April
Mantaga, April 1
Fa tumelo ya lona e lekwa jalo, e tla lo thusa gore lo kgone go itshoka.—Jak. 1:3.
Ipotse go re: ‘Ke dira eng fa ke gakololwa? A ke amogela diphoso tse ke di dirileng kgotsa ke leka go ipuelela? A ke itlhaganelela go pega ba bangwe molato?’ Fa o bala ka banna le basadi bangwe ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, ela tlhoko gore ba ile ba itshwara jang fa ba ne ba le mo maemong a a ntseng jalo. Ipotse gore: ‘Ke eng se nka se dirang gore ke tshwane le motlhanka yono yo o ikanyegang wa ga Jehofa?’ Selo se sengwe se se ka re solegelang molemo ke go leba sekao sa Bakeresetemmogo le rona ba ba godileng le ba basha. Ka sekai, a go na le mongwe mo phuthegong ya lona yo o itshoketseng diteko dingwe ka boikanyegi tse di jaaka go gatelelwa ke balekane, go ganediwa ke ba lelapa kgotsa go lwala? A motho yoo o na le botho bongwe jo bo molemo jo o ka ratang go bo etsa? Go akanya ka sekao sa motho yoo se se molemo go tla go thusa gore o bone ditsela tse o ka itshokelang diteko tse o nnang le tsone. Ruri re itumelela gore go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang ba ba re tlhomelang dikao tse di molemo tse re ka di etsang!—Baheb. 13:7. w22.04 13 ¶13-14
Labobedi, April 2
Go aba go itumedisa thata go feta go amogela.—Dit. 20:35.
Fa re na le mathata mangwe, re a itumela fa mogolwane yo o amegang ka rona a ipha nako ya go re reetsa a bo a re gomotsa. E bile fa re tlhoka thuso ka go tshwara thuto ya Baebele, re a itumela fa mmulatsela yo o nang le maitemogelo a dumela go tsamaya le rona kwa thutong eo a bo a re naya dikakantsho. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba itumelela go re thusa. Le rona re ka itumela fela jalo fa re ipha nako ya go thusa bakaulengwe ba rona. Fa e le gore o batla go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa ka ditsela tseno le tse dingwe, ke eng se se ka go thusang gore o dire jalo? Ikele tlhoko gore o se ka wa bua fela o re o batla go fitlhelela mokgele mongwe. Ka sekai, o ka akanya jaana, ‘Ke batla go dira mo go oketsegileng mo phuthegong.’ Mme gone, go ka nna thata gore o fitlhelele mokgele oo e bile ga o kitla o kgona go lemoga gore o o fitlheletse. Ka jalo, ipeele mokgele o o rileng o o batlang go o fitlhelela. Tota e bile, o ka kwala mokgele oo le gore o tla o fitlhelela jang. w22.04 25 ¶12-13
Laboraro, April 3
O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.—Jak. 2:8.
Gone jaanong Jehofa o kokoanya “boidiidi jo bogolo” jwa batho e bile o ba katisetsa gore ba kgone go busiwa ke Bogosi jwa gagwe. (Tshen. 7:9, 10) Le fa gone batho ba le bantsi gompieno ba kgaogantswe ke letlhoo le dintwa, ba boidiidi jo bogolo bone ba leka ka natla go tlosa letlhoo lepe fela le le ka tswang le le teng. Ba bontsha ka se ba se dirang gore ba fetotse ditšhaka tsa bone go nna megoma. (Mik. 4:3) Go na le gore ba ye dintweng tse di bakang dintsho di le dintsi, ba thusa batho go bona “botshelo jwa mmatota” ka go ba ruta ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe. (1 Tim. 6:19) Ba ka nna ba tlhoka madi ka gonne ba ema Bogosi Jwa Modimo nôkeng kgotsa ba malapa a bone ba ka ba ganetsa, le fa go ntse jalo Jehofa o netefatsa gore ba nna le sengwe le sengwe se ba se tlhokang. (Math. 6:25, 30-33; Luke 18:29, 30) Dilo tseno di re bontsha gore Bogosi Jwa Modimo ke selo sa mmatota e bile bo tla tswelela bo diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa. w22.12 5 ¶13
Labone, April 4
Amen! Tla, Morena Jesu.—Tshen. 22:20.
Kwa bofelong jwa dingwaga tse di 1 000, batho botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng, ba tla bo ba se na boleo. Ga go kitla go tlhola go nna le motho ope yo o nang le boleo jo re bo gotsitseng kwa go Adame. (Bar. 5:12) Phutso ya boleo jwa ga Adame, e tla bo e tlositswe gotlhelele. Seo se raya gore ba ba mo lefatsheng ba tla “tshela” ka gonne ba tla bo ba se na boleo fa dingwaga tse di 1 000 di wela. (Tshen. 20:5) Re a itse gore Jesu o ne a tswelela a ikanyega mo Modimong tota le fa Satane a ne a mo leka. Mme gone, a batho botlhe ba ba se nang boleo ba tla tswelela ba ikanyega mo go Jehofa fa Satane a newa tshono ya gore a ba leke? Mongwe le mongwe o tla kgona go bontsha gore a o ikanyega mo go Jehofa fa Satane a gololwa mo khuting e e kwa tengteng kwa bofelong jwa dingwaga tse di 1 000. (Tshen. 20:7) Ba ba tla ikanyegang ka nako ya teko eno ya bofelo, ba tla newa botshelo jo bo sa khutleng e bile ba tla nna le kgololesego ya mmatota. (Bar. 8:21) Batho botlhe ba ba tla tlhanogelang Modimo, ba tla fedisiwa.—Tshen. 20:8-10. w22.05 19 ¶18-19
Labotlhano, April 5
O tla mo gobatsa mo seretheng.—Gen. 3:15.
Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa fa Satane a ne a dirisa Bajuda le Baroma go bolaya Morwa Modimo. (Luke 23:13, 20-24) Fela jaaka motho yo o gobetseng serethe a sa kgone go tsamaya ka lobaka lo lo rileng, ka tsela e e tshwanang, fa Jesu a ne a sule o ne a sa kgone go dira sepe ka malatsi a le mararo. (Math. 16:21) Boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15 bo bontsha gore Jesu o ne a ka se ka a nnela ruri mo lebitleng. Goreng re rialo? Ka gonne boporofeti joo bo tlhalosa gore losika lwa mosadi lo tla tšhwetla noga tlhogo. Seno se ne se raya gore Jesu o ne a tla tshwanelwa ke go tsosiwa. Tota e bile, mo letsatsing la boraro o ne a tsosiwa gore a ye go tshela kwa legodimong a sa swe. Ka nako e Modimo a e tlhomileng, Jesu o tlile go fedisa Satane. (Baheb. 2:14) Keresete le ba a tla bong a busa le bone ba tlile go fedisa baba ba Modimo e leng losika lwa noga.—Tshen. 17:14; 20:4, 10. w22.07 16 ¶11-12
Matlhatso, April 6
Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.—Diane 13:20.
Batsadi, thusang bana ba lona go tlhopha ditsala tse di siameng. Lefoko la Modimo le re bolelela gore ditsala tsa rona di ka re tlhotlheletsa go dira dilo tse di siameng kgotsa tse di sa siamang. A lo itse ditsala tsa bana ba lona? Lo ka thusa bana ba lona jang gore ba nne le ditsala tse di ratang Jehofa? (1 Bakor. 15:33) Lo ka ba thusa ka go laletsa batho ba ba atamalaneng thata le Jehofa gore ba tle go fetsa nako le lona le bana ba lona lo dira dilo mmogo. (Pes. 119:63) Rre mongwe yo o bidiwang Tony a re: “Ka dingwaga di le dintsi, nna le mosadi wa me re ne re laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba farologaneng kwa legaeng la rona. Bangwe ba bone ba ne ba le bagolo mme ba bangwe ba ne ba le bannye. Re ne re ja le bone re bo re tshwara kobamelo ya lelapa le bone. Eno ke tsela e e molemo ya go itse ba ba ratang Jehofa le ba ba mo direlang ba itumetse. Bana ba rona ba ne ba ithuta go le gontsi ka maitemogelo le matlhagatlhaga a bone le tsela e ba neng ba direla Jehofa ka yone, e bile seo se ne sa ba thusa go atamalana le Jehofa.” w22.05 29-30 ¶14-15
Sontaga, April 7
Dilo dipe fela tse lo tla di bofang mo lefatsheng di tla bo di setse di bofilwe kwa legodimong.—Math. 18:18.
Fa bagolwane ba kopana le motho yo o dirileng boleo, maikaelelo a bone ke go dira tshwetso e Jehofa a setseng a e dirile kwa legodimong. Thulaganyo eno e solegela phuthego molemo jang? E sireletsa phuthego ka go tlhomamisa gore baleofi ba ba sa ikwatlhayeng ba se ka ba nna mo phuthegong, mme ba utlwisa batlhanka ba ga Jehofa botlhoko. (1 Bakor. 5:6, 7, 11-13; Tito 3:10, 11) Gape e ka thusa moleofi gore a ikwatlhaye mme Jehofa a mo itshwarele. (Luke 5:32) Bagolwane ba rapelela moleofi yo o ikwatlhayang ba bo ba kopa Jehofa gore a mo thuse go baakanya botsala jwa gagwe le Ene. (Jak. 5:15) Go tweng fa e le gore motho yo o dirileng boleo ga a ikwatlhaye fa bagolwane ba bua le ene? Fa moragonyana motho yoo a lemoga gore se a se dirileng se phoso a bo a fetola tsela e a akanyang ka yone le e a dirang dilo ka yone, Jehofa o tla mo itshwarela. (Luke 15:17-24) Tota le fa a dirile maleo a a masisi, Jehofa o tla mo itshwarela.—2 Ditir. 33:9, 12, 13; 1 Tim. 1:15. w22.06 9 ¶5-6
Mantaga, April 8
Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, mme lo nne lo disitse. Mmaba wa lona, e bong Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, a batla go kometsa mongwe.—1 Pet. 5:8.
Jehofa o thusa Bakeresete ba boammaaruri mo lefatsheng lotlhe gore ba fenye maemo a a boima a ba nnang le one le gore ba ganetse Diabolo. (1 Pet. 5:9) Le wena o ka kgona go dira jalo. Mo bogautshwaneng, Jehofa o tlile go laela Jesu le ba a tla busang le bone gore ba ‘senye ditiro tsa ga Diabolo.’ (1 Joh. 3:8) Morago ga moo, batho ba Modimo ba ba tla bong ba mo direla mo lefatsheng ‘ga ba kitla ba boifa sepe e bile ga ba kitla ba nna le lebaka la go boifa sepe.’ (Isa. 54:14; Mika 4:4) Mme fa nako eo e ise e goroge, re tshwanetse go dira ka natla gore re fenye poifo. Re tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa o rata batlhanka ba gagwe le gore o a ba sireletsa. Re ka kgona go dira jalo fa re akanyetsa kwa teng e bile re bua ka tsela e Jehofa a neng a sireletsa batlhanka ba gagwe ka yone mo nakong e e fetileng. Gape re tshwanetse go nna re akanya kafa a re thusitseng ka gone fa re ne re lebana le maemo a a tlhobaetsang. Jehofa a ka re thusa gore re kgone go fenya poifo.—Pes. 34:4. w22.06 19 ¶19-20
Labobedi, April 9
[Le ne la] itaya setshwantsho seo mo dinaong tsa sone tsa tshipi le letsopa.—Dan. 2:34.
Mmusomogolo wa lefatshe lotlhe o o emelwang ke ‘dinao tsa tshipi le letsopa,’ o setse o busa. O simolotse go busa ka Ntwa ya Lefatshe ya I fa Boritane le United States di ne di simolola go kopana mme e nna puso ya Maesemane le Maamerika. Gape setshwantsho sa toro ya ga Nebukadenesare se ne sa bolelela pele dilo tse mmusomogolo ono wa lefatshe lotlhe o neng o tla farologana ka tsone le dipuso tse dingwe tse di neng di setse di busitse pele ga one. Selo se se dirang gore Mmusomogolo wa Maesemane le Maamerika o se ka wa tshwana le mebusomegolo e e busitseng pele ga one e e tlhalosiwang mo ponatshegelong eno, ke gore one ga o emelwe ke gauta fela kgotsa selefera fela, go na le moo o emelwa ke tshipi e e kopantsweng le letsopa. Letsopa le emela “bana ba batho” kgotsa batho fela. (Dan. 2:43; ntlh.) Jaaka re bona gompieno, tsela e batho ba nnang le seabe ka yone mo ditlhophong, mo matsholong a go lwela ditshwanelo tsa setšhaba, mo ditshupetsong le mo mekgatlhong ya babereki, e dira gore go nne thata gore baeteledipele ba mmusomogolo ono ba fitlhelele dilo tse ba batlang go di dira. w22.07 4-5 ¶9-10
Laboraro, April 10
Dijo tsa me ke go dira thato ya yo o nthomileng.—Joh. 4:34.
A o okaoka go kolobediwa? Go ka nna molemo gore o ipotse go re, ‘Tota ke eng fa ke okaoka go kolobediwa?’ (Dit. 8:36) Jesu o ile a tshwantsha go dira thato ya ga Rraagwe le go ja dijo. Ka ntlha ya eng? Dijo di mosola mo go rona. Jesu o ne a itse gore sengwe le sengwe se Jehofa a re kopang gore re se dire se re tswela mosola. A ka se re kope go dira sengwe se se tla re utlwisang botlhoko. A Jehofa o batla gore o kolobediwe? Go ntse fela jalo. (Dit. 2:38) O ka tlhatswega pelo gore go ikobela taelo eno ya gore o kolobediwe go tla go tswela mosola. Fa e le gore o ka se okaoke fa o newa dijo tse di monate, ke eng fa o okaoka go kolobediwa? Goreng bangwe ba okaoka go kolobediwa? Gongwe ba akanya gore ga ba ise ba siamele go kolobediwa. Tshwetso ya go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa, ke tshwetso ya botlhokwa thata e o tla e dirang mo botshelong. Ka jalo, o tshwanetse go ipha nako ya gore o akanyetse kwa teng ka yone. Gape o tshwanetse go tsaya matsapa gore o siamele go kolobediwa. w23.03 7 ¶18-20
Labone, April 11
Tsa re, “le losika lwa gago,” e leng Keresete.—Bagal. 3:16.
Fa Jesu a ne a tlodiwa o ne a nna motho wa ntlha yo e leng karolo ya losika lwa mosadi. Morago ga gore Jesu a swe a bo a tsosiwe, Modimo o ne a “mo naya kgalalelo le tlotlo” gape o ne a mo naya “taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng” go akaretsa le taolo ya go “senya ditiro tsa ga Diabolo.” (Baheb. 2:7; Math. 28:18; 1 Joh. 3:8) Le fa go ntse jalo, go ne go tla nna le batho ba bangwe ba e neng e tla nna karolo ya losika loo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore batho bao ba e neng e le karolo ya losika ke bomang, fa a ne a raya Bakeresete ba ba tloditsweng ba e leng Bajuda le ba e seng Bajuda a re: “Fa lo le ba ga Keresete, tota lo losika lwa ga Aborahame, baruaboswa ba tsholofetso.” (Bagal. 3:28, 29) Fa Jehofa a tlotsa Mokeresete ka moya o o boitshepo, motho yoo e nna karolo ya losika lwa mosadi. Ka jalo, losika lwa mosadi ke Jesu Keresete le ba ba 144 000 ba ba tla busang le ene. (Tshen. 14:1) Batho bano ba leka go akanya le go dira dilo jaaka Rraabone e bong Jehofa Modimo. w22.07 16 ¶8-9
Labotlhano, April 12
Ke tlhoile botshelo jwa me; ga ke batle go tswelela ke tshela.—Jobe 7:16.
Re a itse gore re tlile go nna le diteko mo malatsing ano a bofelo. (2 Tim. 3:1) Fa seo se direga, re ka nna ra ikutlwa re kgobegile marapo kgotsa re tlaletswe, segolobogolo fa go lebega e kete diteko di tla di tlhomagane kgotsa di tla di le dintsi ka nako e le nngwe. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala gore Jehofa o bona sengwe le sengwe se se re diragalelang e bile o tla re thusa gore re kgone go itshokela teko nngwe le nngwe ka bopelokgale. Akanya kafa Jehofa a thusitseng motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang e bong Jobe ka gone. O ne a tlhagelwa ke diteko tse dintsi tse di boima mo nakong e khutshwane. Mo letsatsing le le lengwe fela, Jobe o ne a bolelelwa gore leruo lotlhe la gagwe le ne le utswitswe kgotsa le bolailwe, le gore batlhanka ba gagwe le bana ba gagwe botlhe ba ne ba bolailwe. (Jobe 1:13-19) Fa Jobe a sa ntse a le mo khutsafalong o ne a tshwarwa ke bolwetse jo bo botlhoko e bile bo ne bo mo senya letlalo. (Jobe 2:7) Jehofa o ne a bona se se neng se diragalela Jobe. E re ka a ne a mo rata, o ne a mo naya se a neng a se tlhoka gore a kgone go itshokela diteko tsa gagwe. w22.08 11 ¶8-10
Matlhatso, April 13
Jehofa o kgalemela ba a ba ratang.—Baheb. 12:6.
Fa Jehofa a re kgalemela, re ka nna ra utlwa botlhoko thata. Re ka nna ra simolola go akanya gore kgalemelo eo ga e a siama e bile e ne e sa re tshwanela. Seo se ka dira gore re se ka ra tlhaloganya ntlha ya botlhokwa ya gore Jehofa o re kgalemela ka gonne a re rata. (Baheb. 12:5, 11) Ka jalo, amogela kgalemelo, mme o dire diphetogo tse di tlhokegang. Jesu o ne a kgalemela Petere fa pele ga baaposetoloi ba bangwe ka makgetlo a le mmalwa. (Mar. 8:33; Luke 22:31-34) Seo se ka tswa se ile sa dira gore Petere a tlhabiwe ke ditlhong. Le fa go ntse jalo, Petere o ne a tswelela a ikanyega mo go Jesu. O ne a amogela kgalemelo a bo a ithuta mo diphosong tsa gagwe. Jehofa o ne a segofatsa Petere ka gonne a ne a ikanyega a bo a mo naya maikarabelo a botlhokwa mo phuthegong. (Joh. 21:15-17; Dit. 10:24-33; 1 Pet. 1:1) Rona mmogo le batho ba bangwe re solegelwa molemo ke go sa tlhome mogopolo mo tseleng e kgalemelo e re tlhabisitseng ditlhong ka yone, go na le moo re a e amogela re bo re dira diphetogo tse di tlhokegang. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re dirisa e bile re tla kgona go thusa bakaulengwe ba rona. w22.11 21-22 ¶6-7
Sontaga, April 14
O ntshe [Isake] setlhabelo se se fisiwang.—Gen. 22:2.
Aborahame o ne a itse gore Jehofa o ne a ka se dire sepe se se sa siamang kgotsa se se sa bontsheng lorato. Go ya ka moaposetoloi Paulo, Aborahame o ne a dumela gore Jehofa o ne a tla tsosa morwawe e bong Isake. (Baheb. 11:17-19) Tota e bile, Jehofa o ne a solofeditse gore Isake o ne a tla nna setšhaba se segolo. Mme ka nako eo, Isake o ne a se na bana. Aborahame o ne a rata Jehofa, ka jalo o ne a itse gore Rraagwe o ne a tla dira se se siameng. Tumelo ya gagwe e ne ya mo thusa gore a kgone go ikobela Modimo le fa go ne go le thata. (Gen. 22:1-12) Re ka etsa sekao sa ga Aborahame jang? Fela jaaka ene, re tshwanetse go tswelela re ithuta ka Jehofa. Fa re dira jalo, re tla atamalana le Jehofa e bile re tla mo rata le go feta. (Pes. 73:28) Seo se tla dira gore re nne le segakolodi se se katisitsweng se se tla re thusang go dira dilo ka tsela e Modimo a batlang gore re di dire ka yone. (Baheb. 5:14) Ka jalo, fa mongwe a leka go re raela gore re dire se se sa siamang, re tla gana. E bile re ka se akanye go dira sepe se se tla utlwisang Rraarona botlhoko le se se ka senyang botsala jwa rona le ene. w22.08 28-29 ¶11-12
Mantaga, April 15
Go tlhobaela go dira gore motho a tshwenyege thata mo maikutlong, mme lefoko le le molemo le dira gore a itumele.—Diane 12:25.
Fa moaposetoloi Paulo le Barenabase ba ne ba boela kwa Lisetera, Ikonio le kwa Antioka, ba ne ba “tlhoma bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe.” (Dit. 14:21-23) Ga go pelaelo gore bagolwane bao ba ba neng ba tlhomilwe, ba ne ba gomotsa diphuthego tseo fela jaaka bagolwane ba dira gompieno. Bagolwane, nnang lo etse tlhoko badumedimmogo le lona ba ba ka tlhokang “lefoko le le molemo” la kgothatso. Paulo o ne a gopotsa badumedimmogo le ene gore Jehofa o ile a thusa “basupi ba bantsintsi” gore ba itshokele mathata. (Baheb. 12:1) Paulo o ne a tlhaloganya gore maitemogelo a batho ba ba ileng ba itshokela diteko mo nakong e e fetileng, a ne a tla thusa bakaulengwe le bokgaitsadi go nna pelokgale le go tlhoma mogopolo mo ‘motseng wa Modimo o o tshelang.’ (Baheb. 12:22) Go ntse fela jalo le gompieno. Rotlhe re kgothadiwa ke go bala ka tsela e ka yone Jehofa a ileng a thusa Gidione, Barake, Dafide, Samuele, mmogo le ba bangwe ba bantsi.—Baheb. 11:32-35. w22.08 21-22 ¶5-6
Labobedi, April 16
Mongwe le mongwe wa bone o ne a atlholwa go ya ka ditiro tsa gagwe.—Tshen. 20:13.
Batho ba ba tla bong ba tsositswe ba tla atlholwa go ya ka “ditiro” dife? A ke ditiro tse ba tla bong ba di dirile pele ga ba swa? Nnyaa! Gakologelwa gore fa ba swa ba ne ba itshwarelwa maleo a ba neng ba a dirile. Ka jalo fa go buiwa ka “ditiro tsa bone,” ga go buiwe ka dilo tse ba di dirileng pele ga ba swa. Go na le moo, go buiwa ka dilo tse ba tla di dirang fa ba sena go rutiwa kwa lefatsheng le lesha. Tota le banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka Noa, Samuele, Dafide le Daniele ba tla tshwanelwa ke go ithuta ka ga Jesu Keresete le go nna le tumelo mo setlhabelong sa gagwe. Fa e le gore banna bano ba tla tshwanelwa ke go ithuta dilo tseno, go raya gore ba ba sa siamang bone ba tla tshwanelwa ke go ithuta mo go oketsegileng. Go tla direga eng ka batho ba ba ganang tshono eno e ntle e ba tla e newang? Tshenolo 20:15 e a re: “Ope fela yo o neng a sa kwalwa mo bukeng ya botshelo o ne a latlhelwa mo letšheng leo la molelo.” Seno se raya gore ba tlile go fedisiwa gotlhelele. Ka jalo, go botlhokwa gore re dire ka natla gore maina a rona a kwalwe mo bukeng ya botshelo mme a se ka a phimolwa. w22.09 19 ¶17-19
Laboraro, April 17
Leka go tswelela [o] na le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo le batho.—Dit. 24:16.
Re dirisa segakolodi se se katisitsweng ka Baebele fa re dira ditshwetso tse di amanang le kalafi. (1 Tim. 3:9) Fa re dira ditshwetso kgotsa re bolelela ba bangwe gore re dirile ditshwetso dife, re tshwanetse go gopola se Bafilipi 4:5 e se buang. E a re: “A batho botlhe ba bone gore ga lo tlhogoethata.” Fa re se tlhogoethata kgotsa re sa feteletse dilo, ga re kitla re tshwenyega mo go feteletseng ka botsogo. Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi e bile re a ba tlotla, tota le fa ba dira ditshwetso tse di sa tshwaneng le tsa rona. (Bar. 14:10-12) Re bontsha gore re leboga Jehofa go bo a re neile botshelo ka go itlhokomela le go mo direla ka bojotlhe. (Tshen. 4:11) Gone jaanong re a lwala e bile re diragalelwa ke dilo tse di botlhoko. Mme gone, Mmopi wa rona ga a batle gore re tshele jaana. Go ise go ye kae, o tla dira gore re tshelele ruri, re sa utlwe botlhoko e bile re sa swe. (Tshen. 21:4) Le fa seo se ise se direge, re sa ntse re itumelela go tshela le go direla Rraarona yo o re ratang e bong Jehofa. w23.02 25 ¶17-18
Labone, April 18
Bogosi jwa gago bo kgaogantswe mme bo neilwe Bameda le Baperesia.—Dan. 5:28.
Jehofa o bontshitse gore o na le taolo e e fetang ya “balaodi ba bagolo.” (Bar. 13:1) Akanya ka dikai tseno tse tharo. Kgosi Faro wa kwa Egepeto o ne a dirile batho ba ga Jehofa makgoba e bile o ne a gana go ba golola ka makgetlo a le mantsi. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ba golola a bo a nwetsa Faro mo Lewatleng le Lehibidu. (Ekes. 14:26-28; Pes. 136:15) Kgosi Beleshasare wa kwa Babelona o ne a dira moletlo, mme a “ikgodisetsa Morena wa magodimo” a bo a “baka medimo ya selefera le gauta,” go na le go baka Jehofa. (Dan. 5:22, 23) Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a kokobetsa monna yoo yo o neng a ikgodisa. “Mo go jone bosigo joo” Beleshasare o ne a bolawa mme bogosi jwa gagwe jwa newa Bameda le Baperesia. (Dan. 5:30, 31) Kgosi Herode Ageripa I wa kwa Palesetina o ne a laela gore moaposetoloi Jakobe a bolawe mme go tswa foo a tsenya moaposetoloi Petere mo kgolegelong ka boikaelelo jwa gore le ene a mmolaye. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a thibela Herode go dira se a neng a se ikaeletse. “Moengele wa ga Jehofa o ne a dira gore a lwale,” mme o ne a swa.—Dit. 12:1-5, 21-23. w22.10 15 ¶12
Labotlhano, April 19
Ke tla lo reetsa.—Jer. 29:12.
Fa re ntse re bala kafa Jehofa a ileng a tlhokomela batho ba ba ileng ba ikanyega mo go ene ka gone mo nakong e e fetileng, tsholofelo ya rona e tla nonofa le go feta. Dilo tsotlhe tse di mo Lefokong la Modimo, “di ne tsa kwalelwa go re ruta gore re nne le tsholofelo. Tota e bile, Dikwalo tseo di re thusa go itshoka e bile di a re gomotsa.” (Bar. 15:4) Akanyetsa kwa teng ka ditsholofetso tse Jehofa a ileng a di diragatsa. Akanya ka se Modimo a ileng a se direla Aborahame le Sara. Ba ne ba godile thata gore ba ka nna le bana. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ba solofeditse gore ba tla nna le ngwana. (Gen. 18:10) Aborahame o ne a itshwara jang? Baebele e tlhalosa jaana: “O ne a na le tsholofelo e bile a dumela gore o tla nna rre wa ditšhaba di le dintsi.” (Bar. 4:18) Le fa gone Aborahame a ne a sa itse gore Modimo o ne a tla diragatsa jang se a neng a se solofeditse, o ne a dumela gore o tla se diragatsa. Modimo ga a ka a swabisa monna yono yo o ikanyegang. (Bar. 4:19-21) Dipego tse di tshwanang le tseno di re ruta gore ka dinako tsotlhe re ka tshepa gore Jehofa o tla diragatsa se a se solofeditseng. w22.10 27 ¶13-14
Matlhatso, April 20
Lo tla bona Motlhatlheledi wa lona yo Mogolo ka matlho a lona.—Isa. 30:20.
Mafoko ao a ne a diragadiwa fa Bajuda ba ne ba gololwa kwa botshwarwa. Jehofa o ne a bontsha gore ke Motlhatlheledi wa bone yo Mogolo e bile ba ne ba atlega go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri ka gonne a ne a ba kaela. Le rona gompieno re itumelela gore Jehofa ke Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo. Isaia a re re tshwana le baithuti ba ba rutiwang ke Jehofa., A re: “Lo tla bona Motlhatlheledi wa lona yo Mogolo ka matlho a lona.” Mo setshwantshong seno, Isaia a re Motlhatlheledi o eme fa pele ga baithuti. Ke tshiamelo tota go bo re rutiwa ke Modimo gompieno! Jehofa o re ruta jang? O dirisa phuthego ya gagwe. Ruri re leboga fela thata go bo phuthego ya ga Jehofa e re naya kaelo e e utlwalang! Thuto e re e newang kwa dipokanong le mo dikgatisong, mo dithulaganyong tsa JW Broadcasting® le ka ditsela tse dingwe tse dintsi, e re thusa gore re itshoke re itumetse ka dinako tsa mathata. w22.11 10 ¶8-9
Sontaga, April 21
Sesupo sa . . . malatsi a bofelo e tla nna eng?—Math. 24:3.
Fa Jesu a bua ka bokhutlo, ga a ka bua fela ka go senngwa ga Jerusalema le tempele, gape o ile a ba bolelela ka “malatsi a bofelo” a re tshelang mo go one. Jesu o ile: “Ga go na ope yo o itseng letsatsi leo kgotsa ura eo. Tota le baengele ba ba kwa legodimong le Morwa Modimo ga ba itse, go itse Rara fela.” Gape o ile a laela barutwa ba gagwe botlhe gore ba ‘nne ba tsogile’ le gore ba ‘nne ba disitse.’ (Mar. 13:32-37) Bakeresete ba bogologolo ba Bajuda ba ne ba tshwanetse go nna ba disitse gore ba kgone go falola fa motse wa Jerusalema o senngwa. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba tla bona ka eng gore nako eo e setse e le gaufi. O ne a re: “Fa lo bona Jerusalema e dikologilwe ke masole, itseng gore e gaufi le go senngwa.” Fa nako eo e goroga, ba ne ba tshwanetse go reetsa tlhagiso ya ga Jesu ba bo ba simolola go “tshabela kwa dithabeng.” (Luke 21:20, 21) Ba ba ileng ba reetsa tlhagiso ya ga Jesu ga ba a ka ba bolawa fa Baroma ba ne ba senya motse wa Jerusalema. Go setse go le gaufi thata gore lefatshe leno le le bosula le senngwe. Ka jalo, le rona re tshwanetse go nna re disitse. w23.02 14 ¶1-2; 16 ¶3
Mantaga, April 22
Jehofa, Modimo wa boammaaruri.—Pes. 31:5.
Jehofa o ruta batho ba gagwe gore ba ikanyege e bile ba dire se se siameng. Seno se dira gore ba itlotle le gore ba nne le kagiso ya mogopolo. (Diane 13:5, 6) A le wena go bala Baebele go go thusitse ka tsela eno? O ithutile gore tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone e re tswela mosola rotlhe, go akaretsa le wena. (Pes. 77:13) Ka jalo o batla go dira se Modimo a reng se siame. (Math. 6:33) O batla go ema mo letlhakoreng la ga Jehofa, le go bontsha gore dilo tse Satane a neng a di bua ka ene ke maaka. O ka dira seo jang? O ka tshela ka tsela e e bontshang gore ga o dumele maaka a ga Satane, go na le moo o mo letlhakoreng la ga Jehofa. O ka bontsha gore o batla gore Jehofa e nne ene a go laolang, le gore o batla go dira se a reng se siame. O ka dira seo jang? O tshwanetse go rapela, o bolelele Jehofa gore o batla go mo direla botshelo jotlhe, go tswa foo o bo o kolobediwa. Go rata boammaaruri le se se siameng go tla go rotloetsa gore o kolobediwe. w23.03 3 ¶4-5
Labobedi, April 23
Lo se ka lwa tshwenyega kgotsa lwa boifa.—Joh. 14:27.
Go na le mofuta mongwe wa kagiso o batho ba lefatshe leno ba sa itseng sepe ka one. Ke “kagiso” e Modimo a re nayang yone, e e dirang gore re ritibale ka gonne re atamalane le ene. Fa re na le kagiso e Modimo a re nayang yone, re ikutlwa re sireletsegile. (Bafil. 4:6, 7) Re itumelela go nna ditsala le batho ba ba mo ratang. E bile re itumelela go atamalana thata le “Modimo wa kagiso.” (1 Bathes. 5:23) Fa re itse Rraarona, re mo tshepa e bile re mo ikobela, kagiso e a re nayang yone e tla re thusa gore re ritibale, segolobogolo fa re na le mathata. A mme tota go a kgonega gore re nne le kagiso e Modimo a re nayang yone fa re tlhagelwa ke mathata a a jaaka malwetse, masetlapelo a tlholego, dikhuduego kgotsa re bogisiwa? Mathata ano a ka dira gore re tshoge. Se se itumedisang ke gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba dirisa kgakololo ya ga Jesu e e mo temaneng ya letsatsi ya gompieno. Jehofa o ba thusitse gore ba nne le kagiso fa ba ntse ba itshoketse mathata. w22.12 16 ¶1-2
Laboraro, April 24
A moya o o boitshepo o dire gore lo tlhoafale. Direlang Jehofa ka pelo yotlhe.—Bar. 12:11.
Ga re kgone go laola sengwe le sengwe se se diragalang mo matshelong a rona. Ka jalo, ga re a tshwanela go akanya gore go nna le ditshiamelo dingwe ke gone mo go dirang gore re nne botlhokwa mo go Jehofa, e bile ga re a tshwanela go ipapisa le batho ba bangwe ba ba nang le ditshiamelo tse rona re se nang tsone. (Bagal. 6:4) Sa botlhokwa ke go batla ditsela tsa go thusa ba bangwe le go direla Jehofa. O ka kgona go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa fa o sa raraanye botshelo jwa gago e bile o sa itsenye mo dikolotong. Ipeele mekgele e mennye e e tla go thusang go fitlhelela mekgele e megolo e o ipeetseng yone. Ka sekai, fa e le gore o batla go nna mmulatsela wa ka metlha, a o ka simolola ka go nna mmulatsela yo o thusang yo o sa kgaotseng? Fa e le gore mokgele wa gago ke go nna motlhanka wa bodiredi, goreng o sa dirise nako ya gago e ntsi mo bodireding le go etela ba ba lwalang kgotsa ba ba godileng mo phuthegong ya lona? Maitemogelo a o nang le one gone jaanong, a ka go thusa gore o nne le ditshiamelo tse di oketsegileng mo nakong e e tlang. Ikemisetse go dira ka natla mo kabelong nngwe le nngwe e o e newang. w22.04 26 ¶16-17
Labone, April 25
Ke rata Jehofa ka gonne o utlwa lentswe la me, o utlwa dithapelo tsa me tsa go kopa thuso.—Pes. 116:1.
Jehofa a ka re thusa gore re kgone go itshokela mathata a re nang le one le gore re itumele fa re mo direla. Fa re rapela Jehofa re mmolelela sengwe se se re tshwenyang, a ka nna a re naya maatla a gore re kgone go itshokela boemo joo. Mme fa teko e re lebanang le yone e tsaya lobaka lo loleele, re ka nna ra tshwanelwa ke go kopa Jehofa ka makgetlo a mantsi gore a re thuse go itshoka. O re kopa gore re dire jalo. Re bona seno mo mafokong ano a ga Isaia a a reng: “Lo se ka lwa . . . letla [Jehofa] a ikhutsa.” (Isa. 62:7) Mafoko ano a kaya eng? Re tshwanetse go rapela Jehofa gangwe le gape mo go ka nnang jaaka e kete ga re mo letle gore a ikhutse. Mafoko a ga Isaia a re gopotsa ditshwantsho tsa ga Jesu tse di tlhalosang botlhokwa jwa thapelo, tse di mo go Luke 11:8-10 le 13. Mo ditshwantshong tseo, Jesu o ne a re kgothaletsa gore re ‘nne re kopa’ moya o o boitshepo. Gape re ka kopa Jehofa gore a re kaele gore re dire ditshwetso tse di siameng. w22.11 8 ¶1; 9 ¶6-7
Labotlhano, April 26
Re tshwanetse go tsena mo Bogosing Jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.—Dit. 14:22.
Wena le ba lelapa la gago lo ka ipaakanyetsa go bogisiwa gone jaanong. O se ka wa leka go akanya ka dilo tse di bosula tse di ka lo diragalelang. Go na le moo, nonotsha botsala jwa gago le Jehofa o bo o thuse bana ba gago gore le bone ba dire se se tshwanang. Fa ka dinako dingwe o tlhobaela, bulela Jehofa mafatlha. (Pes. 62:7, 8) Lo le lelapa, tlotlang ka mabaka a go bo lo tshwanetse go mo ikanya. Fela jaaka o thusa bana ba gago go ipaakanyetsa masetlapelo, ba thuse go ipaakanyetsa go bogisiwa, seo se tla dira gore ba nne pelokgale le gore ba ritibale ka gonne o ba rutile go ikanya Jehofa. Kagiso e Modimo a re nayang yone e dira gore re ikutlwe re sireletsegile. (Bafil. 4:6, 7) Jehofa o e dirisa gore re nne re ritibetse fa go tlhaga malwetse, go nna le masetlapelo a tlholego le fa re bogisiwa. O dirisa bagolwane ba ba dirang ka natla go re tlhokomela. E bile o naya mongwe le mongwe wa rona tshiamelo ya go thusa ba bangwe. Kagiso e re nang le yone gone jaanong e re thusa gore re ipaakanyetse mathata a a tla tlang go akaretsa le “pitlagano e kgolo.”—Math. 24:21. w22.12 27 ¶17-18
Matlhatso, April 27
Ke tletse go bitsa baleofi, e seng batho ba ba siameng.—Math. 9:13.
Re tshwanetse go leka ka natla go tlogela go ipona molato ka ntlha ya maleo a a masisi a re a dirileng mo nakong e e fetileng. Boammaaruri ke gore ga re ka ke ra leba setlhabelo sa thekololo e le seipato sa go “dira boleo ka boomo.” (Baheb. 10:26-31) Mme gone, re ka tlhatswega pelo gore fa e le gore re ikwatlhaetse maleo a a masisi a re a dirileng, re kopile Jehofa le bagolwane gore ba re thuse e bile re fetotse tsela e re neng re tshela ka yone, Jehofa o re itshwaretse ka bopelotshweu. (Isa. 55:7; Dit. 3:19) Setlhabelo sa thekololo ga se tlhaele mo se ka palelwang ke go bipa maleo otlhe a rona e bile se tla dira gore re kgone go tshela kwa Paradaiseng. Botshelo ga bo kitla bo lapisa ka nako eo. Go tla nna go na le batho ba re tla itumelelang go tlotla le bone le tiro e e kgotsofatsang e re tla e dirang. Se se itumedisang le go feta ke gore letsatsi le letsatsi, re tla kgona go itse Rraarona yo o kwa legodimong botoka e bile re tla itumelela dilo tse a re neileng tsone. Go tla nna go na le dilo tse dintsi tse re di ithutang ka ene, e bile re tla ithuta go le gontsi ka dilo tse a di bopileng. w22.12 13 ¶17, 19
Sontaga, April 28
Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi.—Gen. 3:15.
“Mosadi” yo go buiwang ka ene e ne e ka se ka ya nna Efa. Boporofeti bo tlhalosa gore losika lwa mosadi lo ne lo tla “tšhwetla” noga tlhogo. Noga ke moengele yo o bosula e bong Satane, mme ga go na motho ope yo o nang le boleo yo o tswang mo losikeng lwa ga Efa yo o neng a ka kgona go mo fedisa. Ka jalo, go ne go tlhokega mongwe yo o nang le maatla gore a fedise Satane. Buka ya bofelo ya Baebele e re bolelela gore mosadi yo go buiwang ka ene mo go Genesise 3:15 ke mang. (Tshen. 12:1, 2, 5, 10) Mosadi yono ga se motho yo o mo lefatsheng. Go na le ngwedi ka fa tlase ga dinao tsa gagwe e bile go na le serwalo sa dinaledi di le 12 mo tlhogong ya gagwe. O tshola ngwana yo o sa tlwaelegang, e leng Bogosi Jwa Modimo. Bogosi joo bo kwa legodimong, ka jalo mosadi yoo le ene o tshwanetse a bo a le kwa legodimong. O emela karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa ya baengele ba ba ikanyegang. (Bagal. 4:26) Lefoko la Modimo le re thusa go lemoga gore motho wa ntlha yo e leng karolo ya losika lwa mosadi ke mang. Losika lono lo ne lo tshwanetse go nna setlogolwana sa ga Aborahame.—Gen. 22:15-18. w22.07 15-16 ¶6-8
Mantaga, April 29
Lo ne lwa le amogela fela jaaka le ntse, e le lefoko la Modimo.—1 Bathes. 2:13.
Baebele e na le kgakololo e e seng kana ka sepe e e botlhale. Kgakololo e e mo Baebeleng e kgona go fetola batho le go tokafatsa matshelo a bone. Fa Moshe a ne a kwala dibuka tsa ntlha tsa Baebele, o ne a raya Baiseraele a re: “Seno ga se lefoko le le se nang mosola mo go lona, mme le raya botshelo.” (Dute. 32:47) Ba ba neng ba ikobela kgakololo e e mo Dikwalong ba ne ba tla atlega e bile ba ne ba tla itumelela botshelo. (Pes. 1:2, 3) Le fa gone Baebele e na le dingwaga di le dintsi e kwadilwe, e sa ntse e na le maatla a go fetola batho. Melaometheo e e mo Baebeleng yone ka metlha e a bereka, e bile ga e bolo go thusa batho go tla go fitlha le gompieno. Fa re bala Baebele e bile re akanyetsa kwa teng ka se re se ithutang, Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa go bona gore re ka dirisa jang kgakololo e e mo go yone. (Pes. 119:27; Mal. 3:16; Baheb. 4:12) Jehofa Modimo o batla go go thusa, ka jalo seo se tshwanetse go go rotloetsa gore o bale Baebele ka metlha. w23.02 3 ¶5-6
Labobedi, April 30
E tla baka tshenyo e kgolo.—Dan. 8:24.
Tshenolo kgaolo 13 e re bolelela gore tlhogo ya bosupa e leng Mmusomogolo wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika o emelwa ke sebatana se se neng se na le “dinaka tse pedi jaaka kwanyana, le fa go ntse jalo, se ne sa simolola go bua jaaka noga e kgolo.” Sebatana seno se ne se “dira ditshupo tse dikgolo, tota e bile se dira gore molelo o fologe kwa legodimong o tle mo lefatsheng batho ba ntse ba o lebile.” (Tshen. 13:11-15) Tshenolo kgaolo 16 le 19 di bitsa sebatana seno “moporofeti wa maaka.” (Tshen. 16:13; 19:20) Daniele o bua sengwe se se tshwanang ka Mmusomogolo wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika fa a re o ne o tla “baka tshenyo e kgolo.” (Dan. 8:19, 23, 24) Seo ke sone se se neng sa direga ka Ntwa ya Lefatshe ya II, ka gonne dibomo tse pedi tsa atomo tse di neng tsa fedisa ntwa eo di ne di dirilwe ke baitsesaense ba kwa Boritane le ba kwa Amerika. Fa Mmusomogolo wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika o ne o dira dibomo tseo, o ne o dira gore “molelo o fologe kwa legodimong o tle mo lefatsheng.” w22.05 10 ¶9