KGAOLO YA BOSUPA
“Ke Tla Lapolosa Moya o o Lapileng”
1. Ke masego afe a o lebileng pele thata go a bona mo lefatsheng le lesha?
“LEFATSHE le lesha.” Fa o utlwa mafoko ano, a o akanya ka masego mangwe a a boleletsweng pele a o tla a bonang mo isagweng? Gongwe mmele o o itekanetseng, letlepu la dijo tse di nang le dikotla, diphologolo tse di tletseng kagiso kgotsa matlo a a sireletsegileng. Gongwe e bile o itse ditemana dingwe tsa Baebele tse di buang ka ditsholofetso tseno. Mme gone, go masego mangwe a o sa tshwanelang go a tlodisa matlho—go itekanela sentle mo semoyeng le mo maikutlong. Kwantle ga dilo tseno tse pedi, ga re ka ke ra kgona go itumelela masego otlhe a mangwe.
2, 3. Ditemana tse Jeremia a di kwadileng di re thusa go lebelela pele masego afe a a kgethegileng?
2 Fa Modimo a ne a laela Jeremia gore a bolelele pele go boa ga Bajuda kwa Babelona, o ne a tlhalosa kafa ba neng ba tla ikutlwa ka gone: “O sa ntse o tla ikgabisa ka meropana ya gago mme o ye kwa go binang ba ba tshegang gone.” (Bala Jeremia 30:18, 19; 31:4, 12-14.) Modimo o ne a umaka sengwe gape se se ka go kgothatsang: “Ke tla lapolosa moya o o lapileng, mme ke tla kgorisa moya mongwe le mongwe o o topetegileng.” Thanolo ya NET Bible e tlhalosa tsholofetso eo jaana: “Botlhe ba ba ngomogileng pelo ke tla ba kgotsofatsa ka botlalo ka se ba se tlhokang mme meya ya ba ba lapileng ke tla e lapolosa ka botlalo.”—Jer. 31:25.
3 A tsholofetso e e molemolemo ruri! Jehofa o ile a re o tla lapolosa kgotsa a kgotsofatse ka botlalo yo o lapileng le yo o ngomogileng pelo. Se se itumedisang ke gore ka metlha Modimo o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Ditemana tse Jeremia a di kwadileng di re tlhomamisetsa gore le rona re tla kgotsofadiwa. Mo godimo ga moo, ditemana tseo di re bontsha kafa tota le gone jaanong re ka kgothadiwang le go nna le tsholofelo ka gone. Gape di re bontsha ditsela tse di molemo tse re ka di dirisang go kgothatsa ba bangwe, le go ba thusa gore meya ya bone e e lapileng e lapologelwe.
4. Ke ka ntlha yang fa re kgona go tlhaloganya tsela e Jeremia a neng a ikutlwa ka yone?
4 Tsholofetso eo ke yone e neng ya gomotsa Jeremia fela thata, mme le rona e ka re gomotsa. Jang? Se lebale ntlha e e umakilweng mo go Kgaolo 1 ya buka eno—gore fela jaaka Elija, Jeremia le ene e ne e le “motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jak. 5:17) Akanya ka mabaka a le mmalwa fela a a neng a dira gore ka dinako dingwe Jeremia a ikutlwe a kgobegile marapo kgotsa a tshwenyegile mo maikutlong. Fa o ntse o dira jalo, ipotse gore o ne o tla ikutlwa jang fa o ne o le mo maemong a a tshwanang le ao le gore ke eng fa maemo a o lebaneng le one a ka go kgoba marapo.—Bar. 15:4.
5. Ke eng se se ka tswang se ne se kgoba Jeremia marapo?
5 Gongwe dilo dingwe tse di neng di kgoba Jeremia marapo, di ne di bakiwa ke batho ba motse wa gagabo. Jeremia o goletse kwa Anathothe. Motse oo wa Balefi o ne o le dikilometara di se kae go tswa kwa bokonebotlhaba jwa Jerusalema. Moporofeti yono a ka tswa a ne a na le batho ba a tlwaelaneng le bone gongwe le ba masika a gagwe ba ba nnang mo Anathothe. Jesu o ile a re moporofeti ga a bone tlotlo mo nageng ya gagabo, mme go ne go ntse jalo le ka Jeremia. (Joh. 4:44) Ga se fela gore batho ba motse wa gaabo Jeremia ba ne ba sa kgatlhegele molaetsa wa gagwe kgotsa ba sa mo tlotle. Nako nngwe Modimo o ne a re ‘batho ba Anathothe ba batla moya wa ga Jeremia.’ Ba ne ba bua jaana ba galefile fela thata: “O se ka wa porofeta ka leina la ga Jehofa, gore o se ka wa bolawa ke seatla sa rona.” Ruri go ne go utlwisa botlhoko gore baagelani ba gagwe gongwe le ba masika a gagwe ba ba neng ba tshwanetse go mo ema nokeng, ba ne ba mo tshosetsa jalo!—Jer. 1:1; 11:21.
6. Fa e le gore batho ba o berekang le bone kgotsa batho bangwe ba a go ganetsa, o ka thusiwa jang ke se se neng sa diragalela Jeremia ka “batho ba Anathothe”?
6 Fa e le gore o gateletswe ke baagelani, bana ba o tsenang sekolo le bone, batho ba o berekang le bone kgotsa maloko mangwe a lelapa, gomodiwa ke tsela e Jehofa a neng a dirisana le Jeremia ka yone. Ka nako eo, Modimo o ile a re o tla “lebisa tlhokomelo” ya gagwe kwa bathong ba Anathothe ba ba neng ba le kgatlhanong le moporofeti wa gagwe. (Bala Jeremia 11:22, 23.) Ga go pelaelo gore mafoko a Modimo a neng a tlhomamisetsa Jeremia ka one gore o mo eme nokeng, a ne a mo thusa go fenya go kgobega marapo gope fela go go neng go bakiwa ke batho ba motse wa gagabo ba ba neng ba mo ganetsa. Fa nako e ntse e tsamaya Modimo o ne a tla lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa Anathothe—mme ke sone se a neng a se dira—a “tlisa masetlapelo mo bathong ba Anathothe.” Le wena, tlhomamisega gore Modimo o bona dilo tsotlhe tse di go diragalelang kgotsa o lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa go tsone. (Pes. 11:4; 66:7) Kana gone, fa o ka kgomarela dilo tse o ithutileng tsone mo Baebeleng mme wa dira se se siameng gongwe o ka thusa mongwe wa baganetsi bao gore a kgone go falola masetlapelo a a tlileng go wela baganetsi botlhe.—1 Tim. 4:16.
Mo bukeng ya Jeremia, ke eng se se bontshang gore Modimo o kgathalela tsela e batho ba gagwe ba ikutlwang ka yone, mme seno se ka tswa se ile sa thusa jang moporofeti yono?
DILO TSE DI KA KGOBANG MARAPO
7, 8. Jeremia o ne a bogisiwa jang, mme seo se ne sa mo ama jang?
7 Batho ba motse wa gaabo Jeremia ba ne ba sa mo tshosetse fela ka mafoko. Tiragalo nngwe ke e e amanang le monna mongwe yo o itsegeng thata wa kwa Jerusalema, moperesiti yo o bidiwang Pashure.a Fa Pashure a sena go utlwa boporofeti jo bo tswang kwa Modimong o ne “a itaya moporofeti Jeremia mme a mo tsenya mo disaneng.” (Jer. 20:1, 2) Mafoko ano a ka tswa a kaya gore o ne a dira se se fetang fela go mo faphola mo sefatlhegong. Bangwe ba re Pashure o ne a laela gore Jeremia a itewe ka dititeo di ka nna 40. (Dute. 25:3) Fa Jeremia a ntse a utlwisiwa botlhoko jalo mo mmeleng, batho ba ka tswa ba ne ba ntse ba mo sotla ba mo tlhapatsa e bile ba mo kgwela mathe. Ga go a ka ga felela foo. Pashure o ne a laela gore Jeremia a tsenngwe mo “disaneng” bosigo jotlhe. Lefoko la Sehebera le le dirisiwang foo le bontsha gore mmele wa gagwe o ne o funagane e bile o obegile. Ee, Jeremia o ne a boga setlhogo bosigo jotlhe, gongwe a bofeletswe mo disaneng tse di dirilweng ka logong.
8 Jeremia o ne a ikutlwa jang fa a tshwarwa ka tsela e e ntseng jalo? O ne a raya Modimo a re: “Ke ne ka nna setshego letsatsi lotlhe.” (Jer. 20:3-7) O ile a bo a akanya gore a tlogele go bua ka leina la Modimo. Mme gone, o itse sentle gore Jeremia o ne a ka se kgone go dira seo e bile ga a ka a dira jalo. Tota e bile, molaetsa o o tswang kwa Modimong o Jeremia a neng a laetswe gore a o rere o ne o ntse “jaaka molelo o o tukang o tswaletswe mo marapong a” gagwe, ka jalo o ne a tshwanetse go bua ka molaetsa wa ga Jehofa.—Bala Jeremia 20:8, 9.
9. Ke eng fa go le molemo gore re akanye ka se se ileng sa diragalela Jeremia?
9 Pego eno e ka re thusa fa re sotliwa botlhoko ke batho ba re ba itseng, e ka tswa e le ba losika, baagelani, ba re berekang le bone kgotsa ba re tsenang sekolo le bone. Ga re a tshwanela go gakgamala fa ka dinako tse dingwe go ganediwa ka tsela eo go dira gore re ikutlwe re kgobegile marapo. Gape re ka ikutlwa jalo fa re kgokgontshiwa fela ka gonne re batla go tswelela ka kobamelo ya boammaaruri. Monna yo o sa itekanelang Jeremia o ne a utlwisiwa botlhoko ke dilo tseno, mme le rona re ka ikutlwa jalo gonne re na le maikutlo fela jaaka ene. Mme gone, ga re a tshwanela go lebala gore Modimo o ne a thusa Jeremia gore a boe a itumele a bo a nne le tsholofelo. Ga a ka a kgobegela marapo ruri, le rona ga re a tshwanela go nna re kgobegile marapo.—2 Bakor. 4:16-18.
10. Baebele e tlhalosa jang tsela e Jeremia a neng a tle a ikutlwe ka yone?
10 Ka dinako tse dingwe Jeremia o ne a tle a fetofetoge maikutlo fela thata. A le wena o kile wa nna le bothata jo bo tshwanang—gongwe o ikutlwa o tletse tsholofelo e bile o itumetse mme go ise go ye kae o bo o ikutlwa o kgobegile marapo e bile o ngomogile pelo? Jeremia 20:12, 13 e tlhalosa tsela e Jeremia a neng a ikutlwa a tletse tsholofelo ka yone. (E bale.) Morago ga dilo tsotlhe tse Pashure a neng a mo dira tsone, Jeremia o ne a itumelela go nna jaaka mongwe wa bahumanegi ba ba golotsweng “mo seatleng sa badirabosula.” Gongwe ka dinako tse dingwe o a tle o ikutlwe o tletse boipelo, o eletsa go opelela Jehofa, e ka tswa e le fa o sena go gololwa ka tsela nngwe kgotsa o itumedisitswe ke tiragalo nngwe e e amang botshelo jwa gago kgotsa bodiredi jwa gago jwa Bokeresete. A bo boikutlo joo bo le monate jang ne!—Dit. 16:25, 26.
11. Fa re na le bothata jwa go fetofetoga maikutlo, ke eng se re tshwanetse go nna re se gopotse ka Jeremia?
11 Mme gone, e re ka re sa itekanela, maikutlo a rona a ka fetofetoga fela jaaka a ga Jeremia. Fa a se na go goa a re, “opelelang Jehofa” o ne a ikutlwa a ngomogile pelo fela thata gongwe e bile a tsholola dikeledi. (Bala Jeremia 20:14-16.) O ne a ole moya jaana mo a ileng a bo a ipotsa gore tota ke eng fa a ile a tsholwa! Fa a ntse a hutsafetse jalo, o ne a re monna yo o neng a itsise go tsholwa ga gagwe o tshwanetse go hutsiwa jaaka Sodoma le Gomora. Le fa go ntse jalo kgang ya botlhokwa ke eno: A Jeremia o ile a nna a ntse a ngomogile pelo? A o ile a latlhela seditse, a ipolelela gore o tla tswelela jalo a ntse a kgobegile marapo? Nnyaa le eseng. Go na le moo, o tshwanetse a bo a ile a leka ka natla gore a fenye maikutlo ao mme o ne a atlega. Ela tlhoko gore buka ya Jeremia ya re go ile ga direga eng morago ga moo. Pashure yo mongwe, yo e neng e le kgosana, o ne a ya kwa go Jeremia a romilwe ke Kgosi Sedekia gore a botse ka Bababelona ba ba neng ba thibeletse mo Jerusalema. Go na le gore Jeremia a boife, o ne a nna pelokgale mme a mmolelela molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo le se se tla diregang morago ga foo. (Jer. 21:1-7) Ruri go a bonala gore Jeremia o ne a tswelela e le moporofeti yo o tlhagafetseng!
12, 13. Re ka dira eng fa re na le bothata jwa go fetofetoga maikutlo?
12 Le gompieno batlhanka bangwe ba Modimo ba na le bothata jwa go fetofetoga maikutlo. Seno se ka tswa se bakiwa ke mathata mangwe mo mmeleng—gongwe go fetofetoga ga dihoromone kgotsa go sa lekalekane ga dikhemikale dingwe mo mmeleng—mme ngaka e ka akantsha ditsela dingwe tse di ka thusang go fokotsa bothata jono jwa go fetofetoga maikutlo. (Luke 5:31) Mme gone, bontsi jwa rona ga se gantsi re a tleng re ikutlwe re itumetse ka tsela e e feteletseng kgotsa re ngomogile pelo thata. Gantsi maikutlo a re a tleng re nne le one ke a a tlwaelegileng mo botshelong gonne re sa itekanela. A ka tswa a bakiwa ke letsapa kgotsa ke go swelwa ke mongwe yo re mo ratang. Fa re lebana le maemo a a ntseng jalo, re tshwanetse go gopola gore Jeremia le ene o ne a na le bothata jwa go fetofetoga maikutlo, le fa go ntse jalo o ne a tswelela a ikanyega mo Modimong. Gore re kgone go lebana le seemo seo, re ka nna ra tshwanelwa ke go fetola tsela e re dirang dilo ka yone gore re nne le nako e e lekaneng ya go ikhutsa. Kgotsa re ka nna ra tshwanelwa ke go ipha nako ya go bona kgomotso fa re se na go latlhegelwa ka tsela e e botlhoko ke mongwe yo re mo ratang. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa thata gore re nne teng ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete mme re tswelele re nna le seabe ka metlha mo ditirong tsa puso ya Modimo. Tseno ke tsone dilo tsa botlhokwa tse di tla re thusang go nna re itumetse fa re ntse re direla Modimo.—Math. 5:3; Bar. 12:10-12.
13 Le fa go tshwenyega ga gago mo maikutlong go ka tswa go direga gantsi, go direga ka sewelo kgotsa o na le bothata jwa go fetofetoga maikutlo, se se diragaletseng Jeremia se ka go thusa. Jaaka go tlhalositswe, ka dinako tse dingwe o ne a ikutlwa a kgobegile marapo fela thata. Le fa go ntse jalo, ga a ka a letla seo se mo kgaoganya le Modimo yo a neng a mo rata e bile a mo direla ka boikanyegi. Fa baganetsi ba gagwe ba ne ba busolosa molemo wa gagwe ka bosula, o ne a kopa thuso kwa go Jehofa le go mo ikanya. (Jer. 18:19, 20, 23) Ititeye sehuba gore o tla etsa Jeremia.—Dikhu. 3:55-57.
O ka dirisa jang se o se badileng mo bukeng ya Jeremia fa ka dinako tse dingwe o ikutlwa o kgobegile marapo kgotsa o ngomogile pelo?
A O TLA LAPOLOSA MEYA E E LAPILENG?
14. Jeremia o ne a kgothadiwa jang ka tsela e e kgethegileng?
14 Go molemo gore re ele tlhoko kafa Jeremia a ileng a kgothadiwa ka gone le kafa a ileng a kgothatsa ba bangwe ba e neng e le ‘meya e e lapileng.’ (Jer. 31:25) Moporofeti o ne a kgothadiwa thata ke Jehofa. Akanya kafa o neng o tla ikutlwa o nonofile ka gone fa o utlwa Jehofa a go raya a re: “Fa e le nna, bona, gompieno ke go dirile motse o o sireletsegileng . . . Ruri ba tla tlhabana le wena, mme ga ba na go go fenya, gonne ‘Ke na le wena,’ go bua Jehofa, ‘go go golola.’” (Jer. 1:18, 19) Jeremia o ne a na le lebaka le le utlwalang la go bo a ile a bitsa Jehofa, “nonofo ya me le kago ya me e e thata, le lefelo la me la botshabelo mo motlheng wa matshwenyego.”—Jer. 16:19.
15, 16. Tsela e Jehofa a neng a kgothatsa Jeremia ka yone e re bontsha eng se le rona re ka se dirang fa re kgothatsa ba bangwe?
15 Ela tlhoko gore Jehofa o ne a raya Jeremia a re: “Ke na le wena.” A kgang eno e go lemotsha sengwe se le wena o ka se dirang fa mongwe yo o mo itseng a tlhoka kgothatso? O ka tswa o itse gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe wa Mokeresete kgotsa mongwe wa losika o tlhoka kgothatso; mme sa botlhokwa ke gore o dire sengwe ka gone. Mme gantsi, tsela e e molemolemo ke go dira se Modimo a ileng a se direla Jeremia—go ema nokeng motho yo o utlwileng botlhoko. Go tswa foo o mo kgothatse, mme gone o se ka wa bua lolololo. Go ka nna molemo gore o bue mafoko a sekae mme gone e le a a kgothatsang le a a agang. Ga o tlhoke go nna kgeleke mo puong gore o kgone go dira jalo. Bua mafoko a sekae a a bontshang gore o kgatlhegela motho, o amegile ka ene le gore o a mo rata. Mafoko a a ntseng jalo a ka thusa motho fela thata.—Bala Diane 25:11.
16 Jeremia o ne a kopa Modimo a re: “Tlhe Jehofa, nkgakologelwa mme o lebise tlhokomelo ya gago mo go nna.” Go tswa foo go ne ga direga eng? Moporofeti a re: “Mafoko a gago a ne a bonwa, mme ke ne ka a ja; lefoko la gago mo go nna le nna go itumela le go ipela ga pelo ya me.” (Jer. 15:15, 16) Motho yo o batlang go mo kgothatsa le ene a ka nna a tlhoka gore o mmontshe gore o amegile ka ene ka lorato. Ke boammaaruri gore mafoko a gago ga a ka ke a tshwana le a ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ka umaka mafoko mangwe a a mo Lefokong la gagwe fa o ntse o kgothatsa. Fa o bua jalo ka bopeloephepa, o bua go tswa pelong e bile se o se buang se tswa mo Baebeleng, ga go pelaelo gore mafoko ao a tla dira gore pelo ya yo o kgobegileng marapo e itumele.—Bala Jeremia 17:7, 8.
17. Re ka ithuta thuto efe ya botlhokwa mo tseleng e Jeremia a ileng a dirisana le Sedekia le Johanane ka yone?
17 Ela tlhoko gore Jeremia ga a ka a amogela fela kgothatso e e tswang kwa Modimong, le ene o ne a kgothatsa ba bangwe. Ka tsela efe? Nako nngwe Kgosi Sedekia o ne a bolelela Jeremia gore o boifa Bajuda ba ba dirileng kgolagano le Bababelona. Moporofeti o ne a bolelela kgosi mafoko a a kgothatsang, a mo rotloetsa gore a ikobele Jehofa gore go nne le matswela a a molemo. (Jer. 38:19, 20) Fa Jerusalema e se na go senngwa mme go setse Bajuda ba sekae fela mo nageng, molaodi wa bone wa sesole e bong Johanane o ne a batla go tsaya batho ba ba setseng a ba ise kwa Egepeto. Mme o ne a simolola pele ka go batla Jeremia. Moporofeti o ne a reetsa se Johanane a neng a se tlhalosa mme morago ga moo a rapela Jehofa. Go tswa foo o ne a bolelela batho karabo e e kgothatsang ya ga Jehofa a ba itsise ka molemo o o tla nnang teng fa ba ka reetsa taelo ya Modimo ya gore ba se ka ba tswa mo nageng. (Jer. 42:1-12) Mo makgetlong ano a mabedi, Jeremia o ne a tlhwaya tsebe—a reetsa pele ga a ka bua. Go reetsa ka kelotlhoko go botlhokwa fa o kgothatsa ba bangwe. Letla motho yo o utlwileng botlhoko gore a go bulele mafatlha. Mo reetse gore o amegile ka eng le gore ke eng se a se boifang. Fa go tshwanela, mo kgothatse. Modimo ga a ka ke a go senolela mafoko a o ka a dirisang fa o kgothatsa mongwe, mme gone o ka bua mafoko a a tswang mo Lefokong la Modimo, dikakanyo tse di tlhalosang se isagwe e re tshwaretseng sone.—Jer. 31:7-14.
18, 19. Pego ya Barekabe le ya ga Ebede-meleke e re ruta eng ka tsela e re ka e dirisang fa re kgothatsa ba bangwe?
18 Sedekia le Johanane ga ba a ka ba reetsa kgakololo e e kgothatsang e Jeremia a neng a ba naya yone, mme le gompieno batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba go reetsa fa o ba gakolola. O se ka wa letla seo se go kgoba marapo. Go na le bangwe ba ba ileng ba reetsa kgakololo ya ga Jeremia, mme go tla nna le ba bangwe ba bantsi ba ba tla go reetsang le wena. Akanya ka Barekabe, e leng setlhopha sa Bakene se se neng se agile le Bajuda ka dingwagangwaga. Nngwe ya ditaelo tse ba neng ba di neilwe ke rraabonemogologolwane e bong Jehonadabe, e ne e le gore ga ba a tshwanela go nwa beine gonne e le banni ba bajaki. Fa Bababelona ba ne ba tlhasela, Jeremia o ne a isa Barekabe kwa phaposing ya bojelo e e mo tempeleng. Modimo o ne a laela Jeremia gore a beye beine fa pele ga bone. Barekabe ga ba a ka ba tshwana le Baiseraele ba ba seng kutlo, ba ne ba ikobela rraabonemogologolwane mme ba gana go nwa beine. (Jer. 35:3-10) Jeremia o ne a ba bolelela masego a Jehofa a tla ba nayang one le se a ba solofetsang sone mo isagweng. (Bala Jeremia 35:14, 17-19.) Eo ke yone tsela e o ka e dirisang fa o kgothatsa ba bangwe: Akgola ba bangwe go tswa pelong fa go tlhokega.
19 Jeremia o ne a dira fela jalo le ka Ebede-meleke, Moethiopia yo go bonalang e ne e le modiredi mo ntlong ya ga Kgosi Sedekia. Kgosana ya Juda e ne ya laela gore Jeremia yo o neng a se molato a latlhelwe mo mogobeng o o tletseng loraga mme a tlogelwe teng gore a swe. Ebede-meleke o ne a ya go ikuela kwa go Kgosi Sedekia yo o neng a mo letla gore a boloke moporofeti yono. Monna yono wa moditšhaba o ne a golola moporofeti yono le fa seo se ne se ka dira gore a tlhaselwe ka dikgoka. (Jer. 38:7-13) E re ka se a se dirileng se bakile gore dikgosana tseno tsa Judea di se ka tsa tlhola di mo rata, Ebede-meleke o tshwanetse a bo a ne a tshwenyegile ka gore a o tla latlhegelwa ke tiro. Jeremia ga a ka a didimala fela a solofetse gore kgabagare Ebede-meleke o tla emisa go tshwenyega. O ne a bua le ene, a mmolelela mafoko a a kgothatsang le masego a Modimo a mo solofetsang one mo isagweng.—Jer. 39:15-18.
20. Ke eng se re ka batlang go se direla bakaulengwe ba rona, ba basha kgotsa ba ba godileng?
20 Ke boammaaruri gore fa re ntse re bala buka ya Jeremia, re bona dikai tse di molemolemo tsa kafa re ka dirang ka gone se moaposetoloi Paulo a ileng a rotloetsa bakaulengwe ba kwa Thesalonika gore ba se dire: “Nnang lo gomotsane lo bo lo agane . . . Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le lona.”—1 Bathes. 5:11, 28.
Ke dithuto dife tse o ithutileng tsone mo go Jeremia tse o ikaeletseng go di dirisa fa o ntse o leka ka natla go kgothatsa meya e e lapileng?
a Mo nakong ya puso ya ga Sedekia, go ne go na le Pashure yo mongwe, kgosana e e neng ya kopa kgosi gore e ntshe taelo ya gore Jeremia a bolawe.—Jer. 38:1-5.