Buka ya Bibela ya bo 40—Mathaio
Mokwadi: Mathaio
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Palasetina
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 41 C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 2 B.C.E.–33 C.E.
1. (a) Ke tsholofetso efe e Jehofa a neng a ntse a e boloketse batho fa e sale go tswa kwa Edena go ya pele? (b) Go solofela mo go Mesia go ne ga nitamisiwa jang mo Bajudeng?
JEHOFA o ile a bolokela batho tsholofetso e e gomotsang ya gore o ne a tla baakanyetsa barati botlhe ba tshiamo kgololo ka Losika lwa “mosadi,” go simolola fela ka nako e motho o neng a tsuologa ka yone kwa Edena. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go ntsha Losika lono, kana Mesia yono, mo morafeng wa Iseraele. Fa makgolokgolo a dingwaga a ntse a feta, o ne a dira gore bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Bahebera ba kwale boperofeti jo bontsintsi, ba bontsha gore Losika loo lo ne lo tla nna Mmusi mo Bogosing jwa Modimo le gore o ne a tla dira gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe, a phimolela ruri kgobo eo e neng e sa bolo go kgobelwa mo go lone. Baperofeti bano ba ne ba bua dintlha di le dintsi malebana le motho yono yo o neng a tla nna motlotlomatsi wa ga Jehofa le yo o neng a tla golola batho mo poifong, mo kgatelelong, mo sebeng, le mo losong. Fa Dikwalo tsa Sehebera di sena go wediwa, Bajuda ba ne ba nna le tsholofelo e e tlhomameng gore Mesia o ne a tla tla.
2. Fa Mesia a goroga, maemo a ne a siametse go gasiwa ga mafoko a a molemo ka tsela efe?
2 Pele ga a tla lefatshe le ne la nna la fetoga. Modimo o ne o baakanyeditse merafe go tla ga Mesia, mme maemo a ne a siametse go gasa dikgang tsa tiragalo eo mo lefatsheng ka bophara. Mmusomogolo wa botlhano wa lefatshe, ebong Gerika, o ne o dirile gore go nne le puo e le nngwe fela, e le tsela e merafe yotlhe e neng e kgona go buisana ka yone. Roma, ebong mmusomogolo wa borataro wa lefatshe, o ne o dirile gore merafe yotlhe e e neng e le tlase ga one e bopagane ebile o ne o dirile ditsela tse di neng di kgonisa gore go nne motlhofo go ya kwa dikarolong tse dingwe tsa mmusomogolo oo. Bajuda ba le bantsi ba ne ba gasame mo mmusomogolong oo otlhe, mo go neng go dirile gore batho ba bangwe ba utlwalele gore Bajuda ba ne ba lebeletse go tla ga ga Mesia. Mme jaanong, dingwaga tse 4 000 morago ga tsholofetso ya kwa Edena, Mesia o ne a bonetse! Losika lo lo solofeditsweng lo lo neng lo sa bolo go letelwa lo ne lo gorogile! Go ne ga diragala ditiragalo tsa botlhokwa thata mo hisitoring ya batho jaaka Mesia a ne a diragatsa thato ya ga Rraagwe mono lefatsheng ka boikanyego.
3. (a) Jehofa o ne a baakanyetsa go kwalwa ga dintlha tsa botshelo jwa ga Jesu jang? (b) Ke eng se se tlhomologileng kaga Efangele nngwe le nngwe, mme ke ka ntlhayang fa nngwe le nngwe ya tsone e le botlhokwa?
3 E ne e le nako gape ya gore dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di kwalwe go dira rekoto ya ditiragalo tseno tse dikgolo. Moya wa ga Jehofa o ne wa tlhotlheletsa banna ba banè ba ba ikanyegang go kwala dipolelo ba le mo mafelong a a farologaneng, ka go dira jalo ba ntsha bosupi jo bonè jwa gore Jesu ke Mesia, Losika lo lo solofeditsweng le Kgosi, mme ba bolela kaga botshelo jwa gagwe, bodihedi jwa gagwe, loso lwa gagwe, le tsogo ya gagwe. Dipolelo tseno di bidiwa Diefangele, lefoko “efangele” le raya “mafoko a a molemo.” Lefa diefangele tse nnè tseno di tsamaisana mme gantsi di bua ka ditiragalo tse di tshwanang, ga se gore nngwe le nngwe ya tsone ke sekaelo sa e nngwe. Gantsi Diefangele tsa ntlha tse tharo di bidiwa synoptic, seo se rayang gore “pono e e tshwanang,” ereka di bolela botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng ka tsela e e tshwanang. Mme mokwadi mongwe le mongwe wa bakwadi ba banè bano—ebong Mathaio, Mareko, Luke, le Johane—o bolela polelo ya ga Keresete ka tsela ya gagwe. Mongwe le mongwe o na le setlhogo sa gagwe le boikaelelo jwa gagwe, o supa gore ke motho wa mofuta ofe, mme o kwala a ntse a akantse ka babadi ba gagwe ba nako eo. Fa re ntse re tlhatlhobisetsa mekwalo ya bone go ya pele, go dira gore re tlhaloganyetse kwa pele dipopego tsa mongwe le mongwe wa bone le gore dibuka tse nnè tseno tse di tlhotlheleditsweng tsa Bibela di bopa dipolelo tse di kwadilweng ke batho ba le mo mafelong a a farologaneng, tse di tshwaraganetseng kgang, le tse di dumalanang tsa botshelo jwa ga Jesu Keresete.
4. Ke eng se se itsiweng kaga mokwadi wa Efangele ya ntlha?
4 Motho wa ntlha go kwala mafoko a a molemo ka ga Keresete e ne e le Mathaio. Leina la gagwe le ka tswa e le khutshwafatso ya leina la Sehebera la “Mattithiah,” leo le rayang “Mpho ya ga Jehofa.” O ne a le mongwe wa baaposetoloi ba ba 12 ba ba neng ba tlhophiwa ke Jesu. Ka nako ya fa Mong wa rona a ne a tsamayatsamaya mo lefatsheng la Palasetina a rera le go ruta kaga Bogosi jwa Modimo, Mathaio o ne a atamalane nae fela thata. Pele ga Mathaio a nna morutwa wa ga Jesu, o ne a le mokgethisi, eleng tiro eo Bajuda ba neng ba e ila fela thata, ereka e ne e ba gakolola gangwe le gape gore ba ne ba sa gololesega mme gore ba ne ba busiwa ke mmusomogolo wa Roma. Kwantle ga moo go ne go itsiwe fa Mathaio e ne e le Molefi mme e le morwa Alefaio. O ne a dumela fela kwantle ga go dia nako go sala Jesu morago fa a ne a mo kopa go dira jalo.—Math. 9:9; Mar. 2:14; Luke 5:27-32.
5. Go tlhomamisiwa jang gore Mathaio ke mokwadi wa Efangele ya ntlha?
5 Lefa Efangele e go bolelwang fa e le ya ga Mathaio e sa mo umake ka leina gore ke ene yo o e kwadileng, bosupi jo bo senang selekanyo jwa boraditiragalo tsa kereke ba ntlha bo supa fa go ntse jalo. Gongwe ga go na buka epe e go phepafetseng gore e kwadilwe ke mang le e batho botlhe ba dumalanang ka mokwadi wa yone jaaka buka ya Mathaio. Go simologa fela bogologolo ka nako ya ga Papias wa Hierapolis (kwa tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.) go ya pele, re na le tlhatlhamano ya basupi ba ba supang gore Mathaio ke ene yo o kwadileng Efangele eo le gore ke karolo e e boammaaruri ya Lefoko la Modimo. Cyclopedia ya McClintock le Strong e tlhalosa ka go re: “Ditshetla tsa Mathaio di tsopolwa ke Justin Martyr, ke mokwadi wa lokwalo lwa Diognetus (bona Justin Martyr, ya ga Otto, bol. ii), ke Hegesippus, Irenæus, Tatian, Athenagoras, Theophilus, Clement, Tertullian, le Origen. Ga se se se tsopotsweng fela se se dirang gore re tseye gore seno ke bosupi jwa gore buka eno e re nang nayo ga e a kwalwa fela ka baka la phetogo e e neng ya nna gone ka tshoganetso, mme ke mokgwa o go tsopotsweng ka one, go bo e ikuela ka bonolo gore ke buka e e ikanyegang, le go bo go sena sepe se se dirang gore re nne le dipelaelo dipe ka yone.a Lebaka la go bo Mathaio a ne a le moaposetoloi, mme ka baka leo, a ne a na le moya wa Modimo le tlhomamisa gore seo a neng a se kwala e ne e tla nna rekoto ya boammaaruri.
6, 7. (a) Efangele ya ga Mathaio e ne ya kwalwa leng mme ka puo efe lantlha? (b) Ke eng se se supang gore e ne e kwaletswe Bajuda segolobogolo? (c) Leina la ga Jehofa le tlhaga makgetlo a le kana kang mo Efangeleng eno mo go New World Translation, mme ka ntlhayang?
6 Mathaio o ne a kwala polelo ya gagwe a le mo Palasetina. Ga go itsiwe tota gore e ne e le ka ngwaga ofe, mme mekwalonyana e e kwa tlase kwa bofelong jwa mekwalo mengwe (eo yotlhe e kwadilweng morago ga lekgolo la bolesome la dingwaga C.E.) e bolela gore e ne e le ka 41 C.E. Go na le bosupi jo bo supang gore Mathaio o ne a kwala Efangele ya gagwe la ntlha ka Sehebera se se neng se tlwaelegile sa nako eo mme moragonyana a e ranolela mo Segerikeng. Mo bukeng ya gagwe e e bidiwang De viris inlustribus (Kaga Banna ba ba Tlotlegang), kgaolo III, Jerome o bolela jaana: “Mathaio, yo gape a bidiwang Lefi, le yo o neng a nna moaposetoloi a sena go nna modirelapuso, o ne a kwalela Efangele ya ga Keresete la ntlha kwa Judea ka puo ya Sehebera le ka ditlhaka tsa sone gore e solegele molemo batho ba ba rupileng ba ba neng ba dumetse.”b Jerome o oketsa ka gore mokwalo wa Sehebera wa Efangele eno o ne wa bolokiwa ka nako ya motlha wa gagwe (lekgolo la bonè le la botlhano la dingwaga C.E.) mo motlobong wa dikwalo tseo Pamphilus a neng a di phuthile kwa Kaesarea.
7 Kwa tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga, fa Origen a ne a bua kaga Diefangele tseno, o tsopolwa ke Eusebius a re “ya ntlha e ne ya kwalwa . . . ke Mathaio, . . . yo o neng a e kwalela Bajuda bao ba neng ba dumela, ereka e ne e kwadilwe ka puo ya Sehebera.”c Se se supang gore mokwadi wa yone o ne a akantse ka Bajuda ke go bo a kwadile ka tlhatlhamano ya losika, e e bontshang bagologolwane ba ga Jesu ba kafa molaong go simolola ka Aberahame, le go bo e umaka Dikwalo tsa Sehebera gantsi, e bontsha gore di ne di lebisa pele go Mesia yo o tlang. Go a utlwala go dumela gore Mathaio o ne a dirisa leina la Modimo Jehofa a le kwala ka Ditlhaka tse Nnè fa a ne a tsopola dikarolo tsa Dikwalo tsa Sehebera tseo di neng di na le leina leo. Ke gone ka mo buka ya Mathaio mo go New World Translation e nang le leina la ga Jehofa makgetlo a le 18, fela jaaka go ntse ka phetolelo ya Sehebera ya Mathaio eo e neng ya kwalwa lantlha ke F. Delitzsch mo lekgolong la bo 19 la dingwaga. Mathaio o ne a na le pono e e tshwanang fela le ya ga Jesu ka leina la Modimo ebile o ne a sa kake a thibelwa ke tumelabotlhodi ya Sejuda e batho ba neng ba dumela mo go yone ka nako eo kaga go sa diriseng leina leo.—Math. 6:9; Yoh. 17:6, 26.
8. Lebaka la gore Mathaio o ne a le mokgethisi le supega jang mo go se se kwadilweng mo Efangeleng ya gagwe?
8 Ereka Mathaio a ne a le mokgethisi pele, go ne go utlwala gore o ne a tla bua ka madi, dipalo, le ditlhotlhwa ka tsepamo. (Math. 17:27; 26:15; 27:3) O ne a anaanela kutlwelobotlhoko ya Modimo fela thata go bo a mo letleletse go nna modihedi wa mafoko a a molemo le tsala e kgolo ya ga Jesu, lemororo a ne a le mokgethisi yo o nyatsegang. Ka jalo, re fitlhela gore ke Mathaio fela gareng ga bakwadi ba Efangele yo o re bolelelang kafa Jesu a neng a gatelela gangwe le gape gore mo godimo ga ditlhabelo, go tlhokega gape le kutlwelobotlhoko. (9:9-13; 12:7; 18:21-35) Mathaio o ne a kgothadiwa fela thata ke bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa mme ka mo go tshwanelang a bo a kwala mafoko mangwe a a gomotsang fela thata a Jesu a neng a a bua a a reng: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.” (11:28-30) Abo mafoko a a bonolo ano a ne a lapolosa jang ne mo mokgethising yono, yoo kwantle ga pelaelo, bagagabo ba neng ba ile ba mo tlhapatsa thata!
9. Mathaio e tlhaolega ka ntlha ya setlhogo sefe mme ebile e kwadilwe ka mokgwa ofe?
9 Mathaio o gatelela segolobogolo gore setlhogo sa thuto ya ga Jesu e ne e le “bogosi yoa legodimo.” (4:17) Mo go ene, Jesu o ne a le Kgosi ya Moreri. O ne a dirisa lefoko “bogosi” gangwe le gape (makgetlo a feta 50) mo Efangele ya gagwe e ka nnang ya bidiwa Efangele ya Bogosi. Mathaio o ne a batla fela go kwala dipolelo tsa phatlalatsa tsa ga Jesu le dithero tsa gagwe ka tsela e e utlwalang go na le go di tlhomaganya go ya ka dingwaga. Mo dikgaolong tsa ntlha tse 18, fa Mathaio a ne a tlotlomatsa setlhogo sa Bogosi go ne ga dira gore dintlha tsa gagwe di seka tsa rulagana go ya ka dingwaga. Lefa go ntse jalo, dikgaolo tsa bofelo tse di lesome (19 go ya go 28) ka kakaretso di latelelana go ya ka dingwaga ebile di tswelela ka go gatelela Bogosi.
10. Ditiragalo tse di fitlhelwang fela mo go Mathaio di bogolo jo bo kana kang, mme ditiragalo tse di kwadilweng mo Efangeleng eno ke tsa lobaka lo lo kana kang?
10 Selekanyo sa masome a manè le bobedi lekgolong sa polelo ya Efangele ya ga Mathaio ga se yo mo Diefangeleng tse dingwe tse tharo.d Seno se akaretsa mo e ka nnang ditshwantsho di ka nna lesome, kana dipapiso: Mohero o o mo tshimong (13:24-30), khumo e e fitlhilweng (13:44), perela ya tlhotlhwa e kgolo (13:45, 46), letloa (13:47-50), motlhanka yo o senang kutlwelobotlhoko (18:23-35), badiri le thuusheleng (20:1-16), rre le bana ba babedi (21:28-32), lenyalo la morwa wa kgosi (22:1-14), makgarebane a a lesome (25:1-13), ditalenta (25:14-30). Ka kakaretso, buka eno e bua ka go simolola ka botsalo jwa ga Jesu, ka 2 B.C.E., go fitlhela a kopana le barutwa ba gagwe pele fela ga a tlhatlogela kwa legodimong, 33 C.E.
SEO SE LENG MO GO MATHAIO
11. (a) Efangele eno e simolola jang ka mo go utlwalang, mme go bolelwa ka ditiragalo dife tsa kwa tshimologong? (b) Ditiragalo dingwe tse di diragaditsweng tsa boperofeti tseo Mathaio a re tlhokomedisang tsone ke dife?
11 Go itsisiwe ga ga Jesu le dikgang kaga “bogosi yoa legodimo” (1:1–4:25). Ka mo go utlwalang, Mathaio o simolola a kwala ka tlhatlhamano ya losika lwa ga Jesu, a supa fa kafa molaong Jesu a le moruaboswa wa ga Aberahame le Dafide. Ka gone, go kwadilwe ka tsela e e kgatlhang mmadi wa Mojuda. Go tswa foo re bala ka polelo ya go imiwa ga ga Jesu ka kgakgamatso, go tsholelwa ga gagwe kwa Bethelehema, loeto lwa balepadinaledi, go bolawa ga bana ba basimane ba Bethelehema bao ba neng ba na le dingwaga tse pedi go ya kwa tlase ke Herode ka bogale, go tshabela kwa Egepeto ga ga Josefa le Maria ba tshotse ngwana yo monnye yoo, le go boela ga bone kwa Nasaretha morago ga foo go ya go nna teng. Mathaio o tlhokomedisa ka kelotlhoko go diragadiwa ga boperofeti jo bo tlhomamisang gore Jesu ke ene Mesia yo o boleletsweng pele.—Math. 1:23—Isa. 7:14; Math. 2:1-6—Mika 5:2; Math. 2:13-18—Hos. 11:1 le Yer. 31:15; Math. 2:23—Isa. 11:1, ntlhanyana e e kwa tlase.
12. Ke eng se se diragalang fa Jesu a kolobediwa le ka bokhutshwane fela morago ga moo?
12 Jaanong polelo ya ga Mathaio ga e umake dilo dipe tse di diragetseng mo lobakeng lo lo ka tshwarang dingwaga di ka nna 30. Johane wa Mokolobetsi o rera mo nageng ya Judea a re: “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Math. 3:2) O kolobetsa Bajuda ba ba ikotlhaileng mo nokeng ya Joredane a bo a tlhagisa Bafarasai le Basadukai kaga bogale jo bo tlang. Jesu o tla a tswa kwa Galilea a bo a kolobediwa. Ka bokhutshwane fela moya wa Modimo o fologela mo go ene, mme lentswe le le tswang kwa legodimong la re: “Eo ke morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.” (3:17) Go tswa foo Jesu o isiwa kwa nageng, koo, morago ga a sena go itima dijo ka malatsi a le 40, a fetang a raelwa ke Satane Diabolo gone. O leleka Satane gararo ka go tsopola mo Lefokong la Modimo, kwa bokhutlong a bua ka go re: “Tloga u eè koñ Satana: gonne go kwadilwe, ga twe, U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo o tla mo dihèlañ.”—4:10.
13. Ke letsholo lefe le le tlhotlheletsang leo jaanong le simololwang mo Galilea?
13 “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” Jaanong mafoko ano a a tlhotlheletsang a bolelwa mo Galilea ke Jesu yo o tloditsweng. O bitsa batshwaraditlhapi ba le banè gore ba tlogele matloa a bone ba mo sale morago mme ba nne “bachwara batho,” mme o tsamaya le bone “le lehatshe yeotlhe ya Galilea, aè tla a ruta mo matluñ a thutō a bōnè, a rèra Mahoko a a Molemō a bogosi, a hodisa malwetse mañwe le mañwe aotlhe, le dipobolō diñwe le diñwe cotlhe mo bathuñ.”—4:17, 19, 23.
14. Mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng, Jesu o bua ka maitumelo afe, mme a reng kaga tshiamo?
14 Thero ya mo Thabeng (5:1–7:29). Fa boidiidi jwa batho ba simolola go mo sala morago, Jesu o ya kwa thabeng, o nna fa fatshe, a bo a simolola go ruta barutwa ba gagwe. O simolola puo eno e e kgatlhisang ka go bua ka ‘maitumelo’ a ferabongwe: Go itumela ba ba lemogang tlhokafalo ya bomoya jwa bone, bao ba lelang, ba ba bonolo, bao ba bolaetsweng ke tlala le go nyorelwa tshiamo, ba ba kutlwelobotlhoko, ba ba pelodiphepa, ba ba kagiso, ba ba bogisediwang tshiamo, le ba ba kgobiwang le go akelwa. “Itumeleñ, lo bo lo ipelè thata: gonne tuèlō ea lona e kgolo kwa legodimoñ.” O bitsa barutwa ba gagwe “lecwai ya lehatshe” le “lesedi ya lehatshe” a bo a tlhalosa ka tshiamo, eo e farologaneng fela thata le go dira dilo ka seomodiro fela ga bakwadi le Bafarisai, eo e tlhokegang gore motho a tsene mo Bogosing jwa magodimo. “Ke gōna lo tla nnañ boitekanèlō, yaka Rra eno eo o kwa legodimoñ a le boitekanèlō.”—5:12-14, 48.
15. Ke eng se Jesu a se bolelang kaga thapelo le kaga Bogosi?
15 Jesu o tlhagisa kgatlhanong le go ntsha dimpho le go rapela ka boitimokanyo. O ruta barutwa ba gagwe go rapelela gore leina la ga Rraagwe le itshepisiwe, gore Bogosi jwa Gagwe bo tle, le gore ba bone dijo tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. Mo therong eo yotlhe selo sa botlhokwa se Jesu a buang ka sone ke Bogosi. O tlhagisa bao ba mo salang morago gore ba seka ba tshwenyega kaga dikhumo tsa dilo tse di bonalang kana go berekela tsone fela, ka gonne Rara o itse se tota ba se tlhokang. A re, “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.”—6:33.
16. (a) Ke kgakololo efe e Jesu a e neelang malebana le kamano ya batho le ba bangwe, mme a reng ka bao ba dirang thato ya Modimo le bao ba sa e direng? (b) Thero ya gagwe e nna le phelelo efe?
16 Mong yono o naya kgakololo malebana le go tsalana le batho ba bangwe, a re: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” Batho ba sekae ba ba dirang go rata ga ga Rraagwe ke bone ba bonang tsela e e isang kwa botshelong. Ba ba dirang tshiamololo ba tla itsiwe ka maungo a bone mme ba tla tlhobogiwa. Jesu o tshwantshanya yo o utlwang mafoko a gagwe le “monna eo o botlhale, eo o agileñ ntlo ea gagwè mo lehikeñ.” Boidiidi jwa batho ba ba reeditseng ba amiwa jang ke polelo eno? Ba “gakgamalèla thutō ea gagwè,” ka gonne o ruta “yaka eo o nañ le thata, eseñ yaka bakwadi ba bōnè.”—7:12, 24-29.
17. Jesu o bontsha thata ya gagwe jang jaaka Mesia, mme ke kamego efe e e lorato eo a e bontshang?
17 Go atolosiwa ga thero kaga bogosi (8:1–11:30). Jesu o dira dikgakgamatso di le dintsi—o fodisa balepero, ba ba suleng mefama, le ba ba tsenyweng ke badimo. Ebile o supa fa a kgona go laola phefo le makhubu a lewatle ka go didimatsa setsuatsue, gape o tsosa mosetsanyana mongwe mo losong. Abo Jesu a utlwela boidiidi jwa batho botlhoko jang ne fa a bona kafa ba patikegileng ka gone ebile ba gasame, “yaka dinku tse di senañ modisa”! Fela jaaka a bolelela barutwa ba gagwe, “thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye. Me ke gōna, rapèlañ Morèna oa thōbō, gore a romè barobi mo thoboñ ea gagwè.”—9:36-38.
18. (a) Jesu o naya baaposetoloi ba gagwe taolo efe le tao? (b) Ke ka ntlhayang fa “losika lo” lo latlhegile?
18 Jesu o kgetha baaposetoloi ba le 12 a bo a ba roma. O ba naya ditaelo tse di tlhomameng tsa kafa ba tshwanetseng go dira tiro ya bone ka gone a bo a gatelela se thuto ya bone e kgolo ya motheo e tshwanetseng go nna yone fa ba ruta: “Me lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse.” Ka lorato o ba fa tao e e ba nayang botlhale: “Lo amogetse hèla, naeañ hèla.” “Lo nneñ botlhale yaka dinōga, le buri yaka maphoi.” Ba tla ilwa ba bo ba bogisiwa, le eleng ke bamasika a bone, mme Jesu o ba gakolola ka go re: “Eo o bolokañ botshelō yoa gagwè, bo tla mo latlhègèla; me eo o latlhègèlwañ ke botshelō yoa gagwè ka ntlha ea me, o tla bo boloka.” (10:7, 8, 16, 39) Ba a tsamaya, ba ya go ruta le go rera kwa metseng eo ba e abetsweng! Jesu o tlhalosa fa Johane wa Mokolobetsi e le morongwa yo o romilweng pele ga gagwe, “Eliya” yo o solofeditsweng, mme “losika lo” ga lo dumele Johane lefa e le ene, ebong Morwa motho. (11:14, 16) Jalo a bo go latlhega losika lono jang ne le metse eo e sekileng ya ikotlhaya fa ba ne ba bona ditiro tse di maatla tse a neng a di dira! Mme ba ba nnang barutwa ba gagwe ba tla bonela meya ya bone tapologo.
19. Fa Bafarasai ba ngongoregela kafa Jesu a itshwarang ka gone ka Sabata, o ba latofatsa jang?
19 Bafarasai ba a ganediwa le go latofadiwa (12:1-50). Bafarasai ba leka go bona Jesu molato kaga kgang ya Sabata, mme o kgaphela ditatofatso tsa bone kgakala a bo a simolola go kgala boitimokanyo jwa bone ka bogale. O ba raya a re: “Lotsalō loa dinōga ke lona, lo ka bua yañ dilō tse di molemō, lo le boshula? gonne molomo o bua se se cwañ mo botlaloñ yoa pelo.” (12:34) Ga ba na go newa sesupo sepe fa e se sa moperofeti Jona sa gore: Morwa motho o tla nna malatsi a mararo le masigo a mararo mo pelong ya lefatshe.
20. (a) Ke ka ntlhayang fa Jesu a bua ka ditshwantsho? (b) Jaanong o naya ditshwantsho dife kaga Bogosi?
20 Ditshwantsho tse supa kaga Bogosi (13:1-58). Ke ka ntlhayang fa Jesu a bua ka ditshwantsho? O tlhalosetsa barutwa ba gagwe ka go re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweñ a bogosi yoa legodimo; me bōnè ga baa go nèwa.” O bolela fa barutwa ba gagwe e le batho ba ba itumetseng ka gonne ba kgona go bona le go utlwa. A bo a ba ruta thuto e e kgothatsang jang ne jaanong! Morago ga a sena go tlhalosa setshwantsho sa mojadi, Jesu o bolela ditshwantsho tsa mofero o o mo tshimong, peo ya mosedara, sebediso, khumo e e fitlhilweng, perela e e tlhotlhwakgolo, le letloa—tsotlhe e le tse di tshwantshetsang sengwe se se amanang le “bogosi yoa legodimo.” Lefa go ntse jalo, batho ba kgopisiwa ke se a se buang, mme Jesu o ba raya a re: “Moperofeti ga a ke a tlhōka tlotlō ha e se mo lehatshiñ ya ga gabō, le mo tluñ ea gagwè.”—13:11, 57.
21. (a) Jesu o dira dikgakgamatso dife, mme di supa fa a le mang? (b) Ke ponatshegelo efe e e newang kaga go tla ga Morwa motho ka Bogosi jwa gagwe?
21 Bodihedi jo bo oketsegileng le dikgakgamatso tse dingwe tsa ga “Keresete” (14:1–17:27). Jesu o utlwisitswe botlhoko fela thata ke go utlwalela fa Johane Mokolobetsi a kgaotswe tlhogo ka baka la taolo e e ntshitsweng ke Herode Antipase yo o neng a fenyega motlhofo fela. O fa batho ba le 5 000 le go feta dijo ka kgakgamatso; o tsamaya mo godimo ga lewatle; o kgaphela kgakala Bafarasai fa ba mo tshwaya phoso gape, bao a reng, ‘ba tlola taolo ya Modimo ka baka la tlwaelo ya bone’; o fodisa motho yo o tsenyweng ke badimo, “ba ba tlhotsañ, le dihohu, le dimumu, le digōlè, le ba bañwe ba le bantsi”; mme gape o fepa batho ba ba fetang 4 000, ka dinkgwe di supa fela le ditlhatswana di se kae. (15:3, 30) Fa Petere a araba potso e a e boditsweng ke Jesu, o bolela gore ke mang ka go re: “U Keresete, Morwa Modimo o o tshedileñ.” Jesu o akgola Petere ka baka leo a bo a re: “Ke tla aga phuthègō ea me mo lehikeñ ye.” (16:16, 18) Go tswa foo Jesu o simolola go bua ka nako ya go swa ga gagwe le ya go tsoga ga gagwe ka letsatsi la boraro e e atamelang. Mme go tswa foo o solofetsa gore bangwe ba barutwa ba gagwe ke “ba ba se ketlañ ba utlwa losho gopè, go tsamaea ba bōna Morwa Motho a tla mo bogosiñ yoa gagwè pele.” (16:28) Morago ga malatsi a le marataro, Jesu o tsaya Petere, Jakobe, le Johane a bo a tlhatlogela kwa thabeng e e kwa godimo nabo kwa ba mmonang a fetogile a le mo kgalalelong. Ba bona Moshe le Elija mo ponatshegelong, a bua nae, ba bo ba utlwa lentswe le bua le tswa legodimong le re: “Eo ke morwaake eo o ratègañ, eo ke kgatlhègañ thata mo go èna; le utlweñ èna.” Morago ga ba sena go fologa kwa thabeng, Jesu o ba bolelela gore “Eliya” yo o solofeditsweng o setse a tlile, mme ba lemoga gore o bua ka Johane Mokolobetsi.—17:5, 12.
22. Jesu o fa kgakololo efe kaga boitshwarelo?
22 Jesu o gakolola barutwa ba gagwe (18:1-35). Fa Jesu a le kwa Kaperenama o bua le barutwa ba gagwe kaga boikokobetso, boitumelo jo bogolo jo motho o nnang najo fa a sena go bona nku e e latlhegileng, le go fedisa dilo tse bakaulengwe ba kgopisantseng ka tsone. Petere o botsa ka go re: ‘Ke tshwanetse go itshwarela mokaulengwe wa me ga kae?’ Jesu o mo araba ka go re: “Ka re, e nnè ga mashomè a shupa ga shupa.” Fa Jesu a gatelela seno, o bua ka setshwantsho sa motlhanka yo mong wa gagwe a neng a mo itshwarela sekoloto sa dipeni [“denarii,” NW] di le dimilione di le 60. Moragonyana motlhanka yono o ne a tsenya motlhanka ka ene mo kgolegelong ka go bo fela a ne a mo kolota dipeni di le 100, mme ka baka leo, motlhanka yo o senang kutlwelobotlhoko yono le ene o ne a neelwa badisa kgolegelo.e Jesu o tlhalosa ntlha ya gagwe ka go re: “Hèla yalo, Rrè oa legodimo o tla dihèla lona, ha lo sa ichwarelane moñwe le moñwe oa ga gabō, ka dipelo tsa lona.”—18:21, 22, 35.
23. Jesu o tlhalosa eng kaga tlhalo le kaga tsela e e isang botshelong?
23 Malatsi a bofelo a bodihedi jwa ga Jesu (19:1–22:46). Go diragala ditiragalo di le dintsi ka nako e khutshwane ebile gape batho ba simolola go tsenwa ke letshogo jaaka bakwadi le Bafarasai ba tswelela go gakalela bodihedi jwa ga Jesu. Ba mo thaisa ka kgang ya tlhalo mme ga ba kgone go mo tshwara; Jesu o bontsha gore lebaka le le lengwe fela la Dikwalo la go tlhala ke kgokafalo. Lekawana lengwe le le humileng le tla mo go Jesu, le mmotsa gore o ka bona botshelo jo bosakhutleng jang, mme le tsamaya le hutsafetse fa a lemoga gore o tshwanetse go rekisa gotlhe mo a nang le gone mme a bo a nna molatedi wa ga Jesu. Morago ga a sena go bua ka setshwantsho sa badiri le dipeni, Jesu o bua gape ka loso lwa gagwe le tsogo, a bo a re: “Morwa Motho [o] na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.”—20:28.
24. Fa Jesu a tsena mo bekeng ya bofelo ya botshelo jwa gagwe jaaka motho yo o mo lefatsheng, o thulana jang le baganetsi ba badumedi, mme o araba dipotso tsa bone jang?
24 Jesu jaanong o simolola beke ya bofelo ya botshelo jwa gagwe jaaka motho yo o mo lefatsheng. O tsena mo Jerusalema ka boitumelo jo bogolo jaaka ‘Kgosi, a pagame ngwana wa esela.’ (21:4, 5) O phepafatsa tempele ka go leleka baananyi ba madi le babapatsi ba bangwe, mme baba ba gagwe ba mo ilela kwa pele fa a ba raya a re: “Bakgethisi le diaka baa lo heta, ba tsèna pele ga lona mo bogosiñ yoa legodimo.” (21:31) Ditshwantsho tsa gagwe tse di tlhamaletseng kaga tshimo ya mofine le moletlo wa lenyalo di dira gore batho ba tlhaloganye se a se bolelang. O araba potso ya Bafarasai kaga lekgetho ka go ba raya a re ntshetsang “Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetsè Modimo tse e leñ tsa Modimo.” (22:21) Ka mo go tshwanang o kgaphela kgakala potso e Basadukai ba batlang go mo tshwara ka yone a bo a tlotlomatsa tsholofelo ya tsogo. Bafarasai ba tla kwa go ene gape ba botsa ka Molao, mme Jesu o ba bolelela gore molao o mogolo ke gore motho a rate Jehofa ka botlalo, mme wa bobedi ke gore a rate mogagabo jaaka a ithata. Go tswa foo Jesu o ba botsa ka go re, ‘Go tla jang gore Keresete e nne morwa Dafide le Morena wa gagwe?’ Ga go na ope yo o kgonang go araba, mme morago ga moo ga go tlhole go nna le ope yo o lekang go mmotsa gape.—22:45, 46.
25. Jesu o latofatsa bakwadi le Bafarasai jang ka maatla?
25 ‘A bo go latlhega lona, baitimokanyi’ (23:1–24:2). Fa Jesu a bua le boidiidi jwa batho kwa tempeleng, o latofatsa bakwadi le Bafarasai gape ka bogale. Ga se fela gore bone ga ba tshwanelege go tsena mo Bogosing mme ba dirisitse bosula jotlhe jwa bone go thibela ba bangwe gore ba seka ba tsena. Ba tshwana fela le diphupu tse di sweufaditsweng, ba lebega ba le bantle ka kwa ntle, mme mo teng ba tletse bosula ebile ba bodile. Jesu o digela ka go atlhola Jerusalema a re: “Ntlo ea lona lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.” (23:38) Fa a tswa mo tempeleng, Jesu o perofeta kaga go senngwa ga yone.
26. Jesu o bolela sesupo sefe sa boperofeti malebana le go tla ga gagwe ka kgalalelo ya bogosi?
26 Jesu o fa ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe’ (24:3–25:46). Kwa Thoteng ya Lotlhware, barutwa ba gagwe ba mmotsa kaga ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.’ Fa a araba seo Jesu o bua ka nako e e tlang e go tla bong go na le dintwa, ‘morafe o tsogologela morafe le bogosi bo tsogologela bogosi,’ tlhaelo ya dijo, dithoromo tsa lefatshe, go oketsega ga boganana, go rerwa ga “Mahoko a a Molemō a, a Bogosi” lefatshe ka bophara, go tlhomiwa ga “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale . . . go laola ba ntlo ea gagwè,” le dipopego tse dingwe tse dintsi tsa sesupo se se dikarolo dintsi se se tla tshwayang ‘go tla ga Morwa motho ka kgalalelo ya gagwe a tla go nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang.’ (24:3, 7, 14, 45-47; 25:31) Jesu o digela boperofeti jono jwa botlhokwa ka setshwantsho sa makgarebane a a lesome le sa ditalenta, tseo di tsholetseng batho ba ba thantseng le ba ba ikanyegang dituelo tse di itumedisang, le setshwantsho sa dinku le dipodi, tseo di bontshang batho ba sekadipodi ba ya “mo pecoñ e e sa khutleñ.”—25:46.
27. Ke ditiragalo dife tse di diragalang ka letsatsi la bofelo la ga Jesu mo lefatsheng?
27 Ditiragalo tsa letsatsi la bofelo la ga Jesu (26:1–27:66). Morago ga Jesu a sena go keteka Tlolaganyo, o simolola selo sengwe se sesha le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang, o ba laleletsa go ja senkgwe se se sa bedisiwang le beine tseo di tshwantshetsang mmele wa gagwe le madi a gagwe. Go tswa foo ba ya kwa Gethesemane, koo Jesu a rapelang gone. Fa ba le koo Judase o tla a na le boidiidi jwa batho ba ba tlhomeletseng a bo a oka Jesu ka go mo atla ka boitimokanyo. Jesu o isiwa kwa moperesiting yo mogolo, mme bagolwane ba baperesiti le lekgotla lotlhe la Bajuda ba batla ba ba ka supang maaka kaga Jesu. Fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele, Petere o mo itatola fa a lekwa. Judase, ereka a swabisitswe ke se a se dirileng, o latlhela madi a gagwe a a neng a duelelwa go oka ka one mo tempeleng a bo a ya go ikaletsa. Mo mosong Jesu o isiwa fa pele ga mmusi wa Roma Pilatwe, yo o mo neelang batho gore ba mmapole ka a gatelelwa ke segopa sa batho ba ba tlhotlheleditsweng ke baperesiti bao ba goang ka gore: “Madi a gagwè a a nnè mo go rona, le mo baneñ ba rona.” Masole a mmusi yoo a sotla ka bogosi jwa gagwe mme go tswa foo ba mo isa kwa Gologotha, koo a kokotelwang mo koteng gone a le fa gare ga dirukutlhi tse pedi, go kwadilwe mafoko mangwe a a pegilweng fa godimo ga tlhogo ya gagwe a a balegang ka go re, “EO, KE KGOSI EA BAYUDA.” (27:25, 37) Morago ga Jesu a sena go tlhokofadiwa ka lobaka, kwa bokhutlong o tlhokafala mo e ka nnang ka nako ya boraro thapama mme go tswa foo o robadiwa mo lebitleng le lesha la ga Josefa wa Aramathea. E ne e le letsatsi la ditiragalo tse dikgolo thata mo hisitoring yotlhe!
28. Mathaio o fitlha kwa setlhoeng sa polelo ya gagwe ka mafoko afe a a molemolemo, mme o digela ka thomo efe?
28 Tsogo ya ga Jesu le ditaelo tsa bofelo (28:1-20). Jaanong Mathaio o fitlha kwa setlhoeng sa polelo ya gagwe ka go bua mafoko a a molemo go a gaisa otlhe. Jesu yo o tlhokafetseng o a tsosiwa—o a tshela gape! Kwa tshimologong ya letsatsi la ntlha la beke eo, Maria Magadalena le “Marie eo moñwe” ba tla fa lebitleng ba bo ba utlwa moengele a itsise ka ntlha eno e e itumedisang. (28:1) Go tlhomamisa seno, Jesu ka boene o bonala kwa go bone. Baba ba gagwe ba bile ba leka go lwela go ganetsana le boammaaruri jwa gore o tsositswe, ka go duela masole ao a neng a ntse a disitse kwa phupung gore ba re, “Barutwa ba gagwè ba tsile bosigo, ba mo ucwa re robetse.” Moragonyana, fa a le kwa Galilea, Jesu o tshwara pokano e nngwe le barutwa ba gagwe. O ba laela ka go ba neela taolo efe? O ba naya taolo eno: “Tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō.” A ba ne ba tla kaelwa ke mongwe mo tirong eno ya go rera? Mafoko a bofelo a ga Jesu a Mathaio a a kwadileng a tlhomamisa seno: “Bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.”—28:13, 19, 20.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
29. (a) Mathaio e kgabaganyetsa jang mo Dikwalong tsa Segerika go tswa mo go tsa Sehebera? (b) Ke tshiamelo efe e Jesu a neng a na nayo e Bakeresete ba santseng ba ka nna nayo gompieno?
29 Buka ya Mathaio, e e leng Efangele ya ntlha ya tse nnè, eleruri e dira makgabaganyo a a siameng tota go tswa kwa Dikwalong tsa Sehebera go ya mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Kwantle ga phoso, e bolela gore Mesia le Kgosi ya Bogosi jo bo solofeditsweng jwa Modimo ke mang, e bolela gore go tlhokegang gore batho ba nne balatedi ba gagwe, e bo e bolela tiro e batho bano ba ba santseng ba le mo lefatsheng ba santseng ba tshwanetse go e dira. Santlha Johane wa Mokolobetsi, go tswa foo Jesu, mme kwa bokhutlong barutwa ba gagwe ba ne ba tsamaya ba rera ba re, “Bogosi yoa legodimo bo atametse.” Mo godimo ga moo, taolo eo ya ga Jesu e dira le mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo ka e re: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Eleruri e ne e le tshiamelo e kgolo le e e molemo fela thata, mme ebile go santse go ntse jalo, gore motho a nne le seabe mo tirong eno ya Bogosi, go akaretsa le ‘go dira batho ba merafe yotlhe barutwa,’ a sala sekao sa ga Mong wa gagwe morago.—3:2; 4:17; 10:7; 24:14; 28:19.
30. Ke karolo efe e e kgethegileng ya Mathaio e batho ba lemogileng fa e na le mosola fa e dirisiwa?
30 Eleruri Efangele ya ga Mathaio ke “Mahoko a a Molemō.” Molaetsa wa yone o o tlhotlheleditsweng e ne e le “Mahoko a a Molemō” go bao ba neng ba o reetsa mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, mme Jehofa Modimo o dirile gore a bolokiwe e le “Mahoko a a Molemō” go fitlha motlheng ono. Le eleng batho ba e seng Bakeresete ba ile ba patelesega go bolela fa Efangele eno e na le maatla, jaaka, ka sekai, moeteledipele wa Bahindu Mohandas (Mahatma) Gandhi, yo go bolelwang fa a ile a raya Lord Irwin, yo pele o neng a le moemedi wa puso kwa India a re: “Fa naga ya ga lona le ya ga etsho di ka dumalana mo dithutong tse di neng tsa bolelwa ke Keresete mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, re tla bo re kgonne go rarabolola mathata eseng fela a dinaga tsa rona mme le a lefatshe lotlhe.”f Mo nakong e nngwe gape Gandhi o ne a re: “Lekang ka bojotlhe go nwa metsi a lo a sielwang mo metsweding e e mo Therong ya kwa Thabeng . . . Ka gonne thuto ya Thero eo e ne e kwaletswe mongwe le mongwe wa rona.”g
31. Ke bomang ba ba ileng ba bontsha kanaanelo tota mo kgakololong e e mo go Mathaio, mme ke ka ntlhayang fa go na le mosola go ithuta Efangele eno gangwe le gape?
31 Lefa go ntse jalo, mathata a lefatshe lotlhe, go akaretsa le karolo ya lone ya batho ba ba iphakang fa e le Bakeresete, ga a fele. Ke batho ba sekae fela ba e leng Bakeresete ba boammaaruri ba ba tseelang kwa godimo, ba ba ithutang, le ba ba dirisang Thero ya mo Thabeng le kgakololo yotlhe e nngwe e e utlwalang ya mafoko a a molemo jaaka a boletswe ke Mathaio mme ka go dira jalo ba iponela melemo e e senang selekanyo. Go molemo go ithuta ditao tse di molemo tsa ga Jesu gangwe le gape kaga go bona boitumelo jwa boammaaruri, mmogo le kaga boitsholo jo bontle le lenyalo, maatla a lorato, thapelo e e amogelesegang, botlhokwa jwa dilo tsa semoya fa di bapisiwa le tse di bonalang, go batla Bogosi pele, go tlotla dilo tse di boitshepo, le go nna kelotlhoko le go nna kutlo. Mathaio kgaolo 10 e bolela ditaolo tsa tirelo tse Jesu a neng a di naya ba ba rerang mafoko a a molemo a “bogosi yoa legodimo.” Ditshwantsho tse dintsi tsa ga Jesu di na le dithuto tsa botlhokwa go botlhe bao ‘ba nang le ditsebe tsa go utlwa.’ Mo godimo ga moo, boperofeti jwa ga Jesu jo bo tshwanang le fa a ne a bolelela pele ka ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe,’ bo dira gore batho ba nne le tsholofelo e e tiileng le tshepo mo isagweng.—5:1–7:29; 10:5-42; 13:1-58; 18:1–20:16; 21:28–22:40; 24:3–25:46.
32. (a) Tshwantsha kafa boperofeti jo bo diragaditsweng bo supang ka gone fa Jesu a le Mesia? (b) Ditiragatso tseno di re tlhomamisetsa eng ka botlalo?
32 Efangele ya ga Mathaio e na le boperofeti jo bontsi fela thata jo bo diragaditsweng. Bontsi jwa mafoko a a tsopotsweng mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera e ne e le gore a tle a bontshe ditiragatso tseno. Di naya bosupi jo bo sa kakeng jwa ganediwa jwa gore Jesu ke Mesia, ka gonne go ka bo go se kile ga kgonega ka gope go rulaganyetsa pele dintlha tseno tsotlhe. Ka sekai, bapisa Mathaio 13:14, 15 le Isaia 6:9, 10; Mathaio 21:42 le Pesalema 118:22, 23; le Mathaio 26:31, 56 le Sekaria 13:7. Ditiragatso tseno le tsone di tlhomamisa tota gore dipolelelopele tsotlhe tsa boperofeti tsa ga Jesu ka boene, tse di kwadilweng mo go Mathaio, di ne di tla nna boammaaruri ka nako e e tshwanetseng fa maikaelelo a ga Jehofa a a galalelang malebana le “bogosi yoa legodimo” a diragala.
33. Jaanong barati ba tshiamo ba ka itumelela go bo ba itse eng ebile ba na le tsholofelo mo go eng?
33 A bo Modimo o ne wa bolelela pele ka go opa kgomo lonaka jang ne kaga botshelo jwa Kgosi ya Bogosi, a sa tlogele lefa e le sepe kwa morago! Abo Mathaio yo o tlhotlheleditsweng a ne a kwala ditiragatso tsa boperofeti joo ka boikanyego ka tsepamo jang ne! Fa barati ba tshiamo ba akanya ka ditiragalo tsotlhe tsa boperofeti le ditsholofetso tse di kwadilweng mo bukeng ya Mathaio, eleruri ba ka itumelela go bo ba itse kaga “bogosi yoa legodimo” jaaka selo se Jehofa a se dirisang go itshepisa leina la gagwe ebile ba na le tsholofelo mo go jone. Ke jone Bogosi jono jo kgosi ya jone e leng Jesu Keresete jo bo dirang gore ba ba pelonolo le ba ba bolailweng ke tlala ya semoya ba nne le masego a botshelo le boitumelo “mo Boshahacoñ yoa dilō cotlhe, ha Morwa Motho a dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō.” (Math. 19:28) Dilo tseno tsotlhe di bolelwa mo mafokong a a molemo a a tlhotlheletsang “yaka a bolecwe ke Mathaio.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Kgatisosesha ya 1981, Bol. V, tsebe 895.
b Thanolo ya mokwalo wa Selatine o o kwadilweng ke E. C. Richardson mme wa gatisiwa ka metseletsele ya “Texte und Untersuchungen zur Geschichte der altchristlichen Literatur,” Leipzig, 1896, Bol. 14, ditsebe 8, 9.
d Introduction to the Study of the Gospels, 1896, B. F. Westcott, tsebe 201.
e Mo motlheng wa ga Jesu, peni e ne e le se motho a neng a se duelelwa tiro ya letsatsi; jalo dipeni di le 100 e ne e ka nna nngwetharong ya tuelo ya ngwaga. Dipeni di le dimilione di le 60 di ne di lekana le tuelo eo e neng e tla tlhoka gore motho a tshele nako e telele gore a nne nao.—Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 614.
f Treasury of the Christian Faith, 1949, e e kwadilweng ke S. I. Stuber le T. C. Clark, tsebe 43.
g Mahatma Gandhi’s Ideas, 1930, ya ga C. F. Andrews, tsebe 96.