A Botshelo Jwa Gago bo Laolwa ke Tlholelo?
“ALA NÒ DON.” Go ya ka puo ya Se-Bambara ya kwa Mali, kwa Afrika Bophirima, mafoko ano a raya gore, “Ke tiro ya Modimo.” Mafoko a a tshwanang le ano a tlwaelegile thata kwa kgaolong eo ya lefatshe. Ka puo ya Se-Wolof go na le polelo e e reng, “Yallah mo ko def” (Modimo o dirile seo). Mme ka loleme longwe lwa naga eo lwa Se-Dogon, ba re, “Ama biray” (Modimo o bakile seo).
Go na le tsela e e tshwanang e mafoko ano a buiwang ka yone mo dinageng tse dingwe. Dipolelo tse di reng, “E ne e le nako ya gagwe” le “E ne e le thato ya Modimo” gantsi di a buiwa nako le nako fa go na le loso kana fa go tlhagile matlhotlhapelo mangwe. Kwa Afrika Bophirima, mafoko a a jaaka “Motho o a rulaganya, Modimo ene o a tlosa” a kwalwa thata mo dipalangweng tsa batho botlhe e bile a pegwa e le ditshupo mo mabenkeleng. Batho ba le bantsi ba tsaya gore ke maele fela. Lefa go ntse jalo, gantsi a bontsha kafa tumelo eno ya tlholelo e e nweleletseng mo bathong ka teng.
Tota tlholelo ke eng? The World Book Encyclopedia e e tlhalosa e le “go dumela gore dilo tse di diragalang di ikaegile ka maatla a batho ba ka sekang ba kgona go a laola.” “Maatla” ano ke afe? Dingwaga tse di diketekete tse di fetileng, Bababilone ba ne ba dumela gore tlholelo ya motho e laolwa thata ke tsela e dinaledi di neng di rulagantswe ka yone fa a tsholwa. (Bapisa Isaia 47:13.) Bagerika ba ne ba dumela gore tlholelo e ne e laolwa ke medimo ya sesadi e meraro e e nonofileng e e neng e otlha tlhale ya botshelo, e e lekalekanya le go e kgaola. Lefa go ntse jalo, baithutabomodimo ba Labokeresete ke bone ba tlileng ka kgopolo ya gore Modimo ke ene a tlholelang motho!
Ka sekai, “Moitshepi” Augustine o ne a sa dumalane le “maaka le tlhotlheletso ya megopolo” ya balepadinaledi. Mo letlhakoreng le lengwe, o ne a bontsha gore “go bolela gore Modimo o teng, mme mo godimo ga moo motho a bo a sa dumele gore O itse dilo tse di tla diragalang mo isagweng, go bontsha boeleele jo bogolo.” O ne a bolela gore fa e le gore Modimo ke mothatayotlhe, o tshwanetse “a itse dilo tsotlhe pele di diragala” a “sa tlogele sepe se sa tlholelwa.” Lefa go ntse jalo, Augustine o ne a bolela a tlhoafetse gore go sa kgathalesege gore a Modimo o itse sengwe le sengwe se se diragalang go sa le gale, batho ba santse ba ka itlhophela se ba se batlang.—The City of God, Buka V, Dikgaolo 7-9.
Makgolokgolo a dingwaga morago ga moo, moithutabomodimo wa Porotesetanta e bong John Calvin o ne a oketsa kgopolo eno, a bontsha gore e re ka batho bangwe ba “tlholetswe [ke Modimo] gore e nne bana le baruaboswa ba bogosi jwa selegodimo,” ba bangwe ba tlholetswe gore e nne “ba ba amogelang bogale jwa gagwe”!
Gompieno, go dumela tlholelo go amogelwa thata mo dikgaolong di le dintsi tsa lefatshe. A o ko o akanye ka se se diragaletseng Ousmane, lekawana lengwe la kwa Afrika Bophirima. O ne a ntse a le mongwe wa baithuti ba ba botlhale thata kwa sekolong sa gagwe, mme fa a kwala ditlhatlhobo tsa gagwe tsa bofelo, di ne tsa mo palela! Seno se ne se raya gore a boeletse ngwaga wa gagwe wa sekolo mme gape o ne a tlhabiwa ke ditlhong fa a bona ba lelapa le ditsala. Tsala nngwe e ne ya leka go mo gomotsa ka gore e ne e le thato ya Modimo. Ka tsela e e tshwanang mmaagwe Ousmane o ne a tsaya gore go bo a paletswe ke ditlhatlhobo ke ka gonne a ne a tlholetswe.
Kwa tshimologong Ousmane o ne a itumeletse go amogela maiteko a bone a go mo gomotsa. Legale, fa e le gore tota o paletswe ka go rata ga Modimo, go ne go sena sepe se a neng a ka se dira gore a thibele seo. Mme rraagwe o ne a sa lebe dilo jaaka ba bangwe. O ne a bolelela Ousmane gore e ne e le phoso ya gagwe go bo a paletswe ke ditlhatlhobo—e seng ya Modimo. Ousmane o ne a paletswe ka gonne a sa ithuta.
Ousmane o ne a swetsa ka go tlhotlhomisa dikgang ka boene, fa tumelo ya gagwe ya go tlholelwa dilo e sena go tshikinngwa. Jaanong re a go laletsa gore le wena o dire se se tshwanang ka go tlhatlhoba setlhogo se se latelang.