Ikele Tlhoko Gore O se Ka wa Tsiediwa
“Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa . . . tsietso e e lolea.”—BAKOLOSA 2:8.
1-3. (a) Ke dikai dife tse di bontshang gore go tsietsa go anametse mo e ka nnang mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo? (b) Ke ka ntlha yang fa tsietso e kana kana mo lefatsheng e sa tshwanela go re gakgamatsa?
“KE BA le kae ba lona ba ba iseng ba ko ba tsamaye ba akediwe ke batho ba lo ba emetseng mo molaong?” Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, porofesa nngwe ya tsa molao e ne e dira dipatlisiso ka go tsamaya e botsa potso eno. Batho ba a neng a ba botsa ba ne ba araba jang? O tlhalosa jaana: “Mo gare ga babueledi ba le diketekete, ke a le mongwe fela yo a iseng a ko a tsamaye a akediwe ke motho yo a mo emelang mo molaong.” Lebaka? “Mmueledi yono o ne a sa tswa go simolola go dira mo femeng nngwe e kgolo mme o ne a ise a simolole go bua le motho ope.” Tiragalo eno e bontsha ntlha nngwe e go swabisang go e amogela—e leng gore go bua maaka le go tsietsa ke dilo tse di tlwaelegileng mo lefatsheng la gompieno.
2 Go tsietsa go tla ka ditsela tse dintsi thata mme go tseneletse mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa gompieno. Dipego tsa metswedi ya tshedimosetso di tletse ka dikai tse dintsi thata tsa tsietso—boradipolotiki ba bua maaka ka se ba se dirang, diakhaontente le babueledi ba feteletsa morokotso wa dikgwebo tse ba berekang ka tsone, babapatsi ba tsietsa bareki, bareki ba diinshorense ba tsietsa dikhampani tsa inshorense ba bo ba di isa kgotlatshekelong, fa re umaka di sekae fela. Bothata jo bongwe ke jwa tsietso mo bodumeding. Baruti ba tsietsa boidiidi jwa batho ka go ruta dithuto tsa maaka, tse di tshwanang le go sa sweng ga moya, molelo wa dihele le Tharonngwe.—2 Timotheo 4:3, 4.
3 A re tshwanetse go gakgamadiwa ke gore go na le tsietso e kanakana? Nnyaa. Baebele e ne ya tlhagisa jaana fa e ne e tlhalosa ka ‘metlha ya bofelo’: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.” (2 Timotheo 3:1, 13) Rona Bakeresete re tshwanetse go ikela tlhoko mo dikgopolong tse di tsietsang tse di ka nnang tsa re katosetsa kgakala le boammaaruri. Ka gone go tsoga dipotso tse pedi: Ke ka ntlha yang fa go tsietsa go aname jaana gompieno, mme re ka itisa jang gore re se ka ra tsiediwa?
Ke ka Ntlha Yang Fa go Na le Tsietso e Kana Kana Gompieno?
4. Baebele e tlhalosa jang lebaka la go bo tsietso e aname jaana mo lefatsheng?
4 Baebele e tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore ke ka ntlha yang fa tsietso e aname jaana mo lefatsheng. Moaposetoloi Johane o ne a kwala gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) “Yo o boikepo” yo go buiwang ka ene fano ke Satane Diabolo. Fa Jesu a ne a bua ka ene o ne a re: “O ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring, ka gonne boammaaruri ga bo yo mo go ene. Fa a bua maaka, o bua go ya ka tshekamelo ya gagwe, ka gonne ke moaki le ramaaka.” Ka gone a go tshwanetse ga re gakgamatsa fa lefatshe leno le bontsha moya le mekgwa ya go tsietsa e e bontshiwang ke mmusi wa lone?—Johane 8:44; 14:30; Baefeso 2:1-3.
5. Satane o menne phatla go le kana kang mo metlheng eno ya bofelo, mme o batla go tsietsa bomang thata?
5 Mo metlheng eno ya bofelo, Satane o menne phatla. O latlhetswe mo lefatsheng. O a itse gore lobaka lwa gagwe lo lokhutshwane, mme o “bogale jo bogolo.” E re ka a ikemiseditse go senya batho ba le bantsi ka mo a ka kgonang ka gone, o ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (Tshenolo 12:9, 12) Satane ga se motho yo o tsietsang batho sewelo. Go na le moo, o dira jalo a sa kgaotse.a O dirisa mokgwa le fa e le ofe wa go tsietsa o a ka kgonang go o bona—o o akaretsang go dirisa boferefere le bonokwane—go foufatsa megopolo ya batho ba ba sa dumeleng le go ba katosetsa kgakala le Modimo. (2 Bakorintha 4:4) Setshedi seno se se fetogileng setswerere mo go tsietseng se batla go tsietsa thata ba ba obamelang Modimo “ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24; 1 Petere 5:8) O se ka wa lebala gore totatota Satane o ne a re: ‘Nka kgona go katosetsa mongwe le mongwe kgakala le Modimo.’ (Jobe 1:9-12) Nta re sekaseke mangwe a “maano a boferefere” a ga Satane mme re bone le gore re ka itisa jang gore a se ka a re tsietsa.—Baefeso 6:11.
Ikele Tlhoko Gore O se Ka wa Tsiediwa ke Batlhanogi
6, 7. (a) Ke eng se batlhanogi ba ka nnang ba go bolelela sone? (b) Dikwalo di bontsha jang se tota batlhanogi ba batlang go se fitlhelela?
6 Satane ga a bolo go nna a dirisa batlhanogi go leka go faposa batlhanka ba Modimo. (Mathaio 13:36-39) Batlhanogi ba ka nna ba go bolelela gore ba obamela Jehofa e bile ba dumela mo Baebeleng, mme ga ba amogele phuthego ya gagwe e e bonalang. Ba bangwe e bile ba boela kwa dithutong tse di tlontlololang Modimo tsa “Babelona o Mogolo,” e leng mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 17:5; 2 Petere 2:19-22) Bakwadi ba Baebele ba ne ba tlhotlhelediwa ke Modimo go dirisa mafoko a a nonofileng go senola maitlhomo le mekgwa ya batlhanogi.
7 Ke eng se batlhanogi ba batlang go se fitlhelela? Ba le bantsi ga ba kgotsofalele fela go tlogela tumelo e gongwe pele ba neng ba dumela gore ke yone ya boammaaruri. Gantsi ba batla go tswa le ba bangwe. Go na le gore ba tswe ba ye go itirela barutwa ba bone, batlhanogi ba le bantsi ba batla go ‘gogela barutwa [ke gore, barutwa ba ga Keresete] kwa go bone.’ (Ditiro 20:29, 30) Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka barutisi ba maaka o ne a ntsha tlhagiso eno e e potlakileng: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng.” (Bakolosa 2:8) A seno ga se tlhalose se batlhanogi ba le bantsi ba lekang go se dira? Fela jaaka motho yo o utswang yo mongwe, a mo tsaya mo go ba lelapa la ga bone go se na yo o lemogang, batlhanogi ba ikgapela maloko a phuthego a a sa belaeleng sepe, mme ba leka go ba katosetsa kgakala le letsomane.
8. Batlhanogi ba dirisa mekgwa efe go fitlhelela boikaelelo jwa bone?
8 Batlhanogi ba dirisa mekgwa efe go fitlhelela boikaelelo jwa bone? Gantsi ba dirisa dipolelo tse di sokamisitsweng, dipolelo tse di seng boammaaruri go le kalo le maaka a a buiwang fela ka tlhamalalo. Jesu o ne a itse gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla tlhaselwa ke batho ba ba neng ba tla “bua maaka otlhe a a bosula ka” bone. (Mathaio 5:11, Today’s English Version) Baganetsi bano ba ba peloemaswe ba bua se se seng boammaaruri e le gore ba tsietse ba bangwe. Moaposetoloi Petere o ne a tlhagisa ka batlhanogi ba ba neng ba tla dirisa “mafoko a tsietso,” ba anamise ‘dithuto tse di tsietsang,’ ba bo ba ‘sokamise Dikwalo’ gore ba fitlhelele se ba batlang go se fitlhelela. (2 Petere 2:3, 13; 3:16) Ka maswabi, batlhanogi ba a kgona go “phetsola tumelo ya bangwe.”—2 Timotheo 2:18.
9, 10. (a) Re ka itisa jang gore re se ka ra tsiediwa ke batlhanogi? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwenngwe ke gore tsela e re tlhaloganyang maikaelelo a Modimo ka yone e tlhoka go nna e tokafadiwa?
9 Re ka itisa jang gore re se ka ra tsiediwa ke batlhanogi? Ka go tsaya kgakololo eno e e tswang mo Lefokong la Modimo tsia, e e reng: “Lo beyeng leitlho ba ba bakang dikgaogano le dikgopiso kgatlhanong le thuto e lo e ithutileng, mme lo ba tile.” (Baroma 16:17) Re ‘ba tila’ ka go gana dithuto tsa bone—e ka tswa e le fa bone ka namana ba re bolelela tsone, di kwadilwe, kgotsa di le mo Internet. Ke ka ntlha yang fa re dira jalo? Sa ntlha ke ka gonne Lefoko la Modimo le re bolelela gore re dire jalo, mme re dumela gore Jehofa ka metlha o re batlela se se molemo.—Isaia 48:17, 18.
10 Sa bobedi, re rata mokgatlho o o re rutileng boammaaruri jo bo molemolemo jono, jo bo re kgaoganyang thata jaana le Babelona o Mogolo. Ka fa letlhakoreng le lengwe re a lemoga gore ga re ise re itse dintlha tsotlhetsotlhe ka boikaelelo jwa Modimo; tsela e re tlhaloganyang dilo ka yone e ntse e tokafadiwa fa dingwaga di ntse di ya. Bakeresete ba ba ikanyegang ba kgotsofalela go letela Jehofa gore e nne ene a re tokafaletsang dilo ka tsela eno. (Diane 4:18) Fa re ntse re letetse seo, ga re na go tlogela mokgatlho o Modimo a itumelelang go o dirisa, ka gonne re bona sentle gore o a o segofatsa.—Ditiro 6:7; 1 Bakorintha 3:6.
Ela Tlhoko Gore O se Ka wa Itsietsa
11. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba sa itekanelang ba na le tshekamelo ya go itsietsa?
11 Batho ba ba sa itekanelang ba na le tshekamelo nngwe e Satane a ratang go itlhaganelela go e dirisa—e leng ya go itsietsa. Jeremia 17:9 ya re: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” Mme Jakobe ene o ne a kwala a re: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe.” (Jakobe 1:14) Fa pelo ya rona e hepisega, e ka nna ya feleletsa e re ngokela kwa boleong, e dira gore boleo bo lebege e le selo se se kgatlhang le se se seng kotsi. Go leba dilo ka tsela eo go a tsietsa, ka gonne fa motho a feleletsa a ineetse gore a dire boleo kgabagare seo se tla mo lebisa kwa tshenyegong.—Baroma 8:6.
12. Re ka raelwa ke go itsietsa ka ditsela dife?
12 Go itsietsa go ka re raela motlhofo fela. Pelo e e boferefere e ka nna ya dira gore o lebe bokoa bongwe jo bo masisi jo o nang le jone e se selo se se maswemaswe go le kalo, kgotsa e ka go beela diipato fa o dirile boleo bongwe jo bo masisi. (1 Samuele 15:13-15, 20, 21) Gape dipelo tsa rona tse di boferefere di ka nna tsa re batlela ditsela tsa go mpampetsa boitshwaro bongwe jo bo belaetsang. Ka sekai, akanya ka kgang ya boitlosobodutu. Go na le mefuta mengwe ya boitlosobodutu jo bo siameng e bile e le jo bo itumedisang. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa se lefatshe leno le re nayang sone—mo dibaesekopong le mo thelebisheneng le mo Internet—ke se se bodileng le se se kgothaletsang boitshwaro jo bo sa siamang. Go motlhofo fela gore re ipolelele gore re ka kgona go lebelela boitlosobodutu jo bo leswe mme re bo re sa diragalelwe ke sepe. Bangwe e bile ba re, “Se ke se lebeletseng ga se tshwenye segakolodi sa me, ka jalo bothata bo fa kae foo?” Mme batho ba ba akanyang jalo ba “itsietsa ka tsela e e phoso ya go akanya.”—Jakobe 1:22.
13, 14. (a) Ke sekai sefe sa Dikwalo se se re bontshang gore ga se ka metlha segakolodi sa rona se ka re kaelang sentle? (b) Re ka itisa jang kgatlhanong le serai sa go itsietsa?
13 Re ka itisa jang kgatlhanong le serai seno sa go itsietsa? Sa ntlha, re tshwanetse go gakologelwa gore ga o ka ke wa ikanya segakolodi sa gago ka metlha. Akanya ka kgang ya ga moaposetoloi Paulo. Pele ga a nna Mokeresete, o ne a bogisa balatedi ba ga Keresete. (Ditiro 9:1, 2) Segakolodi sa gagwe se ka nna sa bo se ne se sa mo tshwenye ka nako eo. Le fa go ntse jalo, go a bonala sentle gore se ne se sa kaelwa ka tsela e e tshwanetseng. Paulo o ne a re: “Ke ne ke se na kitso e bile ke dira ka go tlhoka tumelo.” (1 Timotheo 1:13) Ka gone lebaka la go bo segakolodi sa rona se sa tshwenngwe ke mefuta e e rileng ya boitlosobodutu ga le reye gore se re se dirang se siame. Ke segakolodi se se dirang sentle fela, se se thapisitsweng sentle ka Lefoko la Modimo se se ka re kaelang sentle.
14 Gore re kgone go tila serai sa go itsietsa, go na le dikakantsho dingwe tse di molemo tse re tshwanetseng go nna re di gakologetswe ka metlha. Itshekatsheke ka thapelo. (Pesalema 26:2; 2 Bakorintha 13:5) Go itshekatsheka ka kelotlhoko go ka go thusa go bona gore o tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe mo tseleng e o lebang kgotsa o dirang dilo ka yone. Reetsa ba bangwe. (Jakobe 1:19) E re ka motho a na le go nna a itlhokomolosa dilo dingwe tse a tshwanetseng go di baakanya fa a itlhatlhoba, go botlhale gore re reetse mafoko a boikaelelo jwa one e leng go re thusa a a buiwang ke Bakeresete ba bangwe ba ba godileng. Fa o fitlhela gore o na le go dira ditshwetso kgotsa o na le go dira dilo ka tsela e e tsosang dipotso mo megopolong ya badumedikawena ba ba godileng, ba ba nang le maitemogelo, o ka nna wa ipotsa jaana, ‘A go ka direga gore gongwe segakolodi sa me ga se a thapisiwa sentle kgotsa gongwe pelo ya me e a ntsietsa?’ Iphepe ka metlha ka Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. (Pesalema 1:2) Go dira jalo go tla go thusa go dira gore mogopolo wa gago le maikutlo a gago di dumalane le melaometheo ya bomodimo.
Itise mo Maakeng a ga Satane
15, 16. (a) Satane o dirisa maaka afe go leka go re tsietsa? (b) Re ka dira jang gore re se ka ra tsiediwa ke maaka ano?
15 Satane o dirisa maaka a mefutafuta go leka go re tsietsa. O leka go dira gore re dumele gore go nna le dilo tse di bonalang go leretse motho boitumelo le kgotsofalo, mme gone gantsi ga go a nna jalo. (Moreri 5:10-12) O batla gore re dumele gore lefatshe leno le le boikepo le tla nnela ruri, le mororo gone go bonala sentle gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Satane o kgothaletsa mogopolo wa gore ga go na kotsi epe mo go tsheleng botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang, le mororo batho ba ba ratang menate ba na le go welwa ke matlhotlhapelo morago ga ditiro tsa bone. (Bagalatia 6:7) Re ka dira jang gore re se ka ra tsiediwa ke maaka a a tshwanang le ano?
16 Solegelwa molemo ke dikai tsa Baebele. Baebele e na le dikai tse di re tlhagisang tsa batho ba ba neng ba tsiediwa ke maaka a ga Satane. Ba ne ba rata dilo tse di bonalang, ba itlhokomolosa dinako tse ba tshelang mo go tsone, kgotsa ba ineela go wela mo boitsholong jo bo sa siamang—mme morago ga moo ba robe se ba se jetseng. (Mathaio 19:16-22; 24:36-42; Luke 16:14; 1 Bakorintha 10:8-11) Ithute mo dikaing tsa motlha wa gompieno. Ka maswabi, ka dinako dingwe Bakeresete bangwe ba na le go lebala gore re tshela mo metlheng e e potlakileng mme ba dumela gore fa ba direla Modimo ba latlhegelwa ke monate mongwe. Ba ka nna ba tlogela boammaaruri mme ba simolola go tshela botshelo jwa go ijesa menate. Le fa go ntse jalo, batho ba ba dirang jalo ba “mo lefelong le le boreledi,” ka gonne go ise go ye kae ba tla bo ba ja maungo a ditiro tse di boikepo tse ba ntseng ba di dira. (Pesalema 73:18, 19) Re tla bo re dira ka botlhale fa re ithuta mo diphosong tsa ba bangwe.—Diane 22:3.
17. Ke ka ntlha yang fa Satane a batla gore re dumele maaka a gore Jehofa ga a re rate e bile ga a re tseye re le botlhokwa?
17 Go na le maaka a mangwe a Satane a ileng a atlega go a dirisa—e leng go dira gore re dumele gore Jehofa ga a re rate e bile ga a re tseye re le botlhokwa. Satane o na le dingwaga di le diketekete a ntse a ithuta batho ba ba sa itekanelang. O itse sentle gore go kgobega marapo go ka re koafatsa. (Diane 24:10) Ka gone o dira gore re dumele maaka a gore ga re na mosola wa sepe mo matlhong a Modimo. Fa re “latlhelwa fa fatshe” mme re dumela gore Jehofa ga a amege ka rona, re ka nna ra raelesega go ineela. (2 Bakorintha 4:9) Seo ke sone se Motsietsi yo mogolo a se batlang! Ka gone he, re ka dira jang gore re se ka ra tsiediwa ke maaka ano a ga Satane?
18. Baebele e re tlhomamisetsa jang gore Jehofa o a re rata?
18 Tlhatlhanya ka se Baebele e re bolelelang sone ka lorato lo Modimo a re ratang ka lone. Lefoko la Modimo le dirisa ditshwantsho tse di amang maikutlo go re tlhomamisetsa gore Jehofa o a re bona e bile o rata mongwe le mongwe wa rona. O tsenya dikeledi tsa gago mo “modutwaneng” wa gagwe, mo go rayang gore o bona dikeledi tse o di tshololang fa o ntse o kgaratlhela go nna o ikanyega e bile o a di gakologelwa. (Pesalema 56:8) O a itse fa o le “pelo e phatlogileng” mme o gaufi le wena mo dinakong tse di tshwanang le tseo. (Pesalema 34:18) O itse sengwe le sengwe ka wena, go akaretsa le palo ya “meriri ya ditlhogo tsa lona.” (Mathaio 10:29-31) Mo godimo ga tsotlhe, Modimo o go ‘ntsheditse Morwawe yo o tsetsweng a le esi.’ (Johane 3:16; Bagalatia 2:20) Ka dinako dingwe o ka nna wa go fitlhela go le thata go dumela gore ditemana tse di tshwanang le tseno di a dira le mo go wena ka namana. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go dumela se Jehofa a re bolelelang sone. O batla gore re dumele gore o a re rata, e seng fela fa re le setlhopha, mme gape o rata mongwe le mongwe wa rona.
19, 20. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go lemoga le go latlha maaka a ga Satane a gore Jehofa ga a go rate? (b) Molebedi mongwe yo o etang o thusitse jang batho ba ba kgobegileng marapo?
19 Lemoga se e leng maaka mme o a latlhe. Fa o itse gore mongwe o bua maaka, o ka kgona go itshireletsa gore o se ka wa tsiediwa. Ka tsela e e tshwanang, go itse fela gore Satane o batla gore o dumele maaka a gore Jehofa ga a go rate, ka bogone go ka go thusa. Mokeresete mongwe fa a sena go bala setlhogo sengwe sa Tora ya Tebelo se se neng se tlhagisa ka maano a ga Satane, o ne a re: “Ke ne ke sa itse gore Satane o leka go dirisa maikutlo a me go nkgoba marapo. Go itse seno go ntlhotlheletsa go lwantshana le maikutlo ano.”
20 Akanya ka maitemogelo ano a molebedi yo o etang wa kwa nageng nngwe ya Amerika Borwa. Fa a le mo loetong lwa bodisa, a etetse badumedi mmogo le ene ba ba kgobegileng marapo, gantsi o ba botsa jaana, ‘A o dumela mo go Tharonngwe?’ Motho yono yo o kgobegileng marapo gantsi o araba ka gore, ‘Nnyaa,’ ka gonne a lemoga gore ano ke mangwe a maaka a ga Satane. Go tswa foo, mogolwane yono yo o etang o botsa jaana, ‘A o dumela gore go na le molelo wa dihele?’ Gape karabo e tla bo e nna, ‘Nnyaa!’ Go tswa foo mogolwane yono yo o etang o ba bolelela gore go na le maaka a mangwe gape a ga Satane a gantsi go seng motlhofo go a lemoga. O ba bontsha tsebe 249, serapa 21 sa buka ya Atamalana le Jehofa,b e e senolang maaka a gore Jehofa ga a rate mongwe le mongwe wa rona. Molebedi yono yo o etang o bega gore o nnile le matswela a a molemo thata fa a ne a thusa batho ba ba kgobegileng marapo ka tsela eno gore ba lemoge maaka ano a ga Satane ba bo ba a latlhe.
Itshireletse Gore O se Ka wa Tsiediwa
21, 22. Ke ka ntlha yang fa re se mo lefifing malebana le maano a ga Satane a a tsietsang, mme re tshwanetse go ikemisetsa go dirang?
21 Mo karolong eno ya bofelo ya metlha ya bofelo, go tshwanetse ga lebelelwa gore Satane o tla tswelela pele a re tlhasela ka maaka le tsietso. Se se itumedisang ke gore Jehofa ga a re tlogela fela re le mo lefifing malebana le maano a ga Satane a a tsietsang. Baebele le dibuka tsa Baebele tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” di senola sentle mekgwa ya ga Diabolo e e boikepo. (Mathaio 24:45) Go molemo fa re itse ka mekgwa eno, ka gonne seno se tla re thusa gore re kgone go itshireletsa.—2 Bakorintha 2:11.
22 Ka gone a re nneng re itisitse gore re se ka ra tsiediwa ke dikakanyo tsa batlhanogi. E kete re ka nna re ikemiseditse go tila serai se se sa bonaleng sa go itsietsa. Gape a re boneng re bo re latlhe maaka otlhe a ga Satane. Fa re dira jalo, re tla sireletsa kamano ya rona le “Modimo wa boammaaruri,” yo o tlhoileng tsietso.—Pesalema 31:5; Diane 3:32.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Buka nngwe fa e ne e tlhalosa ka mofuta wa lediri le le ranotsweng ka gore “yo o tsietsang” mo go Tshenolo 12:9, ya re le bontsha “selo se se diregang se sa kgaotse, se se setseng se fetogile mokgwa.”
b E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
A o A Gakologelwa?
• Ke ka ntlha yang fa go na le tsietso e kana kana mo lefatsheng gompieno?
• Re ka ikela tlhoko jang gore re se ka ra tsiediwa ke batlhanogi?
• Re ka ikela tlhoko jang gore re se wele mo kotsing ya go itsietsa?
• Re ka dira jang gore re se ka ra tsiediwa ke maaka a ga Satane?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
O se ka wa itsietsa mo kgannyeng ya boitlosobodutu
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Fa o ntse o iketse tlhoko gore o se ka wa itsietsa, itshekatsheke ka thapelo, reetsa ba bangwe, mme o iphepe ka metlha ka Lefoko la Modimo