“Motlhanka” yo o Boikanyego e Bile a le Botlhale
“Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe?”—MATHAIO 24:45.
1, 2. Ke eng fa go le botlhokwa gore ka metlha re newe dijo tse re di tlhokang semoyeng gompieno?
KA THAPAMA ya Labobedi, Nisane 11, ka 33 C.E., barutwa ba ga Jesu ba ne ba botsa potso e e botlhokwa thata mo go rona gompieno. Ba ne ba mmotsa ba re: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” Jesu o ne a arabela ka go bolela boporofeti bongwe jwa botlhokwa. O ne a bua ka motlha o o sa iketlang o o tletseng dintwa, mauba, dithoromo tsa lefatshe le malwetse. Mme seo e ne e tla bo e le ‘tshimologo fela ya ditlhabi tsa tlalelo.’ Dikgolo di ne di sa ntse di tla. Ruri isagwe e ne e sa jese di welang!—Mathaio 24:3, 7, 8, 15-22; Luke 21:10, 11.
2 Fa e sa le ka 1914, bontsi jwa boporofeti jwa ga Jesu bo diragetse. “Ditlhabi tsa tlalelo” di wetse batho ka selekanyo se segolo. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlhoke go boifa. Jesu o ne a ba solofetsa gore o tla ba tlamela ka dijo tse di otlang tsa semoya. E re ka Jesu jaanong a le kwa legodimong, o rulagantse jang gore rona mono mo lefatsheng re bone dijo tsa semoya tse re di tlhokang ka metlha?
3. Jesu o dirile dithulaganyo dife gore re amogele ‘dijo ka nako e e tshwanetseng’?
3 Jesu ka boene o ne a araba potso eo. O ne a botsa jaana mo boporofeting jwa gagwe jwa botlhokwa: “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng?” Go tswa foo o ne a re: “Go itumela motlhanka yoo yo fa mong wa gagwe a goroga a mo fitlhelang a dira jalo! Ammaaruri ke a lo raya, O tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” (Mathaio 24:45-47) Ee, go ne go tla nna le “motlhanka” yo o abetsweng go aba dijo tsa semoya, “motlhanka” yo o neng a tla bo a le boikanyego e bile a le botlhale. A motlhanka yoo e ne e le motho mongwe yo o rileng, batho bangwe ka go latelana ga bone kgotsa jang? E re ka motlhanka yo o boikanyego a aba dijo tse di tlhokwang thata tsa semoya, go batlisisa gore motlhanka yono ke mang go ka re solegela molemo.
A ke Motho a le Mongwe Kgotsa ke Setlhopha?
4. Re itse jang gore “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” e ka se ke ya bo e le motho a le mongwe?
4 “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” e ka se ke ya bo e le motho a le mongwe. Ka ntlha yang? Ka gonne motlhanka yono o simolotse go aba dijo tsa semoya bogologolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme go ya ka Jesu, motlhanka yono o ne a tla bo a sa ntse a dira jalo fa Mong wa gagwe a goroga ka 1914. Seo se ne se tla raya gore motho a le mongwe o ntse a dira tiro ya gagwe ka boikanyegi dingwaga di ka nna 1 900. Le ene Methusela tota ga a tshela lobaka lo lo kalo!—Genesise 5:27.
5. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa polelwana “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” e sa kaye mongwe le mongwe yo e leng Mokeresete.
5 Mme he, a polelwana “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” e ka tswa e lebisitse go mongwe le mongwe yo e leng Mokeresete? Ke boammaaruri gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse go nna boikanyego ba bo ba nne botlhale; le fa go ntse jalo, go bonala sentle gore Jesu o ne a akantse ka sengwe se se fetang seno fa a ne a bua ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Re itse jang? Ka gonne o ne a re “fa mong wa gagwe a goroga” o ne a tla mo tlhoma “gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” Go ne go ka direga jang gore mongwe le mongwe yo e leng Mokeresete a tlhomiwe go okamela sengwe le sengwe—dilwana tsa Morena “tsotlhe”? Go ne go ka se direge!
6. Setšhaba sa Iseraele se ne se tshwanetse go direla jaaka “motlhanka” wa Modimo jang?
6 Tshwetso e le yosi fela e e utlwalang e re ka tlang ka yone ke gore, Jesu o ne a bua ka setlhopha sa Bakeresete a re ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” A go ka tswa go na le sengwe se go tweng ke motlhanka yo e leng setlhopha sa batho? Ee. Dingwaga di le makgolo a le supa pele Keresete a tla, Jehofa o ne a bitsa setšhaba sotlhe sa Iseraele a re ke “basupi ba me,” a ba a re ke “motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng.” (Isaia 43:10) Leloko lengwe le lengwe la setšhaba sa Iseraele go tloga ka 1513 B.C.E., fa Molao wa ga Moshe o ne o tlhomiwa, go fitlha ka Pentekosete ya 33 C.E. e ne e le karolo ya setlhopha seno sa motlhanka. Bontsi jwa Baiseraele ba ne ba se na seabe ka tlhamalalo mo go laoleng dikgang tsa setšhaba kgotsa mo thulaganyong ya go abiwa ga dijo tsa semoya mo setšhabeng. Jehofa o ne a dirisa dikgosi, baatlhodi, baporofeti, baperesiti le Balefi go dira ditiro tseno. Le fa go ntse jalo, Baiseraele e le setšhaba, ba ne ba tshwanetse go emela bolaodi jwa ga Jehofa le go bolela pako ya gagwe mo ditšhabeng. Moiseraele mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go nna mosupi wa ga Jehofa.—Duteronome 26:19; Isaia 43:21; Malaki 2:7; Baroma 3:1, 2.
“Motlhanka” o Tseelwa Tiro
7. Ke ka ntlha yang fa setšhaba sa bogologolo sa Iseraele se ne sa se ka sa tlhola se tshwanelega go nna “motlhanka” wa Modimo?
7 E re ka Baiseraele e ne e le “motlhanka” wa Modimo makgolo a le mantsi a dingwaga a a fetileng, a e ntse ke bone motlhanka yo Jesu a neng a bua ka ene? Nnyaa, ka gonne Baiseraele ba bogologolo ka maswabi ga ba a ka ba ikanyega le fa e le go nna botlhale. Paulo o tlhalosa seemo seno jaana ka bokhutshwane fa a nopola mafoko a Jehofa a neng a a raya setšhaba seo: “Leina la Modimo le tlhapadiwa ka ntlha ya lona mo ditšhabeng.” (Baroma 2:24) Ee ruri, Baiseraele ba ne ba sa bolo go tsuologa mme botsuolodi jwa bone bo ne bo setse bo etegetse fa ba gana Jesu, mme ka nako eo Jehofa le ene o ne a ba gana.—Mathaio 21:42, 43.
8. “Motlhanka” o ne a tlhomiwa leng gore a emisetse Iseraele, mme seo se ne sa direga mo maemong afe?
8 Go sa ikanyege jaana ga “motlhanka,” e leng Baiseraele, go ne go sa reye gore baobamedi ba ba ikanyegang ba ne ba ka se tlhole ba fiwa dijo tsa semoya. Malatsi a le 50 morago ga tsogo ya ga Jesu, ke gore, ka Pentekosete ya 33 C.E., moya o o boitshepo o ne wa tshololelwa mo barutweng ba gagwe ba le 120 mo phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema. Ka nako eo, go ne ga tsholwa setšhaba se sesha. Go tsholwa ga setšhaba seno go ne ga itsisiwe sentle phatlalatsa fa maloko a sone ka bopelokgale a ne a simolola go bolelela banni ba Jerusalema ka “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditiro 2:11) Ka gone, setšhaba seo se sesha, setšhaba sa semoya, se ne sa nna “motlhanka” yo o neng a tla bolela kgalalelo ya ga Jehofa mo ditšhabeng le go aba dijo ka nako e e tshwanetseng. (1 Petere 2:9) Moragonyana se ne sa bidiwa “Iseraele wa Modimo” go tshwanela.—Bagalatia 6:16.
9. (a) Ke bomang ba ba bopang setlhopha sa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”? (b) “Ba ntlo” ke bomang?
9 Leloko lengwe le lengwe la “Iseraele wa Modimo” ke Mokeresete yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng, yo o tloditsweng ka moya o o boitshepo e bile a na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Ka gone, polelwana “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” e kaya maloko otlhe a setšhaba seo se se tloditsweng sa semoya e le setlhopha mo lefatsheng ka nako epe fela go simolola ka 33 C.E. go fitlha jaanong, fela jaaka Moiseraele mongwe le mongwe yo o neng a tshela ka nako epe go tloga ka 1513 B.C.E. go fitlha ka Pentekosete ya 33 C.E. a ne a le karolo ya setlhopha sa motlhanka sa pele ga motlha wa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, “ba ntlo,” ba motlhanka a ba nayang dijo tsa semoya ke bomang? Ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Mokeresete mongwe le mongwe o ne a solofetse go ya legodimong. Ka jalo, ba ntlo le bone e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng, ba tsewa e le motho ka bongwe, e seng setlhopha. Botlhe, go akaretsa ba ba neng ba na le maikarabelo mo phuthegong, ba ne ba tlhoka dijo tsa semoya tse di tswang mo motlhankeng.—1 Bakorintha 12:12, 19-27; Bahebera 5:11-13; 2 Petere 3:15, 16.
“Mongwe le Mongwe Tiro ya Gagwe”
10, 11. Re itse jang gore maloko a setlhopha sa motlhanka ga a abelwa go dira tiro e e tshwanang otlhe?
10 Le fa “Iseraele wa Modimo” e le setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se se abetsweng tiro, gape leloko lengwe le lengwe le na le maikarabelo a lone. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mareko 13:34 a tlhalosa ntlha eno sentle. O ne a re: “Go tshwana le motho yo o tsayang loeto a ya nageng e e kgakala yo o neng a tlogela ntlo ya gagwe a ba a naya batlhanka ba gagwe taolo, mongwe le mongwe tiro ya gagwe, a ba a laela molebedi wa kgoro gore a nne a disitse.” Ka jalo leloko lengwe le lengwe la setlhopha sa motlhanka le neilwe tiro—go oketsa dilwana tsa ga Keresete tse di mo lefatsheng. Mongwe le mongwe o dira tiro eno go ya ka fa a kgonang ka teng le go ya ka ditshono tse a di bonang.—Mathaio 25:14, 15.
11 Mo godimo ga moo, moaposetoloi Petere o ne a raya Bakeresete ba ba tloditsweng ba motlha wa gagwe a re: “Go ya ka selekanyo se mongwe le mongwe a amogetseng mpho ka sone, e diriseng mo go direlaneng jaaka balebedi ba ba molemo ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tse di farologaneng.” (1 Petere 4:10) Ka gone, bano ba ba tloditsweng ba na le boikarabelo jwa go direlana ba dirisa dimpho tse Modimo a di ba neileng. Mo godimo ga moo, mafoko a ga Petere a bontsha gore ga se Bakeresete botlhe ba ba neng ba tla nna le bokgoni, maikarabelo kgotsa ditshiamelo tse di tshwanang. Le fa go ntse jalo, leloko lengwe le lengwe la setlhopha sa motlhanka le ne le ka thusa ka tsela nngwe gore setšhaba se gole semoyeng. Jang?
12. Leloko lengwe le lengwe la setlhopha sa motlhanka, e ka tswa e le monna kgotsa mosadi, le ne la nna le seabe jang mo go goleng ga setlhopha sa motlhanka?
12 Sa ntlha, mongwe le mongwe o ne a na le boikarabelo jwa go nna mosupi wa ga Jehofa, go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Isaia 43:10-12; Mathaio 24:14) Pele fela ga gore Jesu a tlhatlogele kwa legodimong, o ne a laela barutwa ba gagwe botlhe ba ba ikanyegang, banna le basadi, gore e nne barutisi. O ne a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”—Mathaio 28:19, 20.
13. Batlodiwa botlhe ba ne ba na le tshiamelo efe?
13 Fa go ne go bonwa barutwa ba basha, ba ne ba tshwanetse go rutiwa ka kelotlhoko go boloka dilo tsotlhe tse Keresete a neng a di laetse barutwa ba gagwe. Fa nako e ntse e ya, ba ba amogelang molaetsa ba ne ba tshwanelegela go ruta ba bangwe. Dijo tse di otlang tsa semoya di ne tsa abelwa batho ba e neng e tla nna maloko a setlhopha sa motlhanka mo ditšhabeng di le dintsi. Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng, banna le basadi, ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa. (Ditiro 2:17, 18) Tiro eno e ne e tla tswelela pele go tloga fa motlhanka a simolola tiro ya gagwe go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.
14. Ke bomang fela ba ba neng ba na le tshiamelo ya go ruta mo phuthegong, mme basadi ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba ne ba ikutlwa jang ka seo?
14 Batlodiwa ba ba neng ba sa tswa go kolobediwa ba ne ba nna karolo ya setlhopha seo sa motlhanka, mme le fa ba ka tswa ba ne ba rutilwe ke mang kwa tshimologong, ba ne ba rutiwa le ke maloko a phuthego a a neng a tshwanelega go ya kafa Dikwalong gore a ka direla e le banna ba bagolwane. (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:6-9) Ka jalo, banna bano ba ba tlhomilweng le bone ba ne ba nna le tshiamelo ya go thusa ka tsela e e kgethegileng gore setšhaba se gole. Basadi ba ba ikanyegang ba e leng Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba sa kgopisiwe ke gore banna ba Bakeresete ke bone fela ba neng ba abetswe go ruta mo phuthegong. (1 Bakorintha 14:34, 35) Go na le moo, ba ne ba itumelela go solegelwa molemo ke tiro e kgolo ya banna ba ba mo phuthegong mme ba ne ba lebogela ditshiamelo tse basadi ba neng ba na le tsone, go akaretsa le ya go tlisetsa ba bangwe dikgang tse di molemo. Gompieno, bokgaitsadi ba ba tlhoafetseng ba ba tloditsweng ba bontsha boikokobetso jo bo ntseng jalo, le fa bagolwane ba ba mo phuthegong e ka tswa e le batlodiwa kgotsa nnyaa.
15. Motswedi o mogolo wa dijo tsa semoya mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le ofe, mme ke mang yo o neng a eteletse pele mo go di abeng?
15 Dijo tsa botlhokwa tsa semoya tse di neng di abiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga di ne di tla ka tlhamalalo e le makwalo a a kwadilweng ke baaposetoloi le barutwa ba bangwe ba ba neng ba eteletse pele. Makwalo a ba neng ba a kwala—bogolo jang a a fitlhelwang mo dibukeng tse 27 tse di tlhotlheleditsweng tse di bopang Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika—a ne a romelelwa diphuthego mme kwa ntle ga pelaelo bagolwane ba ne ba a dirisa go ruta. Ka tsela eno, baemedi ba motlhanka ba ne ba aba dijo tse di otlang tsa semoya ka metlha, ba di abela Bakeresete ba ba peloephepa. Setlhopha sa motlhanka sa lekgolo la ntlha la dingwaga se ne sa diragatsa thomo fela jaaka se laetswe.
“Motlhanka” Yono Makgolo A le 19 A Dingwaga Moragonyana
16, 17. Setlhopha sa motlhanka se ne sa itshupa jang se ikanyega mo kabelong ya sone mo dingwageng tsa go fitlha ka 1914?
16 Gompieno gone go diragalang? Fa go nna gone ga ga Jesu go ne go simologa ka 1914, a o ne a fitlhela go na le setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng se se neng se aba dijo ka nako e e tshwanetseng, fela jaaka se ne se tshwanetse? Ee ruri. Setlhopha seno se ne se bonala sentle ka ntlha ya maungo a a molemo a se neng se a ungwa. (Mathaio 7:20) Fa e sa le ka nako eo, hisitori e supile fa setlhopha seno e le sone motlhanka.
17 Ka nako ya go tla ga ga Jesu, ba ntlo ba ka nna 5 000 ba ne ba tshwaregile ka go anamisa boammaaruri jwa Baebele. Go ne go na le badiri ba se kae, mme motlhanka o ne a dirisa ditsela tse disha di le mmalwa go anamisa dikgang tse di molemo. (Mathaio 9:38) Ka sekai, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go gatisiwe dithero tse di theilweng mo Baebeleng di gatisiwa mo dipampiring tsa dikgang di ka nna 2 000. Ka tsela eno, boammaaruri jwa Lefoko la Modimo bo ne jwa fitlha kwa babading ba le diketekete ka nako e le nngwe fela. Mo godimo ga moo, go ne ga dirwa thulaganyo ya diura tse robedi e e nang le diselaete tsa mmala le ditshwantsho tsa baesekopo. Ka ntlha ya thulaganyo eno e ntšha, batho ba feta dimilione di le robongwe mo dikontinenteng di le tharo, ba ne ba kgona go reetsa molaetsa wa Baebele, o o buang ka ditiragalo tsa go tswa kwa tshimologong ya Popo go fitlha kwa bofelong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Mokgwa o mongwe o o neng wa dirisiwa e ne e le dikgatiso. Ka sekai, ka 1914 go ne ga gatisiwa dikhopi tsa makasine ono di ka nna 50 000.
18. Jesu o ne a tlhoma leng motlhanka gore a okamele dilwana tsa gagwe tsotlhe, mme ka ntlha yang?
18 Ee ruri, fa Mong a goroga, o ne a fitlhela motlhanka yo o boikanyego a fepa ba ntlo ka metlha e bile a rera dikgang tse di molemo. Jaanong motlhanka yoo o ne a tlile go newa maikarabelo a magolwane. Jesu o ne a re: “Ammaaruri ke a lo raya, O tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” (Mathaio 24:47) Jesu o ne a dira jalo ka 1919, fa motlhanka a sena go tlhatlhobiwa. Mme ke ka ntlha yang fa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a ne a newa maikarabelo a magolwane? Ka gonne dilwana tsa Mong wa gagwe di ne di oketsegile. Jesu o ne a newa bogosi ka 1914.
19. Tlhalosa gore ba “boidiidi jo bogolo” ba ntse ba tlhokomelwa jang ka dilo tsa semoya.
19 Mong yo o neng a sa tswa go newa bogosi o ne a naya motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang taolo ya gore a okamele dilwana dife? Dilwana tsotlhe tsa Gagwe tsa semoya tse di mo lefatsheng. Ka sekai, masome a mabedi a dingwaga morago ga gore Keresete a newe bogosi ka 1914, go ne ga lemogiwa gore “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” ke bomang. (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Bano e ne e se maloko a a tloditsweng a “Iseraele wa Modimo,” mme e ne e le banna le basadi ba ba peloephepa ba ba neng ba na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, ba ba neng ba rata Jehofa mme ba batla go mo direla fela jaaka batlodiwa ba dira. Go ne go ntse jaaka e kete ba raya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ba re: “Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.” (Sekarea 8:23) Bakeresete bano ba ba sa tswang go kolobediwa ba ne ba ja dijo tse di nonneng tsa semoya tse di tshwanang le tsa ba ntlo ba ba tloditsweng, mme ditlhopha tseno tse pedi di ntse di ja mmogo mo tafoleng eno ya semoya fa e sale ka nako eo. Seno se tliseditse ba “boidiidi jo bogolo” masego a magolo!
20. Ba “boidiidi jo bogolo” ba nnile le seabe sefe mo go oketseng dilwana tsa Morena?
20 Ba “boidiidi jo bogolo” ba ile ba kopanela ka boitumelo le setlhopha sa motlhanka yo o tloditsweng mo go rereng dikgang tse di molemo. Fa ba ntse ba rera, dilwana tsa Mong tse di mo lefatsheng di ne tsa oketsega, di oketsa maikarabelo a “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Fa palo ya batho ba ba batlang boammaaruri e ntse e oketsega, go ne ga tlhokega dikago tse dingwe tsa bogatisetso gore go gatisiwe dibuka tse di oketsegileng tsa Baebele e re ka palo ya batho ba ba di tlhokang e ne e oketsega. Go ne ga tlhongwa diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse dintsi. Go ne ga romelwa barongwa kwa “karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Batho ba ba bakang Modimo e ne e le batlodiwa ba ka nna dikete tse tlhano ka 1914 mme gompieno ba oketsegile mo ba fetang dimilione tse thataro, bontsi jwa bone e le ba “boidiidi jo bogolo.” Ee ruri, dilwana tsa Kgosi di oketsegile thata fa e sa le e tlhongwa mo setulong sa bogosi ka 1914!
21. Re tla sekaseka ditshwantsho dife tse pedi mo thutong ya rona e e latelang?
21 Sotlhe seno se bontsha gore motlhanka o ntse a le ‘boikanyego e bile a le botlhale.’ Fela fa Jesu a sena go bua ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o ne a bolela ditshwantsho tse pedi tse di neng di tlhalosa dinonofo tseo: setshwantsho sa makgarebane a a botlhale le a a dieleele le setshwantsho sa ditalenta. (Mathaio 25:1-30) Re kgatlhegela ditshwantsho tseno thata! Di na le bokao bofe mo go rona gompieno? Re tla sekaseka potso eno mo setlhogong se se latelang.
O Akanya Jang?
• Ke bomang ba ba bopang setlhopha sa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”?
• “Ba ntlo” ke bomang?
• Motlhanka yo o boikanyego o ne a tlhomiwa leng gore a okamele dilwana tsotlhe tsa Morena, mme ke ka ntlha yang fa a ne a tlhomiwa ka nako eo?
• Ke bomang ba ba ntseng ba thusa go atisa dilwana tsa Morena mo masomeng a a ntseng a feta a dingwaga, mme ba dirile seo jang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Setlhopha sa motlhanka sa lekgolo la ntlha la dingwaga se ile sa itshupa se ikanyega mo thomong ya sone