Buka ya Bibela ya bo 64—3 Yohane
Mokwadi: Moaposetoloi Johane
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Efeso, kana gaufi le gone
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 98 C.E.
1. Yohane wa Boraro o ne a kwaletswe mang, mme ke eng seo se neng se itsege ka ene?
LOKWALO lono lo kwaletswe kwa go Gaio, Mokeresete yo o ikanyegang yo Johane a neng a mo rata thatathata. Leina le go tweng Gaio le ne le tlwaelegile thata mo metlheng ya phuthego ya pele. Le bonala ga makgetlo a le mane mo dikarolong tse dingwe tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, mme banna bangwe ba ka nna bararo kana banè ba bidiwa ka lone. (Dit. 19:29; 20:4; Bar. 16:23; 1 Bakor. 1:14) Ga go na boikitsiso bope jo bo gone jo bo re fang tlhaloso e e tletseng ya gore totatota Gaio yo Johane a neng a mo kwaletse e ne e le mang mo go ba bangwe bano botlhe. Selo fela se re se itseng kaga Gaio ke gore o ne a le leloko la phuthego ya Bokeresete, gore o ne a le tsala e e kgethegileng ya ga Johane, le gore lokwalo lono lo ne lo kwaletswe ene ka sebele sa gagwe, mo e leng gore lefoko le le reng “wena” gantsi le bonala le raya motho a le mongwe fela ka metlha yotlhe.
2. Ke eng se se kayang gore ke mang yo o kwadileng Yohane wa Boraro, le gore o le kwadile leng, le gone kae?
2 Ereka sebopego sa tsela ya ditumediso tse di mo tshimologong le tse di kwa bofelong se tshwana fela le se se mo go Yohane wa Bobedi mme mokwadi a itlhalosa gape jaaka “mogolwane,” go ka se nne le pelaelo epe ya gore moaposetoloi Johane ke ene gape a kwadileng lokwalo lono. (2 Yoh. 1) Go tshwana ga diteng tsa lokwalo lono le puo e e dirisitsweng mo go lone le gone go akantsha gore lo ne lwa kwalelwa kwa Efeso kana gaufi le gone, fela jaaka go ne go ntse ka dikwalo tse dingwe tse pedi, mo e ka nnang ka 98 C.E. Ka ntlha ya bokhutshwane jwa lone, bakwadi ba pele ba ne ba se ke ba le tsopola thata, mme lone le Yohane wa Bobedi, gantsi di fitlhelwa mo dikatalokong tsa pele tsa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng.a
3. Ke eng seo Johane a se tlhalosang ka Yohane wa Boraro, mme ke eng se se kgatlhisang seo re kgonang go se bona malebana le bokaulengwe jo bo neng bo le gone gareng ga Bakeresete ba pele?
3 Mo lokwalong lono lwa gagwe Johane o tlhalosa kafa a anaanelang ka gone tsholo e Gaio a ileng a tshola bakaulengwe ba ba etang ka yone, mme o umaka bothata bongwe kaga mongwe yo o neng a bidiwa Dioterefese yo o neng a rata maemo. Dimeterio yo o bolelwang fano go bonala e le ene yo o neng a tlisetsa Gaio lokwalo lono, mme jalo go bonala gore ke ene yo o neng a romelwa ke Johane mme jalo a tlhoka go tsholwa ke Gaio fa a ne a le mo loetong lwa gagwe, mme jalo lokwalo lono lo ne lo tla mo thusa go e bona. Fela jaaka go ne go ntse ka Gaio, ga re itse sepe kaga Dioterefese le Dimeterio kwantle ga seo re balang ka sone fano. Lefa go ntse jalo, lokwalo lono lo re latlhelela lesedi kaga bokaulengwe jo bo kitlanyeng jwa merafeyotlhe jo bo neng bo le gone mo Bakereseteng ba pele. Sengwe sa dilo tse dingwe tseo di neng di le gone e ne e le tlwaelo ya go tshola baeng ba ba neng ba tsamaya “ka ntlha ea Leina,” lemororo bano ba ne ba ka tswa ba sa itsewe ka sebele ke batshodi ba bone.—3 Jo Tem. 7.
SEO SE LENG MO GO YOHANE WA BORARO
4. Johane o akgola Gaio ka ntlha ya eng, ke boitshwaro bofe jo bo bosula joo a bo kgalang, mme ke kgakololo efe e e molemo eo a e neelang?
4 Moaposetoloi o kgothaletsa go tshola baeng le go dira ditiro tse di molemo (ditem. 1-14). Johane o itumelela go utlwa gore Gaio o santse a ntse a “tsamaea mo boamarureñ.” O mo akgolela go dira tiro ka boikanyego, ebong go bontsha lorato lo lo molemo mo bakaulengweng ba ba etileng. “Re chwanetse,” Johane o a bolela, “go gorosa ka pula ba ba nntseñ yalo, gore re tlè re nnè badihi mmōgō le boamarure.” Johane o ne a kile a kwalela phuthego nako nngwe pele, mme Dioterefese wa moikgodisi ga a amogele sepe ka tlotlo mo go Johane kana mo go bangwe ba ba filweng maemo a boikarabelo. E tla re fa a tla, Johane a fete a mo sekisetse go ‘balabala ga gagwe ka mafoko a a bosula.’ Gaio yo o rategang o gakololwa gore a ‘seka a etsa se se bosula, fa e se se molemo fela.’ Dimeterio o bolelwa jaaka sekao se se molemo. Go na le gore a kwale kaga dilo di le dintsi, Johane o tlhalosa gore o tla akofa a bona Gaio ba lebane difatlhego.—Ditem. 4, 8, 10, 11.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
5. (a) Johane o ne a itshupa jang gore o tlhoma sekao se se molemo sa go nna molebedi, mme ke moya ofe o go neng go le botlhokwa gore o tshegediwe? (b) Ke ka ntlhayang fa Johane a ne a bua thata kgatlhanong le Dioterefese? (c) Ke eng seo re tshwanetseng go se tlhagafalela thata gompieno, go ya fela kafa molaomotheong ofe o o tlhalositsweng ke Johane?
5 Moaposetoloi Johane o itshupa e le molebedi yo o tlhomang sekao se se molemo ka ntlha ya go tlhagafalela go sireletsa phuthego mo ditlhotlheletsong tse di bodisang. Moya wa lorato le go tshola baeng o o neng o le moteng ga phuthego ruri o ne o kgatlhisa, mme ebile ruri ba ne ba tshwanetse go boloka boemo jono jo bo itumedisang, gore bakaulengwe ba ba mo lefelong leo le “baeñ” (batho bao ba ka tswang ba ne ba sa itsege pele mo Bakereseteng ba ba ba etetseng) ba ba tlileng mo go bone ba dire mmogo jaaka “badihi mmōgō le boamarure.” (Ditem. 5, 8) Lefa go ntse jalo, Dioterefese o ne a tletse boikgogomoso, selo seo Jehofa a neng a se tlhoile, mme ebile o ne a sena tlotlo epe mo go botlhe ba ba filweng taolo ya bolegodimo, mme ebile ba ne ba balabala bosula kaga moaposetoloi Johane. (Dia. 6:16, 17) O ne a le sekgoreletsi mo go ba ba reng ba leka go bontsha mokgwa wa go tshola baeng mo phuthegong ya Bokeresete. Ke sone se go sa gakgamatseng go bo Johane a ne a bua thata jaana kgatlhanong le bosula jono mme a buelela lorato lwa mmannete lwa Bokeresete mo phuthegong. Re tshwanetse go nna ba ba tlhagafetseng fela jalo mo go ipolokeng re le boikokobetso, re tsamaya mo boammaaruring, le mo go diriseng lorato lo lo tshiamo le go nna ba ba pelotshweu, go ya fela kafa molaomotheong o o tlhalositsweng ke Johane: “Eo o dihañ molemō ke oa Modimo: eo o dihañ boshula ga a e se a bone Modimo.”—3 Yoh. 11.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona tšhate e e reng “Dikataloko Tse Di Tlhomologileng tsa Pele tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika,” tsebe 303.