KGAOLO 24
“Nna Pelokgale!”
Paulo o falola loso mme o iphemela fa pele ga ga Felise
E tswa mo go Ditiro 23:11–24:27
1, 2. Ke eng fa Paulo a sa gakgamadiwe ke pogiso e a lebaneng le yone kwa Jerusalema?
FA Paulo a sena go falodisiwa mo segopeng se se galefileng kwa Jerusalema, o tsenngwa gape mo kgolegelong. Moaposetoloi yono yo o tlhagafetseng ga a gakgamadiwe ke pogiso e a lebaneng le yone mo Jerusalema. O ne a boleletswe gore a letele “go tsenngwa mo kgolegelong le go lebana le dipitlagano” mo motseng ono. (Dit. 20:22, 23) Le fa Paulo a sa itse gore go tla direga eng ka ene, o a itse gore o tla tswelela a boga ka ntlha ya leina la ga Jesu.—Dit. 9:16.
2 Tota le baporofeti ba Bakeresete ba ne ba tlhagisa Paulo gore o ne a tla bofiwa a bo a tsenngwe “mo diatleng tsa batho ba ditšhaba.” (Dit. 21:4, 10, 11) Bosheng jaana, boidiidi jwa Bajuda bo ne jwa leka go mmolaya, mme moragonyana fela ga foo, go ne go lebega e kete maloko a Sanehederine a a neng a ganetsana ka se Paulo a se buileng a ‘tla tloga a mo kgaoganya ka bogare.’ Jaanong moaposetoloi yono ke legolegwa le le disitsweng ke masole a Roma mme o sa ntse a tlile go lebana le diteko le ditatofatso tse dingwe. (Dit. 21:31; 23:10) Ruri moaposetoloi Paulo o tlhoka go kgothadiwa!
3. Re bona kae kgothatso ya gore re tswelele ka tiro ya rona ya go rera?
3 Mo metlheng eno ya bofelo, re a itse gore “botlhe ba ba eletsang go obamela Modimo e le balatedi ba ga Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Tim. 3:12) Gangwe le gape le rona re tlhoka go kgothadiwa gore re tswelele ka tiro ya rona ya go rera. Ruri re anaanela thata mafoko a a tlang ka nako le a a nametsang pelo a re a fitlhelang mo dikgatisong le kwa dipokanong tse di rulagantsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”! (Math. 24:45) Jehofa o re tlhomamiseditse gore baba ba dikgang tse di molemo ga ba na go atlega le e seng. Ga ba kitla ba fedisa batlhanka ba gagwe e le setlhopha kana gone go emisa tiro ya bone ya go rera. (Isa. 54:17; Jer. 1:19) Mme gone, go tweng ka moaposetoloi Paulo? A o ne a kgothadiwa gore a tswelele a naya bosupi ka botlalo le fa a ganediwa? Fa go le jalo, o ne a kgothadiwa jang, mme o ne a itshwara jang?
“Ba Dirile Maikano” a a Itayang se Fololetse (Ditiro 23:11-34)
4, 5. Paulo o ne a kgothadiwa jang, mme ke eng fa kgothatso eno e tlile ka nako e e tshwanetseng?
4 Fa moaposetoloi Paulo a sena go falodisiwa mo Sanehederine, o ne a kgothadiwa thata mo bosigong jo bo latelang. Pego e e tlhotlheleditsweng ya re: “Morena o ne a ema fa go ene mme a re: ‘Nna pelokgale! Gonne fela jaaka o ntse o tlhalosetsa batho ka botlalo ka ga me mo Jerusalema, o tshwanetse go ya go tlhalosetsa batho le kwa Roma.’” (Dit. 23:11) Fa Paulo a sena go utlwa mafoko ao a a kgothatsang a ga Jesu, o ne a tlhomamisegile gore o tla gololwa. O ne a itse gore o tla nna a tshela go fitlha a goroga kwa Roma mme a nne le tshiamelo ya go naya bosupi ka Jesu koo.
5 Kgothatso e Paulo a neng a e newa e ne ya tla ka nako e e tshwanetseng. Mo letsatsing le le latelang, banna ba ba fetang 40 ba Bajuda ba ne “ba loga leano la boferefere ba bo ba dira maikano a gore ga ba kitla ba ja kgotsa ba nwa go fitlha ba bolaya Paulo.” “Maikano ao” a ba neng ba a dirile a ne a bontsha kafa Bajuda bao ba neng ba ikemiseditse ka gone go bolaya moaposetoloi yono. Ba ne ba dumela gore fa leano la bone le ne le ka se atlege, ba ne ba tla hutsega kgotsa ba diragalelwe ke sengwe se se bosula. (Dit. 23:12-15) Leano la bone, le baperesiti ba bagolo le bagolwane ba neng ba le amogetse, e ne e le gore Paulo a busediwe kwa Sanehederine gore a botsolodiwe gape, ba dira e kete ba batla go tlhomamisa gore a dikgang dingwe tse di buiwang ka ene di boammaaruri. Mme fa Paulo a le mo tseleng e e yang koo, banna ba ba logileng leano leo ba ne ba tla mo lalela mme ba mo kgogogele ba mmolaye.
6. Leano la go bolaya Paulo le ne la senoga jang, mme gompieno basha ba ka ithuta eng mo pegong eno?
6 Le fa go ntse jalo, setlogolo sa ga Paulo se ne sa utlwela ka leano leno mme sa ya go mmegela. Paulo o ne a laela lekawana leno gore le begele molaodi wa masole e bong Kalaudio Lisiase ka kgang eno. (Dit. 23:16-22) Ga go pelaelo gore Jehofa o rata basha ba jaaka setlogolo sa ga Paulo se se sa umakiwang ka leina, ba nnang le bopelokgale jwa go baya matshelo a bone mo kotsing go sireletsa batho ba Modimo le go dira sotlhe se ba ka se kgonang ka boikanyegi go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi.
7, 8. Kalaudio Lisiase o ne a dira dithulaganyo dife go sireletsa Paulo?
7 Fela fa Kalaudio Lisiase, yo e neng e le moeteledipele wa banna ba le 1 000, a sena go utlwa ka leano la go bolaya Paulo, o ne a laela gore go dirwe setlhopha sa badisa ba le 470—masole, banna ba marumo le bapagami ba dipitse—gore se tswe mo Jerusalema mo bosigong joo mme se ise Paulo kwa Kaesarea ka pabalesego. Fa ba goroga koo, ba ne ba tla mo isa kwa go Mmusi Felise.a Le fa Kaesarea e ne e le motsemogolo o puso ya Roma e laolang Judea e le kwa go one, e ne e na le baagi ba le bantsi ba Bajuda, e bile e ne e tletse thata ka Baditšhaba. Maemo a a ritibetseng a a neng a rena mo motseng oo a ne a farologane thata le a kwa Jerusalema, kwa batho ba le bantsi ba neng ba bontsha ka bogale gore ga ba rate madumedi a mangwe e bile ba nna ba baka dikhuduego. Gape Kaesarea e ne e le ntlokgolo ya masole a Baroma kwa Judea.
8 Lisiase o ne a latela molao wa Roma mme a romelela Felise lekwalo le le neng le tlhalosa kgetsi. Mo go lone Lisiase o ne a tlhalosa gore fa a sena go utlwa gore Paulo ke Moroma, o ne a mo falotsa fa Bajuda “ba ne ba tloga ba mmolaya.” Lisiase o ne a re o fitlhetse Paulo a se na molato ope o o ka “dirang gore a bolawe kgotsa a tsenngwe mo kgologelong,” mme e re ka go ne go logilwe leano la go mmolaya, o ne a mo romela kwa go Felise gore mmusi yono a utlwe balatofatsi bano mme a atlhole kgang eno.—Dit. 23:25-30.
9. (a) Ditshwanelo tse Paulo a nang le tsone gonne e le moagi wa Roma di ne tsa gatakiwa jang? (b) Ke eng fa re ka dirisa ditshwanelo tse re di neilweng gonne re le baagi ba naga e e rileng?
9 A se Lisiase a neng a se bua se ne se le boammaaruri? E ne e se boammaaruri jo bo feletseng. Go bonala a ne a leka go itira botoka. Tota lebaka la gore a falotse Paulo e ne e se ka gonne a utlwile gore moaposetoloi yono ke Moroma. Mo godimo ga moo, Lisiase ga a ka a umaka gore o ne a dira gore Paulo a “bofiwe ka dikeetane tse pedi” le gore moragonyana o ne a ntsha taelo ya gore “a botsolodiwe a ntse a kgwathisiwa.” (Dit. 21:30-34; 22:24-29) Ka go dira jalo, Lisiase o ne a gatakile ditshwanelo tsa ga Paulo yo e neng e le Moroma. Gompieno, Satane o dirisa baganetsi ba ba ratang bodumedi ka tsela e e feteletseng gore a gakatse pogiso, mme baganetsi bao ba ka leka go gataka ditshwanelo tsa rona tsa semolao. Mme fela jaaka Paulo, gantsi batho ba Modimo ba dirisa ditshwanelo tse ba di neilweng gonne e le baagi ba naga e e rileng mme ba batle tshireletso ya semolao.
“Ke Ikemiseditse go Iphemela” (Ditiro 23:35–24:21)
10. Paulo o ne a latofadiwa ka ditatofatso dife tse di masisi?
10 Fa Paulo a le kwa Kaesarea, o ne “a nna a disitswe mo ntlong ya segosi ya ga Herode,” a letetse batho ba ba mo latofatsang ba ba tswang kwa Jerusalema. (Dit. 23:35) Malatsi a le matlhano moragonyana, ba ne ba goroga—Moperesiti yo mogolo e bong Ananiase, sebui sa phatlalatsa Teretulo mmogo le setlhopha sa bagolwane. Teretulo o ne a simolola ka go akgolela Felise dilo tse a neng a di direla Bajuda, mme go bonala sentle gore o ne a mo fora fela gore a tle a mo rate.b Morago ga moo, fa Teretulo a tlhalosetsa kgotla molato wa ga Paulo, o ne a re Paulo ke “motho yo o letshwenyo e bile o tlhotlheletsa Bajuda botlhe mo lefatsheng lotlhe gore ba se ka ba ikobela taolo, e bile ke ene yo o di gogang kwa pele mo lekokong la Banasaretha. Gape o ne a leka go dira gore tempele e se ka ya nna boitshepo, ka jalo re ne ra mo tshwara.” Bajuda ba bangwe le bone ba ne “ba mo tlatsa, ba gatelela gore dilo tseno di boammaaruri.” (Dit. 24:5, 6, 9) Go tlhotlheletsa batho go tsuologela puso, go etelela pele lekoko le le kotsi le go itshepolola tempele—tseno e ne e le ditatofatso tse di masisi le tse di neng di ka dira gore motho a atlholelwe loso.
11, 12. Paulo o ne a reng fa a ganetsa dilo tse a neng a latofadiwa ka tsone?
11 Morago ga moo, Paulo o ne a letlwa go bua. O ne a simolola ka go re: “Ke ikemiseditse go iphemela.” O ne a gana ditatofatso tseo a sa okaoke. Moaposetoloi yono o ne a ise a ko a itshepolole tempele, e bile o ne a ise a leke go tlhotlheletsa batho go tsuologela puso. O ne a bolela gore tota o ne a ntse a seyo mo Jerusalema ka “dingwaga di le dintsi thata” le gore o ne a tlisitse “meneelo.” Mme meneelo eo o ne a tlile go e naya Bakeresete ba khumanego ya bone e ka tswang e bakilwe ke leuba le pogiso. Paulo o ne a gatelela gore pele a tsena mo tempeleng, o ne a “iphepafaditse go dumalana le molao” le gore o ne a leka ka natla gore a ‘tswelele a na le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo le batho.’—Dit. 24:10-13, 16-18.
12 Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a dumela gore o ne a direla Modimo wa borraagwemogologolwane tirelo e e boitshepo “go dumalana le se bone ba se bitsang bodumedi jo bosha.” Mme gone o ne a gatelela gore o dumela “dilo tsotlhe tse di tlhalosiwang mo Molaong wa ga Moshe le tse di kwadilweng mo mekwalong ya baporofeti.” E bile fela jaaka batho ba ba neng ba mo ganetsa, o ne a na le tsholofelo ya gore “Modimo o tlile go tsosa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang mo baswing.” Morago ga foo, Paulo o gwetlha batho ba ba mo latofatsang a re: “A banna ba ba leng fano ba tlhalose gore ke phoso efe e ba e boneng mo go nna fa ke ne ke eme fa pele ga Sanehederine, ntle le mafoko ano a ke neng ka a bua fa ke ne ke eme mo gare ga bone ke re: ‘Gompieno ke atlholwa fa pele ga lona ka gonne ke dumela gore baswi ba tla tsosiwa!’”—Dit. 24:14, 15, 20, 21.
13-15. Ke eng fa re tshwanetse go etsa sekao se se molemo sa ga Paulo sa fa a ne a naya bosupi ka bopelokgale fa pele ga balaodi ba puso?
13 Paulo o re tlhometse sekao se se molemo se re ka se latelang fa go ka direga gore re isiwe fa pele ga balaodi ba lefatshe ka ntlha ya kobamelo ya rona re latofadiwa ka maaka ka dilo tse di jaaka go tlhotlheletsa dikhuduego, boepapuso, kgotsa gore re maloko a “lekoko le le kotsi.” Paulo ga a ka a leka go ithapeletsa mo mmusing, a mo fora jaaka Teretulo. O ne a ritibetse fela e bile a bontsha tlotlo. O ne a naya bosupi jo bo utlwalang sentle le jo bo boammaaruri a le kelotlhoko. Paulo o ne a re ‘Bajuda ba ba tswang kwa porofenseng ya Asia’ ba ba neng ba mo latofatsa ka gore o leswafatsa tempele ba ne ba seyo le gore go ya ka molao, o ne a tshwanetse go ba botsa gore ba mo latofatsa ka eng mme a utlwe dilo tse ba mo latofatsang ka tsone.—Dit. 24:18, 19.
14 Selo se se kgatlhang thata ke gore Paulo ga a ka a ikgogona go naya bosupi ka dilo tse a di dumelang. Moaposetoloi yono o ne a nna pelokgale mme a ba bolelela gape ka tumelo e a neng a na le yone mo tsogong ya baswi, e leng yone kgang e e neng ya tsosa dikhuduego fa a ne a le fa pele ga Sanehederine. (Dit. 23:6-10) Fa Paulo a iphemela, o ne a gatelela tsholofelo ya tsogo ya baswi. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a naya bosupi ka Jesu le gore o tsositswe mo baswing—kgang e baganetsi bao ba neng ba se kitla ba e amogela. (Dit. 26:6-8, 22, 23) Ee, kgangkgolo e ne e le tsogo ya baswi, gore a totatota batho ba ne ba tshwanetse go dumela mo go Jesu le gore a o ne a tsositswe mo baswing.
15 Fela jaaka Paulo, re ka naya bosupi ka bopelokgale mme re ka nonotshiwa ke mafoko ano a Jesu a neng a a raya barutwa ba gagwe: “Ba tla lo tlhoa ka gonne lo le balatedi ba me. Le fa go ntse jalo, yo o itshokileng go fitlha kwa bokhutlong o tla bolokwa.” A re tshwanetse go tshwenyega ka gore re tla reng? Nnyaa, ka gonne Jesu o ne a re tlhomamisetsa jaana: “Fa ba lo tshwara gore ba lo ise kwa balaoding, lo se ka lwa tlhobaela ka se lo tla se buang; lo tla itse se lo tshwanetseng go se bua ka nako eo, ka gonne go tla bo go sa bue lona, mme go bua moya o o boitshepo.”—Mar. 13:9-13.
“Felise O ne A Tshoga” (Ditiro 24:22-27)
16, 17. (a) Felise o ne a tshwara jang kgetsi ya ga Paulo? (b) Ke eng fa Felise a ka tswa a ile a tshoga, mme ke eng se se neng se dira gore a tswelela a batla go bona Paulo?
16 Leno e ne e se lekgetlo la ntlha Mmusi Felise a utlwa ka dilo tse Bakeresete ba di dumelang. Pego ya re: “E re ka Felise a ne a itse sentle dintlha tse di amanang le Tsela eno [lefoko le le neng le dirisiwa go tlhalosa Bakeresete ba bogologolo], o ne a ba tsamaisa a bo a re: ‘Fa molaodi wa masole e bong Lisiase a sena go tla, ke tla dira tshwetso ka dikgang tseno tsa lona.’ Mme o ne a naya modiredi wa masole ditaelo tsa gore monna yono a tswelele a tshwerwe, mme gone a newe kgololesego ya go dira dilo dingwe le gore batho ba gagabo ba letlelelwe go mo thusa ka dilo tse a di tlhokang.”—Dit. 24:22, 23.
17 Malatsi a le mmalwa moragonyana ga moo, Felise mmogo le mosadi wa gagwe Durusila, mosadi wa Mojuda, ba ne ba bitsa Paulo mme ba “mo reetsa fa a tlhalosa gore go dumela mo go Keresete Jesu go kaya eng.” (Dit. 24:24) Le fa go ntse jalo, fa Paulo a ne a bua ka “tshiamo le boikgapo le katlholo e e tla tlang, Felise o ne a tshoga,” gongwe e le ka gonne dilo tseo di ne di tshwenya segakolodi sa gagwe ka ntlha ya dilo tse di bosula tse a neng a di dirile mo botshelong jwa gagwe. Ka jalo, o ne a kopa Paulo gore a tsamaye, a mo raya a re: “Jaanong o ka tsamaya, mme fa ke bona tshono e nngwe ke tla laela gore o bidiwe gape.” Felise o ne a bona Paulo makgetlo a le mantsi morago ga moo, e seng ka go bo a ne a batla go ithuta boammaaruri, mme e le ka gonne a ne a solofetse gore Paulo o tla mo naya pipamolomo.—Dit. 24:25, 26.
18. Ke eng fa Paulo a ne a bua le Felise le mosadi wa gagwe ka “tshiamo le boikgapo le katlholo e e tlang”?
18 Ke eng fa Paulo a ne a bua le Felise le mosadi wa gagwe ka “tshiamo le boikgapo le katlholo e e tla tlang”? Se lebale gore ba ne ba batla go itse gore “go dumela mo go Keresete Jesu go kaya eng.” E re ka Paulo a ne a itse gore ba ne ba se na boitsholo jo bontle, ba le setlhogo e bile ba sa dire dilo ka tshiamiso, o ne a ba tlhalosetsa sentle se batho botlhe ba ba batlang go nna balatedi ba ga Jesu ba tshwanetseng go se dira. Se Paulo a ileng a se bua se ne se bontsha pharologano e kgolo e e leng teng fa gare ga melao e e siameng ya Modimo le tsela e Felise le mosadi wa gagwe ba neng ba tshela ka yone. Seno se ne se tshwanetse sa ba thusa go lemoga gore batho botlhe ba ikarabelela mo Modimong ka se ba se akanyang, se ba se buang le se ba se dirang, mme sa botlhokwa le go feta ke gore tsela e a neng a tlile go atlhola Paulo ka yone, ke yone e le ene Modimo a neng a tlile go mo atlhola ka yone. Ga go gakgamatse go bo Felise a ne “a tshoga”!
19, 20. (a) Fa re le mo bodireding, re tshwanetse go dirisana jang le batho ba ba itirang e kete ba kgatlhegela boammaaruri mme gone ba sa batle go fetola matshelo a bone gore a dumalane le jone? (b) Re itse jang gore Felise e ne e se tsala ya ga Paulo?
19 Fa re le mo bodireding, re ka nna ra kopana le batho ba ba tshwanang le Felise. Kwa tshimologong, ba ka nna ba itira e kete ba kgatlhegela boammaaruri, mme tota ba sa batle go fetola matshelo a bone gore a dumalane le jone. Re tshwanetse go nna kelotlhoko ka batho ba mofuta oo. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Paulo, re ka ba bolelela ka botlhale se ba tshwanetseng go se dira gore ba itumedise Modimo. Gongwe boammaaruri bo ka ba ama pelo. Mme gone, fa go bonala sentle gore ga ba a ikemisetsa go tlogela tsela ya bone ya boleo, re kgaogana le bone, re bo re ya go batla ba bangwe ba tota ba batlang go itse boammaaruri.
20 Maitlhomo a ga Felise a ne a bonala sentle mo mafokong ano: “Morago ga dingwaga di le pedi, Porekio Feseto o ne a tlhatlhama Felise; mme e re ka Felise a ne a batla go amogelwa ke Bajuda, o ne a tlogela Paulo mo kgolegelong.” (Dit. 24:27) Felise e ne e se tsala ya boammaaruri ya ga Paulo. O ne a itse gore balatedi ba “Tsela” e ne e se baepapuso e bile e se batsuolodi. (Dit. 19:23) Gape o ne a itse gore Paulo o ne a sa tlola molao ope wa Roma. Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a batla “go amogelwa ke Bajuda,” o ne a tlogela Paulo a golegilwe.
21. Paulo o ne a diragalelwa ke eng fa Porekio Feseto a sena go nna mmusi, mme o ne a nonotshiwa ke eng?
21 Jaaka temana ya bofelo ya Ditiro kgaolo 24 e bontsha, Paulo o ne a sa ntse a golegilwe fa Porekio Feseto a tlhatlhama Felise go nna mmusi. Go tswa foo go ne ga latela motseletsele wa ditsheko mme Paulo o ne a tlhaga fa pele ga badiredibagolo ba le bantsi. Ruri moaposetoloi yono yo o pelokgale o ne a “isiwa kwa dikgosing le kwa balaoding.” (Luke 21:12) Jaaka re tla bona moragonyana, o tla naya bosupi fa pele ga mmusi wa mo motlheng wa gagwe yo o neng a le maatla go gaisa. Le fa Paulo a ile a diragalelwa ke dilo tseno tsotlhe, tumelo ya gagwe ga ya ka ya reketla. Ga go pelaelo gore o ne a nna a nonotshiwa ke mafoko ano a ga Jesu: “Nna pelokgale!”
a Bona lebokose le le reng, “Felise—Mmusi wa Judea”.
b Teretulo o ne a leboga Felise ka ntlha ya “kagiso e kgolo” e a neng a dirile gore e nne teng mo setšhabeng. Mme boammaaruri ke gore pele ga Judea e tsuologela Roma, go ne go se na kagiso e kalo mo Judea mme ka nako ya fa go ne go busa Felise, maemo a ne a le maswe le go feta. Mme kgang e nngwe gape e e neng e se boammaaruri ke fa Teretulo a umaka gore Bajuda ba ne ba “lebogela” diphetogo tse Felise a neng a di dirile. Tota boammaaruri e ne e le gore Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa rate Felise gonne a ne a ba thatafaletsa botshelo e bile a ba atlhola botlhoko fa ba tsuologa.—Dit. 24:2, 3.