Nnang lo Ntetetse”
“‘Ke gone [nnang lo ntetetse, NW],’ go bua Jehofa.”—SEFANIA 3:8.
1. Moporofeti Sefania o ne a ntsha tlhagiso efe, mme e kgatlha batho ba ba tshelang gompieno ka eng?
LETSATSI le legolo la ga Jehofa le gaufi.” Moporofeti Sefania o ne a bolela tlhagiso eo mo bogareng jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. (Sefania 1:14) Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa dingwaga tse 40 kana tse 50 di ise di wele, fa letsatsi la go diragatsa dikatlholo tsa ga Jehofa le ne le tlela Jerusalema le ditšhaba tse di neng di tlontlolotse bolaodi jwa ga Jehofa ka go sotla batho ba gagwe. Ke eng fa batho ba ba tshelang mo bofelong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga ba kgatlhegela seno? Re tshela mo nakong e ka yone “letsatsi le legolo” la ga Jehofa la makgaolakgang le atamelang ka bofefo. Fela jaaka mo motlheng wa ga Sefania, “bogale . . . jo bo fisang” jwa ga Jehofa bo tla tloga bo tukela sengwe sa gompieno se se neng se tshwantshediwa ke Jerusalema—Labokeresete—mmogo le ditšhaba tsotlhe tse di sotlang batho ba ga Jehofa le go tlontlolola bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe.—Sefania 1:4; 2:4, 8, 12, 13; 3:8; 2 Petere 3:12, 13.
Sefania—Mosupi yo o Pelokgale
2, 3. (a) Re itse eng kaga Sefania, mme ke eng se se bontshang gore e ne e le mosupi yo o pelokgale wa ga Jehofa? (b) Ke dintlha dife tse di re thusang gore re bone nako le lefelo le Sefania a neng a porofeta mo go lone?
2 Ga go itsiwe dilo tse dintsi kaga moporofeti Sefania, yo leina la gagwe (ka Sehebera, Tsephan·yahʹ) le kayang “Jehofa o Subile (O Bolokile).” Lefa go ntse jalo, go farologana le baporofeti ba bangwe, Sefania o tlhalositse losika lwa gagwe go ya kokomaneng ya bonè, go fitlha kwa go “Hesekia.” (Sefania 1:1; bapisa Isaia 1:1; Jeremia 1:1; Esekiele 1:3.) Seno ga se a tlwaelega mo e leng gore bontsi jwa baakgedi ba bolela fa Kgosi Hesekia yo o ikanyegang e ne e le rraagwemogologolwane. Fa e le gore e ne e le ene, go raya gore Sefania e ne e le wa losika lwa segosi, mme seno se ne se ka dira gore mafoko a gagwe a a bogale a go kgala dikgosana tsa Juta a nne le seriti tota gape go ne go ka bontsha gore e ne e le mosupi le moporofeti yo o pelokgale wa ga Jehofa. Tsela e a neng a itse dipopego tsa Jerusalema thata ka yone le dilo tse di neng di diragala mo kgotleng ya segosi e bontsha gore o ka tswa a ile a bolela dikatlholo tsa ga Jehofa mo moshateng oo ka boone.—Bona Sefania 1:8-11, dintlhanyana tse di kwa tlase go NW.
3 Se re se elang tlhoko ke gore, lefa Sefania a ne a bolela dikatlholo tsa Modimo kgatlhanong le “dikgosana” tsa batho ba Juta (batlotlegi, kana dikgosana tsa ditso) le “bomorwa kgosi,” le ka motlha ga a ise a ke a umake kgosi ka boyone fa a ntse a kgalema.a (Sefania 1:8; 3:3) Seno se supa gore Kgosi Josia yo mmotlana o ne a setse a bontshitse gore o rata kobamelo e e itshekileng, lefa gone, ka ntlha ya seemo se Sefania a neng a se kgala, go bonala gore o ne a ise a simolole diphetogo tse a neng a di tlisa tsa bodumedi. Seno sotlhe se supa gore Sefania o ne a porofeta kwa Juta mo dingwageng tsa kwa tshimologong tsa go busa ga ga Josia, yo o neng a busa go tloga ka 659 go ya go 629 B.C.E. Kwantle ga pelaelo tsela e Sefania a neng a porofeta ka tlhagafalo ka yone e ne ya dira gore Josia yo mmotlana a bone le go feta pele kobamelo ya medimo ya disetwa, thubakanyo, le tsietso e e neng e aname kwa Juta ka nako eo mme ya mo kgothaletsa gore moragonyana a tswe letsholo kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa.—2 Ditirafalo 34:1-3.
Mabaka a Gore Jehofa a Nne Bogale jo bo Fisang
4. Jehofa o ne a bua mafoko afe go bontsha kafa a galefetseng Juta le Jerusalema ka teng?
4 Jehofa o ne a na le lebaka le le utlwalang la go galefela baeteledipele le baagi ba Juta le moshate wa yone Jerusalema. O ne a bolela jaana a dirisa moporofeti wa gagwe Sefania: “Ke tlaa otlololela Juta letsogo la me, le banni botlhe ba Jerusalema, ke tlaa kgaola masalela a ga Baale a tloga mo felong fa, le leina la Kemarime le baperesiti nalo! Le ba ba obamelang bontsi jwa legodimo ba le mo godimo ga matlo; le ba ba obamang, ba ikanelang Jehofa ba ba ba ikana ka Milekame.”—Sefania 1:4, 5.
5, 6. (a) Bodumedi bo ne bo le mo seemong sefe kwa Juta mo motlheng wa ga Sefania? (b) Baeteledipele ba setšhaba kwa Juta le ba ba kwa tlase ga bone ba ne ba le mo boemong bofe?
5 Juta o ne a leswefaditswe ke dingwao tse di maswe tsa tsalo tsa kobamelo ya ga Baale, tepodinaledi ya bodimona, le kobamelo ya modimo wa boheitane e bong Milekame. Fa e le gore Milekame e ntse ke ene Moleke, jaaka bangwe ba akantsha, go raya gore kobamelo ya maaka ya kwa Juta e ne e akaretsa go ntsha bana ditlhabelo mo go makgapha. Mekgwa e e ntseng jalo ya bodumedi e ne e le makgapha mo matlhong a ga Jehofa. (1 Dikgosi 11:5, 7; 14:23, 24; 2 Dikgosi 17:16, 17) E ne e mo galefisa thata ka gonne baobamedi ba medimo ya disetwa ba ne ba santse ba ikana ka leina la ga Jehofa. O ne a se kitla a tlhola a letla makgapha a a ntseng jalo a bodumedi le gone o ne a tla tlosa baperesiti ba baheitane mmogo le ba batenegi.
6 Mo godimo ga moo, baeteledipele ba setšhaba kwa Juta ba ne ba le bosula. Dikgosana tsa gagwe di ne di tshwana le “ditau tse di dumang” tse di bogale, mme baatlhodi ba gagwe ba ne ba tshwana le “matlonkana” a a garolakang. (Sefania 3:3) Ba ba kafa tlase ga bone ba ne ba pegiwa molato wa gore ba “[tlatsa] ntlo ya mong wa bone ka thubako le tsietso.” (Sefania 1:9) Go rata dikhumo go ne go atile. Batho ba le bantsi ba ne ba dirisa seemo seo gore ba ikokoanyetse khumo.—Sefania 1:13.
Dipelaelo Kaga Letsatsi la ga Jehofa
7. Sefania o ne a porofeta ka lobaka lo lo kana kang pele ga “letsatsi le legolo la ga Jehofa,” mme Bajuta ba le bantsi ba ne ba le mo boemong bofe jwa semoya?
7 Jaaka re setse re bone, seemo se se tlhomolang pelo sa bodumedi se se neng se le teng mo motlheng wa ga Sefania se bontsha gore o ne a dira tiro ya gagwe ya go nna mosupi le moporofeti pele Kgosi Josia a simolola letsholo la gagwe kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa, mo e ka nnang ka 648 B.C.E. (2 Ditirafalo 34:4, 5) Ka jalo, Sefania o tshwanetse a bo a ne a porofeta bobotlana dingwaga di le 40 pele “letsatsi le legolo la ga Jehofa” le wela bogosi jwa Juta. Fa le ise le fitlhe, Bajuta ba le bantsi ba ne ba nna le dipelaelo mme ba ‘menoga’ ba se tlhole ba direla Jehofa, ba se ka ba tlhola ba nna le kgatlhego. Sefania o bua ka batho ba ba “se kang ba batla Jehofa, le fa e le go botsa ka ga gagwe.” (Sefania 1:6) Go bonala sentle gore batho kwa Juta ba ne ba sena sepe, ba sa itshwenye ka Modimo.
8, 9. (a) Ke eng fa Jehofa a ne a ka tlhatlhoba “banna ba ba itshekileng mo dintsh[e]ng tsa bone”? (b) Jehofa o ne a tla tlhoma leitlho ka ditsela dife mo baaging ba Juta le baeteledipele ba bone ba setšhaba le ba bodumedi?
8 Jehofa o ne a itsise boikaelelo jwa gagwe jwa go sekaseka batho ba ba ipolelang gore ke batho ba gagwe. Mo bathong ba ba neng ba ipolela gore ke baobamedi ba gagwe, o ne a tla batla ba ba neng ba na le dipelaelo mo dipelong tsa bone gore a o ka kgona go tsenelela mo dikgannyeng tsa batho kana gore a tota o ikaeletse go dira jalo. O ne a re: “Go tlaa dirala mo tsatsing leo, go re, ke tlaa kheleisa Jerusalema ka dipone; ke tlaa betsa banna ba ba itshekileng mo dintsh[e]ng tsa bone, ba ba buang mo pelong, ba re: ‘Jehofa ga a ketla a dira molemo, le gone ga a ketla a dira bosula.’” (Sefania 1:12) Polelwana e e reng “banna ba ba itshekileng mo dintsh[e]ng tsa bone” (e e lebisitseng mo go dirweng ga bojalwa jwa mofine) e kaya batho ba ba itshekileng, jaaka dintshe kwa tlase ga nkgo ya bojalwa, e bile ba sa batle go tshwenngwa ka go bolelelwa sepe ka se Modimo o tla tlogang o se dira go tsenelela mo dikgannyeng tsa batho.
9 Jehofa o ne a tla tlhoma leitlho mo baaging ba Juta le ba Jerusalema le mo baperesiteng ba bone ba ba neng ba kopantse kobamelo ya gagwe le boheitane. Fa ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile, jaaka e kete ba sireleditswe ke lefifi la bosigo mo gare ga dipota tsa Jerusalema, o ne a tla ba batla jaaka e kete o tshotse dipone tse di bogale tse di neng di tla tsenelela mo lefifing la semoya le ba neng ba tshabetse mo go lone. O ne a tla ba tshikinya gore ba tlogele go tlhokomologa bodumedi, la ntlha a dirisa melaetsa e e bogale ya katlholo, go tswa foo a bo a diragatsa dikatlholo tseo.
“Letsatsi le Legolo la ga Jehofa le Gaufi”
10. Sefania o ne a tlhalosa “letsatsi le legolo la ga Jehofa” jang?
10 Jehofa o ne a tlhotlheletsa Sefania gore a bolele jaana: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi, le gaufi le akofa thata, [modumo wa letsatsi la ga Jehofa o botlhoko, NW].” (Sefania 1:14) Eleruri batho botlhe—baperesiti, dikgosana le batho—ba ba neng ba gana go utlwa tlhagiso le go boela kwa kobamelong e e itshekileng ba ne ba tlelwa ke metlha e e botlhoko. Fa boporofeti jono bo tlhalosa letsatsi leo la go diragatsa katlholo, bo tswelela pele jaana: “Letsatsi leo ke letsatsi la go goa, letsatsi la tlalelo le pitlagano, letsatsi la kgakgabalo le tshwafalo, letsatsi la lefifi le [le] letobo, letsatsi la maru le lefifi le le kwenneng. Letsatsi la lonaka go lela, le mokgosi wa tshoso, go lelela metse e e thekeleditsweng, dikago tse di mo godimo ga dithako.”—Sefania 1:15, 16.
11, 12. (a) Jerusalema o ne a bolelelwa molaetsa ofe wa katlholo? (b) A khumo ya dithoto e ne e tla boloka Bajuta?
11 Masole a Babilone a ne a tla tlhasela Juta mo masomeng a sekae fela a dingwaga a a neng a tla feta ka bofefo. Jerusalema o ne a se kitla a falola. Dikarolo tsa yone tsa bonno le tsa kgwebo di ne di tla fedisiwa. “‘Mo tsatsing leo,’ go bua Jehofa, ‘go tlaa nna modumo wa go goa, o o tswang kgorong ya ditlhapi, le pokolelo e e tswang kgaoganong ya bobedi, le loratla lo logolo lo lo tswang kwa makhubung. Bokolelang, lona banni ba Makateše [karolo nngwe ya Jerusalema], gonne batho botlhe ba Kanana ba dirologile; botlhe ba ba neng ba belege selefera ba kgaotswe.’”—Sefania 1:10, 11, bapisa ntlhanyana e e kwa tlase go NW.
12 E re ka Bajuta ba le bantsi ba ne ba sa batle go dumela gore letsatsi la ga Jehofa le ne le le gaufi, ba ne ba tseneletse thata mo dikgwebong tse di busetsang madi a mantsi. Mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a dirisa moporofeti wa gagwe yo o ikanyegang e bong Sefania go bolelela pele gore khumo ya bone e ne e tla “tswa thopo, le matlo a bone tshwafalo.” Ba ne ba se kitla ba nwa bojalwa jwa mofine jo ba neng ba bo dirile le gone “selefera sa bone le gouta ya bone, [di ne di se kitla di] ba golola mo motlheng wa bogale jwa ga Jehofa.”—Sefania 1:13, 18.
Ditšhaba Tse Dingwe di a Atlholwa
13. Sefania o ne a bolela molaetsa ofe wa katlholo kgatlhanong le Moabe, Amone le Asiria?
13 Jehofa o ne a dirisa moporofeti wa gagwe e bong Sefania gape go tlhalosa kafa a galefetseng ditšhaba ka gone tse di neng di tshwere batho ba gagwe setlhogo. O ne a bolela jaana: “‘Ke utlwile kgobo ya Moabe le dikgalo tsa bana ba Amone, tse ba kgobileng batho ba me ka tsone, mme ba ikgodisetsa molelwane wa bone. Ke gone ka moo, jaaka ke tshedile,’ go bua Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele; ‘ruri Moabe o tlaa nna jaaka Sotoma, le bana ba Amo[n]e jaaka Gomora, e nna felo ga dikhi, le mahuti a lobu, le tshwafalo e e sa khutleng; . . . O tlaa otlololela lefatshe la botsheka letsogo la gagwe, o tlaa senya Asiria, o tlaa swafatsa Ninefe le nna lokgere jaaka bobidibidi jwa naga.’”—Sefania 2:8, 9, 13.
14. Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore ditšhaba di sele di ne di ‘ikgodisetsa’ Baiseraele le Modimo wa bone Jehofa?
14 Moabe le Amone e ne e le baba ba bogologolo ba Iseraele. (Bapisa Baatlhodi 3:12-14.) Leje la Moabe, le le kwa Musiamong wa Louvre kwa Paris, le gabilwe ka mafoko a boikgantsho a ga Kgosi Mesha wa kwa Moabe. O bolela ka boikgantsho kafa a neng a gapa metse ya Iseraele e le mentsi ka teng a thusiwa ke modimo wa gagwe Kemoshe. (2 Dikgosi 1:1) Jeremia, yo o neng a tshela mo motlheng wa ga Sefania, o ne a bua ka Baamone ba gapa naga ya Iseraele ya Gate ka leina la modimo wa bone Milekome. (Jeremia 49:1) Fa e le ka Asiria, Kgosi Shalemanesere V o ne a thopile Samaria e bile a mo gapile mo e ka nnang lekgolo la dingwaga pele ga motlha wa ga Sefania. (2 Dikgosi 17:1-6) Moragonyana, Kgosi Senakeribe o ne a tlhasela Juta, a gapa metse ya yone e e thekeleditsweng e le mentsi a ba a tshosetsa Jerusalema. (Isaia 36:1, 2) Mmueledi wa kgosi ya Asiria ruri o ne a ikgodisetsa Jehofa fa a ne a batla gore Jerusalema a ineele.—Isaia 36:4-20.
15. Jehofa o ne a tla nyenyafatsa jang medimo ya ditšhaba tse di neng di ikgodiseditse batho ba gagwe?
15 Pesalema 83 e umaka ditšhaba di le mmalwa, go akaretsa Moabe, Amone le Asiria, tse di neng tsa ikgodisetsa Iseraele, mme tsa bolela jaana ka boikgantsho: “Tlang, a re ba kgaoleng go tlhola e le morafe; gore leina la Iseraele le se tlhole le gopolwa gope.” (Pesalema 83:4) Moporofeti Sefania o ne a itsise ka bopelokgale gore ditšhaba tseno tsotlhe tse di ikgodisang le medimo ya tsone e ne e tla nyenyafadiwa ke Jehofa wa masomosomo. “Se ke sone se ba tlaa se bonang ka ga boikgodiso jwa bone, ka ba kgobile, ba ikgodiseditse batho ba ga Jehofa wa masomosomo. Jehofa o tlaa nna poitshego mo go bone; gonne o tlaa tlhora medimo yotlhe ya lefatshe; mme batho ba tlaa obamela one, mongwe le mongwe a le felong ga gagwe, e bong ditlhake tsotlhe tsa merafe.”—Sefania 2:10, 11.
‘Nnang lo Letile’
16. (a) Go atamela ga letsatsi la ga Jehofa go ne go itumedisa bomang, mme ka ntlha yang? (b) Masalela ano a a ikanyegang a ne a neelwa taelo efe e e tsibosang?
16 Lefa go otsela semoyeng, go belaela, go obamela medimo ya disetwa, go tsietsa le go rata dithoto go ne go atile mo baeteledipeleng le mo baaging ba le bantsi ba kwa Juta le Jerusalema, go bonala gore Bajuta bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba reetsa boporofeti jwa ga Sefania jo bo tlhagisang. Ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke ditiro tse di makgapha tsa dikgosana, baatlhodi le baperesite ba Juta. Mafoko a ga Sefania a ne a kgothatsa batho bano ba ba ikanyegang. Go na le gore e nne sengwe se se hutsafatsang, go atamela ga letsatsi la ga Jehofa go ne go ba itumedisa, ka gonne go ne go tla emisa ditiro tseo tse di makgapha. Masalela ano a a ikanyegang a ne a utlwa taelo eno e e tsibosang ya ga Jehofa: “‘Ke gone, [nnang lo ntetetse],’ go bua Jehofa, ‘go tsamaya letsatsi le fitlha le ke tlaa nanogelang thopo ka lone; gonne boikaelelo jwa me ke go phutha merafe, gore ke kokoanye magosi, go tla ke gorometsa tšhakgalo ya me mo go one, e bong bogale jwa me jotlhe jo bo fisang.’”—Sefania 3:8.
17. Melaetsa ya ga Sefania ya katlholo e ne ya simolola go diragadiwa mo ditšhabeng leng le gone jang?
17 Ba ba neng ba utlwa tlhagiso eo ga ba a ka ba gakgamala. Ba le bantsi ba ne ba ntse ba tshela fa boporofeti jwa ga Sefania bo diragadiwa. Ka 632 B.C.E., Ninife o ne a gapiwa a bo a senngwa ke batho ba ba neng ba itirile seoposengwe ba Bababilone, Bameta, le boidiidi jo bo tswang kwa bokone, gongwe e le Basethia. Rahisitori Will Durant o anela jaana: “Masole a Bababilone a eteletswe pele ke Nabopolassar a ne a kopana le sesole sa Bameta se eteletswe pele ke Cyaxares le boidiidi jwa Basethia ba tswa kwa Caucasus, mme ka tsela e e motlhofo fela le ka bofefo jo bo gakgamatsang ba gapa mafelo a itshireletso a kwa bokone. . . . Asiria o ne a phimolwa mo hisitoring ka motsotswana fela.” Sefania o ne a porofetile sone fela seo.—Sefania 2:13-15.
18. (a) Katlholo ya Modimo e ne ya diragadiwa jang mo Jerusalema, mme ka ntlha yang? (b) Boporofeti jwa ga Sefania kaga Moabe le Amone bo ne jwa diragadiwa jang?
18 Bajuta ba le bantsi ba ba neng ba nna ba letetse Jehofa gape ba ne ba kgona go bona dikatlholo tsa gagwe di diragadiwa mo Juta le mo Jerusalema. Sefania o ne a porofetile jaana kaga Jerusalema: “A bo go latlhega ene yo o serukhutlhi yo o itshekologileng, e bong motse o o patikang! Ga o a ka wa utlwa lentswe; ga o a ka wa amogela thuto; ga o a ka wa ikanya mo go Jehofa; ga o a ka wa atamela Modimo wa one.” (Sefania 3:1, 2) Ka ntlha ya go sa ikanyege ga Jerusalema, o ne a thopiwa gabedi ke Bababilone mme kgabagare a gapiwa a bo a senngwa ka 607 B.C.E. (2 Ditirafalo 36:5, 6, 11-21) Fa e le ka Moabe le Amone, go ya ka rahisitori wa Mojuta e bong Josephus, mo ngwageng wa botlhano Jerusalema a sena go senngwa, Bababilone ba ne ba ba lwantsha ba ba fenya. Ka jalo ba ne ba nyelela, jaaka go ne go porofetilwe.
19, 20. (a) Jehofa o ne a duela jang batho ba ba neng ba nna ba mo letetse? (b) Ke eng fa ditiragalo tseno di re ama, mme go tla sekasekiwa eng mo setlhogong se se latelang?
19 Go diragadiwa ga dintlha tseno le tse dingwe mo boporofeting jwa ga Sefania e ne e le boitemogelo jo bo neng bo nonotsha Bajuta le batho ba e seng Bajuta tumelo ba ba neng ba nna ba letetse Jehofa. Bangwe ba bao ba neng ba falola fa Juta le Jerusalema e senngwa e ne e le Jeremia, Ebetemeleke wa Moethiopia, le ba ntlo ya ga Jonatabe wa Morekabe. (Jeremia 35:18, 19; 39:11, 12, 16-18) Bajuta ba ba ikanyegang ba ba neng ba le kwa botshwarwa le bana ba bone, ba ba neng ba tswelela pele ba letela Jehofa, ba ne ba nna bangwe ba masalela a a itumetseng ao a neng a gololwa kwa Babilone ka 537 B.C.E. mme ba boela kwa Juta ba ya go simolola kobamelo e e itshekileng sesha.—Esere 2:1; Sefania 3:14, 15, 20.
20 Seno sotlhe se botlhokwa ka eng mo motlheng wa rona? Seemo sa motlha wa ga Sefania se tshwana ka ditsela di le dintsi le dilo tse di makgapha tse di diragalang mo go Labokeresete gompieno. Mo godimo ga moo, maikutlo a a farologaneng a Bajuta ba motlha oo a tshwana le a a ka fitlhelwang gompieno, ka dinako tse dingwe le e leng mo bathong ba ga Jehofa. Tseno ke dintlha tse di tla sekasekiwang mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go lebega gore polelwana e e reng “bomorwa kgosi” e kaya dikgosana tsotlhe tsa kwa bogosing, e re ka bomorwawe Josia ka namana bone ba ne ba le babotlana thata ka nako eo.
Fa re Boeletsa
◻ Boemo jwa bodumedi bo ne bo ntse jang kwa Juta mo motlheng wa ga Sefania?
◻ Boemo e ne e le bofe mo baeteledipeleng ba setšhaba, mme batho ba le bantsi ba ne ba ikutlwa jang?
◻ Ditšhaba di ne tsa ikgodisetsa batho ba ga Jehofa jang?
◻ Sefania o ne a neela Juta le ditšhaba tse dingwe tlhagiso efe?
◻ Batho ba ba neng ba nna ba letetse Jehofa ba ne ba duelwa jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Leje la Moabe le tlhomamisa gore Kgosi Mesha wa Moabe o ne a bua mafoko a tlhapatso kgatlhanong le Iseraele wa bogologolo
[Motswedi wa Setshwantsho]
Moabite Stone: Musée du Louvre, Paris
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Letlapa leno le le kwadilweng ka mokwalo wa mekgwaritso e e tshwanang le dimapo la Ditiragalo tsa Babilone le tshegetsa boporofeti jwa ga Sefania ka go tlhalosa gore Ninife e sentswe ke masole a a neng a itirile seoposengwe
[Motswedi wa Setshwantsho]
Cuneiform tablet: Courtesy of The British Museum