Bona Kgotsofalo ka go Dirisa Melaometheo ya Baebele
GA GO pelaelo gore o kile wa bona katse e robetse e ikhutagantse e ntse e rorarora—go bonala gore tota e kgotsofetse. Ruri go ka nna molemo go robala jaaka katse eo mme re itumelele kgotsofalo e e tshwanang le eo! Le fa go ntse jalo, go thata mo bathong ba le bantsi go bona kgotsofalo, mme le fa e nna teng ke ya nakwana fela. Ke ka ntlha yang fa go le jalo?
Ka gonne, gantsi re dira diphoso gonne re sa itekanela e bile re tshwanelwa ke go itshokela diphoso tsa ba bangwe. Mo godimo ga moo, re tshela mo nakong e Baebele e e bitsang, ‘metlha ya bofelo’ e e tletseng “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1-5) Le fa gone re gakologelwa ka boitumelo tsela e re neng re kgotsofetse ka yone fa re sa ntse re le bana, gone jaanong bontsi jwa rona re ikutlwa re gateletswe thata ke ‘dinako tseno tsa mathata.’ A tota go a kgonega go bona kgotsofalo mo motlheng ono wa rona?
Ela tlhoko gore Dikwalo di bolela gore go tla nna boima go lebana le dinako tseno tsa mathata, ga di re ga go kitla go kgonega go lebana le tsone. Re ka kgona go lebana le tsone ka go dirisa melaometheo ya Baebele. Ga se ka dinako tsotlhe re tla kgonang go rarabolola mathata a rona mme gone re ka kgona go kgotsofala ka selekanyo se se rileng. A re sekasekeng melaometheo e le meraro e e ka re thusang go dira seo.
Leba Seemo sa Gago ka Tsela e e Tshwanetseng
Gore re kgone go bona kgotsofalo, re tshwanetse go leba ditlhaelo tsa rona le tsa ba bangwe ka tsela e e tshwanetseng. Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Baroma, o ne a re: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Go na le ditsela di le dintsi tse kgalalelo ya ga Jehofa e bonalang ka tsone tse re ka se kang ra di tlhaloganya. Sengwe sa dikai ke ntlha e e motlhofo e e tlhalositsweng mo go Genesise 1:31: “Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.” Nako nngwe le nngwe fa Jehofa a leba selo se a se dirileng, o kgona gore ‘se molemo tota.’ Ga go motho ope yo o ka bolelang gore dilo tsotlhe tse a di dirileng di molemo. Go amogela ditlhaelo tsa rona ke kgato ya ntlha e e ka re thusang go nna le kgotsofalo. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe gape se re tshwanelang go se dira. Re tshwanetse go tlhaloganya le go amogela tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone.
Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “boleo” le raya go fosa letshwao. (Baroma 3:9) Re ka tshwantsha jaana: Akanya ka motho yo o batlang go gapa sekgele ka go latlhela motswi mo lefelong lengwe le le tshwailweng. O tshotse metswi e le meraro fela. O hula motswi wa gagwe wa ntlha, a bo a fosa ka metara fela. O korola motswi wa gagwe sentle mme o fosa gape ka disentimetara di le 30. O tlhoma mogopolo ka mo go feletseng a bo a hula motswi wa gagwe wa bofelo mme jaanong o fosa ka disentimetara di le 2 fela. O batlile a lebaganya, mme gone o fositse.
Rotlhe re tshwana le mohulametswi yoo yo o swabileng. Ka dinako dingwe re ‘fosa letshwao’ thata. Ka dinako dingwe re dira botoka le fa gone re sa ntse re fositse letshwao. Re betwa ke pelo gonne re lekile ka thata mme go ne go sa lekana. Jaanong, a re boeleng gape kwa mothong yole yo o hulang metswi.
O retologa a iketlile e bile a sulafaletswe gonne tota o ne a batla go gapa sekgele. Ka tshoganyetso, molaodi wa kgaisano eo o a mmitsa a bo a mo naya sekgele a mo raya a re: “Ke batla go go naya sekgele seno gonne ke a go rata, mme ke bone kafa o neng wa leka ka natla ka gone.” Mohulametswi yono o phophoma boitumelo!
O phophoma boitumelo tota! Botlhe ba ba amogelang “mpho” e e tswang kwa Modimong ya botshelo jo bo sa khutleng ba itekanetse, ba tla ikutlwa ka tsela eo. (Baroma 6:23) Morago ga moo, sengwe le sengwe se ba se dirang se tla bo se le molemo—ga ba kitla ba tlhola ba fosa letshwao gape. Ba tla bo ba kgotsofetse ka botlalo. Fa gone jaanong re ka nna re ntse re akantse ka seo, re tla ikutlwa botoka ka se re leng sone le ka batho ba ba re dikologileng.
Ela Tlhoko Gore Sengwe le Sengwe se Tsaya Nako
Ke boammaaruri gore sengwe le sengwe se tsaya nako. Mme gone a o kile wa lemoga gore go thata jang go nna o kgotsofetse fa o letetse sengwe mme se tsaya nako e e fetang e o neng o e lebeletse kana fa maemo a a botlhoko a re lebaneng le one a tswelela lobaka lo lo fetang lo re neng re lo lebeletse? Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba kgona go nna ba kgotsofetse mo maemong a a ntseng jalo. Ela tlhoko sekai sa ga Jesu.
Pele Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a tlhoma sekao se se tlhomologileng sa go nna kutlo kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, ke mo lefatsheng mo a neng “a ithuta kutlo.” Jang? “Mo dilong tse a neng a di boga.” Mo nakong e e fetileng o ne a kile a bona batho ba boga mme ene o ne a ise a ko a boge. Fa a ne a le mo lefatsheng, bogolosegolo go tloga fa a sena go kolobediwa mo nokeng ya Joredane go fitlha fa a swela mo Gologotha, o ne a lebana le maemo a le mantsi a a botlhoko. Ga re itse dintlha tsotlhe tsa kafa Jesu a neng a “itekanedisiwa” ka gone mo kgannyeng eno mme se re se itseng ke gore boemo joo bo tsere nako.—Bahebera 5:8, 9.
Jesu o ne a atlega gonne o ne a tlhatlhanya ka “boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe” e leng tuelo ya boikanyegi jwa gagwe. (Bahebera 12:2) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe o ne “a isa mekokotlelo mmogo le dikopo . . . ka dilelo tse dikgolo le dikeledi.” (Bahebera 5:7) Ka dinako tse dingwe le rona re ka nna ra iphitlhela re rapela ka tsela e e tshwanang le eo. Jehofa o leba seo jang? Yone temana eo ya re Jehofa o ne a utlwa Jesu “ka kamogelo.” Le rona Modimo o tla re utlwa jalo. Ka ntlha yang?
Gonne Jehofa o itse dilo tse re tlhaelang mo go tsone mme o a re thusa. Mongwe le mongwe o na le selekanyo sa kafa a ka itshokang ka gone. Batho ba kwa Benin, kwa Afrika ba re: “Metsi a mantsi thata a ka dira gore tota le digwagwa di betwe.” Jehofa o itse le go feta kafa rona re itseng ka gone fa re le gaufi le go fitlha mo selekanyong sa rona. O re naya ka lorato ‘kutlwelobotlhoko le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng.’ (Bahebera 4:16) O ne a direla Jesu seno mme o se diretse le batho ba bangwe gape ba bantsintsi. Ela tlhoko kafa Monika a neng a itemogela seno ka gone.
Monika o godile a se na mathata, e le motho yo o matlhagatlhaga e bile a itumetse. Ka 1968, fa a le mo dingwageng tsa bo20 o ne a tshoga tota fa a utlwa gore o na le bolwetse jwa go omelela dithishu tsa boboko kana tsa mokolela, jo gantsi bo dirang gore motho a swe ditokololo dingwe. Bolwetse jono bo ne jwa fetola botshelo jwa gagwe gotlhelele mme seno se ne se tlhoka gore a dire diphetogo tse dikgolo mo bodireding jwa gagwe jwa nako e e tletseng. Monika o ne a lemoga gore o ne a tlile go fetsa lobaka lo loleele a lwala. Dingwaga di le 16 morago ga moo o ne a re: “Bolwetse jwa me bo sa ntse bo sa alafege mme bo ka nna jwa se ka jwa alafega go fitlha tsamaiso e ntšha ya Modimo e dira dilo tsotlhe disha.” O ne a dumela gore go ne go se bonolo: “Le fa gone ditsala tsa me di re ke ntse ke le motho yo o itumetseng e bile ke itumetse go feta le fa e ka nna leng pele, . . . ditsala tsa me tse di gaufiufi tsone di a itse gore ka dinako tse dingwe ke tsholola dikeledi ke sa kgaotse.”
Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ke ithutile go nna pelotelele le go itumelela letshwao lengwe le lengwe le le bontshang gore ke a tokafala, le fa le ka nna lennye go le kae. Kamano ya me le Jehofa e nonotshitswe ke go bona kafa batho ba paletsweng ke go fedisa malwetse ka gone. Ke Jehofa fela yo o ka dirang gore batho ba folele ruri.” Ka thuso ya ga Jehofa, Monika o ne a nna a ntse a kgotsofetse mme gone jaanong o na le dingwaga tse di fetang 40 a le mo bodireding jwa nako e e tletseng.
Ke boammaaruri gore maemo a a tshwanang le jo Monika a leng mo go jone ga a motlhofo. Mme gone ga go pelaelo gore o tla nna le kgotsofalo le go feta fa o ka lemoga gore dilo dingwe di ka nna tsa tsaya nako e e fetang e o neng o e lebeletse. Fela jaaka Monika, le wena o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go ‘thusa ka nako e e tshwanetseng.’
O se Ka wa Ipapisa le ba Bangwe—Ipeele Mekgele e o Tla Kgonang go e Fitlhelela
Ga o tshwane le batho ba bangwe. Ga go motho ope yo o tshwanang le wena kgo. Polelo nngwe ya puo ya kwa Afrika ya Se-Gun e tlhalosa ntlha eno jaana: “Menwana ya motho ga e lekane.” E tla bo e le boeleele go bapisa monwana o o rileng le o mongwe. Ga o ka ke wa batla gore Jehofa a go bapise le motho yo mongwe, mme ga a kitla a bo a tsamaya a dira jalo. Le fa go ntse jalo, batho ba rata thata go ipapisa le ba bangwe mme seno se ka ba amoga kgotsofalo ya bone. Ela tlhoko kafa Jesu a neng a tshwantsha seno ka gone fa re ntse re bala Mathaio 20:1-16.
Jesu o ne a bua ka “mong” yo o batlang badiri ba ba ka dirang mo tshimong ya gagwe ya mofine. O ne a batla banna bangwe ba ba neng ba sa bereke mme a ba thapa “go sa le phakela” gongwe ka 6:00 a.m. Ba ne ba dumalana ka gore o tla ba duela tuelo ya letsatsi ya mo motlheng oo, e leng denario e le nngwe fa motho a dirile diura di le 12 ka letsatsi. Ga go pelaelo gore banna bano ba ne ba itumetse gonne ba bone tiro le ka gonne ba ne ba tla duelwa ka tuelo e e tlwaelegileng. Moragonyana mong o ne a batla ditlhopha tse dingwe gape tsa banna ba ba neng ba sa dire mme a ba tsenya mo tirong—ka 9:00 a.m., 12:00 motshegare, 3:00 p.m., tota le ka 5:00 p.m. o ne a tsenya ba bangwe. Mo ditlhopheng tseno ga go ope wa bone yo o neng a tlile go bereka letsatsi lotlhe. Mong o ne a ba solofetsa gore o tla ba duela “le fa e le eng se se siameng,” mme badiri ba ne ba dumela.
Kwa bofelong jwa letsatsi, mong o ne a laela monna yo o neng a ba okametse gore a ba duele dituelo tsa bone. O ne a re a bitse badiri mme a duele pele ba ba neng ba thapiwa morago. Badiri bano ba ne ba dirile ura e le nngwe fela mme se se gakgamatsang ke gore ba ne ba amogela tuelo ya letsatsi lotlhe. Re kgona go akanya fela kafa motlotlo o neng wa ya magoletsa ka gone. Ba ba neng ba dirile tiro ya letsatsi lotlhe ya diura di le 12 ba ne ba setse ba feditse ka gore ba tla amogela madi a a kwa godimo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba amogela madi a a lekanang botlhe.
Ba ne ba itshwara jang? “Ya re ba e amogela ba simolola go ngongoregela mong wa ntlo mme ba re, ‘Bano ba bofelo ba dirile tiro ya ura e le nngwe fela; le fa go ntse jalo o dirile gore ba lekane le rona ba re neng ra itshokela mokgweleo wa letsatsi le mogote o o fisang!’”
Le fa go ntse jalo, mong wa bone ene o ne a sa lebe dilo ka tsela e bone ba neng ba di leba ka yone. O ne a ba bolelela gore ga ba a amogela madi a a kwa tlase, ba amogetse se ba neng ba dumalane ka sone. Fa e le ba bangwe bone o ne a swetsa ka gore a ba neele tuelo ya letsatsi lotlhe, e leng madi a a neng a feta a ba neng ba a lebeletse. Totatota ga go ope yo o neng a amogela madi a a kwa tlase mo go a a neng a a solofetse, go na le moo ba le bantsi ba ne ba amogela go feta kafa ba neng ba lebeletse ka gone. Ka jalo, kwa bokhutlong mong o ne a botsa jaana: “A ga go kafa molaong gore ke dire se ke batlang go se dira ka dilo tsa me?”
Jaanong akanya fela fa monna yo o okametseng a ka bo a duetse pele setlhopha se se gorogileng la ntlha, mme se bo se tsamaya fa se sena go duelwa. Ba ka bo ba ile ba kgotsofala. Go se kgotsofale go nnile gone fa ba bona gore ba bangwe ba amogetse tuelo e e tshwanang le ya bone mme ba sa bereka go lekana le bone. Seno se ne sa ba galefisa, mo ba neng ba feleletsa ba ngongoregela mong, ene yo tota ba neng ba tshwanetse go mo lebogela gore o ne a ba thapa.
Seno se bontsha sentle se se diregang fa re ipapisa le ba bangwe. Fa o tlhatlhanya ka kamano ya gago le Jehofa o bo o lebogela kafa a go segofatsang ka gone o tla nna motho yo o kgotsofetseng. O se ka wa bapisa maemo a gago le a ba bangwe. Fa go lebega e kete Jehofa o tlhophile go direla ba bangwe ka mo go oketsegileng, itumele le bone.
Le fa go ntse jalo, Jehofa o solofetse sengwe mo go wena. Ke eng seo? Bagalatia 6:4 ya re: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi.” Seno se raya gore o itlhomele mekgele e o tla kgonang go e fitlhelela. Rulaganya dilo tse o ka kgonang go di dira mme o di dire. Fa o itlhometse mokgele o o ka kgonang go o fitlhelela, o tla ‘nna le lebaka la go itumela’ fa o setse o o fitlheletse. O tla nna le kgotsofalo.
O Tla Bona Tuelo
Melaometheo e meraro e re e sekasekileng e bontsha kafa go dirisa melaometheo ya Baebele go ka re thusang ka gone go bona kgotsofalo tota le mo malatsing ano a bofelo go sa kgathalesege gore ga re a itekanela. Fa o ntse o dira mmalo wa gago wa letsatsi le letsatsi wa Baebele, ke ka ntlha yang fa o sa batle melaometheo e e ntseng jalo, e ka tswa e tlhalositswe ka tlhamalalo kana e le e o ka e fitlhelang mo dipegong dingwe le mo ditshwantshong?
Fa o utlwa gore kgotsofalo ya gago e a fokotsega, leka go batla lebaka la mmatota le le bakang seo. Morago ga moo o batle melaometheo e o ka e dirisang go baakanya boemo. Ka sekai o ka nna wa leba ditsebe 110-11 tsa buka ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola.”a Mo ditsebeng tseo go tlotliwa ka buka ya Diane, mme o tla fitlhela melaometheo e le mentsi le kgakololo e e mo lenaaneng le le kafa tlase ga ditlhogwana di le 12. Metswedi e mengwe gape e e molemo ya tshedimosetso ke, The Watch Tower Publications Indexb le Watchtower Library e e mo CD-ROM.c Fa o di dirisa ka metlha, o tla nna le bokgoni jwa go lemoga melaometheo e o ka e dirisang.
Nako e a tla e ka yone Jehofa a tlileng go naya ba ba tshwanelegang botshelo jo bo sa khutleng ba itekanetse mo lefatsheng la paradaise. Ba tla nna le kgotsofalo e e feletseng mo matshelong a bone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
b Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
c Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Mafoko a a mo go tsebe 12]
“Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.”—Baroma 3:23
[Mafoko a a mo go tsebe 13]
Jesu o ne a ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga.—Bahebera 5:8, 9
[Mafoko a a mo go tsebe 15]
‘O tla nna le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.’—Bagalatia 6:4