KGAOLO YA BOTLHANO
O Tla Tlhopha Ditsala Tse di Ntseng Jang?
1, 2. (a) Bakeresete ba lebana le dikgwetlho dife tse di amanang le go tlhopha ditsala? (b) Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela tsela e Jeremia a neng a tlhopha ditsala ka yone?
O NE o tla dirang fa badiri ka wena, baagelani ba gago, kgotsa batho ba o tsenang sekolo le bone ba ne ba ka go laletsa kwa moletlong wa Keresemose? Kgotsa fa mothapi wa gago a go kopa gore o bue maaka kana o dire sengwe se se seng kafa molaong? Kgotsa o ne o tla dirang fa balaodi ba puso ba go kopa gore o tsenele ditirelo tse di thulanang le se o se dumelang mo kgannyeng ya go se tseye letlhakore? Gongwe segakolodi sa gago se go bolelela gore o se ka wa dira sepe sa dilo tseno, le fa go dira jalo go ka dira gore o sotliwe kgotsa o tshwarwe makgwakgwa.
2 Jaaka re tla bona, gantsi Jeremia o ne a lebana le dikgwetlho tse di tshwanang le tseno. O ka solegelwa molemo thata ke go ithuta ka batho bangwe le ditlhopha dingwe tsa batho ba Jeremia a neng a kopana le bone mo dingwageng tsa fa a ntse a direla Modimo. Bangwe ba bone ba ile ba leka go mo kgoba marapo gore a se ka a tswelela ka tiro ya gagwe. Jeremia o ne a tshwanelwa ke go dirisana le bone ka tsela nngwe, mme gone o ne a tlhomamisa gore ga a tsalane le bone. Le fa go ntse jalo, o ka solegelwa molemo thata ke go ela tlhoko gore Jeremia o ne a tlhopha ditsala tse di ntseng jang, tse di neng di mo ema nokeng le go mo kgothatsa gore a nne a ikanyega. Ee, re ka ithuta sengwe mo tseleng e Jeremia a neng a tlhopha ditsala ka yone.
O ITSALANYA LE BATHO BA BA NTSENG JANG?
3. Sedekia o ne a batla eng mo go Jeremia, mme Jeremia o ne a dira eng?
3 Pele Jerusalema e senngwa, kgosi Sedekia o ne a etela Jeremia ka makgetlo a le mmalwa. Ka ntlha yang? Kgosi eno e ne e solofetse gore Jeremia o tla e bolelela dikgang tse di itumedisang malebana le isagwe ya puso ya yone. O ne a batla gore Jeremia a mmolelele gore Modimo o ne a tla tsenelela mo dikgannyeng mme a falotse Juda mo babeng ba yone. Sedekia o ne a roma barongwa gore ba reye Jeremia ba re: “Tsweetswee re boletse mo go Jehofa, ka gonne Nebukaderesare kgosi ya Babelona o lwa le rona. Gongwe Jehofa o tla re direla go ya kafa ditirong tsotlhe tsa gagwe tse di gakgamatsang, gore [Nebukaderesare] a tle a tswe mo go rona.” (Jer. 21:2) Kgosi e ne e sa batle go reetsa taelo ya Modimo ya gore e ineele mo Babelona. Moithuti mongwe wa Baebele o ne a tshwantsha Sedekia le “molwetse yo o nnang a boaboela kwa ngakeng gore ngaka e mo thuse mme gone a sa batle go nwa melemo e ngaka e mo e nayang.” Jeremia o tla dira eng? Sedekia o ne a tla mo rata fa a ka bo a ile a mmolelela se a batlang go se utlwa. Jaanong he, ke eng fa Jeremia a ne a sa fetole molaetsa wa gagwe mme a itlhofofaletse botshelo? O ne a gana go dira jalo ka gonne Jehofa o ne a mmoleletse gore a bolele gore Jerusalema e tlile go senngwa.—Bala Jeremia 32:1-5.
4. Ke ditshwetso dife tse re tshwanetseng go di dira malebana le go tlhopha ditsala, gongwe mo bathong ba re berekang le bone?
4 Boemo jo o leng mo go jone bo tshwana ka tsela nngwe le jo Jeremia a neng a le mo go jone. Ga go pelaelo gore le wena o dirisana le baagelani ba gago, batho ba o berekang le bone kgotsa ba o tsenang sekolo le bone, ba go ka tweng o a ba itse kgotsa o tlwaelane le bone. Mme gone, a o ka batla go dirisana thata le bone, o itsalanya le bone le fa gone ba bontshitse gore ga ba rate go utlwa kaelo ya Modimo kgotsa gone go e latela? Jeremia o ne a ka se kgone go kgaogana le Sedekia gotlhelele; e ne e sa ntse e le kgosi, le fa gone a ne a gana go reetsa kaelo ya Modimo. Le fa go ntse jalo, Jeremia o ne a sa patelesege go dumalana le kakanyo e e sa siamang ya kgosi kgotsa gone go dira gore kgosi e mo rate. Gone ke boammaaruri gore fa Jeremia a ka bo a ile a dira dilo tse Sedekia a di ratang, kgosi eno e ka bo e ile ya mo naya dimpho tse dintsintsi le dilo tse dingwe tse di molemo. Le fa go ntse jalo, Jeremia ga a ka a ineela mo kgatelelong epe fela kgotsa mo thaelong ya gore a nne tsala ya ga Sedekia. Ka ntlha yang? Ka gonne Jeremia o ne a sa ikaelela go fetola molaetsa o Jehofa a neng a mo laetse gore a o bue. Sekai sa ga Jeremia se tshwanetse sa re tlhotlheletsa go sekaseka gore a batho ba re ba tlhophang go nna ditsala tsa rona ba re rotloetsa go nna re ikanyega mo Modimong. Ke boammaaruri gore o ka se tile go nna o kopana le batho ba ba sa direleng Modimo—ba o berekang le bone, ba o tsenang sekolo le bone kgotsa baagelani ba gago. (1 Bakor. 5:9, 10) Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go lemoga gore fa o ka tlhopha go itsalanya le batho ba ba ntseng jalo, o ka nna wa latlhegelwa ke kamano ya gago le Modimo.
A O TLA ITSALANYA LE BATHO BA BA SA OBAMELENG MODIMO?
5, 6. Batho bangwe ba ile ba leka jang go didimatsa Jeremia gore a se tlhole a porofeta?
5 Sedekia ga se ene fela a neng a leka go tlhotlheletsa Jeremia ka tsela e e sa siamang. Moperesiti mongwe yo o bidiwang Pashure o ne a “itaya” Jeremia, gongwe a laela gore a itewe dititeo di le 39. (Jer. 20:2; Dute. 25:3) Dikgosana dingwe tsa Juda le tsone di ne tsa itaya Jeremia mme morago ga moo “tsa mo tsenya mo ntlong ya mehiri.” Moporofeti yono o ne a tsenngwa mo moleteng wa kgolegelo o o neng o le mo maemong a a maswe, mo e leng gore morago ga malatsi a le mantsi o ne a setse a boifa gore o tlile go swela teng. (Bala Jeremia 37:3, 15, 16.) Morago ga foo, nakwana fela Jeremia a golotswe, dikgosana dingwe tsa Juda di ne di emeletse Sedekia di re a mmolaye. Ba ne ba tsaya gore o kgoba masole a Juda marapo. Ka ntlha ya seo, moporofeti yono o ne a latlhelwa mo mogobeng o o tletseng loraga gore a swe. (Jer. 38:1-4) Re utlwile gore Jeremia o ile a falodisiwa mo losong loo lo lo setlhogo. Mme gone, dilo tse di neng tsa mo diragalela di bontsha kafa batho ba go neng go lebeletswe gore ba itse Modimo ba ileng ba nna kgatlhanong ka gone le se moporofeti yono a neng a se bua; ba mo tlhanogela.
6 Baba ba ga Jeremia e ne e se balaodi ba puso fela. Nako nngwe banna bangwe ba ba tswang kwa motseng o Jeremia a tsholetsweng kwa go one wa Anathothe—re ka re baagelani ba gagwe—ba ne ba mo tshosetsa ka gore ba tla mmolaya fa a sa tlogele go porofeta. (Jer. 11:21) Ba ne ba sa rate se a neng a ba bolelela sone mme ba ne ba simolola go mo tshosetsa. Le fa go ntse jalo, Jeremia o ne a tlhopha gore Jehofa e nne ene tsala ya gagwe, e seng baagelani ba gagwe. Mme batho ba bangwe ga ba a ka ba mo tshosetsa fela ka mafoko. Fa Jeremia a ne a dirisa jokwe go rotloetsa Bajuda gore ba beye melala ya bone kafa tlase ga jokwe ya Babelona mme ba nne ba tshela, Hanania o ne a ntsha jokwe eo e e dirilweng ka logong mo molaleng wa ga Jeremia mme a e roba. Moporofeti yoo wa maaka o ne a re Jehofa o rile: “Ke tla robaganya jokwe ya kgosi ya Babelona.” Hanania o ne a swa mo go one ngwaga oo, mme jaanong o a lemoga gore ke moporofeti ofe yo o neng a ka ikanngwa. (Jer. 28:1-11, 17) Fa Jerusalema e sena go senngwa fela jaaka Jeremia a ne a tlhagisitse, Johanane le balaodi bangwe ba mephato ya sesole ba ile ba gana go ikobela taelo ya Modimo ya gore ba nne mo Juda. Ba ne ba raya Jeremia ba re: “O bua maaka. Jehofa Modimo wa rona ga a go roma, a re, ‘Lo se ka lwa tsena mo Egepeto gore lo age teng.’” Ba ne ba nyatsa Jehofa le go feta ka gore ba tseye Jeremia le Baruke mme ba ye le bone kwa Egepeto.—Jer. 42:1–43:7.
Jeremia o ile a tshwanelwa ke go dirisana le batho ba ba ntseng jang? O ithuta eng mo sekaing sa ga Jeremia?
7. O lebane le kgwetlho efe e e amanang le go ikanyega ga gago mo go Jehofa?
7 Go ne ga feta dingwagangwaga Jeremia a tshela mo gare ga batho ba ba mo ganetsang le ba ba sa obameleng Modimo. Akanya ka tsela e a neng a lebana le seemo seo ka yone. Go ka bo go nnile motlhofo gore a ineele mme a itsalanye le batho ba ba neng ba sa tlotle Modimo kgotsa Lefoko la Gagwe. Kana e bile o ne a tshela mo gare ga bone. Wena maemo a gago a ntse jang? O ka tswa o ile wa dirisana le batho ba ba tshwanang le ba Jeremia a neng a tshela mo gare ga bone. Le fa ba ka tswa ba go ganetsa kgotsa ba bonala e le batho ba ba itshiametseng fela, a o tla tlhopha go itsalanya le bone? A go tla bo go le botlhale go itsalanya le batho ba ba sa tseyeng boporofeti jwa Modimo masisi? Fa Jeremia a ka bo a ne a le mo maemong a gago, a o ne a tla tlhopha go itsalanya le batho ba tsela ya bone ya botshelo e sa dumalaneng gotlhelele le Lefoko la Modimo kgotsa ba ba ikanyang batho ba bangwe? (2 Ditir. 19:2) Modimo o ne a itsise Jeremia gore go tla direga eng ka batho ba ba ikanyang batho ba bangwe go na le gore ba ikanye Ene. (Bala Jeremia 17:5, 6.) O ikutlwa jang ka seo?
8. Bolela dikgwetlho dingwe tse Bakeresete ba mo lefelong la lona ba ka nnang ba lebana le tsone.
8 Bakeresete bangwe ba ile ba akanya gore ba ka godisa kgwebo ya bone kgotsa ba tokafatsa tiro ya bone ka go fetsa nako e ntsi ba iketlile le batho ba lefatshe ba ba dirisanang le bone mo kgwebong. Mme gone, a go dira jalo go ka dira gore Mokeresete yoo a tlwaelane le batho ba ba sa siamang mme a ithute mekgwa mengwe e e sa siamang, e e jaaka puo ya matlhapa kgotsa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng? Gongwe jaanong o a tlhaloganya gore ke eng fa Bakeresete ba le bantsi ba ba lebaneng le go dira tshwetso eno ba ile ba tlhopha go se itlwaelanye le batho bano ba ba sa siamang, le fa seno se raya gore ba tla latlhegelwa ke lotseno kgotsa maemo mangwe a lefatshe le a tsayang a le botlhokwa. Gape, mothapi kgotsa motho mongwe yo o berekang le ene a ka tswa a sa bone sepe se se phoso ka go tsietsa batho ba lo dirisanang le bone mo kgwebong. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba itetle go tlhotlhelediwa ke batho ba ba tshelang le bone. Mme gone, ka dinako tse dingwe go ka nna ga se nne motlhofo go dira ditshwetso mo dikgannyeng tse di jaaka tseno. Re ka leboga thata go bo go na le batho ba ba ileng ba re tlhomela sekao se se molemo ba ba jaaka Jeremia, ba ba ileng ba tswelela ba tshela ka tsela e e ileng ya dira gore segakolodi sa bone se nne se le phepa, mme sa botlhokwa le go feta, ba tswelele ba na le kamano e e molemo le Modimo.
9. Go batla go ratwa go ka re tsenya mo kotsing efe?
9 Tsela e Jeremia a neng a tshela ka yone le dilo tse a neng a di dumela di ne tsa dira gore Bajuda ba gaabo ba mo je ditshego. (Jer. 18:18) Le fa go ntse jalo, o ne a ikemiseditse gore o tla farologana le batho ba a neng a tshela mo gare ga bone ba ba neng ba latelela ‘tsela e e rategang.’ (Jer. 8:5, 6) Tota e bile, ka dinako tse dingwe o ne a tlhopha go ‘nna a le nosi.’ O ne a bona go le botoka gore a nne a le nosi go na le go nna le batho ba ba bosula, go itsalanya le batho ba ba neng ba tla mo tlhotlheletsa ka tsela e e sa siamang. (Bala Jeremia 9:4, 5; 15:17.) Go tweng ka wena? Gompieno, fela jaaka go ne go ntse mo motlheng wa ga Jeremia, tsela e e rategang ke ya go se ikanyege mo Modimong. Batlhanka ba ga Jehofa ga ba bolo go nna ba gakololwa gore ba ele tlhoko ditsala tse ba di tlhophang. Seno ga se reye gore Jeremia o ne a se na ditsala. Go ne go na le bangwe ba ba neng ba mo sireletsa le go mo ema nokeng. Batho bao e ne e le bomang? Go ba itse go ka go thusa fela thata.
JEREMIA O ILE A TLHOPHA DITSALA TSE DI NTSENG JANG?
10, 11. (a) Ke eng se se ileng sa thusa Jeremia gore a kgone go tlhopha ditsala? (b) Ditsala tsa ga Jeremia e ne e le bomang, mme re ka ipotsa dipotso dife ka bone?
10 Jeremia o ne a tla itsalanya le bomang? Gangwe le gape Jehofa o ne a mo laela gore a kgale batho ba ba bosula, ba ba tsietsang, ba ba sa siamang, ba ba ratang dikgoka, ba ba sa kgathaleleng ba bangwe le ba ba se nang boitsholo—ba ba neng ba tlogela kobamelo e e itshekileng mme ba obamela medingwana, ka jalo ba dira boaka jwa semoya. O ne a rotloetsa Bajuda ba gagabo jaana: “Tsweetswee, bowang, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula, mme lo dire ditsela tsa lona le ditiro tsa lona molemo.” (Jer. 18:11) Tota le fa Jerusalema e sena go senngwa, Jeremia o ne a ntse a galaletsa “ditiro [tsa Modimo] tsa bopelonomi jwa lorato,” “mautlwelobotlhoko” a gagwe le “boikanyegi” jwa gagwe. (Dikhu. 3:22-24) Jeremia o ne a batla go tsalana fela le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.—Bala Jeremia 17:7.
11 Re itse batho bangwe ba Jeremia a ileng a tlhopha gore e nne ditsala tsa gagwe tse dikgolo. Go na le banna ba le mmalwa ba go neng go bonala sentle gore e ne e le ditsala tsa gagwe—Ebede-meleke, Baruke, Seraia le bomorwa Shafane. Re ka nna ra ipotsa gore: ‘Banna bao ba ne ba ntse jang? Ba ne ba tsalane go le kana kang le Jeremia? Ke ka tsela efe re ka reng e ne e le ditsala tse di molemo? Mme ba ile ba thusa Jeremia jang gore a nne a ikanyega?’ Mma re arabeng dipotso tseno, re ntse re akantse ka seemo sa rona.
12. (a) Jeremia le Baruke, ba ba bontshitsweng mo go tsebe 58, ba ne ba tshwana ka eng? (b) Seraia e ne e le mang, mme re itse eng ka ene?
12 Go bonala tsala e kgolo go di gaisa tsotlhe ya moporofeti yono e ne e le Baruke, morwa Neria. Jeremia o ne a mo tshepa mo a bileng a mo naya le tshiamelo ya gore a kwale dipolelelopele tsa ga Jehofa fa a ntse a mmolelela tsone le gore a bale momeno oo, a o bale pele phatlalatsa mme morago ga moo a o balele dikgosana tsa Juda. (Jer. 36:4-8, 14, 15) Fela jaaka Jeremia, Baruke le ene o ne a dumela e bile a tlhatswegile pelo gore dilo tse Modimo a neng a di boleletse pele di tlile go direga. Banna bano ka bobedi ba ne ba diragalelwa ke dilo tse di tshwanang mo dingwageng tsa bofelo di le 18 tse mo go tsone Juda e neng e tletse thubakanyo. Ba ne ba fetsa nako e ntsi ba bereka mmogo mo kabelong e Modimo a neng a ba neile yone. Boobabedi ba ile ba lebana le mathata mme ba tshwanelwa ke go iphitlhela baba ba bone. E bile boobabedi ba ile ba nonotshiwa ke Jehofa. Go bonala Baruke a ne a tswa mo lelapeng le le tlotlegang la bakwadi kwa Juda. Dikwalo di mmitsa “mokwaledi,” mme morwarraagwe e bong Seraia e ne e le mongwe wa badiredi ba ba botlhokwa mo pusong. Fela jaaka Baruke, moragonyana Seraia le ene o ne a bereka le Jeremia mo tirong ya go itsise dikatlholo tsa ga Jehofa tsa boporofeti. (Jer. 36:32; 51:59-64) Moporofeti Jeremia o tshwanetse a bo a ile a kgothadiwa le go nonotshiwa ke go bona barwa bano ba babedi ba ga Neria ba ikemiseditse go bereka le ene mo dinakong tseo tse di thata. Le wena o ka nonotshiwa le go kgothadiwa ke batho ba ka boikanyegi ba dirang le wena mo tirelong ya ga Jehofa.
O ka ithuta eng mo tseleng e Jeremia a neng a tlhopha ditsala ka yone?
13. Jaaka go bontshitswe mo go tsebe 63, Ebede-meleke o ile a itshupa jang gore ke tsala e e molemo ya ga Jeremia?
13 Ebede-meleke le ene e ne e le nngwe ya ditsala tse dikgolo tsa ga Jeremia. Fa dikgosana tse di neng di galefile di latlhela Jeremia mo mogobeng o o se nang metsi gore a swele gone, motho yo o neng a nna le bopelokgale jwa go mo thusa ke motswakwa wa Moethiopia yo o neng a bidiwa Ebede-meleke. E ne e le moopafadiwa, ke gore modiredimogolo wa ntlo ya kgosi. O ne a ya go bua le Sedekia phatlalatsa, yo o neng a ntse mo Kgorong ya Benjamine. Ebede-meleke o ne a nna pelokgale mme a kopa Sedekia gore a mo neye tetla ya go ntsha Jeremia mo mogobeng o o tletseng loraga. O ne a tsaya banna ba le 30 gore ba mo thuse, se se bontshang gore Ebede-meleke a ka tswa a ne a lebeletse gore baba ba ga Jeremia ba ka nna ba ba lwantsha. (Jer. 38:7-13) Ga re itse sentle gore Ebede-meleke le Jeremia ba ne ba atamalane go le kana kang. Mme fa re akanya ka kamano e ba neng ba na le yone le Jehofa, go a utlwala go swetsa ka gore banna ba babedi bano e ne e le ditsala tse dikgolo. Ebede-meleke o ne a itse gore Jeremia ke moporofeti wa ga Jehofa. O ne a re se dikgosana di se dirileng se ne se le “bosula” mme o ne a ikemiseditse go latlhegelwa ke maemo a gagwe, fela gore a dire se se siameng. Ruri Ebede-meleke e ne e le monna yo o siameng. Re bona seno mo mafokong ano a Jehofa a neng a mo kgothatsa ka one: “Ke tla go golola mo letsatsing [la masetlapelo a Jerusalema] . . . ka gonne o inkantse.” (Bala Jeremia 39:15-18.) A mafoko a a kgothatsang! A ono ga se mofuta wa tsala e o batlang go nna le yone?
14. Ke eng se re se itseng ka lelapa la ga Shafane le kafa ba ileng ba dirisana le Jeremia ka gone?
14 Ditsala tse dingwe tsa ga Jeremia e ne e le barwa ba bararo ba ga Shafane le setlogolo sa gagwe. Ba ne ba tswa mo lelapeng la batho ba maemo a a kwa godimo, mme Shafane o ne a kile a nna mokwaledi wa ga Kgosi Josia. Lekgetlo la ntlha fa baba ba ga Jeremia ba ne ba batla go bolaya moporofeti yono, “e ne e le seatla sa ga Ahikame morwa Shafane se se neng se na le Jeremia, gore a se ka a tsenngwa mo seatleng sa batho.” (Jer. 26:24) Ahikame o ne a na le morwarraagwe yo o bidiwang Gemaria. Fa Baruke a ne a bala dikatlholo tsa Modimo phatlalatsa, morwa Gemaria e bong Mikaia o ne a mo utlwa mme a tlhagisa rraagwe le dikgosana tse dingwe. E re ka ba ne ba tshwenyegile ka se Jehoiakime a neng a ka se dira, ba ne ba tlhagisa Jeremia le Baruke gore ba iphitlhe. Mme fa kgosi e ne e gana go reetsa molaetsa wa Modimo, Gemaria e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba rapela kgosi gore e se ka ya fisa momeno. (Jer. 36:9-25) Morwa yo mongwe gape wa ga Shafane yo Jeremia a neng a mo tshepa e ne e le Elasa, mme o ne a mo naya lekwalo la boporofeti le le yang kwa Bajudeng ba ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Babelona. (Jer. 29:1-3) Jaanong o a lemoga gore barwa ba bararo ba ga Shafane le setlogolo sa gagwe ba ile ba ema moporofeti yono wa Modimo nokeng. Akanya fela kafa Jeremia a tshwanetseng a bo a ne a rata banna bano ka gone! E ne e le ditsala, mme e seng ka go bo ba rata dijo kgotsa dino tse di tshwanang, kgotsa ba rata boitlosobodutu kgotsa boitapoloso jo bo tshwanang. Go na le moo, go na le sengwe sa botlhokwa se se neng se dira gore ba nne ditsala.
TLHOPHA DITSALA KA BOTLHALE
15. Jeremia o re tlhometse sekao sefe se se molemo malebana le go tlhopha ditsala?
15 O ka ithuta sengwe mo tseleng e Jeremia a neng a dirisana ka yone le batho ba a neng a tshela mo gare ga bone, ba ba molemo le ba ba bosula. Kgosi, dikgosana di le dintsi, baporofeti ba maaka le balaodi ba mephato ya sesole ba ne ba mo pateletsa gore a fetole molaetsa wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Jeremia ga a ka a ineela. Tsela e a neng a emela kobamelo ya boammaaruri ka yone e ne ya dira gore banna bano ba mo tlhoe, mme gone Jeremia o ne a sa batle gore e nne ditsala tsa gagwe. Jehofa o ne a sa bolo go nna tsala ya gagwe e kgolo. Jeremia o ne a ikemiseditse gore o tla nna a ikanyega mo Modimong le fa seo se ne se tla dira gore batho ba mo tshware makgwakgwa. (Bala Dikhutsafalo 3:52-59.) Le fa go ntse jalo, jaaka re setse re bone, go na le batho bangwe ba le bone ba neng ba ikemiseditse gore ba tla direla Jehofa.
16, 17. (a) Motlhanka wa ga Jehofa a ka thusiwa jang ke tsala e e molemo? (b) Go sa kgathalesege gore o nna mo nageng efe, ke kae kwa o ka bonang gone ditsala tse di molemo go gaisa?
16 Selo se se neng se dira gore Ebede-meleke a nne tsala e e molemo e ne e le tumelo ya gagwe le gore o ne a ikanya Jehofa. Monna yono o ne a nna pelokgale mme a dira sengwe se se neng sa boloka botshelo jwa ga Jeremia. Baruke o ne a rata go fetsa nako e ntsi le Jeremia, mme a mo thusa go itsise melaetsa ya ga Jehofa. Gompieno, ditsala tse di molemo tse di mo phuthegong ya Bokeresete le tsone di ka nna botlhokwa thata, fela jaaka banna bano. Mmulatsela mongwe yo o nang le dingwaga di le 20 e bong Cameron, o itumelela thata tsela e e molemo e Kara, yo le ene e leng mmulatsela, a mo tlhotlheletsang ka yone. Cameron a re, “Kara o ne a nkgothaletsa gore ke dire gore Jehofa e nne ene a tlang pele mo botshelong jwa me, mme o ne a dira seo ka ditiro le ka mafoko.” Bokgaitsadi ba babedi bano ba ne ba sa nne mo lefelong le le lengwe, mme gone Kara o ne a founela Cameron ka metlha e bile a mo kwalela go tlhomamisa gore tsala eno ya gagwe e ntse e tshela sentle le go mo kgothatsa. Cameron a re, “Kara o ne a itse sengwe le sengwe ka seemo sa lelapa la rona. O ne a itse gore go diregileng ka nkgonne le kafa go neng ga nna thata ka gone mo go nna fa a ne a tsuologa a bo a tlogela phuthego. Mo nakong eno yotlhe o ne a nkeme nokeng, mme ga ke itse gore ke ne ke tla dira eng fa a ne a sa nkgothatse jalo le go nthusa. Ruri o ile a nkema nokeng fela thata.”
17 O ka kgona go nna le ditsala tse di molemo mo phuthegong ya Bokeresete, ba ka tswa ba lekana le wena ka dingwaga kgotsa ba sa lekane le wena. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba dumela dilo tse o di dumelang, ba na le mekgwa e e tshwanang le ya gago, ba rata Jehofa fela jaaka wena, ba na le tsholofelo e le wena o nang le yone, e bile gongwe ba lebana le diteko tse di tshwanang le tsa gago. O ka dira mmogo le bone mo bodireding jwa Bokeresete. Ba tla kgona go go kgothatsa fa o lebane le mathata, mme le wena o ka ba kgothatsa. Ba tla ipela le wena fa o bona masego a go direla Jehofa. Mo godimo ga moo, botsala jo bo ntseng jalo bo ka nnela ruri.—Dia. 17:17; 18:24; 27:9.
18. Ke eng se o ithutang sone mo ditsaleng tse Jeremia a neng a di tlhopha?
18 Ga go pelaelo gore re ithutile thuto ya botlhokwa mo go Jeremia malebana le go tlhopha ditsala. Se lebale boammaaruri jono jo bo se nang bana ba phefo: Ruri ga o ka ke wa tsalana le batho ba ditumelo tsa bone di ganetsanang le se Baebele e se rutang mme o bo o kgona go nna o ikanyega mo Modimong. Go dirisa kgakololo eno e e amanang le go tlhopha ditsala go botlhokwa le gompieno fela jaaka go ne go le botlhokwa le mo motlheng wa ga Jeremia. Jeremia o ne a ikemiseditse gore a se ka a tshwana le batho ba bantsi ba motlha wa gagwe gore a kgone go dira tiro ya gagwe ka boikanyegi le gore Jehofa a mo segofatse. A le wena o dira jalo? Jeremia o ne a tlhopha ditsala tse di neng di dumela se a se dumelang le tse di neng di mo ema nokeng fa a ntse a dira tiro ya gagwe. Ke boammaaruri gore le gompieno Mokeresete mongwe le mongwe yo o ikanyegang a ka ithuta sengwe mo go Jeremia malebana le go tlhopha ditsala ka botlhale!—Dia. 13:20; 22:17.
Sekai sa ga Jeremia se ka go thusa jang fa o tlhopha batho ba e tla nnang ditsala tsa gago le ba e se kitlang e nna tsone?