May
Labotlhano, May 1
[Rata] moagi wa moeng.—Dute. 10:19.
Bosheng jaana, batho ba le bantsi ba ile ba fudugela kwa dinageng tse dingwe. O ka ithuta go ba dumedisa ka puo ya bone. Gape o ka ithuta mafoko mangwe a a ka go thusang gore o kgone go tlotla le bone. Seno se ka go thusa gore o ba bontshe website ya rona ya jw.org le go ba bontsha dibidio tse di leng teng ka puo ya bone. Jehofa o dirisa Pokano ya Botshelo le Bodiredi go re thusa gore re atlege mo bodireding. Thapiso e re e newang mo pokanong eno e re thusa gore re kgone go boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego le go tshwara dithuto tsa Baebele. Batsadi, thusang bana ba lona gore ba phatsimise lesedi la bone ka go ba ruta gore ba arabele ka mafoko a bone. Batho bangwe ba ile ba kgatlhegela go ithuta boammaaruri fa ba utlwa bana ba arabela ka tsela e e motlhofo le e e utlwalang sentle.—1 Bakor. 14:25. w18.06 22-23 ¶7-9
Matlhatso, May 2
Amogelanang, fela jaaka Keresete le ene a ne a re amogela.—Bar. 15:7.
Go molemo go gopola gore nako nngwe re ne re le “baeng” kgotsa batswakwa re sa atamalana le Modimo. (Baef. 2:12) Mme Jehofa o ne a re gogela kwa go ene “ka megala ya lorato.” (Hos. 11:4; Joh. 6:44) Jesu o ne a re amogela. O ne a re bulela dikgoro gore re tle re nne karolo ya lelapa ya Modimo. E re ka Jesu a re amogetse ka tsela e e molemo le fa gone re sa itekanela, le rona re tshwanetse go amogela ba bangwe. Ga go pelaelo gore dikgaogano, tlhaolele le letlhoo, di tla oketsega fa re ntse re ela kwa bokhutlong jwa lefatshe leno le le bosula. (Bagal. 5:19-21; 2 Tim. 3:13) Le fa go ntse jalo, rona batlhanka ba ga Jehofa re batla botlhale jo bo tswang kwa Modimong ka gonne bo tekatekano e bile bo dira gore go nne le kagiso. (Jak. 3:17, 18) Re a itumela fa re tsalana le batho ba dinaga tse dingwe, re amogela batho ba merafe e mengwe le go ithuta dipuo tse dingwe. Fa re dira jalo kagiso ya rona e tla nna fela jaaka noka le tshiamo ya rona jaaka makhubu a lewatle.—Isa. 48:17, 18. w18.06 12 ¶18-19
Sontaga, May 3
Dinao tsa lona di [rwale] iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso.—Baef. 6:15.
Lesole la kwa Roma le ne le ka se ye kwa ntweng le sa rwala ditlhako. Ditlhako tsa masole di ne di dirilwe ka dikarolo tse tharo tsa letlalo tse di neng di tshwaragantswe, ka jalo, di ne di nonofile tota. Mo godimo ga moo, di ne di tsamaisa monate. Ditlhako tsa masole a kwa Roma di ne di ba thusa fa ba le kwa ntweng, mme ditlhako tsa tshwantshetso tse Bakeresete ba di rwalang, di ba thusa go rera molaetsa wa kagiso. (Isa. 52:7; Bar. 10:15) Le fa go ntse jalo, go tlhokega bopelokgale gore motho a rere fa tshono e tlhaga. Lekau la dingwaga tse 20 e bong Bo, la re: “Ke ne ke tshaba go rerela baithutimmogo le nna. Ke akanya gore ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong. Ga ke itse gore tota goreng ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong. Gone jaanong ke itumelela go ba rerela.” Basha ba le bantsi ba lemogile gore fa ba baakanyeditse sentle pele ba ya go rera, seo se dira gore ba phuthologe. w18.05 29 ¶9-11
Mantaga, May 4
Lo nne lo ungwe maungo a mantsi.—Joh. 15:8.
Nakonyana pele Jesu a bolawa, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ke lo naya kagiso ya me.” (Joh. 14:27) Kagiso eno e re thusa jang gore re tswelele re rera? Fa re rera, re a itse gore Jehofa o a re amogela. Go itse seno go dira gore re nne le kagiso mme kagiso eo e re thusa gore re tswelele mo tirong ya go rera. (Pes. 149:4; Bar. 5:3, 4; Bakol. 3:15) Fa Jesu a sena go bolelela baaposetoloi ba gagwe gore o batla gore ba itumele, o ile a ba tlhalosetsa gore go botlhokwa gore ba rate batho ba bangwe. (Joh. 15:11-13) Morago ga moo, o ne a re: “Ke lo biditse ditsala.” Go nna tsala ya ga Jesu ke mpho e e molemo eleruri! Baaposetoloi ba ne ba tshwanetse go dira eng gore ba tswelele e le ditsala tsa ga Jesu? Ba ne ba tshwanetse go ‘tswelela le go nna ba ungwa maungo.’ (Joh. 15:14-16) Dingwaga di le pedi pelenyana, Jesu o ne a laela baaposetoloi ba gagwe jaana: “Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere, lo re, ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Math. 10:7) Mo bosigong jwa bofelo pele a swa, o ne a kgothaletsa baaposetoloi ba gagwe gore ba itshoke mo tirong ya go rera.—Math. 24:13; Mar. 3:14. w18.05 20-21 ¶15-16
Labobedi, May 5
Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.—Bagal. 6:7.
Basha, tlhomang mogopolo mo go direleng Jehofa. Seno se akaretsa go ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo. Le fa go ntse jalo, basha ba bangwe ba ba lekanang le wena ba batla go ijesa monate fela mme ba ka nna ba batla gore le wena o dire se se tshwanang. Go ise go ye kae, o tla tshwanelwa ke go bontsha gore mekgele e o ipeetseng yone e botlhokwa thata mo go wena. O se ka wa letla batho ba bangwe ba dira gore o lebale mekgele ya gago. Go na le ditsela di le mmalwa tse o ka fenyang kgatelelo ya balekane ka tsone. Ka sekai, tila maemo a a ka dirang gore go nne motlhofo gore o ineelele kgatelelo ya balekane. (Dia. 22:3) Nna o akantse ka ditlamorago tse di botlhoko tse di ka nnang gone fa o ka dira dilo tse di bosula. Go amogela kgakololo ya ba bangwe le gone go ka go thusa. Fa o le boikokobetso, o tla kgona go amogela dikakantsho tsa batsadi ba gago le Bakeresete ba bangwe ba ba mo phuthegong. (1 Pet. 5:5, 6) A o tla ikokobetsa gore o kgone go amogela kgakololo e e molemo? w18.04 28-29 ¶14-16
Laboraro, May 6
Ngangatlelang se lo nang le sone go fitlha ke tla. Mme yo o fenyang a ba a boloka ditiro tsa me go fitlha kwa bokhutlong ke tla mo naya taolo godimo ga ditšhaba.—Tshen. 2:25, 26.
Jesu o ne a leboga balatedi ba gagwe ba kwa Asia Minor ka ntlha ya tiro e ba neng ba e dira. Ka sekai, o ne a bolelela Bakeresete ba kwa phuthegong ya kwa Thiatira a re: “Ke itse ditiro tsa gago, le lorato lwa gago le tumelo le bodiredi le boitshoko, le gore ditiro tsa gago tsa morago di feta tsa pele.” (Tshen. 2:19) Ga a ka a bua ka tiro ya bone fela mme gape o ile a ba akgolela dinonofo tse di molemo tse ba neng ba na le tsone. Le fa gone Jesu a ne a tlhoka go kgalemela bangwe kwa Thiatira, o ne a simolola le go konela ka go ba kgothatsa. (Tshen. 2:27, 28) Akanya ka taolo e Jesu a nang le yone jaaka tlhogo ya diphuthego. Ga a tlhoke go re leboga ka ntlha ya tiro e re e dirang. Le fa go ntse jalo, o tlhomamisa gore o dira jalo. Ruri o tlhomela bagolwane sekao se se molemo! w19.02 16 ¶10
Labone, May 7
Judase le Silase . . . ba kgothatsa bakaulengwe ka dipuo di le dintsi ba bo ba ba nonotsha.—Dit. 15:32.
Setlhopha se se laolang sa mo lekgolong la ntlha la dingwaga se ne se kgothatsa Bakeresete botlhe, go akaretsa le banna ba ba neng ba eteletse diphuthego pele. Se ne sa romela moaposetoloi Petere le Johane gore ba ye go rapelela Bakeresete ba basha gore ba amogele moya o o boitshepo. (Dit. 8:5, 14-17) Ruri Filipo le Bakeresete bano ba basha ba ile ba kgothadiwa ke go itse gore setlhopha se se laolang se ba eme nokeng! Gompieno, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se kgothatsa Bakeresete botlhe mo lefatsheng go akaretsa le maloko a lelapa la Bethele le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng. Fela jaaka Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga, le rona re itumelela kgothatso ya Setlhopha se se Laolang! Mo godimo ga moo, ka 2015 Setlhopha se se Laolang se ne sa golola boroutšhara jwa setlhogo se se reng, Boela Kwa go Jehofa, mme boroutšhara jono bo ile jwa kgothatsa batho ba le bantsi. w18.04 19 ¶18-20
Labotlhano, May 8
Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.—Joh. 8:32.
Batho ba le bantsi ba akanya gore fa ba ka nna le kgololesego e e feletseng, ba tla itumela. Mme gone, go nna le kgololesego e e sa lekanyediwang go ka re utlwisa botlhoko. Akanya fela gore lefatshe le ka bo le ntse jang fa mongwe le mongwe a ka bo a na le kgololesego ya go dira sengwe le sengwe fela se a se batlang. Ka ntlha ya seo, The World Book Encyclopedia ya re melao ya setšhaba sengwe le sengwe e raraane ka gonne e tshwanetse go sireletsa batho mme gone e sa ba amoge kgololesego. Go dira melao e e ntseng jalo ga go motlhofo. Ke ka moo go nang le melao e mentsintsi jaana e bile go tlhokega babueledi le baatlhodi gore ba e tlhalose le go tlhomamisa gore e a latelwa. Jesu o ne a re re tlhoka go dira dilo di le pedi gore re bone kgololesego ya mmatota. Sa ntlha, re tshwanetse go amogela dithuto tsa gagwe, mme sa bobedi, re tshwanetse go nna barutwa ba gagwe. Fa re dira jalo, re tla nna le kgololesego ya mmatota. Re tla gololesega mo go eng? Jesu o ne a re: “Modiri mongwe le mongwe wa boleo ke motlhanka wa boleo. . . . Fa Morwa a lo golola, lo tla gololesega tota.”—Joh. 8:34, 36. w18.04 6-7 ¶13-14
Matlhatso, May 9
Lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko.—1 Pet. 3:8.
Re itumelela go dirisana le batho ba ba akanyetsang maikutlo a rona. Ba leka go tlhaloganya maemo a rona, gore re ka tswa re akanyang kgotsa re ikutlwa jang. Ba lemoga gore re tlhoka eng ba bo ba re thusa, gongwe le pele ga re kopa thuso. Ruri re rata batho ba ba re akanyetsang. Rotlhe re tshwanetse go akanyetsa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha go leng motlhofo go dira jalo. Ka ntlha yang? Lebaka lengwe ke go re re na le boleo. (Bar. 3:23) Ka jalo, re tshwanetse go lwantsha mokgwa wa go ikakanyetsa fela re le nosi. Gape bangwe ba rona re ka nna ra palelwa ke go akanyetsa ba bangwe ka ntlha ya tsela e re godisitsweng ka yone kgotsa dilo tse di re diragaletseng. Mo godimo ga moo, re ka nna ra tlhotlhelediwa ke mekgwa ya batho ba re tshelang le bone. Gone jaanong batho ga ba tlhole ba kgathalela ba bangwe. Go na le moo, ke “baithati.” (2 Tim. 3:1, 2) Mme gone, re tshwanetse go leka ka natla go bontsha gore re akanyetsa ba bangwe fela jaaka Jehofa le Jesu. w19.03 14 ¶1-3
Sontaga, May 10
Dibela pelo ya gago.—Dia. 4:23.
Molao wa bofelo mo Melaong e e Lesome o ne o kgala mokgwa wa go eletsa dilo tsa ba bangwe. (Dute. 5:21; Bar. 7:7) Jehofa o ne a dirisa molao go ruta batho ba gagwe thuto ya botlhokwa ya gore ba tshwanetse go sireletsa dipelo tsa bone, e leng se ba se akanyang le maikutlo a bone. Jehofa o a itse gore go nna le maikutlo le dikakanyo tse di sa siamang go dira gore motho a dire dilo tse di bosula. Kgosi Dafide o ne a dira phoso eo. Dafide e ne e le motho yo o siameng, mme gone, nako nngwe o ne a simolola go eletsa mosadi wa monna yo mongwe. Seno se ne sa felela ka gore a dire boleo. (Jak. 1:14, 15) Dafide o ne a dira boaka, a bo a leka go tsietsa monna wa mosadi yoo mme kwa bofelong o ne a dira gore monna yoo a bolawe. (2 Sam. 11:2-4; 12:7-11) Jehofa ga a bone ponalo fela, go na le moo, o bona se tota re leng sone kafa teng, se se mo dipelong tsa rona. (1 Sam. 16:7) Ga re ka ke ra kgona go mo fitlhela sepe. Gone ke boammaaruri gore Jehofa o tlhoma mogopolo mo dinonofong le mo ditirong tsa rona tse di molemo. Le fa go ntse jalo, o batla gore re laole dikakanyo tse di sa siamang gore re se ka ra feleletsa re dirile dilo tse di bosula.—2 Ditir. 16:9; Math. 5:27-30. w19.02 21 ¶9; 22 ¶11
Mantaga, May 11
Batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe. . . Batlang bopelonolo.—Sefa. 2:3.
Baebele ya re Moshe “e ne e le motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe.” (Dipa. 12:3) A seno se raya gore o ne a le bokoa, a sa kgone go dira ditshwetso e bile a sa kgone go ikemela fa ba bangwe ba mo ganetsa? Batho bangwe ba re motho yo o bonolo o ntse jalo, mme seo ga se boammaaruri. Moshe e ne e le motlhanka wa Modimo yo o pelokgale le yo o kgonang go dira ditshwetso tse di molemo. Jehofa o ile a mo thusa gore a emelane le mmusi yo o maatla wa kwa Egepeto, a etelele pele batho ba ka nna 3 000 000 mo sekakeng le gore a thuse Baiseraele go fenya baba ba bone. Gone ke boammaaruri gore ga re lebane le dikgwetlho tse Moshe a ileng a lebana le tsone. Le fa go ntse jalo, letsatsi le letsatsi re kopana le batho kgotsa maemo a a ka dirang gore go nne thata gore re nne bonolo. Mme gone, re na le lebaka le le utlwalang la gore re lwele go nna le nonofo eno. Jehofa o re solofetsa gore “ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe.” (Pes. 37:11) A wena o akanya gore o motho yo o bonolo? A batho ba bangwe ba go leba o le motho yo o bonolo? w19.02 8 ¶1-2
Labobedi, May 12
A bo go latlhega ba ba reng. . . bosula ke molemo.—Isa. 5:20.
Batho ba na le segakolodi. Seo se boammaaruri ka gonne fa batho ba ntlha e bong Adame le Efa ba sena go leofa, ba ile ba iphitlha. Seno se ne se bontsha gore digakolodi tsa bone di ne di ba tshwenya. Batho ba digakolodi tsa bone di sa thapisiwang sentle ba ka tshwantshiwa le sekepe se se dirisang khampase e e sa berekeng. Fa kapotene wa sekepe a tsaya loeto ka khampase e e sa berekeng a ka nna a feleletsa a latlhegile. Diphefo le makhubu a lewatle di ka dira gore sekepe se tswe mo tseleng. Mme fa kapotene a dirisa khampase e e berekang sentle a ka kgona go fitlha kwa a yang gone. Re ka tshwantsha digakolodi tsa rona le khampase e e berekang sentle. Digakolodi tsa rona di kgona go re kaela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Ka jalo, gore digakolodi tsa rona di kgone go re kaela, re tshwanetse go di thapisa gore di bereke sentle. Fa segakolodi sa motho se sa thapisiwa sentle, ga se ka ke sa mo thiba fa a dira sengwe se se phoso. (1 Tim. 4:1, 2) Segakolodi se se ntseng jalo se ka nna sa dira gore a dumele gore “bosula ke molemo.” w18.06 16 ¶1-3
Laboraro, May 13
Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.—Bar. 12:2.
Re tshwanetse go tila tsela e batho ba lefatshe leno ba akanyang ka yone e e sa lemotshegeng motlhofo. Ka sekai, pego nngwe ya dikgang e ka tswa e tsaya letlhakore la mokgatlho mongwe wa dipolotiki. Pego ya dikgang e e buang ka botshelo jwa motho mongwe yo o tumileng e ka dira gore re akanye gore go nna le madi le go tuma go tlisa boitumelo. Difilimi le dibuka dingwe di dira gore batho ba nne le mokgwa wa go ikakanyetsa fela ba le bosi e bile di dira gore ba akanye gore lelapa le botlhokwa go feta sengwe le sengwe. Tsela eno ya go akanya ga e dumalane le se Baebele e se rutang. Baebele ya re fa re rata Jehofa go feta sengwe le sengwe, re tla itumela e bile malapa a rona a tla atlega. (Math. 22:36-39) Gone seno ga se reye gore go phoso go itlosa bodutu. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ipotsa dipotso tseno: ‘A ke lemoga dikakanyo tsa lefatshe leno le fa di tla ka ditsela tse di sa lemotshegeng? A ke tlhomamisa gore nna le bongwanake ga re lebelele e bile ga re bale dilo tse di ka senyang megopolo ya rona? A ke ruta bongwanake go leba dilo jaaka Jehofa gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ke lefatshe leno?’ w18.11 22 ¶18-19
Labone, May 14
O se ka wa boifa, gonne ke na le wena.—Isa. 41:10.
Jehofa o bontsha gore o na le rona ka gonne o amega ka rona e bile o a re rata. Ela tlhoko gore o ikutlwa jang ka rona. A re: “[O] tlhwatlhwakgolo mo matlhong a me, o ile wa tsewa o le yo o tlotlegang, mme ke go ratile.” (Isa. 43:4) Ga go na sepe se se ka dirang gore Jehofa a se ka a rata batho ba ba mo direlang ka gonne boikanyegi jwa gagwe bo tsepame. (Isa. 54:10) Jehofa ga a re solofetse gore o tla dira gore re se ka ra lebana le mathata mo botshelong, mme gone, ga a kitla a letla mathata a re fekeetsa mo re se kitlang re kgona go itshoka. O re tlhomamisetsa gore o tla nna le rona, a re thusa go ‘ralala’ mathata ao. Jehofa o tla dira eng? O tla re thusa gore re se ka ra boifa gore re kgone go nna re ikanyega mo go ene le fa re ka lebana le loso. (Isa. 41:13; 43:2) Fa re ikanya mafoko a ga Jehofa a a reng “Ke tla nna le wena,” le rona re tla nna pelokgale fa re lebane le diteko. w19.01 3 ¶4-6
Labotlhano, May 15
Dithulaganyo tse di mo pelong ya motho di dintsi, mme boikaelelo jwa ga Jehofa ke jone bo tla emang.—Dia. 19:21.
Fa e le gore o mosha, gongwe barutabana le batho ba bangwe ba go kgothaletsa gore o ye yunibesithing gore o kgone go bona tiro ya maemo a a kwa godimo. Le fa go ntse jalo, Jehofa ene o batla gore o dire se se farologaneng le seo. Gone Jehofa o batla gore o dire ka natla kwa sekolong gore o kgone go bona tiro ya boitshediso fa o fetsa sekolo. (Bakol. 3:23) Mme gone, o batla gore fa o dira ditshwetso o kaelwe ke melaometheo e e siameng. Mo godimo ga moo, o batla gore o akanye ka boikaelelo jwa gagwe e bile o tshele ka tsela e e tla mo itumedisang mo metlheng eno ya bofelo. (Math. 24:14) Jehofa o itse sengwe le sengwe. O a itse gore go tlile go direga eng ka lefatshe leno e bile o a itse gore le tlile go fela leng. (Isa. 46:10; Math. 24:3, 36) Mo godimo ga moo, o a re itse, o itse dilo tse di tla dirang gore re itumele e bile o itse dilo tse di ka re utlwisang botlhoko. Ka jalo, le fa kgakololo ya batho e ka utlwala e le molemo go le kana kang, fa fela e sa dumalane le Lefoko la Modimo, ga e ka ke ya re thusa. w18.12 19 ¶1-2
Matlhatso, May 16
Moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng.—Pes. 37:10.
Go na le moo, “ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Gape Dafide o ne a re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pes. 37:11, 29; 2 Sam. 23:2) O akanya gore mafoko ano a ile a ama jang batho ba ba neng ba batla go dira thato ya Modimo? Ga go pelaelo gore a ile a ba thusa go nna le tsholofelo ya gore fa go setse batho ba ba siameng fela mo lefatsheng, le tla boa le nna paradaise jaaka tshimo ya Edene. Fa nako e ntse e tsamaya, Baiseraele ba le bantsi ba ile ba tlogela go direla Jehofa mme ba simolola go obamela medimo ya maaka. Ka jalo, Modimo o ile a letla Bababelona gore ba ba tlhasele ba bo ba senya lefatshe la bone le go ba isa botshwarwa. (2 Ditir. 36:15-21; Jer. 4:22-27) Mme gone, baporofeti ba Modimo ba ile ba bolelela pele gore morago ga dingwaga di le 70, batho ba Modimo ba ne ba tla gololwa kwa botshwarwa. Boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa mme le rona bo a re ama ka gonne bo bua ka paradaise e e tlang. w18.12 4 ¶9-10
Sontaga, May 17
Jaaka magodimo a le kwa godimo ga lefatshe, fela jalo ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikakanyo tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.—Isa. 55:9.
Gantsi kgakololo ya batho ba lefatshe leno ga e dumalane le melao ya Modimo. Mme gone, a kgakololo ya lefatshe leno e a utlwala go feta kgakololo e e mo Baebeleng? Jesu o ne a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Math. 11:19) Gone ke boammaaruri gore batho ba lefatshe leno ba dirile dilo di le dintsi ba dirisa thekenoloji, le fa go ntse jalo, ga ba kgone go rarabolola mathata a a dirang gore batho ba se ka ba itumela a a jaaka dintwa, tlhaolele le bokebekwa. Mo godimo ga moo, ba akanya gore boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo siame fela. Mme gone, batho ba le bantsi ba lemoga gore boitsholo joo bo dira gore malapa a thubege, batho ba tsenwe ke malwetse e bile bo baka mathata a mangwe a mantsi. Kafa letlhakoreng le lengwe, Bakeresete ba ba tshelang ka melao ya Modimo bone ba na le malapa a a itumetseng, ga ba lwale ka gonne ba itshwere sentle e bile ba tshela ka kagiso le Bakeresetemmogo le bone. (Isa. 2:4; Dit. 10:34, 35; 1 Bakor. 6:9-11) A seno ga se bontshe gore tsela e Jehofa a akanyang ka yone e molemo thata go feta ya batho ba lefatshe leno? w18.11 20 ¶8-10
Mantaga, May 18
Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.—1 Bakor. 15:33.
Le fa gone re leka go dirisana sentle le ba lelapa ba e seng Basupi, re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra tlola melao ya Modimo ka gonne re batla go ba itumedisa. Re tshwanetse go tsalana fela le batho ba ba ratang Jehofa. Batho botlhe ba ba tsamayang mo boammaaruring ba tshwanetse go nna boitshepo kgotsa go nna phepa. (Isa. 35:8; 1 Pet. 1:14-16) Fa re ne re ithuta boammaaruri, re ile ra fetola tsela e re neng re tshela ka yone gore re kgone go ikobela Modimo. Bangwe ba ile ba dira diphetogo tse dikgolo. Ka jalo, re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra simolola go dira dilo tse Modimo a sa di amogeleng. Ke eng se se ka re thusang? Akanya ka se Jehofa a ileng a se dira gore re nne phepa. O ile a ntsha Morwawe yo o rategang e bong Jesu Keresete. (1 Pet. 1:18, 19) Re tshwanetse go nna re akantse ka setlhabelo sa ga Jesu gore re tswelele re le phepa mo matlhong a ga Jehofa. w18.11 11 ¶10-11
Labobedi, May 19
Ke tla nna ke lebeletse Jehofa. Ke tla supa boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya me. Modimo wa me o tla nkutlwa.—Mik. 7:7.
Bakeresete ba le bantsi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba re go tlhoma mogopolo mo bodireding go ile ga ba thusa gore ba tswelele ba ritibetse le fa ba ne ba lebana le diphetogo. Se se diragaletseng Bakeresete bano se re bontsha gore fa re nna re tlhomile mogopolo mo dilong tsa botlhokwa e bile re leta Jehofa ka bopelotelele, re tla tswelela re na le kagiso ya mogopolo. Tota e bile, morago ga nako re ka nna ra lemoga gore go lebana le diphetogo tseo go ile ga nonotsha tumelo ya rona. Botshelo jwa rona bo ka fetoga re sa lebelela. Re ka nna ra newa kabelo e ntšha mo phuthegong, ra lwala kgotsa ra nna le maikarabelo a masha mo lelapeng. Fa seo se direga, re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa o a re rata le gore o tla re thusa ka nako e e tshwanetseng. (Baheb. 4:16; 1 Pet. 5:6, 7) Mme fa seo se ise se direge, leka go leba dilo sentle. Atamela Jehofa ka thapelo mme o ithute go tlogelela dilo mo diatleng tsa gagwe. Fa o dira jalo, o tla tswelela o na le kagiso ya mogopolo le fa o lebana le diphetogo. w18.10 30 ¶17; 31 ¶19, 22
Laboraro, May 20
[Jehofa] o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.—Pes. 103:14.
Baebele e na le dipego di le dintsi tse di bontshang gore Jehofa o akanyetsa batlhanka ba gagwe. Ka sekai, bona kafa Jehofa a ileng a thusa Samuele yo mmotlana go bolelela Moperesiti yo Mogolo e bong Eli molaetsa wa katlholo; o o kwadilweng mo 1 Samuele 3:1-18. Molao wa ga Jehofa o ne o laela bana gore ba tlotle bagolo, segolobogolo kgosana. (Ekes. 22:28; Lefi. 19:32) Ka jalo, go ne go ka se nne motlhofo gore Samuele a bolelele Eli molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo. Tota e bile, Baebele ya re Samuele “o ne a boifa go bolelela Eli kaga [ponatshegelo] eo.” Le fa go ntse jalo, Modimo o ile a dira gore Eli a lemoge gore ke ene a bitsang Samuele. Ka jalo, Eli o ne a raya Samuele a re a mmolelele sengwe le sengwe. Ka jalo, Samuele o ne “a mmolelela mafoko otlhe” e bile molaetsa oo o ne o tshwana le o a neng a o utlwile pelenyana. (1 Sam. 2:27-36) Pego eno e bontsha gore Jehofa o botlhale e bile o akanyetsa batho. w18.09 23 ¶2; 24 ¶4-5
Labone, May 21
Jehofa, ke mang yo o tla nnang molalediwa mo mogopeng wa gago? . . . Ke yo o . . . [buang] boammaaruri mo pelong ya gagwe.—Pes. 15:1, 2.
Gompieno go tlwaelegile go bua maaka. Setlhogo se se reng, “Lebaka La go Bo Batho ba Bua Maaka” se se kwadilweng ke Y. Bhattacharjee, se tlhalosa gore “go bua maaka ke mokgwa o batho ba setseng ba o rata thata.” Gantsi batho ba bua maaka gore ba itshireletse kgotsa gore ba tseelwe kwa godimo. Ba bua maaka gore ba fitlhe diphoso tsa bone kgotsa gore ba hume le go iponela melemo mengwe. Gape setlhogo seo se tlhalosa gore mo bathong bangwe, “go bua maaka go itlela fela mme ba bua maaka fa ba na le batho ba ba sa ba itseng, badirimmogo, ditsala le batho ba ba ba ratang.” Go nnile le mathata afe ka ntlha ya maaka ano? Batho ga ba tlhole ba tshepana e bile ga ba tlhole ba utlwana. Dafide o ne a rapela Jehofa jaana: “O natefeletswe ke boammaaruri mo teng ga gago.” (Pes. 51:6) Dafide o ne a itse gore selo sa botlhokwa ke se re leng sone mo pelong. Bakeresete ba boammaaruri ba ‘bua boammaaruri mongwe go yo mongwe’ mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo.—Seka. 8:16. w18.10 7 ¶4; 8 ¶9-10; 10 ¶19
Labotlhano, May 22
A nna a ba goga ka polokesego, mme ga ba a ka ba boifa.—Pes. 78:53.
Fa Baiseraele ba tswa kwa Egepeto ka 1513 B.C.E., palo ya bone e ka tswa e ne e feta dimilione di le tharo. Mo setlhopheng seo, go ne go na le bana, bagodi e bile ga go pelaelo gore go ne go na le batho ba ba lwalang kgotsa ba ba golafetseng. Gore boidiidi jo bo kalo bo etelelwe pele go tswa kwa Egepeto, go ne go tlhokega Moeteledipele yo o lorato le yo o akanyetsang ba bangwe. Jehofa o ne a itshupa gore ke Moeteledipele yo o ntseng jalo fa a ne a dirisa Moshe. Ka ntlha ya seo, Baiseraele ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile fa ba ya kwa lefelong le ba neng ba sa le itse. (Pes. 78:52) Jehofa o ile a thusa jang batho ba gagwe gore ba ikutlwe ba sireletsegile? O ile a dira gore “ba tlhomagane kafa thulaganyong ya tlhabano” fa ba ne ba tswa kwa Egepeto. (Ekes. 13:18) E re ka ba ne ba rulagantswe sentle, ba ne ba kgona go lemoga gore Modimo ke ene a laolang dilo. Gape Jehofa o ne a dirisa “leru motshegare” le “lesedi la molelo bosigo” go ba gopotsa gore o na le bone, o a ba kaela le gore o ba sireleditse.—Pes. 78:14. w18.09 26 ¶11-12
Matlhatso, May 23
E kete o ne o ka mphitlha mo Sheole, . . . Gore o ntekanyetse nako mme o nkgakologelwe!—Jobe 14:13.
Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba imetswe ke mathata mo ba neng ba batla go swa. Ka sekai, Jobe yo o neng a le mo kutlobotlhokong o ne a re: ‘Ke ganne botshelo; ga ke batle go tshela ka bosakhutleng.’ (Jobe 7:16) Jona o ne a swabisitswe ke kabelo ya gagwe mo a neng a re: “Mme jaanong, tlhe Jehofa, tsweetswee, tsaya moya wa me mo go nna, gonne go swa ga me go botoka go na le go tshela ga me.” (Jona 4:3) Gape moporofeti yo o ikanyegang e bong Elija o ne a tshwenyegile thata jaana mo a neng a kopa gore a swe. O ne a re: “Go lekane! Jaanong tlhe Jehofa, tsaya moya wa me.” (1 Dikg. 19:4) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a rata batlhanka bao ba gagwe e bile o ne a batla gore ba tshele. Ga a ka a ba kgala ka gonne ba ne ba ikutlwa jalo. Go na le moo, o ile a ba thusa gore ba batle go tswelela ba tshela le gore ba mo direle ka boikanyegi. w18.09 13 ¶4
Sontaga, May 24
Re badirimmogo le Modimo.—1 Bakor. 3:9.
Batho ba Modimo ba itsege ka go amogela baeng. Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mafoko a a reng, “go tshola baeng” a kaya go bontsha batho ba o sa ba itseng bopelonomi. (Baheb. 13:2) Baebele e na le dipego tse di re bontshang gore re ka amogela baeng jang. (Gen. 18:1-5) Re tshwanetse go leka ka natla go thusa batho ba bangwe, e ka ne “ba [amana] le rona mo tumelong” kgotsa nnyaa. (Bagal. 6:10) O ka dira mmogo le Modimo ka go amogela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng. (3 Joh. 5, 8) Dinako tse di ntseng jalo di tla dira gore “lo kgothatsane.” (Bar. 1:11, 12) Lefoko la Modimo le kgothaletsa banna mo phuthegong gore ba dire mmogo le Jehofa ka go kgaratlhela go nna batlhanka ba bodiredi le bagolwane. (1 Tim. 3:1, 8, 9; 1 Pet. 5:2, 3) Bakaulengwe ba ba dirang jalo ba bontsha gore ba batla go thusa ba bangwe go nna le tumelo e e nonofileng. (Dit. 6:1-4) Bakaulengwe ba ba thusang mo phuthegong ba re go dira jalo go a itumedisa. w18.08 24-25 ¶6-7; 25 ¶10
Mantaga, May 25
O se ka wa tshwaya monna yo mogolwane phoso mo go botlhoko. Go na le moo, mo rapele jaaka rrago.—1 Tim. 5:1.
Le fa gone Timotheo a ne a na le taolo e e fetang ya banna ba ba godileng, o ne a tshwanetse go ba bontsha bopelotlhomogi le go ba tlotla. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ikobela taelo eo go ya bokgakaleng bofe? Ka sekai, a re tshwanetse go didimala fela fa motho yo o godileng a leofa ka boomo kgotsa a dira sengwe se se sa itumediseng Jehofa? Jehofa ga a atlhole batho go ya ka se a se bonang e bile a ka se itlhokomolose motho yo o leofang ka boomo fela ka gonne a godile. Ela tlhoko molaomotheo ono o o mo go Isaia 65:20: “Moleofi, o tla hutsiwa le fa a na le dingwaga di le lekgolo.” Go na le molaomotheo o o tshwanang mo ponatshegelong ya ga Esekiele. (Esek. 9:5-7) Ka jalo, selo sa botlhokwa ke gore re tlotle Mogologolo wa Malatsi e bong Jehofa Modimo. (Dan. 7:9, 10, 13, 14) Fa re dira jalo, ga re kitla re tshaba go thusa motho yo o tlhokang go kgalemelwa, go sa kgathalasege gore o na le dingwaga tse kae.—Bagal. 6:1. w18.08 11 ¶13-14
Labobedi, May 26
Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.—Dia. 14:15.
Bakeresete ba tshwanetse go nna le bokgoni jwa go tlhatlhoba tshedimosetso le go dira ditshwetso tse di siameng. (Dia. 3:21-23; 8:4, 5) Fa re se na bokgoni jono, go tla nna motlhofo gore Satane le lefatshe la gagwe le tlhotlheletse tsela e re akanyang ka yone. (Baef. 5:6; Bakol. 2:8) Re ka kgona go dira ditshwetso tse di siameng fa fela re na le dintlha tsotlhe. Gompieno tshedimosetso ke ntletsentletse mo Internet, mo thelebisheneng le mo metsweding e mengwe ya tshedimosetso. Gape batho ba rata go romelelana di-email, melaetsa ya founo le dipego tsa dikgang. E re ka mokgwa wa go romela tshedimosetso e e seng boammaaruri o aname thata, re tshwanetse go nna kelotlhoko le go tlhatlhoba se re se balang. w18.08 3 ¶1, 3
Laboraro, May 27
O bone kamogelo mo Modimong.—Luke 1:30.
Fa nako ya gore Morwa Modimo a tsholwe e le motho e goroga, Jehofa o ne a tlhopha mosadi yo o ikokobeditseng e bong Marea gore a nne mmaagwe ngwana yono yo o kgethegileng. Marea o ne a nna mo toropong ya maemo a a kwa tlase e e bidiwang Nasaretha e e neng e le kgakala le motse wa Jerusalema le tempele ya yone e e ntle. (Luke 1:26-33) Marea o ile a bontsha gore o na le tumelo e e nonofileng moragonyana fa a ne a bua le mosadi wa mo losikeng lwa gagwe e bong Elisabetha. (Luke 1:46-55) Eleruri Jehofa o ne a lebile Marea mme o ne a mo naya tshiamelo eo ka gonne o ne a ikanyega. Fa Marea a sena go tshola Jesu, Jehofa ga a ka a itsise balaodi kgotsa babusi ba maemo a a kwa godimo ba kwa Jerusalema le Bethelehema se se diragetseng. Baengele ba ne ba tlhagelela kwa badiseng ba ba neng ba tlhokometse dinku gaufi le Bethelehema. (Luke 2:8-14) Go tswa foo, badisa bao ba ne ba etela lesea leo. (Luke 2:15-17) Ruri Marea le Josefa ba tshwanetse ba bo ba ile ba gakgamalela go bona kafa Jesu a ileng a tlotlomadiwa ka gone! w18.07 9-10 ¶11-12
Labone, May 28
Jehofa o ne a tukela Solomone bogale.—1 Dikg. 11:9.
Jehofa o ne a tukela Solomone bogale, “ka gonne pelo ya gagwe e ne e fapogetse kgakala le Jehofa . . . , yo o neng a bonetse mo go ene gabedi. Mme o ne a mo laela malebana le selo seno gore a se ka a sala medimo e sele morago; mme a se ka a boloka seo Jehofa a neng a se laetse.” Ka ntlha ya seo, Modimo ga a ka a tlhola a mo amogela le go mo ema nokeng. Bomorwa Solomone ga ba a ka ba busa setšhaba sotlhe sa Iseraele e bile ba ile ba lebana le mathata a le mantsi. (1 Dikg. 11:9-13) Fela jaaka go diragetse ka Solomone, go nna le ditsala tse di sa tlotleng melao ya ga Jehofa go ka senya kamano ya rona le ene. Bangwe ba bone ba ka nna ba bo ba le mo phuthegong mme gone ba se na kamano e e nonofileng le Jehofa. Ba bangwe e ka tswa e le ba lelapa le ba losika, baagelani, badirimmogo le bana ba re tsenang sekolo le bone ba e seng baobamedi ba ga Jehofa. Fa batho ba re fetsang nako e e ntsi le bone ba sa tlotle melao ya ga Jehofa, ba ka senya kamano ya rona e e molemo le Modimo. w18.07 19 ¶9-10
Labotlhano, May 29
Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.—1 Joh. 5:19.
Satane o dirisa difilimi le mananeo a thelebishene go dira gore batho ba akanye jaaka ene. O a itse gore dilo tseno ga di re tlose bodutu fela, di re ruta gore re akanye jang, re ikutlwe jang le gore re dire dilo jang. Jesu le ene o ne a dirisa mokgwa o o tshwanang fa a ruta batho. Ka sekai, o ile a tlotlela bareetsi ba gagwe ka moagelani yo o molemo le ka mosimane yo o neng a tswa mo lapeng mme a ya go senya boswa jwa gagwe. (Math. 13:34; Luke 10:29-37; 15:11-32) Batho ba ba akanyang jaaka Satane ba ka dirisa difilimi le mananeo a thelebishene go senya tsela e e siameng e re akanyang ka yone. Re tlhoka go nna tekatekano. Le fa go na le difilimi le mananeo a thelebishene a a ka tswang a se kotsi, re sa ntse re tlhoka go nna kelotlhoko. Fa re batla go leba filimi kgotsa lenaneo lengwe la thelebishene, re tlhoka go ipotsa gore: ‘A filimi eno kgotsa lenaneo leno le dira gore ke akanye gore go siame go dira dilo tse di kgatlhanong le melao ya ga Jehofa?’ (Bagal. 5:19-21; Baef. 2:1-3) O tshwanetse go dirang fa o lemoga gore lenaneo lengwe le go tlhotlheletsa go akanya jaaka Satane? Tswa mo go lone ntle le go okaoka! w19.01 15-16 ¶6-7
Matlhatso, May 30
Amogelang tlhoro ya phemelo ya poloko.—Baef. 6:17.
Fela jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo ya lesole, “tsholofelo ya poloko” e sireletsa megopolo le dikakanyo tsa rona. (1 Bathes. 5:8; Dia. 3:21) Satane a ka re raela jang gore re role tlhoro ya rona ya phemelo? Akanya ka tsela e a ileng a leka go raela Jesu ka yone. Satane o ne a itse gore Jesu o na le tsholofelo ya go busa batho. Mme gone, Jesu o ne a tla tshwanelwa ke go letela nako ya ga Jehofa e e tlhomilweng. Pele seo se direga, o ne a tla tshwanelwa ke go boga le go swa. Ka jalo, Satane o ne a naya Jesu tshono ya gore a bone dilo tseo ka bonako. O ne a solofetsa Jesu gore fa a ne a ka mo obamela, o ne a tla busa batho ka yone nako eo. (Luke 4:5-7) Ka tsela e e tshwanang, Satane o a itse gore Jehofa o tlile go re naya dilo tse di molemo mo lefatsheng le lesha. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go leta e bile re ka nna ra boga fa nako eo e ise e tle. Ka jalo, Satane o re naya tshono ya go tshela monate gone jaanong. O batla gore dilo tse re di batlang e nne tsone tsa botlhokwa mo go rona le gore re nne le sengwe le sengwe gone jaanong. Satane o batla gore re beye Bogosi kwa morago ga dilo tse dingwe tse re di batlang.—Math. 6:31-33. w18.05 30-31 ¶15-17
Sontaga, May 31
A pelo ya gago e go itumedise mo malatsing a bokau jwa gago.—Mor. 11:9.
Eleruri Jehofa o batla gore o itumele. Nna o tlhomile mogopolo mo mekgeleng e o ipeetseng yone mo tirelong ya ga Jehofa mme o tswelele o latela kaelo ya gagwe mo dilong tsotlhe tse o di dirang. Fa o ka dira seno o sa ntse o le mosha, Jehofa o tla go kaela, o tla go sireletsa le go go segofatsa. Akanya ka kgakololo e e molemo e e mo Lefokong la Modimo mme o ikobele kaelo eno: “Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a [bosha] jwa gago.” (Mor. 12:1) Re tshwanetse go akgola basha mo phuthegong ka gonne ba tlhomile mogopolo mo tirelong ya ga Jehofa. Basha ba ka dira seno ka go leka ka natla go fitlhelela mekgele mo tirelong ya Modimo le ka go dira gore tiro ya go rera e nne selo sa botlhokwa mo go bone. Mo godimo ga moo, ga ba batle gore sepe se dire gore ba lebale mekgele ya bone. Basha ba ka tlhomamisega gore matsapa a ba a tsayang ga se a bophiri. Ba engwa nokeng ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone mme fa ba tswelela ba direla Jehofa ka pelo yotlhe, dilo tsotlhe tse ba di dirang di tla atlega. w18.04 29 ¶17, 19