Tlhopha go Direla Jehofa O sa Le Mosha
“Tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela.”— 2 TIM. 3:14.
1. Jehofa o leba jang tirelo e e dirwang ke basha ba e leng Basupi ba gagwe?
TIRELO e e boitshepo e e dirwang ke basha e botlhokwa thata mo go Jehofa mo e leng gore o ne a tlhotlheletsa mongwe gore a porofete ka bone. Mopesalema o ne a opela a re: “Batho ba gago ba tla ithaopa ka go rata mo letsatsing la mophato wa gago wa sesole. Mo bontlentleng jwa boitshepo, go tswa mo sebopelong sa bosa, o na le setlhopha sa gago sa makau fela jaaka marothodi a monyo.” (Pes. 110:3) Ee, Jehofa o tsaya basha ba ba ratang go mo direla ba le tlhwatlhwakgolo thata.
2. Basha gompieno ba lebane le ditlhotlheletso dife tsa lefatshe malebana le isagwe ya bone?
2 Lona basha ba ba mo phuthegong ya Bokeresete a lo setse lo ineetse mo go Jehofa? Basha ba bantsi ba thatafalelwa ke go dira tshwetso ya go direla Modimo wa boammaaruri. Borakgwebo, barutisi, mme ka dinako tse dingwe le ba lelapa le ditsala ba kgothaletsa basha gore ba ipeele mekgele ya go ikokoanyetsa dikhumo. Fa basha ba ipeela mekgele ya semoya, gantsi ba jewa ditshego. Mme gone go direla Modimo wa boammaaruri ke tsela e e molemolemo ya botshelo e o ka e tlhophang. (Pes. 27:4) Sekaseka dipotso tseno tse tharo mabapi le kgang eno: Ke eng fa o tshwanetse go direla Modimo? O ka kgona jang go nna motho yo o ineetseng mo Modimong go sa kgathalesege gore ba bangwe ba reng kana ba dirang? Ke ditiro dife tse di amanang le tirelo e e boitshepo tse o ka di dirang?
Go Direla Jehofa ke Tshwetso e e Siameng
3. Popo ya ga Jehofa e tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?
3 Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go direla Modimo o o tshelang wa boammaaruri? Tshenolo 4:11 e re naya lebaka leno la konokono: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” Jehofa ke Mmopi yo o molemolemo wa sengwe le sengwe se se leng teng. A bo lefatshe le le lentle jang ne! Jehofa o dirile dilo tseno tsotlhe—ditlhare, dithunya, diphologolo, mawatle, dithaba le diphororo. Pesalema 104:24 ya re: “Lefatshe le tletse ditiro tsa [Modimo].” A bo re tshwanetse go itumela jang ne go bo Jehofa ka lorato a re neile mmele le tlhaloganyo tse di dirang gore re kgone go itumelela lefatshe le dilo tse di molemo tse di mo go lone! Go anaanela popo ya gagwe e e gakgamatsang go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go mo direla.
4, 5. Ke ditiro dife tsa Modimo tse di neng tsa dira gore Joshua a atamalane le Jehofa?
4 Mafoko a a neng a buiwa ke moeteledipele wa Moiseraele e bong Joshua, a re naya lebaka le lengwe la go direla Jehofa. Fa Joshua a ne a le gaufi le go swa, o ne a raya batho ba Modimo a re: “Lo itse sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela.” Ke eng fa Joshua a ne a bua jaana?—Josh. 23:14.
5 Fa Joshua e ne e le ngwana a gola kwa Egepeto, o tshwanetse a bo a ne a utlwa ka tsholofetso e Jehofa a neng a e dirile ya go naya Baiseraele lefatshe le e tla nnang la bone. (Gen. 12:7; 50:24, 25; Ekes. 3:8) Go tswa foo Joshua o ne a iponela ka boene fa Jehofa a ne a simolola go diragatsa tsholofetso eo ka go tlisetsa Egepeto Dipetso tse di Lesome le go pateletsa Faro yo o tlhogoethata go golola Baiseraele. Joshua o ne a le gareng ga batho ba ba neng ba bolokwa fa ba ne ba kgabaganya Lewatle le Lehibidu, mme go tswa foo o ne a bona fa lewatle leo le ne le kometsa Faro le masole a gagwe. Mo mosepeleng o moleele go ralala “naga e kgolo e e boitshegang” ya Sekaka sa Sinai, Joshua o ne a bona kafa Jehofa a neng a naya Baiseraele sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhoka ka teng. Ga go na ope wa bone yo o neng a swa a bolawa ke lenyora kana ke tlala. (Dute. 8:3-5, 14-16; Josh. 24:5-7) Fa nako ya gore Baiseraele ba fenye ditšhaba tse di maatla tsa Bakanana mme ba gape Lefatshe le le Solofeditsweng e ne e goroga, Joshua o ne a bona kafa Modimo yo ene le Baiseraele ba bangwe ba neng ba mo obamela a neng a ba ema nokeng ka teng mo tirong eno.—Josh. 10:14, 42.
6. Ke eng se se tla go thusang go nna le keletso ya go direla Modimo?
6 Joshua o ne a itse gore Jehofa o ne a diragaditse ditsholofetso tsa Gagwe. Ka jalo, Joshua o ne a re: “Nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.” (Josh. 24:15) Wena o tla dirang? Fa o akanya ka ditsholofetso tse Modimo wa boammaaruri a setseng a di diragaditse le tse a sa ntseng a tla di diragatsa, a o eletsa go mo direla jaaka Joshua a ne a mo direla?
7. Ke eng fa go kolobediwa mo metsing e le kgato ya botlhokwa e motho a tshwanetseng go e tsaya?
7 Go akanya ka popo ya ga Jehofa le ka ditsholofetso tsa gagwe tse di molemolemo le tse di ka ikanngwang ka botlalo, go tshwanetse ga go tlhotlheletsa go ineela mo go Jehofa le go bontsha boineelo joo ka go kolobediwa mo metsing. Kolobetso ke kgato ya botlhokwa thata e batho ba ba batlang go direla Modimo ba tshwanetseng go e tsaya. Motlhomasekao wa rona e bong Jesu Keresete, o ne a bontsha seo ka gore e re pele fela ga a simolola tiro ya gagwe e le Mesia, a ye kwa go Johane Mokolobetsi gore a mo kolobetse. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tsaya kgato eo? Moragonyana o ne a re: “Ke fologile kwa legodimong go tla go dira, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.” (Joh. 6:38) Jesu o ne a kolobediwa go bontsha gore o ineela go dira thato ya ga Rraagwe.—Math. 3:13-17.
8. Ke eng fa Timotheo a ne a tlhopha go direla Modimo, mme ke eng se o ka tlhokang go se dira?
8 Akanya le ka Timotheo, mosha wa Mokeresete yo Jehofa a neng a mo naya tiro e ntsi le ditshiamelo tse dintsi. Ke ka ntlha yang fa Timotheo a ne a dira tshwetso ya go obamela Modimo wa boammaaruri? Baebele ya re ‘o ne a ithutile dilo dingwe mme a tlhotlheleditswe go di dumela.’ (2 Tim. 3:14) Fa e le gore o ithutile Lefoko la Modimo mme o tlhotlheleditswe go dumela gore dithuto tsa lone di boammaaruri, o tshwana le Timotheo. Jaanong o tshwanetse go dira tshwetso. Ke eng o sa bolelele batsadi ba gago ka keletso ya gago? Batsadi ba gago mmogo le bagolwane ba phuthego, ba ka go thusa go tlhaloganya gore go ya ka Dikwalo ke eng se se tlhokegang gore o kolobediwe.—Bala Ditiro 8:12.
9. Batho ba bangwe ba ka nna ba itshwara jang fa o tsaya kgato ya go kolobediwa?
9 Fa o kolobediwa, o tla bo o tsere kgato e e molemo thata ya go simolola go direla Modimo wa boammaaruri. Fa o tsaya kgato eno, o tsenela lobelo lo loleele lo tuelo ya lone e leng botshelo jo bo sa khutleng e bile o bona boitumelo gone jaanong ka gonne o dira thato ya Modimo. (Baheb. 12:2, 3) Gape o tla itumedisa maloko a lelapa la gaeno le ditsala tsa gago mo phuthegong ya Bokeresete tse di setseng di le mo lobelong lono. Sa botlhokwa le go feta, o tla ipedisa pelo ya ga Jehofa. (Bala Diane 23:15.) Ee, ba bangwe ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya gore ke eng fa o tlhophile go direla Jehofa e bile ba ka nna ba tsaya gore ga o a dira tshwetso e e siameng. Gape ba ka nna ba go ganetsa. Mme o ka kgona go fenya dikgwetlho tseno.
Fa ba Bangwe ba go Botsa Dipotso Kana ba go Ganetsa
10, 11. (a) Batho ba ka nna ba go botsa dipotso dife ka tshwetso e o e dirileng ya go direla Modimo? (b) O ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a araba dipotso tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri ka yone?
10 Batho ba o tsenang sekolo le bone, baagelani ba gago le ba losika ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya tshwetso e o e dirileng ya go direla Jehofa. Ba ka nna ba go botsa gore ke ka ntlha yang fa o tlhophile tsela eno mme ba go botsa dipotso malebana le se o se dumelang. O tshwanetse go araba jang? O tshwanetse go ikakanya sentle le go tlhatlhoba maikutlo a gago gore o tle o kgone go ba tlhalosetsa mabaka a go bo o tlhophile tsela eno ya botshelo. Mme fa o araba dipotso tse ba di botsang malebana le se o se dumelang, go ka nna molemo gore o latele sekao sa ga Jesu se se molemo go gaisa.
11 Fa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba thamathamisa Jesu ka dipotso malebana le tsogo, o ne a ba bolelela ka lokwalo lo ba neng ba sa akanya ka lone. (Ekes. 3:6; Math. 22:23, 31-33) Fa mokwadi mongwe a ne a botsa Jesu gore taelo e kgolo mo go tsone tsotlhe ke efe, Jesu o ne a mo nopolela ditemana tse di tshwanetseng tsa Baebele. Monna yoo o ne a itumeletse go bo Jesu a mo neile karabo eo. (Lefi. 19:18; Dute. 6:5; Mar. 12:28-34) Tsela e Jesu a neng a dirisa Dikwalo ka yone mmogo le mokgwa wa gagwe wa go bua di ne tsa baka “kgaogano mo gare ga boidiidi ka ntlha ya gagwe,” mme baganetsi ba gagwe ga ba a ka ba mo gobatsa. (Joh. 7:32-46) Fa o araba dipotso tse di amanang le tumelo ya gago, dirisa Baebele mme o arabe “ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Pet. 3:15) Fa o sa itse gore o arabe potso jang, tlhalosa gore ga o itse karabo mme o bue gore o tla ya go dira patlisiso. Moragonyana o ka batlisisa ka kgang eo o dirisa kgatiso ya Watch Tower Publications Index kgotsa Watchtower Library mo CD-ROM fa e le teng ka puo e o e tlhaloganyang. Fa o baakanyeditse sentle, o tla itse ‘kafa o tshwanetseng go naya karabo ka gone.’—Bakol. 4:6.
12. Ke eng fa o sa tshwanela go letla pogiso gore e go kgobe marapo?
12 Mo godimo ga go bodiwa dipotso mabapi le tshwetso e o e dirileng le ka se o se dumelang, go na le maemo a mangwe a o ka nnang wa lebana le one. Mmaba wa Modimo, Satane Diabolo, ke ene a laolang lefatshe. (Bala 1 Johane 5:19.) O tla bo o sa lebe dilo sentle fa o ka lebelela gore mongwe le mongwe a go akgolele tshwetso e o e dirileng, e bile o ka nna wa lebana le kganetso. Batho bangwe ba ka nna ba ‘bua ka wena ka go go kgoba,’ mme ba ka nna ba tswelela ba dira jalo. (1 Pet. 4:4) Mme o gakologelwe gore ga se wena fela o diragalelwang ke seo. Jesu Keresete le ene o ne a bogisiwa. Moaposetoloi Petere le ene o ne a ganediwa, mme o ne a kwala jaana: “Baratwa, lo se ka lwa akabadiwa ke go sha [go boga] mo go mo gare ga lona, mo go lo diragalelang e le teko, jaaka e kete lo diragalelwa ke selo se se sa tlwaelegang. Phapaanong le seo, tswelelang pele lo ipela e re ka jaana lo kopanela mo dipogong tsa ga Keresete.”—1 Pet. 4:12, 13.
13. Ke eng fa Bakeresete ba ka itumela fa ba bogisiwa?
13 Mokeresete o na le lebaka la go itumela fa a itshokela pogiso kana kganetso. Ka ntlha yang? Ka gonne fa o amogelwa ke lefatshe seo se tla bo se kaya gore o tshela go ya ka tsela ya ga Satane, e seng ya Modimo. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “A bo go latlhega lona, fa batho botlhe ba bua sentle ka lona, gonne dilo tse di tshwanang le tseno ke tse borraabonemogologolwane ba neng ba di dira baporofeti ba maaka.” (Luke 6:26) Fa o bogisiwa, seo se kaya gore Satane le lefatshe la gagwe ba go galefetse ka gonne o direla Jehofa. (Bala Mathaio 5:11, 12.) Mme go “kgobelwa leina la ga Keresete” ke sengwe se motho a ka se itumelelang.—1 Pet. 4:14.
14. Fa motho a ikanyega mo go Jehofa le fa a bogisiwa, seo se ka nna le matswela afe a a molemo?
14 Fa o nna o ikanyega mo go Jehofa le fa o bogisiwa, seo se tla nna le matswela a a molemo a ka nna manè. O a bo o neela bosupi ka Modimo le ka Morwawe. Go itshoka ga gago ka boikanyego go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba Bakeresete. Batho bangwe ba ba sa itseng Jehofa ba ba go bonang o itshoka ba ka nna ba tlhotlheletsega go batla go ithuta ka ene. (Bala Bafilipi 1:12-14.) Mme fa o bona kafa Jehofa a go nonotshang ka teng gore o itshokele diteko, o tla mo rata thata.
O Bulegetswe ke “Kgoro e Kgolo”
15. Moaposetoloi Paulo o ne a bulegetswe ke ‘kgoro efe e kgolo’?
15 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka bodiredi jwa gagwe kwa Efeso: “Ke buletswe kgoro e kgolo e e isang kwa tirong.” (1 Bakor. 16:8, 9) E ne e le kgoro e e neng e isa kwa tirong e kgolo ya go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa mo motseng oo. Fa Paulo a ne a tsena ka kgoro eo, o ne a thusa batho ba bantsi go ithuta ka Jehofa le go mo obamela.
16. Masalela a batlodiwa a ne a tsena jang ka “kgoro e e bulegileng” ka 1919?
16 Ka 1919, Jesu Keresete yo o galaleditsweng o ne a bulela masalela a batlodiwa “kgoro e e bulegileng.” (Tshen. 3:8) Ba ne ba tsena ka kgoro eo mme ba simolola go rera dikgang tse di molemo, ba ruta dithuto tsa Baebele ka matlhagatlhaga a magolo go feta le fa e le leng pele. Bodiredi jwa bone bo nnile le matswela afe? Jaanong dikgang tse di molemo di fitlhile kwa diphelelong tsa lefatshe, mme batho ba ka nna dimilione di le supa ba na le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo.
17. O ka tsena jang ka “kgoro e kgolo e e isang kwa tirong”?
17 Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba sa ntse ba bulegetswe ke “kgoro e kgolo e e isang kwa tirong.” Ba ba tsenang ka yone ba a itumela e bile ba a kgotsofala fa ba ntse ba nna le seabe se segolwane mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Lona basha ba lo leng batlhanka ba ga Jehofa, lo tseela kwa godimo go le kana kang tshiamelo eno e kgolo ya go thusa ba bangwe go ‘nna le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo’? (Mar. 1:14, 15) A o kile wa akanyetsa go nna mmulatsela wa ka metlha kana yo o thusang? Ditshiamelo tse dingwe tse di ka bulegelang bontsi jwa lona ke go ithaopela go aga Diholo tsa Bogosi, go direla kwa Bethele le go tsenela tirelo ya borongwa. E re ka tsamaiso ya ga Satane e e boikepo e ntse e felelwa ke nako, go nna le seabe mo mefuteng eno ya tirelo ya Bogosi go potlaka thata letsatsi le letsatsi. A o tla tsena ka “kgoro e kgolo” go sa ntse go na le nako?
“Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo”
18, 19. (a) Dafide o ne a thusiwa ke eng gore a nne le keletso e e nonofileng ya go direla Jehofa? (b) Ke eng se se bontshang gore Dafide ga a ise a ko a tsamaye a ikwatlhaele go direla Modimo?
18 Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a kgothaletsa ba bangwe gore ba ‘leke mme ba bone gore Jehofa o molemo.’ (Pes. 34:8) Fa Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo e ne e le mosimanyana wa modisa, Jehofa o ne a mo sireletsa mo dibataneng tsa naga. Modimo o ne a mo ema nokeng fa a ne a lwa le Goliathe mme a mo golola mo mathateng a mangwe a mantsi. (1 Sam. 17:32-51; Pes. 18, mafoko a a fa godimo ga kgaolo) Dafide o ne a tlhotlheletsega go kwala jaana ka ntlha ya bopelonomi jo bogolo jwa Modimo jwa lorato: “O dirile dilo di le dintsi, Wena Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang le dikakanyo tsa gago mo go rona; ga go na ope yo o ka tshwantshiwang le wena.”—Pes. 40:5.
19 Dafide o ne a rata Jehofa thata e bile o ne a batla go mmaka ka pelo ya gagwe yotlhe le tlhaloganyo. (Bala Pesalema 40:8-10.) Fa dingwaga di ntse di feta, Dafide ga a ise a ko a tsamaye a ikwatlhaele go obamela Modimo wa boammaaruri. Go tshela ka boineelo jwa bomodimo go ne go le botlhokwa thata mo go ene—go ne go mo itumedisa go feta sengwe le sengwe. Dafide o ne a bua jaana mo botsofeng jwa gagwe: “O tsholofelo ya me, wena Morena Molaodimogolo Jehofa, tshepo ya me go tswa bosheng jwa me. Le e leng go fitlha botsofeng le botlhogoputsweng, tlhe Modimo, o se ka wa ntlogela.” (Pes. 71:5, 18) Le fa Dafide a ne a feletswe ke nonofo, o ne a ikanya Jehofa thata mme botsala jwa gagwe le ene bo ne jwa nonofa.
20. Ke eng fa go direla Modimo e le tsela e e molemolemo ya botshelo?
20 Botshelo jwa ga Joshua, Dafide le Timotheo ke bosupi jwa gore go direla Jehofa ke tsela e e molemolemo ya botshelo. Melemo ya nakwana e o ka e bonang mo tirong ya boitshediso mo lefatsheng leno e ka se bapisiwe le melemo e e nnelang ruri e o e bonang fa o ‘direla Jehofa ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago.’ (Josh. 22:5) Fa e le gore ga o ise o ineele mo go Jehofa ka thapelo, ipotse jaana, ‘Ke eng se se nthibelang go nna Mosupi wa ga Jehofa?’ Fa e le gore o setse o le moobamedi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, a o ka rata go bona boitumelo jo bo oketsegileng mo botshelong? Fa go ntse jalo, oketsa bodiredi jwa gago mme o tswelele o gatela pele semoyeng. Setlhogo se se latelang se tla go bontsha kafa o ka golang ka teng semoyeng ka go latela sekao sa ga moaposetoloi Paulo.
O ka Araba Jang?
• Tlhalosa mabaka a mabedi a go bo re tshwanetse go direla Modimo.
• Timotheo o ne a thusiwa ke eng go dira tshwetso ya go direla Modimo?
• Ke eng fa o tshwanetse go nna o nitame le fa o bogisiwa?
• O ka bulegelwa ke dikgoro dife tsa tirelo?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go direla Jehofa ke tsela e e molemolemo ya botshelo
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
A o ka araba dipotso tse o di bodiwang malebana le se o se dumelang?