Se Tlogele “Lorato Lo O Neng O na Le Lone Pele”
“Nna o ngangatlele se o nang le sone.”—TSHEN. 3:11.
1, 2. O ne wa ikutlwa jang fa o ne o simolola go dumela gore se o neng o se ithuta ka Jehofa ke boammaaruri?
AO GAKOLOGELWA lekgetlho la ntlha fa o ne o utlwa ka tsholofetso e e molemolemo e Jehofa a e nayang batho ba ba kutlo? Fa e le gore o kile wa bo o le mo bodumeding jo bongwe, o ne wa ikutlwa jang fa o ne o tlhalosediwa maikaelelo a Modimo go dirisiwa Baebele kana fa o ne o tlhalosediwa dithuto tse pele o neng o sa di tlhaloganye? Gongwe o ne wa lemoga gore o ntse o le mo lefifing. Mme jaanong o itumetse tota ka gonne o bone lesedi! Fa e le gore o godisitswe ke batsadi ba Bakeresete, a o gakologelwa kafa o neng wa ikutlwa ka teng fa o ne o simolola go dumela gore se o neng o se ithuta ka Jehofa ke boammaaruri mme o bo o swetsa ka gore o tshele go dumalana le sone?—Bar. 12:2.
2 Bakaulengwe ba bantsi le bokgaitsadi ba tla go bolelela gore ba ne ba itumela thata, ba ikutlwa ba atamalane le Jehofa, e bile ba ne ba itumelela gore o ba gogile. (Joh. 6:44) Tsela e ba neng ba itumetse ka yone e ne ya ba tlhotlheletsa go dira ditiro tsa Bokeresete. Ba ne ba itumetse thata mo ba neng ba batla go bolelela mongwe le mongwe kafa ba ikutlwang ka teng. A le wena o ne wa ikutlwa ka tsela e e tshwanang?
3. Seemo e ne e le sefe kwa phuthegong ya Efeso fa Jesu a ne a ba romelela molaetsa?
3 Fa Jesu a ne a romelela phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Efeso molaetsa, o ne a bua ka ‘lorato lo ba neng ba na le lone pele.’ Baefeso ba ne ba na le dinonofo tse dintsi tse di molemo, mme lorato lo ba neng ba rata Jehofa ka lone pele lo ne lo fokotsegile. Ka jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “Ke itse ditiro tsa gago, le tiro ya gago ya bonatla le boitshoko, le gore ga o ka ke wa itshokela batho ba ba bosula, le gore o leka ba ba reng ke baaposetoloi, mme e se bone, mme o ba fitlhetse e le baaki. Gape o bontsha boitshoko, e bile o itshokile ka ntlha ya leina la me mme ga wa ka wa lapa. Le fa go ntse jalo, ke na le seno se ke se nyatsang ka wena, gore o tlogetse lorato lo o neng o na le lone pele.”—Tshen. 2:2-4.
4. Ke eng fa molaetsa o Jesu a neng a o naya Baefeso o le botlhokwa gompieno?
4 Kgakololo e Jesu a e neileng Baefeso le diphuthego tse dingwe tse a neng a bua le tsone mo bukeng ya Tshenolo e ne e tshwanela ka ntlha ya dilo tse di neng tsa direga ka lobaka lo lo rileng mo gare ga Bakeresete ba ba tloditsweng go simolola ka 1914 go ya pele. (Tshen. 1:10) Le fa go ntse jalo, go ka kgonega gore le gone jaanong Bakeresete bangwe ba tlogele “lorato lo [ba] neng [ba] na le lone pele” lo ba neng ba rata Jehofa le dithuto tsa Bokeresete ka lone. Re ntse re akantse ka seo, a re tlhatlhobeng kafa go gopola le go tlhatlhanya ka se se go diragaletseng go ka go thusang ka teng gore o nne o rata Modimo le dithuto tsa boammaaruri, o tsosolose lorato loo le go lo oketsa gore o tswelele o ikutlwa ka tsela e o neng o ikutlwa ka yone fa o ne o utlwa dikgang tseno la ntlha.
Ke Eng se se Neng sa go Tlhatswa Pelo Gore o Bone Boammaaruri?
5, 6. (a) Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go iponela eng? (b) Ke eng se se neng sa go tlhatswa pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri? (c) Ke eng se se ka thusang motho go tsosolosa lorato lo a neng a na le lone pele?
5 Mongwe le mongwe yo o ineelang mo go Jehofa o tshwanetse gore pele a ‘iponele’ se “thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Bar. 12:1, 2) Tsela nngwe ya go dira jalo ke go ithuta se Baebele e se rutang. Se se tlhatswang motho pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri se ka nna sa farologana le se se tlhatswang motho yo mongwe pelo. Bangwe ba gakologelwa gore ba ne ba fetola maikutlo a bone fa ba ne ba bala leina la Modimo mo Baebeleng kana fa ba ne ba simolola go tlhaloganya gore tota boemo jwa baswi ke bofe. (Pes. 83:18; Mor. 9:5, 10) Ba bangwe ba ne ba kgatlhwa ke tsela e batho ba ga Jehofa ba ratanang ka yone. (Joh. 13:34, 35) Mme ba bangwe bone ba ne ba itumelela go itse gore go sa nne karolo ya lefatshe go kayang. Ba ne ba lemoga gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go nna le seabe mo dikgannyeng tsa dipolotiki kana mo dintweng tsa setšhaba le fa e le sefe.—Isa. 2:4; Joh. 6:15; 17:14-16.
6 Batho ba bantsi ba ne ba thusiwa ke go ithuta ka dilo tseno le tse dingwe gore ba simolole go rata Modimo. A ko o akanye gore wena o ne wa tlhatswiwa pelo ke eng gore o setse o bone boammaaruri. Ga o mo maemong a a tshwanang le a motho ope e bile o na le botho jo bo sa tshwaneng le jwa ga ope, ka jalo mabaka a a dirileng gore o rate Jehofa mme o dumele ditsholofetso tsa gagwe, a ka tswa a sa tshwane le a batho ba bangwe. Tota e bile le gompieno mabaka ao a tshwanetse a bo a sa ntse a utlwala mo go wena fela jaaka a ne a utlwala fa o ne o simolola go a utlwa. Boammaaruri ga bo a fetoga. Ka jalo, go tlhatlhoba tsela e o neng o leba dilo ka yone le e o neng o ikutlwa ka yone, go ka thusa go tsosolosa lorato lo o neng o rata boammaaruri ka lone pele.—Bala Pesalema 119:151, 152; 143:5.
Nonotsha Lorato lo o Neng O na Le Lone Pele
7. Ke eng fa re tlhoka go oketsa lorato lo re neng re rata boammaaruri ka lone pele, mme re ka dira seo jang?
7 Gongwe go fetogile dilo tse dintsi mo botshelong jwa gago fa e sa le o ineela mo go Jehofa. Lorato lo o neng o rata boammaaruri ka lone pele lo ne lo le botlhokwa, mme fa nako e ntse e ya, o ne wa tlhoka lorato lo lo fetang loo gore o lebane le maemo a masha a a lekang tumelo ya gago. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a go nonotsha. (1 Bakor. 10:13) Ka jalo, dilo tse di go diragaletseng fa nako e ntse e tsamaya le tsone di botlhokwa mo go wena. Di go thusitse go oketsa lorato lo o neng o na le lone pele, mme ke tsela e nngwe e e ka go thusang go iponela se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang e leng sone.—Josh. 23:14; Pes. 34:8.
8. Jehofa o ne a itlhalosa jang mo go Moshe, mme Baiseraele ba ne ba simolola go itse Modimo botoka jang?
8 Ka sekai, akanya ka boemo jo Baiseraele ba neng ba iphitlhela ba le mo go jone fa Jehofa a ne a bolela gore o ikaeletse go ba golola mo bokgobeng kwa Egepeto. Modimo o ne a itlhalosa jaana mo go Moshe: “Ke tla nna se ke tla nnang sone.” (Ekes. 3:7, 8, 13, 14) Seno se raya gore Jehofa o ne a re o tla nna sengwe le sengwe se se tlhokegang gore a golole batho ba gagwe. Mo ditiragalong tse di neng tsa latela, le fa go ne go tlhokega, Baiseraele ba ne ba bona Jehofa a senola dikarolo tse di farologaneng tsa botho jwa gagwe—a nna Mothatayotlhe, Moatlhodi, Moeteledipele, Mogolodi, Motlhabani, le Motlamedi.—Ekes. 12:12; 13:21; 14:24-31; 16:4; Neh. 9:9-15.
9, 10. Ke dilo dife tse di ka thusang motho go itse Modimo, mme ke eng fa go le botlhokwa go akanya ka tsone?
9 Ga o mo boemong jo bo tshwanang le jwa Baiseraele ba bogologolo. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o diragaletswe ke dilo dingwe tse di nonotshitseng tumelo ya gago tse di go tlhatswitseng pelo gore Modimo o amega ka wena. Gongwe Jehofa o ne a nna Motlamedi, Mogomotsi le Morutisi mo go wena ka tsela nngwe. (Bala Isaia 30:20b, 21.) Kana o ka tswa o ne wa lemoga gore o arabile thapelo ya gago. O ka tswa o ne o na le bothata bongwe, mme wa thusiwa ke Mokeresete mmogo le wena. Kana gongwe fa o ne o ithuta o le esi o ne wa bona ditemana dingwe tse di neng tsa go thusa go lebana le boemo jo o neng o le mo go jone.
10 Fa o ne o ka bolelela ba bangwe dilo tseno tse di go diragaletseng, di ka nna tsa se ka tsa ba kgatlha jaaka di go kgatlhile. Dilo tse di go diragaletseng e ne e se dikgakgamatso. Mme di botlhokwa thata mo go wena. Ee, Jehofa o ne a nna se go neng go tlhokega gore a nne sone mo go wena. Akanya ka dingwaga tsotlhe tse o ntseng o le mo boammaaruring ka tsone. A o gakologelwa dinako dingwe tse o neng wa lemoga gore Jehofa o go tlhokometse? Fa go ntse jalo, go gakologelwa dinako tseo le kafa o neng wa ikutlwa ka teng go ka tsosolosa lorato lo o neng o rata Jehofa ka lone ka nako eo. Anaanela dilo tseo tse di go diragaletseng. Akanya thata ka tsone. Di supa gore Jehofa o amega ka wena, mme ga go na ope yo o ka dirang gore o tlogele go dumela seo.
Itlhatlhobe
11, 12. Fa lorato lo Mokeresete a ratang boammaaruri ka lone lo fokotsegile, seo se ka tswa se bakilwe ke eng, mme Jesu o ne a naya kgakololo efe?
11 Fa o sa tlhole o rata Modimo le boammaaruri jaaka pele, seno ga se reye gore Modimo o fetogile. Jehofa ga nke a fetoga. (Mal. 3:6; Jak. 1:17) O ne a go rata ka nako eo, mme le gompieno o ntse a go rata fela jaaka pele. Ka jalo, fa e le gore go na le sengwe se se fetogileng mo kamanong ya gago le Jehofa, e ka tswa e le eng? A e ka tswa e le gore o mo kgatelelong go feta pele, o tshwaregile thata ka ditlhobaelo tsa botshelo? Gongwe pele o ne o rapela ka tlhoafalo, o ithuta ka tlhoafalo e bile o tlhatlhanya gantsi. A o ne o tlhagafetse thata mo bodireding e bile o nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa phuthego go feta kafa o dirang ka teng gompieno?—2 Bakor. 13:5.
12 O ka tswa o sa lemoge diphetogo dipe tse di ntseng jalo, mme fa e le gore o a di lemoga, di bakilwe ke eng? A go tshwenyega ka dilo tsa botlhokwa tse di tshwanang le go tlamela lelapa la gago sentle, go tlhokomela botsogo jwa gago kana dilo tse di tshwanang le tseo, go dirile gore o se ka wa tlhola o nna le boikutlo jwa go potlaka malebana le gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi? Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru. Gonne le tla tlela botlhe ba ba nnang mo godimo ga lefatshe lotlhe. Jaanong, nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala.”—Luke 21:34-36.
13. Jakobe o ne a tshwantsha Lefoko la Modimo le eng?
13 Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Baebele e bong Jakobe, o ne a kgothaletsa badumedi mmogo le ene gore ba itlhatlhobe ka bopeloephepa ba dirisa Lefoko la Modimo. O ne a re: “Nnang badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela, lo itsietsa ka tsela e e phoso ya go akanya. Gonne fa motho e le moutlwi wa lefoko, mme e se modiri, yono o tshwana le monna yo o lebileng sefatlhego sa gagwe sa tlholego mo seiponeng. Gonne o a iteba, mme a tswe a tsamaye mme ka yone nako eo a lebale gore ke motho wa mofuta ofe. Mme yo o tlhodumelang mo molaong o o itekanetseng wa kgololesego le yo o nnelang ruri mo go one, motho yono, ka gonne a sa nna moutlwi yo o lebalang bobe, mme a nnile modiri wa tiro, o tla itumela mo go o direng ga gagwe.”—Jak. 1:22-25.
14, 15. (a) Baebele e ka go thusa jang go tokafatsa kamano ya gago le Modimo? (b) O ka tlhatlhanya ka dipotso dife?
14 Motho a ka dirisa seipone go tlhomamisa gore o lebega sentle. Ka sekai, fa monna a bona gore thai ya gagwe ga e a nna sentle, a ka e baakanya. Fa mosadi a bona gore moriri wa gagwe ga o a kamega sentle, a ka o kama sentle. Ka tsela e e tshwanang, Baebele e re thusa go tlhatlhoba se re leng sone. Fa re ipapisa le se Baebele e reng re tshwanetse go nna sone, re a bo re e dirisa jaaka seipone. Mme mosola wa go iteba mo seiponeng e tla bo e le eng fa re sa dire sepe go baakanya phoso e re e bonang? Re tla bo re dira ka botlhale fa re dira go dumalana le se re se bonang mo “molaong o o itekanetseng” wa Modimo, mme re nna “badiri” ba one. Ka jalo, go tla bo go le molemo gore mongwe le mongwe yo o lemogang gore lorato lo a neng a rata Jehofa le boammaaruri ka lone pele lo fokotsegile a ipotse dipotso tseno: ‘Ke lebane le mathata afe mo botshelong, mme ke dirang ka one? Ke ne ka dira eng mo nakong e e fetileng? A go na le sengwe se se fetogileng?’ Fa e le gore fa o itlhatlhoba jalo o bona diphoso dingwe, o se ka wa di itlhokomolosa. Fa go tlhokega gore o dire diphetogo dingwe, tsweetswee di dire ka potlako.—Baheb. 12:12, 13.
15 Gape go tlhatlhanya jalo go ka go thusa go ipeela mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela gore o gole semoyeng. Moaposetoloi Paulo o ne a naya modirimmogo le ene, e bong Timotheo kgakololo ya kafa a ka tokafatsang bodiredi jwa gagwe ka teng. Paulo o ne a kgothatsa lekawana leo jaana: “Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.” Go tla bo go le molemo gore le rona re dirise Lefoko la Modimo fa re tlhatlhanya, re leke go bona gore re ka dira botswelelopele jang.—1 Tim. 4:15.
16. O tshwanetse go nna o akantse ka kotsi efe fa o itlhatlhoba o dirisa Baebele?
16 Fa o itlhatlhoba ka bopeloephepa o tla lemoga diphoso dingwe. Seo se ka nna sa go kgoba marapo, mme o se ka wa itetla go ikutlwa jalo. Kana tota maikaelelo a go itlhatlhoba ke go bona mo re ka tokafatsang teng. Mme gone Satane ene a ka rata gore Mokeresete a ikutlwe a se na mosola ka ntlha ya diphoso tsa gagwe. Tota e bile, go setse go kile ga twe Modimo ga a na sepe le maiteko otlhe a re a dirang go mo direla. (Jobe 15:15, 16; 22:3) Ao ke maaka a Jesu a neng a a ganetsa tota; Modimo o tsaya mongwe le mongwe wa rona a le tlhwatlhwakgolo. (Bala Mathaio 10:29-31.) Fa o lemoga diphoso tsa gago, seo se tshwanetse sa dira gore ka boikokobetso o ititeye sehuba gore o tla tokafatsa boemo, ka thuso ya ga Jehofa. (2 Bakor. 12:7-10) Fa o sa kgone go dira go le gontsi ka ntlha ya bolwetse kana botsofe, ipeele mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela, mme o se ka wa itlhoboga kana wa dira gore lorato lwa gago lo fokotsege.
Re na Le Dilo Tse Dintsi Tse Re ka Di Itumelelang
17, 18. O solegelwa molemo jang fa o oketsa lorato lo o neng o na le lone pele?
17 Go oketsa lorato lo o neng o na le lone pele go ka go leretse melemo e megolo. O ka oketsa kitso ya gago ka Modimo e bile o ka anaanela thata tsela e a go kaelang ka yone ka lorato. (Bala Diane 2:1-9; 3:5, 6.) Mopesalema a re: “Go . . . boloka [ditshwetso tsa ga Jehofa tsa boatlhodi] go na le maduo a magolo.” “Kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo.” Gape “go itumela ba ba se nang molato mo tseleng ya bone, ba ba tsamayang mo molaong wa ga Jehofa.”—Pes. 19:7, 11; 119:1.
18 Le wena o tla dumela gore go na le dilo tse dintsi tse o ka di itumelelang. O tlhaloganya mabaka a go bo dilo tse di diregang mo lefatsheng di direga. O solegelwa molemo ke go tlhokomelwa semoyeng le ke dithulaganyo tsotlhe tse Modimo a di direlang batho ba gagwe gompieno. Gape o tshwanetse wa bo o itumelela gore Jehofa o go gogetse mo phuthegong ya gagwe ya lefatshe lotlhe mme o go neile tshiamelo ya go nna mongwe wa Basupi ba gagwe. Anaanela dilo tse di molemo tse di go diragaletseng! Fa o ne o ka dira lenaane la masego a o nnileng le one mo botshelong, le ka nna leleele tota. Ruri go dira jalo kgapetsakgapetsa go ka go thusa go dirisa kgakololo eno: “Nna o ngangatlele se o nang le sone.”—Tshen. 3:11.
19. Kwantle ga go akanya ka kamano ya gago le Modimo, ke eng se sengwe se se botlhokwa se o ka se dirang gore o nne o nonofile semoyeng?
19 Fa o akanya kafa tumelo ya gago e ileng ya nonofa ka teng fa nako e ntse e tsamaya, seo se ka go thusa go ngangatlela se o nang le sone. Makasine ono o setse o kile wa nna wa umaka dilo tse dingwe tsa botlhokwa tse o ka di dirang gore o nne o nonofile semoyeng. Dingwe tsa tsone ke go rapela, go nna teng le go nna le seabe kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera. Dilo tseno di ka go thusa gore o tswelele o tsosolosa e bile o oketsa lorato lo o neng o na le lone pele.—Baef. 5:10; 1 Pet. 3:15; Jude 20, 21.
O ka Araba Jang?
• Mabaka a a dirileng gore o simolole go rata Jehofa a ka go kgothatsa jang gone jaanong?
• Go akanya ka dilo tse di go diragaletseng fa nako e ntse e tsamaya go ka go tlhatswa pelo ka eng?
• Ke eng fa o tshwanetse go tlhatlhoba lorato lo o ratang Modimo ka lone?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ke eng se se neng sa go kgatlha le go go tlhatswa pelo ka boammaaruri?
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
A o bona dilo dingwe mo go wena tse o tshwanetseng go di baakanya?