Basha ba ba Nang le Isagwe e e Sireletsegileng
“SELO se se tshosang le se se maswe thata fela jaaka [tiragalo epe fela ya petelelo]”—ke kafa moatlhodi mongwe yo o neng a okametse tsheko nngwe bosheng a neng a tlhalosa bokebekwa ka gone. Segopa sa basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba le robedi, ba dingwaga tse 14 go ya go 18, ba ne ba lalela mojanala mongwe wa mosadi mo karolong e e fa gare ga toropo ya Lontone, ba mo tlhasela ka go tlhakanela dikobo le ene ka go refosana, mme morago ga moo ba mo latlhela mo moseleng o motona wa metsi le mororo a ne a boletse gore ga a itse go thuma. Kafa go ntseng ka teng, mmè wa mongwe wa basha bano o ne a bolela gore o ne a ikutlwa a lwala fa a bona pego ya dikgang tsa thelebishene e e malebana le se morwawe a neng a se dira.
Ka maswabi, tiragalo eno e bontsha se se diragalelang batho gompieno. Bosetlhogo e setse e le selo se se tlwaelegileng, e ka tswa e le mo ditirong tsa bokebekwa, dikgotlhang tsa mo gae, kana dintwa tsa bomorafe tsa dinaga tsa Balkan, Afrika bogare le bophirima, le tse dingwe. Basha ba golela mo maemong a a ntseng jalo, kana gantsi ba a a utlwalela. Ga go gakgamatse he, go bo batho ba le bantsi ba le makgwakgwa jaana, e le ba “ba se nang katamalano e e bothito ya tlholego,” e bile ba ‘se na boikgapo.’—2 Timotheo 3:3.
“Ba ba Bogale”
Fa moaposetoloi Paulo wa Mokeresete a ne a kwalela mogolwanekaene e bong Timotheo lekwalo la bobedi, Roma e ne e busa lefatshe. Bosetlhogo le bolalome di ne di aname mo dipatlelong tsa Roma. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a tlhagisa gore mo isagweng, go ne go tla nna le dinako tse di “boima go dirisana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Se se kgatlhang ke gore lefoko la Segerika le le tlhalosang dinako tseno e le tse di “boima go dirisana le tsone” le akaretsa kgopolo ya gore di “bogale.” Tiragalo nngwe e e diragetseng mo bodireding jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng mo dingwageng tse di fetang 30 pelenyana e bontsha se se neng se baka bosetlhogo jwa mo nakong ya gagwe.
Jesu o ne a sa tswa go goroga ka mokoro ka fa botlhabatsatsi jwa lotshitshi lwa Lewatle la Galalea. Fa a tswela mo lotshitshing, banna ba babedi ba ne ba tla kwa go ene. Ponalo ya bone ya bobatana le go goa ga bone go ne go phepafetse gore go na le sengwe se se phoso thata ka bone. Ba ne ba “le bogale bo tshabegang,” tota e bile, ba ne ba laolwa ke madimona.a Se ba neng ba se goa se ne se tswa mo meyeng e e boikepo e e neng e laola ditiro tsa bone tsa bothubaki. Banna bano ba ne ba goa jaana: “Re na le tirisano efe le wena, Morwa Modimo? A o tlile fano go tla go re tlhokofatsa pele ga nako e e tlhomilweng?” Meya eno e e boikepo e e neng e laola banna bano ba babedi e ne e itse sentle gore Modimo o setse a tlhomile nako ya go diragatsa katlholo mo madimoneng. Seno se ne se kaya go senngwa ka bosakhutleng. Mme go fitlha ka nako eo a tlile go dirisa bokgoni jwa one jo bo fetang jwa motho go tsosa bothubaki jo bo tsitsibanyang mmele. Ke fela ka kgakgamatso ya ga Jesu ya go leleka madimona banna bano ba babedi ba neng ba thusega.—Mathaio 8:28-32; Jude 6.
Fa batho gompieno, go akaretsa le basha, ba dira dilo ka tsela e e bontshang botsenwa, re tla bo re dira sentle go gakologelwa tiragalo eo. Ka ntlha yang? Ka gonne mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga, re lebane le kotsi e e tshwanang, jaaka fa buka ya bofelo ya Baebele, ya Tshenolo, e tlhalosa: “Abo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12) Tsweetswee ela tlhoko gore go nyenyefadiwa ga ga Satane go kopane le “bogale jo bogolo” ka gonne o a itse gore nako ya gagwe e khutshwane.
Go Tlhaselwa
Jaaka gantsi go umakiwa mo teng ga lokwalopaka lono, mo ngwageng wa 1914 go ne ga tlhomiwa Keresete Jesu e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo kwa legodimong. Ka bonako fela Jesu o ne a tsaya kgato kgatlhanong le mmaba yo mogolo wa Modimo e bong Satane. Ka gone, Diabolo le madimona a gagwe ba ile ba lelekwa kwa legodimong mme jaanong ba tlhomile megopolo ya bone mo lefatsheng leno. (Tshenolo 12:7-9) E re ka a sa tlhole a tlhotlheletsa ka tsela e kgolwanyane, Satane “o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e senkang go kometsa mongwe.” (1 Petere 5:8) Ke bomang ba a ba tlhaselang motlhofo? A ga go utlwale gore e tla nna batho ba ba se nang boitemogelo ka botshelo le ka go tshedisana ga batho? Ka gone basha gompieno ke bone ba ba tlhaselwang ke Diabolo thata. Ka mmino wa bone le ka go rata boitapoloso, ba tshamekela mo diatleng tsa motsietsi yono yo o boferefere yo o sa bonaleng.—Baefeso 6:11, 12.
Tota le fa basha ba leka gore ba atlege mo matshelong a bone, ba a kgoreletsega. Fa e sa le ka bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe II, batho ba mo dinageng di le dintsi tse pele di neng di lwa ba ne ba leka go ituela ka go batlela ba malapa a bone khumo. Dithoto, boitapoloso jo bo feteletseng, le boitlosobodutu di ile tsa dirwa mekgele ya konokono. Ka ntlha ya seo, ba le bantsi ba ile ba boga. Paulo o ne a tlhagisa Timotheo jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa bosenangtlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko . . . Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gabalalela lorato lono bangwe ba . . . itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Timotheo 6:9, 10) Gantsi re bona batho ba setšhaba sa gompieno se se ratang dikhumo ba itlhabakile ka mathata a itsholelo, a tsa madi le a maikutlo. Bangwe ba bone ke basha ba le bantsi, ba ba tlhaselwang thata ke mmaba yono yo mogolo wa Modimo.
Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore go na le dikgang tse di molemo. Mme di ama basha, ba ba nang le isagwe e e sireletsegileng. Seno se ka kgonega jang?
Senkang Mme lo Tla Bona
Basha ba le bantsi ba na le maikaelelo a a molemo. Ga ba rate go tlhoka maitsholo mo go ntseng go anama mo bagolong. Ba ila tshiamololo le boikutlo jwa bopeloethata jwa boradipolotiki le borakgwebo ba ba ratang maemo. Fa o le mosha, gongwe ke tsela e o ikutlwang ka yone.
Akanya ka Cedric, lekawana lengwe la dingwaga tse di gaufi le masome a mabedi, yo boitemogelo jwa gagwe bo sa farologanang le jwa ba bangwe.b Fa e ne e sa ntse e le ngwana, o ne a na le dilo tse a neng a di boifa, go akaretsa go boifa loso. O ne a tle a ipotse gore ke eng fa re tshela. Ka go sa bone dikarabo tsa dipotso tsa gagwe ka nako ya fa a le dingwaga di le 15, o ne a tlogela go akanya ka botshelo fa a na le basha ba bangwe ba ba neng ba rata go lekeletsa megopolo e mesha. O gakologelwa jaana: “Re ne re tle re goge dope le go nna mmogo re tlotla ka nako e telele. O ne o akanya gore mongwe le mongwe o akanya jaaka wena, mme go ne go se na ope yo o nang le dikarabo.”
Fela jaaka basha ba le bantsi, Cedric o ne a eletsa go ijesa monate. Go ja diokobatsi ga go a ka ga mo kgotsofatsa. Go ise go ye kae o ne a simolola go utswa le go gweba ka diokobatsi. Le fa go ntse jalo o ne a ntse a batla ditsela tse dingwe tsa go ijesa monate. O ne a simolola go utswela batho ba ba otarileng dilo. O dumela jaana: “Ke ne ke itumelela go dira seno. Mme ga ke ise ke utswele motho ope fela yo e seng wa maemo. Fa ke ne ke utswile koloi, ke ne ke e tlogela e sa ntse e siame. Fa ke ne ke thuba mo kgwebong nngwe, ke ne ke dira jalo fela fa ke itse gore e na le inshorense. Go ne go nthusa go nna le seipato sa se ke neng ke se dira.” Jaaka o ka lebelela, Cedric o ne a felela a le kwa kgolegelong.
Cedric o gakologelwa jaana: “Mark, legolegwakanna, o ne a buisana le nna. Fa a lemoga gore ke na le letshwao le letona la sefapaano mo letsogong la me, o ne a mpotsa gore ke goreng fa ke na le lone. O ne a akanya gore le ka tswa le le botlhokwa mo go nna ka ntlha ya bodumedi.” Dibeke di le mmalwa morago ga moo, Mark o ne a neela Cedric khopi ya buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.c “‘O Ka Tshelela Ruri’—mafoko ao fela a ne a nkama ka bonako. Se ke sone re neng re tlhola re bua ka sone, mme ga re ise re ko re bone boammaaruri jwa sone.” Morago ga dipuisano di le dintsi le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a etela kwa kgolegelong, Cedric o ne a lemoga gore se a neng a se eletsa se ka kgonega—ka tsela ya Modimo fela.
Cedric o bolela jaana: “Fa ke se na go tlogela go kopana le ditsala tsa me tsa pele, ke ne ka gatela pele ka bonako.” Go ne go se motlhofo gore a tlhaloganye le go itumela. O bolela jaana: “Ke sa ntse ke berekela mo go seno. Ke tshwanetse go nna kelotlhoko ka tsela e ke akanyang ka yone.” Ee, Cedric jaanong o tlhaloganya gore go rata go lekeletsa megopolo e mesha go ile ga mo wetsa mo seraing sa ga Diabolo, ka a ne a akanya gore mekgele ya gagwe e ka kgonega fela ka go dira ditiro tsa go ijesa monate.
Se se itumedisang ke gore ke bogologolo Cedric a dule mo kgolegelong, mme ka metlha o itumelela botsala le batho ba ba boneng se ba neng ba se batla. Jaanong ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme o na le tsholofelo e e tshwanang le ya bone ya go tshela mo lefatsheng la Paradaise. Gape o lebeletse pele go bona tlhotlheletso ya ga Satane e nyelediwa le mekgwa yotlhe ya yone.
Gone mme, ga se basha fela ba ba tshwanang le Cedric ba ba nang le isagwe e e sireletsegileng; ba bangwe ba ile ba godisiwa ke batsadi ba ba ratang Modimo, ba ba neng ba gatisetsa go rata boammaaruri jwa Baebele mo baneng ba bone.
Thapiso ya Bomodimo e a Duela
Kgosi Solomone yo o botlhale wa bogologolo o ne a kwala jaana: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.” (Diane 22:6) Seno se ntse jalo mo kgannyeng ya basha ba le bantsi ba ba dirang ka pelo yotlhe ba ba tlhophileng go latela molao wa Baebele.
Sheila, Gordon le Sarah ba ne ba dira seno. Ba gakologelwa gore batsadi ba bone ba ne ba gatelela thata botlhokwa jwa go utlwa taelo ya ga Keresete ya gore ‘tsamayang mme lo dire barutwa’ ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) “Mo ditshwetsong dipe tse di neng di ka dirwa, nna le Mmè re ne re tle re raane jaana, ‘Seno se tla ama jang tiro ya go rera?’” Sheila o gakologelwa jalo. “Re ile ra tlogela ditiro di le dintsi tota ka baka la go akanya seno,” o dumela jalo, a oketsa ka gore, “mme a bo re ile ra bona masego jang ne!” Tota le morago ga letsatsi le letelele ba tswa go etela magae a batho ka dikgang tse di molemo, Sheila le mmaagwe ba ne ba boa ba ikgoga fela mme ba opela. O bolela jaana: “Ke ne ke itumetse thata. Ke sa ntse ke gakologelwa boitumelo joo le gone jaanong.”
Gordon o gakologelwa maitseboa a le mantsi a a itumedisang a Matlhatso. Gordon o gakologelwa jaana: “Ke ne ke lalediwa kwa magaeng a bagolwane ba phuthego, koo re neng re na le dipotso le dipuisano tse di molemo. Re ne re kgothalediwa go tshwara ditemana tsa Baebele ka tlhogo, go bua ka tshosologo ka ditlhogo tsa Dikwalo, go anela maitemogelo a tiro ya go rera, le go ithuta ka fa tiro ya Bogosi e neng e atologa ka gone. Dilo tseno tsotlhe di ne di nthusa go thaya motheo o o molemo le go tlhagolela lorato mo go Jehofa Modimo.”
Sarah o gakologelwa maitseboa mangwe a a itumedisang a ba neng ba a dirisa ba etetswe ke Basupi. “Re ne re ja dijo mmogo. Go tswa foo re ne re konela letsatsi ka go tshameka piano, e tsamaisana le ba ba neng ba opela dipina ka ga Bogosi jwa Modimo. Tota mmino o ne wa re thusa fela thata, segolo jang mo dingwageng tsa fa re sa ntse re tsena sekolo, ka gonne o ne o re thusa go dira dilo mmogo re le lelapa.”
Gone mme, ga se basha botlhe ba ba batlang go itumedisa Jehofa ba ba nang le maemo a lelapa a a eletsegang. Le fa go ntse jalo, go tsalana thata le malapa a Basupi mo phuthegong go a ba sireletsa e bile ba ikutlwa ba amogelwa.
Boloka Motheo o o Sireletsegileng wa Isagwe
Basha gompieno ba ka itlhophela. Ba ka tswelela pele le lefatshe leno le le boikepo le le tla tlogang le senngwa ka “pitlagano e kgolo” e e tlang e e boleletsweng pele ke Jesu. Kana ba ka “[tlhoma] tsholofelo ya bone mo Modimong . . . mme ba boloke ditaolo tsa one,” jaaka mopesalema yo o tlhotlheleditsweng e bong Asafe a ne a opela. Go utlwa Modimo go tla ba thibela go nna “losika lo lo tlhogo e thata, le lwa borukhutlhi; e le losika lo lo sa tlhomang pelo ya lone ka tshiamo, lo mowa wa lone o sa emang sentle le Modimo.”—Mathaio 24:21; Pesalema 78:6-8.
Mo diphuthegong tse di fetang 80 000 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, o tla bona basha ba le bantsi ba ba ka go kgatlhang. Ba utlwile kgakololo ya ga Paulo e a neng a e neela Timotheo yo mmotlana ya gore “ba lwele go dira molemo, go huma ditiro tse di molemomogolo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana, ba ipolokela ka pabalesego motheo o o molemomogolo wa isagwe.” Ka ntlha ya seo, jaanong ‘ba tshwere botshelo jwa mmatota ka thata.’ (1 Timotheo 6:18, 19) Sekaseka Bakeresete bano ba boammaaruri sentle ka go nna gone kwa dipokanong tsa bone. Le wena o tla nna le tsholofelo ya isagwe e e sireletsegileng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lefoko “bogale” le ranola lefoko la Segerika le le tshwanang le le le dirisitsweng mo go Mathaio 8:28 le mo go 2 Timotheo 3:1.
b Maina a fetotswe.
c E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Meya e e boikepo e ne e laola banna ba ba “bogale bo tshabegang” ba Jesu a neng a ba fodisa
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Go aga “motheo o o molemomogolo wa isagwe”