Seabe se se Nang le Seriti sa Basadi mo Batlhankeng ba Modimo ba Bogologolo
“Jehofa Modimo a re: ‘Ga go molemo fa monna a ka nna a le esi, ke tla mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.’”—GENESISE 2:18, NW.
1. Dikishinare nngwe ya Baebele e tlhalosa tsela e basadi ba neng ba tshela ka yone mo metlheng ya bogologolo jang?
“GA GO na gope kwa dinageng tsa Mediterranean tsa bogologolo kana kwa dinageng tse di kwa Botlhaba jo bo Gaufi koo basadi ba neng ba neelwa kgololesego e ba nang le yone mo setšhabeng sa segompieno sa kwa Bophirima. Mokgwa o o tlwaelegileng e ne e le gore basadi ba ikobele banna, fela jaaka batlhanka ba ne ba ikobela ba e seng batlhanka, le jaaka basha ba ikobela bagolo. . . . Bana ba basimane ba ne ba tseelwa ka godimo go feta ba basetsana, ka dinako tse dingwe masea a basetsana a ne a tlogelwa fela gore a bolawe ke maemo a bosa a a sa iketlang.” Ke ka tsela eo dikishinare nngwe ya Baebele e neng ya tlhalosa tsela e basadi ba neng ba tshela ka yone mo metlheng ya bogologolo.
2, 3. (a) Pego nngwe e bega gore boemo jwa basadi ba le bantsi ke bofe gompieno? (b) Go bodiwa dipotso dife?
2 Seemo ga se ise se tokafale mo dikgaolong di le dintsi tsa lefatshe gompieno. Ka 1994, pego ya Lephata la Naga ya United States ya ditshwanelo tsa batho e e ntshiwang ngwaga le ngwaga e ne ya bua ka tsela e basadi ba tshwarwang ka yone, e le la ntlha e dira jalo. Setlhogo sengwe sa New York Times se ne sa bolela jaana malebana le pego eno: “Dipalo Tsa Dinaga di le 193 di Bontsha Gore go Tlhaolwa ga Letsatsi le Letsatsi ke Selo se se Diragalang.”
3 E re ka dipalo di le dintsi tsa basadi ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng ba kopanela mo diphuthegong tsa batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, go na le dipotso dingwe tse di tsogang: A tsela e e setseng e tlhalositswe ke yone e Modimo a neng a ikaeletse kwa tshimologong gore basadi ba tshwarwe ka yone? Baobamedi ba ga Jehofa ba ne ba tshwara basadi jang mo metlheng ya Baebele? Mme basadi ba tshwanetse go tshwarwa jang gompieno?
“Mothusi” le “Motlatsi”
4. Ke eng se Jehofa a neng a se lemoga morago ga gore motho wa ntlha a nne a le esi mo tshimong ya Edena ka nakwana, mme ke eng se Modimo a neng a se dira go tswa foo?
4 Fa Adame a sena go nna a le esi mo tshimong ya Edena ka nako e e rileng, Jehofa o ne a bolela jaana: “Ga go molemo fa monna a ka nna a le esi. Ke tla mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.” (Genesise 2:18, NW) Le mororo Adame e ne e le monna yo o itekanetseng, go ne go tlhokega sengwe e le gore boikaelelo jwa Mmopi bo diragadiwe. Gore Jehofa a fitlhelele seo, o ne a bopa mosadi mme a simolola lenyalo la ntlha.—Genesise 2:21-24.
5. (a) Leina la Sehebera le le ranotsweng “mothusi” gantsi bakwadi ba Baebele ba le dirisitse jang? (b) Ke eng se se supiwang ke lebaka la go bo Jehofa a ne a bolela gore mosadi wa ntlha ke “motlatsi”?
5 A mafoko a a reng “mothusi” le “motlatsi” a supa gore seabe sa mosadi se a se neetsweng ke Modimo se ne se nyatsega? Tota nnyaa. Gantsi bakwadi ba Baebele ba dirisa leina la Sehebera (ʽeʹzer) le le ranolwang “mothusi” go raya Modimo. Ka sekai, Jehofa o itshupa e le “thuso ya rona, le thebe ya rona.” (Pesalema 33:20; Ekesodo 18:4; Duteronome 33:7) Mo go Hosea 13:9, Jehofa le ene o ipitsa gore ke “mothusi” wa Iseraele. Fa e le ka lefoko la Sehebera (neʹghedh) le le ranotsweng gore “motlatsi,” mokanoki mongwe wa Baebele o tlhalosa jaana: “Thuso e e lebeletsweng ga se fela gore a mo thuse mo tirong ya letsatsi le letsatsi kana mo go tsholeng bana . . . mme ke ya go tshegetsana mo go ka lerweng ke go nna mmogo.”
6. Ke eng se se neng sa bolelwa fa mosadi a sena go bopiwa, mme ka ntlha yang?
6 Ka gone Jehofa o ne a sa nyatse mosadi fa a ne a mo tlhalosa gore ke “mothusi” le “motlatsi.” Mosadi o ne a dirilwe a na le tlhaloganyo, maikutlo le tsela e a dirilweng ka yone mo mmeleng e e sa tshwaneng le epe. O ne a tshwanela monna tota, e le motlatsi wa gagwe yo o feletseng. Ba ne ba farologane, lefa go ntse jalo mongwe le mongwe o ne a tlhokega gore ba ‘tlatse lefatshe’ go dumalana le boikaelelo jwa Mmopi. Go bonala gore “Modimo [o ne] wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata” fa a sena go bopa monna mmogo le mosadi.—Genesise 1:28, 31.
7, 8. (a) Seabe sa mosadi se ne sa amega jang fa boleo bo sena go simologa kwa Edena? (b) Go bodiwa dipotso dife malebana le go diragadiwa ga Genesise 3:16 mo baobameding ba ga Jehofa?
7 Dilo di ne tsa fetogela monna le mosadi fa ba sena go leofa. Jehofa o ne a ba atlhola boobabedi gore ke baleofi. Jehofa o ne a bolelela Efa jaana, fa a ne a bolela ka se kgabagare a neng a tla se letlelela jaaka e kete se ne se dirwa ke ene: “Ke tlaa go ntsifaletsa matshwenyego a go ima ga gago.” O ne a oketsa jaana: “O tlaa belega bana ka bohutsana; keletso ya gago e tlaa nna kwa monneng wa gago, mme o tlaa go laola.” (Genesise 3:16) Fa e sa le ka nako eo, basadi ba le bantsi ba ntse ba laolwa ke banna ba bone, gantsi ba ba laola ka tsela e e setlhogo. Mo boemong jwa gore ba tseelwe kwa godimo jaaka bathusi le batlatsi, gantsi ba ntse ba tshwarwa jaaka malata kana makgoba.
8 Lefa go ntse jalo, go diragadiwa ga Genesise 3:16 go ne go kaya eng mo baobameding ba ga Jehofa ba basadi? A ba ne ba neelwa boemo jo bo kwa tlase le jo bo nyatsegang? Tota nnyaa! Mme go tweng ka dipego tsa Baebele tse di bolelang ka mekgwa le ditlwaelo tse di amang basadi tse go ka nnang ga lebega di sa amogelwe mo ditšhabeng tse di rileng gompieno?
Go Tlhaloganya Mekgwa ya Baebele
9. Ke dilo dife tse tharo tse re tshwanetseng go nna re di gakologetswe fa re sekaseka mekgwa e e amang basadi mo metlheng ya Baebele?
9 Basadi ba ne ba tshwarwa sentle mo batlhankeng ba Modimo mo metlheng ya Baebele. Legale, fa re sekaseka mekgwa e e amanang le basadi mo metlheng eo, go mosola gore re nne re gakologetswe mabaka a le mmalwa. Sa ntlha, fa Baebele e bolela ka maemo a a sa itumediseng a a nnileng gone ka ntlha ya go bo banna ba ba bosula ba ne ba laola ka bopelotshetlha, seo ga se reye gore Modimo o ne a amogela tsela e e ntseng jalo e basadi ba neng ba tshwarwa ka yone. Sa bobedi, le mororo Jehofa a ne a letlelela mekgwa mengwe e e rileng mo batlhankeng ba gagwe ka nakwana, o ne a e baakanya e le gore a sireletse basadi. Sa boraro, re tshwanetse ra nna kelotlhoko gore re se ka ra bapisa mekgwa ya bogologolo le ditekanyetso tsa segompieno. Mekgwa mengwe e e rileng e e ka nnang ya lebega e sa itumedise batho ba ba tshelang gompieno, basadi ka nako eo ba ka nna ba bo ba ne ba sa e tseye e le e e nyatsang. A re ko re sekasekeng dikai dingwe.
10. Jehofa o ne a leba tlwaelo ya go nyala lefufa jang, mme ke eng se se supang gore le ka motlha ga a ise a tlogele tekanyetso ya gagwe ya kwa tshimologong ya go nyala mosadi a le mongwe fela?
10 Go nyala lefufa:a Boikaelelo jwa ga Jehofa jwa kwa tshimologong e ne e le gore mosadi o ne a ka se pataganele monna wa gagwe le mosadi yo mongwe. Modimo o ne a bopela Adame mosadi a le mongwe fela. (Genesise 2:21, 22) Morago ga go tsuologa kwa Edena, tlwaelo ya go nyala lefufa e ne ya bonala la ntlha mo losikeng lwa ga Kaine. Kgabagare e ne ya nna mokgwa mme wa amogelwa ke bangwe ba baobamedi ba ga Jehofa. (Genesise 4:19; 16:1-3; 29:21-28) Le mororo Jehofa a ne a letlelela go nyala lefufa e bile go ne go thusa gore palo ya Baiseraele e oketsege, o ne a akanyetsa basadi ka gore a laole tlwaelo eo e le gore basadi le bana ba bone ba sirelediwe. (Ekesodo 21:10, 11; Duteronome 21:15-17) Mo godimo ga moo, Jehofa le ka motlha ga a ka a lebala tekanyetso ya gagwe ya kwa tshimologong ya monna go nyala mosadi a le mongwe fela. Noa le bomorwawe, ba kgapetsakgapetsa ba neng ba bolelelwa taolo ya gore ‘atang lo tlale ka lefatshe,’ mongwe le mongwe wa bone o ne a na le mosadi a le mongwe fela. (Genesise 7:7; 9:1; 2 Petere 2:5) Modimo o ne a itshupa e le monna yo o nang le mosadi a le mongwe fela fa a ne a tshwantshetsa kamano ya gagwe le Iseraele. (Isaia 54:1, 5) Gape, tekanyetso ya Modimo ya kwa tshimologong ya go nyala mosadi a le mongwe fela e ne ya tlhomiwa gape ke Jesu Keresete mme e ne e dirisiwa mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete.—Mathaio 19:4-8; 1 Timotheo 3:2, 12.
11. Ke ka ntlha yang fa go ne go ntshiwa bogadi mo metlheng ya Baebele, a mme seno se ne se nyatsa basadi?
11 Go ntsha bogadi: Buka ya Ancient Israel—Its Life and Institutions e bolela jaana: “Tshwanelo eno ya go ntshetsa lelapa la bomosetsana madi a a rileng, kana sengwe se se ka lekanang le one, kwantle ga pelaelo go dira gore lenyalo la Moiseraele le lebege e le go rekwa. Mme [bogadi] bo lebega e se tlhwatlhwa e e ntsheditsweng mosadi go le kalo e le go phimola lelapa leo dikeledi.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka jalo go ntshiwa ga bogadi e ne e le go phimola lelapa la bomosadi dikeledi ka a se kitla a ba thusa le ka ntlha ya maiteko le ditshenyegelo tse ba lelapa la gabone fa ba ne ba mo tlhokomela. Mo boemong jwa gore go nyatse mosadi he, go ne go tlhomamisa gore o botlhokwa mo lelapeng la gagabo.—Genesise 34:11, 12; Ekesodo 22:16; bona Tora ya Tebelo, January 15, 1989, ditsebe 21-4.
12. (a) Ka dinako tse dingwe banna ba ba nyetseng le basadi ba ba nyetsweng ba ne ba bidiwa jang mo Dikwalong, a mme mareo ano a ne a kgopisa basadi? (b) Ke eng se se tlhomologileng ka mareo a Jehofa a neng a a dirisa kwa Edena? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
12 Banna e le “beng”: Tiragalo nngwe e e neng ya diragalela Aberahame le Sara mo e ka nnang ka 1918 B.C.E. e supa gore ka nako ya bone go bonala e ne e setse e le mokgwa go leba monna yo o nyetseng e le “mong” (ka Sehebera, baʹʽal) mme mosadi yo o nyetsweng e le ‘yo o nang le mong’ (ka Sehebera, beʽu·lahʹ). (Genesise 20:3, NW) Morago ga moo mafoko ano a ne a dirisiwa ka makgetlho a mangwe mo Dikwalong, mme ga go na bosupi jwa gore a ne a kgopisa basadi ba pele ga Bokeresete.b (Duteronome 22:22, NW) Lefa go ntse jalo, basadi ba ne ba sa tshwanela go tshwarwa jaaka dithoto. Motho o ne a ka reka, a rekisa le e leng go rua dithoto kana khumo mme e seng mosadi. Seane sa Baebele se bolela jaana: “Ntlo le dikhumo ke boswa jo bo tswang mo go borra batho; mme mosadi yo o bonokopela o tswa kwa go Jehofa.”—Diane 19:14; Duteronome 21:14.
Seabe se se Nang le Seriti
13. Ke eng se se neng sa diragalela basadi fa banna ba ba neng ba boifa Modimo ba ne ba latela sekao sa ga Jehofa le go utlwa Molao wa gagwe?
13 Seabe sa basadi mo batlhankeng ba Modimo mo metlheng ya pele ga Bokeresete e ne e le sefe? Ba ne ba lejwa le go tshwarwa jang? Fa e bewa ka tsela e e motlhofo fela, fa banna ba ba neng ba boifa Modimo ba ne ba latela sekao sa ga Jehofa mme ba utlwa Molao wa gagwe, basadi ba ne ba nna le seriti mme ba ipelela ditshwanelo di le dintsi le ditshiamelo.
14, 15. Ke dilo dife tse di supang gore basadi ba ne ba tlotlwa kwa Iseraele, mme ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanela gore Jehofa a lebelele baobamedi ba gagwe ba banna gore ba ba tlotle?
14 Basadi ba ne ba tshwanetse go tlotlwa. Molao o Modimo a neng a o neetse Baiseraele o ne o laela gore borrabana le bommabana ba tlotlwe. (Ekesodo 20:12; 21:15, 17) Lefitiko 19:3 e bolela jaana: “Motho mongwe le mongwe a a boife mmaagwe le rraagwe.” Mo tiragalong e nngwe fa Bathesheba a ne a tla go morwawe Solomone, “kgosi [e ne] ya nanoga ya tla go mo kgatlhantsha; mme a mo ikobela” ka tsela ya go mo tlotla. (1 Dikgosi 2:19) Encyclopaedia Judaica e bolela jaana: “Go tshwantsha ka tsela ya boperofeti lorato lwa Modimo mo Baiseraeleng le lorato lwa monna mo mosading wa gagwe go ne go ka dirwa fela mo setšhabeng se basadi ba neng tlotliwa mo go sone.”
15 Jehofa o lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba banna ba tlotle basadi, ka gonne ene o a ba tlotla. Seno se supiwa ke ditemana tse mo go tsone Jehofa a dirisang maitemogelo a basadi ka tsela ya tshwantshetso a bo a tshwantsha maikutlo a gagwe le a basadi. (Isaia 42:14; 49:15; 66:13) Seno se thusa babadi gore ba tlhaloganye tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone. Se se kgatlhang ke gore lereo la Sehebera le le reng “boutlwelo botlhoko” kana “go tlhomoga pelo,” (NW) le Jehofa a le dirisang mo go ene, le amana thata le lefoko “popelo” mme le ka tlhalosiwa e le “boikutlo jwa mmè.”—Ekesodo 33:19; Isaia 54:7.
16. Ke dikai dife tse di bontshang gore kgakololo ya basadi ba ba neng ba rata Modimo e ne e tsewa e le botlhokwa?
16 Kgakololo ya basadi ba ba ratang Modimo e ne e tsewa e le botlhokwa. Fa Aberahame yo o neng a boifa Modimo a ne a okaoka go reetsa kgakololo ya mosadi wa gagwe yo o neng a rata Modimo e bong Sara, mo tiragalong nngwe, Jehofa o ne a mmolelela jaana: “O nne o reetse lentswe la [gagwe].” (Genesise 21:10-12) Basadi ba ga Esau ba Bahite ba ne “ba utlwisa pelo ya ga Isake le ya ga Rebeka botlhoko jo bo galakang.” Fa nako e ntse e ya, Rebeka o ne a bolela ka tlalelo e a neng a tla nna le yone fa morwaabone Jakobe a ne a ka nyala Mohite. Isake o ne a itshwara jang? Pego e bega jaana: “Isake a bits[a] Jakobe, a mo segofatsa, a mo laya a re: ‘O se ka wa tsaya mosadi wa bomorwadia Kanana.’” Ee, le mororo Rebeka a ne a sa gakolola ka tsela e e tlhamaletseng, monna wa gagwe o ne a dira tshwetso e e neng e akanyetsa maikutlo a gagwe. (Genesise 26:34, 35; 27:46; 28:1) Moragonyana Kgosi Dafite o ne a tila go nna molato wa madi ka gonne a ne a reetsa kopo ya ga Abigaile.—1 Samuele 25:32-35.
17. Ke eng se se bontshang gore basadi ba ne ba na le thata nngwe e e rileng mo lelapeng?
17 Basadi ba ne ba na le thata e e rileng mo lelapeng. Bana ba ne ba rotloediwa jaana: “Morwaaka, utlwa thuto ya ga rraago, mme o se ka wa tlogela molao wa ga mmaago.” (Diane 1:8) Tlhaloso ya “mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng” mo go Diane kgaolo 31 e senola gore mosadi yo o nyetsweng yo o dirang ka natla o ne a sa laole ba ntlo ya gagwe fela mme gape o ne a ka nna a kgona go reka le go rekisa ditsha, a tlhoma tshimo e e ungwang, a nne le kgwebo e potlana, le go itsiwe ka mafoko a gagwe a a botlhale. Se se botlhokwa le go feta e ne e le gore mosadi a bakwe ka go boifa Jehofa ka tshisimogo. Ga go gakgamatse go bo tlhwatlhwa ya mosadi yo o ntseng jalo e ne e “feta ya majana a a tlhokegang kgakala”! Lejana le lehibidu le le tlhokegang le ne le tsewa le le botlhokwa thata go dira majana a mantle le go kgabisa ka lone.—Diane 31:10-31.
Basadi ba ba Neng ba Ratiwa ke Modimo ka Tsela e e Kgethegileng
18. Basadi bangwe ba ne ba ratiwa ka ditsela dife tse di kgethegileng mo metlheng ya Baebele?
18 Tsela ya ga Jehofa ya go akanyetsa basadi e ne ya bonala mo loratong lo lo kgethegileng lo a neng a lo bontsha bangwe ba bone mo metlheng ya Baebele. Hagare, Sara le mosadi wa ga Manoa ba ne ba etelwa ke baengele ba ba neng ba ba bolelela ka kaelo ya Modimo. (Genesise 16:7-12; 18:9-15; Baatlhodi 13:2-5) Go ne go na le “basadi ba ba direlang” kwa motlaaganeng le baopedi mo segotlong sa ga Solomone.—Ekesodo 38:8; 1 Samuele 2:22; Moreri 2:8.
19. Ka dinako tse dingwe, Jehofa o ne a dirisa basadi gore ba mo emele ka tsela efe?
19 Mo makgetlhong a le mmalwa mo hisitoring ya Baiseraele, Jehofa o ne a dirisa mosadi gore a mo emele kana gore a mmuelele. Re bala jaana malebana le moperofeti wa sesadi e bong Debora: “Bana ba Iseraele ba ne ba tle ba ye go atlholwa kwa go ene.” (Baatlhodi 4:5) Eleruri Debora o ile a nna le tshiamelo e e kgethegileng morago ga gore Iseraele e fenngwe ke kgosi ya Kanana e bong Jabine. Go bonala sentle gore e ne e le motlhami wa pina ya phenyo, lefa e le karolo ya yone fela, e kgabagare e neng ya nna karolo ya pego e e tlhotlheleditsweng ya ga Jehofa.c (Baatlhodi, kgaolo 5) Makgolokgolo a dingwaga morago ga moo, Kgosi Josia o ne a romela baemedi kwa go moperofeti wa sesadi Huleta ba ba neng ba na le moperesiti yo mogolo gore a ba boletse mo go Jehofa. Huleta o ne a ka araba jaana a na le thata: “Jehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re.” (2 Dikgosi 22:11-15) Mo tiragalong eo, kgosi e ne ya laela baemedi gore ba ye kwa moperesiting wa sesadi, mme seno se ne sa direlwa gore a ba neele kaelo e e tswang kwa go Jehofa.—Bapisa Malaki 2:7.
20. Ke dikai dife tse di supang gore Jehofa o amega ka maikutlo le boitekanelo jwa basadi?
20 Go amega ga ga Jehofa ka boitekanelo jwa basadi go bonala mo makgetlhong a fa a ne a sireletsa baobamedi ba bangwe ba gagwe ba basadi. Mo makgetlhong a le mabedi o ne a tsereganya gore a sireletse mosadi yo o neng a le montle wa ga Aberahame e bong Sara, gore a se ka a leswefadiwa. (Genesise 12:14-20; 20:1-7) Modimo o ne a bontsha gore o rata mosadi wa ga Jakobe e bong Lea, yo o neng a sa ratiwe thata, ka gore a ‘bule sebopelo sa gagwe’ gore a nne le ngwana wa mosimane. (Genesise 29:31, 32) Fa babelegisi ba babedi ba Baiseraele ba ba neng ba boifa Modimo ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go boloka bana ba basimane ba Bahebera mo polaong ya masea kwa Egepeto, Jehofa o ne a “ba direla metse” go bontsha go ba itumelela. (Ekesodo 1:17, 20, 21) Gape o ne a araba thapelo ya ga Hana e e tswang mo pelong. (1 Samuele 1:10, 20) Mme fa motlholagadi mongwe yo monna wa gagwe e neng e le moperofeti a ne a lebagane le motho yo a neng a tshotse dilo molato mo go ene yo o neng a ikaeletse gore a tseye bana ba gagwe gore a duele sekoloto sa gagwe, Jehofa o ne a se ka a mo tlogela fela. Ka tsela e e lorato, Modimo o ne a dira gore moperofeti Elisha a kgone go mo ntsifaletsa lookwane gore a tle a kgone go duela sekoloto. Ka gone o ne a sireletsa lelapa la gagwe le seriti sa gagwe.—Ekesodo 22:22, 23; 2 Dikgosi 4:1-7.
21. Dikwalo tsa Sehebera di re neela tlhaloso efe e e lekalekaneng malebana le tsela e basadi ba tshelang ka yone?
21 Ka gone, go na le gore Dikwalo tsa Sehebera di kgothaletse gore basadi ba tseelwe kwa tlase, di tlhalosa ka tsela e e lekalekaneng mokgwa o ba neng ba tshela ka one mo batlhankeng ba Modimo. Le mororo Jehofa a ne a se ka a sireletsa baobamedi ba gagwe ba basadi mo go diragadiweng ga Genesise 3:16, banna ba ba ratang Modimo ba ba neng ba latela sekao sa ga Jehofa le go utlwa Molao wa gagwe ba ne ba tshwara basadi ka tsela e e nang le seriti le go ba tlotla.
22. Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, seabe sa basadi se ne se fetogile jang, mme go bodiwa dipotso dife?
22 Mo makgolokgolong a dingwaga morago ga go wediwa ga Dikwalo tsa Sehebera, seabe sa basadi se ne sa fetoga mo Bajuteng. Ka nako ya fa Jesu a le mo lefatsheng, dingwao tsa borabi di ne di setse di thibela basadi thata mo ditshiamelong tsa bone tsa bodumedi le tsa loago. A dingwao tseo di ne tsa tlhotlheletsa tsela e Jesu a neng a dirisana le basadi ka yone? Basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go tshwarwa jang gompieno? Dipotso tseno di tla tlhalosiwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e bolela gore, “polygamy [go nyala lefufa]” go kaya “lenyalo le mo go lone molekane yo mongwe e ka tswa e le monna kana mosadi a nang le balekane ba feta a le mongwe ka nako e le nngwe.” Lereo la bokao jo bo tlhamaletseng la “polygyny [go nyala lefufa ga monna]” le tlhalosiwa e le “boemo kana tlwaelo ya go nna le basadi kana balekane ba basadi ba feta a le mongwe ka nako e le nngwe.”
b Mo Dikwalong tsotlhe tsa Sehebera, banna ba ba nyetseng le basadi ba ba nyetsweng gantsi ba bidiwa “monna” (ka Sehebera, ʼish) le “mosadi” (ka Sehebera, ʼish·shahʹ). Ka sekai, mareo a Jehofa a neng a a dirisa kwa Edena e ne e se “mong” le ‘yo o nang le mong,’ mme o ne a dirisa “monna” le “mosadi.” (Genesise 2:24; 3:16, 17) Boperofeti jwa ga Hosea bo ne jwa bolelela pele gore fa Baiseraele ba sena go tswa botshwarwa, ba ne ba tla bitsa Jehofa “Monna wa me,” ka tsela ya go bontsha boikotlhao, mme ba sa tlhole ba re “Mong wa me.” Seno se ka nna sa akantsha gore lereo “monna” le ne le dirisiwa ka tsela e e bontshang kutlwelobotlhoko go na le “mong.”—Hosea 2:16, NW.
c Se se tlhomologileng ke tsela e go dirisitsweng leemedi la motho wa ntlha go raya Debora mo go Baatlhodi 5:7.
O ne O ka Araba Jang?
◻ Ke eng se se supiwang ke mafoko a a reng “mothusi” le “motlatsi” malebana le seabe sa mosadi yo o boifang Modimo?
◻ Re tshwanetse gore re nne re gakologetswe eng fa re sekaseka mekgwa e e neng e ama basadi mo metlheng ya Baebele?
◻ Ke eng se se bontshang gore basadi ba ne ba na le seabe se se nang le seriti mo batlhankeng ba Modimo mo metlheng ya bogologolo?
◻ Jehofa o ne a bontsha basadi lorato ka ditsela dife tse di kgethegileng mo metlheng ya pele ga Bokeresete?