Kgaolo ya Lesomennè
Jehofa o Godisa Motlhanka wa Gagwe yo e Leng Mesia
1, 2. (a) Tshwantsha seemo se Bajuda ba le bantsi ba neng ba lebane le sone kwa tshimologong ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. (b) Jehofa o ne a dirile thulaganyo efe go thusa Bajuda ba ba ikanyegang go lemoga Mesia?
A KO o akanye fela o ya go kopana le mongwe wa maemo a a kwa godimo. Go beilwe nako le lefelo le lo tla kopanang mo go lone. Mme go na le bothata: Ga o itse gore o lebega jang, mme o tla bo a tsamaya jaaka motho fela, go sa dirwe sepe se se mo tlhomololang. O tla mo lemoga jang? Go ne go ka nna botoka fa o ne o ka mo tlhalosediwa ka botlalo.
2 Kwa tshimologong ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Bajuda ba le bantsi ba ne ba le mo seemong se se ntseng jalo. Ba ne ba lebeletse Mesia—motho yo o botlhokwa go gaisa botlhe ba ba neng ba tla tshela. (Daniele 9:24-27; Luke 3:15) Mme Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba tlile go mo lemoga jang? Jehofa o ne a dirisitse baporofeti ba Bahebera go kwala dintlha tse di tlhalosang Mesia ka botlalo tse di neng di tla mo diragalela le tse di neng di tla thusa batho ba ba nang le temogo go mo lemoga sentle.
3. Isaia 52:13–53:12 e naya tlhaloso efe ka Mesia?
3 Mo dipolelelopeleng tsa Sehebera kaga Mesia, go ka tswa go se na epe e e mo tlhalosang sentle go feta e e kwadilweng mo go Isaia 52:13–53:12. Dingwaga di feta 700 go sa le gale, Isaia o ne a se ka a tlhalosa dipopego tsa mmele tsa ga Mesia, mme o ne a tlhalosa dilo tse di neng di le botlhokwa go feta tseo—tsela e a bogileng ka yone, le lebaka la gone le ditiragalo tse di rileng ka ga loso lwa gagwe, phitlho le go tlotlomadiwa ga gagwe. Go tlhatlhoba boporofeti jono le kafa bo diragaditsweng ka teng go tla re kgothatsa le go re nonotsha tumelo.
“Motlhanka wa Me”—Ke Mang?
4. Bakanoki bangwe ba Bajuda ba ile ba ntsha maikutlo afe malebana le gore “motlhanka” ke mang, mme ke ka ntlha yang fa a sa nyalane le boporofeti jwa ga Isaia?
4 Isaia o sa tswa go bolela ka go gololwa ga Bajuda kwa botshwarong kwa Babelona. Jaanong o kwala mafoko ano a ga Jehofa, a lebile pele kwa tiragalong e kgolo le go gaisa: “Bona! Motlhanka wa me o tla dira ka temogo. O tla bo a le mo maemong a a kwa godimo mme ruri o tla golediwa a bo a godisiwe fela thata.” (Isaia 52:13) Tota “motlhanka” yono ke mang? Mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga, bakanoki ba Bajuda ba ile ba ntsha maikutlo a a farologaneng. Bangwe ba ne ba bolela gore o ne a emela setšhaba sotlhe sa Iseraele fa se ne se ile botshwarwa kwa Babelona. Mme tlhaloso e e ntseng jalo ga e nyalane le boporofeti jono. Motlhanka wa Modimo o boga ka go rata. Le fa a se na molato o boga ka ntlha ya maleo a batho ba bangwe. Seno tota ga se tlhalose setšhaba sa Juda, se se ileng sa ya botshwarwa ka ntlha ya ditsela tsa sone tsa boleo. (2 Dikgosi 21:11-15; Jeremia 25:8-11) Ba bangwe ba ne ba bolela gore Motlhanka yono o ne a emela setlhopha se se itsayang se siame sa batho ba maemo kwa Iseraele le gore bano ba ne ba bogisediwa maleo a Baiseraele ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ka dinako tsa mathata kwa Iseraele, go ne go se na setlhopha se se rileng se se neng se boga ka ntlha ya se sengwe.
5. (a) Bakanoki bangwe ba Bajuda ba ile ba tlhalosa boporofeti jwa ga Isaia jang? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.) (b) Buka ya Baebele ya Ditiro e tlhalosa Motlhanka yono jang ka tsela e e utlwalang sentle?
5 Pele Bokeresete bo tla, le go ya bokgakaleng jo bo rileng mo makgolong a ntlha a Motlha wa Rona, bakanoki ba se kae ba Bajuda ba ile ba lebisa boporofeti jono mo go Mesia. Mme se se bontshang gore tsela eno ya go tlhalosa dilo e nepile re se bona mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Buka ya Ditiro e bega gore fa moopafadiwa wa Moethiopia a ne a re o ne a sa itse gore Motlhanka wa boporofeti jwa ga Isaia ke mang, Filipo o ne “a mmolelela dikgang tse di molemo kaga Jesu.” (Ditiro 8:26-40; Isaia 53:7, 8) Dibuka tse dingwe tsa Baebele le tsone di bontsha fa Jesu Keresete e le ene Motlhanka yo e leng Mesia wa boporofeti jwa ga Isaia.a Fa re ntse re tlhatlhoba boporofeti jono, re tla bona dilo tse di tshwanang tota ka Jesu wa Nasaretha le motho yo Jehofa a mmitsang “motlhanka wa me.”
6. Boporofeti jwa ga Isaia bo bontsha jang gore Mesia o tla dira thato ya Modimo ka katlego?
6 Boporofeti bo simolola ka go tlhalosa katlego e Mesia a tla nnang le yone kgabagare fa a ntse a dira thato ya Modimo. Lefoko “motlhanka” le supa gore o tla ineela go dira thato ya Modimo jaaka motlhanka a ineela go dira thato ya mong wa gagwe. Ka go dira jalo, o tla bo a “dira ka temogo.” Temogo ke go kgona go lemoga seemo sengwe sentle. Go dira ka temogo ke go dira ka botlhale. Buka nngwe e bolela jaana malebana le lediri la Sehebera le le dirisitsweng fano: “Ntlha ya lone ya konokono ke kgopolo ya go dira ka botlhale. Yo o dirang ka botlhale o tla atlega.” Se se bontshang gore ruri Mesia o tla atlega ke gore boporofeti jwa re “o tla golediwa a bo a godisiwe fela thata.”
7. Jesu Keresete o ne a “dira ka temogo” jang mme o ‘goleditswe a bo a godisiwa fela thata’ ka tsela efe?
7 Gone Jesu o ne a “dira ka temogo,” a bontsha gore o tlhaloganya dipolelelopele tsa Baebele tse di neng di bua ka ene e bile a kaelwa ke tsone go dira thato ya ga Rraagwe. (Johane 17:4; 19:30) Diphelelo ya nna dife? Fa Jesu a sena go tsosiwa le go tlhatlogela kwa legodimong, “Modimo o ne a mo godisetsa kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele.” (Bafilipi 2:9; Ditiro 2:34-36) Go tswa foo, ka 1914, Jesu yo o galaleditsweng o ne a golediwa gape. Jehofa o ne a mo godisetsa mo setulong sa Bogosi jwa Bomesia. (Tshenolo 12:1-5) Ee, o ne a ‘golediwa a bo a godisiwa fela thata.’
‘Ba mo Rotoletse Matlho ba Gakgametse’
8, 9. Fa Jesu yo o godisitsweng a tla go diragatsa katlholo, babusi ba lefatshe ba tla itshwara jang, mme ka ntlha yang?
8 Ditšhaba le babusi ba tsone ba tla itshwara jang malebana le Mesia yo o godisitsweng? Fa re tlodisa matlho ka nakwana mafoko a a tlhalosang a a mo karolong ya bobedi ya temana 14, boporofeti jono bo balega jaana: “Ka selekanyo se ba le bantsi ba neng ba mo rotoletse matlho ka sone ba gakgametse . . . o tla boifisa ditšhaba di le dintsi ka tsela e e tshwanang. Dikgosi di tla mo tswalela molomo, ka gonne ba tla bona se ba neng ba sa se anelwa, mme ba tla akanyetsa se ba neng ba sa se utlwa.” (Isaia 52:14a, 15) Isaia ga a dirise mafoko ano go tlhalosa go tla ga ntlha ga ga Mesia, mme o tlhalosa go kopana ga gagwe la bofelo le babusi ba mo lefatsheng.
9 Fa Jesu yo o godisitsweng a tla go diragatsa katlholo mo tsamaisong eno e e bosula ya dilo, babusi ba mo lefatsheng ba tla mo ‘rotolela matlho ba gakgametse.’ Ke boammaaruri, babusi ba batho ga ba ne ba bona Jesu yo o galaleditsweng ka tlhamalalo. Mme gone ba tla bona bosupi jo bo bonalang jwa maatla a gagwe e le Motlhabani wa ga Jehofa wa selegodimo. (Mathaio 24:30) Ba tla patelesega go simolola go akanyetsa se ba sa utlwang se bolelwa ke baeteledipele ba bodumedi—gore Jesu ke Modiragatsi wa dikatlholo tsa Modimo! Motlhanka yo o godisitsweng yo ba tla kopanang le ene o tla dira ka tsela e ba sa e lebelelang.
10, 11. Go ka bolelwa jang gore Jesu o ne a senngwa ponalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme seo se dirilwe jang gompieno?
10 Go ya ka mafoko a a tlhalosang a a mo temaneng ya 14, Isaia a re: “O ne a senyegile ponalo go feta motho ope o sele mme fa e le tlotlomalo ya gagwe e ne e senyegile go feta ya bomorwa batho.” (Isaia 52:14b) A Jesu o ne a senyegile mo mmeleng ka tsela nngwe? Nnyaa. Le fa Baebele e sa tlhalose ka botlalo gore Jesu o ne a lebega jang, kwantle ga pelaelo Morwa yo o itekanetseng wa Modimo o ne a na le tebego e e itumedisang. Go bonala sentle gore mafoko a ga Isaia a lebisitswe kwa go nyadiweng ga ga Jesu. O ne a senola baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ka bopelokgale a re ke baitimokanyi, baaki le babolai; mme ba ne ba arabela ka go mo kgala. (1 Petere 2:22, 23) Ba ne ba mo latofatsa ka gore o tlola molao, o a tlhapatsa, o a tsietsa, o tlhotlheletsa batho go tsogologela Roma. Ka gone, balatofatsi bano ba maaka ba ne ba senya Jesu leina tota.
11 Le gompieno Jesu o sa ntse a senngwa leina. Bontsi jwa batho ba akanya ka Jesu e le lesea mo bojelong jwa diruiwa kgotsa e le motho yo o mo botlhokong jo bogolo a kokotetswe mo sefapaanong, sefatlhego sa gagwe se ngomogile ka ntlha ya botlhoko jwa serwalo sa mebitlwa. Baruti ba Labokeresete ba rotloeditse megopolo e e ntseng jalo. Ga ba bontshe Jesu e le Kgosi e e nonofileng ya selegodimo e ditšhaba di tla ikarabelang mo go yone. Fa babusi ba batho ba kopana le Jesu yo o godisitsweng mo isagweng e e gaufi, ba tla tshwanelwa ke go dirisana le Mesia yo o nang le ‘taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng’!—Mathaio 28:18.
Ke Mang yo o Tla Dumelang Dikgang Tseno Tse di Molemo?
12. Mafoko a Isaia 53:1 a tsosa dipotso dife tse di kgatlhang?
12 Fa Isaia a sena go tlhalosa phetogo e e gakgamatsang ya ga Mesia—go tswa go yo o ‘senyegileng’ go ya go yo o ‘godisitsweng fela thata’—o botsa jaana: “Ke mang yo o dumetseng mo selong se re se utlwileng? Mme fa e le lebogo la ga Jehofa, ke mang yo o le senoletsweng?” (Isaia 53:1) Mafoko ano a ga Isaia a tsosa dipotso tse di kgatlhang: A boporofeti jono bo tla diragadiwa? A “lebogo la ga Jehofa,” le le tshwantshetsang bokgoni jwa gagwe jwa go dirisa maatla, le tla itshenola le bo le dire gore mafoko ano a diragale?
13. Paulo o ile a bontsha jang gore boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa diragadiwa mo go Jesu, mme go ne ga arabelwa jang?
13 Kwantle ga pelaelo, karabo ke ee! Mo lekwalong le Paulo a le kwaletseng Baroma, o nopola mafoko a ga Isaia go bontsha gore boporofeti jo bo utlwilweng le jo bo kwadilweng ke Isaia bo diragetse mo go Jesu. Go galalediwa ga ga Jesu fa a sena go boga mo lefatsheng e ne e le dikgang tse di molemo. Paulo fa a bua ka Bajuda ba ba sa dumeleng a re, “Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba dumela dikgang tse di molemo botlhe. Gonne Isaia a re: ‘Jehofa, ke mang yo o dumelang mo dilong tse di neng tsa utlwiwa mo go rona?’ Jalo tumelo e latela selo se se utlwilweng. Selo se se utlwilweng le sone se nna gone ka lefoko le le kaga Keresete.” (Baroma 10:16, 17) Le fa go ntse jalo, ka maswabi, ke ba se kae mo motlheng wa ga Paulo ba ba ileng ba dumela dikgang tse di molemo kaga Motlhanka wa Modimo. Ka ntlha yang?
14, 15. Mesia o tla simolola botshelo jwa mo lefatsheng a le mo maemong afe?
14 Go tswa foo boporofeti bo tlhalosetsa Baiseraele mabaka a go bo go boditswe dipotso tse di kwadilweng mo go temana 1, mme ka go rialo bo bontsha gore ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba se kitla ba amogela Mesia: “O tla tlhatloga jaaka kalana fa pele ga motho [yo o lebeletseng], le jaaka modi mo lefatsheng le le se nang metsi. Ga a na tlotlomalo epe, le fa e le bontlentle; mme fa re tla bo re mmona, ga go na ponalo e e dirang gore re mo eletse.” (Isaia 53:2) Fano re bona maemo a Mesia a tla tlang mo lefatsheng a le mo go one. O tla simologa e le motho wa maemo a a kwa tlase, mme mo bathong ba ba lebeletseng a ka se ka a lebega jaaka mongwe yo o ka nnang le maemo ape. Mo godimo ga moo o tla bo a tshwana le kalana fela, letlhogela le le nana, le le tlhogang mo kutung kgotsa mo kaleng ya setlhare. Gape o tla tshwana le modi o o tlhokang metsi mo mmung o o omeletseng, o o kgwaraletseng. Mme ga a ne a tla ka tlotlomalo le ka kgalalelo ya segosi—o tla bo a se na diaparo dipe tsa segosi le fa e le dirwalo dipe tse di tsabakelang tsa segosi. Go na le moo, kwa tshimologong o tla nna wa maemo a a kwa tlase e bile a sa itshupe.
15 A bo seo se tlhalosa sentle jang ne tsela e Jesu a simolotseng botshelo jwa gagwe ka yone e le motho wa maemo a a kwa tlase! Lekgarebane la Mojuda e bong Marea le ne la mo tsholela mo bonnong jwa diruiwa mo motsaneng o o bidiwang Bethelehema.b (Luke 2:7; Johane 7:42) Marea le monna wa gagwe Josefa, ba ne ba humanegile. Malatsi a ka nna 40 Jesu a sena go tsholwa, ba ne ba tlisa tshupelo ya boleo e bahumanegi ba letlelelwang go e tlisa, “maeba a mabedi kgotsa maphoi a mannye a mabedi.” (Luke 2:24; Lefitiko 12:6-8) Fa nako e ntse e ya, Marea le Josefa ba ne ba nna kwa Nasaretha, kwa Jesu a neng a golela mo lelapeng le legolo teng, gongwe e le la maemo a a kwa tlase.—Mathaio 13:55, 56.
16. Jesu o ne a se na “tlotlomalo” le fa e le “bontlentle” ka tsela efe?
16 Fa Jesu e ne e sa ntse e le motho, go ne go sa lebege medi ya gagwe e le mo mmung o o siameng. (Johane 1:46; 7:41, 52) Le fa e ne e le motho yo o itekanetseng e bile e le setlogolwana sa ga Kgosi Dafide, seemo sa gagwe sa go nna wa maemo a a kwa tlase ga se a ka sa mo naya “tlotlomalo” epe le fa e le “bontlentle”—bogolo jang mo matlhong a batho ba ba neng ba lebeletse gore Mesia o tla tla a le mo maemong a a tlhomologileng. Batho ba le bantsi ba ne ba rotloediwa ke baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda gore ba mo tlhokomologe le go mo nyatsa. Kwa bofelong batho ga ba a ka ba bona sepe se se eletsegang mo Morweng wa Modimo yo o itekanetseng.—Mathaio 27:11-26.
“A Nyadiwa e Bile a Tilwa ke Batho”
17. (a) Ke eng se Isaia a simololang go se tlhalosa, mme ke ka ntlha yang fa a kwala jaaka e kete se setse se diragetse? (b) Ke bomang ba ba neng ba ‘nyatsa’ le go ‘tila’ Jesu, mme ba ne ba dira jalo jang?
17 Jaanong Isaia o simolola go tlhalosa ka botlalo kafa Mesia a tla lejwang ka teng le kafa a tla tshwarwang ka teng: “O ne a nyadiwa e bile a tilwa ke batho, motho yo o diretsweng ditlhabi le gore a tlwaelane le pobolo. Mme go ne ga nna jaaka e kete re subetswe sefatlhego sa motho. O ne a nyadiwa, mme re ne ra mo tsaya jaaka yo e seng wa sepe.” (Isaia 53:3) E re ka Isaia a tlhomamisa gore mafoko a gagwe a tla diragala, o kwala mafoko a le mo pakeng e e fetileng, jaaka e kete a setse a diragetse. A Jesu Keresete tota o ne a nyadiwa le go tilwa ke batho? Ee, ruri! Baeteledipele ba bodumedi ba ba ikgogomosang le balatedi ba bone ba ne ba mo tsaya e le motho yo o bosula go gaisa botlhe. Ba ne ba mmitsa tsala ya bakgethisi le diaka. (Luke 7:34, 37-39) Ba ne ba mo kgwela mathe mo sefatlhegong. Ba ne ba mo itaya ka mabole le go mo gobolola. Ba ne ba mo kgesa le go mo sotla. (Mathaio 26:67) “Batho ba gagabo [Jesu] ba ne ba se ka ba mo amogela” ba tlhotlhelediwa ke baba bano ba boammaaruri.—Johane 1:10, 11.
18. E re ka Jesu a ise a ko a lwale, e ne e le “motho yo o diretsweng ditlhabi le gore a tlwaelane le pobolo” ka tsela efe?
18 E re ka Jesu e ne e le motho yo o itekanetseng, o ne a sa lwale. Le fa go ntse jalo e ne e le “motho yo o diretsweng ditlhabi le gore a tlwaelane le pobolo.” Ditlhabi tseo le pobolo e ne e se tsa gagwe. Jesu o ne a tswa kwa legodimong a tla mo lefatsheng le le bobolang. O ne a tshela mo gare ga batho ba ba bobolang le ba ba nang le ditlhabi, mme o ne a sa tile ba ba lwalang, e ka tswa e le mo mmeleng kgotsa semoyeng. Jaaka ngaka e e lorato, o ne a tlwaelana thata le batho ba ba neng ba boga gaufi le ene. Mo godimo ga moo, o ne a kgona go dira se ngaka epe fela e e tlwaelegileng ya motho e ka se kgoneng go se dira.—Luke 5:27-32.
19. Go ne go ‘subilwe’ sefatlhego sa ga mang, mme baba ba ga Jesu ba ne ba supa jang gore ba ne ba mo ‘tsaya e se wa sepe’?
19 Le fa go ntse jalo, baba ba ga Jesu ba ne ba mo tsaya e le ene a lwalang mme ba gana go mo amogela. Sefatlhego sa gagwe se ne se ‘subilwe’ gore se se ka sa bonwa mme gone e se gore o ne a iphitlhetse batho. Fa The New English Bible e ranola Isaia 53:3 e dirisa polelwana e e reng, “sengwe se batho ba sa batleng go se leba.” Baganetsi ba ga Jesu ba ne ba fitlhela a tena mo e leng gore tota ba ne ba mo tila jaaka e kete o ne a ferosa sebete thata gore a ka lejwa. Ba ne ba bona a na le boleng jwa tlhwatlhwa ya motlhanka fela. (Ekesodo 21:32; Mathaio 26:14-16) Ba ne ba tlotla mmolai Barabase go mo feta. (Luke 23:18-25) Tota ba ka bo ba dirile eng se se fetang seo go supa kafa ba tseelang Jesu kwa tlase ka teng?
20. Mafoko a ga Isaia a gomotsa batho ba ga Jehofa jang gompieno?
20 Batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba ka gomodiwa thata ke mafoko a ga Isaia. Ka dinako tse dingwe, baganetsi ba ka nyatsa baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa kgotsa ba ba tshwara jaaka ba e seng ba sepe. Le fa go ntse jalo, jaaka go ne go ntse ka Jesu, sa botlhokwa thata ke gore Jehofa Modimo o re leba jang. Kana gone, le fa batho ba ne ‘ba tsaya Jesu e se wa sepe,’ seno ruri se ne se sa fetole tsela e a neng a le botlhokwa ka yone mo matlhong a Modimo!
“O ne A Tlhabelwa Ditlolo Tsa Rona”
21, 22. (a) Mesia o ne a tsholela batho ba bangwe eng le go ba sikarela eng? (b) Batho ba le bantsi ba ne ba leba Mesia jang, mme go boga ga gagwe go ne ga felela ka eng?
21 Ke ka ntlha yang fa Mesia a ile a tshwanelwa ke go boga le go swa? Isaia o tlhalosa jaana: “Ruri o ne a tshotse dipobolo tsa rona; mme fa e le ditlhabi tsa rona, o ne a di sikara. Mme re ne ra mo kaya e le yo o leretsweng sebetso, a iteilwe ke Modimo e bile a bogisiwa. Mme o ne a tlhabelwa ditlolo tsa rona; o ne a gatelelwa ka ntlha ya diphoso tsa rona. O ne a kgwathisiwa gore rona re bone kagiso, mme re fodisitswe ka ntlha ya dintho tsa gagwe. Rotlhe re kgarakgatshegile jaaka dinku; mongwe le mongwe wa rona o ne a retologela kwa tseleng ya gagwe; mme Jehofa o dirile gore phoso ya rona rotlhe e rakane le ene yoo.”—Isaia 53:4-6.
22 Mesia o ile a tshola dipobolo tsa batho ba bangwe a bo a sikara ditlhabi tsa bone. O ne a tsholetsa merwalo ya bone, jaaka fa re ka rialo, a e baya mo magetleng a gagwe, a bo a e sikara. Mme e re ka dipobolo le ditlhabi di tla ka ntlha ya seemo sa batho sa boleo, Mesia o ne a tshola maleo a batho ba bangwe. Batho ba le bantsi ba ne ba se ka ba tlhaloganya lebaka la go boga ga gagwe mme ba ne ba dumela gore o otlhaiwa ke Modimo, a mo leretse sebetso sa bolwetse bongwe jo bo maswe.c Go boga ga ga Mesia go ne ga felela ka gore a tlhabiwe, a gatelelwe a bo a nne le dintho—mafoko a a bogale a a supang loso lo lo botlhoko. Mme loso lwa gagwe lo kgona go rekolola; lo dira gore ba ba kgarakgatshiwang ke go dira phoso le ke boleo ba namolwe, ba kgone go nna mo kagisong le Modimo.
23. Jesu o ne a sikara jang pogo ya batho ba bangwe?
23 Jesu o ne a sikara go boga ga batho ba bangwe jang? Efangele ya ga Mathaio e bolela jaana e nopola Isaia 53:4: “Batho ba mo tlisetsa batho ba le bantsi ba ba laolwang ke madimona; mme a leleka meya ka lefoko, a ba a alafa botlhe ba ba neng ba le mo seemong se se maswe; gore go tle go diragadiwe se se neng sa buiwa ka Isaia moporofeti, go twe: ‘Ene ka boene o ne a tsaya dipobolo tsa rona a ba a rwala malwetse a rona.’” (Mathaio 8:16, 17) Ka go fodisa batho ba ba neng ba tla kwa go ene ka malwetse a a farologaneng, tota Jesu o ne a tshola pogo ya bone. Mme diphodiso tse di ntseng jalo di ne di ama maatla a gagwe. (Luke 8:43-48) Tsela e a neng a kgona go fodisa mefuta yotlhe ya malwetse ka yone—a mo mmeleng le a semoya—e ne e bontsha gore o ne a filwe maatla a go tlosa boleo mo bathong.—Mathaio 9:2-8.
24. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba ne ba bona e kete Jesu o “leretswe sebetso” ke Modimo? (b) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a boga a bo a swa?
24 Le fa go ntse jalo, mo bathong ba le bantsi go ne go lebega e kete Jesu o ne a “leretswe sebetso” ke Modimo. Kana e bile o ne a bogisiwa ke baeteledipele ba ba tlotlegang ba bodumedi. Le fa go ntse jalo, se lebale gore o ne a sa boge ka ntlha ya maleo ape a gagwe ka namana. Petere a re: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi. Ga a ka a dira boleo bope, le gone ga go a ka ga fitlhelwa tsietso mo molomong wa gagwe. Ene ka boene o ne a sikara maleo a rona mo mmeleng wa gagwe mo koteng, e le gore re tle re kgaogane gotlhelele le maleo re bo re tshelele tshiamo. Mme ‘lo ne lwa fodisiwa ka dititeo tsa gagwe.’” (1 Petere 2:21, 22, 24) Ka nako nngwe rotlhe re ne re latlhegile ka ntlha ya boleo, re “tshwana le dinku, tse di timelang.” (1 Petere 2:25) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa Jesu go re rekolola mo seemong sa rona sa boleo. O ne a dira gore phoso ya rona e “rakane le” Jesu, e nne mo go ene. Jesu yo o se nang boleo o ne a dumela go otlhaelwa maleo a rona. Ka go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo koteng lo sa mo tshwanela, o ne a dira gore re kgone go kopanngwa gape le Modimo.
“O ne A Itetla Gore a Bogisiwe”
25. Re itse jang gore Mesia o ne a boga a bo a swa ka go rata?
25 A Mesia o ne a boga le go swa ka go rata? Isaia a re: “O ne a pitlagane thata, e bile o ne a itetla gore a bogisiwe; le fa go ntse jalo o ne a sa bule molomo. O ne a tlisiwa fela jaaka nku e isiwa tlhabong; le jaaka nku e namagadi e e nnang semumu fa pele ga babeodi ba yone, le ene o ne a sa bule molomo.” (Isaia 53:7) Mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe, Jesu o ka bo a ile a bitsa “mephato e feta e le lesome le bobedi ya baengele” go tla go mo thusa. Mme o ne a re: “Mo kgannyeng eo, Dikwalo di ne di tla diragadiwa jang gore go tshwanetse ga diragala ka tsela eno?” (Mathaio 26:53, 54) Mo boemong jwa moo, “Kwana ya Modimo” ga e a ka ya itwela ka gope. (Johane 1:29) Fa baperesiti ba bagolo le banna ba bagolwane ba ne ba mo latofatsa ka maaka fa pele ga ga Pilato, Jesu o ne “a se ka a araba.” (Mathaio 27:11-14) O ne a sa batle go bua sepe se se ka kgoreletsang go dirwa ga thato ya Modimo ka ene. Jesu o ne a iketleeditse go swa jaaka Kwana ya setlhabelo, a itse sentle gore loso lwa gagwe lo ne lo tla rekolola batho ba ba kutlo mo boleong, mo bolwetseng, le mo losong.
26. Baganetsi ba ga Jesu ba ne ba dirisa “thibelo” jang?
26 Jaanong Isaia o naya dintlha tse di oketsegileng ka ga go boga le go nyadiwa ga ga Mesia. Moporofeti o kwala jaana: “O ne a tsewa ka ntlha ya thibelo le ka ntlha ya katlholo; mme ke mang yo o tla itshwenyang ka dintlha tsotlhe tsa kokomana ya gagwe? Gonne o ne a kgaolwa mo lefatsheng la ba ba tshelang. O ne a itewa ka ntlha ya tlolo ya batho ba me.” (Isaia 53:8) Fa kgabagare Jesu a tsewa ke baba ba gagwe, baganetsi bano ba bodumedi ba ne ba dirisa “thibelo” ka tsela e ba neng ba dirisana le ene ka yone. E ne e se gore ba ne ba ithiba gore ba se ka ba bontsha letlhoo la bone, go na le moo, ba ne ba thibela tshiamiso kana ba ne ba sa e dirise. Septuagint ya Segerika fa e ranola Isaia 53:8, e dirisa lefoko “sotla” mo boemong jwa “thibelo.” Baba ba ga Jesu ba ne ba mo sotla ka go se mo tshware sentle ka tsela e le sone sekebekwa se se tlwaelegileng se neng se tshwanelwa ke go tshwarwa ka yone. Tsheko ya ga Jesu e ne e se e e dirwang ka tshiamiso. Ka tsela efe?
27. Fa baeteledipele ba Bajuda ba bodumedi ba ne ba tshwere tsheko ya ga Jesu, ba ne ba tlhokomologa melao efe, mme ba ne ba tlola Molao wa Modimo ka ditsela dife?
27 E re ka baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba ikemiseditse go bolaya Jesu, ba ne ba tlola le melao ya bone tota. Go ya ka ngwao, Sanehederine e ne e ka tsamaisa tsheko e e ka atlholelang motho loso mo holong e e agilweng ka maje a a kabotsweng fela, mo dikagong tsa tempele, e seng mo ntlong ya moperesiti yo mogolo. Tsheko e e ntseng jalo e ne e tshwanetse go tshwarwa motshegare, e seng letsatsi le sena go phirima. Mme mo kgetsing e e ka atlholelwang loso, katlholo ya gore motho o bonwe molato e ne e tshwanetse ya itsisiwe letsatsi morago ga tsheko e sena go reediwa. Ka gone, go ne go se na ditsheko dipe tse di ka tshwarwang letsatsi pele ga Sabata kana modiro mongwe. Melao eno yotlhe e ne ya tlhokomologiwa mo tshekong ya ga Jesu. (Mathaio 26:57-68) Se se maswe le go feta, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tlola Molao wa Modimo mo tshekong eno ba sa fitlhe. Ka sekai, ba ne ba tlhopha go dirisa pipamolomo gore ba tshware Jesu. (Duteronome 16:19; Luke 22:2-6) Ba ne ba reetsa batho ba ba tshotseng bosupi jwa maaka. (Ekesodo 20:16; Mareko 14:55, 56) Mme ba ne ba loga maano a go golola mmolai, ka jalo ba itlisetsa molato wa madi bone mmogo le naga ya bone. (Dipalo 35:31-34; Duteronome 19:11-13; Luke 23:16-25) Ka gone, go ne go se na “katlholo,” go se na tsheko e e siameng e e nang le katlholo e e nepileng, e e tekatekano.
28. Baba ba ga Jesu ga ba a ka ba akanyetsa eng?
28 A baba ba ga Jesu ba ne ba tlhotlhomisa go bona gore monna yo ba neng ba mo sekisa tota e ne e le mang? Isaia o botsa potso e e tshwanang: “Ke mang yo o tla itshwenyang ka dintlha tsotlhe tsa kokomana ya gagwe?” Lefoko “kokomana” le ka tswa le lebisitse go lotso lwa motho, kgotsa kwa a tswang teng. Fa Jesu a ne a sekisiwa ke Sanehederine, maloko a yone ga a ka a akanyetsa kwa a tswang teng—gore o ne a diragatsa dilo tse di supang gore ke Mesia yo o solofeditsweng. Go na le moo, ba ne ba mo latofatsa ka gore o a tlhapatsa mme ba re o tshwanelwa ke go swa. (Mareko 14:64) Moragonyana, mmusi wa Moroma Ponto Pilato o ne a ineelela go gatelelwa ke batho mme a atlholela Jesu gore a bapolwe. (Luke 23:13-25) Ka gone, fa Jesu a le dingwaga di le 33 1⁄2 fela, “o ne a kgaolwa,” a le mo gare ga botshelo jwa gagwe.
29. Jesu o ne a fitlhwa “le baikepi” mmogo “le setlhopha sa bahumi” ka tsela efe?
29 Go tswa foo Isaia o kwala jaana kaga go swa le go fitlhwa ga ga Mesia: “O tla dira gore lefelo la gagwe la go fitlhela le nne le baikepi, le setlhopha sa bahumi fa a swa, le fa a ne a sa dira thubakanyo epe e bile go ne go se na tsietso epe mo molomong wa gagwe.” (Isaia 53:9) Jesu o ne a nna jang le baikepi le bahumi mo losong le mo phitlhong ya gagwe? Ka Nisane 14, 33 C.E., o ne a swela mo koteng ya polao kwa ntle ga dipota tsa Jerusalema. E re ka a ne a bapolelwa fa gare ga badirabosula ba le babedi, ka tsela nngwe lefelo la gagwe la go fitlhelwa le ne le na le baikepi. (Luke 23:33) Le fa go ntse jalo, fa Jesu a sena go swa, Josefa, monna mongwe yo o humileng yo o tswang kwa Arimathea, o ne a ipeta pelo mme a kopa tetla mo go Pilato gore a folose mmele wa ga Jesu a o fitlhe. Josefa, a na le Nikodemo, o ne a baakanya mmele wa ga Jesu a o baakanyetsa phitlho a bo a o baya mo lebitleng le le neng le sa tswa go epiwa le e neng e le la gagwe. (Mathaio 27:57-60; Johane 19:38-42) Ka jalo, gape Jesu o ne a fitlhwa le setlhopha sa bahumi.
‘Jehofa O ne A Itumelela go mo Gatelela’
30. Jehofa o ne a itumelela go gatelela Jesu ka tsela efe?
30 Go tswa foo Isaia o bolela sengwe se se jesang kgakge: “Jehofa a itumelela go mo gatelela; o ne a mmobodisa. Fa o ka baya moya wa gagwe jaaka tshupelo ya molato, o tla bona bana ba gagwe, o tla lelefatsa malatsi a gagwe, mme se Jehofa a se itumelelang se tla atlega mo seatleng sa gagwe. O tla bona ka ntlha ya matshwenyego a moya wa gagwe, o tla kgotsofala. Ka ntlha ya kitso ya gagwe mosiami, motlhanka wa me, o tla dira gore batho ba le bantsi ba nne le boemo jo bo siameng; mme o tla sikara ditlolo tsa bone.” (Isaia 53:10, 11) Tota Jehofa o ne a ka itumelela jang go bona motlhanka yono yo o ikanyegang a gatelelwa? Ga go pelaelo gore Jehofa ga a ka a bogisa Morwawe yo a mo ratang ka boene. Baba ba ga Jesu ba ne ba ikarabela ka botlalo ka se ba neng ba se mo dira. Mme Jehofa o ne a ba letla go mo tshwara setlhogo. (Johane 19:11) Ka ntlha yang? Eleruri Modimo wa kamego le kutlwelobotlhoko o ne a utlwa botlhoko fa a bona Morwawe yo o se nang molato a boga. (Isaia 63:9; Luke 1:77, 78) Eleruri Jesu o ne a sa kgopisa Jehofa ka tsela epe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a itumelela go bo Morwawe a iketleeditse go boga ka ntlha ya masego otlhe a a neng a tla tlisiwa ke gone.
31. (a) Jehofa o ne a tlhoma moya wa ga Jesu jang go nna “tshupelo ya molato”? (b) Morago ga mathata otlhe a Jesu a fetileng mo go one e le motho, ke eng se se tshwanetseng sa bo se mo kgotsofatsa tota?
31 Sengwe se se itumedisang ke gore, Jehofa o ne a tlhoma moya wa ga Jesu go nna “tshupelo ya molato.” Ka gone, fa Jesu a tlhatlogela gape kwa legodimong, o ne a tsena kwa bonnong jwa ga Jehofa a tshotse boleng jwa botshelo jwa gagwe jwa motho jo bo ntshitsweng setlhabelo e le tshupelo ya molato, mme Jehofa o ne a itumelela go bo amogela mo boemong jwa batho botlhe. (Bahebera 9:24; 10:5-14) Ka tshupelo ya gagwe ya molato, Jesu o ne a nna le “bana.” Jaaka “Rara wa Bosakhutleng,” o kgona go naya botshelo—botshelo jo bo sa khutleng—a bo naya batho ba ba bontshang tumelo mo mading a gagwe a a tsholotsweng. (Isaia 9:6) Fa Jesu a sena go feta mo mathateng a mantsi jaana e le moya o e leng motho, a bo go tshwanetse ga bo go mo kgotsofatsa jang ne go nna le tebelelo ya go golola batho mo boleong le mo losong! Gone ke boammaaruri, go tshwanetse ga bo go mo kgotsofatsa le go feta go itse gore bothokgami jwa gagwe bo ne jwa naya Rraagwe wa selegodimo karabo ya ditshotlo tsa Mmaba wa Gagwe, Satane Diabolo.—Diane 27:11.
32. Jesu o dirisa “kitso” efe go “dira gore batho ba le bantsi ba nne le boemo jo bo siameng,” mme boemo jono bo tlela bomang?
32 Sengwe gape se se itumedisang se se tlisiwang ke loso lwa ga Jesu ke gore o “dira gore batho ba le bantsi ba nne le boemo jo bo siameng,” le e leng gone jaanong. Isaia a re o dira jalo, “ka ntlha ya kitso ya gagwe.” Go bonala kitso eno e le e Jesu a ileng a nna le yone ka go nna motho le go boga go sa tshwanela ka ntlha ya go utlwa Modimo. (Bahebera 4:15) E re ka a ile a boga go fitlha a swa, Jesu o ne a kgona go ntsha setlhabelo se se tlhokegang gore batho ba nne le boemo jo bo siameng. Boemo jono jo bo siameng ke jwa bomang? Sa ntlha, ke jwa balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng. Ka gonne ba na le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu, Jehofa o ba bolela ba siame ka boikaelelo jwa gore a ba tseye e nne barwa ba gagwe le go ba dira baruaboswammogo le Jesu. (Baroma 5:19; 8:16, 17) Go tswa foo, “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” bo nna le tumelo mo mading a ga Jesu a a tsholotsweng e bile ba nna le boemo jo bo siameng gore ba tle ba nne ditsala tsa Modimo le gore ba falole Haramagedona.—Tshenolo 7:9; 16:14, 16; Johane 10:16; Jakobe 2:23, 25.
33, 34. (a) Re ithuta eng ka Jehofa se se re kgothatsang? (b) “Ba bantsi” ba Motlhanka yo e leng Mesia a amogelang “kabelo” mo gare ga bone ke bomang?
33 Kgabagare, Isaia o tlhalosa diphenyo tsa ga Mesia: “Ka lebaka leo ke tla mo naya kabelo mo gare ga ba bantsi, mme o tla kgaoganya se se thopilweng le ba ba thata, ka gonne o ne a tshololela moya wa gagwe mo losong, a balelwa le batlodi; a tshola boleo jwa batho ba le bantsi, mme a tsereganyetsa batlodi.”—Isaia 53:12.
34 Mafoko a a konelang karolo eno ya boporofeti jwa ga Isaia a re ruta sengwe se se kgothatsang ka Jehofa: O rata batho ba ba nnang ba ikanyega mo go ene. Seno se supiwa ke tsholofetso ya gore o tla “naya” Motlhanka yo e leng Mesia “kabelo mo gare ga ba bantsi.” Go bonala fa mafoko ano a tserwe mo tlwaelong ya go kgaoganya thopo ya ntwa. Jehofa o anaanela boikanyegi jwa batho “ba bantsi” ba ba ikanyegang ba metlha ya bogologolo, go akaretsa Noa, Aborahame le Jobe, mme o ba beetse “kabelo” mo lefatsheng la gagwe le lesha le le tlang. (Bahebera 11:13-16) Ka tsela e e tshwanang, o tla naya Motlhanka wa gagwe yo e leng Mesia kabelo. Eleruri, Jehofa ga a ne a letla bothokgami jwa gagwe bo feta fela bo sa duelwa. Le rona re ka tlhomamisega gore Jehofa ga a ne a ‘lebala tiro ya rona le lorato lo re lo bontshang leina la gagwe.’—Bahebera 6:10.
35. “Ba ba thata” ba Jesu a ba abelang se se thopilweng ke bomang, mme se se thopilweng ke eng?
35 Motlhanka wa Modimo gape o tla bona se se thopilweng kwa ntweng ka go fenya baba ba gagwe. O tla abela “ba ba thata” thopo eno. Fa boporofeti bo diragadiwa, “ba ba thata” ke bomang? Ke barutwa ba ga Jesu ba e nnileng ba ntlha go fenya lefatshe jaaka ene—baagi ba ba 144 000 ba “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16; Johane 16:33; Tshenolo 3:21; 14:1) Se se thopilweng he, ke eng? Go bonala se akaretsa “dimpho tse e leng banna,” ba Jesu a ba swatolang mo taolong ya ga Satane, jaaka go ka tualo, a bo a ba naya phuthego ya Bokeresete. (Baefeso 4:8-12) “Ba ba thata” ba ba 144 000 ba newa kabelo e nngwe gape ya se se thopilweng. Ka go fenya ga bone lefatshe, ba amoga Satane lebaka lepe fela la go sotla Modimo. Boineelo jwa bone jo bo nonofileng mo go Jehofa bo a mo tlotlomatsa, bo ipedisa pelo ya gagwe.
36. A Jesu o ne a lemoga gore o ne a diragatsa boporofeti ka ga Motlhanka wa Modimo? Tlhalosa.
36 Jesu o ne a itse gore o ne a diragatsa boporofeti ka ga Motlhanka wa Modimo. Mo bosigong jo a tshwerweng ka jone, o ne a nopola mafoko a a kwadilweng mo go Isaia 53:12 a bo a a dirisa mo go ene: “Ke a lo bolelela gore seno se se kwadilweng se tshwanetse go diragadiwa mo go nna, e leng, ‘Mme a balelwa le ba ba se nang molao.’ Gonne se se amanang le nna se a diragala.” (Luke 22:36, 37) Ka maswabi, Jesu o ne a tshwarwa jaaka yo o se nang molao tota. O ne a bolawa jaaka mongwe yo o tlodileng molao, a bapolwa fa gare ga dinokwane di le pedi. (Mareko 15:27) Le fa go ntse jalo, o ne a sikara kgobo eno ka go rata, a itse sentle gore o ne a re tsereganyetsa. Totatota, o ne a ema fa gare ga baleofi le kotlhao ya loso, mme a amogela kotlhao eo ka boene.
37. (a) Rekoto ya hisitori ya botshelo le loso lwa ga Jesu e dira gore re kgone go lemoga eng? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra leboga Jehofa Modimo le Motlhanka wa gagwe yo o godisitsweng, Jesu Keresete?
37 Rekoto ya hisitori ya botshelo le loso lwa ga Jesu e dira gore re kgone go lemoga seno sentle: Jesu Keresete ke ene Motlhanka yo e leng Mesia yo o mo boporofeting jwa ga Isaia. A bo re tshwanetse ra leboga jang ne go bo Jehofa a ne a iketleeditse go letla Morwawe yo a mo ratang gore a diragatse seabe sa boporofeti sa Motlhanka, gore a boge a bo a swe gore re tle re rekololwe mo boleong le mo losong! Ka go rialo Jehofa o ne a re bontsha lorato lo logolo. Baroma 5:8 ya re: “Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” A bo re tshwanetse ra leboga le Jesu Keresete thata jang ne, Motlhanka yo o godisitsweng, yo o neng a tshololela moya wa gagwe mo losong!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Targum ya ga Jonathan ben Uzziel (ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.), e e ranotsweng ke J. F. Stenning e baya Isaia 52:13 jaana: “Bona, motlhanka wa me, Motlodiwa (kgotsa, Mesia), o tla atlega.” Ka tsela e e tshwanang, Talmud ya Babelona (ya mo e ka nnang lekgolo la boraro C.E.) ya re: “Mesia—leina la gagwe ke mang? . . . [; ba] ntlo ya ga Rabi [ba re, Yo o lwalang], jaaka go twe, ‘Ruri o sikere malwetse a rona.’”—Sanhedrin 98b; Isaia 53:4.
b Moporofeti Mika o ne a bitsa Bethelehema a re ke “yo monnye thata go ka nna mo gare ga dikete tsa Juda.” (Mika 5:2) Le fa go ntse jalo, Bethelehema e potlana e ne ya nna le tlotla e e kwa godimo ya go nna motse o Mesia a tsholetsweng mo go one.
c Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “leretswe sebetso” le a tle le dirisiwe le fa go buiwa ka lepero. (2 Dikgosi 15:5) Go ya ka bakanoki bangwe, Bajuda bangwe ba ne ba tsaya gore Isaia 53:4 e kaya gore Mesia o ne a tla nna molepero. Talmud ya Babelona e lebisa temana eno mo go Mesia, e mmitsa “mokanoki wa molepero.” Douay Version ya Katoliki, fela jaaka Vulgate ya Selatine, e baya temana eno jaana: “Re mo tsere jaaka e kete molepero.”
[Tšhate mo go tsebe 212]
MOTLHANKA WA GA JEHOFA
Kafa Jesu a Diragaditseng Seabe sa Gone ka Teng
BOPOROFETI TIRAGALO TIRAGATSO
Isa. 52:13 O goleditswe a Dit. 2:34-36; Bafil. 2:8-11;
godisiwa 1 Pet. 3:22
Isa. 52:14 O sentswe leina a Math. 11:19; 27:39-44, 63, 64;
kgobiwa Joh. 8:48; 10:20
Isa. 52:15 A tshosa ditšhaba Matt. 24:30;
di le dintsi 2 Bathes. 1:6-10; Tshen. 1:7
Isa. 53:1 Ga ba a dumela Joh. 12:37, 38;
mo go ene Bar. 10:11, 16, 17
Isa. 53:3 A nyadiwa Math. 26:67; Luke 23:18-25;
a ganwa Joh. 1:10, 11
Isa. 53:4 O tshotse Math. 8:16, 17; Luke 8:43-48
dipobolo tsa rona
Isa. 53:5 A tlhabiwa Joh. 19:34
Isa. 53:6 A bogela diphoso 1 Pet. 2:21-25
tsa ba bangwe
Isa. 53:7 A didimetse a sa Math. 27:11-14;
ngongorege fa pele ga Mar. 14:60, 61; Dit. 8:32, 35
balatofatsi
Isa. 53:8 A sekisiwa a bonwa Math. 26:57-68; 27:1, 2,11-26;
molato e se ka Joh. 18:12-14, 19-24, 28-40
tshiamiso
Isa. 53:9 A fitlhwa Math. 27:57-60; Joh. 19:38-42
le bahumi
Isa. 53:11 A bulela ba le bantsi Bar. 5:18, 19; 1 Pet. 2:24;
tsela ya Tshen. 7:14
go nna le boemo
bo siameng
Isa. 53:12 A balelwa Math. 26:55, 56; 27:38;
le baleofi Luke 22:36,37
[Setshwantsho mo go tsebe 203]
‘O ne a nyadiwa ke batho’
[Setshwantsho mo go tsebe 206]
“O ne a sa bule molomo”
[Motswedi wa Setshwantsho]
Setshwantsho go tswa go “Ecce Homo” ka Antonio Ciseri
[Setshwantsho mo go tsebe 211]
“O ne a tshololela moya wa gagwe mo losong”