Bakeresete ba Tshwanetse go Kolobediwa
“Seno le sone jaanong se a lo boloka, e leng, kolobetso.”—1 PET. 3:21.
PINA: 7, 56
1, 2. (a) Batsadi bangwe ba Bakeresete ba ikutlwa jang fa ngwana a batla go kolobediwa? (b) Ke eng fa ba ba yang kolobetsong ba bodiwa gore a ba ineetse mo go Jehofa? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
MOSETSANA yo monnye e bong Maria o ema mmogo le ba ba yang kolobetsong fa batsadi ba gagwe ba ntse ba mo lebile. O araba dipotso tse pedi tse sebui se di botsang. Morago ga moo, o a kolobediwa.
2 Batsadi ba ga Maria ba ne ba itumeletse tshwetso e morwadiabone a e dirileng ya go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. Le fa go ntse jalo, mmaagwe Maria o ne a na le dipotso tse a neng a sa bolo go ipotsa tsone. O ne a ipotsa jaana: ‘A Maria o sa le monnye gore a ka kolobediwa? A ruri o tlhaloganya gore se a se dirang se masisi go le kana kang? A go tla bo go se molemo gore a lete nakwana pele a kolobediwa?’ Batsadi ba le bantsi ba ipotsa dipotso tseno fa ngwana a batla go kolobediwa. (Mor. 5:5) Kana e bile, boineelo le kolobetso ke dikgato tse di botlhokwa thata mo Mokereseteng.—Bona lebokose le le reng, “A o Ineetse mo go Jehofa?”
3, 4. (a) Moaposetoloi Petere o ile a tlhalosa jang botlhokwa jwa kolobetso? (b) Ke eng fa kolobetso e tshwantshiwa le fa Noa a ne a aga araka?
3 Fa moaposetoloi Petere a ne a bua ka kolobetso, o ne a e bapisa le fa Noa a ne a aga araka, o ne a re: “Se se tshwanang le seno le sone jaanong se a lo boloka, e leng, kolobetso.” (Bala 1 Petere 3:20, 21.) Araka eno e ne e bontsha gore Noa o ne a ikemiseditse go dira thato ya Modimo. Noa o ne a dira tiro yotlhe e Jehofa a neng a mo e abetse. Noa o ile a bontsha tumelo ya gagwe ka ditiro mme seo se ile sa dira gore ene le ba lelapa la gagwe ba falole Morwalela. Re ithuta eng mo go se Petere a neng a se bua?
4 Fela jaaka Noa a ile a bontsha gore o na le tumelo ka go aga araka, fa motho a kolobediwa, o bontsha gore o na le tumelo mo go Jehofa. Kolobetso e bontsha eng? E bontsha gore Mokeresete o ineetse mo go Jehofa ka gonne a dumela mo go Keresete. Fela jaaka Noa, Bakeresete ba ba ineetseng ba dira tiro e Modimo a ba e abetseng. E re ka Noa a ile a bolokwa fa go ne go na le Morwalela, Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba tla bolokwa fa batho ba ba bosula mo lefatsheng ba fedisiwa. (Mar. 13:10; Tshen. 7:9, 10) Seno se dira gore boineelo le kolobetso di nne botlhokwa fela thata. Motho yo o diegang ka boomo gore a kolobediwe, a ka feleletsa a latlhegetswe ke tshono ya go tshelela ruri.
5. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?
5 E re ka jaanong re itse kafa kolobetso e leng botlhokwa ka gone, re tshwanetse go itse dikarabo tsa dipotso tseno tse tharo: Baebele ya reng ka kolobetso? Ke eng se motho a tshwanetseng go se dira pele a kolobediwa? Ke eng fa Mokeresete a tshwanetse go nna a akantse kafa kolobetso e leng botlhokwa ka gone fa a ruta ngwana wa gagwe kgotsa motho yo a ithutang Baebele le ene?
BAEBELE YA RENG KA KOLOBETSO?
6, 7. (a) Kolobetso ya ga Johane e ne e kaya eng? (b) Ke kolobetso efe ya botlhokwa e e kgethegileng e Johane a neng a e dira?
6 Mo Baebeleng, motho wa ntlha yo go buiwang ka ene yo o neng a kolobetsa batho e ne e le Johane Mokolobetsi. (Math. 3:1-6) Batho ba ba neng ba kolobediwa ke Johane, ba ne ba dira jalo e le go bontsha gore ba ikwatlhaela maleo a bone, ka mafoko a mangwe ba ne ba dumela gore ba tlodile Molao wa ga Moshe. Le fa go ntse jalo, kolobetso ya botlhokwa e Johane a neng a e dira, e ne e sa amane ka gope le go ikwatlhaya. Johane o ne a nna le tshiamelo e kgolo ya go kolobetsa Morwa Modimo yo o itekanetseng e bong Jesu. (Math. 3:13-17) Jesu o ne a se na boleo, ka jalo, o ne a sa tlhoke go ikwatlhaya. (1 Pet. 2:22) O ne a kolobediwa go bontsha gore o tla dira thato ya Modimo.—Baheb. 10:7.
7 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, barutwa ba gagwe le bone ba ne ba kolobetsa batho. (Joh. 3:22; 4:1, 2) Fela jaaka batho ba ba neng ba kolobediwa ke Johane, batho ba ba neng ba kolobediwa ke barutwa ba ga Jesu ba ne ba bontsha gore ba ikwatlhaela maleo a ba a dirileng, se se rayang gore ba ne ba dumela gore ba tlodile Molao wa ga Moshe. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, kolobetso e ne e tla nna le bokao jo bongwe jo bo farologaneng.
8. (a) Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a naya balatedi ba gagwe taelo efe? (b) Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go kolobediwa?
8 Ka ngwaga wa 33, fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a bua le banna, basadi gongwe le bana ba ba fetang 500. Gongwe ke nako e a neng a ba raya a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Math. 28:19, 20; 1 Bakor. 15:6) Go bonala bontsi jwa balatedi ba gagwe ba ne ba le teng fa a ne a ntsha taelo ya go dira batho barutwa. Ka jalo, Jesu o ne a tlhalosa gore batho ba ba batlang go nna barutwa ba gagwe kgotsa go rwala “jokwe” ya gagwe, ba tshwanetse go kolobediwa. (Math. 11:29, 30) Mongwe le mongwe yo o neng a batla go direla Modimo, o ne a tshwanetse go amogela gore Modimo o dirisa Jesu go diragatsa thato ya Gagwe. Morago ga moo, ke gone a neng a ka kolobediwa. Kolobetso eno e ne e le yone fela e Modimo a neng a e amogela. Baebele e re naya bosupi jo bontsi jwa gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba e neng e nna barutwa ba ga Jesu, ba ne ba tlhaloganya botlhokwa jwa kolobetso. Mme ba ne ba sa diege ka boomo gore ba kolobediwe.—Dit. 2:41; 9:18; 16:14, 15, 32, 33.
O SE KA WA DIEGA
9, 10. Re ithuta eng mo monneng wa Moethiopia le mo go moaposetoloi Paulo?
9 Bala Ditiro 8:35, 36. Akanya ka monna mongwe wa Moethiopia yo o neng a tswa kobamelong kwa Jerusalema. Moengele wa ga Jehofa o ile a romela Filipo gore a ye kwa monneng yono mme a “[mmolelele] dikgang tse di molemo kaga Jesu.” Monna yono o ne a dira eng? Se a ileng a se dira se ne se bontsha gore o anaanela dilo tse a di ithutileng. O ne a batla go direla Jehofa, ka jalo, o ne a kolobediwa ka yone nako eo.
10 Gape akanya ka monna mongwe wa Mojuda yo o neng a bogisa Bakeresete. O ne a tsholetswe mo setšhabeng se se neng se ineetse mo Modimong. Le fa go ntse jalo, Bajuda ba ne ba sa tlhole ba ikobela Jehofa. Monna yoo o ne a tlhagafetse mo tumelong ya Sejuda mme moragonyana o ne a ithuta boammaaruri. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe, Jesu Keresete o ile a bua le monna yoo a le kwa legodimong. Monna yoo o ne a dira eng? O ne a letla morutwa wa ga Jesu e bong Ananiase gore a mo thuse. Baebele ya re monna yoo o ne “a nanoga a kolobediwa.” (Dit. 9:17, 18; Bagal. 1:14) Monna yoo ke yo moragonyana a neng a bidiwa moaposetoloi Paulo. Fa Paulo a sena go ithuta ka seabe sa ga Jesu mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo, o ne a tsaya kgato. Ga a ka a diega go kolobediwa.—Bala Ditiro 22:12-16.
11. (a) Ke eng se se tlhotlheletsang batho ba ba ithutang Baebele gore ba kolobediwe? (b) Re ikutlwa jang fa re bona batho ba ba ithutang Baebele ba kolobediwa?
11 Go ntse fela jalo le ka batho ba ba ithutang Baebele gompieno, le fa ba ka tswa ba le basha kgotsa ba godile. Batho ba ba nang le tumelo le ba ba anaanelang boammaaruri ba iketleeleditse go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. Puo ya kolobetso ke puo e e tlhomologileng kwa dikopanong tse dikgolo le tse dinnye. Basupi ba ga Jehofa ba a itumela fa ba bona motho yo o ithutang Baebele a gatela pele a bo a kolobediwa. Batsadi ba Bakeresete ba itumela tota fa ba bona bana ba bone ba ya kolobetsong. Mo ngwageng wa tirelo wa 2017, batho ba feta 284 000 ba ba nang le “tshekamelo e e siameng,” ba ile ba bontsha gore ba ineetse mo go Jehofa ka go kolobediwa. (Dit. 13:48) Ga go pelaelo gore ba ne ba tlhaloganya gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse go kolobediwa. Ba ne ba tshwanetse go dira eng pele ba kolobediwa?
12. Motho yo o ithutang Baebele o tshwanetse go dira eng pele a ka kolobediwa?
12 Pele motho yo o ithutang Baebele a ka kolobediwa, o tshwanetse go dumela mo dithutong tsa boammaaruri tse di malebana le Modimo, boikaelelo jwa Gagwe le thulaganyo e a e dirileng go boloka batho. (1 Tim. 2:3-6) Tumelo ya gagwe e mo tlhotlheletsa gore a tile boitshwaro jo bo sa siamang jo bo sa itumediseng Modimo mme a tshele go dumalana le melao ya ga Jehofa. (Dit. 3:19) Ga go kgonege gore motho a ineele mo Modimong mme a sa ntse a na le boitshwaro jo bo tla dirang gore a se ka a rua Bogosi. (1 Bakor. 6:9, 10) Mme ga go felele foo. Motho yo o batlang go ineela mo go Jehofa, o ya dipokanong, o rerela batho ka metlha e bile o dira batho barutwa. Jesu o ne a re tiro ya gagwe e tla dirwa ke barutwa ba gagwe. (Dit. 1:8) Motho yo o ithutang Baebele o tshwanetse go dira dilo tseno pele. Morago ga moo, ke gone a ka ineelang mo go Jehofa ka thapelo le go bontsha seo phatlalatsa ka go kolobediwa.
MOKGELE O BATHO BA BA ITHUTANG BAEBELE BA KA IPEELANG ONE
13. Fa re ruta ba bangwe, ke eng fa re tshwanetse go nna re gopotse gore ba tshwanetse go kolobediwa gore ba tle ba nne Bakeresete?
13 Fa re ntse re thusa bana ba rona le batho ba re ithutang Baebele le bone go nonofa mo tumelong, re tshwanetse go nna re gopotse gore ba ba batlang go nna balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go kolobediwa. Fa re nna re akantse ka seno, ga re na re tshaba go bolelela batho ba re ithutang le bone kafa boineelo le kolobetso di leng botlhokwa ka gone. Re batla bana ba rona le batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba gatele pele ba bo ba kolobediwa!
14. Ke eng fa re sa tshwanela go pateletsa ope gore a kolobediwe?
14 Ke boammaaruri gore ga go na ope yo o tshwanetseng go pateletsa ngwana kgotsa motho yo a ithutang Baebele le ene gore a kolobediwe. Jehofa ga a pateletse ope gore a mo direle. (1 Joh. 4:8) Go na le moo, fa re ruta ba bangwe, re tshwanetse go ba thusa go tlhaloganya gore go botlhokwa gore ba nne le kamano e e molemo le Modimo. Fa motho yo o ithutang Baebele a bontsha gore o lebogela dilo tse a di ithutileng e bile a batla go nna molatedi wa ga Keresete, seo se tla mo tlhotlheletsa go ya kolobetsong.—2 Bakor. 5:14, 15.
15, 16. (a) Motho o tshwanetse go kolobediwa a na le dingwaga tse kae? Tlhalosa. (b) Ke eng fa motho yo o ithutang Baebele a tshwanetse go kolobediwa le fa gone a kile a kolobediwa kwa dikerekeng tse dingwe?
15 Go kolobediwa ga go ye ka dingwaga. Batho ga ba tshwane, ka jalo, ba gatela pele ka ditsela tse di farologaneng. Batho ba le bantsi ba kolobediwa ba sa le basha ba bo ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa. Ba bangwe ba ithuta boammaaruri ba setse ba godile, ka jalo, ba kolobediwa ba godile. Ba bangwe ba kolobediwa ba na le dingwaga di feta 100!
16 Mmê mongwe yo o neng a ithuta Baebele o ne a botsa gore a ruri go a tlhokega gore a kolobediwe gape ka gonne o ne a setse a kolobeditswe kwa dikerekeng tse dingwe. Motho yo o neng a ithuta Baebele le ene o ne a mo kopa gore ba bale ditemana tse di buang ka kgang eno. Mmê yono o ne a simolola go tlhaloganya se Baebele e se buang ka kgang eno, mme moragonyana o ne a kolobediwa. Le fa gone a ne a setse a na le dingwaga di feta 70, o ile a lemoga gore go botlhokwa gore a kolobediwe. Jehofa o amogela kolobetso ya rona fa fela re itse boammaaruri ka thato ya gagwe. Ka jalo, batho ba ba ithutang Baebele ba tshwanetse go kolobediwa le fa ba ka tswa ba ile ba kolobediwa kwa dikerekeng tse dingwe.—Bala Ditiro 19:3-5.
17. Motho o tshwanetse go akanya ka eng ka letsatsi le a kolobediwang ka lone?
17 Letsatsi le motho a kolobediwang ka lone, ke letsatsi le le itumedisang. Gape ke nako ya gore motho a akanye ka kelotlhoko gore boineelo le kolobetso di akaretsa eng. Motho o tshwanetse go dira ka natla gore a tshele ka tsela e Jehofa a e batlang. Ke ka moo Jesu a neng a tshwantsha go nna morutwa wa gagwe le go rwala jokwe. Barutwa ba ga Jesu ga ba ‘tlhole ba itshelela, mme ba tshelela ene yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.’—2 Bakor. 5:15; Math. 16:24.
18. Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong se se latelang?
18 Mmaagwe Maria o ne a itse gore go kolobediwa ke tshwetso e e masisi ke ka moo a ileng a ipotsa dipotso tse di umakilweng kwa tshimologong. Fa o le motsadi, o ka tswa o ile wa ipotsa jaana: ‘A ngwanake o siametse go ka kolobediwa? A o na le kitso e e lekaneng gore a ka ineela mo go Jehofa? A o tshwanetse go rutega kgotsa go nna le tiro ya boitshediso pele a kolobediwa? Gotweng fa ngwanake a ka dira boleo jo bo masisi fa a sena go kolobediwa?’ Mo setlhogong se se latelang re tla sekaseka dipotso tseno le go bona gore batsadi ba Bakeresete ba ka leba kolobetso jang ka tsela e e siameng.