jalo. Bakeresete bangwe ba kwa Korintha ba ne ba simolola go re, “Nna ke wa ga Paulo,” fa ba bangwe bone ba ne ba re, “Nna ke wa ga Apolose.” A Paulo le Apolose ba ne ba rotloetsa boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go kgaogana? Nnyaa! Ka boikokobetso, Paulo o ile a bontsha go anaanela seabe sa ga Apolose mo tirong ya go rera, mme a mo naya ditshiamelo tse dingwe tsa tirelo. Mme Apolose ene o ne a latela kaelo ya ga Paulo. (1 Bakor. 1:10-12; 3:6, 9; Tito 3:12, 13) Ruri seo ke sekao se se molemo sa go dirisana mmogo ka boikokobetso se se ka latelwang le gompieno!
O ne “A Ntsha Mabaka a a Tlhatswang Pelo ka Bogosi” (Ditiro 18:23; 19:1-10)
8. Paulo o ne a dirisa tsela efe fa a boela kwa Efeso, mme ka ntlha yang?
8 Paulo o ne a solofeditse gore o tla boela kwa Efeso, mme o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe.a (Dit. 18:20, 21) Mme gone, ela tlhoko gore o ne a boela teng jang. La bofelo fa re ne re bua ka ene o ne a le kwa Antioka, kwa Siria. Gore a goroge kwa Efeso, o ne a ka nna a tsaya tsela e khutshwane e e yang kwa Seleukia, a pagama sekepe a bo a ya ka tlhamalalo kwa Efeso. Go na le moo, o ne a “ralala dikgaolo tse di kgakala le lewatle.” Go ya ka phopholetso nngwe, loeto lwa ga Paulo lo lo kwadilweng mo go Ditiro 18:23 le 19:1 e ne e le lwa sekgala sa dikilometara di le 1 600! Ke eng fa Paulo a ne a tsaya tsela e telele le e e lapisang jaana? Ka gonne boikaelelo jwa gagwe e ne e le go “nonotsha barutwa botlhe.” (Dit. 18:23) Loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa, fela jaaka maeto a gagwe a mabedi a a fetileng, lo ne lo tla mo tlhoka dilo tse dintsi, mme o ne a lo tsaya lo le botlhokwa. Gompieno balebedi ba potologo le basadi ba bone le bone ba na le boikutlo jo bo ntseng jalo. A re anaanela tsela e ba intshang setlhabelo ka lorato ka yone?
9. Ke eng fa setlhopha sengwe sa barutwa se ne se tshwanetse go kolobediwa gape, mme re ka ithuta eng mo tseleng e ba neng ba itshwara ka yone?
9 Fa Paulo a goroga kwa Efeso, o ne a fitlhela setlhopha sa barutwa ba ka nna 12 ba ga Johane Mokolobetsi. Thulaganyo e ba neng ba kolobeditswe ka yone e ne e sa tlhole e dira. Gape go bonala ba ne ba itse go le gonnye kgotsa ba sa itse sepe ka moya o o boitshepo. Paulo o ne a ba tlhalosetsa botlhokwa jwa go kolobediwa mo leineng la ga Jesu, mme fela jaaka Apolose, ba ne ba itshupa ba ikokobeditse e bile ba tlhagafaletse go ithuta. Fa ba sena go kolobediwa mo leineng la ga Jesu, ba ne ba amogela moya o o boitshepo mmogo le dimpho dingwe tsa dikgakgamatso. Ka jalo, ga go pelaelo gore go latela kaelo ya phuthego e e gatelang pele ya ga Jehofa go lere masego.—Dit. 19:1-7.
10. Ke eng fa Paulo a ne a tswa kwa sinagogeng mme a ya kwa holong, mme o re tlhometse sekao sefe se re ka se latelang mo bodireding jwa rona?
10 Go ise go ye kae, go ne ga nna le sekao se sengwe gape sa go gola ga tiro ya go rera. Paulo o ne a rera ka bopelokgale mo sinagogeng ka dikgwedi di le tharo. Le fa gone a ne “a ntsha mabaka a a tlhatswang pelo ka Bogosi Jwa Modimo,” bangwe ba ne ba nna peloethata mme ba nna baganetsi. Go na le gore Paulo a senye nako ka batho ba ba neng “ba bua maswe ka ga Tsela,” o ne a ya go rera kwa holong ya sekolo. (Dit. 19:8, 9) Ba ba neng ba batla go nna ba gatela pele semoyeng ba ne ba tshwanetse go tswa kwa sinagogeng mme ba ye kwa holong. Fela jaaka Paulo, le rona re ka nna ra tshwanelwa ke go emisa motlotlo wa rona le mong wa ntlo fa re lemoga gore ga a batle go re reetsa kgotsa gore o batla fela go ngangisana le rona. Go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba sekadinku ba ba tlhokang go utlwa molaetsa wa rona o o kgothatsang!
11, 12. (a) Paulo o ne a re tlhomela jang sekao sa go dira ka natla le go fetofetoga le maemo? (b) Basupi ba ga Jehofa ba leka jang go dira ka natla le go fetofetoga le maemo fa ba le mo bodireding jwa phatlalatsa?
11 Gongwe Paulo o ne a rera kwa holong eo ya sekolo letsatsi lengwe le lengwe go tloga ka ura ya lesomenngwe mo mosong go fitlha ka ura ya bonè thapama. (Bona ntlha ya go ithuta e e mo Baebeleng ya Seesemane mo go Ditiro 19:9.) Go bonala go ne go se modumo o montsi ka dinako tseo mme gone diura tseno e ne e le tsone tse di mogote thata mo letsatsing, fa batho ba ne ba emisa ditiro tsa bone gore ba ikhutse le go ja. Fa e le gore letsatsi le letsatsi Paulo o ne a latela thulaganyo eo e e gagametseng ka dingwaga di le pedi, seo se raya gore o ne a dirisa diura tse di fetang 3 000 a ruta.b Fano gape re bona lebaka le lengwe la go bo lefoko la ga Jehofa le ne la tswelela le gola e bile le fenya. Paulo o ne a dira ka natla e bile a fetofetoga le maemo. O ne a fetola thulaganyo ya gagwe gore a kgone go rerela batho ba ba mo tshimong ya gagwe. Go ne ga nna le matswela afe? “Batho botlhe ba ba nnang mo porofenseng ya Asia ba ne ba utlwa lefoko la Morena, Bajuda mmogo le Bagerika.” (Dit. 19:10) Ruri o ne a naya bosupi ka botlalo!
12 Basupi ba ga Jehofa mo motlheng ono le bone ba itshupile gore ba dira ka natla e bile ba fetofetoga le maemo. Re leka ka natla go bua le batho gongwe le gongwe kwa re ka ba fitlhelang gone le ka nako nngwe le nngwe. Re rera mo mebileng, mo marekisetsong le mo mafelong a go phaka dikoloi. Re ka bua le batho ka thelefouno kgotsa ka go ba kwalela makwalo. Mme fa re le mo bodireding jwa ntlo le ntlo, re leka go etela batho ka nako e ba leng teng mo magaeng a bone ka yone.
Lefoko la ga Jehofa le ‘Gola Thata e Bile le a Fenya’ Le fa Go na Le Meya e e Boikepo (Ditiro 19:11-22)
13, 14. (a) Jehofa o ne a thusa Paulo gore a kgone go dira eng? (b) Barwa ba ga Sekefa ba ne ba dira phoso efe, mme le gompieno batho ba le bantsi ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba dira jang phoso e e tshwanang le eo?
13 Luke o re bolelela gore go ne ga nna le lobaka lo bodiredi bo neng jwa nna le matswela a a kgatlhang thata, ka gonne Jehofa o ne a dira gore Paulo a kgone go dira “dikgakgamatso tse dikgolo.” Tota le batho ba ba bobolang ba ba neng ba newa matsela le dikhiba tse Paulo a di aparang, ba ne ba fola. Meya e e boikepo le yone e ne e lelekwa ka one mokgwa ono.c (Dit. 19:11, 12) Tsela eo e e tlhomologileng e Satane a neng a fenngwa ka yone e ne ya dira gore batho ba kgatlhege fela thata, mme gone ga se botlhe ba ba neng ba itumedisiwa ke seo.
14 “Bajuda bangwe ba . . . ba neng ba tsamaya ba leleka madimona” ba ne ba leka go etsa dikgakgamatso tse Paulo a neng a di dira. Bangwe ba Bajuda bao ba ne ba leka go leleka madimona ka go dirisa leina la ga Jesu le la ga Paulo. Luke o re naya sekai sa barwa ba le supa ba ga Sekefa—maloko a lelapa la boperesiti—ba ba neng ba leka go dira seno. Ledimona le ne la ba raya le re: “Ke itse Jesu e bile ke tlwaelane le Paulo; jaanong lona lo bomang?” Monna yono yo o laolwang ke madimona o ne a tlhasela batsietsi bao, a ba tlolela jaaka sebatana sa naga, mme a bo a dira gore ba tshabe, ba gobetse e bile ba sa ikatega. (Dit. 19:13-16) Ruri “lefoko la ga Jehofa” le ne la fenya, ka gonne go ne ga bonala sentle gore Paulo o ne a neilwe nonofo mme maloko ao a bodumedi jwa maaka one a ne a se na maatla. Gompieno go na le batho ba le bantsi ba ba dirang phoso ka go akanya gore fa fela ba bitsa leina la ga Jesu kgotsa ba ipitsa “Bakeresete” go lekane. Mme fela jaaka Jesu a bontshitse, ke fela ba ba dirang thato ya ga Rraagwe ba ba nang le tsholofelo ya mmatota ka isagwe.—Math. 7:21-23.
15. Re ka etsa jang sekao sa Baefeso mo kgannyeng ya tirisabadimo le dilo tse di amanang le yone?
15 Go tlhabisiwa ditlhong jalo ga bomorwa Sekefa go ne ga dira gore batho ba simolole go boifa Modimo, mo ba le bantsi ba neng ba tlhotlheletsega go nna badumedi le go latlha ditlwaelo tsa go dirisana le meya. Batho ba Efeso ba ne ba rata boselamose. Mereo ya boselamose le dipheko e ne e le dilo tse di tlwaelegileng fela jaaka go buisana le badimo, mme gantsi go ne go na le dibuka tse di buang ka dilo tseo. Jaanong Baefeso ba le bantsi ba ne ba tlhotlheletsega go tlisa dibuka tsa bone tsa boselamose ba bo ba di fisa phatlalatsa—le fa go bonala di ne di ja diranta di le dikete di le masomesome go ya ka madi a gone jaanong.d Luke a re: “Ka jalo, lefoko la ga Jehofa le ne la tswelela le gola thata e bile le fenya.” (Dit. 19:17-20) Ruri jono e ne e le bosupi jo bo kgatlhang jwa gore boammaaruri bo ne bo fentse maaka le bodimona! Batho bao ba ba ikanyegang ba re tlhometse sekao se se molemo gompieno. Le rona re tshela mo lefatsheng le mo go lone batho ba le bantsi ba ratang tirisabadimo. Fa re lemoga gore re na le sengwe se se amang le tirisabadimo, re tshwanetse go dira fela jaaka Baefeso ba ile ba dira—re se latlhe ka yone nako eo! A re nneng kgakala le ditlwaelo tseo tse di ferosang sebete, go sa kgathalesege gore re latlhegelwa ke eng.
“Go ne Ga Tsoga Dikhuduego Tse Dikgolo” (Ditiro 19:23-41)
16, 17. (a) Tlhalosa gore Dimeterio o ne a simolola dikhuduego jang mo Efeso. (b) Baefeso ba ne ba bontsha jang gore ba tlhagafaletse bodumedi jwa bone?
16 Jaanong re tlile go tlotla ka leano le lengwe la ga Satane le Luke a neng a le tlhalosa fa a ne a kwala gore, “go ne ga tsoga dikhuduego tse dikgolo ka ga Tsela.” O ne a sa feteletse dilo.e (Dit. 19:23) Mothudi mongwe wa selefera yo o bidiwang Dimeterio o ne a baka mathata. Badirimmogo le ene ba ne ba mo reetsa fa a ne a ba gakolola gore ba dira madi ka go rekisa medingwana. Gape o ne a re molaetsa o Paulo a neng a o rera o tla diga kgwebo ya bone, ka gonne Bakeresete ba ne ba sa obamele medingwana. Go tswa foo o ne a ikuela mo bareetsing ba gagwe ba ba neng ba ipelafatsa ka gore ke baagi ba Efeso e bile ba ipelafatsa ka morafe wa bone, a ba tlhagisa ka gore modimo wa bone wa sesadi e bong Aretemise le tempele ya bone e e itsegeng thata di ne di le mo kotsing ya go tsewa e le ‘dilo tse di se nang mosola.’—Dit. 19:24-27.
17 Puo ya ga Dimeterio e ne ya nna le matswela a a neng a a lebeletse. Bathudi ba selefera ba ne ba simolola go goa ba re, “Aretemise wa Baefeso o mogolo!” mme go ne ga nna le tlhakatlhakano mo motseng, e e neng ya dira gore go nne le segopa se se galefileng se re buileng ka sone kwa tshimologong ya kgaolo eno.f E re ka Paulo a ne a na le moya wa go intsha setlhabelo, o ne a batla go tsena mo bobogelong gore a bue le batho bano, mme barutwa ga ba a ka ba mo letla go itsenya mo kotsing. Monna mongwe yo o bidiwang Alekesandere o ne a ema fa pele ga boidiidi mme a leka go bua le bone. E re ka e ne e le Mojuda, a ka tswa a ne a tlhoafaletse go tlhalosa pharologanyo e e leng teng fa gare ga Bajuda le Bakeresete bano. Mme bodiidi jono bo ne bo se na sepe le tlhaloso eo. Fa ba lemoga gore ke Mojuda, ba ne ba mo goa ka diura di ka nna pedi, ba ntse ba re, “Aretemise wa Baefeso o mogolo!” Le gompieno batho ba sa ntse ba tlhagafaletse ditumelo tsa bone tsa maaka. Seo se dira gore ba nne tlhogoethata.—Dit. 19:28-34.
18, 19. (a) Modiredimogolo wa mo motseng o ne a didimatsa jang segopa sa kwa Efeso? (b) Ka dinako tse dingwe batho ba ga Jehofa ba ile ba nna ba sirelediwa jang ke balaodi ba dipuso, mme re ka dira eng gore ba re sireletse jalo?
18 Kgabagare, modiredimogolo wa mo motseng o ne a didimatsa boidiidi jono. Modiredimogolo yono yo o botlhale le yo o akanyang sentle o ne a tlhomamisetsa segopa seno gore Bakeresete bano ba ne ba sa ikaelela go senya tempele ya bone le modingwana wa bone wa sesadi, gore Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba sa direla tempele ya ga Aretemise boikepo bope, le gore go ne go na le tsela ya semolao ya go rarabolola dikgang tseno. Gongwe o ne a ama segopa seno pelo fa a ne a ba bolelela gore ba ne ba ka latofadiwa ka gore ba tlola molao wa Roma ka go tshwara kokoano eo e e seng mo molaong. Morago ga moo o ne a phatlalatsa boidiidi jono. Le fa ba ile ba itlhaganelela go galefa, mafoko ano a a utlwalang sentle a ile a ba reba bogale.—Dit. 19:35-41.
19 Leno e ne e se lekgetlo la ntlha e bile e ne e se kitla e nna la bofelo motho mongwe yo o nang le taolo mo pusong a tsaya kgato go sireletsa balatedi ba ga Jesu. Tota e bile, mo ponatshegelong ya gagwe moaposetoloi Johane o ne a bonela pele gore mo metlheng eno ya bofelo, baeteledipele ba batho, ba ba tshwantshediwang ke lefatshe, ba ne ba tla fedisa dipogiso tse dikgolo le tse di setlhogo tse Satane a bogisang balatedi ba ga Jesu ka tsone. (Tshen. 12:15, 16) Go ne ga nna fela jalo. Mo makgetlong a le mantsi, baatlhodi ba ba sa gobeleleng ba ile ba sireletsa ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa gore ba kgone go obamela Modimo ka kgololesego le go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo. Ke boammaaruri gore, tsela e re itshwarang ka yone, le yone e ka thusa gore re kgone go fenya fa re latofadiwa kwa kgotla. Go bonala tsela e Paulo a neng a itshwere ka yone e le yone e dirileng gore balaodi bangwe ba puso ba kwa Efeso ba nne botsalano mo go ene ba bo ba mo tlotle, ka jalo ba ne ba ikemiseditse go mo sireletsa. (Dit. 19:31) E kete boitshwaro jwa rona jo bo bontshang gore re a ikanyega e bile re na le tlotlo bo ka dira gore batho ba re kopanang le bone ba re rate. Ga re itse gore seo se tla re thusa jang mo isagweng.
20. (a) O ikutlwa jang ka tsela e lefoko la ga Jehofa le neng la fenya ka yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga le kafa le fenyang ka gone gompieno? (b) O ikaeletse go dira eng fa o sena go bona tsela e Jehofa a fenyang ka yone mo motlheng wa rona?
20 Ruri go a kgatlha go akanya kafa ‘lefoko la ga Jehofa le neng la tswelela le gola thata e bile le fenya’ ka gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga! E bile go a kgatlha go bona kafa Jehofa a re emang nokeng ka gone le mo motlheng wa rona gore re kgone go fenya. A o ka rata go nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo diphenyong tseno, le fa se ka nna sennye go le kana kang? Fa go le jalo, ithute mo dikaong tse re di sekasekileng. Ikokobetse ka dinako tsotlhe, tswelela pele o dirisana le phuthego e e gatelang pele ya ga Jehofa, nna o dire ka natla, gana tirisabadimo, mme o dire bojotlhe gore o neye bosupi jo bo molemo ka go itshwara ka boikanyegi le ka tlotlo.
a Bona lebokose le le reng, “Efeso—Motsemogolo wa Asia”.
b Gape Paulo o ne a kwala buka ya 1 Bakorintha fa a ne a le kwa Efeso.
c Matsela a go buiwang ka one e ka tswa e ne e le disakatuku tse Paulo a neng a ipofa ka tsone mo phatleng gore mofufutso o se ka wa mo tsena mo matlhong. Ntlha ya go bo Paulo a ne a apara dikhiba ka nako eno e akantsha gore a ka tswa a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go dira ditente fa a se mo bodireding, gongwe ka makuku.—Dit. 20:34, 35.
d Luke a re tlhwatlhwa ya tsone e ne e le dipapetlana tsa selefera di le 50 000. Fa e le gore o ne a bua ka didenario, seo se ne se raya gore motho o ne a tshwanetse go bereka malatsi a le 50 000 mo metlheng eo—mo e ka nnang dingwaga di le 137—gore a nne le madi ao fa a bereka malatsi a le supa mo bekeng.
e Batho bangwe ba re Paulo o ne a bua ka tiragalo eno fa a ne a raya Bakorintha a re, “re ne re sa itse gore a re tla tshela kgotsa nnyaa.” (2 Bakor. 1:8) Mme gone, a ka tswa a ne a akantse ka tiragalo nngwe e e kotsi go feta eo. Fa Paulo a ne a kwala gore o “lole le dibatana tsa naga kwa Efeso,” gongwe o ne a bua ka se se neng se mo diragaletse fa a ne a lebane le dibatana tse di kotsi kwa bobogelong kgotsa fa a ne a ganediwa. (1 Bakor. 15:32) Go ka direga gore o ne a tlhabana le dibatana ka tsela ya mmatota kgotsa ka tsela ya tshwantshetso.
f Digopa tseno kgotsa ditlhopha tseno tsa badiri, di ka tswa di ne di le kotsi tota. Ka sekai, mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo moragonyana, segopa sa babesi ba senkgwe le sone se ne sa tsosa dikhuduego tse di tshwanang le tseo kwa Efeso.