Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng
Go Thapisa Bana
John:a Pele batsadi ba me ba nkotlhaela phoso nngwe e ke e dirileng, ba ne ba leka ka natla go tlhaloganya lebaka la go bo ke e dirile. Ke leka go dirisa mokgwa ono fa ke kgalemela bomorwadiake. Mosadi wa me e bong Alison, o godisitswe ka tsela e e farologaneng. Rraagwe le mmaagwe ba ne ba itlhaganelela go otlhaya bana fa ba dirile sengwe se se phoso. Go bonala ba ne ba itaya bana ba bone mme ba sa itshwenye ka go batla go itse se se dirileng gore ba dire phoso eo. Ka dinako tse dingwe ke akanya gore mosadi wa me o otlhaya bana ba rona ka tsela eo e e bogale.
Carol: Rre o ne a tlogela lelapa la rona fa ke ne ke le dingwaga di le tlhano fela. O ne a sa nkgatlhegele e bile a sa kgatlhegele bonnake ba bararo. Mmè o ne a dira ka natla go re tlamela mme ke ne ka nna le boikarabelo jo bogolo jwa go tlhokomela bonnake. Go ne go le thata go itumelela go dira dilo tse bana ba di dirang ka gonne ke ne ke tshwanetse go dira dilo tse di tshwanetseng go dirwa ke motsadi. Le gompieno ke motho yo o tsayang dilo masisi thata. Fa banake ba tlhoka go kgalemelwa, ke fetsa nako e ntsi ke akanya ka diphoso tse ba di dirileng. Ke batla go itse gore ke eng fa ba dirile phoso le gore ba ne ba akanya eng fa ba e dira. Mme monna wa me e bong Mark, ga a nnele go tshwenyega thata ka se se diregileng. O ne a godisiwa ke rre yo o lorato mme gone a tlhomame, yo o neng a tlhokomela mmaagwe ka boikanyegi. Fa monna wa me a dirisana le bomorwadiarona, o rarabolola mathata ka bonako. O sekaseka boemo a bo a bo baakanya, go tswa foo a bo a sa tlhole a akanya ka jone.
JAAKA John le Carol ba tlhalosa, tsela e o godisitsweng ka yone e ka tlhotlheletsa thata tsela e o otlhayang bana ba gago ka yone. Fa monna le mosadi ba godisitswe ka tsela e e farologaneng, ba ka nna le maikutlo a a sa tshwaneng ka go thapisa bana. Ka dinako dingwe, go sa tshwane gono go dira gore go nne le mathata mo lenyalong.
Go ka nna le mathata a a oketsegileng fa batsadi ba lapile. Kgabagare batsadi ba ba sa tswang go nna le ngwana wa bone wa ntlha, ba lemoga gore go thapisa ngwana ke tiro e e lapisang le e e dirwang ka metlha. Joan yo ene le monna wa gagwe e bong Darren ba godisitseng bomorwadiabone ba le babedi a re: “Ke rata bomorwadiake mme ke ka sewelo fela ba robalang ka nako e ke batlang ba robala ka yone. Ba tsoga ka nako e ba tshwanetseng go bo ba robetse ka yone. Ba ntsena ganong fa ke bua. Ba tlogela ditlhako, diaparo le ditshamekisi tsa bone kwa ntle mme ga ba nke ba busetsa botoro mo setsidifatsing.”
Jack yo mosadi wa gagwe a neng a na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong fa a sena go tshola ngwana wa bone wa bobedi a re: “Gantsi ke ne ke boa kwa tirong ke lapile mme bosigo ke bo ke tsosiwa ke leseanyana la rona gangwe le gape. Seno se ne se dira gore go nne thata go kgalemela morwadiarona yo mogolo ka metlha. O ne a sa itumelele go bo re ne re fetsa nako e ntsi le monnawe.”
Fa batsadi ba lapile ga ba dumalane malebana le kafa ba ka thapisang bana ka gone, go sa utlwane go go sa reng sepe go ka felela ka kganetsano e kgolo. Fa dikgotlhang di sa rarabololwe di ka dira gore go nne le legora le le kgaoganyang banyalani le le ka dirang gore ngwana a dirise motsadi yo mongwe go bona se a se batlang. Ke melaometheo efe ya Baebele e e tla thusang banyalani go boloka kamano ya bone ya lenyalo e nonofile fa ba ntse ba thapisa bana ba bone ka tsela e e nang le matswela?
Fetsang Nako lo le Mmogo
Modimo o ne a ikaeletse gore batho ba nyalane pele ba nna le bana le gore ba tswelele ba nna mmogo le fa bana ba sena go tswa mo gae. Fa Baebele e bua ka kgolagano ya lenyalo ya re: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Mathaio 19:6) Go farologana le seo, lone lokwalo lono lo bontsha gore Modimo o ne a ikaeletse gore kgabagare ngwana a ‘tlogele rraagwe le mmaagwe.’ (Mathaio 19:5) Go godisa bana ke karolo ya lenyalo e seng motheo wa lone. Ke boammaaruri gore batsadi ba tshwanetse go dirisa nako e ntsi ba thapisa bana ba bone mme ba tshwanetse go gopola gore lenyalo le le nonofileng ke lone le le ka ba thusang go dira jalo.
Tsela nngwe e banyalani ba ka bolokang kamano ya bone e nonofile fa bana ba ntse ba gola ke efe? Fa go kgonega, ka metlha beelang nako kwa thoko e lo ka e fetsang lo le mmogo bana ba seyo. Seo se tla dira gore lo kgone go tlotla ka dintlha tsa botlhokwa tse di amanang le lelapa le gore lo itumelele go fetsa nako lo le mmogo. Ke boammaaruri gore ga go motlhofo gore banyalani ba beele kwa thoko nako ya go nna mmogo. Alison, mmè yo go builweng ka ene pelenyana, a re: “Fa go lebega e kete nna le monna wa me re tla nna le nako re le mmogo, morwadiarona yo mmotlana o batla gore re tlhome mogopolo mo go ene kgotsa mogoloe wa dingwaga di le thataro o tshwenyega thata ka sengwe, jaaka go batla dikerayone tsa gagwe.”
Joan le Darren ba ba umakilweng kwa godimo ba ne ba beela kwa thoko nako ya go nna mmogo ka go baya nako e bomorwadiabone ba tshwanetseng go robala ka yone. Joan a re: “Ka metlha ka nako e re neng re e beile, bomorwadiarona ba ne ba tshwanetse ba bo ba tsene mo dikobong mme ba letetse gore ba ‘timelwe’ lobone gore ba kgone go robala. Seo se ne se naya nna le Darren nako ya go itapolosa le go bua.”
Fa banyalani ba tlhomela bana ba bone nako e e tlhomameng ya go robala, ba tla kgona go nna le nako ba le mmogo mme gape ba tla thusa ngwana gore a se ka a “ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.” (Baroma 12:3) Kgabagare bana ba ba thapisitsweng gore ba tlotle nako e e tlhomilweng ya go robala ba lemoga gore ga se bone fela karolo ya botlhokwa mo lelapeng mme ba tshwanetse go latela thulaganyo ya lelapa go na le go dira se ba se batlang ka nako eo.
LEKA SENO: Tlhoma nako e bana ba tshwanetseng go robala ka yone ka metlha mme o tlhomamise gore e a latelwa. Fa ngwana wa gago a ntsha lebaka la go bo a sa batle go robala ka nako eo, jaaka gore o batla metsi, o ka nna wa mo letla gore a dire seo fela. Le fa go ntse jalo, se letle ngwana wa gago gore a busetse nako ya go robala kwa morago ka go nna a kopa dilo tse dingwe. Fa ngwana wa gago a kopa go nna metsotso e e oketsegileng e metlhano mme o mo letla, o ka dira gore tshupanako e e nang le alamo e lele morago ga metsotso e le metlhano. Fa alamo e lela, robatsa ngwana kgotsa mo laele gore a ye go robala mme o se mo letle gore a kope dilo tse dingwe. A ‘Ee wa gago e reye Ee, Nnyaa wa gago, Nnyaa.’—Mathaio 5:37.
Se Letleng Bana go Lemoga Gore ga lo Dumalane Fa lo Ba Kgalemela
Seane sengwe sa re: “Reetsa kotlhao ya ga rrago, morwaaka, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmago.” (Diane 1:8) Temana eno ya Baebele e bontsha gore rre le mmè ba na le tshwanelo ya go laola bana ba bone. Le fa go ntse jalo, tota le fa banyalani ba godisitswe ka tsela e e tshwanang, ba ka nna ba se dumalane malebana le kafa ngwana a tshwanetseng go thapisiwa ka gone le gore ke melao efe ya mo lapeng e e tshwanetseng go dirisiwa mo maemong mangwe. Batsadi ba ka lebana jang le kgwetlho eno?
John yo go builweng ka ene pelenyana a re, “Ke akanya gore go botlhokwa gore re se ka ra ganetsana fa pele ga bana.” Le fa go ntse jalo, o a dumela gore go thata go dumalana malebana le kafa bana ba tshwanetseng go kgalemelwa ka gone. John a re: “Bana ba kelotlhoko tota. Tota le fa re sa bue gore ga re dumalane, morwadiarona o kgona go lemoga seo.”
John le Alison ba fenya jang kgwetlho eno? Alison a re: “Fa ke sa dumalane le tsela e monna wa me a kgalemelang morwadiarona ka yone, ke ntsha maikutlo a me re le mo lefelong le morwadiarona a ka se re utlweng mo go lone. Ga ke batle gore a akanye gore a ka dirisa maikutlo a rona a a sa tshwaneng malebana le kotlhao gore a kgone go dira se a se batlang. Fa a lemoga gore ga re dumalane, ke mmolelela gore leloko lengwe le lengwe la lelapa le tshwanetse go ikobela thulaganyo ya ga Jehofa e e malebana le botlhogo le gore ke ikobela botlhogo jwa ga rraagwe ka go rata fela jaaka le ene a tshwanetse go ikobela taolo ya rona jaaka batsadi.” (1 Bakorintha 11:3; Baefeso 6:1-3) John a re: “Fa re le mmogo jaaka lelapa, gantsi ke nna ke etelelang pele mo go kgalemeleng bomorwadiarona. Le fa go ntse jalo, fa Alison a itse kafa a ka rarabololang boemo ka gone, ke mo letla gore a dire jalo mme ke bo ke mo ema nokeng. Fa ke sa dumalane le ene ka sengwe, ke se tlotla le ene moragonyana.”
O ka dira jang gore wena le molekane wa gago lo se ka lwa tshwarelana sekgopi ka go bo lo sa dumalane malebana le go thapisa bana—e leng se se ka felelang ka gore bana ba se ka ba lo tlotla?
LEKA SENO: Ka metlha beelang nako kwa thoko beke le beke ya go tlotla ka dintlha tse di amanang le go thapisa bana le go tlotla ka kgololesego ka dilo tse lo ka tswang lo sa dumalane ka tsone. Leka go tlhaloganya tsela e molekane wa gago a lebang dilo ka yone mme o anaanele gore le ene o na le kamano le bana ba lona.
Dirang Gore go Godisa Bana go Dire Gore lo Atamalane Thata
Ga go pelaelo gore go godisa bana ke namane e tona ya tiro. Ka dinako dingwe, e ka lebega e le tiro e e lapisang. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, bana ba lona ba tla tswa mo lapeng mme wena le molekane wa gago lo tla fetsa nako e ntsi lo le mmogo gape. A kgolagano ya lona ya lenyalo e tla nonotshiwa kgotsa e tla senngwa ke go godisa bana? Karabo e tla ikaega ka gore lo dirisa molaomotheo o o mo go Moreri 4:9, 10 go le kana kang: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe, ka gonne ba na le maduo a a molemo a tiro ya bone ya bonatla. Gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.”
Fa batsadi ba dirisana mmogo, matswela e ka nna a a itumedisang tota. Carol yo go builweng ka ene pelenyana o tlhalosa maikutlo a gagwe jaana: “Ke ne ke itse gore monna wa me o na le dinonofo tse di molemo mme go godisa bana mmogo go mpontshitse gore o na le tse dingwe gape tse dintsi. Fa ke ntse ke lebile tsela e a tlhokomelang bomorwadiarona ka lorato ka yone, seo se ne sa dira gore ke mo rate le go mo tlotla le go feta.” John o bua jaana ka Alison: “Fa ke bona kafa mosadi wa me a neng a nna mmè yo o lorato ka gone, seo se ne sa dira gore ke mo rate thata le go mo tlotla.”
Fa wena le molekane wa gago lo beela nako kwa thoko ya go nna mmogo e bile lo dira mmogo fa lo ntse lo godisa bana, lenyalo la lona le tla nonofa fa bana ba ntse ba gola. Ruri lo tla bo lo tlhomela bana ba lona sekao se se molemo!
a Maina a fetotswe..
IPOTSE JAANA . . .
Ke fetsa nako e kana kang beke le beke ke na le molekane wa me bana ba seyo?
Ke tshegetsa molekane wa me jang fa a kgalemela bana ba rona?