Lesedi le Fenya Motlha wa Lefifi
BOTSHELO jwa motlha wa ga Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe bo ne bo farologane thata le jwa metlha ya Dikwalo tsa Sehebera. Babadi ba Baebele ba ba sa itseng seno ba ka nna ba akanya gore seemo sa loago le sa bodumedi se tswelelapele go tswa kwa go moporofeti Malaki go ya kwa mokwading wa Efangele Mathaio, ba sa tlhaloganye sentle gore go diragetseng mo dingwageng tse 400 tse di fa gare tse go sa kwalwang sepe ka tsone.
Malaki, lokwalo lwa bofelo lwa Dikwalo tsa Sehebera mo Dibaebeleng tse dintsi tsa gompieno, lo felela ka nako ya fa masalela a Iseraele a boetse gape kwa nageng ya ga bone fa ba sena go gololwa mo botshwarong kwa Babilone. (Jeremia 23:3) Bajuta ba ba ineetseng ba ne ba kgothalediwa gore ba emele letsatsi la Modimo la katlholo le le neng le tla fedisa bosula mme le bo le tlisa Motlha wa ga Mesia. (Malaki 4:1, 2) Peresia e ne ya tswelela e busa mo nakong eo. Masole a Peresia a a neng a kgaogane senè kwa Juta a ne a dira gore go nne le kagiso mme a tlotlomatsa ditaolo tsa segosi ka go dirisa sesole ka go pateletsa.—Bapisa Esera 4:23.
Lefa go ntse jalo, dinaga tsa Baebele ga di a ka tsa nna di ritibetse mo makgolong a dingwaga a manè a a neng a latela. Lefifi la semoya le go tlhakana tlhogo di ne tsa simolola go tsenelela. Kwa Botlhaba jo bo Gaufi go ne ga tlala thubakanyo, borukutlhi, go gatelelwa, dikakanyo tse di feteletseng tsa bodumedi, filosofi e e supang kabakanyo, le tlhakatlhakano.
Mathaio, lokwalo lwa ntlha lwa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, lo ne lwa kwalwa mo motlheng o o farologaneng. Mephato ya masole a Roma e ne ya pateletsa Pax Romana, kgotsa Kagiso ya Roma. Batho ba ba nang le tshisimogo ba ne ba emetse ka tlhoafalo gore Mesia a tle gore a tle go fedisa tshotlego, kgatelelo le bohumanegi mme a phatsimise botshelo, katlego le thetebalo. (Bapisa Luke 1:67-79; 24:21; 2 Timotheo 1:10.) A re eleng tlhoko mephato e e maatla thata ya masole a a neng a baakanya mokgatlho wa Bajuta mo makgolong a dingwaga pele ga Jesu Keresete a tsholwa.
Botshelo Jwa Sejuta mo Metlheng ya Peresia
Morago ga gore Kurose a bolele se se neng sa golola Bajuta mo botshwarong jwa Babilone ka 537 B.C.E., setlhopha sa Bajuta le ditsala tsa bone tse e seng Bajuta se ne sa tswa kwa Babilone. Masalela ano a a arabelang ka tsela ya semoya a ne a boela kwa ditoropokgolong tse di senyegileng le kwa nageng e e swafetseng. Baetome, Bafenekia, Basamarea, merafe ya Arabia le e mengwe e ne e fokoditse naga e kgolo ya Iseraele. Se se neng se setse kwa Juta le Benjamine e ne ya nna kgaolo ya Juta mo kgaolong ya babusi ba Peresia e e neng e bidiwa Abar Nahara (Ka kwa ga Noka).—Esera 1:1-4; 2:64, 65.
Mo pusong ya Peresia, Juta e ne ya simolola go bona “motlha wa kgolo le go oketsega ga batho,” go bolela jalo The Cambridge History of Judaism. E tswelela go bolela jaana mabapi le Jerusalema: “Balemi le baeti ba sedumedi ba ne ba tlisa dimpho, Tempele le toropokgolo di ne tsa huma, mme khumo ya tsone e ne ya oka bagwebi le badiri ba dinaga di sele.” Lefa gone Baperesia ba ne ba itshokela puso e e neng e busa mo lefelong leo mmogo le bodumedi jwa yone, makgetho a teng a ne a le kwa godimo thata, mme a duelwa fela ka ditshipi tse di tlhwatlhwakgolo.—Bapisa Nehemia 5:1-5, 15; 9:36, 37; 13:15, 16, 20.
Metlha ya dingwaga tsa bofelo tsa Mmusomogolo wa Peresia e ne e le maswe thata, e na le botsuolodi jwa babusi. Bajuta ba bantsi ba ne ba nna le seabe mo botsuoloding jo bo neng bo le mo Lobopong lwa Mediterranean mme ba kobelwa kwa bokone, kwa Hyrcania mo Lewatleng la Caspian. Lefa go ntse jalo, ga go lebege bontsi jwa batho ba Juta bo ne bo amilwe ke go otlhaiwa ke Peresia.
Motlha wa Bagerika
Alexander yo Mogolo o ne a siana jaaka lengau mo Botlhabagare ka 332 B.C.E. mme dithoto tsa Gerika di ne di setse di ratiwa thata. (Daniele 7:6) Fa a ne a lemoga gore setso sa Segerika se ne se le botlhokwa mo bopolotiking, o ne a fetolela ka boomo mmusomogolo wa gagwe o o neng o oketsega a o fetolela mo Segerikeng. Segerika e ne ya nna puo ya ditšhabatšhaba. Puso ya ga Alexander e e neng e le khutshwane, e ne ya rotloetsa batho go rata difilosofi, go nna tlhaga mo metshamekong le go rata matlhajana. Ka bonya ka bonya, le e leng boswa jwa Sejuta bo ne jwa ineela mo Segerikeng.
Morago ga loso lwa ga Alexander ka 323 B.C.E., batlhatlhami ba gagwe kwa Siria le kwa Egepeto e ne ya nna bone ba ntlha go diragatsa se moporofeti Daniele a neng a se bitsa “kgosi ya botsheka” le “kgosi ya borwa.” (Daniele 11:1-19) Ka nako ya fa go ne go busa “kgosi ya borwa” ya kwa Egepeto e bong Ptolemy II Philadelphus (285-246 B.C.E.), Dikwalo tsa Sehebera di ne tsa simolola go ranolelwa mo puong ya Se-Koine, e e leng Segerika se se tlwaelegileng. Thanolo eno e ne ya bidiwa Septuagint. Ditemana tse dintsi tsa thanolo eno di ne di nopotswe mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Puo ya Segerika e ne ya itshupa e le molemo fa go ne go tlhalosiwa mefuta e e farologaneng ya bokao jwa mafoko mo lefatsheng le le etsaetsegang le le lefifi semoyeng.
Morago ga Antiochus IV Epiphanes a sena go nna kgosi ya Siria le mmusi wa Palesetina (175-164 B.C.E.), Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta e ne e setse e batlile e fedisitswe ke pogiso e e neng e tshegediwa ke puso. Bajuta ba ne ba patelediwa go itatola Jehofa Modimo le gore ba ntshetse fela medimo ya Segerika ditlhabelo, ba tshosediwa ka gore ba tla bolaiwa. Ka December 168 B.C.E., go ne ga agiwa sebeso sa baheitane mo godimo ga sebeso se segolo sa ga Jehofa kwa tempeleng ya Jerusalema, mme ditlhabelo tse di neng di isediwa Zeus wa Olympia di ne di fisediwa mo go sone. Banna ba ba pelokgale ba ba neng ba gakgametse ba motse ba ne ba kopana ba eteletswe pele ke Judas Maccabaeus mme ba lwa ntwa e e matlho mahibidu go fitlha ba gapa Jerusalema. Tempele e ne ya neelwa Modimo gape, mme dingwaga tse tharo morago ga e sena go itshekololwa, ditlhabelo di ne tsa simolola go ntshiwa gape letsatsi le letsatsi.
Mo nakong e e neng e setse ya motlha wa Bagerika, batho ba kwa Jutea ba ne ba senka ka dikgoka ditsela tse ba neng ba ka oketsa naga ya bone go ya kwa melelwaneng ya bogologolo. Ba ne ba dirisa bopelokgale jwa bone mo sesoleng ka tsela e e maswe gore ba pateletse baagisani ba bone ba baheitane gore ba sokologe ka go ba tshosetsa ka go ba bolaya. Lefa go ntse jalo, kgopolo ya Bagerika ya sepolotiki e ne ya tswelela e laola mo ditoropokgolong le mo ditoropong.
Mo nakong eno, gantsi batho ba ba neng ba lwela go nna baperesiti ba bogologolo ba ne ba le bosula. Maano, go bolaya le merero ya sepolotiki di ne di senya maemo a bone a bolaodi leina. Fa Bajuta ba tswelela pele go nna le maikutlo a a bosula, metshameko ya Segerika e ne ya tuma ka mo go oketsegileng. A bo go ne go gakgamatsa thata jang ne go bona baperesiti ba babotlana ba tlhokomologa ditiro tsa bone gore ba tle ba nne le seabe mo metshamekong! Batabogi ba Bajuta ba ne ba bo ba ineela go arwa mo go botlhoko gore ba nne jaaka “ba ba sa rupang” gore ba tle ba se ka ba tlhabiwa ke ditlhong fa ba gaisana le Baditšhaba ba sa apara.—Bapisa 1 Bakorinthe 7:18.
Diphetogo Tsa Bodumedi
Mo metlheng ya pele fa ba sena go isiwa botshwarong, Bajuta ba ba ikanyegang ba ne ba gana go kopanya megopolo le difilosofi tsa boheitane le bodumedi jwa boammaaruri jo bo neng bo senolwa mo Dikwalong tsa Sehebera. Lokwalo lwa Esethere, lo lo kwadilweng morago ga dingwaga di feta 60 tsa fa ba ntse ba tsalana le Peresia, ga lo na le fa e le Bo-Zoroaster bope. Mo godimo ga moo, go ne go sena tlhotlheletso epe ya bodumedi jono jwa Peresia e e fitlhelwang mo makwalong a Baebele a Esera, Nehemia, kgotsa Malaki, a otlhe a kwadilweng mo karolong ya pele ya motlha wa Peresia (537-443 B.C.E.).
Lefa go ntse jalo, bakanoki ba dumela gore mo karolong ya bofelo ya motlha wa Baperesia, Bajuta ba bantsi ba ne ba simolola go tsaya megopolo mengwe ya batho ba ba obamelang Ahura Mazda, moeteledipele wa medimo ya kwa Peresia. Seno se bonala mo ditumelobotlhoding tse di tlwaelegileng le ditumelo tsa Ba-Essene. Bajuta ba ne ba simolola go tsaya mafoko a a tlwaelegileng a Sehebera a bophokoje, ditshedi tse dingwe tsa mo sekakeng le dinonyane tse di fofang bosigo ba a amanya le meya e e bosula le dipoko tsa bosigo tsa ditlhamane tsa Babilone le Peresia.
Bajuta ba ne ba simolola go leba megopolo ya baheitane ka tsela e e farologaneng. Megopolo ya legodimo, dihele, moya, Lefoko (Logos) le botlhale, yotlhe e ne ya nna le bokao jo bosha. Mme fa e ne e le gore, jaaka go ne go rutwa mo nakong eo, Modimo o ne a le kgakala mo e leng gore o ne sa tlhole a buisana le batho, o ne a tlhoka batsereganyi. Bagerika ba ne ba bitsa meya eno e e neng e tsereganya ba re ke badimona. Ka go re Bajuta ba ne ba tsere kgopolo ya gore badimona ba ne ba ka nna molemo kgotsa ba nna bosula, badimona ba ne ba ba laola motlhofo.
Phetogo e e nang le mosola e ne e akaretsa kobamelo ya mo lefelong leo. Disinagoge di ne tsa oketsega ka bofefo tsa nna mafelo a diphuthego tse di gaufi tsa Bajuta di neng di kopanela kwa go one go tshwara dithuto tsa bodumedi le ditirelo. Ga go itsiwe gore tota disinagoge tsa Sejuta di simologile leng, kae, le gone jang. E re ka di ne di thusa Bajuta ka dilo tse ba neng ba di tlhoka tsa kobamelo kwa dinageng tse di kgakala fa ba ne ba sa kgone go ya kwa tempeleng, go dumelwa gore disinagoge di theilwe mo metlheng ya fa batho ba ne ba isiwa botshwaro kgotsa ya morago ga foo. Go bonala sentle gore di ne tsa nna mafelo a a molemo a bophuthegelo a mo go one Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba ‘bonatsa go tlotlomala ga Modimo, ene yo o bitsang batho ba le mo lefifing, a ba isa leseding la gagwe le le gakgamatsang.’—1 Petere 2:9.
Tsamaiso ya Tumelo ya Sejuta E ne E Amogela Ditumelo Tse di Farologaneng
Mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E., go ne ga nna le ditlhopha tsa batho ba ditumelo tse di farologaneng. E ne e se mekgatlho e e farologaneng ya bodumedi. Go na le moo, e ne e le makgotlana a baruti ba Bajuta, borafilosofi le borapolotiki ba ba neng ba batla go tlhotlheletsa batho le go laola setšhaba, botlhe ba le ka fa tlase ga Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta.
Basadukai ba ba neng ba rata dipolotiki gantsi e ne e le batho ba ba humileng ba maemo a a kwa godimo, ba ba neng ba itsiwe ka botswerere jwa bone mo puong fa e sale ka nako ya tsuologo ya ga Hasmon mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Bontsi jwa bone e ne e le baperesiti, lefa gone ba bangwe e ne e le borakgwebo le beng ba naga. Ka nako ya fa Jesu a ne a tsholwa, Basadukai ba bantsi ba ne ba rata puso ya Baroma ya Palesetina ka gore ba ne ba akanya gore e ne e ritibetse e bile e ka tswelela e tshegeditse tsamaiso e e neng e le teng ya merero. (Bapisa Johane 11:47, 48.) Setlhopha sa batho ba ba neng ba se bantsi (Baherote) se ne se dumela gore tsela e setšhaba se neng se leba dilo ka yone e ne e tla emelwa botoka fa go busa ba lelapa la ga Herote. Lefa go ntse jalo, Basadukai ba ne ba sa batle gore setšhaba se laolwe ke Bajuta ba ba tlhakantsweng tlhogo ke bodumedi kgotsa gore go nne le mongwe fela kwantle ga moperesiti yo o neng a tla laola tempele. Basadukai ba ne ba dumela dilo tsa ngwao, tse di neng di theilwe thatathata mo tseleng e ba neng ba tlhalosa mekwalo ya ga Moshe ka teng mme gape di ne di supa gore ba ne ba ganetsa lekoko le le neng le le maatla la Bafarisai. (Ditiro 23:6-8) Basadukai ba ne ba gana boporofeti jwa Dikwalo tsa Sehebera ba re ke dilo fela tse di ikakanyediwang. Ba ne ba ruta gore dikwalo tsa Baebele tsa hisitori, tsa maboko, le tsa diane di ne di sa tlhotlhelediwa e bile di ne di se botlhokwa.
Bafarisai ba simologile ka motlha wa Bagerika e le tsela e ba neng ba tsogologela tsela e Tsamaiso ya Segerika e neng e leka go fedisa Sejuta ka yone. Lefa go ntse jalo, ka motlha wa ga Jesu, ba ne ba gagametse thata, ba rata ngwao, ba rata molao, ba le boikgogomoso, e le basokologela Sejuteng ba ba neng ba rata go ipolela gore ba siame le baruti ba ba neng ba batla go laola setšhaba ka go ruta kwa sinagogeng. Gantsi ba ne ba tswa mo bathong ba maemo a a fa gare mme ba bifela batho ba maemo a a kwa tlase. Jesu o ne a leba Bafarisai ba bantsi jaaka ba ba ipatlang ba le nosi, ba ba se nang kutlwelobotlhoko, barati ba madi ba ba neng ba itimokanya. (Mathaio, kgaolo 23) Ba ne ba amogela Dikwalo tsotlhe tsa Sehebera go ya ka tsela e ba neng ba di tlhalosa ka yone mme ba tlhokomela dingwao tsa bone tse di neng di buiwa fela ka molomo ka tsela e e lekanang kgotsa e e oketsegileng. Ba ne ba bolela gore dingwao tsa bone di ne di “sireletsa Molao”. Lefa go ntse jalo, go na le gore dingwao tsa bone di sireletse molao, di ne di dira gore Lefoko la Modimo le se ka la nna le mosola e bile di akabatsa batho.—Mathaio 23:2-4; Mareko 7:1, 9-13.
Ba-Essene e ne e le batho ba ba neng ba sa itsiwe kwa ba tswang teng mme ba go lebegang ba ne ba nna ka ditlhopha mo mafelong a a kwa thoko. Ba ne ba ipitsa masalela a nnete a Iseraele, a a neng a emetse go amogela Mesia yo o neng a solofeditswe ka boitsheko jotlhe. Ba-Essene ba ne ba tshela botshelo jwa go ineela thata mo tumelong mme bontsi jwa dilo tse ba neng ba di dumela di ne di supa megopolo ya Baperesia le ya Bagerika.
Mefuta e mentsi e e farologaneng ya Batlhagafalelasejuta ba ba neng ba tlhakantswe ditlhogo ke botlhogo jwa lotso, ba ba neng ba rotloediwa ke bodumedi, ba ne ba leba mongwe le mongwe yo o neng a kgoreletsa merero ya Sejuta e e ikemetseng e le nosi jaaka mmaba. Ba ile ba tshwantshiwa le Ba-Hasmon mme makawana a a neng a rata go lekeletsa megopolo e mesha le go lekeletsa dilo a ne a ba rata thata. Jaaka ba ne ba tsewa jaaka babolai ba ba utswang kgotsa batho ba ba lwang, ba ne ba dirisa mekgwa ya ditsuolodi ya go lwa e e neng e dira gore ditsela tsa naga eo le mafelo a go neng go na le marekisetso a mantsi mo go one di nne kotsi mme ka go dira jalo ba oketsa dikgatelelo tsa letsatsi le letsatsi.
Kwa Egepeto, filosofi ya Segerika e ne ya tswelela pele sentle mo gare ga Bajuta ba ga Alexandria. Go tswa foo e ne ya anamela le kwa Palesetina le kwa Bajuteng ba ba gasagasameng ba Bafaladi. Bajuta ba ba tlotlomatsang dikgopolo ba ba kwadileng mekwalo ya Apocrypha le ya Pseudepigrapha ba ne ba tlhalosa mekwalo ya ga Moshe e le ditshwantsho tse di lolea, tse di sa kgatlheng.
Ka nako ya motlha wa Baroma, go fetogela Segerikeng go ne go fetotse Palesetina gotlhelele mo loagong, mo sepolotiking le mo go tsa filosofi. Bodumedi jwa Bajuta jwa Baebele, bo ne bo emiseditswe ke Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta, Sebabilone, Seperesia le megopolo ya Segerika e e neng e kopantswe le selekanyo se se rileng sa boammaaruri jwa Dikwalo. Lefa go ntse jalo, Basadukai, Bafarisai, le Ba-Essene fa ba kopane ba ne ba dira karolo e e kwa tlase ga diperesente tse 7 ya setšhaba. Bajuta ba bantsintsi ba ne ba le mo gare ga mephato eno e mebedi e e neng e sa utlwane, “ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.”—Mathaio 9:36.
Jesu Keresete o ne a tsena mo lefatsheng leo le le lefifi. Taletso ya gagwe e e kgothatsang e ne e gomotsa: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa.” (Mathaio 11:28) A bo go ne go itumedisa jang ne go mo utlwa a re: “Ke nna lesedi la lefatshe”! (Johane 8:12) Tsholofetso ya gagwe e e neng e ipedisa pelo eleruri e ne e le monate: “Yo o ntshalang morago ga a ketla a tsamaya mo lefifing, mme o tlaa nna le lesedi la botshelo.”—Johane 8:12.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Jesu o ne a supa gore baeteledipele ba bodumedi ba Bajuta ba ne ba le mo lefifing la semoya
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Ledi le le nang le setshwantsho sa ga Antiochus IV (Epiphanes)
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.