Go Kopanngwa ke Mokgele o le Mongwe wa Lorato
“Me bogolo go dilō cotlhe, a go ratana ga lona go tukè.—1 PETERE 4:8.
1. Ke mofuta ofe wa lorato o re o bonang gareng ga batho ba Modimo gompieno, mme ke eng seo Bakeresete ba ba tloditsweng ba neng ba ntse ba se bua go tloga ka 1922?
A RE bona mofuta o o ntseng jalo wa lorato mo gare ga batho ba Modimo gompieno? Eleruri re a lo bona! Leno ke lorato lo lo ikaegileng ka go lemoga le go tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa, fela jaaka Dafide a ne a bo tshegetsa. Go bonala sentle gore go tloga ka ngwaga wa 1922, bomorwarraa Jesu Keresete, “Morwa Dafide” ba ba tloditsweng, ba ne ba nna ba bolela mo lefatsheng ka bophara gore Bogosi jwa Modimo bo gaufi le gore diganka tsa puso e e gatelelang ya ga Satane di tla bolawa ke Moatlhodi yo o tlhomilweng ke Modimo, Jesu Keresete.—Mathaio 21:15, 42-44; Tshenolō 19:11, 19-21.
2. Ke ka ntlhayang fa Dafide a ne a ka bidiwa ‘monna yo o ratwang ke pelo ya ga Jehofa’?
2 Dafide e ne e le ‘monna yo o ratwang ke pelo ya ga Jehofa.’ Seno se ne se bonala sentle mo go rateng ga gagwe Jehofa le tshiamo ya Gagwe—dinonofo tse le eleng Kgosi Saule yo o legatlapa a neng a dumela gore Dafide o na natso—le mo dinonofong tse dingwe tsa gagwe tsa go tlhoka poifo, boineelo jwa pelo yotlhe go Jehofa, boeteledipele, le go ineela kafa tlase ga thulaganyo ya gagwe ya bolegodimo.—1 Samuele 13:14; 16:7, 11-13; 17:33-36; 24:9, 10, 17.
3. Maikutlo a ga Jonathane kaga Dafide e ne e le afe, mme ka ntlhayang?
3 Morago ga gore Dafide a fenye Goliathe, o ne a ya go bolelela Saule. E ne ya nna ka nako eo go neng ga tlhagelela morati yo mongwe gape wa tshiamo. E ne e le Jonathane, morwa yo mogolo wa ga Kgosi Saule. “Me ga dihala, e rile [Dafide] a sena go khutla go bua le Saule, moea oa ga Yonathane oa logakana le moea oa ga Dafide, me Yonathane a mo rata yaka a ithata.” (1 Samuele 18:1) Go na le go kgatlhwa ke nonofo ya bopelokgale le botswerere jwa go dirisa motsekedi, e ne e le tlhagafalo e e tukang ya ga Dafide ya go tlosa kgobo mo leineng la Modimo, go sa iikanye, le go ikaega ga gagwe gotlhelele ka Jehofa se se ileng sa dira gore Jonathane a mo rate go tswa pelong.—Bapisa Pesalema 8:1, 9; 9:1, 2.
4. Ke eng seo Jonathane a neng a se dira a tlotla Dafide jaaka yo o tloleditsweng go nna kgosi?
4 Lefa Jonathane a ne a feta Dafide ka dingwaga tse di ka nnang 30, ene le motlhabani yo monnye yono ba ne ba utlwana mo botsalanong jwa goyagoile. “Hon Yonathane le Dafide ba diha kgolagano, ka a mo rata yaka a ithata. Me Yonathane a ikapola kobo e e mo go ena, a e naea Dafide, le diaparo tsa gagwe, le e len eona chaka ea gagwe, le bora yoa gagwe, le moitlamo oa gagwe.” (1 Samuele 18:3, 4) Abo Jonathane o ne a supa tlotlo ka mo go tlhomologileng jang ne! Ka tlwaelo Jonathane e ka bo e ne e le ene yo o neng a nna moruaboswa wa ga Saule. Lefa go le jalo o ne a rata Dafide ka lorato lo lo tukang, la boammaaruri a ba a ineela kafa tlase ga gagwe jaaka kgosi e e tloditsweng, motho yo o tlhoafaletseng go goletsa leina la ga Jehofa le bolaodi jwa gagwe fela thata.—2 Samuele 7:18-24; 1 Ditihalō 29:10-13.
5. Jonathane o ne a lemoga eng fa go tla mo dintweng tsa bolegodimo?
5 Jonathane ka boene o ne a lwela tshiamo. O ne a kile a bolela go re “Yehofa ga a kgorelediwe go boloka ka bontsi leha e le ka bobotlana.” Ka ntlhayang? Ka go bo Jonathane a ne a lemoga gore ka dinako tsotlhe gore motho a fenye dintwa tsa bolegodimo go tlhokega go batla kaelo ya bomodimo. Fa Jonathane ka go sa lemoge a ne a dira phoso eo Saule a neng a mo atlholela loso ka yone, o ne a amogela katlholo eo ka boikokobetso. Ka mo go itumedisang, batho ba ne ba mo golola.—1 Samuele 14:6, 9, 10, 24, 27, 43-45.
Go Bontsha Lorato lo lo Ikanyegang
6. Lorato lo lo ikanyegang Iwa ga Jonathane lo ne lwa golola Dafide jang?
6 Saule o ne a fufegela go tuma ga ga Dafide jaaka motlhabani mme a batla ditsela tsa go mmolaya, mme o ne a falodiwa ke lorato lo lo ikanyegang lwa ga Jonathane! Kgang eo e balega jaana: “Me Yonathane morwa Saule o ne a natehelwa thata ke Dafide. Me Yonathane a bolelela Dafide, a re, Saule rre, o batla go gu bolaea: me ke gona, kea gu rapela, u itise ka mosho, me u nne go gonwe ha go sa itsiweñ, me u iphitlhe.” Ka lone letsatsi leo, Jonathane o ne a kokobetsa Saule, mme Dafide a falola. Mme go atlega go gongwe ga ga Dafide fa a ne “a tlhabana le Bafilisitia, a ba bolaea ka polao e kgolo” go ne ga tsosa letlhoo la ga Saule gape. O ne a ikaelela gape go bolaya Dafide, mo Dafide a bileng a tshaba.—1 Samuele 19:2-10.
7. Fa Jonathane a ne a kopana le Dafide wa motshabi, ba ne ba bua eng fa ba ne ba tlhomamisa kgolagano ya bone?
7 Fa nako a ntse a tsamaya, Dafide yo o neng a ntse a tshaba a kopana le Jonathane, yo o neng a mo raya a re: “Leha a ka ne a le eng se moea oa gago o se eletsang, ke tla se gu dihela hela.” Batho ba babedi bao ba ne ba bo ba boa ba tlhomamisa kgolagano ya bone gape fa pele ga ga Jehofa, mme Dafide o ne a solofetsa gore ga a kitla a tlogela go nna le bopelonomi jo bo lorato mo go bantlo ya ga Jonathane—tsholofetso eo a neng a e diragatsa ka boikanyegi. “Me Yonathane a ikanisa Dafide gape, ka ntlha ea lorato lo o mo ratang ka lona: gonne a mo rata yaka a ithata.”—1 Samuele 20:4-17; 2 Samuele 21:7.
8. Ke ka ntlhayang fa Jonathane a ne a kopana le Dafide ka sephiri kwa nageng, mme go ne ga diragala eng mo lobakeng loo?
8 Kgosi Saule o ne a ganelela mo maikaelelong a gagwe a go bolaya Dafide. Ebu, Saule o bile a ba a batla go tlhaba Jonathane ka lerumo fa a ne a leka go buelela Dafide! Jalo Jonathane o ne a kopana le Dafide mo sephiring mo tshimong nngwe. “Dafide . . . a wela ka sehatlhogo ha hatshe, a ikoba gararo: me ba atlana, ba lela mmogo, ga tsamaea Dafide a sita. Me Yonathane a raea Dafide, a re, Tsamaea ka kagisho, ka re ikanne roo babedi mo ineng ya ga Yehofa, ra re, Yehofa o tla nna gare ga me nau, le gare ga losika loa me le losika loa gago ka bosakhutleng.” Ka jalo ba kgaogana, mme Dafide a nna motshabi mo nageng ya Sifa.—1 Samuele 20:41, 42.
9, 10. (a) Jonathane o ne a kgothatsa Dafide jang fa ba ne ba kopana labofelo? (b) Fa Jonathane le Saule ba bolawa ke Bafilisitia, Dafide o ne a tlhama sefela sefe, mme o ne a se feleletsa jang?
9 Ka lorato Jonathane o ne a tswelela go kgothatsa Dafide. Jaaka pego e tlhalosa: “Yonathane morwa Saule, a nanoga, a ea kwa go Dafide mo sekgweng, me a thatahatsa seatla sa gagwe mo Modimong. Me a mo raea, a re, U seka ua boiha: gonne seatla sa ga rre, Saule, ga se ketla se gu chwara; me u tla nna kgosi ea Iseraela, me ke tla bo ke rulaganye nau; me mo, rre Saule, oa go itse. Me ka bobedi yoa bone ba diha kgolagano ha pele ga Yehofa.”—1 Samuele 23:15-18.
10 Go a bonala gore e ne e le labofelo Dafide a kopana le tsala ya gagwe e e ikanyegang, ebong Jonathane. Moragonyana, fa Jonathane le Saule ba sena go bolawa mo ntweng ya Bafilisitia, Dafide o ne a tlhama pina, “Sehela sa Bora.” Mo go yone o ne a tlotla Saule jaaka motlodiwa wa ga Jehofa mme a feleletsa sefela sa gagwe ka mafoko ano: “Yonathane o bolaecwe mo mahelong a gago a a godimo. Ke mo tlalelong kaga gago Yonathana, mogolole: mo go nna, a nntse u le nateho thata: lorato loa gago mo go nna lo no lo gakgamatsa, lo heta lorato loa basadi. Ana diganka di ole yang, le dibolao tsa ntwa di nyeletse yang!” (2 Samuele 1:18, 21, 25-27) Go tswa foo Dafide o ne a tlodiwa la bobedi, jaaka kgosi ya Juda.
Ditshwani tsa Segompieno
11, 12. (a) Ke mofuta ofe wa lorato oo Dafide le Jonathane ba neng ba o tshwantshetsa? (b) Lorato lo lo tukang lo lo neng lo le fa gare ga ga Dafide le Jonathane lo ne lo tshwantshetsa eng?
11 Ereka “lokwalo longwe le longwe lo [kwadilwe] ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo [le] molemo go ruta,” ke eng seo re se ithutang mo kgannyeng eno e e mabapi le Dafide le Yonathane? (2 Timotheo 3:16) Re lemoga lorato lo lo ‘gakgamatsang . . . go feta lorato lwa basadi.’ Ka boammaaruri, “lorato loa basadi,” lo ka itumedisa le go kgotsofatsa fa melao ya ga Jehofa ya lenyalo e tlotliwa. (Mathaio 19:6, 9; Bahebera 13:4) Mme Dafide le, Yonathane ba ne ba baya sekao se se molemo thata sa lorato, tumalanong le molao ono o o reng: “A u ko u utlwe, wena Iseraela, Yehofa Modimo oa rona ke Yehofa eo moñwe hela: Me u rate Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka moea otlhe oa gago, le ka nonoho ea gago eotlhe hela.”—Duteronome 6:4, 5.
12 Dafide le Jonathane ba ne ba utlwana mo go bontsheng lorato loo jaaka ba ne ba lwela go tlosa kgobo eo baba ba ga Jehofa ba neng ba e lere mo leineng la gagwe. Ka go dira seno, ba ne ba tlhagolela ‘lorato lo lo tukang mo gare ga bone.’ (1 Petere 4:8) Botsalano joo ba neng ba bo ipelela ka tsela eno bo ne bo feta le eleng taolo e e mo go Lefitiko 19:18 e e reng: “U rate oa ga eno yaka u ithata.” Eleruri, le ne le tshwantshetsa mofuta oa lorato lo lo bontshitsweng ke Jesu mo ‘taolong e ntšha ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, go re, le lona lo ratane.’ Lorato lwa ga Jesu e ne e le lwa go intsha setlhabelo eseng fela mo go ineeleng go dira go rata ga ga Jehofa mme gape le mo go ikemisetseng go “beela ditsala tsa gagwe botshelo yoa gagwe.”—Yohane 13:34; 15:13.
“Lecomane” le le Lengwe le le Utlwanang
13. Ke setlhopha sefe sa baboledi ba Bogosi se se neng sa tlhagelela segolo bogolo go tloga ka 1935, mme ke go utlwana gofe goo Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba neng ba nna le gone?
13 Bakeresete ba ba tloditsweng ba “lecomanyane” ba ne ba itshokela ditlhaselo fa ba ntse ba lwa le Goliathe wa motlha wa segompieno. Lefa go ntse jalo, fa esale ka 1935, ba ne ba kopanela le baboledi ba Bogosi ba “lesaka” le lengwe le legolo. Bano ba “dinku di sele” ba ile ba kopana le ba ba setseng ba “dinku” ba ba tloditsweng jaaka “lecomane le lenwe” la “modisa a le monwe,” “Morwa Dafide,” mo sebofong sa lorato le kutlwano tse di tshwanang le tseo di neng di le gone fa gare ga ga Jonathane le Dafide.—Luke 12:32; Yohane 10:16; Esekiele 37:24.
14. Ke eng seo se neng se tshwantshetsa maiteko a ga Saule a go bolaya Dafide, le go ema ga ga Jonathane le Dafide ka lorato?
14 Le eleng jaaka setlhopha seno sa ga Jonathane se ne se simolola go ntsifala go nna boidiidi jo bogolo, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya tlhagoga, mo e leng gore batlodiwa mmogo le balekane ba bone ba ne ba lekwa fela thata. Tseo e ne e le dingwaga tsa go bogisiwa mo go botlhoko, goo gantsi go neng go tlisiwa ke baruti. Seno se ne se tshwana le maiteko a ga Saule a go bolaya Dafide yo o tloditsweng mme, morago Jonathane ka lorato o ne a ema le Dafide. Abo ditlhopha tsa ga Dafide le Jonathane di ile tsa bontshana lorato jang ne mo nakong eno! Setshwantsho sa ga Jesu se se mo go Mathaio 25:35-40 gantsi se diragaditswe ka mmatota.a
15. (a) Ke tsela efe eo Basupi ba e tsereng eo e farologaneng le e e tserweng ke setlhopha sa ga Saule sa motlha wa segompieno? (b) Ke eng seo mo motlheng wa rona se ka tshwantshetsang “moea monwe o o boshula o o cwan kwa go Yehofa” o o neng wa tlhasela Kgosi Saule?
15 Abo go boloka bothokgami ga Basupi ba ga Jehofa go farologane thata jang ne le tsela ya setlhopha sa ga Saule sa segompieno! Basupi, bao eseng “ba lehatshe,” ba ile ba reetsa taolo ya ga Jesu ya “go ratana,” mo lefatsheng lotlhe. (Yohane 15:17-19) Kafa letlhakoreng le lengwe, baruti ba La-Bodumedi mo matlhakoreng oomabedi a dintwa tse pedi tsa lefatshe ba ne ba rapela “modimo” wa bone gore ba fenye, fa dimilione tsa masole di ne di bolawa ke badumedi-ka-bone ba merafe e mengwe. “Moea monwe o o boshula o o cwan kwa go Yehofa” o o neng wa tlhasela Saule o ka tshwantshanngwa le seo se neng sa diragala morago ga gore moengele a tsholole dipetso tse di mo go Tshenolō kgaolo 8. Go bonala sentle gore baruti ba La-Bodumedi ga ba na moya o o boitshepo wa ga Jehofa.—1 Samuele 16:14; 18:10-12; 19:10; 20:32-34.
16. (a) Baruti ba ne ba dirisa dintwa tse pedi tsa lefatshe go gatelela batho ba ga Jehofa jang? (b) Mo dingwageng tsa bosheng, ke ka ntlhayang fa go ka twe Saule wa segompieno o ganeletse mo go tlhaseleng batho ba Modimo?
16 Ka 1918 baruti ba ne ba dirisa ntwa e e neng ya tlhagoga go leka go pateletsa babusi ba bopolotiki mo United States go tsaya legato kgatlhanong le baokamedi ba Mokgatlho wa Watch Tower mme kgabagare ba ba latlhela mo kgolegelong. (Baithuti bano ba Bibela ba ne ba seka ba bonwa molato gotlhelele moragonyana.) Ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibelwa mo dinageng tsa puso ya Axis le mo dinageng tse dintsi tsa British Commonwealth, gantsi a le ka ntlha ya kgatelelo ya bodumedi. Ka sekai a o ko o tlhokomele kopi ya lokwalo lo lo neng lwa kwalwa ke Mobishopo-mogolo wa Sydney (yo morago o neng a nna mokadinale) pelenyana fela ga gore Basupi ba ga Jehofa ba thibelwe kwa Australia. Fa go ne go sekiwa thibelo eo kwa Kgotla-kgolong ya Australia, moatlhodi, Mr. Justice Starke, o ne a e tlhalosa jaaka “e e tlhaolang, e e sa tlhomamang, le e e gatelelang.” Thibelo eo e ne ya tlosiwa ka June 14, 1943, mme go ne ga batliwa ditshenyegelo go tswa mo pusong. Mo dingwageng tsa moragonyana jaana; kgatelelo ya bodumedi mo dipusong tse dintsi mo Afrika le Asia, e ne ya felela ka go bogisiwa ga Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo Saule wa motlha wa segompieno—baruti ba La-Bodumediba ne ba tswelela go tlhasela batho ba Modimo.
17. (a) Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lebagana jang le dikgatelelo tsa bopolotiki le tsa bodumedi? (b) Ke eng se se supiwang ke kutlwano ya lefatshe lotlhe ya Basupi?
17 Ka bo-1980, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lebagana le kgatelelo ya bopolitiki le ya bodumedi jang: Ebu, fela jaaka Dafide a ne a lebagane le Goliathe, Dafide le Jonathane le bone ba ne ba lebagane le Kgosi Saule! Ga ba na poifo ebile ba ikaeletse go boloka bothokgami malebana le kgang ya bolaodi, ka go bo ba itse gore Bogosi jwa Modimo bo tla fenya. (Daniele 2:44) Fa ba lebane le pogiso, baa utlwana, baa kgothatsana mo kgolaganong ya bone ya lorato lwa boditšhabatšhaba eo lefatshe le iseng le ko le a bone. Jaaka baitlhaodi mo nakong ya ntwa, ga ba tsholole madi a badumedi-ka-bone ba merafe e mengwe. (Mika 4:3, 5) Ka jalo ba itshupa e le bone setlhopa seo Jesu a neng a bua ka sone fa a ne a re: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Jaaka bakaulengwe ba lefatshe lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ‘apere lorato, lo e leng lone sebofo sa boitekanelo,’ sebofo seo se sa thibelweng ke melelwane ya lotso, bosetšhaba, le bomorafe.—Bakolosa 3:14.
Go Bontsha ‘Lorato lo lo Tukang’
18. (a) Ke setshwani sefe se se leng gone gompieno sa lorato lwa ga Jonathane mo go Dafide, mme seno se bontshiwa jang? (b) Go ne ga felela jang ka boemo jwa go sa ineele ga setlhopha sa lefatshe lotlhe sa ga Dafide?
18 Gakologelwa gore “moea oa ga Yonathane oa logakana le moea oa ga Dafide, me Yonathane a mo rata yaka a ithata.” Abo e le setshwani se se gakgamatsang jang ne se se ileng sa nna gone mo ‘metlheng eno ya bofelo’! (2 Timotheo 3:1, 14) Go kgabaganya nako eo e e nang le dipitlagano le thubakanyo, go ile ga nna le setlhopha se le sengwe, Basupi ba ga Jehofa, bao ba ileng ba boloka lorato lwa bone le kutlwano mo lefatsheng lotlhe. Jaaka baitlhaodi ba Bakeresete, ba ile ba tlotlomatsa Mmopi wa bone jaaka Molaodi Mogolo wa batho botlhe. (Pesalema 100:3) Refaima wa motlha wa segompieno—ditsala tsa ga “Goliathe” tsa bopolotiki di ka nna tsa tswelela go kgoba Iseraele wa semoya. (2 Samuele 21:21, 22) Mme Saule wa motlha wa segompieno—baruti ba La-Bodumedi—ba ka nna ba tswelela go bogisa ba ditlhopha tsa Dafide le Jonathane. (1 Samuele 20:32, 33) Mme “tlhabano ke ea ga Yehofa.” Jaaka Molaodi Mogolo, kwa bofelong o tla tlisetsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang phenyo. Fa go tlhokomelwa boemo jwa go sa ineeleng ga ba setlhopha sa Dafide, dimilione—mo mafatsheng otlhe—tsa setlhopha sa Jonathane, le eleng go kopanyeletsa le bangwe ba bao ba neng ba ba bogisa pele ba ne ba kopanela le bone kafa tlase ga ‘sekhukhu sa lorato’ lwa ga Keresete.b—1 Samuele 17:47; Sehela sa Dihela 2:4.
19, 20. (a) Ke ditiro dife tse di tlhomologileng tsa Basupi tse di bontshiwang mo tšhateng e e mo ditsebeng 4-7? (b) Ke koketsego efe e e neng ya nna gone mo palong ya Basupi mo dingwageng tse di lesome tsa 1979-88? (c) Ke ka ntlhayang fa go ka bolelwa gore Basupi ke batho ba ka boammaaruri ba utlwanang mo lefatsheng lotlhe, ka jalo go tsoga potso efe?
19 O ka bona tirelo e e golang ya dimilione tseno tsa Basupi ka go lebelela tšhate e e mo ditsebeng tsa 4-7 tsa makasine ono. Mo dingwageng tse di lesome tsa 1979-88, palo ya baboledi ba mafoko a a molemo ba Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo a ne ya oketsega go tloga go 2 186 075 go ya go 3 592-654, koketsego ya 64,3 lekgolong. Mo lefatsheng lotlhe, bano ke bone bao ka boammaaruri ba utlwanang mo tumelong e le nngwe, tirelo e le nngwe go Modimo, le boineelo jo bongwe fela mo melao-metheong ya boitsholo ya Bibela. Ke bone setlhopha sa meraferafe se se kopaneng seo mafoko ano a ga Jesu a dirang mo go bone: “Ha lo tshegetsa ditaolo tsa me, lo tla nna mo loratong loa me; hela yaka ke tshegeditse ditaolo tsa ga Rre, me ke nntse mo loratong loa gagwe.”—Yohane 15:10; bapisa 1 Bakorintha 1:10.
20 Lefa ba rera ka dipuo tse di farologaneng tse di fetang 200, Basupi bano ba ga Jehofa ba bua “puo e e itshekileng” ya boammaaruri jaaka ba direla Modimo “ka tumalano e le nngwe hela.” Mo go seno, ba latela sekao sa lorato lwa ga Dafide le Jonathane. (Sefania 3:9; 1 Samuele 20:17; Diane 18:24) Fa e le gore ga o ise o kopane le batho ba Modimo, a o ne o ka seka wa rata go nna karolo ya setlhopha sa segompieno sa ga Jonathane? O ka dira seo mokgele wa gago, mme Basupi ba ga Jehofa ba tla go bontsha lorato lo lo tukang gore o o fitlhelele.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Sekao se se molemo se umakilwe go 1972 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, go tswa go tsebe 216, serapa 3, go ya go tsebe 217, serapa 3.
b Bona 1988 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 150-4.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Jonathane o ne a bontsha lorato lo lo ikanyegang mo go Dafide jang?
◻ Ke mofuta ofe wa lorato o o neng o tshwantshediwa ke lorato lo lo neng lo le fa gare ga ga Dafide le Yonathane?
◻ Baruti ba La-Bodumedi ba ne ba itshwara jaaka Kgosi Saule jang fa a ne a tlhasela Dafide?
◻ Lorato lwa ga Jonathane mo go Dafide le ka tshwantshiwa le lefe gompieno?
◻ Kutlwano ya Basupi mo lefatsheng lotlhe e supa eng?
[Lebokoso mo go tsebe 27]
St. Mary’s Cathedral
Sydney
August 20, 1940.
The Rt. Hon. W. M. Hughes, M.H.R.,K.C.,
Attorney General,
CANBERRA.
Dear Mr. Hughes:
Ke itumelela lekwalo la gago la di 9 tsa kgwedi yone eno le le malebana le ditlhagiso tseo Mr. Jennings M. P. a neng a di dira go wena.
Legale, go bonala gore o tshwanetse wa nna kelotlhoko thata ka moo o ka kgonang ka gone mo kgannyeng e e masisi jaana jaaka e ditlhagiso di dirilweng malebana le yone.
Lefa go le jalo, fa o belaediwa fela ke go bo batho bano ba bolela gore ba itsise dithuto tsa Bokeresete, ke ne ke tla tlhagisa jaana ka tlotlo e kgolo gore tsela e o atlholang go dira jalo ga bone ka yone e theiwe, eseng mo go seo ba se buang, mme e nne mo go seo ba se dirang. Malebana le seo ba se dirang. Ke romela dikgatiso tsa bone le mafoko a bone le ditiro tsa bone, tseo di supelwang ke Mapodise a New South Wales. Sengwe le sengwe se se farologaneng thata le Bokeresete, seo go neng go tla nna thata go se akanya.
Mokomosasa wa Mapodise kwa N.S.W. o bontshitse gore o solofela gore balaodi ba Kgwerano Ditšhaba ba tla bolela fa batho ba re buang ka bone bano e le setlhopha seo se seng kafa molaong e le gore Mapodise a ke a kgone go tsaya kgato e e nang le matswela mabapi le bone.
With every good wish, I remain
Yours faithfully.
ARCHBISHOP OF SYDNEY