Kgaolo 12
Motswedi wa Maemo A A Kwa Godimo wa Botlhale
“Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla: lehatshe le tletse dikhumō tsa gago.” (Pesalema 104:24) Ee, go tloga ka bontlentle jwa lobopo leno le legolo go ya go fitlha ka bontle jo bo kgatlhisang jwa sethunya, popo e bontsha botlhale jo bo ka sekeng jwa lekanngwa le sepe jwa Mmopi wa yone. Boranyane jwa lekgolo leno la bo-20 la dingwaga ga bo tseye sepe fa bo bapisiwa le ditiro tsa Modimo. Fa e le gore Bibela ke Lefoko la Modimo, gape re ne re tla lebelela gore e bontshe gore e na le botlhale jo bo fetang dikgono tsa motho. A e dira jalo?
1. (Kopanyeletsa le tsenyeletso.) (a) Ke kae ko re bonang bosupi jwa botlhale jwa Modimo jo bo ka se keng jwa lekanngwa le sepe gone? (b) Ke kgakololo efe eo Bibela e e neelang malebana le botlhale?
BIBELA e otlelela ka moo botlhale bo leng botlhokwa ka gone. Ea re: “Botlhale ke selō se segolo bogolo go dilō cotlhe; me ke gōna bapala botlhale: E, mo go cotlhe tse u di bonyeñ, u bo u bapetse tlhaloganyō.” (Diane 4:7) Gape e bontsha gore rona batho gantsi ga re botlhale, mme e re kgothaletsa gore: “Ha moñwe oa lona a tlhōka botlhale, a a lōpè Modimo, o o naeañ botlhe ka bogolo [“ka bopelotshweu,” NW].”—Yakobe 1:5.
2. Motho a ka oketsa jang botlhale jwa gagwe?
2 Modimo o ‘naya botlhale ka bopelotshweu’ jang? Tsela e nngwe ke ka go re kgothaletsa gore re bale Bibela le gore re ithute mo go yone. Buka ya Bibela ya Diane e kgothatsa jaana: “Morwaaka, ha u ka chola mahoko a me, ua ba ua ipeèla ditaolō tsa me ha go wèna: Ua ba ua sekègèla botlhale tsèbè, . . . Hoñ u tla tlhaloganya go boiha Yehofa, me u tla bōna kicō ea Modimo. Gonne Yehofa o aba botlhale.” (Diane 2:1, 2, 5, 6) Fa re dirisa kgakololo e e mo Bibeleng mme re bona ka moo eleng mosola ka gone, re lemoga gore eleruri e bontsha botlhale jwa bomodimo.
Dipolelo Tse Di Botlhale
3, 4. (a) Bibela e a reng malebana le ka moo go rata madi go senang mosola ka gone? (b) Ke tekatekano efe e e molemo eo Bibela e e bontshang fa e re gakolola kaga ka moo madi a leng botlhokwa ka gone?
3 Gore re tle re lemoge seno botoka, a re ke re tlhokomele ditemana di sekae tsa Bibela. A o ko o sekaseke polelo eno e e botlhale: “Ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ. . . . Gonne go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe.” (1 Timotheo 6:9, 10) Bapisa seno le tsela eo batho ba lebang dilo ka yone gompieno—bobotlana mo mokgatlhong wa batho ba kwa Bophirima—o o kgothaletsang batho gore ba lelekise madi jaaka mokgele wa bone o o kwa pelepele. Se se sa itumediseng ke gore, ba le bantsi ba bona khumo eo ba e batlang mme ba bo ba santse ba ikutlwa ba le lolea fela ebile ba sa kgotsofala. Moithuta tlhaloganyo mongwe o ne a akgela jaana: “Go nna wa ntlha ebile o humile ga go dire gore o ikutlwe o ritibetse, o kgotsofetse, o tlotlega eletota kana o ratega.”1
4 Eseng gore motho yo o tsayang sentle a ka itlhokomolosa madi gotlhelele. Bibela e bontsha botlhale jo bo lekalekaneng ka tsela e e molemo fa e bolela jaana: “Botlhale ke phemèlō, hèla yaka madi e le phemèlō: me molemō o o gaisañ oa kicō, ke go re, botlhale bo boloka botshelō yoa eo o nañ nayō.” (Moreri 7:12) Ka ntlha ya moo, Bibela e re thusa gore re bone gore madi, lemororo a le botlhokwa, ga a botlhokwa go feta sengwe le sengwe. Ke selo fela seo re ka se dirisang go fitlhelela seo re se batlang, mme a na le botlhokwa jo bonnye fa e le gore ga re na botlhale jwa go a dirisa ka tshwanelo.
5, 6. (a) Ke ka ntlhayang fa kgakololo ya Bibela e e malebana le go tila ditsala tse di bosula e le botlhale? (b) Re solegelwa molemo jang ka go ‘tsamaya le batho ba ba botlhale’?
5 Polelo eno ya Bibela le yone e boammaaruri: “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” (Diane 13:20) A o setse o kile wa lemoga ka moo ditsala tsa rona di nang le tlhotlheletso e e maatla ka gone mo go rona? Tlhotlheletso e e tswang mo balekaneng e ile ya dira gore batho ba basha ba feleletse ba nwa, ba dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, ebile ba na le boitshwaro jo bo maswe. Fa re itlhakatlhakanya le bao ba dirisang puo e e sa siamang, le rona kgabagare re iphitlhela re bua puo e e sa siamang. Fa re tlwaelana le batho bao ba sa ikanyegeng gantsi go re dira gore re seka ra ikanyega. Eleruri, fela jaaka fa Bibela gape e bua, “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.”—1 Bakorintha 15:33.
6 Kafa letlhakoreng le lengwe, ditsala tse di molemo di ka re dira ba ba botoka. Fa re “tsamaea le batho ba ba botlhale,” rona ka borona re tla nna botlhale. Mekgwa e e siameng e a tshelanwa, fela jaaka mekgwa e e bosula le yone e tshelanwa. Gape, Bibela e bontsha botlhale fa e re kgothaletsa gore re tlhophe ditsala tsa rona ka kelotlhoko.
7. Ke eng seo se dirang gore Bibela e nne ya mofuta wa yone fela jaaka motswedi wa kgakololo?
7 Bibela e na le melao-metheo e mentsi e e tshwanang le eo eo e re thusang gore re kaele matshelo a rona. Jaaka motswedi wa kgakololo, ke ya mofuta wa yona fela. Ka metlha kgakololo ya yone e re solegela molemo. Ga se selo fela se se sa kakeng sa dirisiwa ebile ga e ko e bo e re utlwisa botlhoko. Selekanyo se segolo sa kgakololo ya Bibela ga se kake sa lekanngwa le sepe. Bao ba e dirisang mo matshelong a bone, mme ba bona ka moo ka metlha e ba direlang molemo ka gone, ba simolola go lemoga gore Bibela ke motswedi o eleng wa mofuta wa one fela wa botlhale.
Melao-Metheo E E Botlhale
8. Bibela e ka re thusa jang tota lefa re lebane le boemo joo bo sa umakiwang ka tlhamalalo mo go yone?
8 Lefa go le jalo, go tweng fa re lebana le boemo bongwe joo bo sa umakiweng ka tlhamalalo mo Bibeleng? Gantsi, re fitlhela melao-metheo e e akaretsang eo e ka re kaelang. Ka sekai, ba le bantsi ka nako nngwe mo matshelong a bone ba tshwanela go dira tshwetso malebana le mokgwa wa go goga motsoko. Ereka motsoko o ne o sa itsiwe kwa Botlhaba Gare mo metlheng ya ga Jesu, Bibela ga e umake sepe ka one. Lefa go le jalo, go na le melao-metheo ya Bibela e e tshwanelang eo e ka re thusang go dira tshwetso e e botlhale mo ntlheng eno.
9-11. Melao-metheo ya Bibela e re thusa jang gore re dire tshwetso e e botlhale mo kgannyeng ya go dirisa motsoko, mme re solegelwa molemo jang fa re latela melao-metheo eno?
9 Go goga motsoko, lemororo go bolelwa gore go monate, totatota go kopanyeletsa go hemela megare e mentsi e e kgotlelang mo makgwafong. Motho yo o gogang o kgotlela mmele wa gagwe, gammogo le diaparo tsa gagwe le moya o o mo dikologileng. Mo godimo ga moo, go goga go a tshwakgola. Batho ba ba batlang go go tlogela gantsi ba go fitlhela go le thata tota. Re ntse re gakologelwa seno, re ka ya kwa Bibeleng gore e re thuse go fitlhelela tshwetso e e botlhale malebana le go goga motsoko.
10 Sa ntlha, a o ke o akanye ka bothata jwa go tshwakgoga. Paulo, fa a ne a bua kaga dijo, o ne a re: “Ke gana go laolwa ke sepè.” (1 Bakorintha 6:12) Paulo o ne a gololesegile go ja mofuta lefa e le ofe wa dijo, mme o ne a itse gore batho bangwe ba ka nako eo ba ne ba na le digakolodi tse di amegang bonolo. Ka jalo o ne a re o ne a sa “tshwakgolwa” ke dijo dingwe moo a neng a ka se kake a di tlogela fa a ne a tshwanelwa ke go dira jalo e le gore a seka a kgopisa ba bangwe. Fa e le gore motho ga a kake a tlogela go goga motsoko—kana a tlogela go o ja—eleruri ‘o a mo laola.’ Ka jalo polelo ya ga Paulo malebana le dijo e re kaela ka tsela e e molemo malebana le go dirisa motsoko. Ga re a tshwanela go itetla gore re nne makgoba a mokgwa mongwe o o rileng.
11 Sa bobedi, a o ke o akanye ka kgang ya go kgotlela. Bibela e a re: “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea.” (2 Bakorintha 7:1) Kwantle ga pelaelo go goga ke go itshekolola mmele, kana go a o kgotlela. Lebaka la go bo kgotlelo eno e le masisi le bonala mo ntlheng ya gore, go ya ka Mokgatlho wa Pholo wa Lefatshe Lotlhe, ngwaga le ngwaga e bolaya go feta batho ba le milione pele ga nako. Fa e le gore re latela molao-motheo wa Bibela wa gore re nne re itshekile mo maitshekologong a nama, re tla sireletsega mo dikotsing tse di masisi tsa pholo tse di bakwang ke go goga, gammogo le ke diokobatsi le ke maitshekologo a mangwe.
Mafoko A A Mosola
12. Ke ka ntlhayang fa ka metlha kgakololo eo Bibela e e neelang e le e e re thusang gore re itekanele mo mmeleng le mo maikutlong?
12 Ga re a tshwanela go gakgamalela go bo go latela kgakololo ya Bibela go re solegela molemo mo mmeleng. Kgakololo ya Bibela e tswa kwa Modimong. Jaaka Mmopi wa rona, o itse sentle gore re dirilwe jang le gore re tlhokang. (Pesalema 139:14-16) Kgakololo ya gagwe ka metlha e malebana le go itekanela ga rona mo mmeleng le mo maikutlong.
13, 14. Ke ka ntlhayang fa e le tsela ya botlhale go latela kgakololo ya Bibela ya gore re seka ra bua maaka?
13 Seno se bonwa mo kgakololong ya gore go seka ga buiwa maaka. Maaka a beilwe mo lenaneng la dilo di le supa tseo Jehofa a di ilang, ebile buka ya Tshenolō e thathamisa baaki mo lenaneng la batho bao ba se kitlang ba nna teng mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Diane 6:19; Tshenolō 21:8) Go sa kgathalesege seno, go aka go atile. Makasine mongwe wa kgwebo o tlhalosa jaana: “U.S. e diragalelwa ke kgolo e e maswe ya boferefere, go tsietsa le mekgwa e mengwe e e sa tshwanelang e e tshwanang le eo mo hisitoring ya yone.”2
14 Lefa go le jalo, lemororo go bua maaka go atile jaaka fa go atile jaana, go maswe thata mo bathong le mo mothong ka boene. Mokwala-dikgang ebong Clifford Longley o ne a kwala jaana ka tshwanelo: “Maaka a utlwisa motho yo o a buang botlhoko le motho yo o akediwang, kwa tengteng ga bone, ka go kgaoganya kgolagano e e botlhokwa e e leng gone magareng ga mogopolo le selo seo eleng boammaaruri.”3 The American Journal of Psychiatry e tlhalosa jaana: “Tsela eo batho bao ba bolelelwang maaka ba ka amegang ka yone mo mogopolong e ka nna eo e utlwisang botlhoko thata. Ditshwetso tsa konokono tsa botshelo di ka nna tsa thewa mo tshedimosetsong e e leng ya maaka eo go dumelwang gore e boammaaruri. Gape maaka a ka nna le ditlamorago tse di sa itumediseng mo go bao ba a buang ka bobone.”4 Abo go le botoka jang ne go bolela boammaaruri, jaaka fa Bibela e gakolola ka botlhale!
15, 16. Go re solegela molemo jang fa re latela kgakololo ya Bibela e e malebana le go bontsha ba bangwe lorato?
15 Ka mokgwa o o molemo le go feta, Bibela e re bolelela gore re tshwanetse ra amega ka ba bangwe, re ba rate, ebile re ba thuse. Mafoko ano a ga Jesu a itsege thata: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.”—Mathaio 7:12.
16 Abo lefatshe le ne le tla nna botoka jang ne fa mongwe le mongwe a ne a latela molao ono! Mo godimo ga moo, go ya ka patlisiso nngwe ya boithuta-tlhaloganyo eo e neng e direlwa kwa United States, batho ba ne ba tla ikutlwa ba le botoka. Batho bao go neng ga dirwa patlisiso mo go bone ba le 1 700 ba ne ba bega gore go thusa ba bangwe go ne go ba dira gore ba ikutlwe ba na le thethebalo ebile go ba golola mo malwetsing a a amanang le go gatelelwa mo maikutlong a a jaaka go opiwa ke tlhogo le go fela lentswe. Pego eno e konela jaana: “Ka jalo, go bonala gore go amega ka ba bangwe ke karolo ya tlholego ya motho fela jaaka fa go amega ka rona go ntse.”5 Seno se re gakolola tayo ya Bibela e e reng: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 22:39; bapisa Yohane 13:34, 35.) Go ithata ke selo sa tlholego. Mme e le gore re tle re nne le pholo e e molemo mo maikutlong, Bibela e bolela gore re tshwanetse ra lekalekanya go ithata goo re go lekalekanye le go rata ba bangwe.
Lenyalo le Boitshwaro
17. Ke ka ntlhayang fa ka dinako tse dingwe kgakololo eo Bibela e e neelang e bonala e le e e fetilweng ke nako?
17 Lemororo kgakololo ya Bibela e neela bosupi jwa gore e na le botlhale jo bogolo, ga se ka metlha e buang dilo tseo batho ba batlang go di utlwa. Gantsi, e latofadiwa ka gore e fetilwe ke nako. Ke ka ntlhayang fa go le jalo? Ka gonne lemororo kgakololo ya Bibela e le ya go re solegela molemo lobaka lo loleele, gantsi go e dirisa go raya gore motho a ikgalemele a bo a iitatole; mme dinonofo tseno ga di ratege gompieno.
18, 19. Ditekanyetso tsa Bibela ke dife tse di kaga lenyalo le boitshwaro?
18 Tsaya kgang ya lenyalo le boitshwaro. Ditekanyetso tsa Bibela mo kgannyeng eno di gagametse thata. E papametse malebana le go nyala motho a le mongwe fela, monna a le mongwe a nyale mosadi a le mongwe. Mme lemororo e umaka mabaka a mangwe a a maswe thata ao tlhalo kana go kgaogana go ka kgonegang mo go one, ka kakaretso e a re sebofo sa lenyalo e tshwanetse ya nna sa botshelo jotlhe. “A ga lo e se lo ko lo bale ha eo o ba dihileñ mo tshimologoñ a ba dihile nona le tshadi, A ba a re, Ke gōna ka mouō, motho o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, a ñaparèla mosadi oa gagwè; me bobedi yo bo tla nna nama e le ñwe hèla? Yalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, me ke nama ñwe hèla. Ke gōna se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.”—Mathaio 19:4-6; 1 Bakorintha 7:12-15.
19 Go feta moo, Bibela e bolela gore lefelo le le lengwe fela leo go ka tlhakanelwang dikobo mo go lone ke mo sebofong sa lenyalo. E iletsa bokopano jotlhe jwa go nna jalo jwa kwantle ga lenyalo. Re bala jaana: “Go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10.
20. Ke ka ditsela dife tseo ka tsone ditekanyetso tsa Bibela tseo di leng malebana le boitshwaro di itlhokomolosiwang ke ba le bantsi gompieno?
20 Gompieno, batho ba le bantsi ba tlodisa ditekanyetso tseno matlho. Moperofesara wa boithuta-loago ebong David Mace o ne a tlhalosa jaana: “Mo lekgolong la ga jaanong la dingwaga setso sa rona se ile sa fetolwa thata, le meetlo e mentsi ya bogologolo le dithuto tsa bogologolo di ile tsa koafadiwa go tloga fela kwa metheong ya tsone. Lenyalo le lone ga le a ka la tlogelwa kwa morago.”6 Boitshwaro jwa bopepe bo atile. Dikamano tsa boitshwaro jwa kafa dikobong magareng ga basha ba babedi ba ba ratanang gantsi di lejwa jaaka selo se se tlwaelegileng. Go nna mmogo pele ga lenyalo—‘e le go netefatsa fela’—go diragala gangwe le gape. Mme fela fa balekane bao ba nyalana, dikamano tse di sa siamang tsa kafa dikobong e nna dilo tse di diragalang gantsi.
21. Ke eng seo se ileng sa diragala ka ntlha ya go bo ba le bantsi ba ile ba itlhokomolosa ditekanyetso tsa Bibela tsa lenyalo le boitshwaro?
21 A maemo ano a boitsholo jwa bopepe a ile a lere boitumelo? Nnyaa, ga a ka a lere sepe fela fa e se tlhakatlhakano—le gone tlhakatlhakano e kgolo thata—eo e felelang ka go sa itumele le magae ao a thubegang. Gape malwetsi a a tshelanwang a dikobo a atile ao a tswang ka tlhamalalo mo boitshwarong jwa bopepe. Go ata ga bolwetsi jwa gonorrhea, syphilis, le chlamydia, gareng ga a mangwe, ga go laolesege. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, boaka le bosodoma di ile tsa oketsa go anama ga AIDS. Go na le leroborobo la basetsana ba basha ba ba sa nyalwang bao ba nnang le bana e santse e le bana ka bobone. Ladies’ Home Journal e ne ya tlhalosa jaana: “Go ganelela mo boitshwarong jwa kafa dikobong goo dingwaga tsa bo somerobongwe some a marataro le bo somerobongwe some a supa di itsegeng ka gone ga go a ka ga lere boitumelo jwa goyagoile mo bathong mme go lerile kutlobotlhoko e e masisi mo bathong.”7
22. Mo kgannyeng ya boitshwaro, ke eng seo se lereng boitumelo jo bogolo go gaisa?
22 Ka ntlha ya moo, jaanong re utlwa dikakgelo tse di ntseng jaaka e e latelang ya ga moperofesara wa thuta-loago ebong Carlfred B. Broderick: “Gongwe re godile ka mo go lekaneng go ka akanya gore a go ne go ka seka ga re direla molemo rotlhe fa re godisa boikgapo jwa pele ga lenyalo jaaka one molao-motheo o eleng one o arabelang ditlhokafalo tsa baagi ba rona thata le tshwanelo ya bone ya kgololesego: kgololesego mo malwetsing, kgololesego mo go ithwaleng go go sa batlegeng.”8 Eleruri, tekanyetso ya Bibela e e kaga boitsholo e ile ya itshupa, ka nako e telele, gore e lere boitumelo jo bogolo go a feta otlhe.
Melao-Metheo Eo E Nang le Mosola Tota
23. (a) Fa lenyalo le sa itumela, a go tlhala ke yone fela tharabololo e e ka kgonegang? (b) Ke dilo dife di le pedi tseo e leng dilo tsa konokono tse di dirang gore lenyalo e nne le le itumetseng, le le tlhomameng?
23 Ereka lenyalo le diretswe gore le tseye sebaka sa botshelo jotlhe, go tlhokega gore re itse gore re ka dira jang gore re tle re le atlegise. Bangwe ba ile ba bolela gore go botoka go tswa mo lenyalong leo le sa itumelang go na le gore o nne mo go lone mme o nne o utlwile botlhoko. Mme go na le se sengwe seo se ka dirwang: go berekela go rarabolola mathata ao a bakang go sa itumele. Eno ke karolo e nngwe eo Bibela e thusang thata mo go yone. Re setse re bone ka moo e re gakololang ka gone gore re ikanyege mo molekaneng wa rona wa lenyalo, mme ke nngwe ya dilo tsa konokono tse di dirang gore lenyalo e nne le le itumetseng, le le tlhomameng. E nngwe ke ka go lemoga gore go ka nna le tlhogo e le nngwe fela mo lenyalong, mme Bibela e bolela gore e tshwanetse ya nna monna. Mosadi o gakololwa gore a eme monna wa gagwe nokeng mme a seka a gwetlha boemo joo jwa gagwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, monna o bolelelwa gore a dirise boemo jwa gagwe ka tsela eo go ka tswelang mosadi wa gagwe molemo ka yone mme a seka a nna bogagapa.—1 Bakorintha 11:3; 1 Timotheo 2:11-14.
24, 25. Bibela e kgothaletsa banna le basadi jang gore ba dire maikarabelo a bone a a tshwanetseng mo lenyalong?
24 Mo monneng, Bibela ea re: “Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè. Eo o ratañ mosadi oa gagwè oa ithata: Gonne ga go e se go ko go nne motho opè eo o kileñ a ila nama ea gagwè.” (Baefesia 5:28, 29) Monna yo o lorato o laola ka tsela e e bontshang go akanyetsa. O gakologelwa gore lemororo e le tlhogo, mosadi wa gagwe o tshwanetse a akanyediwa le go nna go buisanwa le ene. Lenyalo ke bolekane, eseng bobusaesi.
25 Kgakololo ya Bibela mo basading e akareletsa mafoko ano: “Le mosadi a ipōnè, gore a boihè monna oa gagwè.” (Baefesia 5:33) O tlotla monna wa gagwe ka ntlha ya boemo jwa gagwe, ebile tlotlo ya gagwe e tla bontshiwa ke go bo a mo ema nokeng, fela jaaka lorato lwa monna wa gagwe mo go ene le tla bontshiwa ke go amega ga gagwe ka ene. Mo bathong ba le bantsi bao ba akanyang ka tsela ya segompieno, kgakololo e e tshwanang le eno ga e amogelwe. Mme balekane bao ba thayang bokopano jwa bone mo loratong le mo tlotlong—jaaka fa Bibela e gakolola—ka metlha ba a itumela.
26. A ditekanyetso tsa Dikwalo tse di malebana le lenyalo di a thusa tota? Tshwantsha.
26 Lebaka la gore kgakololo ya Bibela mo ntlheng eno eleruri e mosola le bontshiwa ke boitemogelo bongwe jo bo tswang kwa South Seas. Banyalani bangwe ba koo, morago ga gore ba nne dingwaga di le lesome ba le mmogo, ba ne ba tlhatswega pelo gore lenyalo la bone le ne le paletswe. Ka jalo ba ne ba simolola go rulaganyetsa go kgaogana. Morago ga moo mosadi o ne a buisana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mme ene gammogo le Mosupi yono ba ne ba ithuta kgakololo ya Bibela e e malebana le banyalani. Monna wa gagwe o bega jaana: “Fa mosadi wa me a ntse a ithuta melao-metheo ya Bibela, o ne a dira boiteko jwa go e dirisa mo botshelong jwa gagwe. Mo nakong ya dibeke di sekae, ke ne ka simolola go lemoga diphetogo dingwe.” Ereka a ne a kgatlhilwe ke seno, o ne a dumalana go kopanela le mosadi wa gagwe mo thutong ya Bibela mme a ithuta kgakololo ya Bibela mo banneng ba ba nyetseng. Go ne ga felela ka eng? O bolela jaana: “Jaanong re setse re bone motheo wa botshelo jwa lelapa leo le itumetseng eleruri.”
27. Ke melao-metheo efe ya Bibela eo e ka thusang Bakeresete bao ba humanegileng mo go tsa itsholelo fa ba e dirisa?
27 Go dirisana le lehuma gape ke karolo e nngwe eo kgakololo ya Bibela e ileng ya itshupa e le molemo mo go yone. Ka sekai, go goga le go tagwa, tseo ka bobedi jwa tsone di leng kgatlhanong le melao-metheo ya Bibela, di senya madi. (Diane 23:19-21) Go feta moo, Bibela e kgothaletsa go dira ka natla, ka gonne motho yo o dirang ka natla gantsi a ka kgona go bona tsela ya go fepa lelapa la gagwe go gaisa jaaka motho yo o setshwakga kana yo o itlhobogileng a ne a ka dira. (Diane 6:6-11; 10:26) Go feta moo, go reetsa kgakololo e e reng “u se ka ua nna pelotshètlha kaga ba ba dihañ tshiamololō” e boloka motho gore a seka a dira dilo tse di jaaka bokebekwa kana go betšha jaaka dilo tse di ka fokotsang bodidi. (Pesalema 37:1) Go dira dilo tsa go tshwana le tseo go ka nna ga lebega e le go rarabolola mathata a tsa itsholelo ka bonako, mme ditlamorago tsa gone tse di tsayang lobaka lo loleele ke tse di utlwisang botlhoko thata.
28-30. (a) Go dirisa melao-metheo ya Bibela go ne ga thusa mosadi mongwe wa Mokeresete jang gore a fenye khumanego? (b) Maitemogelo a Bakeresete ba le diketekete bao ba leng dikobo dikhutshwane a supela eng?
28 A kgakololo eno eleruri e thusa bao ba humanegileng thata, kana ke kgopolo fela e e ikakanyediwang? Karabo ke gore, Kgakololo eno e a thusa, jaaka fa maitemogelo a le mantsi go dikologa lefatshe a bontsha. Fa re tsaya sekai se le sengwe fela, mosadi mongwe wa Mokeresete kwa Asia o ne a iphitlhela e le motlholagadi, a sena madi ape a lotseno, mme a tshwanelwa ke gore a tlhokomele morwawe yo mmotlana. Bibela e ne ya mo thusa jang ene le morwawe?
29 O ne a le senatla, jaaka fa Bibela e gakolola, mme a simolola go dira diaparo le go di rekisa. Ka ntlha ya go bo a ne a sena matsoketsane mme a ikanyega, jaaka fa Bibela e gakolola jalo gape, ka bonako fela o ne a nna le bareki bao ba rekang ka metlha mo go ene. (Bakolosa 3:23) Morago ga moo, o ne a fetola kamotshana e e mo ntlong ya gagwe go nna lefelo le lennye le go jelwang mo go lone mme o ne a tsoga mo e ka nnang ka oura ya bonè moso mongwe le mongwe gore a apee dijo tse a tla di rekisang, mme seno se ne sa tlatseletsa mo mading a gagwe a lotseno. “Lefa go le jalo,” a rialo, “re tshwanetse ra tshela ka tsela e e motlhofo.” Mme o gakologelwa kgakololo eno ya Bibela: “E re ha re na le diyō le diaparō, re tla ritibatsa pelo mo go cōna.”—1 Timotheo 6:8.
30 O oketsa jaana: “Lemororo ke sa huma go le go kalo, ga ke a galefa kana go sa nne botsalano. Boammaaruri jwa Bibela bo dira gore ke nne le maikutlo a a molemo.” Mo godimo ga moo, o ile a lemoga gore tsholofetso e e tlhomologileng eo Jesu a neng a e neela eleruri e ile ya nna mosola mo go ene. O ne a re: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse [ditlhokafalo tsa nama] lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Seo a neng a se itemogela e ile ya nna gore fa a eteletsa tirelo ya gagwe go Modimo kwa pele mo botshelong jwa gagwe, ka metlha, ka mokgwa mongwe, o amogela dilo tseo a di tlhokang tse di bonalang. Maitemogelo a lekgarebana leno la Mokeresete, fa a tlhakanngwa le a mangwe a mantsintsi a Bakeresete ba bangwe bao ba leng dikobo dikhutshwane, a tlatseletsa mo bosuping jwa gore kgakololo ya Bibela eleruri e a thusa.
31. Go diragalang fa re latela kgakololo ya Bibela, mme seno se supelang?
31 Mo kgaolong eno, re ile ra kgoma khumo e kgolo ya kgakololo le tlhagiso tseo Bibela e nang le tsone re di kgoma go sekae fela, mme re ile ra bona mo mabakeng a sekae fela mo kgakololo eno e ileng ya thusa gone. Maitemogelo ao a ileng a umakiwa go na le a a ka nnang diketekete a one. Gangwe le gape, fa batho ba latela Bibela, ba solegelwa molemo. Fa ba e kgapela kwa thoko, ba a boga. Ga go na sepe se sengwe se se gakololang, e ka tswa e le sa bogologolo kana sa segompieno, seo ka metlha se solegelang batho molemo jaana ebile se dira mo bathong ba merafe yotlhe jaana. Kgakololo e e botlhale e e ntseng jaaka eno ga e kake ya nna fela botlhale jwa batho fela. Lebaka la go bo Bibela e le yone eo e tletseng ka botlhale jwa go nna jalo mo go yone ke bosupi jo bo maatla jwa gore ke Lefoko la Modimo.
[Mafoko a a mo go tsebe 168]
Boikutlo jwa go thusa ba bangwe bo solegela mongwe le mongwe molemo
[Setshwantsho mo go tsebe 163]
Fa re sepela le batho ba ba botlhale go re dira gore re nne botlhale, mme go tlwaelana le batho ba ba dieleele go nna le diphelelo tse di maswe mo go rona
[Setshwantsho mo go tsebe 165]
Go goga motsoko go tshwanetse ga tilwa ka gonne go kgatlhanong le melao-metheo ya Bibela
[Setshwantsho mo go tsebe 171]
Bao ba latelang kgakololo ya Bibela e e malebana le lenyalo ba na le motheo o o tiileng wa go itumela
[Setshwantsho mo go tsebe 173]
Go dirisa kgakololo ya Bibela go thusa batho gore ba fenye mathata a a botlhoko a khumanego