Go Lere Lesedi Kwa Mafelong a a Kwa Kgakala a Kwa Bolivia
KAFA bokone le kafa botlhaba jwa dithaba tse di kwa godimodimo tsa Bolivia go na le dinaga tse di kwa tlase tsa boboatsatsi, tseo di tletseng ka dimela. Tsone di kgaogantswe ka dinoka tse di kgaphaselang tseo di itsoketsang ka dikgwa le dipoa tse di tletseng bojang. Go rera mafoko a a molemo a Bogosi mo dikarolong tse di kwa kgakala jaana go ntse jang?
A o ke o ikakanye o le mo teng ga mokoro o mogolo, o o gabilweng mo kutung ya setlhare mme e le o o tsamaisiwang ka enjene kwa morago. Seno ke seo se neng sa diragalela badihedi ba le barataro ba nako e e tletseng go tswa kwa Trinidad, eleng motse o o kwa karolong e e kwa El Beni ya Bolivia. Ba ne ba rulagantse loeto lono e le gore ba ke ba kgone go neela bosupi mo magaeng a a kwa nokeng ao a iseng a ko a tsamaye a fitlhelelwe ka ‘mafoko a a molemo a bogosi’ pele. (Mathaio 24:14) Morago ga gore ba kgabaganye phuthologo e kgolo ya metse ao a neng a tsabakela, mokoro wa bone o ne wa simolola go tsamaya mo molatswaneng o mosesane o o neng o ela kwa Nokeng ya Mamoré.
Mongwe mo setlhopheng seno o bolela jaana: “Re ne re setse re batla re fitlhile mo Mamoré fa re lemoga gore noka kwa bofelong jwa yone e ne e sena metsi. Fa re tswa mo mokorong, re ne ra iphitlhela re nwela mo seretseng go fitlha mo diropeng tsa rona! Mosadi wa me o ne a latlhegelwa ke ditlhako tsa gagwe fa a ne a leka go tswa moo. Mme ka re ne re thusiwa ke bafeti ka tsela, re ne ra kgona go goga mokoro o o thata ono gore o tswe mo seretseng le gore o fitlhe mo mmung o o omileng. Morago ga dioura di le pedi re ntse re dira ka natla, re ne ra fitlha kwa Mamoré.
“Morago ga moo re ne ra kgweetsa ka iketlo go ya kwa godimo ga noka, eo e neng e thibeleditswe ke dintshi tse di kwa godimo tseo di neng di tletse ka dimela tsa boboatsatsi. Fa di utlwa modumo wa enjene, dikhudu tse dikgolo tsa metsi tseo di neng di le mo godimo ga dikota tse di neng di kokobetse mo metsing di ne tsa ithabuetsa mo go one, fa ditolefine tse di kgatlhang tsone di tla di ntse di kwetoga mo metsing nako le nako. Lefelo la ntlha le re neng ra ema mo go lone le ne le tletse mesi eo e neng e kueletsa mo molelong o o neng o tshubilwe fa thoko ga lewatle go leleka ditshenekegi. Morago ga gore re emise mokoro wa rona mo gare ga dikala tseo di neng di tshophagane, re ne ra simolola go tlotla le batho bao ba neng ba tletse moya wa botsalano ka masego a Bogosi a a tlang. Ba ne ba re fa maungo le mae ka ntlha ya go bo ba itumetse.
“Fa letsatsi le ntse le ya, re ne ra etela le kwa mafelong a mangwe go ya go jala dipeo tse di oketsegileng tsa boammaaruri. Go ne go setse go le lefifi ka nako ya fa re ne re fitlha kwa San Antonio. Batho ba motse oo ba ne ba setse ba robetse. Lefa go ntse jalo, fa go sena go anamisiwa molaetsa wa gore go ne go tlile go bontshiwa filimi, go ne ga simololwa ga tshubiwa dipone. Go ne ga golegwa kara e e gogwang ke pitse gore e tlise didirisiwa tsa rona mo motseng. Batho ba le bantsi ba ne ba tlwaelana le Basupi ba ga Jehofa ka go bona filimi le ka go ba bona ka namana.
“Letsatsi le le latelang re ne ra tswelela go etela mafelo a masha. Kwa lotshitshing lo lo kwa godimo, basadi ba ne ba tlhatswa diaparo tsa bone, tota le eleng maseanyana, ka go dirisa dikgapa tsa dikhudu tse dikgolo tsa metsi. Ba ne ba ise ba ko ba tsamaye ba utlwe molaetsa wa rona wa Bibela pele. Mo lefelong lengwe ditlhatswana di ne di ntse di tlolela kwa godimo ga metsi gaufi le mokorwana wa rona, mme di le dintsi di ne di wela mo teng ga one. Ka jalo morago ga gore re bontshe filimi, re ne ra gadika ditlhapi pele ga re ya go robala. Fa loeto lwa rona lo fela, go ne go tlogetswe dibuka di le dintsi mo lefelong leno le le kwa kgakalakgakala, mme re ne re kgotsofaletse gore re bo re thusitse batho ba le bantsi gore ba utlwe mafoko a a molemo lekgetlo la ntlha.”—Bapisa Baroma 15:20, 21.
Bosupi jwa Gore Re Ne Re Kaelwa ke Moengele
Jaanong a o ke o ikakanye fela o le mo tirong ya go batla motho mongwe mo toropong ya batho ba le 12 000, eo o e etelang lekgetlo la ntlha. O itse go le go nnye fela ka ene kwa ntle ga leina la gagwe fela. Eno e ne e le kgwetlo eo e neng e lebane badihedi ba le babedi ba nako e e tletseng bao ba neng ba fitlha kwa Guayaramerín bao ba neng ba solofetse gore ba tla bona motho mongwe yo pele a neng a ithuta Bibela mme a nna gone kwa dipokanong mo toropong e nngwe mme jaanong a neng a fudugetse mo toropong eno. Morago ga gore ba bone mo ba ka dulang gone, banyalani bano ba babulatsela ba ne ba swetsa ka gore ba tsamayetsamaele kwa marekelong, koo go neng go na le batho ba le bantsi bao ba neng ba ja mo ditafoleng kana ba tlotla fela. Mo e ka nnang ka bonakonyana fela monna mongwe o ne a atamela banyalani bano mme a simolola go tlotla le bone. Ba ne ba mo mmotsa gore a o ne a itse mosadi yo ba neng ba mmatla. “Nnyaa,” o ne a araba jalo, “mme mogogadiake ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” Ereka go ne go sa itsewe Mosupi ope mo toropong eno, ba ne ba akanya gore o tshwanetse a bo a tlhakane tlhogo.
Lefa go ntse jalo, letsatsi le le latelang ba ne ba etela mosadi yono yo o neng a godile, yo o neng a nna fela mo bolaong ka ntlha ya leoto la gagwe le le robegileng. “Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme ga ke ise ke kolobediwe,” o ne a bolela jalo. Fa a ne a bodiwa gore ke mang yo o mo rutileng boammaaruri, o ne a supa setshwantsho sa setlogolo sa gagwe mo leboteng mme a bolela jaana: “Ke ene yo o nthutileng.” Ba ne ba sa dumele seo ba se bonang! E ne e le ene mosadi wa lekgarebe yoo ba neng ba ntse ba mmatla! “Ke ka ntlha yang fa mogwe wa gago a ne a re ga a mo itse?” ba mmotsa. “Ebu, o nyetswe jaanong, mme jaanong o itse leina la kwa a nyetsweng gone fela,” o ne a araba jalo. Setlogolo sa gagwe o ne a seyo ka nako eo, mme go ne ga tshwarwa thuto ya Bibela morago ga moo ka makwalo. Go ne ga felela ka eng? Ene le mmaagwemogolo ba ne ba tswelela go ya ntlheng ya gore ba kolobediwe. Ntlo ya bone e ne e direla jaaka Holo ya Bogosi ya phuthego eo e neng e gola, mme jaaka modihedi wa nako e e tletseng, mosadi yo mmotlana yono o thusitse batho ba le bantsi go tla mo phuthegong ya ga Jehofa.
Go Rera mo Garegare ga Boboatsatsi
Morago ga moo, a o ke o akanye fela sefofane sa lona se kgoma fa fatshe mo botsurafofaneng jo bo tletseng bojang kwa San Joaquín, mo garegare ga boboatsatsi jwa Bolivia. O utlwa o sa ritibala fa o akanya ka matlhotlhapelo ao go neng go sa itsiwe gore a simologile jang ao, dingwaga di le pedi pelenyana ga moo, a neng a bolaya setlhano sa batho ba toropo eno.
Banyalani ba babulatsela bao ba neng ba fitlha go tswa kwa Trinidad ka sefofane ba ne ba setse ba utlwile ka tsela eo batho ba naga eo ba amogelang batho ka tsela e e molemo ka gone. Monna o anela jaana: “Motlotlo wa Bibela oo re neng ra nna le one fa re ntse re le mo sefofaneng o ne wa feleletsa o dirile gore re lalediwe gore re ye go nna kwa ntlong ya motho yo mongwe, re sa duele sepe. Motho yo o neng a re amogetse yono o ne a ba a re fa le dijo ka tlhotlhwa e e kwa tlase, a re dira gore re kgone go dirisa nako yotlhe ya rona mo tirong ya rona ya go rera. Ka bonako fela morago ga gore re fitlhe, re ne ra bolelelwa gore re ye go ipega gone fela ka nako eo kwa bonnong jwa masole. Fa motlhankela wa koo a utlwa gore ga re majelathoko mme re Basupi ba ga Jehofa, o ne a bontsha go kgatlhega ka tsela e e sa tlwaelegang mme a batla Bibela, mmogo le dibuka tsa Bibela le dipeeletso tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Morago ga moo, mo e ka nnang mongwe le mongwe yo o neng a le mo toropong eno o ne a reetsa ka kelotlhoko a reetsa tsholofetso ya Bibela ya gore batho ba tla nna le pholo e e molemo e e itekanetseng mo isagweng e e fa gaufi.”—Tshenolō 21:4.
Badihedi ba le banè ba nako e e tletseng ba ne ba batla go tswa kwa San Joaquín go ya kwa San Ramón, mme tsela e le yosi fela eo ba neng ba ka ya koo ka yone e ne e le ka koloi eo e gogwang ka dikgomo. Ba ne ba dirisa dibokose tse di tsentseng dibuka jaaka ditulo tsa bone. Go ise go ye kae le tsone di ne tsa senyega ka ntlha ya go kgorokgotsega le go rutlega go gogolo ga koloi eo e neng e khurumeditswe, ka maotwana a yone a magolo ao a neng a dirilwe ka logong. Tota le eleng le dikgogo tseo di neng di le mo teng di ne tsa ba tsa tsewa ke sididi ka ntlha ya go lwatswa ke mosepele o o ntseng jaana o.
Morago ga dioura di le lesome ba tsamayatsamaya mo sekgweng, ba ne ba fitlha mo lefelong leo tota le eleng motlhala o neng o sa kgone go bonala mo tseleng, ebile go ne go ntse go nna lefifi. Mokgweetsi o ne a tshosa setlhopha seno ka go se raya a re, “Ke akanya gore re latlhegile!” Ba ne ba simolola go ipotsa ba re, ‘Re ka nna jang mo sekgweng seno seo se tletseng ka dinoga le diphologolo tsa naga?’ fa mokgweetsi a tswelela ka go re, “Mme lo se ka lwa tshwenyega. Diphologolo tseno di setse di tsamaile.” Go ne go ntse fela jalo. Morago fela ga oura e le nngwe di ne tsa kwetoga mo sekgwaneng sengwe gone fela mo San Ramón!
Mono le gone, go ne ga senngwa malatsi a le mantsi mo tirong ya go bolelela batho ba ba iseng ba ke ba utlwe ka go tla ga Paradaise. Go ne go sena Basupi ba ba nnang mo lefelong leno; lefa go ntse jalo go ne ga direga sengwe seo se neng sa fetola boemo joo.
Morongwa mongwe wa kereke ya Katoliki o ne a ntse a setse Basupi morago fa ba ntse ba tsamaya ka ntlo le ntlo. Ka tsela nngwe ba ne ba fapaana mo tseleng mme ba mo fitlhela a le mo legaeng le le latelang leo ba neng ba ya kwa go lone. Ereka ba ne ba gakgamaditswe ke tsela eo a neng a le botsalano ka yone, ba ne ba mo tlogelela buka ya Boamaruri Jo Bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng. Lemororo ene ka boene a ne a sa kgatlhege tota, o ne a neela mogadiboagwe buka eno, yo o neng a bala diteng tsa yone tsotlhe, a ithuta go ya kwa pele, mme morago a nna Mosupi yo o kolobeditsweng.
Go Sa Iketlang mo Dinokeng tsa Boboatsatsi
Jaanong a o ke o ipone o le mo leotwanakgweetsong la sekepe sa mo nokeng o se kgweetsa mo metsing a a kotsi le a a kgaphaselang. Mafika a a fitlhegileng, dintshi tse di tletseng diretse, le dikutu tsa ditlhare, mmogo le go bonala mo go sa solofelwang ga kgogela e kgolo ya metsi, ke dikotsi di sekae fela. Metsi ano a tletse ka ditlhapi tse di lomang tsa pirana, ditlhapi sekanoga, le tse di megatlana. Tseno ke dikgwetlo tseo di neng di lebane le bakaulengwe ba kwa Riberalta bao ba neng ba na le tiro ya go neela bosupi mo bathong ba ba agileng fa nokeng eno.
Gore ba fitlhelele tulo eno eo e neng e le kwa thokothoko, ba ne ba aga seketswana seo se neng se bidiwa Luz de los Ríos (Lesedi la Dinoka). Ka nako ya fa molebedi wa kgaolo le wa potologo ba ne ba etile, go ne ga swediwa ka gore go tsewe seketswana seno se lekelediwe. Dilo tsotlhe di ne tsa tsamaya sentle go fitlhelela fa marulelo a sone a ne a tshwarwa ke kala e e lepeletseng ya setlhare. Metsi a a elelang ka maatla a ne a phailela seketswana seno mo setlhareng se se oleng. Jaaka ts̆haka, kala e e robegileng eo e neng e le motswi e ne ya tlhaba kafa letlhakoreng la mokoro—ya batla e kaletsa mosadi wa molebedi wa kgaolo! Metse a ne a thelesegela mo teng, mme seketswana seno se ne sa pitikologa, se tshololela bapagami botlhe ba sone mo metsing ao a a neng a huduegile. Mme molebedi wa kgaolo le mosadi wa gagwe ba ne ba sa kgone go sapa! Ereka ba ne ba thusiwa ke bao ba neng ba ka kgona go sapa, ba ne ba kgona go falolela kwa komelelong ba bolokesegile. Mme seketswana sone se ne se nyeletse gotlhelele. Malatsinyana moragonyana se ne sa bonwa se le dikilomitara di le tlhano mo nokeng eo. Dilo tsotlhe tsa bone, go akaretsa le dibokose di le 20 tsa dibuka di ne di latlhegile.
Bakgweetsi ba Dikepe ba Bolivia ba ne ba re thusa go se kwetola, mme morago ga dibeke se ntse se baakanngwa, seketswana seno se ne se siametse gore gape se ka wetsa loeto lwa sone lo se iseng se ko se lo tsamaye pele. Loeto lo lo sa iketlang lono lo ne lwa simololwa mo maemong a loapi ao a leng maswe le mo mathateng a enjene.
Lefelo la ntlha fela leo bakaulengwe ba neng ba emisa mo go lone, ba ne ba kgatlhantshiwa ke setlhopha sa kereke ya Baefangele, bao ba neng ba sotla ba re: “Seketswana sa lona ga se a siamela noka eno!” Maiteko a go bontsha ditshwantsho tsa diselaete koo a ne a kgorelediwa ke motšhine o o neng o senyegile. Fa ba boela kwa nokeng gape, Basupi ba ne ba utlwalela gore diketswana dingwe di ne di kile tsa feta fano di ntse di goeletsa ka dibuelagodimo di tlhagisa batho gore go tla “baperofeti ba maaka.” Go ne go bonala sentle gore Baefangele e ne e le bone badiri ba tiro eo. Lefa go ntse jalo, seno se ne se dira fela gore batho ba batle go itse go go oketsegileng.
Lemororo loeto leno le ne le fedisa magatwe a maaka ao a tswang mo baperofeting ba mmatota ba maaka, bakaulengwe ba ne ba santse ba ikutlwa ba sa iketla, ka gonne ba ne ba santse ba lebanwe ke loeto lwa malatsi a le 21 go ya go fitlha kwa Fortaleza.
Fa ba ntse ba le mo tseleng, ba ne ba rerela kgosi ya motse mongwe oo kwa kgakala; o ne a reetsa ka kelotlhoko. Ka puo ya Bibela eo e neng e neetswe ke mongwe wa babulatsela, setlhopa sengwe sa batho bao ba neng ba hutsafetse mo lefelong leo le le neng le le kwa thoko se ne sa gomodiwa ka tsholofelo ya boammaaruri ya baswi. Monna mongwe wa motsofe yo o neng a na le ditedu tse ditelele tse ditshweu o ne a bontsha ka moo a anaanelang ka gone go tswa pelong, mme o ne a botsa gore o ne a ka dira jang gore a beeletse makasine wa rona gore o fetse dingwaga tse di le lesome a ntse a o amogela! Kwa Fortaleza, batho ba le 120 ba ne ba solegelwa molemo ke go bona diselaete tsa Mokgatlho.
Abo babulatsela bano ba ikutlwile ba kgotsofetse jang ne go bo ba lerile lesedi la boammaaruri kwa ditulong tse di kwa kgakala! Eleruri, ga go na tsela epe e nngwe eo e sireletsegileng le eo e kgotsofatsang eo motho a ka dirisang botshelo jwa gagwe ka yone go gaisa go direla Mmopi wa botshelo ka bojone, ebong Jehofa Modimo.—Pesalema 63:3, 4.
[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 26]
(For fully formatted text, see publication)
BOLIVIA
Guayaramerín
Riberalta
Fortaleza
San Joaquín
San Ramón
Trinidad
San Antonio