Aberahame—Sekao sa Botlhe ba ba Batlang go Tsalana le Modimo
“A se ka a kōahala mo tumeloñ: . . . A ikantse ka botlalō, go re, se o [Modimo] se mo sholoheditseñ, o bile o nonohile go se diha.”—BAROMA 4:19-21.
1. Ke ka ntlhayang fa Satane a ile a leka go senya ditiragalo tse di kwadilweng tse di malebana le Aberahame?
LEFOKO la Modimo le le mo Dikwalong le “tshedile, le tlhaga.” (Bahebera 4:12) Ka jalo, polelo ya ditirisano tsa ga Jehofa le Aberahame, lefa e kwadilwe mo dingwageng tse di fetang 3 500 tse di fetileng, ke motswedi wa kgothatso go bao ba batlang go tsalana le Modimo. (Baroma 15:4) Mmaba o mogolo, Satane, o itse seno mme o ile a dirisa baeteledipele ba bodumedi go leka go dira gore pego eo e tsewe jaaka tlhamane.—2 Bakorintha 11:14, 15.
2. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba na le pono efe kaga Aberahame?
2 Jaaka karolo ya “Lokwalo loñwe le loñwe . . . lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo,” hisitori ya ga Aberahame e boammaaruri ebile e “molemō go ruta [Bakeresete].” (2 Timotheo 3:16; Yohane 17:17) Barutwa ba pele ba ga Jesu eleruri ba ne ba anaanela seno, ka go bo Aberahame o umakiwa ka makgetlo a le 74 mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Mo kgaolong ya bo-11 ya Bahebera e e tlhotlheletsang tumelo, o ile a umakiwa gantsi go feta batlhanka bape fela ba Modimo ba pele ga Bokeresete.
3. Aberahame o ne a tlotlomadiwa jang?
3 Aberahame e ne e se “moperofeti” yo o tlwaelegileng fela, ka go bo Jehofa o ne a mo dirisa go diragatsa “dichwanchō” tse dikgolo tseo mo go tsone tlhogo eno ya lotso e neng ya tlotlomadiwa fela thata ke go dira jaaka yo o tshwantshetsang Modimo ka boone. (Genesise 20:7; Bagalatia 4:21-26) Ka gone, Jesu o ne a bua ka “[sehuba] sa ga Aberahame” fa a ne a tshwantsha boemo jwa go amogelwa ke Modimo.—Luke 16:22.
Tiro ya Gagwe ya Ntlha ya Tumelo
4. Go ya ka Bibela, Modimo o ne wa simolola go dirisana le Aberame leng?
4 Aberame, jaaka a ne a bidiwa pele, o ne a goletse kwa “Ura oa Bakaladese.” Jehofa Modimo o ne a itlhagisa kwa go ene, fa a ne a santse a nna koo, mme a mo raya a re: “Tloga, u cwè mo lehatshiñ ya ga eno, le mo go ba ga eno, le mo tluñ ea ga rrago, u eè kwa lehatshiñ ye ke tla le gu shupetsañ. Me ke tla diha morahe o mogolo ka wèna, ke tla gu segohatsa, ke diha leina ya gago le nna legolo; me wèna, u nnè tshegohacō. Le gōna ke tla segohatsa bōnè ba ba gu segohatsañ, le èna eo o gu hutsañ ke tla mo hutsa: me mo go wèna, ditshika cotlhe tsa lehatshe di tla segōhala.”—Genesise 12:1-3; 15:7; Ditihō 7:2, 3.
5. (a) Tsholofetso ya Modimo e tshwanetse ya bo e ile ya ama pelo ya ga Aberame jang? (b) Aberame o ne a itshwara jang mabapi le tsholofetso eo?
5 Abo e ne e le taolo e e gwetlhang jang ne! Mo go Aberame, go e utlwa ga gagwe go ne go raya go tlogela tikologo e e kgatlhang fela thata le masika a gagwe go ya go tshela kgakala kwa lefatsheng la boeng. Mme pelo ya ga Aberame e ne e amilwe fela thata ke tsholofetso e e lorato ya Modimo. Ereka a ne a le monnamogolo yo o senang bana le mosadi wa gagwe a le moopa, go ne go lebega leina la gagwe le tla tloga le lebalwa. Tsholofetso eno ya Modimo e ne ya mo tlhomamisetsa se se farologaneng: “Morahe o mogolo” o ne o tla tswa mo go ene. Mo godimo ga moo, tsholofetso eno ya Modimo e ne e kopanyeletsa go rerwa ga mafoko a a molemo a a kgatlhisang mo bathong botlhe, ao a neng a bua ka nako eo merafe yotlhe e neng e tla bo e segofaditswe ka yone. (Bagalatia 3:8) Aberame o ne a dumela tsholofetso ya ga Jehofa mme a tlogela boremelelo joo jwa tlhabologo e e kwa godimo. “A cwa hèla,” Bibela e re bolelela jalo, “a sa itse kwa o eañ gōna.”—Bahebera 11:8.
6. (a) Ke ka ntlhayang fa Genesise 11:31 e naya Tera tlotlo ka go fuduga ga gagwe? (Ditihō 7:2-4) (b) Ke ka ditsela dife Sara e leng sekao sa basadi ba Bakeresete gompieno?
6 Tumelo ya ga Aberame e ne e ama ba bangwe. Bantlo ya gagwe, gammogo le Tera, rraagwe, le Lote, setlogolo sa gagwe, ba ne ba tsamaya nae. Lefa go ntse jalo, ka go bo Tera e ne e le tlhogo ya lelapa ebile e le tlhogo ya lotso, le ene o bakiwa ka go bo a ile a tswa koo. (Genesise 11:31) Seo se tshwanetseng go tlhokomelwa thata ke tshegetso eo Aberame a neng a e bona mo mosading wa gagwe, Sarai, yoo moragonyana a neng a bidiwa Sara. O ne a itshokela botshelo jo bo kwa tlase mo botshelong jotlhe jwa gagwe. (Genesise 13:18; 24:67) Go tlhaloganngwa gore fa a ne a tlhokafala, “Aberahame a tla go hutsahalèla Sara, le go mo lelèla.” (Genesise 23:1, 2) Ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e nonofileng le boikobo jwa gagwe ka pelo yotlhe jaaka mosadi, o umakiwa jaaka sekao sa bontle jwa boammaaruri jwa semoya mo basading ba Bakeresete.—Bahebera 11:11, 13-15; 1 Petere 3:1-6.
7. Bakeresete ba ile ba bontsha tumelo e e tshwanang le ya ga Aberahame le Sara ka ditsela dife gompieno?
7 Bakeresete ba bantsi gompieno ba ile ba bontsha tumelo e e tshwanang ka go ithaopela go ya go gasa molaetsa wa Modimo kwa mafelong a a nang le tlhokafalo e kgolo ya baboledi ba Bogosi le baagi le badirisi ba didirisiwa tse disha tsa go gatisa le go romela dibuka tsa Bibela. (Mathaio 24:14) Bakeresete bano ba ile ba kopanela mo go obameleng taolo eno, “Tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa.” Fa ba fudugela kwa dinageng tse ba sa di itseng, gantsi ba ile ba tshwanelwa ke go fetola matshelo a bone go dumalana le maemo a a farologaneng a botshelo. Ba bangwe ba ile ba ntsha dilo tse di bonalang tse dikgolo setlhabelo e le gore ba ka dira barutwa mo mafelong a bone.—Mathaio 28:19, 20.
Ditiro tse Dingwe tsa Tumelo
8. Ke eng seo se ileng sa dira gore Jehofa a itlhagise labobedi mo go Aberame?
8 Aberame o ne a thibelela mo motseng wa Harana go fitlhela rraagwe, ebong, Tera a tlhokafala. (Genesise 11:31, 32) Go tswa foo bantlo ya gagwe ba ne ba kgabaganya Noka ya Euferatese mme ba leba kwa borwa. Kgabagare ba ne ba fitlha fa “heloñ ga Shekema” mo gare ga lefatshe la Kanana. Abo e tshwanetse ya bo e ne e le lefelo le lentle jang ne! Shekema e mo mokgatšheng o o nonneng o o fa gare ga dithaba tse pedi tseo ditlhoa tsa tsone e leng Thaba ya Ebala le Thaba ya Gerisima. E ile ya tlhalosiwa jaaka “paradaise ya Lefatshe le le Boitshepo.” Ka mo go tshwanelang, Jehofa o ne a itlhagisa gape kwa go Aberame fano mme a mo raya a re: “Lehatshe ye, ke tla le naea losika loa gago.”—Genesise 12:5-7.
9. (a) Aberame o ne a tswelela go bontsha tumelo ya gagwe ka tsela efe e e tlhomologileng? (b) Ke eng seo re se ithutang mo go seno?
9 Aberame o ne a arabela ka go dira tiro e nngwe gape ya tumelo. Jaaka polelo eno e bolela: “Me a agèla Yehofa eo o bonetseñ kwa go èna sebesho gōna.” (Genesise 12:7) Ka mo go bonalang, seno se ne se kopanyeletsa go ntsha setlhabelo sa phologolo, ka go bo lefoko la Sehebera la “sebesho” le raya “lefelo la ditlhabelo.” Moragonyana, Aberame o ne a boeletsa ditiro tseno tsa tumelo mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Mo godimo ga moo, o ne a “bitsa leina ya ga Yehofa.” (Genesise 12:8; 13:18; 21:33) Polelwana ya Sehebera go “bitsa leina” e kaya gape “go bolela (go rera) kaga leina.” Balelapa la ga Aberame, gammogo le Bakanana ba tshwanetse ba bo ba mo utlwile fa a ne a bua ka bopelokgale kaga leina la Modimo wa gagwe, Jehofa. (Genesise 14:22-24) Ka mo go tshwanang, botlhe ba ba batlang go tsalana le Modimo gompieno ba tshwanetse go bitsa leina la gagwe ka tumelo. Seno se tla akareletsa go kopanela mo go rereng phatlalatsa, go “[nna] re isets[a] Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè.”—Bahebera 13:15; Baroma 10:10.
10. (a) Aberame o ne a bontsha tumelo ya gagwe ka ditsela dife gape? (b) Ke sekao sefe seo a ileng a se beela ditlhogo tsa malapa a Bakeresete gompieno? (1 Timotheo 3:12)
10 Aberame o ne a bontsha tumelo ya gagwe mo go Jehofa ka ditsela tse dingwe di le dintsi. O ne a dira ditlhabelo tsa kagiso mme lefa go le jalo a rarabolola mathata ka bopelokgale. (Genesise 13:7-11; 14:1-16) Lefa a ne a humile, o ne a sa rate dilo tse di bonalang. (Genesise 14:21-24) Go na le moo, o ne a tshola baeng mme a phuthololetse kobamelo ya ga Jehofa seatla. (Genesise 14:18-20; 18:1-8) Se se botlhokwa thata, e ne e le sekao se se molemo sa tlhogo ya lelapa a bile a latela ditaolo tsa ga Jehofa ka go laola barwa ba gagwe le bantlo ya gagwe gore ba tshwane le ene e le gore ba tle “ba bolokè tsela ea ga Yehofa.” (Genesise 18:19) Mo go seno, bantlo ya ga Aberame ba ne ba tsaya tsela e e neng e farologane gotlhelele le ya Bakanana bao ba neng ba tseneletse mo tlhakanelong-dikobo e e fapogileng ba metse ya Sodoma le Gomora eo e neng e le gaufi le bone. Eleruri Aberame o ka bo a sekile a letlelela dibe tse di masisi jalo mo ntlong ya gagwe. Seo se bontshang gore o ne a laola bantlo ya gagwe ka tsela e e molemo se bontshiwa ke tsela eo maloko a yone a neng a mo etsa ka gone ka go bitsa leina la ga Jehofa ka tumelo.—Genesise 16:5, 13; 24:26, 27; 25:21.
“A Seka a Kōahala mo Tumeloñ”
11. Aberame o ne a kgona jang go itshoka jaaka “moyaki . . . mo lehatshiñ ye e señ ya gagwè” ka dingwaga di le lekgolo?
11 Tumelo e e nonofileng ya ga Aberame e ne ya mo thusa go itshokela mathata jaaka a ile a tshela dingwaga tse di lekgolo gareng ga bao ba neng ba re lefatshe ke la bone. (Genesise 12:4; 23:4; 25:7) Bibela e bua jaana: “A cwa moyaki mo lehatshiñ ya polèlō ea choloheco, yaka motho a le mo lehatshiñ ye e señ ya gagwè, a nna mo megopiñ, a na le Isake le Yakobe, barua boshwa ka èna ba eōna polèlō euō ea choloheco: Gonne o na a lebèlèla motse [Bogosi jwa Modimo] o e leñ ōna o o nañ le methèō tōta, o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo. Me le galè ha [a] ka bo [a] ne [a] tlhokometse lehatshe yele ye [a] duleñ kwa go yeōna, [o] ne [a] ka bōna lobaka loa go boea.”—Bahebera 11:9, 10, 15; bapisa Bahebera 12:22, 28.
12. Ke tshono efe eo e neng ya tlhaga ka bonako ya gore Aberame a boele kwa Ura, mme o ne a dirisana le bothata jono jang?
12 Aberame o ne a ise a nne lobaka lo loleele mo Kanana fa go ne go nna le leuba le legolo le le neng la mo naya “lobaka loa go boea.” Ura, ka go bo a ne a bona metsi a mantsi go tswa mo Nokeng ya Euferatese, o ne a sa ikaega thata ka pula. Lefa go ntse jalo, go na le go boela koo, Aberame o ne a baya tumelo mo go Jehofa mme a ya ntlheng e sele—Egepeto. Seo se ne se le kotsi fela thata. Ka go bo a ne a na le mosadi yo montle, ebile e le mojaki, botshelo jwa ga Aberame bo ne bo le mo kotsing mo lefatsheng leo la boeng. Lefa go le jalo, o ne a nna podimatseba ka go kopa Sarai go loba gore ke banyalani. Jehofa o ne a segofatsa Aberame ka ntlha ya tumelo ya gagwe, mme go ise go e kae o ne a kgona go boela kwa Lefatsheng la Tsholofetso a na le dikhumo tse dintsi go gaisa pele.—Genesise 12:10–13:2; 20:12.
13. Ke eng seo se tshwantshediwang ke boopa jwa ga Sarai le go loba ga ga Aberame gore ke banyalani?
13 Seno le sone e ntse e le setshwantsho sa boperofeti se se rutang seo Aberame a neng a se diragatsa mme a sa itse. Sarai, yo a neng a santse a le moopa, o ne a tshwantshetsa phuthego ya seka-mosadi ya ga Jehofa ya selegodimo ya baengele ba ba ikanyegang. Mosadi yono yo montle wa tshwantshetso o ne a tshwanela go leta dingwaga tse 4 000 pele a ka tshola losika lwa boammaaruri lwa ga Aberahame yo Mogolwane, Jehofa Modimo. Pogiso e e tlhamaletseng eo batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba neng ba e itemogela mo dingwageng tseo tsotlhe ba ntse ba letile ka dinako dingwe go ne go nna jaaka ekete Jehofa o ne a fitlhile kamano ya gagwe le bone jaaka monna wa bone.—Genesise 3:15; Isaia 54:1-8; Bagalatia 3:16, 27, 29; 4:26.
14. (a) Kgabagare Sarai o ne a itshwara jang ka boopa jwa gagwe? (b) Go ne ga diragala eng fa Aberame a le dingwaga tse 100, mme ka ntlhayang?
14 Morago ga go itshoka dingwaga di le lesome e le mojaki, Aberame o ne a ise a bone morwa yo o neng a tla nna moruaboswa. Ka go tlalelwa, Sarai o ne a mo kopa gore a mo tsholele ngwana le lelata la gagwe la mosadi, Hagare. Aberame o ne a dumela mme Ishemaele o ne a tsholwa. (Genesise 12:4; 16:1-4, 16) Mme losika lo lo solofeditsweng lwa tshegofatso lo ne lo tla tla ka mongwe o sele. Fa Aberame a le dingwaga di le 100, leina la gagwe le ne la fetolelwa go Aberahame gonne, Modimo o ne o kile wa re “ke gu dihile rra bontsi yoa merahe.” Leina la ga Sarai le ne la fetolwa go nna Sara ka tsholofetso ya gore o ne a tla tshola morwa.—Genesise 17:1, 5, 15-19.
15. (a) Ke ka ntlhayang fa Aberahame a ne a tshega kgopolo ya gore Sara o ne a tla mo tsholela morwa? (b) Ke bosupi bofe gape jo bongwe jwa tumelo ya gagwe e e nonofileng jo Aberahame a neng a bo naya?
15 Aberahame (mme moragonyana Sara) ba ne ba tshega fa ba akanya ka seo ka gonne maatla a gagwe a go tshola bana gammogo le a ga Sara a ne a fedile. (Genesise 17:17; 18:9-15) Mme seno e ne e se setshego sa go tlhoka tumelo. Fela jaaka Bibela e tlhalosa: “A se ka a kōahala mo tumeloñ . . . ka a lebile polèlō ea choloheco ea Modimo . . . A thatahala mo tumeloñ, a galaletsa Modimo, A ikantse ka botlalō, go re, se o se mo sholoheditseñ, o bile o nonohile go se diha.” (Baroma 4:18-21) Mo go lone letsatsi leo, Aberahame o ne a naya bosupi jwa tumelo e e nonofileng ya gagwe. Jaaka sesupo sa kgolagano ya gagwe le Modimo, Jehofa o ne a bolelela Aberahame gore a rupe gammogo le monna mongwe le mongwe wa bantlo ya gagwe ba bantsi. (Genesise 15:18-21; 17:7-12, 26) O ne a arabela jang taolo e e botlhoko eno? “A rupisa nama ea bōnè ea molomo ka letsatsi yeuō hèla, yaka Modimo o buile naè.”—Genesise 17:22-27.
16. (a) Go ne ga diragala eng ka letsatsi le Isake a neng a kgwesiwa ka lone? (b) Go kobiwa ga ga Hagare le Ishemaele go ne go tshwantshetsa eng?
16 Isake, yoo leina la gagwe le kayang “Ditshègo,” o ne a tsholwa ke Sara mo ngwageng o o latelang. (Genesise 21:5, 6) Go ne ga tloga ga tla nako ya gore a kgwesiwe. Mo moletlong oo, Ishemaele yo o lefufa o ne a bogisa Isake. Fa seo se diragala, Sara o ne a kopa Aberahame go koba lelata leno la mosadi, Hagare, le morwawe mo go bantlo ya gagwe. Jehofa Modimo o ne a tshegetsa kopo ya ga Sara. Lefa a ne a utlwisitswe botlhoko ke seno, Aberahame o ne a dira jalo ka bonako. (Genesise 21:8-14) Go ya ka Bagalatia 4:21-30, seno se ne se tshwantshetsa ka moo Aberahame yo Mogolwane a neng a tla khutlisa kamano ya gagwe le morafe wa Iseraele wa tlholego ka gone. Fela jaaka batho botlhe, ba ne ba tsetswe jaaka batlhanka ba boleo. (Baroma 5:12) Mme gape ba ne ba gana Jesu Keresete, yo a neng a tlile go ba golola, yo e neng e le Losika lwa boammaaruri lwa ga Aberahame. (Yohane 8:34-36; Bagalatia 3:16) Mme jaaka Ishemaele a ne a bogisa Isake, ba ne ba bogisa phuthego ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa ya Baiseraele ba semoya, bao e neng e le karolo e potlana ya losika lwa ga Aberahame.—Mathaio 21:43; Luke 3:7-9; Baroma 2:28, 29; 8:14-17; 9:6-9; Bagalatia 3:29.
Teko ya Gagwe e Kgolo ya Tumelo
17. Tumelo ya ga Aberahame e ne ya lekiwa jang fela thata morago ga foo?
17 Ga go lebege go na le rre ope wa motho yo o ileng a rata morwawe jaaka Aberahame yo o tsofetseng a ne a rata Isake. Jalo, abo e tshwanetse ya bo e ile ya nna selo se se botlhoko jang ne, fa a ne a amogela taolo eno: “Tsaea morwao yana, morwao eo o esi, eo u mo ratañ, eboñ Isake, me u eè kwa lehatshiñ ya Moria, me u mo isè chupèlō ea phishō gōna mo thabeñ ñwe e ke tla e gu bolèlèlañ.”—Genesise 22:1, 2.
18. Aberahame o ne a itshwara jang mabapi le taolo ya Modimo ya go isa Isake setlhabelo?
18 Go tshwanetse ga bo go ile ga nna bokete gore Aberahame a tlhaloganye lebaka la taolo eno e e utlwisang botlhoko. Lefa go le jalo o ne a seka a diega go ikoba fela jaaka gale. (Genesise 22:3) Go ne ga mo tsaya matsatsi a le mararo go fitlha kwa thabeng e e tlhophilweng eo. Fa a fitlha koo o ne a aga sebeso mme a baya dikgong mo godimo ga sone. Ka nako eno, o tshwanetse a bo a ne a setse a tlhaloseditse Isake yoo a ka bong a ntse a ile a tshaba motlhofo fela , taolo ya Modimo. Go na le moo, Isake o ne a letla rraagwe yo o tsofetseng go mmofa maoto le matsogo le go mmaya mo godimo ga sebeso. (Genesise 22:4-9) Boikobo jono bo ne bo bakiwa ke eng?
19. (a) Go ikoba ka bopelokgale ga ga Isake go ne go bakiwa ke eng? (b) Ke jang kamano ya ga Aberahame le Isake e leng thuto mo malapeng a Bakeresete gompieno?
19 Aberahame ka boikanyegi o ne a ile a diragatsa boikarabelo jwa gagwe mo go Isake, jaaka go kwadilwe mo go Genesise 18:19. Ga go belaetse gore o ne a rutile Isake ka boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go tsosa baswi. (Genesise 12:3; Bahebera 11:17-19) Kafa letlhakoreng la gagwe, Isake e ne e le motho yoo Aberahame a neng a mo rata thata mme o ne a tla batla go itumedisa rraagwe mo dilong tsotlhe, segolo bogolo mo go tseo di kopanyeletsang go dirwa ga go rata ga Modimo. Abo seno e le thuto e e molemo jang ne mo malapeng a Bakeresete gompieno!—Baefesia 6:1, 4.
20. Aberahame o ne a ikoba jang, mme o ne a duelwa jang?
20 Jaanong go lekwa ga gagwe go ne ga tla kwa setlhoeng sa gone. Aberahame o ne a tsaya thipa. Mme fa a re o bolaya morwawe, Jehofa o ne a mo thiba mme a mo raya a re: “Yanoñ kea itse ha u boiha Modimo, ka e le ha u se ka ua gana ka morwao, morwao eo esi, ha ke mo tsaea.” (Genesise 22:11, 12) Abo Aberahame a ile a duelwa thata jang ne ka go utlwa ga gagwe Modimo ka boone o bolela fa a le tshiamo! Jaanong o ne a ka ikutlwa a tlhomamisegile gore o ne a fitlheletse ditekanyetso tse Modimo o di batlang mo mothong yo o sa itekanelang. Se se botlhokwa thata, Jehofa o ne a oketsa selekanyo sa tumelo ya gagwe sa pele. (Genesise 15:5, 6) Morago ga seno, Aberahame o ne a isa setlhabelo phelehu eo a neng a e newa ka kgakgamatso go emela morwawe Isake. Mme o ne a utlwa Jehofa a tlhomamisa, ka go ikana, ditsholofetso tsa gagwe tsa kgolagano. Moragonyana, o ne a itsiwe jaaka tsala ya ga Jehofa.—Genesise 22:13-18; Yakobe 2:21-23.
21. Ke setshwantsho sefe sa boperofeti seo se filweng fano, mme se tshwanetse go re tlhotlheletsa go batla eng?
21 Setlhabelo sa ga Aberahame e ne e le “sechwanchō.” (Bahebera 11:19) Se ne se tshwantshetsa setlhabelo se se utlwisang botlhoko, se se tlhwatlhwa-kgolo seo Jehofa Modimo a neng a se ntsha fa a ne a roma morwawe yo a mo ratang thata mo lefatsheng go tla go swa jaaka “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleō yoa lehatshe.” (Yohane 1:29) Mme go dumela ga ga Isake go swa go tshwantshetsa ka moo Isake yo Mogolwane, Jesu Keresete a neng a ineela ka lorato go diragatsa go rata ga ga Rraagwe wa selegodimo. (Luke 22:41, 42; Yohane 8:28, 29) Kwa bokhutlong, fela jaaka Aberahame a ne a amogela morwawe a tshela go tswa mo sebesong, Jehofa o ne a amogela morwawe yo a mo ratang thata go tswa mo baswing jaaka sebopiwa sa semoya se se galalelang. (Yohane 3:16; 1 Petere 3:18) Abo sotlhe seno se kgothatsa bao ba batlang go tsalana le Modimo gompieno jang ne!
22. Setlhopha sa batho ba ba tlhophilweng se ile sa solegelwa molemo jang ke lorato lo lo sa gaisiweng ke lepe la Modimo?
22 Ka go bontsha tumelo mo tirong eno e e sa gaisiweng ke epe ya lorato ya ga Aberahame yo Mogolwane, ebong Jehofa Modimo, setlhopha se se rileng sa batho se ile sa kaiwa jaaka barwa ba ba siameng ba Modimo. (Baroma 5:1; 8:15-17) Ba tserwe pele go tswa mo Bajudeng mme morago mo go Baditšhaba, bano eleruri ba ile ba segofadiwa ka Losika lwa ga Aberahame, Jesu Keresete. (Ditihō 3:25, 26; Bagalatia 3:8, 16) Mo godimo ga moo, ba bopa karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aberahame. (Bagalatia 3:29) Bone bao kwa bokhutlong palo ya bone e nna 144 000 mme, jaaka Jesu, ba tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo morago ga go itshupa ba ikanyegile go fitlha kwa losong.—Baroma 6:5; Tshenolō 2:10; 14:1-3.
23. (a) Dimilione tse dintsi di setse di ntse di segofala jang ka masalela a losika lwa ga Aberahame? (2 Bakorintha 5:20) (b) Ke masego afe a mangwe a a santseng a emetse “boidiidi jo bogolo” kwa pele?
23 Ka yone nako eo, dimilione tse di tswang mo merafeng yotlhe di “segōhala” ka go arabela ga tsone mo bodiheding jwa lorato jwa masalela ano a a seng kalo a losika lwa ga Aberahame. (Genesise 22:18) Ba ile ba kgatlhiwa ke go ithuta gore batho ba ba tletseng boleo ba ka kgona go kaiwa tshiamo jaaka ditsala tsa Modimo. Ka baka leo “boidiidi yo bogolo . . . yoa morahe moñwe le moñwe” bo ipelela go amogelwa ke Modimo, ka go bo ba “tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” Ba eteletswe pele ke masalela, ba ‘direla Modimo motshegare le bosigo.’ Boidiidi jo bogolo bo beetswe tsholofelo e e itumedisang thata ya botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng ya selefatshe jaaka “bana ba Modimo.” (Tshenolō 7:9-17; 21:3-5; Baroma 8:21; Pesalema 37:29) Lefa go ntse jalo, pele ga ba bona masego ao, go na le ditiragalo tse di botlhokwa thata tse di tshwanetseng go diragala pele, jaaka re tla ithuta seo mo setlhogong se se latelang.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Tumelo ya ga Aberahame le balosika lwa gagwe e ne ya lekwa jang?
◻ Bakeresete ba ile ba bontsha tumelo e e tshwanang jang gompieno?
◻ Aberahame o ne a bontsha tumelo ya gagwe ka ditsela dife gape?
◻ Aberahame, Sara, le Isake, ba beela malapa a Bakeresete dikao jang?
◻ Ke eng seo se neng se tshwantshediwa ke tiro e kgolo go di feta tsotlhe ya tumelo ya ga Aberahame?