“Ntlo ya Thapelelo ya Merafe Yotlhe”
“A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo ya merafe yotlhe’?”—MAREKO 11:17.
1. Kwa tshimologong Atame le Efa ba ne ba na le botsalano jo bo ntseng jang le Modimo?
FA ATAME le Efa ba ne ba bopiwa, ba ne ba na le botsalano jo bo gaufi le Rraabone wa selegodimo. Jehofa Modimo o ne a buisana le bone a bo a ba tlhalosetsa maikaelelo a gagwe a a molemolemo ka losika lwa batho. Kwantle ga pelaelo, gantsi ba ne ba tlhotlheletsega go baka Jehofa thata ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse dikgolo tsa popo. Fa Atame le Efa ba ne ba tlhoka kaelo fa ba ntse ba akanya ka seabe sa bone sa mo isagweng fa ba tla bo ba le rraagwe le mmaagwe lelapa la batho, ba ne ba kgona go bua le Modimo ba le gongwe le gongwe fela mo legaeng la bone la Paradaise. Ba ne ba sa tlhoke tirelo ya moperesiti mo tempeleng.—Genesise 1:28.
2. Go ne ga direga phetogo efe fa Atame le Efa ba ne ba leofa?
2 Boemo bo ne jwa fetoga fa moengele mongwe wa motsuolodi a ne a raela Efa gore a akanye gore botshelo jwa gagwe bo ne bo tla tokafala fa a ne a ka gana go laolwa ke Jehofa, a mmolelela gore o ne a tla “nna jaaka Modimo.” Ka jalo Efa o ne a ja loungo lwa setlhare se Modimo o neng o sa ba dumelela gore ba je maungo a sone. Go tswa foo Satane o ne a dirisa Efa gore a raele monna wa gagwe. Ka maswabi, Atame o ne a reetsa mosadi wa gagwe yo o leofileng, a bontsha gore o ne a tsaya botsalano jwa gagwe le ene bo le botlhokwa go feta botsalano jwa gagwe le Modimo. (Genesise 3:4-7) E bile tota, Atame le Efa ba ne ba tlhopha Satane go nna modimo wa bone.—Bapisa 2 Bakorinthe 4:4.
3. Go tsuologa ga ga Atame le Efa go ne ga nna le diphelelo dife tse di bosula?
3 Ka go dira jalo, banyalani ba ntlha ba batho ba ne ba latlhegelwa ke botsalano jwa bone jo bo tlhwatlhwakgolo le Modimo mmogo le tebelelo ya go tshelela ruri mo paradaiseng e e mo lefatsheng. (Genesise 2:16, 17) Kgabagare mebele ya bone e e leofileng e ne ya nnela go koafala go fitlha ba swa. Bana ba bone ba ne ba rua boemo jono jwa boleo. Baebele e tlhalosa jaana: “Mme jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe, ka botlhe ba leofile.”—Baroma 5:12.
4. Modimo o ne a solofetsa batho ba ba leofileng eng?
4 Go ne go tlhokega sengwe go letlanya batho ba ba leofileng le Mmopi wa bone yo o boitshepo. Fa Modimo a ne a atlhola Atame le Efa, o ne a neela bana ba bone ba ba neng ba tla nna teng tsholofelo ka go solofetsa go tlisa “losika” lo lo neng lo tla falotsa batho mo diphelelong tsa botsuolodi jwa ga Satane. (Genesise 3:15) Moragonyana, Modimo o ne a senola gore Losika lo lo lereng masego lo ne lo tla tla ka Aberahame. (Genesise 22:18) E re ka Modimo a ne a ntse a akantse ka boikaelelo jono jo bo bontshang lorato, o ne a tlhopha ditlogolwana tsa ga Aberahame, e leng Baiseraele, gore ba nne setšhaba sa gagwe se a se itshenketseng.
5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela dilo tse di amanang le kgolagano ya Modimo ya Molao le Iseraele?
5 Ka 1513 B.C.E., Baiseraele ba ne ba tsena mo kgolaganong le Modimo mme ba dumela go utlwa melao ya gagwe. Kgolagano eo ya Molao e tshwanetse ya kgatlhegelwa thata ke batho botlhe ba ba batlang go obamela Modimo gompieno ka gonne e ne e lebisitse kwa Losikeng lo lo solofeditsweng. Paulo o ne a bolela gore e ne e na le “moriti fela wa dilo tse di molemo, tse di ne di tla.” (Bahebere 10:1) Fa Paulo a ne a bua mafoko ano, o ne a tlhalosa tirelo ya baperesiti ba Iseraele mo motlaaganeng o o kgonang go sutisiwa, kana mogope wa kobamelo. O ne o bidiwa “tempele ya ga Jehofa” kana ‘ntlo ya ga Jehofa.’ (1 Samuele 1:9, 24) Fa re tlhatlhoba tirelo e e boitshepo e e neng e dirwa mo ntlong ya ga Jehofa ya mo lefatsheng, re ka simolola go tlhaloganya ka botlalo thulaganyo ya boutlwelobotlhoko e mo go yone batho ba ba leofang gompieno ba ka letlanngwang le Modimo.
Lefelo la Boitshepo Jwa Maitshepo
6. Ke eng se se neng se beilwe mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo, mme go nna teng ga Modimo koo go ne go tshwantshediwa jang?
6 “Mogodimodimo ga o age mo matlong a a agilweng ke diatla,” ga rialo Baebele. (Ditiro 7:48) Lefa go ntse jalo, go nna gone ga Modimo mo ntlong ya gagwe e e mo lefatsheng go ne go emelwa ke leru mo phaposing e e kwa tengteng e e bidiwang Boitshepo jwa Maitshepo. (Lefitiko 16:2) Go bonala sentle gore leru leno le ne le phatsima, le bonesa lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo. Le ne le le fa godimo ga letlole le le boitshepo le le neng le bidiwa “letlole la tshupo,” le le neng le tshwere matlapa a a gabilweng mengwe ya melao e Modimo o e neileng Iseraele. Mo sekhurumelong sa Letlole go ne go na le ditšheruba tse pedi tsa gouta di tsharolotse diphuka, tse di neng di tshwantshetsa dibopiwa tsa semoya tsa maemo a a kwa godimo mo mokgatlhong wa Modimo wa selegodimo. Leru leo la lesedi la kgakgamatso le ne le le fa godimo ga sekhurumelo sa letlole fa gare ga ditšheruba. (Ekesodo 25:22) Seno se ne se tshwantshetsa Modimo Mothatayotlhe a ntse mo setulong sa bogosi mo kareng ya selegodimo e e tshegeditsweng ke ditšheruba tse di tshelang. (1 Ditirafalo 28:18) Seno se tlhalosa lebaka la go bo Kgosi Hesekia a ne a rapela jaana: “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o o dutseng mo godimo ga ditšheruba.”—Isaia 37:16.
Lefelo la Boitshepo
7. Go ne go na le dilwana dife mo lefelong la Boitshepo?
7 Phaposi ya bobedi ya motlaagana e ne e bidiwa Boitshepo. Mo teng ga karolo eno, go ne go na le setlhomo se sentle sa dilampa se se neng se kgaogantswe ka dikarolo di le supa kafa molemeng wa kgoro, mme kafa mojeng go ne go na le tafole ya senkgwe se se sa bedisiwang. Go lebagana fela le yone go ne go na le sebeso se mo go sone go neng go tswa monko wa maswalo a a fisiwang. Se ne se le fa pele ga sesiro se se neng se kgaoganya lefelo la Boitshepo le la Boitshepo jwa Maitshepo.
8. Baperesiti ba ne ba dira ditiro dife ka metlha mo lefelong la Boitshepo?
8 Moso le moso le maitseboa mangwe le mangwe, moperesiti o ne a tshwanetse go tsena mo motlaaganeng le go fisa maswalo mo sebesong sa maswalo. (Ekesodo 30:7, 8) Mo mosong, fa maswalo a ntse a fisiwa, dilampa tse supa tse di neng di ntse mo setlhomong sa dilampa sa gouta di ne di tshwanetse tsa tladiwa gape ka mafura. Maitseboa dilampa di ne di tshubiwa gore di bonese lefelo la Boitshepo. Ka Sabata mongwe le mongwe moperesiti o ne a tshwanetse go baya dilofo tse di sa tswang go apewa di le 12 mo tafoleng ya senkgwe se se sa bedisiwang.—Lefitiko 24:4-8.
Lelwapana
9. Mogopo wa metsi o ne o diretswe eng, mme re ka ithuta eng mo go seno?
9 Gape motlaagana o ne o na le lelwapana, le ageletswe ka matsela a ditente. Go ne go na le mogopo o mogolo mo lelwapaneng leno o baperesiti ba neng ba tlhapela diatla le maoto mo go one pele ba tsena mo lefelong la Boitshepo. Gape ba ne ba tshwanetse go tlhapa pele ba isa ditlhabelo mo sebesong se se neng se le mo lelwapaneng. (Ekesodo 30:18-21) Molao ono wa bophepa o gakolola batlhanka ba Modimo thata gompieno gore ba tshwanetse ba leka thata gore ba nne phepa mo mmeleng, mo boitsholong, mo tlhaloganyong le mo semoyeng fa ba batla gore kobamelo ya bone e amogelwe ke Modimo. (2 Bakorinthe 7:1) Fa nako e ntse e ya, dikgong tsa molelo wa sebeso le metsi a mogopo a ne a tlisiwa ke batlhanka ba tempele ba e seng Baiseraele.—Jošua 9:27.
10. Dingwe tsa ditshupelo tse di neng di isiwa mo sebesong sa setlhabelo ke dife?
10 Moso le moso le maitseboa mangwe le mangwe, go ne go fisiwa kwanyana e e isiwang setlhabelo mo sebesong mmogo le tshupelo ya boupe le tshupelo e e nowang. (Ekesodo 29:38-41) Ditlhabelo tse dingwe di ne di dirwa ka malatsi a a kgethegileng. Ka dinako tse dingwe setlhabelo se ne se tshwanetse sa dirwa ka ntlha ya boleo bongwe jo motho a bo dirileng. (Lefitiko 5:5, 6) Ka dinako tse dingwe Moiseraele o ne a ka isa setlhabelo sa kagiso ka go rata, e le seo dikarolo tsa sone di neng di jewa ke baperesiti le motho yo o isitseng tshupelo. Seno se ne se bontsha gore batho ba ba leofileng ba ne ba ka nna mo kagisong le Modimo, ba ja dijo le ene, jaaka go ka tualo. Tota le mojaki o ne a ka fetoga moobamedi wa ga Jehofa a bo a nne le tshiamelo ya go isa ditshupelo ka go rata kwa ntlong ya Gagwe. Mme lefa go ntse jalo, gore baperesiti ba bontshe Jehofa tlotlo e e mo tshwanetseng, ba ne ba ka amogela ditshupelo tsa boleng jwa maemo a a kwa godimo fela. Boupe jo bo isiwang tshupelo bo ne bo tshwanetse go silwa thata, mme diphologolo tse di isiwang setlhabelo di ne di tshwanetse gore di bo di sena bogole bope.—Lefitiko 2:1; 22:18-20; Malaki 1:6-8.
11. (a) Go ne go dirwa eng ka madi a diphologolo tse di isitsweng setlhabelo, mme seno se ne se kaya eng? (b) Modimo o leba jang madi a batho mmogo le a diphologolo?
11 Madi a ditlhabelo tseno a ne a isiwa kwa sebesong. Seno se ne se gakolola setšhaba letsatsi le letsatsi gore e ne e le baleofi ba ba neng ba tlhoka morekolodi yo madi a gagwe a a tsholotsweng a neng a ka duelela dibe tsa bone ruri mme a ba falotsa loso. (Baroma 7:24, 25; Bagalatia 3:24; bapisa Bahebere 10:3.) Tsela eno e e boitshepo ya go dirisa madi gape e ne e gakolola Baiseraele gore madi a emela botshelo le gore botshelo bo dirilwe ke Modimo. Modimo ga a bolo go nna a iletsa batho go dirisa madi ka tsela epe e sele.—Genesise 9:4; Lefitiko 17:10-12; Ditiro 15:28, 29.
Letsatsi la Tetlanyo
12, 13. (a) Letsatsi la Tetlanyo e ne e le eng? (b) Pele moperesiti yo mogolo a ne a ka isa madi kwa lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo, o ne a tshwanetse go dira eng?
12 Gangwe fela ka ngwaga ka se se neng se bidiwa Letsatsi la Tetlanyo, setšhaba sotlhe sa Iseraele, go akaretsa bajaki ba ba neng ba obamela Jehofa, ba ne ba tshwanelwa ke go emisa go dira ditiro tsotlhe ba bo ba itima dijo. (Lefitiko 16:29, 30) Ka letsatsi leno le le botlhokwa, setšhaba se ne se phepafadiwa mo sebeng ka tsela ya tshwantshetso gore se kgone go agisana le Modimo mo ngwageng o o latelang. A re akanyeng ka tiragalo eo mme re tlhatlhobe dingwe tsa dilo tse di tlhomologileng.
13 Moperesiti yo mogolo o mo lelwapaneng la motlaagana. Fa a sena go tlhapa mo mogopong wa metsi, o tlhaba kgomo e e isiwang setlhabelo. Madi a kgomo eo a tshelwa mo sejaneng; a tla dirisiwa ka tsela e e kgethegileng go duelela maleo a morafe wa Balefi wa baperesiti. (Lefitiko 16:4, 6, 11) Mme go na le sengwe se moperesiti yo mogolo a tshwanetseng go se dira a ise a dire sepe ka setlhabelo. O tsaya maswalo a a nkgang monate (gongwe a a tsenya mo leswaneng) a ba a tsaya magala a a tukang a tswa mo sebesong ka sejana sa magala. Jaanong o tsena mo lefelong la Boitshepo a bo a tsamaela kwa sesirong sa lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo. O feta sesiro a iketlile a bo a ema fa pele ga letlole la kgolagano. Go tswa foo, o tshela maswalo mo magaleng a a fisang, a sa bonwe ke motho ope o sele, mme lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo le tlala mosi wa monkgo o o monate.—Lefitiko 16:12, 13.
14. Ke ka ntlha yang fa moperesiti yo mogolo a ne a tshwanetse go tsena mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo a tshotse madi a diphologolo tse pedi tse di sa tshwaneng?
14 Jaanong Modimo o iketleeditse go nna kutlwelobotlhoko le go letlanngwa le batho ka tsela ya tshwantshetso. Ke gone ka moo sekhurumelo sa Letlole se neng se bidiwa “senno sa boutlwelobotlhoko” kana “sekhurumelo sa tetlanyo.” (Bahebere 9:5, bapisa ntlhanyana e e kwa tlase go NW.) Moperesiti yo mogolo o tswa mo lefelong la Boitshepo mo go Itshepileng, o tsaya madi a kgomo, a bo a boela gape mo teng ga lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo. Jaaka Molao o laetse, o ina monwana wa gagwe mo mading a bo a a kgatsha gasupa fa pele ga sekhurumelo sa Letlole. (Lefitiko 16:14) Go tswa foo o boela kwa lelwapaneng a bo a tlhaba podi, e leng tshupelo ya boleo “e e leng ya batho.” O tlisa madi a podi mo teng ga lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo a bo a dira fela jaaka a dirile ka madi a kgomo. (Lefitiko 16:15) Ditiro tse dingwe tsa botlhokwa le tsone di ne di diragala ka Letsatsi la Tetlanyo. Ka sekai, moperesiti yo mogolo o ne a tshwanelwa ke go baya diatla tsa gagwe mo tlhogong ya podi ya bobedi a bo a bolela “ditshiamololo tsotlhe tsa bana ba Iseraele” mo godimo ga yone. Go tswa foo podi eno e e tshelang e ne e isiwa kwa nageng gore e tsamaise maleo a setšhaba ka tsela ya tshwantshetso. Ka tsela eno “baperesiti . . . le batho botlhe ba phuthego” ba ne ba direlwa tetlanyo ngwaga le ngwaga.—Lefitiko 16:16, 21, 22, 33.
15. (a) Tempele ya ga Solomone e ne e tshwana jang le motlaagana? (b) Buka ya Bahebere ya reng kaga tirelo e e boitshepo e e neng e dirwa kwa motlaaganeng mmogo le kwa tempeleng?
15 Mo dingwageng tsa ntlha tse 486 tsa hisitori ya Baiseraele e le batho ba ba nang le kgolagano le Modimo, ba ne ba dirisa motlaagana o o neng o kgona go sutisiwa jaaka lefelo la go obamela Modimo wa bone, Jehofa. Go tswa foo, Solomone wa Iseraele o ne a newa tshiamelo ya go aga kago e e nnelang ruri. Lefa tempele eno e ne e tla nna kgolo le go nna magasigasi thata, polane e e neng e tswa kwa Modimong e ne e tshwana fela le ya motlaagana. Fela jaaka motlaagana, e ne e tshwantshetsa thulaganyo e kgolwane, e e nang le matswela thata e Jehofa a neng a tla ‘e tlhoma, e seng motho.’—Bahebere 8:2, 5; 9:9, 11.
Tempele ya Ntlha le ya Bobedi
16. (a) Solomone o ne a kopa eng se se bontshang lorato fa a ne a kgakola tempele? (b) Jehofa o ne a bontsha jang gore o amogela thapelo ya ga Solomone?
16 Fa Solomone a ne a kgakola tempele e ntlentle eo, o ne a dira kopo eno e e tlhotlheleditsweng: “Ka ga moeng yo e seng wa batho ba gago Baiseraele, e tlaa re fa a tswa lefatsheng le le kgakala ka ntlha ya leina la gago le legolo, . . . mme a rapela a lebile ntlo e, foo o utlwe o le kwa legodimong, e bong bonnong jwa gago, mme o dire ka fa go tsotlhe tse moeng o biletsang koo go wena ka ga tsone; gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di itse leina la gago, di go boife, jaaka batho ba gago Baiseraele, le gore ba itse fa ntlo e ke e agileng e bidiwa ka leina la gago.” (2 Ditirafalo 6:32, 33) Modimo o ne a bontsha ka tsela e e bonalang sentle gore o amogela thapelo ya ga Solomone ya go kgakola kago. Go ne ga fologa molelo kwa legodimong wa laila diphologolo tse di isitsweng setlhabelo mo sebesong, mme kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya tlala mo tempeleng.—2 Ditirafalo 7:1-3.
17. Kgabagare go ne ga direga eng ka tempele e e neng e agilwe ke Solomone, mme ka ntlha yang?
17 Ka maswabi, Baiseraele ba ne ba se ka ba tlhola ba boifa Jehofa ka tsela e e siameng. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba tlhapatsa leina la gagwe le legolo ka ditiro tsa tshololo ya madi, go obamela medimo ya disetwa, boaka, go tlhakanela dikobo le wa losika, le ka go sotla masiela, batlholagadi le batswagosele. (Esekiele 22:2, 3, 7, 11, 12, 26, 29) Ka jalo, ka ngwaga wa 607 B.C.E., Modimo o ne a diragatsa katlholo ka go tlisa masole a Babilone gore a senye tempele. Baiseraele ba ba neng ba setse ba ne ba isiwa botshwarong kwa Babilone.
18. Kwa tempeleng ya bobedi, banna bangwe ba e seng Baiseraele ba ba neng ba tshegetsa kobamelo ya ga Jehofa ka pelo yotlhe ba ne ba nna le ditshiamelo dife?
18 Morago ga dingwaga di le 70 masalela a a ikwatlhayang a Bajuta a ne a boela kwa Jerusalema mme a fiwa tetla ya go aga tempele ya ga Jehofa sesha. Se se kgatlhang ke gore baperesiti le Balefi ba ba neng ba tla dira mo tempeleng eno ya bobedi ba ne ba tlhaela. Ka ntlha ya seo, Banethinime, ba ba neng ba le ditlogolwana tsa batlhanka ba tempele ba e seng Baiseraele, ba ne ba newa ditshiamelo tse dikgolwane thata tsa go nna badiredi mo ntlong ya Modimo. Lefa go ntse jalo, ga ba ise ba ko ba nne mo seemong se se lekanang le sa baperesiti le Balefi.—Esera 7:24; 8:17, 20.
19. Modimo o ne a solofetsa eng malebana le tempele ya bobedi, mme mafoko ano a ne a diragala jang?
19 Kwa tshimologong go ne go lebega e kete tempele ya bobedi e ne e ka se nne sepe fa e bapisiwa le ya pele. (Hagai 2:3) Mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a solofetsa jaana: “Ke tlaa reketlisa merafe yotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe di tlaa tla, mme ke tlaa tlatsa ntlo e ka kgalalelo . . . Kgalalelo ya morago ya ntlo e, e tlaa nna kgolo bogolo go ya pele.” (Hagai 2:7, 9) Go dumalana le mafoko ano, tempele ya bobedi e ne ya nna le kgalalelo e kgolwane. E ne ya tsaya dingwaga tse di fetang tse di tserweng ke ya pele ka di le 164, mme baobamedi ba ba oketsegileng ba le bantsi ba tswa kwa dinageng di le dintsi ba ne ba oologela mo malwapaneng a yone. (Bapisa Ditiro 2:5-11.) Go shafadiwa ga tempele ya bobedi go ne ga simologa mo metlheng ya ga Kgosi Herote, mme malwapana a yone a ne a atolosiwa. E re ka e ne e agilwe kwa godimo ga boalo jo bogolo thata jwa matlapa mme e ageletswe ka dipilara tse dintle, e ne e le ya maemo a a kwa godimo go feta tempele ya ntlha e e agilweng ke Solomone. E ne e na le lelwapana le legolo le le kafa ntle la batho ba ditšhaba ba ba neng ba batla go obamela Jehofa. Go ne go na le molelwane o o dirilweng ka matlapa o o neng o kgaoganya Lelwapa la Baditšhaba le malwapana a a kafa teng a a neng a beetswe Baiseraele fela.
20. (a) Ke eng se se tlhomologileng se se neng se dira gore tempele e e agilweng sesha e farologane le tse dingwe? (b) Ke eng se se neng se bontsha gore Bajuta ba ne ba leba tempele ka tsela e e phoso, mme Jesu o ne a dira eng ka seno?
20 Tempele eno ya bobedi e ne ya farologana thata le tse dingwe ka gonne Morwa Modimo, Jesu Keresete, o ne a ruta mo teng ga malwapana a yone. Mme lefa go ntse jalo, fela jaaka go ne go ntse ka tempele ya ntlha, Bajuta ka kakaretso ba ne ba sa lebe tshiamelo ya bone sentle ya go nna batlhokomedi ba ntlo ya Modimo. E bile tota, ba ile ba bo ba letla gore barekisi ba dire kgwebo mo lelwapaneng la Baditšhaba. Mo godimo ga moo, batho ba ne ba letlelelwa go ralala tempele fa ba isa dilwana mo karolong e nngwe ya Jerusalema. Malatsi a le manè pele Jesu a tlhokafala, o ne a phepafatsa tempele a tlosa mekgwa e e ntseng jalo e e seng ya bodumedi, a ntse a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo ya merafe yotlhe’? Mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.”—Mareko 11:15-17.
Modimo o Tlogelela Ntlo ya Gagwe ya mo Lefatsheng Ruri
21. Jesu o ne a bolela eng ka tempele ya Jerusalema?
21 E re ka Jesu a ne a tshegetsa kobamelo ya Modimo e e itshekileng ka bopelokgale, baeteledipele ba Bajuta ba bodumedi ba ne ba ititeile sehuba gore ba mmolaye. (Mareko 11:18) A ntse a itse gore o tloga a bolawa, Jesu o ne a raya baeteledipele ba Bajuta ba bodumedi a re: “Ntlo ya lona lo e tlogeletswe e ropefetse fela.” (Mathaio 23:37, 38) Ka go rialo o ne a supa gore Modimo o ne a tla tloga a kgaotsa go amogela mofuta wa kobamelo o o neng o dirisiwa kwa tempeleng ya tshwantshetso ya kwa Jerusalema. E ne e ka se tlhole e nna “ntlo ya thapelelo ya merafe yotlhe.” Fa barutwa ba gagwe ba ne ba supetsa Jesu dikago tse dintle tsa tempele, o ne a re: “A ga lo bone dilo tsotlhe tse? . . . Ga go ketla go lesiwa lentswe lepe fa, le tlhatlhaganye le le lengwe, le le se ketlang le digwa.”—Mathaio 24:1, 2.
22. (a) Mafoko a ga Jesu kaga tempele a ne a diragadiwa jang? (b) Mo boemong jwa go solofela thata mo motseng wa selefatshe, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba batla eng?
22 Boporofeti jwa ga Jesu bo ne jwa diragadiwa dingwaga di le 37 moragonyana ka ngwaga wa 70 C.E., fa masole a Roma a ne a senya Jerusalema le tempele ya yone. Seo e ne ya nna bosupi jo bo gakgamatsang jwa gore ruri Modimo o ne a tlogetse ntlo ya gagwe ya tshwantshetso. Jesu ga a ise a ko a bolelele pele gore tempele e nngwe e ne e tla agiwa gape kwa Jerusalema. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera jaana malebana le motse oo wa mo lefatsheng: “Mono ga re na motse o o tlhomameng, re batla one motse o o tlaa tlang.” (Bahebere 13:14) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba lebile kwa pele go tla ba nna karolo ya “Jerusalema wa selegodimo”—Bogosi jwa Modimo jo e keteng motse. (Bahebere 12:22) Ka jalo, kobamelo ya ga Jehofa ya boammaaruri ga e tlhole e direlwa mo tempeleng e e agilweng ka diatla mo lefatsheng. Mo setlhogong sa rona se se latelang, re tla tlhatlhoba thulaganyo ya maemo a a kwa godimo e Modimo o e diretseng batho botlhe ba ba eletsang go mo obamela “ka mowa le ka boammaaruri.”—Johane 4:21, 24.
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Atame le Efa ba ne ba latlhegelwa ke botsalano bofe le Modimo?
◻ Ke eng fa re tshwanetse ra kgatlhegela dipopego tsa motlaagana?
◻ Ke eng se re se ithutang ka ditiro tsa lelwapana la motlaagana?
◻ Ke eng fa Modimo a ne a letla gore tempele ya gagwe e senngwe?
[Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11]
Tempele e e agilweng sesha ke herote
1. Lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo
2. Lefelo la Boitshepo
3. Sebeso sa Tshupelo e e Fisiwang
4. Lewatle le le Thetsweng
5. Lelwapa la Baperesiti
6. Lelwapa la Iseraele
7. Lelwapa la Basadi