Se o Tshwanetseng go se Itse ka ga Lefufa
LEFUFA ke eng? Ke boikutlo jo bo boteng jo bo ka dirang gore motho a tlhobaele, a hutsafale, kana a tenege. Re ka nna lefufa fa mongwe a lebega a atlega mo tirong nngwe go re feta. Kana re ka nna ra ikutlwa re fufega fa tsala nngwe e bakwa thata go re feta. Mme lefa go ntse jalo, a go nna lefufa go phoso ka dinako tsotlhe?
Batho ba ba laolwang ke lefufa ba rata go belaela batho ba ba ka ba gaisang. Sekai sa kgang eno e ne e le Kgosi Saule wa kwa Iseraele wa bogologolo. Kwa tshimologong o ne a rata motsholadibolao wa gagwe e bong Dafite, a ba a mo tlhatlosa maemo gore a etelele masole pele. (1 Samuele 16:21; 18:5) Mme letsatsi lengwe Kgosi Saule o ne a utlwa basadi ba baka Dafite ka mafoko ano: “Saule o bolaile ba makgolo a masome ba gagwe, mme Dafite o bolaile ba makgolo a makgolo ba gagwe.” (1 Samuele 18:7) Saule ga a tshwanela go ka bo a letleletse seno gore se senye kamano ya gagwe e e molemo le Dafite. Lefa go ntse jalo, o ne a kgopisega. “Saule a dilola Dafite ka matlho go simolola ka tsatsi leo go ya kwa pele.”—1 Samuele 18:9.
Motho yo o lefufa o ka nna a se ka a eleletsa yo mongwe bosula. A ka nna a se ka a rata fela gore mongwe ka ene a atlege e bile a eletsa gore a nne le dinonofo tse di tshwanang le tsa gagwe kana a diragalelwe ke se se tshwanang. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa motho a na le mofuta o mongwe o o maswe thata wa lefufa, a ka nna a ikgogona mo sephiring go direla motho yo a mo fufegelang molemo kana a mo eleletsa bosula. Ka dinako tse dingwe, motho yo o lefufa jalo ga a kgone go fitlha maikutlo a gagwe. A ka nna a tlhotlheletsega gore a gobatse yo mongwe a sa fitlhe, fela jaaka Kgosi Saule a ne a leka go bolaya Dafite. Saule o ne a latlhela lerumo ka makgetlho a feta gangwe a leka go ‘kokotela Dafite mo loboteng.’—1 Samuele 18:11; 19:10.
O ka nna wa re, ‘Mme nna ga ke motho yo o lefufa.’ Ke boammaaruri, lefufa le ka nna la bo le sa laole botshelo jwa gago. Lefa go ntse jalo, rotlhe re amiwa ke lefufa ka selekanyo se se rileng—maikutlo a rona a lefufa le a ba bangwe. Lefa re ka itlhaganelela go lemoga lefufa la ba bangwe, re ka nna ra se ka ra bona la rona ka bofefo.
“Go Rata go Fufega”
Rekoto ya mekgwa ya motho ya boleo e e tlhalositsweng mo Lefokong la Modimo, Baebele, gantsi e gatelela maleo a go fufega. A o gakologelwa pego ka ga Kaine le Abele? Barwa bano ba ga Adame le Efa ba ne ba isetsa Modimo ditlhabelo ka bobedi jwa bone. Abele o ne a dira jalo ka gonne e ne e le monna wa tumelo. (Bahebere 11:4) O ne a na le tumelo ya gore Modimo o ka kgona go diragatsa boikaelelo jwa Gagwe jo bo molemolemo malebana le lefatshe. (Genesise 1:28; 3:15; Bahebere 11:1) Abele gape o ne a dumela gore Modimo o ne a tla duela batho ba ba ikanyegang ka go ba neela botshelo mo lefatsheng le le tlang la Paradaise. (Bahebere 11:6) Ka jalo, Modimo o ne a bontsha gore o ne a itumelela setlhabelo sa ga Abele. Fa Kaine tota a ne a rata monnawe, o ka bo a ile a itumela fa Modimo o segofatsa Abele. Go na le go itumela, Kaine o ne “a nna bogale thata.”—Genesise 4:5.
Modimo o ne a kgothaletsa Kaine go dira molemo gore le ene a tle a segofadiwe. Go tswa foo Modimo o ne a tlhagisa jaana: “Fa o sa dire sentle, boleo bo ipobile fa mojakong; mme keletso ya jone e tlaa nna mo go wena, mme wena o bo laole.” (Genesise 4:7) Ka maswabi, Kaine ga a ka a laola kgalefo ya gagwe e e neng e bakwa ke lefufa. E ne ya mo tlhotlheletsa gore a bolaye monnawe yo o siameng. (1 Johane 3:12) Fa e sale ka nako eo batho ba le dimilione tse di makgolokgolo ba ntse ba swela mo dintweng. The World Book Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Dilo dingwe tsa konokono tse di bakang ntwa e ka nna go eletsa naga e e oketsegileng, go eletsa go huma thata, go eletsa go nna le thata e e oketsegileng, kana go eletsa polokesego.”
Bakeresete ba boammaaruri ga ba nne le seabe mo dintweng tsa lefatshe leno. (Johane 17:16) Lefa go ntse jalo, ka maswabi, Bakeresete bangwe ka dinako tse dingwe ba gagautlana ka mafoko. Fa batho ba bangwe mo phuthegong ba tsenelela, dikgogakgogano tseno di ka fetoga dintwa tse di kotsi tsa mafoko. “Ana dintwa di tswa kae, le ditlhabano di tswa kae mo go lona?” go ne ga botsa jalo mokwadi wa Baebele e bong Jakobe a botsa badumedikaene. (Jakobe 4:1) O ne a araba potso eo ka go senola bopelotshetlha jwa bone jwa go rata dithoto a bo a oketsa jaana, “Lo tle . . . lo nne lefufa.” (Jakobe 4:2) Ee, go rata dithoto go ka baka go di eletsa ka bopelotshetlha kana go fufegela bao ba lebegang ba le mo maemong a a botoka. Ka ntlha ya seo, Jakobe o ne a tlhagisa kgatlhanong le “go rata go fufega” ga batho.—Jakobe 4:5, NW.
Mosola wa go tlhatlhoba dilo tse di bakang lefufa ke ofe? Ebu, go ka re thusa gore re ikanyege re bo re leke go tsalana botoka le ba bangwe. Gape go ka re thusa gore re tlhaloganye ba bangwe botoka, re fetofetoge botoka, re bo re itshwarele botoka. Mme se se molemo le go feta, go bontsha kafa motho a tlhokang thata ka gone gore Modimo o dire thulaganyo ya one e e lerato ya go mo ntsha mo mekgweng ya batho ya boleo.—Baroma 7:24, 25.
Lefatshe le le Senang Lefufa la Boleo
Kafa batho ba lebang dilo ka gone, go ka utlwala e le ditoro fela gore lefatshe le ka nna le sena lefufa la boleo. Mokwadi Rom Landau o ne a dumela jaana: “Botlhale jo bo ntseng bo kokoanngwa mo dingwageng tse tsotlhe, mmogo le se borafilosofi . . . le baithutatlhaloganyo ba se buileng malebana le kgang eno, ga di fe kaelo epe go thusa motho yo o tshwenngwang ke lefufa. . . . A go na le ngaka e e kileng ya alafa motho lefufa?”
Mme lefa go ntse jalo Lefoko la Modimo le solofetsa gore batho ba tla bona botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng le lesha kwa ope a se kitlang a tlhola a tshwenngwa ke lefufa le le bosula teng. Mo godimo ga moo, kagiso ya lefatshe leo le lesha ga e ne e kgorelediwa ke batho ba ba bontshang mekgwa e e ntseng jalo e e boikepo.—Bagalatia 5:19-21; 2 Petere 3:13.
Lefa go ntse jalo, ga se lefufa lotlhe le le phoso. E bile tota, Baebele e bolela gore Jehofa “ke Modimo o o lefufa.” (Ekesodo 34:14) Seo se kaya eng? Mme Baebele e bolela eng ka ga lefufa le le siameng? Ka nako e e tshwanang, motho a ka laola jang lefufa le le sa tshwanelang? Bona ditlhogo tse di latelang.