Go Neela Batho ba Dipuo Tsotlhe le ba Madumedi Otlhe Bosupi
1 Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba rera ka tlhoafalo ba rerela batho ba ba neng ba bua dipuo tse dingwe le ba ba neng ba bolela gore ke ba madumedi a a farologaneng. Ka ntlha ya moo, “ka ngwaga wa 100 go bonala naga nngwe le nngwe e e neng e le mo lobopong lwa Mediterranean e ne e na le Bakeresete.”—History of the Middle Ages.
2 Mo ditshimong tsa rona tse dintsi re na le batho ba ba farologaneng ba ba buang dipuo tse dintsi tse di farologaneng. Ba le bantsi ba fudugile go tswa magaeng le kwa metseng ba fudugela kwa ditoropokgolong le ditoropong. Batho go tswa dintlheng tsotlhe tsa Afrika ba ile ba fudugela kwa ditoropokgolong go ya go batla tiro. Ka ntlha ya moo, mo ditoropokgolong tse dintsi le mo ditoropong go na le batho ba madumedi a a farologaneng a e seng a Bokeresete, go akaretsa le diketekete tsa Babuda, Bahindu, Bajuda le Bamoseleme. Ka ntlha ya dipuo tse dintsi tseno le madumedi a mantsi a a leng gone, ke kgwetlho e kgolo gore motho a itse gore a tlotle jang le go neela bosupi jang mo bathong bano botlhe fa re kopana le bone. Gone e bile, re ka tswa re na le tshimo ya borongwa mo lefelong la rona. Re ka latela jang ditaelo tsa ga Jesu tsa go “rerela batho le go neela bosupi ka botlalo” mo bathong ba dipuo tsotlhe le ba madumedi otlhe?—Dit. 10:42.
Go Neela Bosupi mo Bathong ba ba Buang Puo e Nngwe
3 Koketsego e kgolo ya baboledi ba basha e tswa mo bathong ba ba buang dipuo tsa Seafrika ba gone jaanong ba nnang mo mafelong a pele e neng e le a batho ba ba buang Seesemane le Seburu. Go tlhomilwe diphuthego di le dintsi tsa dipuo tsa Seafrika mo mafelong ano. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go ka dirwa mo go oketsegileng.
4 Go Fenya Legora la Puo: Ga go na pelaelo gore batho ba le bantsi ba ithuta ka bonako e bile ba tlhaloganya botoka fa ba rutwa ka puo e e leng ya bone. Bakaulengwe ba le bantsi le bokgaitsadi ba ile ba ithuta puo e nngwe “ka ntlha ya dikgang tse di molemo” le gore ‘ba nne batlhakanedi ba tsone le ba bangwe.’ (1 Bakor. 9:23) Le fa mosadi mongwe wa Mo-China a ne a tlhola a tlisetswa dimakasine ka dingwaga di le dintsi ke kgaitsadi mongwe yo o neng a bua Seesemane, mosadi yono o ne a gana thuto ya Baebele go fitlha kgaitsadi yo mongwe, yo o neng a ithuta Se-China, a ne a mo naya buka ka puo eo. O ne a e amogela gone fela foo a bo a dumalana go ithuta. Se se ileng sa dira gore a dumele e ne e le ka gonne kgaitsadi yono wa bobedi a ne a leka go bua mafoko a sekae ka puo ya mosadi yoo.—Bapisa Ditiro 22:2.
5 Ke gone ka moo Tora ya Tebelo ya November 1, 1992 e ileng ya akgela jaana: “Go ithuta puo e sele ga go kitla go godisa bokgoni jwa go akanya jwa basha fela mme gape go tla dira gore ba tswe phuthego ya ga Jehofa thuso le go gaisa.” Maloko mangwe a lelapa la Bethele ba tsere matsapa a go ithuta puo e nngwe. Ka go dira jalo, bakaulengwe ba ile ba kgona go thusa segolobogolo mo diphuthegong tse ba tlhokang go etelela pele mo go tsone. Fa o itse puo e nngwe kana fa e le gore o rata go ithuta, le wena o ka kgona go thusa phuthego kana setlhopha sa puo e sele.—Math. 9:37, 38.
6 Mokaulengwe mongwe kwa Florida, U.S.A., yo o ileng a ithuta Se-Vietnam pele a tsena mo boammaaruring gone jaanong o itumelela go bolelela batho ba ba buang Se-Vietnam dikgang tse di molemo. Gore a kgone go dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go bua puo eo ka botlalo gore a neele bosupi, o ile a fuduga le lelapa la gagwe ba ya kwa nageng e nngwe e go neng go na le tlhokafalo e kgolwane gone mo tshimong ya Se-Vietnam. Fa e sa le a fudugetse koo, o atlega tota go ithuta Baebele le batho ba le bantsi ba ba tswang Vietnam.
7 Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela wa kwa California, U.S.A., o ne a kopana le batho ba le mmalwa ba ba bosusu mo tshimong ya gagwe. O ne a rapela gore Jehofa a mo thuse go bona mongwe yo o neng a ka mo ruta puo ya diatla gore a tle a kgone go ba ruta boammaaruri. Letsatsi lengwe fa a ne a ile go reka mo lebentleleng lengwe gaufi, o ne a atamelwa ke mosadi mongwe yo mosha yo o susu yo o neng a mo kwalela lekwalonyana a mo kopa gore a mo thuse go bona sengwe se a neng a batla go se reka. Fa a sena go mo thusa go se bona, mmulatsela yono o ne a mo kwalela lekwalonyana a mmolelela gore o eletsa go ithuta puo ya diatla gore a tle a thuse batho ba ba bosusu mo lefelong leo. Morago ga moo mosadi yo o susu o ne a kwala a botsa jaana, “Ke ka ntlha yang fa o batla go thusa batho ba ba bosusu?” Kgaitsadi o ne a kwala a re: “Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme ke batla go thusa batho ba ba bosusu gore ba tlhaloganye Baebele. Ke tla itumelela go go ruta Baebele fa wena o ka nthuta puo ya diatla.” Kgaitsadi yono a re: “A bo ke ne ke itumetse jang fa a ne a re ‘Go Siame.’” Kgaitsadi yono o ne a ya kwa ntlong ya mosadi yono maitseboa mangwe le mangwe ka dibeke di le thataro. O ne a ithuta puo ya diatla, mme mosadi yono yo o susu o ne a ithuta boammaaruri mme a kolobediwa! Seo se ne sa diragala dingwaga tse di fetang 30 tse di fetileng, mme kgaitsadi yono wa mmulatsela o sa ntse a neela batho ba ba bosusu bosupi mme gone jaanong o kopanela le phuthego ya puo ya diatla.
8 Fa o kgona go bua puo e nngwe sentle mme o eletsa e bile o kgona go fudugela kwa go nang le tlhokafalo e kgolwane mo tshimong eo, ke ka ntlha yang fa o sa buisane le bagolwane mo phuthegong. Fa ba akanya gore o a tshwanelega go fuduga, botsa molebedi wa potologo gore a go na le lefelo le le gaufi le o ka direlang kwa go lone. Fa go se na lepe, o ka nna wa kwalela Mokgatlho, mme le bagolwane ba romele lekwalo le le nang le dikakgelo tsa bone ka ga ditshwanelego tsa gago le dipuo tse o kgonang go di bua.—Bona Tora ya Tebelo ya August 15, 1988, ditsebe 21-3.
9 Go Dirisa Didirisiwa Tse re di Filweng: Dibuka tsa rona di gone ka bontsi jwa dipuo tse di buiwang mo tshimong ya rona. Go tla nna molemo go tshwara dipampitshana le boroutšhara jwa Re Direng ka dipuo tse di buiwang mo tshimong ya lona. Fa go bonala sentle gore motho yono ga se Motswana, mmotse gore o bala puo efe. Seno se ka dira gore o itse botoka gore o ka mo naya dikgatiso dife. Ka sekai, motho yo o buang Seswati a ka nna a kgona go bala Sezulu.
10 Tota le fa o sa kgone go bua puo ya motho yo o kopanang le ene mo tshimong, o sa ntse o ka kgona go mmolelela dikgang tse di molemo. Jang? Ka go dirisa bukana ya Good News for All Nations. E na le molaetsa o mokhutshwane o o gatisitsweng ka dipuo di le 59. Jaaka fa ditaelo tse di mo tsebeng 2 ya bukana eno di tlhalosa, fa o setse o itse gore mong wa ntlo o bua puo efe, dira gore a bale molaetsa o o mo tsebeng e e maleba mo bukaneng eno. Fa a sena go e bala, mmontshe kgatiso nngwe ka puo ya gagwe. Fa o se na yone, mmontshe kgatiso eo ka Setswana. Mmolelele gore o tla leka go mo tlisetsa khopi ya yone ka puo ya gagwe. Mmotse leina la gagwe, o bo o le kwala mmogo le aterese ya gagwe. Gongwe o ka naya tshedimosetso eo phuthego kana setlhopha se se gaufi se go buiwang puo eo mo go sone. Go bona ditaelo tse di oketsegileng tsa gore o ka naya jang bakaulengwe ba ba tshwanelang tshedimosetso e e ntseng jalo, bona tsebe 11 ya kgatiso ya October 1993 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Fa go se na motho ope yo o buang puo eo yo a ka dirang loeto lwa go boela, o ka nna wa amogela kgwetlho eo, gongwe o ithuta le motho yoo ka go bala le ene mme wena o dirisa kgatiso ya Setswana.—1 Bakor. 9:19-23.
Go Neela Bosupi mo Bathong ba Bodumedi jo e Seng Jwa Bokeresete
11 Go itse sengwe ka bodumedi jwa motho go re thusa go neela bosupi ka tsela e e molemo ka Bogosi jwa Modimo. Buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo e re sedimosetsa ka ga ditumelo tse dikgolo tsa lefatshe gore re tle re tlhaloganye sentle dilo tse batho ba di dumelang gore re ba thuse go itse boammaaruri.
12 Lebokoso le le mo tsebeng ya bofelo ya tsenyeletso eno le naya lenaane la dikgatiso tse phuthego ya ga Jehofa e re baakanyeditseng tsone gone jaanong gore re di dirise fa re neela bosupi mo bathong ba e seng Bakeresete. Ka go bala dikgatiso tseno, re tlhaloganya gore re ka buisana jang le batho ka dikgang tse di molemo. Ga re a tshwanela go lebala gore le buka ya Go Fetolana ke sedirisiwa se se molemo. Ditsebe 21-4 tsa buka eo di re neela dikakantsho tse di mosola tsa kafa re ka arabang Babuda, Bahindu, Bajuda le Bamoseleme ka gone.
13 Go Ela Tlhoko Se o Se Buang: Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra nna le pono e le nngwe fela ka batho botlhe ba bodumedi jo bo rileng ka gore re swetse ka gore se ba se dumelang se tshwana fela le se ba bangwe ba tumelo yone eo ba se dumelang. Go na le moo, leka go tlhaloganya gore motho yo o buang le ene o akanya jang. (Dit. 10:24-35) Jaaka Momoseleme, Salimoon o godisitswe a dumela gore Koran ke lefoko la Modimo. Mme gone o ne a sa kgone go dumalana le thuto ya Bomoseleme ya gore Modimo yo o kutlwelobotlhoko o ne a ka bogisa batho mo diheleng tse di tukang. Letsatsi lengwe Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo laletsa go ya dipokanong. E re ka a ne a lemoga boammaaruri ka yone nako eo, gone jaanong o direla ka boitumelo e le mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete.
14 Fa re neela bosupi mo bathong ba madumedi a e seng a Bokeresete, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore tsela e re buang le bone ka yone ga e re time sebaka sa go tlotla le bone ka dikgang tse di molemo. (Dit. 24:16) Balatedi ba madumedi mangwe ga ba utlwane gotlhelele le maiteko a go ba fetola mo tumelong ya bone. Ka jalo, nna podimatseba gore o bone dintlha tse lo ka dumalanang mo go tsone gore o ba gogele mo boammaaruring jo bo feletseng jwa Lefoko la Modimo. Ba sekadinku ba tla utlwa fa o ba bolelela boammaaruri ka tsela e e bonolo e e utlwalang sentle.
15 Go botlhokwa gape gore re tlhokomele mafoko a re a tlhophang, e se re kgotsa ra dira gore batho ba se ka ba reetsa molaetsa wa rona. Ka sekai, fa ka bonako fela o ipolela gore wena o Mokeresete, moreetsi wa gago a ka nna a bo a setse a tsaya gore o mo go nngwe ya dikereke tsa Labokeresete, e leng selo se se ka go bakelang legora. Gape go ka nna molemo go bitsa Baebele “Dikwalo” kana “dikwalo tse di boitshepo.”—Math. 21:42; 2 Tim. 3:15.
16 Fa o kopana le motho wa bodumedi jo e seng jwa Bokeresete mme o ikutlwa o sa ipaakanyetsa go neela bosupi ka yone nako eo, dirisa sebaka seo gore lo itsane fela, o tlogele pampitshana, mme o mmolelele gore o mang le ene a go bolelele gore ke mang. Morago ga moo o bo o boela morago ga letsatsi le le lengwe kana a le mabedi, fa o setse o ipaakanyeditse sentle go neela bosupi.—1 Tim. 4:16; 2 Tim. 3:17.
17 Go Neela Bosupi Mo go Ba e Leng Babuda: (Bona kgaolo 6 ya buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo.) Mobuda mongwe le mongwe o dumela se se farologaneng thata le se se dumelwang ke yo mongwe. Go na le gore ba dumele mo Mmoping yo e leng motho, Babuda ba tsaya monna mongwe wa Moindia, Buddha Gautama, wa lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E., jaaka motlhomasekao wa bone mo bodumeding. Fa a ne a simolola go bona monna yo o lwalang, monnamogolo le monna yo o suleng, Gautama o ne a nnela go ipotsa gore tota botshelo bo kayang. ‘A batho ba ne ba tsaletswe fela go tla go boga, go tsofala le go swa?’ o ne a ipotsa jalo. Mme gone, re ka kgona go arabela Babuda ba ba peloephepa dipotso tseno, ba ba batlang go itse dikarabo tsa tsone.
18 Fa o bua le Babuda, bua fela ka molaetsa o o molemo le boammaaruri jo bo utlwalang sentle jo bo fitlhelwang mo bukeng e e boitshepo go di feta tsotlhe, e leng Baebele. Fela jaaka batho ba bangwe ba le bantsi, Babuda ba kgatlhegela thata kagiso, boitsholo jo bontle le botshelo jwa lelapa e bile gantsi ba itumelela go tlotla ka dikgang tseno. Seno se ka go naya sebaka sa gore o bontshe gore Bogosi ke jone selo sa mmatota se se ka rarabololang mathata a batho.
19 Mo ditoropokgolong tse dintsi le mo metseng e mentsi e megolo, go na le batho ba Ba-China ba ba dumelang mo Bobudeng le mo difilosofing tse dingwe tsa kwa Botlhaba. Fa kgaitsadi mongwe kwa Montana, U.S.A., a ne a bona monna mongwe wa Mo-China mo lebentleleng, o ne a mo naya pampitshana ka puo ya gagwe a bo a mmolelela gore a ka rata go ithuta Baebele le ene. O ne a re: “A o raya Baebele e e Boitshepo? Ke ntse ke batla seno botshelo jotlhe jwa me!” O ne a simolola go ithuta ka yone beke eo mme a simolola go nna gone kwa dipokanong tsotlhe.
20 Go feta lesome la dingwaga, kgaitsadi mongwe wa mmulatsela kwa Nevada, U.S.A., o ntse a ruta baithuti ba Ba-China boammaaruri. Fa a ne a bereka kago nngwe e e nang le difolete di le robedi koo baithuti bano ba nnang gone, o ne a rapela Jehofa gore a mo thuse go simolola thuto mo foleteng nngwe le nngwe. Mo dibekeng tse pedi o ne a ithuta le moithuti a le mongwe mo foleteng nngwe le nngwe. Tsela e a simololang motlotlo ka yone e e mo thusitseng ke fa a bolela gore o bone se baithuti botlhe ba amegileng ka sone—botlhe ba batla kagiso le boitumelo. Morago ga moo o ba botsa gore a le bone ba amegile ka dilo tseno. Ka metlha ba a dumela. O ba bontsha boroutšhara jwa Lasting Peace and Happiness—How to Find Them, e e kwaletsweng batho ba Ba-China. Fa a sena go ithuta ka makgetlho a le matlhano fela, moithuti mongwe o ne a mmolelela gore o ne a ntse a batla boammaaruri ka nako e telele mme gone jaanong o bo bone.
21 Go Neela Bosupi Mo go Ba e Leng Bahindu: (Bona kgaolo 5 ya buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo.) Bahindu ga ba na tumelo ya motheo e e tlhomameng e ba e dumelang. Filosofi ya bone e raraane thata. Bahindu ba na le kgopolo ya tharonngwe ka modimo wa bone yo mogolo Brahman (Brahma wa Mmopi, Vishnu wa Mmoloki le Siva wa Mosenyi). Go dumela mo go reng moya ga o swe go dira gore ba dumele mo thutong ya go tsalwa ka mmele o mosha, se se dirang gore Bahindu ba nne le pono ya gore botshelo jwa motho bo laoletswe e sa le gale. (Bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 179-84 le Tora ya Tebelo ya May 15, 1997, ditsebe 3-8.) Bohindu bo ruta go itshokela batho, gore ditumelo tsotlhe di isa boammaaruring bo le bongwe fela.
22 Tsela e motho a ka e dirisang go neela Mohindu bosupi ke go tlhalosa tsholofelo ya rona e e tswang mo Baebeleng ya go tshelela ruri mo lefatsheng re le batho ba ba itekanetseng le go tlhalosa dikarabo tse di kgotsofatsang tse Baebele e di nayang tsa dipotso tse batho botlhe ba ipotsang tsone.
23 Go Neela Bosupi Mo go Ba e Leng Bajuda: (Bona kgaolo 9 ya buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo.) Go farologana le ditumelo tse dingwe tse e seng tsa Bokeresete, Bojuda bo simologile mo hisitoring, e seng mo ditlhamaneng. Ka go dirisa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera, batho ba na le tsela e e molemolemo ya go ba thusa go batla Modimo wa boammaaruri. Mme le fa go ntse jalo, go farologana le se se bolelwang ke Lefoko la Modimo, thuto ya konokono ya Bojuda jwa gompieno ke gore moya wa motho ga o swe. O ka dira gore lo tsamaisane mmogo ka go mo tlhomamisetsa gore re obamela Modimo wa ga Aborahame le go dumela gore rotlhe re lebane le mathata a a tshwanang mo lefatsheng la gompieno.
24 Fa o kopana le Mojuda yo o sa dumeleng mo Modimong, go mmotsa gore a o ne a ntse a ikutlwa ka tsela eo ka metlha go ka go thusa go lemoga gore ke eng se se tla mo kgatlhang thata. Ka sekai, go ka direga gore ga a ise a ko a utlwe tlhaloso e e kgotsofatsang ya gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo. Bajuda ba ba pelodiphepa ba ka kgothadiwa go itlhatlhobela go nna ga ga Jesu Mesia, e seng ka tsela e Labokeresete e mo tlhalosang ka yone ka tsela e e phoso, mme ka tsela e bakwadi ba Bajuda ba Dikwalo tsa Segerika ba mo tlhalosang ka yone.
25 Go Neela Bosupi Mo go Ba e Leng Bamoseleme: (Bona kgaolo 12 ya buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo.) Bamoseleme ke balatedi ba Iselamo (kana, Bo-Muhammadan), e e akaretsang go dumela mo go Allah e le modimo wa bone o o esi le mo go Muhammad (570-632 C.E.) jaaka moporofeti wa gagwe wa bofelo le wa botlhokwa go feta botlhe. E re ka ba sa dumele gore Modimo o ne a na le morwa, Bamoseleme ba tsaya Jesu Keresete e le moporofeti wa Modimo wa maemo a a kwa tlase, mme e seng go feta moo. Koran, e e nang le dingwaga tse di kwa tlase ga tse 1400, e umaka Dikwalo tsa Sehebera mmogo le tsa Segerika. Go na le dilo tse di tshwanang thata fa gare ga Iselamo le Bokatoliki. Madumedi ano oomabedi a ruta gore moya wa batho ga o swe, boemo jwa go tlhokofadiwa ka nakwana le gore go na le dihele tse di tukang.
26 Selo se re dumalanang mo go sone ke gore go na le Modimo a le mongwe fela wa boammaaruri le gore Baebele e tlhotlheleditswe ke ene. Mmadi yo o kelotlhoko wa Koran o bone go umakiwa Torah, Dipesalema le Diefangele e le Lefoko la Modimo mme o badile gore di tshwanetse go tsewa jalo le go utlwiwa. Ka jalo, o ka nna wa ithaopa go di ithuta le ene.
27 Puisano eno e ka nna mosola fa o e dirisa mo mothong yo o ipolelang gore ke Momoseleme: “Ga ke ise ke bue le Bamoseleme ba le bantsi, mme ke badile sengwenyana ka ga bodumedi jwa lona mo bukeng eno. [Bula mo go tsebe 23 mo bukeng ya Go Fetolana.] E re lo dumela gore Jesu e ne e le moporofeti mme Muhammad e ne e le moporofeti wa bofelo le yo o botlhokwa thata. A o dumela gore le Moshe e ne e le moporofeti wa boammaaruri? [Mo letle gore a arabe.] A nka go bontsha gore Moshe o ne a ithuta eng mo Modimong ka leina la Gagwe la mmatota?” O bo o bala Ekesodo 6:2, 3. Mo loetong lwa go boela, o ka tlotla ka setlhogwana “Modimo a le Mongwe, Bodumedi bo le Bongwe,” mo tsebeng 13 mo bukaneng ya The Time for True Submission to God.
28 Gompieno, batho ba le bantsi ba dira go dumalana le mafoko a ga Isaia 55:6, a a balegang jaana: “Batlang Jehofa a sa ntse a ka bonwa; mmitseng a sa ntse a le gaufi.” Seno se a dira mo bathong botlhe ba ba pelodiphepa, go sa kgathalesege gore ba bua puo efe kana gore ke ba bodumedi bofe. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona fa re ntse re leka go ya go “dir[a] batho ba merafe yotlhe barutwa.”—Math. 28:19.
[Box on page 6]
Dibuka tse di Kwaletsweng Batho ba e Seng ba Bokeresete
Babuda
In Search of a Father (Bukana)
“Bōnañ! Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha” (Boroutšhara)
Se-China
Lasting Peace and Happiness—How to Find Them (Boroutšhara)
Bahindu
From Kurukshetra to Armageddon—And Your Survival (Bukana)
Our Problems—Who Will Help Us Solve Them? (Boroutšhara)
The Path of Divine Truth Leading to Liberation (Bukana)
Victory Over Death—Is It Possible for You? (Bukana)
Why Should We Worship God in Love and Truth? (Boroutšhara)
Bajuda
A Peaceful New World—Will It Come? (Pampitshana No. 17)
Basupi ba ga Jehofa—Ba Dumela Eng? (Pampitshana No. 18)
Will There Ever Be a World Without War? (Boroutšhara)
Bamoseleme
How to Find the Road to Paradise (Pampitshana)
The Time for True Submission to God (Bukana)