Tempele ya ga Jehofa e Kgolo ya Semoya
“Re na le moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo, . . . e le modiredi wa felo ga boitshepo, le wa motlaagana wa ammaaruri o Morena o o tlhomileng, e seng motho.”—BAHEBERE 8:1, 2.
1. Modimo o ne a direla batho ba ba leofileng thulaganyo efe e e bontshang lorato?
JEHOFA MODIMO, ka ntlha ya go rata batho fela thata, o ne a tlisa setlhabelo se se neng se tla tlosa maleo a lefatshe. (Johane 1:29; 3:16) Go ne ga tlhoka gore a fetole botshelo jwa Morwawe wa motsalwapele go tswa kwa legodimong a bo tsenye mo sebopelong sa lekgarebane la Mojuta le le bidiwang Marea. Moengele wa ga Jehofa o ne a tlhalosetsa Marea sentle gore ngwana yo a neng a tla mo ima o ne a “tlaa bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.” (Luke 1:34, 35) Josefe, yo o neng a beeleditse Marea, o ne a bolelelwa kafa Jesu a neng a imilwe ka kgakgamatso ka teng le gore o ne a tla “[golola] batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.”—Mathaio 1:20, 21.
2. Jesu o ne a dira eng fa a ne a le dingwaga di ka nna 30, mme ka ntlha yang?
2 Fa Jesu a ntse a gola, o tshwanetse a bo a ile a tlhaloganya dingwe tsa dintlha tseno kaga go tsholwa ga gagwe ka kgakgamatso. O ne a itse gore Rraagwe wa selegodimo o ne a mmeetse tiro e e bolokang matshelo mo lefatsheng. Ka jalo, fa e setse e le monna yo o godileng a ka nna dingwaga di le 30, Jesu o ne a ya kwa moporofeting wa Modimo e bong Johane gore a mo kolobetse mo Nokeng ya Joretane.—Mareko 1:9; Luke 3:23.
3. (a) Jesu o ne a kaya eng ka mafoko a a reng, “O ganne setlhabelo le tshupelo”? (b) Jesu o ne a tlhomela batho botlhe ba ba batlang go nna barutwa ba gagwe sekao sefe se se tlhomologileng?
3 Jesu o ne a rapela fa a kolobediwa. (Luke 3:21) Go bonala gore go tloga ka nako eno go ya pele mo botshelong jwa gagwe, o ne a diragatsa mafoko a Pesalema 40:6-8, jaaka moaposetoloi Paulo a ne a bontsha moragonyana: “O ganne setlhabelo le tshupelo, mme wa mpaakanyetsa mmele.” (Bahebere 10:5) Ka jalo Jesu o ne a bontsha gore o lemoga gore Modimo “o ganne” gore ditlhabelo tsa diphologolo di ka tswelela pele di isiwa kwa tempeleng e e kwa Jerusalema. Go na le moo, o ne a lemoga gore Modimo o ne a mmaakanyeditse mmele wa motho o o itekanetseng gore ene Jesu a kgone go o ntsha setlhabelo. Seno se ne se tla dira gore go se ka ga tlhola go tlhokega go isa diphologolo ditlhabelo. Go bontsha gore o eletsa go tswa mo pelong gore a ineele go dira thato ya Modimo, Jesu o ne a tswelela pele a rapela jaana: “‘Bona, ke tsile go dira go rata ga gago, Modimo.’ jaaka go kwadilwe ka ga me mo kabong ya lokwalo.” (Bahebere 10:7) A bo e le sekao se sentle jang ne sa bopelokgale le boineelo jo bo senang bopelotshetlha se Jesu a neng a se tlhoma mo letsatsing leo a se tlhomela batho botlhe ba moragonyana ba neng ba tla nna barutwa ba gagwe!—Mareko 8:34.
4. Modimo o ne a bontsha jang gore o amogela go intsha ga ga Jesu setlhabelo?
4 A Modimo o ne a bontsha gore o amogela thapelo ya ga Jesu ya fa a kolobediwa? Mma mongwe wa baaposetoloi ba ba tlhophilweng ba ga Jesu a re neye karabo: “Jesu o rile a sena go kolobediwa, a tlhamalala a tlhatloga a tswa fa metsing; mme bonang, magodimo a mo atlhamologela, mme a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi o fologela mo go ene; mme bonang, lentswe la tswa mo magodimong la re: ‘Yo ke morwaake yo o rategang, yo ke itumelang thata mo go ene.’”—Mathaio 3:16, 17; Luke 3:21, 22.
5. Sebeso sa tempele ya mmatota se ne se tshwantshetsa eng?
5 Lebaka la go bo Modimo a ne a amogela mmele wa ga Jesu gore o isiwe setlhabelo le ne le bontsha gore, ka tsela ya semoya, go ne go setse go dira sebeso se se fetang se se mo tempeleng ya Jerusalema. Sebeso sa mmatota se go neng go isiwa diphologolo mo go sone se ne se tshwantshetsa sebeso seo sa semoya, se tota e neng e le “thato” ya Modimo kana thulaganyo ya gagwe ya go amogela botshelo jwa ga Jesu jwa motho e le setlhabelo. (Bahebere 10:10) Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a neng a ka kwalela Bakeresetekaene jaana: “Rona re na le sebeso se bone ba ba direlang motlaagana [kana, tempele] ba se nang tshiamelo ya go ja ga sone.” (Bahebere 13:10) Ka mafoko a mangwe, Bakeresete ba boammaaruri ba solegelwa molemo ke setlhabelo sa maemo a a kwa godimo thata se se duelelang maleo, se bontsi jwa baperesiti ba Bajuta bo se ganneng.
6. (a) Ke eng se se neng sa diragala fa Jesu a ne a kolobediwa? (b) Sereto sa Mesia, kana Keresete, se kaya eng?
6 Go tlodiwa ga ga Jesu ka moya o o boitshepo go ne go kaya gore jaanong Modimo o ne a tlisitse thulaganyo ya gagwe yotlhe ya tempele ya semoya, Jesu e le Moperesiti yo Mogolo. (Ditiro 10:38; Bahebere 5:5) Morutwa Luke o ne a tlhotlhelediwa gore a tlhalose gore ngwaga wa tiragalo eno ya botlhokwa e ne e le “ngwaga wa 15 wa puso ya ga Kaesare Tiberio.” (Luke 3:1-3) Seo se dumalana le ngwaga wa 29 C.E.—dibeke di le 69 tota tsa dingwaga, kana dingwaga di le 483, go tloga ka nako ya fa Kgosi Areteserese a ne a ntsha taolo ya gore dipota tsa Jerusalema di agiwe sesha. (Nehemia 2:1, 5-8) Go ya ka boporofeti, “Mesia Moeteledipele” o ne a tla tla ka ngwaga o o boleletsweng pele oo. (Daniele 9:25, NW) Go bonala gore Bajuta ba le bantsi ba ne ba itse ka seno. Luke o bega gore “batho [ba ne] ba le mo tebelelong” kaga go tla ga Mesia, kana Keresete, direto tse di tswang mo mafokong a Sehebera le a Segerika a a nang le bokao jo bo tshwanang, “motlodiwa.”—Luke 3:15.
7. (a) Modimo o ne a tlotsa leng lefelo la “Boitshepo mo go Itshepileng,” mme seno se ne se kaya eng? (b) Ke eng gape se se neng sa diragalela Jesu ka nako ya fa a ne a kolobediwa?
7 Ka nako ya go kolobediwa ga ga Jesu, bonno jwa Modimo jwa selegodimo bo ne jwa tlodiwa, kana jwa tlhaolwa, e le “felo ga boitshepo mo go itshepileng” mo thulaganyong ya tempele e kgolo ya semoya. (Daniele 9:24) “Motlaagana [kana, tempele] wa ammaaruri o Morena o o tlhomileng, e seng motho” o ne o setse o dira. (Bahebere 8:2) Gape, ka go kolobediwa ga gagwe ka metsi le moya o o boitshepo, monna yono Jesu Keresete o ne a tsalwa sesha e le Morwa Modimo wa semoya. (Bapisa Johane 3:3.) Seno se ne se raya gore fa nako e ntse e ya Modimo o ne a tla busetsa Morwawe kwa botshelong jwa selegodimo, koo a neng a tla direla kafa letsogong la ga Rraagwe le legolo teng e le Kgosi le Moperesiti yo Mogolo “ka bosakhutleng, ka fa mokgweng wa ga Melekiseteke.”—Bahebere 6:20; Pesalema 110:1, 4.
Boitshepo Jwa Maitshepo Jwa Selegodimo
8. Jaanong setulo sa Modimo sa bogosi kwa legodimong se ne se na le maemo afe a masha?
8 Ka letsatsi la kolobetso ya ga Jesu, setulo sa bogosi sa Modimo sa selegodimo se ne se nnile le maemo a masha. Lebaka la go bo go ne ga tlhophiwa setlhabelo sa motho yo o itekanetseng gore se duelele maleo a lefatshe le bontshitse boitshepo jwa Modimo go farologana le boleo jwa motho. Boutlwelobotlhoko jwa Modimo bo ne jwa bontshiwa gape le ka gonne a ne a bontsha gore jaanong o iketleeditse go agisana kana go letlanngwa le batho. Ka jalo setulo sa Modimo sa bogosi kwa legodimong se ne se setse se tshwana le phaposi e e kwa teng ya tempele, koo moperesiti yo mogolo a neng a tsena teng gangwe fela ka ngwaga a tshotse madi a diphologolo a tlile go duelela boleo ka tsela ya tshwantshetso.
9. (a) Sesiro se se fa gare ga lefelo la Boitshepo le Boitshepo jwa Maitshepo se ne se tshwantshetsa eng? (b) Jesu o ne a tsena jang ka kwa ga sesiro sa tempele ya Modimo ya semoya?
9 Sesiro se se neng se kgaoganya lefelo la Boitshepo le Boitshepo jwa Maitshepo se ne se tshwantshetsa mmele wa ga Jesu wa nama. (Bahebere 10:19, 20) E ne e le sekgoreletsi se se neng se kganela Jesu go tsena mo lefelong la ga Rraagwe fa a ne a santse a le motho mo lefatsheng. (1 Bakorinthe 15:50) Ka nako ya loso lwa ga Jesu, “sesiro sa tempele [se ne] sa gagoga ka bogare, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase.” (Mathaio 27:51) Seno se ne se bontsha ka tsela e e gakgamatsang gore sekgoreletsi se se neng se kganela Jesu go tsena kwa legodimong jaanong se ne se tlositswe. Malatsi a le mararo moragonyana, Jehofa Modimo o ne a dira kgakgamatso e e tlhomologileng. O ne a tsosa Jesu mo losong, e se motho wa nama le madi yo o swang, mme e le sebopiwa se se galalelang sa moya “a ntse ka bosakhutleng.” (Bahebere 7:24) Malatsi a le 40 moragonyana, Jesu o ne a tlhatlogela kwa legodimong mme a tsena kwa “felo[ng] ga boitshepo mo go itshepileng” ga mmatota “go tla a bonalela rona jaanong fa pele ga sefatlhogo sa Modimo.”—Bahebere 9:24.
10. (a) Go ne ga diragala eng fa Jesu a sena go isa tlhwatlhwa ya setlhabelo sa gagwe kwa go Rraagwe wa selegodimo? (b) Go tlodiwa ka moya o o boitshepo go ne go kaya eng mo barutweng ba ga Keresete?
10 A Modimo o ne a amogela tlhwatlhwa ya madi a ga Jesu a a tsholotsweng e le tuelo ya maleo a lefatshe? Ee ruri, o ne a a amogela. Bosupi jwa seno bo ne jwa bonala malatsi a le 50 tota Jesu a sena go tsosiwa, ka letsatsi la moletlo wa Pentekosete. Moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa tshololelwa barutwa ba ba 120 ba ga Jesu ba ba neng ba kgobokane mmogo kwa Jerusalema. (Ditiro 2:1, 4, 33) Jaaka Moperesiti yo Mogolo wa bone, Jesu Keresete, jaanong ba ne ba tloleditswe go direla e le “boperisiti jo bo itshepileng jwa go isa ditlhabelo tsa semowa” mo thulaganyong e kgolo ya tempele ya Modimo ya semoya. (1 Petere 2:5) Mo godimo ga moo, batlodiwa bano ba ne ba bopa setšhaba se sesha, “morafe o o boitshepo” wa Modimo wa Iseraele wa semoya. Go tloga ka nako eo, boporofeti jotlhe jwa dilo tse di siameng ka ga Iseraele, jaaka tsholofetso ya “kgolagano e ntšha” jo bo kwadilweng mo go Jeremia 31:31, bo ne bo tla diragadiwa mo phuthegong ya Bakeresete ba ba tloditsweng, e leng “Iseraele wa Modimo” tota.—1 Petere 2:9; Bagalatia 6:16.
Dikarolo Tse Dingwe Tsa Tempele ya Modimo ya Semoya
11, 12. (a) Mo kgannyeng ya ga Jesu, lelwapana la baperesiti le ne le tshwantshetsa eng, mme le tshwantshetsa eng mo balateding ba gagwe ba ba tloditsweng? (b) Mogopo wa metsi o tshwantshetsa eng, mme o dirisiwa jang?
11 Lefa lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo le ne le tshwantshetsa “le e leng legodimo tota,” koo Modimo a dutseng mo setulong sa bogosi teng, dilo tse dingwe tsotlhe tsa tempele ya Modimo ya semoya di amana le dilo tse di mo lefatsheng. (Bahebere 9:24) Mo tempeleng e e kwa Jerusalema, go ne go na le lelwapana le le kwa teng la baperesiti le na le sebeso sa setlhabelo le mogopo o mogolo wa metsi, o baperesiti ba neng ba o dirisa go iphepafatsa pele ba dira tirelo e e boitshepo. Dilo tseno di tshwantshetsa eng mo thulaganyong ya Modimo ya tempele ya semoya?
12 Ka Jesu Keresete, lelwapana le le kwa teng la baperesiti le ne le tshwantshetsa boemo jwa gagwe jwa go tlhoka boleo e le Morwa yo o itekanetseng wa motho wa Modimo. Ka go bontsha tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu, balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete ba kaiwa ba siame. Ka jalo, Modimo o ka dirisana le bone ka tshwanelo jaaka e kete ga ba na boleo. (Baroma 5:1; 8:1, 33) Ka gone, lelwapana leno gape le tshwantshetsa boemo jo bo siameng jwa batho jo maloko a boperesiti jo bo boitshepo a bo neilweng, jo a nang le jone fa pele ga Modimo. Ka nako e e tshwanang, Bakeresete ba ba tloditsweng ba santse ba sa itekanela e bile ba ka leofa. Mogopo wa metsi mo lelwapaneng o tshwantshetsa Lefoko la Modimo, le Moperesiti yo Mogolo a le dirisang go phepafatsa boperesiti jo bo boitshepo kgato ka kgato. Ka go ineela mo thulaganyong eno ya go phepafadiwa, ba setse ba na le ponalo e ntle e e tlotlang Modimo e e gogelang batho ba ba kwantle mo kobamelong ya gagwe e e boitshepo.—Baefeso 5:25, 26; bapisa Malaki 3:1-3.
Lefelo la Boitshepo
13, 14. (a) Lefelo la Boitshepo jwa tempele le tshwantshetsa eng mo kgannyeng ya ga Jesu le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng? (b) Setlhomo sa dilampa sa gouta se tshwantshetsa eng?
13 Karolo ya ntlha ya tempele e tshwantshetsa boemo jo bo kwa godimo go na le jwa lelwapana. Mo go Jesu Keresete yo e leng motho yo o itekanetseng, e tshwantshetsa go tsalwa ga gagwe sesha e le Morwa wa Modimo wa semoya yo o tla boelang kwa botshelong jwa selegodimo. Fa balatedi bano ba ba tloditsweng ba sena go kaiwa ba siame ka ntlha ya tumelo ya bone mo mading a ga Keresete a a tsholotsweng, le bone ba bona tiro eno e e kgethegileng ya moya wa Modimo. (Baroma 8:14-17) Ba “tsalwa seša” jaaka barwa ba Modimo ba semoya ka “metsi [ke gore, fa ba kolobediwa] le Mowa.” Ka jalo, ba na le tsholofelo ya go tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo e le barwa ba Modimo ba semoya, fa fela ba ka nna ba ikanyega go fitlha ba swa.—Johane 3:5, 7; Tshenolo 2:10.
14 Baperesiti ba ba neng ba direla mo lefelong la Boitshepo mo tempeleng ya mo lefatsheng ba ne ba sa bonwe ke baobamedi ba ba kwa ntle. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba ba tloditsweng ba mo boemong jwa semoya jo bontsi jwa baobamedi ba Modimo ba senang jone e bile ba sa bo tlhaloganye ka botlalo ka ba solofetse go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Setlhomo sa dilampa sa gouta sa motlaagana se tshwantshetsa boemo jwa go nna le lesedi jwa Bakeresete ba ba tloditsweng. Go dira ga moya o o boitshepo wa Modimo, fela jaaka lookwane lo lo mo dilampeng, go bonesa Baebele. Se Bakeresete ba se tlhaloganyang ka ntlha ya seo, ga ba se ipolokele. Go na le moo, ba utlwa Jesu, yo o neng a re: “Ke lona lesedi la lefatshe. . . . A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, mme ba galaletse Rraeno yo o kwa legodimong.”—Mathaio 5:14, 16.
15. Senkgwe se se mo tafoleng ya senkgwe se se sa bedisiwang se tshwantshetsa eng?
15 Gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba tswelele pele ba le mo leseding jalo, ba tshwanetse gore ka metlha ba je mo go se se tshwantshediwang ke senkgwe se se mo tafoleng ya senkgwe se se sa bedisiwang. Motswedi wa bone o mogolo wa dijo tsa semoya ke Lefoko la Modimo, le ba lekang go le bala le go tlhatlhanya ka lone letsatsi le letsatsi. Gape Jesu o ne a solofetsa go ba naya “dijo ka dipaka tse e leng tsone” ka “motlhanka [wa gagwe] yo o boikanngo le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) “Motlhanka” yono ke setlhopha sotlhe sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ka nako nngwe le nngwe fela. Keresete o dirisitse setlhopha seno sa batlodiwa go gatisa tshedimosetso kaga go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele le go neela kaelo e e mo nakong malebana le go dirisiwa ga melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi jwa segompieno. Ka gone, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ikotla ka dithulaganyo tsotlhe tse di ntseng jalo tsa semoya ba bontsha go anaanela. Mme lefa go ntse jalo se se tshegetsang matshelo a bone a semoya ga se go nna le kitso fela ka Modimo mo megopolong ya bone le mo dipelong tsa bone. Jesu o ne a re: “Sejo sa me ke go dira go rata ga yo o nthomileng, le go wetsa tiro ya gagwe.” (Johane 4:34) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba ba tloditsweng ba nna le kgotsofalo ka go leka ka natla malatsi otlhe gore ba dire thato e e senotsweng ya Modimo.
16. Tirelo ya kwa sebesong sa maswalo e tshwantshetsa eng?
16 Mo mosong le mo maitseboeng, moperesiti o ne a isetsa Modimo tshupelo ya maswalo mo sebesong sa maswalo mo lefelong la Boitshepo. Ka yone nako eo, baobamedi ba e seng baperesiti ba ne ba rapela Modimo ba eme mo malwapaneng a a kafa ntle a tempele ya gagwe. (Luke 1:8-10) Baebele e tlhalosa gore “maswalo” ke “merapelo ya baitshepi.” (Tshenolo 5:8) Mopesalema Dafite o ne a kwala jaana: “A morapelo wa me o rangwe fa pele ga gago jaaka maswalo.” (Pesalema 141:2) Bakeresete ba ba tloditsweng le bone ba rata tshiamelo ya bone thata ya gore ba ka ya kwa go Jehofa ka thapelo ba tsena ka Jesu Keresete. Dithapelo tse di tswang mo pelong di tshwana le maswalo a a nkgang monate. Bakeresete ba ba tloditsweng le bone ba baka Modimo ka ditsela tse dingwe, ba dirisa dipounama tsa bone go ruta ba bangwe. Go itshoka ga bone fa go na le mathata le bothokgami jwa bone fa go na le teko di itumedisa Modimo fela thata.—1 Petere 2:20, 21.
17. Setshwantsho sa boporofeti sa go tsena ga moperesiti ka lekgetlho la ntlha mo teng ga lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo ka Letsatsi la Tetlanyo se ne sa diragadiwa jang?
17 Ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo wa Iseraele o ne a tshwanetse go tsena mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo go ya go fisa maswalo mo sejaneng sa gouta sa maswalo se na le magala a a fisang. Seno se ne se tshwanetse go dirwa pele a tlisa madi a ditshupelo tsa boleo. E le go diragatsa setshwantsho seno sa boporofeti, monna Jesu o ne a nna a ikanyega ka tsela e e feletseng mo go Jehofa Modimo pele a ntsha botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo se le sosi se se nnelang ruri a se ntshetsa maleo a rona. Ka jalo o ne a supa gore motho yo o itekanetseng a ka ikanyega mo Modimong go sa kgathalesege kgatelelo e Satane a mo tlisetsang yone. (Diane 27:11) Fa a ne a lekwa, Jesu o ne a dirisa thapelo “e e nang le selelo se setona, le dikeledi [mme a] utlwiwa ka ntlha ya go boifa Modimo ga gagwe.” (Bahebere 5:7) Ka tsela eno o ne a galaletsa Jehofa jaaka Molaodi yo o siameng le yo o tshwanetseng wa lobopo. Modimo o ne a duela Jesu ka go mo tsosa mo losong gore a bone botshelo jwa go sa sweng kwa legodimong. A le mo boemong jono jo bo kwa godimo, Jesu o tlhoma mogopolo mo lebakeng la bobedi la go tla ga gagwe mo lefatsheng, e leng go letlanya baleofi ba batho ba ba ikwatlhayang le Modimo.—Bahebere 4:14-16.
Kgalalelo e Kgolwane ya Tempele ya Modimo ya Semoya
18. Jehofa o tlisitse kgalalelo e e tlhomologileng jang mo tempeleng ya gagwe ya semoya?
18 Jehofa o ne a bolelela pele gore, “kgalalelo ya morago ya ntlo e, e tlaa nna kgolo bogolo go ya pele.” (Hagai 2:9) Ka go tsosa Jesu e le Kgosi le Moperesiti yo Mogolo yo o sa sweng, Jehofa o ne a tlisa kgalalelo e e tlhomologileng mo tempeleng ya gagwe ya semoya. Jaanong Jesu o mo seemong sa gore a ka tlisa “poloka e e sa khutleng mo go botlhe ba ba mo utlwang.” (Bahebere 5:9) Batho ba ntlha go bontsha kutlo jalo e ne e le barutwa ba ba 120 ba ba neng ba amogela moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. Buka ya Tshenolo e ne ya bolelela pele gore barwa bano ba semoya ba Iseraele kgabagare ba ne ba tla tshwara 144 000. (Tshenolo 7:4) Fa ba le bantsi mo go bone ba sena go swa, ba ne ba tshwanelwa ke go robala ba sa ikutlwe mo lebitleng le le tlwaelegileng la batho, ba emetse nako ya go nna gone ga ga Jesu e le kgosi. Tlhatlhamano ya metlha ya boporofeti e e mo go Daniele 4:10-17, 20-27 e supa fa 1914 e le nako ya gore Jesu a simolole go busa mo gare ga baba ba gagwe. (Pesalema 110:2) Masome a dingwaga pele ga foo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba emela ngwaga oo ka tlhoafalo. Ntwa ya ntlha ya lefatshe le ditatlhego tse di tlileng le yone mo bathong e ne ya nna bosupi jwa gore ruri Jesu o ne a bewa mo setulong sa bogosi e le Kgosi ka 1914. (Mathaio 24:3, 7, 8) Nakwana fela morago ga foo, fa go sena go tla nako ya gore “tshekiso e simolole mo ntlong ya Modimo,” Jesu o ne a tla diragatsa se a neng a se solofeditse barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba neng ba robetse mo losong a re: “Ke tlaa tla gape, mme ke tlaa lo itsholela.”—1 Petere 4:17; Johane 14:3.
19. Masalela a ba ba 144 000 a tla tsena jang mo teng ga lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo la selegodimo?
19 Maloko a a 144 000 a boperesiti jo bo boitshepo ga a ise a kanwe la bofelo otlhe le go isiwa kwa legaeng la one la selegodimo. Masalela a bone a santse a tshela mo lefatsheng mo boemong jwa semoya jo bo tshwantsheditsweng ke lefelo la Boitshepo, le kgaogantswe le lefelo le Modimo a leng kwa go lone le le boitshepo ka “sesiro,” kana sekgoreletsi sa mebele ya bone ya senama. Fa bano ba ntse ba swa ba ikanyega, ba tsosiwa ka ponyo ya leitlho e le dibopiwa tse di sa sweng tsa semoya go ya go kopana le bangwe ba ba ba 144 000 ba ba setseng ba le kwa legodimong.—1 Bakorinthe 15:51-53.
20. Masalela a boperesiti jo bo boitshepo a dira tiro efe ya botlhokwa gone jaanong, mme go nna le diphelelo dife?
20 E re ka go na le baperesiti ba le bantsi jaana ba ba direlang mmogo le Moperesiti yo Mogolo kwa legodimong, tempele ya Modimo ya semoya e amogetse kgalalelo e e oketsegileng. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba setseng ba boperesiti jo bo boitshepo ba dira tiro ya botlhokwa mo lefatsheng. Modimo o dirisa go rera ga bone go “reketlisa merafe yotlhe” ka mafoko a gagwe a katlholo, jaaka go boleletswe pele mo go Hagai 2:7. Ka nako e e tshwanang, dimilione tsa baobamedi ba ba tlhalositsweng e le “dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe” ba ologela mo malwapaneng a a mo lefatsheng a tempele ya ga Jehofa. Bano ba tsena fa kae mo thulaganyong ya kobamelo ya Modimo, mme re ka lebelela kgalalelo efe e e tlang mo tempeleng ya gagwe e kgolo ya semoya? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Jesu o ne a tlhoma sekao sefe se se tlhomologileng ka 29 C.E.?
◻ Ke thulaganyo efe e e neng ya simolola go dira ka 29 C.E.?
◻ Ke eng se se tshwantshediwang ke lefelo la Boitshepo le la Boitshepo jwa Maitshepo?
◻ Tempele e kgolo ya semoya e ile ya galalediwa jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Fa Jesu a ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo ka 29 C.E., tempele e kgolo ya Modimo ya semoya e ne ya simolola go dira