A Segakolodi sa Gago se Thapisitswe Sentle?
A O KILE wa re, “Pelo ya me e nthaya e re seno ga se a siama” kana “Ga ke kgone go dira jaaka o nkopa”? E ne e le segakolodi sa gago, sengwe se se go lemotshang se se siameng le se se sa siamang, se go latofatsa kana se sa go latofatse. Ee, re tsholwa re na le segakolodi.
Le fa gone batho ba tlhobogane le Modimo, motho o sa ntse a na le bokgoni jwa go farologanya se se siameng mo go se se sa siamang. Go ntse jalo ka gonne re dirilwe mo setshwanong sa Modimo, gore re kgone ka selekanyo se se rileng go bontsha dinonofo tsa Modimo tsa botlhale le tshiamo. (Genesise 1:26, 27) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo gore a kwale jaana malebana le seno: “Gonne le fa e le leng fela fa batho ba ditšhaba ba ba se nang molao ba dira ka tlholego dilo tsa molao, batho bano, le mororo ba se na molao, bone ka bobone ke molao. Ke bone tota ba ba bontshang fa kgang ya molao e kwadilwe mo dipelong tsa bone, fa segakolodi sa bone se naya bosupi kaga bone e bile, mo gare ga dikakanyo tsa bone, ba a latofadiwa kgotsa ga ba bonwe molato.”a—Baroma 2:14, 15.
Nonofo eno, e re e ruileng mo mothong wa ntlha e bong Adame, e dira jaaka “molao” kana tsela ya go itshwara e e fitlhelwang mo bathong ba ditšhaba le ditso tsotlhe. Ke bokgoni jwa gore motho a sekaseke ditiro tsa gagwe a bo a ikatlhola ka tsone. (Baroma 9:1) Adame le Efa ba ne ba bontsha fa ba na le bokgoni jono fa ba ne ba tlola molao wa Modimo—ba ne ba iphitlha. (Genesise 3:7, 8) Sekai se sengwe se se bontshang kafa segakolodi se dirang ka gone ke tsela e Kgosi Dafide a neng a itshwara ka yone fa a ne a lemoga gore o leofile ka go bala batho. Baebele ya re “pelo ya ga Dafide ya simolola go mo sekisa.”—2 Samuele 24:1-10.
Fa motho a kgona go sekaseka ditiro tsa gagwe tsa nako e e fetileng a bo a ikatlhola, seno se ka mo tlhotlheletsa gore a tseye dikgato tsa go sokologa tse Modimo a di amogelang. Dafide o ne a kwala jaana: “Fa ke ne ke didimala marapo a me a ne a lapa ka ntlha ya go fegelwa ga me letsatsi lotlhe. La bofelo ke ne ka ipolela boleo jwa me mo go wena, mme ka se ka ka bipa tlolo ya me. Ke ne ka re: ‘Ke tla ipolela ditlolo tsa me mo go Jehofa.’ Mme o ne wa itshwarela tlolo ya maleo a me.” (Pesalema 32:3, 5) Ka jalo segakolodi se se berekang sentle se ka dira gore motho a boele kwa Modimong, se mo thusa gore a lemoge gore o tlhoka go itshwarelwa ke Modimo a bo a latele ditsela tsa Gagwe.—Pesalema 51:1-4, 9, 13-15.
Gape segakolodi se a re tlhagisa e bile se a re kaela fa re tshwanetse go dira ditshwetso. Segakolodi se se ntseng jalo ke sone se se ileng sa thusa Josefa gore a lemoge go sa le gale gore boaka bo ne bo sa siama e bile bo sa amogelwe—e le go leofela Modimo. Moragonyana go ile ga tlhongwa molao o o kgethegileng malebana le boaka o o neng wa tsenngwa mo Melaong e e Lesome e e neng ya newa Baiseraele. (Genesise 39:1-9; Ekesodo 20:14) Ga go pelaelo gore re tla solegelwa molemo thata fa segakolodi sa rona se re kaela go na le gore se re sekise fela. A segakolodi sa gago se bereka ka tsela e e ntseng jalo?
Go Thapisa Segakolodi Gore se Dire Ditshwetso Tse di Siameng
Le fa gone re tsholwa re na le segakolodi, gone mme ga se a itekanela. Le fa batho ba ne ba itekanetse kwa tshimologong, gone jaanong “ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) E re ka segakolodi sa rona se sentswe ke boleo le go sa itekanela, se ka nna sa bo se sokame se sa tlhole se bereka ka tsela e Jehofa a neng a ikaeletse gore se bereke ka yone. (Baroma 7:18-23) Mo godimo ga moo, dilo tse di kwa ntle di ka ama segakolodi sa rona. Se ka amiwa ke tsela e re godisitsweng ka yone kana ke dingwao tsa lefelo la rona, ditlwaelo le tikologo. Tota segakolodi se se siameng ga se amogele go senyega ga maitsholo le go wela tlase ga ditekanyetso tsa lefatshe.
Ka jalo, Mokeresete o tshwanetse go thusiwa gape ke melao e e sa fetofetogeng le e e siameng e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Baebele. Melao e e ntseng jalo e ka kaela segakolodi sa rona go lekalekanya dilo sentle le go di baakanya. (2 Timotheo 3:16) Fa segakolodi sa rona se rutiwa ke melao ya Modimo, se ka re thusa go tila dilo tse di ka senyang boitshwaro jwa rona, se dira gore re “farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Bahebera 5:14) Fa segakolodi sa rona se sa kaelwe ke melao ya Modimo, se ka se kgone go re tlhagisa fa re tsamaya mo tseleng e e sa siamang. Baebele ya re: “Go na le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.”—Diane 16:25; 17:20.
Mo dikarolong tse di rileng tsa botshelo, Lefoko la Modimo le re naya dikaelo le melao e e tlhamaletseng, mme re ka solegelwa molemo thata fa re e latela. Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le maemo a le mantsi a mo go one go se nang melao e e tlhamaletseng ya Baebele malebana le one. Maemo ano a ka akaretsa tiro e re e tlhophang, mabaka a tsa kalafi, boitlosobodutu, moaparo le go ipaakanya mo mmeleng le dilo tse dingwe. Ga go motlhofo gore re itse gore re tshwanetse go dirang mo maemong otlhe mme re dire tshwetso e e siameng. Ka ntlha ya seo, re tshwanetse go nna le boikutlo jwa ga Dafide, yo o neng a rapela a re: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa; nthute ditselana tsa gago. Ntsamaise mo boammaaruring jwa gago mme o nthute, gonne o Modimo wa me wa poloko.” (Pesalema 25:4, 5) Fa re tlhaloganya ditsela tsa Modimo botoka le tsela e a lebang dilo ka yone, seno se ka re thusa gore re kgone go lekalekanya dilo botoka le go dira ditshwetso ka segakolodi se se siameng.
Ka jalo, fa re tlhoka go dira tshwetso nngwe, re tshwanetse go sekaseka pele melaometheo ya Baebele e e amanang le tshwetso eo. Ditshwetso dingwe tse re ka tshwanelang go di dira e ka nna tseno: go tlotla thulaganyo ya botlhogo (Bakolosa 3:18, 20); go ikanyega mo dilong tsotlhe (Bahebera 13:18); go tlhoa se se bosula (Pesalema 97:10); go latelela kagiso (Baroma 14:19); go ikobela babusi ba ba tlhomilweng (Mathaio 22:21; Baroma 13:1-7); go neela Modimo kobamelo e e feletseng (Mathaio 4:10); go se nne karolo ya lefatshe (Johane 17:14); go tila ditsala tse di bosula (1 Bakorintha 15:33); go apara le go ipaakanya mo mmeleng ka tsela e e siameng (1 Timotheo 2:9, 10); le go tila go kgopisa ba bangwe (Bafilipi 1:10). Go itse melaometheo ya Baebele e e amanang le dilo tseno go ka nonotsha segakolodi sa rona mme go re thuse go dira ditshwetso tse di siameng.
Reetsa Segakolodi sa Gago
Gore segakolodi sa rona se kgone go re thusa, re tshwanetse go se reetsa. Re tla solegelwa molemo fela fa re tsiboga ka bonako fa segakolodi sa rona se re tlhagisa. Re ka tshwantsha segakolodi sa rona se se thapisitsweng le dipone tsa koloi tse di tlhagisang motho fa go na le bothata bongwe mo koloing. A re re lebone le a tshuba fa oli ya koloi e tla tloga e fela. Go tla diragalang fa re sa tlhokomele bothata joo ka bonako re bo re tswelela fela re kgweetsa? Re ka nna ra baka mathata a magolo mo koloing. Ka tsela e e tshwanang, segakolodi sa rona se ka re tlhagisa ka sengwe se se sa siamang. Fa re bapisa ditekanyetso tsa rona tsa Dikwalo le tsela e re e tsayang kana e re batlang go e tsaya, segakolodi sa rona se a re tlhagisa, fela jaaka lebone lele la koloi le dira. Go tlhokomela tlhagiso eo ga go kitla go re thusa fela go tila ditlamorago tse di bosula tsa tsela e e phoso e re e tsereng mme go tla dira gore segakolodi sa rona se tswelele se bereka sentle.
Go tla diregang fa re tlhopha go itlhokomolosa segakolodi sa rona? Fa nako e ntse e ya, segakolodi sa rona se ka se tlhole se re tlhagisa. Go nna re itlhokomolosa segakolodi sa rona go ka tshwantshiwa le go babola nama ka tshipi e e fisang. Fa nama e setse e babogile, motho ga a e utlwe fa a e kgoma. (1 Timotheo 4:2) Segakolodi se se ntseng jalo ga se tlhole se kgona go re latofatsa fa re dirile boleo, e bile ga se re thuse gore re se ka ra boa ra leofa gape. Segakolodi se se senyegileng se itlhokomolosa melao e e mo Baebeleng ya se se siameng le se se sa siamang mme se nna segakolodi se se bosula. Ke segakolodi se se suleng, mme mong wa sone ga a ‘tlhole a na le boikutlo ka gope ka boitshwaro’ e bile o kgaogane le Modimo. (Baefeso 4:17-19; Tito 1:15) Go itlhokomolosa segakolodi sa rona ruri go tlisa masetlapelo!
“Nnang le Segakolodi se se Siameng”
Gore re tswelele re na le segakolodi se se siameng go tlhoka maiteko. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Eleruri, ka ga seno, ke ikatisa ke sa kgaotse gore ke nne kelotlhoko gore ke se ka ka direla Modimo le batho tlolomolao epe.” (Ditiro 24:16) Jaaka Mokeresete, Paulo o ne a nna a tlhatlhoba segakolodi sa gagwe le go siamisa ditsela tsa gagwe go tlhomamisa gore ga a leofele Modimo. Paulo o ne a itse gore kwa bofelong, e ne e le Modimo yo o neng a tla swetsa gore a se re se dirang se siame kana ga se a siama. (Baroma 14:10-12; 1 Bakorintha 4:4) Paulo o ne a re: “Dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.”—Bahebera 4:13.
Paulo o ne a bua gape le ka go se leofele batho ba bangwe. Sekai sengwe sa seno ke kgakololo e a neng a e naya Bakeresete ba kwa Korintha malebana le “go jewa ga dijo tse di ntshediwang medingwana.” Ntlha ya gagwe e ne e le gore le fa gone Modimo a sa lebe sengwe se le phoso ka bosone, go botlhokwa gore re akanyetse digakolodi tsa batho ba bangwe. Fa re sa dire jalo go ka ‘senya bomoya jwa bakaulengwe ba rona ba Keresete a neng a ba swela.’ Re ka senya gape le kamano ya rona le Modimo.—1 Bakorintha 8:4, 11-13; 10:23, 24.
Ka jalo, tswelela o thapisa segakolodi sa gago mme o se boloke se siame. Fa o dira ditshwetso, batla kaelo ya Modimo. (Jakobe 1:5) Ithute Lefoko la Modimo, mme o letle gore melaometheo ya lone e bope tlhaloganyo ya gago le pelo. (Diane 2:3-5) Fa o tshwanetse go dira ditshwetso tse di botlhokwa, botsa Bakeresete ba ba godileng semoyeng gore o tlhomamisege gore o tlhaloganya sentle melaometheo ya Baebele e o tshwanetseng go e dirisa. (Diane 12:15; Baroma 14:1; Bagalatia 6:5) Akanya kafa tshwetso ya gago e tla amang segakolodi sa gago ka teng, kafa e amang ba bangwe ka gone mme se se botlhokwa le go feta, kafa e tla amang kamano ya gago le Jehofa ka teng.—1 Timotheo 1:5, 18, 19.
Segakolodi sa rona ke mpho e e gakgamatsang e re e filweng ke Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa Modimo. Fa re se dirisa go dumalana le thato ya Monei wa sone, re tla atamalana le Mmopi wa rona. Mme fa re ntse re leka go ‘nna le segakolodi se se siameng’ mo go sengwe le sengwe se re se dirang, re bontsha ka tsela e kgolwane gore re dirilwe mo setshwanong sa Modimo.—1 Petere 3:16; Bakolosa 3:10.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lefoko la Segerika le le dirisediwang segakolodi fano le raya “nonofo ya go farologanya se se siameng mo go se se sa siamang” (The Analytical Greek Lexicon Revised, ka Harold K. Moulton); “go farologanya boitsholo jo bo siameng mo go jo bo sa siamang.”—Greek-English Lexicon, ka J. H. Thayer.
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
A segakolodi sa gago se se thapisitsweng sentle se a go tlhagisa go na le gore se go atlhole?
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Re tla nna le segakolodi se se thapisitsweng sentle fa re ithuta le go dirisa melaometheo ya Baebele
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
O se ka wa itlhokomolosa segakolodi sa gago fa se go tlhagisa