Kgang ya Botshelo
Re ne Re Ikaegile ka Nonofo ya ga Jehofa
JAAKA GO BOLETSE ERZSÉBET HAFFNER
Fa Tibor Haffner a ne a utlwa gore ke ne ke laetswe go tswa kwa Czechoslovakia, o ne a re: “Ga nkitla ke ba letla gore ba go busetse kwa nagagaeng ya gaeno.” Morago ga moo a oketsa ka go re: “Fa o dumela, ke tla go nyala mme o tla nna le nna ka bosakhutleng.”
KA January 29, 1938, ke ne ka nyalwa ke Tibor, dibeke di se kae fela morago ga gore a nkope lenyalo ke ne ke sa lebelela, e leng mokaulengwe wa Mokeresete yo e neng e le ene wa ntlha go neela lelapa la gaetsho bosupi. Go ne go se motlhofo go dira tshwetso e e ntseng jalo. Ke ne ke sa tswa go tshwara dingwaga di le 18, mme e re ka ke ne ke le moreri wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke batla go dirisa dingwaga tsa me tsa bosha ka botlalo mo go direleng Modimo. Ke ne ka lela. Ka rapela. E nnile fela fa ke sena go wela makgwafo ke neng ka lemoga gore Tibor o ne a ntirela bopelonomi jo bogolo tota ka go nkopa lenyalo, mme ke ne ka ikutlwa ke batla go tshela le monna yono yo o neng a nthata jaana.
Ke ka ntlha yang fa ke ne ke le mo kotsing ya go busediwa kwa nagagaeng ya gaetsho? Gone ke boammaaruri gore naga e ke neng ke nna mo go yone e ne e ipelafatsa ka tsamaiso ya yone ya temokerasi le kgololesego ya bodumedi. Ke akanya gore ke go bolelele gore ke godile jang.
Ke belegwe ka December 26, 1919, mme batsadi ba me ba ne ba tsena kereke ya Katoliki ya Segrika kwa motseng wa Sajószentpéter kwa Hungary, dikilometara di ka nna 160 go ya kwa botlhaba jwa Budapest. Ka maswabi, rre o ne a tlhokafala pele ke tsholwa. Go ise go ye kae, mmè o ne a nyalwa ke moswagadi mongwe yo o neng a na le bana ba le banè mme ra fudugela kwa Lučenec, motse mongwe o montle kwa nageng e ka nako eo e neng e le Czechoslovakia. Mo dingwageng tseo, go ne go se motlhofo go nna mo lelapeng la motsadi wa bobedi. E re ka ke ne ke le yo mmotlana mo baneng ba le batlhano, ke ne ke ikutlwa ke sa amogelesega mo lelapeng leo. Maemo a itsholelo a ne a le boima tota, mme ke ne ke sa timiwe fela dilo tse di bonalang mme gape batsadi ba me ba ne ba sa nneye tlhokomelo le lorato tse ke neng ke di tlhoka.
A go Na le Mongwe yo o Tla Nkarabang?
Fa ke na le dingwaga di le 16, ke ne ka nna le dipotso dingwe tse di neng di ntshwenya. Ke ne ka bala hisitori ya Ntwa ya Lefatshe I ka kgatlhego e kgolo, mme ka gakgamadiwa ke go bo batho ba le bantsi ba ne ba bolaana, ba ditšhaba tse di tlhabologileng tse di neng di ipolela gore ke ba Bokeresete. Mo godimo ga moo, ke ne ke bona kafa masole a neng a ntsifadiwa ka gone mo mafelong a le mantsi. Ga go na sepe sa dilo tseno se se neng se tsamaisana le se ke neng ke se ithutile kwa kerekeng malebana le go rata batho ka rona.
Ka jalo, ke ne ka ya kwa moruting wa Roma Katoliki mme ka mmotsa ka re: “Ke taelo efe e rona Bakeresete re tshwanetseng go e latela—go ya ntweng go ya go bolaya baagelani ba rona kgotsa go ba rata?” E re ka a ne a kgopisitswe ke potso ya me, o ne a nkaraba ka go re ene o ruta fela se a neng a se bolelelwa ke ba bagolo mo go ene. Go ne ga direga se se tshwanang le fa ke ne ke etetse moruti wa kereke ya Ba-Calvin mme go tswa foo ka etela mongwe wa borabi ba Bajuda. Ga ba a ka ba nkaraba, mme ba ne ba gakgamalela potso ya me e e sa tlwaelegang. Kgabagare, ke ne ka ya kwa moruting wa kereke ya Lutere. Le ene o ne a tenega, mme pele ke tsamaya, a nthaya a re: “Fa e le gore tota o batla go itse karabo ya potso eo, botsa Basupi ba ga Jehofa.”
Ke ne ka leka go batla Basupi mme ka se ka ka ba bona. Malatsi a se kae moragonyana, fa ke ne ke tla gae ke tswa tirong, ke ne ka fitlhela setswalo se butswe go sekaenyana. Go ne go na le lekawana lengwe le lentle le le neng le balela mmè Baebele. Ka bonakonyana fela ka akanya ka re, ‘E tshwanetse ya bo e le Mosupi wa ga Jehofa!’ Re ne ra laletsa monna yono e bong Tibor Haffner gore a tsene mo tlung mme ka boa gape ka mmotsa dipotso tsele. Go na le gore a nkarabe fela ka tlhogo, o ne a mpontsha gore Baebele ya reng ka letshwao la Bakeresete ba boammaaruri, le ka metlha e re tshelang mo go yone.—Johane 13:34, 35; 2 Timotheo 3:1-5.
Mo dikgweding di se kae fela, pele ga ke tshwara dingwaga di le 17, ke ne ka kolobediwa. Ke ne ke akanya gore mongwe le mongwe o tshwanetse go utlwa dithuto tse di molemo tseno tsa boammaaruri tse ke neng ke di bone ka bothata. Ke ne ka simolola tiro ya go rera ka metlha, e leng tiro e go neng go se motlhofo go e dira kwa Czechoslovakia mo dingwageng tsa bo1930. Le mororo tiro ya rona e ne e letleletswe semolao, re ne ra lebana le kganetso e e seng kana ka sepe e e neng e tlhotlhelediwa ke baruti.
Go Bogisiwa Lekgetlho la Ntlha
Letsatsi lengwe fa ngwaga wa 1937 o ne o tloga o wela, ke ne ke ntse ke rera le kgaitsadi yo mongwe wa Mokeresete mo motseng mongwe gaufi le Lučenec. Go ise go ye kae, re ne ra tshwarwa mme ra isiwa kwa kgolegelong. Modisa wa kgolegelo o ne a thubaganya setswalo sa sele ya rona fa a tswa, a re: “Lo tla swela fano.”
Mo maitseboeng a letsatsi leo, ke fa re na le magolegwa a mangwe gape a le manè mo seleng. Re ne ra simolola go ba gomotsa le go ba neela bosupi. Ba ne ba wela makgwafo, mme ra fetsa bosigo jotlhe re tlotla le bone ka dithuto tsa Baebele.
Ka ura ya borataro mo mosong, modisa wa kgolegelo o ne a tla go mpitsa mo seleng. Ke ne ka raya tsala ya me ka re: “Re tla kopana gape mo Bogosing jwa Modimo.” Ke ne ka mo kopa gore a sale a bolelela ba lelapa la me gore go diragetse eng fa ene a ka sala a ntse a tshela. Ke ne ka rapela mo pelong mme ka tswa le modisa yono wa kgolegelo. O ne a nkisa kwa foleteng ya gagwe e e neng e le gone mo kgolegelong. O ne a re: “Go na le dipotso tse ke batlang go go botsa tsone mosetsanyana ke wena. Maabane bosigo o ne wa re leina la Modimo ke Jehofa. A o ka le mpontsha mo Baebeleng?” Seno se ne sa nkgakgamatsa tota sa bo sa dira gore ke wele makgwafo! O ne a tla le Baebele ya gagwe mme ka ba bontsha leina Jehofa ene le mosadi wa gagwe. O ne a botsa dipotso tse dingwe gape tse dintsi ka dilo tse re neng re di tlotla le basadi bale ba banè bosigo. Fa a sena go kgotsofalela dikarabo tsa me, o ne a kopa mosadi wa gagwe gore a re direle sefitlholo, nna le tsala ya me.
Re ne re gololwa malatsi a se kae moragonyana, mme moatlhodi o ne a swetsa ka gore e re ka ke ne ke le moagi wa kwa Hungary, ke ne ke tshwanetse go tswa mo Czechoslovakia. E ne e le morago ga tiragalo eno fa Tibor Haffner a ne a nkopa gore ke nne mosadi wa gagwe. Re ne ra nyalana mme ka fudugela kwa ntlong ya batsadi ba gagwe.
Pogiso e a Gakala
Nna le monna wa me re ne ra tswelela pele ka tiro ya go rera le mororo Tibor a ne a na le ditiro tse dingwe gape tsa phuthego tse a neng a tshwanetse go di dira. Malatsi a se kae fela pele masole a Hungary a tsena mo motseng wa rona ka November 1938, morwaarona e bong Tibor yo mmotlana, o ne a tsholwa. Go ne go tloga go simolola Ntwa ya Lefatshe II kwa Yuropa. Karolo e kgolo ya Czechoslovakia e ne ya gapiwa ke naga ya Hungary, mme seo sa gakatsa go bogisiwa ga Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba nna mo mafelong a a neng a gapilwe ke Hungary.
Ka October 10, 1942, Tibor o ne a ya kwa Debrecen a ya go kopana le bakaulengwe bangwe gone. Le fa go ntse jalo, o ne a se ka a boa. Moragonyana o ne a mpolelela se se neng sa direga. Go na le gore a fitlhele e le bakaulengwe, o ne a fitlhela e le mapodise a apere diaparo tsa badiri ba ba berekang mo borogong, a le fa pokano e neng e tlile go tshwarelwa gone. A ne a letetse monna wa me le Pál Nagypál ba e neng e le bone ba bofelo go goroga. Mapodisi a ne a ba isa kwa seteisheneng sa mapodise mme a ba itaya dinao kafa tlase ka dithobane go fitlha ba idibala.
Morago ga moo ba ne ba laelwa gore ba rwale ditlhako mme ba eme ka dinao. Le fa ba ne ba utlwa botlhoko jwa teng, ba ne ba patelediwa go ya kwa seteisheneng sa diterena. Mapodisi a ne a tla le monna yo mongwe yo tlhogo ya gagwe e neng e bofilwe ka matsela thata mo e leng gore o ne a sa kgone go bona. E ne e le Mokaulengwe András Pilling, yo le ene a neng a tlile pokanong eo. Monna wa me o ne a isiwa ka terena kwa kgolegelong e e kwa Alag gaufi le Budapest. Mongwe wa badisa ba kgolegelo yo o neng a bona kafa Tibor a neng a iteilwe dinao botlhoko ka gone o ne a bua jaana ka go sotla: “Batho ba bangwe ba setlhogo ruri! O se ka wa tshwenyega, re tla go fodisa.” Badisa ba bangwe ba babedi ba kgolegelo ba ne ba simolola go itaya Tibor dinao kafa tlase, mme madi a gasagana gotlhe fela. Morago ga metsotso e se kae, o ne a idibala.
Mo kgweding e e latelang, Tibor le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba fetang 60 ba ne ba sekisiwa. Mokaulengwe András Bartha, Dénes Faluvégi le János Konrád ba ne ba atlholelwa loso ka go kalediwa. Mokaulengwe András Pilling ene o ne a atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong mme monna wa me a atlholelwa dingwaga di le 12 mo kgolegelong. Molato wa bone e ne e le eng? Mosekisi o ne a ba latofatsa ka boepapuso jo bogolo, go gana go tsenela bosole, go nna ditlhola le go senya kereke e e boitshepo leina. Go atlholelwa loso ga bone go ne ga fetolwa moragonyana gore e nne katlholo ya botshelo jotlhe mo kgolegelong.
Ke ne ka Golegwa Jaaka Monna wa Me
Malatsi a le mabedi fa Tibor a ne a sena go tsamaya a ya kwa pokanong kwa Debrecen, ke ne ka tsoga phakela ka ura ya borataro mo mosong gore ke aene diaparo tsa rona. Ka tshoganyetso ke ne ka utlwa mongwe a kokota ka bogale fa setswalong. Ke ne ka ipolelela ka re, ‘Ba boile.’ Go ne ga tsena mapodisi a le marataro ka bonako mo ntlong mme a mpolelela gore a ne a neilwe tetla ya go tla go phuruphutsha ntlo. Re ne ra tshwarwa rotlhe mo ntlong mme ra isiwa kwa seteisheneng sa mapodisi go akaretsa le morwaarona wa dingwaga di le tharo. Mo go lone letsatsi leo, re ne ra fudusediwa kwa lefelong lengwe kwa Pétervására, kwa Hungary.
Fa re sena go goroga koo, ke ne ka tshwarwa ke letshoroma mme ka kgaoganngwa le magolegwa a mangwe. Nako nngwe fa ke ntse ke nna botoka, go ne ga tla masole a mabedi mo seleng ya me mme a fitlha a ngangisana ka nna. Yo mongwe o ne a re: “Re tshwanetse go mo thuntsha! Nna ke tlile go mo thuntsha!” Mme mongwe wa bone o ne a batla go bona pele gore botsogo jwa me bo ntseng jang pele ga ba nthuntsha. Ke ne ka ba kopa gore ba se ka ba mpolaya. Kgabagare ba ne ba tswa mo seleng ya me mme ka leboga Jehofa go bo a ile a nthusa.
Badisa ba kgolegelo ba ne ba na le mokgwa wa bone fela wa go botsolotsa batho. Ba ne ba ntaela gore ke rapame fa fatshe ke tsentse tlhogo, ba ntobela dikausu mo ganong, ba mpofa diatla le maoto ba bo ba mpetsa ka seme go fitlha ke tswa madi. Ba ne ba kgaotsa fa fela mongwe wa masole a ne a re o lapile. Ba ne ba mpotsa gore monna wa me o ne a ile go kopana le mang ka letsatsi le a tshwerweng ka lone. Ga ke a ka ka ba bolelela mme ba tswelela ba mpetsa malatsi a le mararo. Mo letsatsing la bonè, ke ne ka letlwa go isa morwaake kwa go mmè. Ke ne ka belega morwaake mo mokwatleng wa me o o tletseng matsadi mme ka tsamaya sekgala sa dikilometara di le 13 mo serameng se segolo, ke ya kwa seteisheneng sa diterena. Go tswa koo, ke ne ka ya gae ka terena mme ke ne ke tshwanetse go boela gape kwa kampeng mo go lone letsatsi leo.
Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le thataro mo kgolegelong kwa Budapest. Fa ke fitlha koo, ke ne ka utlwa gore Tibor le ene o ne a le teng mo kgolegelong eo. Re ne ra itumela tota fa re ne re letlelelwa go tlotla, le fa gone e ne e le ka metsotso e se kae fela, re bua re kgaogantswe ke terata! Re ne ra lemoga gore tota Jehofa o a re rata e bile dinako tseo tse di molemo tsa go kopana ga rona di ne di re nonotsha tota. Pele ga re kopana gape, re ne ra lebana le diteko tse di setlhogo ka bobedi jwa rona, re falola loso gangwe le gape ka lesoba la mogodu.
Go Tswa Kgolegelong e Nngwe Go ya Go e Nngwe
Re ne re le bokgaitsadi ba ba ka nnang 80 re hutagane mo seleng e le nngwe fela. Re ne re tlhologeletswe dijo tsa semoya, mme go ne go lebega go se kitla go kgonega go tsenya dipe tsa tsone mo kgolegelong. A re ne re ka kgona go di bona mo teng ga kgolegelo? Mma ke go bolelele gore re ne ra dirang. Ke ne ka ithaopela go roka dikausu tsa batho ba ba berekang mo diofising tsa kgolegelo. Mo go nngwe ya dikausu tseno ke ne ka tsenya pampitshana e mo go yone ke neng ke kopa gore ke newe nomoro e e neng e manegilwe mo Baebeleng e e kwa laeboraring ya kgolegelo. Gore ke se ka ka tsosa dipelaelo dipe, ke ne ka kwala le ditlhogo tsa dibuka tse dingwe tse pedi.
Mo letsatsing le le latelang, ke ne ka amogela mokoa o mongwe gape wa dikauso tsa batho ba ba berekang mo diofising. Mo go nngwe ya tsone go ne go tsentswe karabo. Ke ne ka naya modisa wa kgolegelo dinomoro tseno mme ka kopa dibuka tseo. Re ne ra itumela tota fa re ne re amogela dibuka tseo mmogo le Baebele! Re ne re busa dibuka tse dingwe beke le beke mme Baebele yone re sa e buse. Fa modisa wa kgolegelo a ne a re botsa gore e kae, gantsi re ne re re: “Ke buka e kgolo mme mongwe le mongwe o batla go e bala.” Ka tsela eo, re ne ra kgona go bala Baebele.
Letsatsi lengwe modiredimogolo mongwe wa kgolegelo o ne a nkopa gore ke tle kwa ofising ya gagwe. O ne a bonala a le maitseo ka tsela e e sa tlwaelegang.
O ne a re: “Mohumagadi Haffner, ke go tshwaretse dikgang tse di monate. O ka nna wa ya gae. Le fa e le ka moso. Mme fa go na le terena gompieno, o ka nna wa tsamaya gone gompieno.”
Ke ne ka araba ka re: “Nka itumela tota.”
O ne a re: “Ee, go tla itumedisa tota. O na le ngwana, mme ke dumela gore o ka rata go mo godisa.” Go tswa foo a oketsa ka go re, “Saena fela lekwalo leno.”
Ke ne ka botsa ka re: “Ke lekwalo la eng?”
O ne a re: “O se ka wa tshwenyega ka lone, wena saena fela mme o bo o ka nna wa tsamaya.” Morago ga moo a nthaya a re: “Fa o fitlha kwa gae, o ka nna wa dira sengwe le sengwe fela se o se batlang. Gone jaanong o tshwanetse go saena fela go bontsha gore o tlogela go nna Mosupi wa ga Jehofa.”
Ke ne ka kata ka morago mme ka gana gotlhelele.
O ne a nteleka a goa a galefile a re: “Mme he o tla swela mono!”
Ka May 1943, ke ne ka fudusediwa kwa kgolegelong e nngwe kwa Budapest mme moragonyana kwa motseng wa Márianosztra, kwa re neng ra nna mo ntlong ya baitlami gone re na le baitlami ba ba ka nnang 70. Le fa re ne re bolawa ke tlala e bile re lebane le mathata a mangwe, re ne re iketleeleditse go ba bolelela ka tsholofelo ya rona. Mongwe wa baitlami o ne a kgatlhegela molaetsa wa rona thata mme a re: “Dithuto tseno di molemo tota. Ga ke ise ke ko ke utlwe sepe se se ntseng jaana. Tsweetswee, mpolelelang mo go oketsegileng.” Re ne ra mmolelela ka lefatshe le lesha le kafa botshelo bo tla bong bo itumedisa ka teng kwa go lone. Fa re ntse re bua, go ne ga tsena mosadi yo o okametseng baitlami botlhe. Moitlami yo o neng a bontsha kgatlhego yoo o ne a tsewa ka bonako, a apolwa diaparo mme a itewa botlhoko ka seme. E ne ya fa re kopana le ene gape, a re kopa a re: “Tsweetswee, rapelang Jehofa gore a mpoloke le gore a nketshe mo lefelong leno. Ke batla go nna mongwe wa lona.”
Lefelo le le latelang le re neng ra isiwa kwa go lone e ne e le kgolegelo ya bogologolo kwa Komárom, motse mongwe gaufi le Noka ya Danube, dikilometara di ka nna 80 kwa bophirima jwa Budapest. Maemo a re neng re tshelela mo go one a ne a le maswe thata. Jaaka bokgaitsadi ba bangwe ba le mmalwa, le nna ke ne ka lwala thata, ke kgwa madi e bile ke le bokoa fela thata. Re ne re se na melemo epe ya kalafi mme ke ne ke ithaya ke re ke tlile go swa. Mme ka nako eo, badiredibagolo ba kgolegelo ba ne ba batla mongwe yo o neng a ka kgona go bereka mo ofising. Bokgaitsadi ba ne ba umaka leina la me. Ka jalo, ke ne ka newa melemo mme ka fola.
Go Kopana Gape le ba Lelapa la Me
Fa masole a Soviet a ne a ntse a atamela go tswa kafa botlhaba, re ne ra patelesega go fudugela kwa bophirima. Go tla ntsaya nako e telele tota go tlhalosa bosetlhogo jotlhe jo re ileng ra lebana le jone. Ke ile ka batla ke swa makgetlho a le mantsinyana mme ke ile ka tswelela ke ntse ke tshela ka ntlha ya go bo Jehofa a ile a ntshireletsa ka seatla sa gagwe. Fa ntwa e fela, re ne re le kwa motseng wa Ba-Czech wa Tábor, dikilometara di ka nna 80 go tswa kwa Prague. Go ne ga tsaya dibeke tse dingwe di le tharo pele nna le mogadibo e bong Magdalena re fitlha kwa legaeng la rona kwa Lučenec, ka May 30, 1945.
Ke ne ka kgona go bona mmatsale le morwaake yo o rategang e bong Tibor ba le mo jarateng ke le kgakala. Ke ne ka seka dikeledi mme ka goa ka re, “Tibike!” O ne a taboga a tlolela mo matsogong a me. “O ka se tlhole o tsamaya gape, ga ke re mama?” Ao e ne e le mafoko a gagwe a ntlha a a neng a a bua le nna mme nka se ka ka tlhola ke a lebala.
Jehofa o ne a tlhomogela le monna wa me Tibor pelo. Ene le bakaulengwe ba bangwe ba le 160, ba ne ba romelwa go tswa kwa kgolegelong ya kwa Budapest go ya kwa kampeng e batho ba dirisiwang tiro e e boima gone kwa Bor. Ba falotse loso gantsinyana ka lesoba la mogodu, mme ba ne ba bolokwa ba ntse ba tshela ba le setlhopha. Tibor o ne a boela gae ka April 8, 1945, mo e ka nnang kgwedi pele ga me.
Morago ga ntwa, re ne re sa ntse re tlhoka nonofo e e tswang kwa go Jehofa gore re falole diteko tsotlhe tsa dingwaga tse dingwe tse 40 tse di neng tsa latela re le kafa tlase ka puso ya Bakomonisi kwa Czechoslovakia. Tibor o ne a atlholelwa nako e telele gape mo kgolegelong mme ke ne ka tshwanelwa ke go tlhokomela morwaarona ke le nosi. Fa Tibor a sena go gololwa, o ne a nna molebedi yo o etang. Mo dingwageng tse 40 tsa puso ya Bokomonisi, re ne ra dirisa tshono nngwe le nngwe go bua le batho ba bangwe ka tumelo ya rona. Re ne ra kgona go thusa ba le bantsi go ithuta boammaaruri. Ka jalo, ba ne ba nna bana ba rona ba semoya.
A bo re ne ra itumela jang ne fa re ne re amogela kgololesego ya bodumedi ka 1989! Mo ngwageng o o latelang, re ne ra ya kopanong ya rona ya ntlha ya kgaolo mo nageng ya rona morago ga nako e telele jalo. Fa re ne re bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba le diketekete ba ba neng ba feditse masomesome a dingwaga ba ntse ba ikanyega, re ne ra itse gore Jehofa ke ene a ileng a ba nonotsha botlhe fela ka nonofo e kgolo.
Monna wa me yo o rategang e bong Tibor, o ne a tlhokafala a ikanyegile mo Modimong ka October 14, 1993, mme nna ke nna gaufi le morwaake kwa Žilina, kwa Slovakia. Ke setse ke le bokoa thata mo mmeleng mme moya wa me o nonofile ka ntlha ya maatla a ga Jehofa. Ke dumela ke sa etsaetsege gore ka maatla a gagwe, nka kgona go itshokela diteko dipe tsa tsamaiso e kgologolo eno. Mo godimo ga moo, ke lebile pele kwa nakong ya fa ke tla bo ke tshelela ruri ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Morwaake e bong Tibor, yo mmotlana (a le dingwaga di le 4) yo ke neng ka tshwanelwa ke go kgaogana le ene
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Tibor, yo Mogolo, le bakaulengwe ba bangwe kwa Bor
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Ke na le Tibor le Magdalena, mogadibo, ka 1947, kwa Brno
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Ke falotse loso gantsinyana ka lesoba la mogodu, mme ke ne ka tswelela ke ntse ke tshela ka ntlha ya go bo Jehofa a ile a ntshireletsa ka seatla sa gagwe