Jeremia—Moperofeti yo o sa Rategeng wa Dikatlholo tsa Modimo
Mmalo wa Bibela wa beke le beke wa buka ya Jeremia o rulaganyeditswe Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo go simologa ka April 17 go ya go August 21. Ditlhogo tseno tse tharo tse di ithutiwang di tla neela motheo o o molemo wa go utlwisisa mekwalo ya moperofeti yono
“E rile ke e se ke gu bopele mo mpeñ ka bo ke gu itse, . . . ke gu laoletse go nna moperofeti mo merahiñ.”—YEREMIA 1:5.
1. (a) Bangwe fa ba akanya ka nako e e fetileng, ba leba Jeremia jang? (b) Ene o ne a iteba jang?
“LEFA a bapisiwa le baperofeti ba bangwe, Jeremia o tlhomologa jaaka mogaka.” Kakgelo eo ya mokanoki mongwe wa Bibela e farologane thata-thata le kafa Jeremia a neng a ikutlwa ka teng fa e ne e le gone a amogelang thomo e e neng e tswa kwa go Jehofa ya go direla jaaka moperofeti wa Juda le wa merafe. Karabo ya gagwe e ne e le: “Ao, Yehofa Modimo! bōna, ga ke itse go bua: gonne ke ñwanyana hèla.” Ka phepafalo Jeremia o ne a lemoga sentle gore o santse a le mosha, mme kgwetlho ya go lebana le merafe e e galefileng e ne e lebega e le kgolo thata. Jehofa o ne a akanya ka go sele.—Yeremia 1:6.
2. Jehofa o ne a dira gore Jeremia a nne le tshepo jang?
2 Go tswa puisanong ya ga Jehofa le Jeremia yo mmotlana, go phepafetse sentle gore e ne e le mongwe wa banna ba sekae bao Jehofa a neng a ikarabelela mo go tsholweng ga bone. Mme ke ka ntlhayang fa a ne a kgatlhegela Jeremia ka mo go kgethegileng go tswa fela kwa go imiweng ga gagwe go ya pele? Ke ka gonne Jehofa o ne a akantse go tla a mo roma thomo nngwe e e kgethegileng. Ka gone, o ne a ka re: “Le u e se u cwe mo sebopeloñ ka bo ke gu itshepisitse.” (Yeremia 1:5) Go tswa foo o ne a laola mosha yoo jaana: “Se re, Ke ñwanyana hèla; gonne leha e le bomañ ba ke tla gu romañ kwa go bōnè u na le go ea hèla, me leha e le eñ se ke se gu laolèlañ u na le go se bua hèla. U se ka ua boiha ka ntlha ea bōnè: gonne ke na nau go gu golola, go bua Yehofa.” Mono go ne go sena sebaka sa gore o ne a ka dira kabelo ya gagwe ka pelo e e saletseng. Go na le moo, go ne go tlhoka bopelokgale le go ikanya Jehofa.—Yeremia 1:7, 8.
3. Ke ka ntlhayang fa thomo e e neng e neetswe Jeremia e ne e gwetlha eleruri?
3 Abo lekawana leno le tshwanetse la bo le ne la kgatlhega mme gongwe la ba la itumelela fela thata jang ne go amogela thomo e e tswang kwa Modimong ka tlhamalalo jalo! Mme abo e ne e le thomo e e bokete! “Bōna, ke gu neile thata mo merahiñ le mo magosiñ gompiyeno, go khumola, le go phalolèla ha hatshe, go senya le go ribegetsa; go aga, le go tlhōma.” Tota-tota, tsela eo mafoko ao a neng a buiwa ka yone kaga Juda mo e neng e ka nna bogareng jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. e ne e rwesa moperofeti yono yo o neng a santse a fatlhoga boikarabelo jo bogolo. O ne a tshwanelwa ke go lebana le morafe o o boikgogomoso, o o ikgotsofaletseng oo o neng o tshepile motse wa one o o boitshepo, ebong Jerusalema, le tempele ya one, jaaka pheko. Fa a ne a digela bodihedi jwa boperofeti jwa dingwaga tse 40 mo Jerusalema, o ne a tla tshwanelwa ke go bolela molaetsa wa gagwe mo nakong ya fa go busa dikgosi tse tlhano tse di farologaneng (Josia, Johoahase, Jehoiakime, Jehoiakine, Sedekia). O ne a tla tshwanelwa ke go itsise merafe ya Bajuda le Bababelona dikatlholo tse di sa rategeng tsa phutso.—Yeremia 1:10; 51:41-64.
Ke ka Ntlhayang fa re Tshwanetse go Kgatlhegela Jeremia?
4, 5. (a) Ke ka ntlhayang fa ditiragalo tsa motlha wa ga Jeremia di re ama? (Baroma 15:4) (b) Ke tiriso efe ya tsone e e kgethegileng eo e kgatlhisang mo go rona?
4 Mme, re ka nna ra botsa ka gore, Ditiragalo tseo tsa bogologolo di amana jang le rona, bao re tshelang jaanong fa lekgolo la dingwaga la bo-20 le tloga le fela? Moaposetoloi Paulo o fa karabo fa a boeletsa dingwe tsa ditiragalo tsa Iseraele mo lokwalong la gagwe go phuthego ya Korintha. O ne a kwala jaana: “Me yana dilō tse e ne e le dikaèlō tsa rona, gore re se ka ra eletsa dilō tse di boshula, yaka bōne ba kile ba di eletsa. . . . me tsa kwalwa gore di nnè tlhagishō mo go rona ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona.”—1 Bakorintha 10:6, 11.
5 Ditiragalo tse di diragetseng mo Iseraeleng le Juda ke tlhagiso go phuthego ya Bakeresete ba boammaaruri mo motlheng ono wa bokhutlo. Gape re kgona go bona ditshwani le dipopego tseo di re thusang go bonela pele ditiragalo tsa isagwe. (Bapisa Yeremia 51:6-8 le Tshenolō 18:2, 4.) Jalo, bodihedi jwa ga Jeremia jwa boperofeti le ditiragalo tseo di neng tsa wela Jerusalema di na le botlhokwa jo bogolo go Basupi ba ga Jehofa gompieno, segolo-bogolo mabapi le tiro ya bone go La-Bodumedi, jaaka re tla bona mo ditlhogong tse di latelang.
Go Bolela Dikatlholo tsa Modimo ka Bopelokgale ga ga Jeremia
6. Ke eng seo se neng se dira gore kabelo ya ga Jeremia e nne boima, lefa go le jalo o ne a amogela kgothatso efe?
6 Go tiisetsa Jeremia boikarabelo jwa gagwe jo bo boitshegang, Jehofa gape o ne a mo tlhomamisetsa ka go re: “U nanogè, u buè nabō cotlhe tse ke di gu laolèlañ, u se ka ua tseañwa ke bōnè . . . ka tsatsi yeno ke gu dihile motse o o thekeledicweñ, . . . kèmalanō le dikgosi tsa Yuda, kèmalanō le dikgōsana tsa gōna, kèmalanō le baperisiti ba gōna, le kèmalanō le batho botlhe ba lehatshe.” Ga go na pelaelo kaga gone, Jeremia o ne a tla nna jaaka motse o o thekeleditsweng e le gore a tle a emelelane le babusi le baperesiti ba Juda. Mme go bolelela batho molaetsa o o sa rategeng le o o gwetlhang e ne e tla seke e nne kgetsi e potlana.—Yeremia 1:17, 18.
7. Ke ka ntlhayang fa babusi ba Bajuda ba ne ba sa amogele Jeremia?
7 “Ba tla tlhabana nau,” Jehofa o ne a tlhagisa jalo, “me ga ba ketla ba gu henya.” (Yeremia 1:19) Jaanong ke ka ntlhayang fa Bajuda le babusi ba bone ba ne ba tla batla go tlhabana le moperofeti yono? Ka gonne molaetsa wa gagwe o ne o tlhasela boikgotsofalelo jwa bone le mofuta wa kobamelo ya bone e e neng e le tlwaelo fela. Jeremia ga a ka a bua nabo ka bonolo: “Bōnañ, lehoko ya ga Yehofa mo go bōnè le hetogile kgōbō; ga ba na kgatlhègō epè mo go yeōna. Gonne go simolola ka eo mmōtlana le go ea kwa go eo mogolo mo go bōnè, moñwe le moñwe o inetse mo bopelotshetlheñ; me go simolola ka moperofeti [bone ba ba neng ba tshwanetse ba bo ba le bakaedi ba melemo ya boitsholo le ya semoya], moñwe le moñwe o diha ka go herekana hèla.”—Yeremia 6:10, 13.
8. Baperesiti le baperofeti ba ne ba tsietsa batho jang?
8 Ka boammaaruri, ba ne ba etelela morafe pele mo go ntsheng ditlhabelo. Ba ne ba dira ditlwaelo tsa kobamelo ya boammaaruri, mme dipelo tsa bone di ne di se mo go yone. Meletlo ya kobamelo e ne e raya mo gogolo mo go bone go na le boitshwaro jo bo siameng. Ka nako e e tshwanang, baeteledipele ba bodumedi jwa Bajuda ba ne ba tshwakgafatsa morafe wa bone ka go ba dira gore ba ikutlwe ba na le pabalesego e e seng ya boammaaruri, ba re, “Kagishō, kagishō!” mme go sena kagiso. (Yeremia 6:14; 8:11) Ee, ba ne ba fora batho ka go ba dira gore ba dumele gore ba ne ba agisantse le Modimo. Ba ne ba ikutlwa gore go ne go sena sepe se ba neng ba tshwanetse go tshwenyega ka sone, ka gonne ba ne ba le batho ba ga Jehofa ba ba bolokilweng, e le beng ba motse o o boitshepo le tempele ya one. A mme ke kafa Jehofa a neng a leba seemo ka teng?
9. Jeremia o ne a ba tlhagisa jang mabapi le tempele ya bone?
9 Jehofa o ne a laola Jeremia gore a ye go ema fa a neng a tla bonwa ke botlhe ka botlalo teng kwa kgorong ya tempele a bo a neele baobamedi ba ba neng ba tsena koo molaetsa wa Gagwe. O ne a tshwanelwa ke go ba raya a re: “Lo se ka loa ikanya mahoko a maaka, loa re, Tempela ea ga Yehofa, tempela ea ga Yehofa ke dikagō tse. . . . a a sa kakeñ a thusa sepe.” Bajuda ba ne ba sepela ka pono, eseng ka tumelo, ka jaana ba ne ba ikgantsha ka tempele ya bone. Ba ne ba setse ba lebetse mafoko a ga Jehofa a tlhagiso: “Legodimo ke setulō sa me sa bogosi, me lehatshe ke sebeèō sa me sa dinaō; lo tla nkagèla ntlo e e nntseñ yañ?” Jehofa, Molaodi Mogolo wa lobopo lono lo logolo, eleruri o ne a sa nne fela mo teng ga tempele ya bone, go sa kgathalesege gore e ne e le ntle go le kana kang!—Yeremia 7:1-8; Isaia 66:1.
10, 11. Boemo jwa semoya jwa morafe o Jeremia a neng a o nyatsa e ne e le bofe, mme a seemo mo go La-Bodumedi se botoka ka gope? (2 Timotheo 3:5)
10 Jeremia o ne a tswelela ka kgalemelo ya gagwe ya phatlalatsa e e neng e tlhaba: “A lo tla ucwa, lo bolaea batho, lo diha boaka, lo ikana ka maaka, lo hisetsa Baale mashwalō, lo sala medimo e sele moragō e lo sa e itseñ, . . . me lo re, Re golocwe; gore lo tlè lo dihè makgapha a lona aotlhe hèla?” Bajuda, jaaka ‘batho ba ba kgethilweng ba Modimo,’ ba ne ba akanya gore o ne o tla letlelela boitshwaro jwa mofuta mongwe le mongwe, fa fela ba ne ba lere ditlhabelo tsa bone mo tempeleng. Lefa go ntse jalo, fa ba ne ba akanya gore ke rre yo o senang tlhaloganyo yo o senyang ngwana wa gagwe yo mongwe fela, ba ne ba tla di gama ba sa di tlhapela.—Yeremia 7:9, 10; Ekesodo 19:5, 6.
11 Kobamelo ya Bajuda e ne e koafetse fela thata mo matlhong a ga Jehofa mo go neng go ka bodiwa potso e e swabisang ga twe: “Ntlo e, e e bidiwañ ka leina ya me, a e nntse yana e hetogile moñōbō oa magodu mo matlhoñ a lona?” Seemo se ne se ise se fetoge morago ga dingwaga di ka nna 700, fa Jesu, moperofeti yo mogolwane go na le Jeremia, a ne a dirisa one mafoko ao go nyatsa bogagapa le kgwebo tse di neng di dirwa mo motlheng wa gagwe mo tempeleng e e neng e agilwe sesha. Mme, gompieno seemo mo go La-Bodumedi ga se botoka ka gope.—Yeremia 7:11; Mathaio 16:14; Mareko 11:15-17.
Go Tlhokomologiwa ga Balebedi, go Bolelelwa Pele ga Masetlapelo
12. Bajuda ba ne ba arabela jang go baperofeti ba Jehofa a neng a ba romela kwa go bone?
12 Jeremia o ne a se moperofeti wa ntlha ka gope yo o neng a dirisiwa ke Modimo go tlhagisa Iseraele le Juda ka tsela ya bone e e phoso. Mo dingwageng tse di lekgolo le go feta pelenyana, baperofeti Isaia, Mika, Hosea, le Obede ba ne ba rometswe jaaka balebedi go ya go tlhagisa morafe oo. (Isaia 1:1; Mika 1:1; Hosea 1:1; 2 Ditihalō 28:6-9) Bontsi jwa batho bo ne bo ile jwa itshwara jang? “Me ka lo beèla balebedi, ka re, Reetsañ modumō oa lonaka; mme ba re, Re gana go reetsa.” (Yeremia 6:17; 7:13, 25, 26) Ba ne ba gana go reetsa Yeremia. Go na le moo, ba ne ba mmogisa ba bo ba leka go mmolaya. Jalo Jehofa a ikemisetsa gore ba ne ba tla duelela boikgantsho jwa bone le go sa dumele.—Yeremia 20:1, 2; 26:8, 11; 37:15; 38:6.
13. Modimo o ne wa atlhola morafe oo mo motheong ofe?
13 Fa Jehofa a ne a arabela ka ntlha ya go bo morafe oo o ganne barongwa ba gagwe, o ne a ntshetsa merafe ya lefatshe pitso, jaaka go ka tualo, a re: “Utlwa, wèna lehatshe: bōna, ke tla lere boshula mo bathuñ ba, eboñ louño loa megopolō ea bōne, ka ba se ka ba reetsa mahoko a me; le ōna molaō oa me ba o ganne.” Ke ka ntlhayang fa morafe oo o ne o tla nna mo tlalelong? Ka lebaka la ditiro tsa bone tse di phoso tseo di neng di thailwe mo megopolong ya bone e e phoso. Ba ne ba gana mafoko a ga Jehofa le Molao wa gagwe me ba latela ditshekamelo tsa bone tsa bogagapa, tsa senama.—Yeremia 6:18, 19; Isaia 55:8, 9; 59:7.
14. Kobamelo ya bone ya maaka e ne e le maswe go le kana kang? (Bapisa 2 Ditihalō 33:1-9.)
14 Mme ke eng seo ba neng ba se dira mo Juda seo se neng sa galefisa Jehofa? Ba ne ba direla “mohumagadi kgosi ea legodimo” dinkgwenyana. Ba ne ba siela medimo e mengwe ditshupelo tsa dino ka boomo go kgopisa Jehofa. Jalo, Jehofa o a botsa: “A ba bo ba ntlhotlheleletsa bogaleñ? . . . A ga go itlhotlheletse bōnè ka bosi, ba ichosobaganya dihatlhōgō tsa bōnè?” (Yeremia 7:18, 19) Lefa go le jalo, ditiro tsa bone tse di sa siamang tsa go tlhapatsa Modimo di ne tsa befela pele—ba ne ba baya ditshwantsho tse di setilweng tse di ferosang dibete mo ntlong eo e neng e bidiwa ka leina la ga Jehofa. Ba ne ba aga dibeso ka kwantle ga Jerusalema mo mogogorong wa Hinoma, “go tla ba hisa bana ba bōnè ba basimane le ba basetsana mo moleloñ.” Ba ne ba tla duelela go nyatsa ga bone kobamelo ya boammaaruri jang?—Yeremia 7:30, 31.
Juda o Duelela Molato
15. Jeremia o ne a tsholetse Juda dikgang dife tse di bosula?
15 Mo e ka nnang ka 632 B.C.E, Asiria o ne a gapilwe ke Bakaladea le Bameda, mme Egepeto o ne a isitswe kwa tlase ka boemo go nna mmusonyana fela o o kwa bokone jwa Juda. Seo se neng se tla nna matshosetsi tota mo go Juda se ne se tla tla ka tsela ya batlhasedi e e kafa bokone. Ka gone, Jeremia o ne a tshwanelwa ke go bolelela Bajuda-ka-ene dikgang tse di bosula! “Bōnañ, go tla chaba ñwe e cwa lehatshiñ ya botsheka; . . . ke ba ba bolalome, ga ba itse go utlwèla botlhoko; . . . moñwe le moñwe o gu tlhomeletse, wèna morwadia Siona, yaka monna eo o tlhomeletseñ tlhabanō.” Mmuso wa lefatshe o o neng o le mogolo ka nako eo e ne e le Babelona. Ono e ne e tla nna sedirisiwa sa Modimo sa go otlhaya Juda yo o neng a sena tumelo.—Yeremia 6:22, 23; 25:8, 9.
16. Ke ka ntlhayang fa go ne go sena mosola gore Jeremia a buelele morafe oo?
16 A go ne go na le mosola wa gore Jeremia a leke go buelela ba gagabo? A gongwe go ne go ka nna le go mpampetsa mo kobamelong ya boammaaruri? A gongwe Jehofa o ne a ka amogela kobamelo e e sa felelang mme a itshwarela batho ba gagwe? Boemo jwa ga Jehofa bo ne bo phepafetse. O ne a laola Jeremia mo mabakeng bobotlana a le mararo jaana: “U se ka ua rapèlèla chaba e, . . . gonne ga nketla ke go utlwa.” Mo tiragatsong e e tshwanang, tlhagiso eno e e tshosang e tsholetse La-Bodumedi mafoko a a seng mantle.—Yeremia 7:16; 11:14; 14:11.
17, 18. Labofelo katlholo ya Modimo e ne ya diragadiwa jang go Juda?
17 Dilo di ne tsa felela jang ka Juda? Fela jaaka Jehofa a ne a boleletse pele ka Jeremia. Mo nakong ya go busa ga ga Kgosi Jehoiakime, Juda e ne ya nna morafe o o busiwang ke Babelona o o maatla. Dingwaga tse tharo moragonyana Jehoiakime o ne a tsuologa. Kgato eno ya boeleele e ne ya gogela kwa go reng ba kokobediwe le eleng mo gogolo ke Bababelona, bao ba neng ba dikanyetsa motse wa Jerusalema. Ka nako eno Jehoiakime o ne a sule a bile a tlhatlhamilwe ke morwawe ebong Jehoiakine. Go dikanyediwa ga Babelona go ne ga kokobetsa Juda tota, mme Jehoiakine le lelapa lotlhe la segosi, le masole a maemo a a kwa godimo a Bajuda, ba ne ba isiwa botshwaro kwa Babelona.—2 Dikgosi 24:5-17.
18 Go ne ga diragalang ka tempele e e boitshepo le dilo tse di kgabisang tsotlhe tsa yone tsa botlhokwa tse di boitshepo? Ruri-ruri di ne tsa seka tsa nna pheko go Juda. Nebukadenesare o ne a “ntsha gōna dikhumō cotlhe tsa ntlo ea ga Yehofa, le dikhumō tsa ntlo ea kgosi, me ea kgaolakgaola dilwana cotlhe tsa gouda tse Solomone kgosi ea Iseraela o kileñ a di diha mo tempeleñ ea ga Yehofa.” (2 Dikgosi 24:13) Kgabagare, kgosi e e neng e kgethilwe ya Babelona, ebong Sedekia, yo o neng a sadisitswe go busa bao ba neng ba setse mo Jerusalema, le ene o ne a tsuologela barena ba gagwe. Seo e ne e le sone kgabagare se neng sa kgotla Nebukadenesare. Motse wa Jerusalema o ne wa dikanyediwa gape, mme ka 607 B.C.E. o ne wa gapiwa ke Nebusaradane mme wa senngwa gotlhelele.—Yeremia 34:1, 21, 22; 52:5-11.
19, 20. Go ne go na le phapaano efe magareng ga maikutlo a Bajuda le a ga Jeremia malebana le masetlapelo a a neng a boleletswe pele, mme ga felela jang?
19 Abo seo e ne e le namane e tona ya masetlapelo a tshoganetso go ‘batho ba ba kgethilweng’ jang ne! Mme abo dikitsiso tsa katlholo tse di neng tsa bolelwa ke Jeremia di ne tsa supega di le boammaaruri ka phepafalo jang ne. Lefa Bajuda ba ne ba tshelela mo ditorong, ba sa dumele gore ba ne ba ka tlelwa ke kgobalo epe, ‘mmoledi wa masetlapelo’ ebong Jeremia o ne a ntse a bua dilo tsa boammaaruri tota, e seng ditsia-badimo fela. (Yeremia 38:4; elatlhoko gore lefoko le le rayang ‘masetlapelo’ le tlhaga makgetlo a le 64 mo bukeng ya Jeremia.) Abo katlholo ya ga Jehofa e ne e tsepame jang ne: “Me u tla ba raea, u re, O ko ōna morahe o o sa reetsañ lencwe ya ga Yehofa Modimo oa bōnè, leha e le go amogèla thutō: boamarure bo nyeletse, bo kgaocwe mo melomuñ ea bonè. Hoñ ke tla khutlisa modumō oa go diha mokete le oa boitumèlō, . . . mo metsiñ ea Yuda, le mo mebileñ ea Yerusalema: gonne lehatshe le tla nna kgakgabalō hèla”!—Yeremia 7:28, 34.
20 Bajuda ba ba boikgogomoso, ba ba ikgotsofaletseng ba ne ba tshwanelwa ke go lemoga, ka tsela eno e e boitshegang, gore go kopa thuso mo Modimong ga bone le go nna le botsalano jo bo kgethegileng le ene go ne go sa tiisetse gore ba ne ba tla bolokwa. Jaaka polelelo-pele e ne ya tlhalosa: “Ra lebèlèla kagishō, me go se ka ga tla molemō opè; ra lebèlèla motlha oa go hōla, me bōnañ, ga nna tseanō hèla! Thōbō e hetile, letlhabula le khutlile, me rona ga rea bolokwa”! (Yeremia 8:15, 20) Jaanong e ne e le nako ya go ikarabelela ga ga Juda. Lefa go le jalo moperofeti yono yo o pelokgale o ne a sirelediwa mo tirong ya gagwe yotlhe a ba a letlelelwa go wetsa thomo ya gagwe. O ne a swa a le kwa botshwarong, eseng kwa Babelona le morafe ono o o tlhabisang ditlhong, mme kwa Egepeto. Mo dingwageng tse di fetang 65, o ne a itsisitse dikatlholo tsa Modimo ka bopelokgale le ka boikanyego.
21. Ke dipotso dife gape tseo di re amang?
21 Mme jaanong re kgatlhegela go itse gore botshelo jono le bodihedi jwa ga Jeremia di dira jang mo metlheng ya rona. Ke mang yo o tshwantshetsang Jeremia mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga? Gape ke eng se se tshwantshetsang Juda le Jerusalema? Mme ke eng se se tshwanang le matshosetsi a a tswang bokone? Ditlhogo tsa rona tse di latelang di tla sekaseka dipotso tseo.
A O A Gakologelwa
◻ Jeremia o ne a arabela jang go seo a neng a se rongwa, mme karabo ya ga Jehofa e ne e le eng?
◻ Ke ka ntlhayang fa re kgatlhegela ditiragalo tsa motlha wa ga Jeremia?
◻ Jeremia o ne a nyatsa boemo bofe jwa bodumedi, mme Bajuda ba ne ba ikantse eng?
◻ Go ne ga felela jang ka Jerusalema le Juda la bofelo?
[Mafoko a a mo go tsebe 12]
Jeremia o ne a bolelela baeteledi pele le batho ba Juda dikatlholo tsa Modimo ka bopelokgale
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Basadi ba ne ba apeela “mohumagadi kgosi ea legodimo” dinkgwenyana