Nna Tlhaga O bo O Tlhoafale!
“Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi lefa e le ura.”—MATHAIO 25:13.
1. Moaposetoloi Johane o ne a na le tsholofelo ya go bona eng?
MO MOTLOTLONG wa bofelo wa mo Baebeleng, Jesu o ile a solofetsa jaana: “Ke tla ka bofefo.” Moaposetoloi wa gagwe e bong Johane o ile a araba jaana: “Amen! Tla, Morena Jesu.” Moaposetoloi yono o ne a se na pelaelo gore Jesu o ne a tla tla. Johane e ne e le mongwe wa baaposetoloi ba ba ileng ba botsa Jesu jaana: “Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago [pa·rou·siʹa ka Segerika] le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” Ee, Johane o ne a na le tsholofelo e e sa reketleng ya gore o tla bona go nna gone ga ga Jesu mo isagweng.—Tshenolo 22:20; Mathaio 24:3.
2. Malebana le go nna gone ga ga Jesu, maemo a dikereke ke afe?
2 Tsholofelo e e ntseng jalo e bonwa sewelo gompieno. Dikereke di le dintsi di na le thuto e di e tlhomileng semolao malebana le “go tla” ga ga Jesu, mme gone ke ba sekae fela ba maloko a tsone ba ruri ba go lebeletseng. Ba tshela jalo. Buka ya The Parousia in the New Testament ya re: “Tsholofelo ya Parousia ga e na seabe se se kalo se se molemo mo botshelong, mo mogopolong le mo tirong ya kereke. . . . Tsela e kereke e tshwanetseng go tsaya ditiro tsa yone tsa boikotlhao le tsa borongwa jwa go bolela efangele di le botlhokwa ka yone, e a koafala fa e se gore e nyeletse gotlhelele.” Mme gone, e seng mo bathong botlhe!
3. (a) Bakeresete ba boammaaruri ba ikutlwa jang malebana le pa·rou·siʹa? (b) Ke eng se gone jaanong re tla se sekasekang?
3 Barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu ba letile bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo ka tlhoafalo e kgolo. Fa re ntse re letile jalo ka boikanyegi, re tshwanetse go tswelela pele re na le pono e e siameng malebana le sotlhe se go nna gone ga ga Jesu go se akaretsang le go tsaya kgato tumalanong le seo. Seo se tla re thusa go ‘itshoka go ya bokhutlong gore re bolokwe.’ (Mathaio 24:13) Ka nako ya fa Jesu a ne a bua boporofeti jo re bo fitlhelang mo go Mathaio dikgaolo 24 le 25, o ile a ntsha kgakololo e e molemo e re ka e dirisang mme ya re solegela molemo go ya goile. Kgaolo 25 e na le ditshwantsho tse o ka tswang o di itse, go akaretsa sa makgarebane a a lesome (makgarebane a a bonokopela le a a dieleele) le setshwantsho sa ditalenta. (Mathaio 25:1-30) Ditshwantsho tseo di ka re solegela molemo jang?
Nna Tlhaga Jaaka Makgarebane a Matlhano!
4. Kgangkgolo ya setshwantsho sa makgarebane ke eng?
4 O ka nna wa rata go bala gape setshwantsho sa makgarebane se se fitlhelwang mo go Mathaio 25:1-13. Tiragalo eno e direga mo moletlong o mogolo wa lenyalo la Sejuda le mo go lone monyadi a yang kwa ntlong ya ga rraagwe monyadiwa go ya go mo tsaya a mo isa kwa ntlong ya monyadi (kana ya ga rraagwe). Mokoloko oo o ka akaretsa baletsi le baopedi, mme go ka nna ga se ka ga itsewe sentle gore o tla goroga ka nako efe. Mo setshwantshong seno, makgarebane a le lesome a ile a letela monyadi gore a goroge go fitlha go nna bosigo thata. Ba le batlhano ba ile ba dira boeleele jwa go se tle ka leokwane le le lekaneng la lebone ka jalo ba tshwanelwa ke go ya go reka le lengwe. Ba bangwe ba batlhano ba ile ba nna botlhale mme ba tla ka leokwane le le ntsinyana mo dielong tsa lone gore ba tle ba tlatse dipone tsa bone gape fa go tlhokega fa ba ntse ba letile. Ba batlhano bano ke bone fela ba ba neng ba le gone e bile ba ipaakantse fa monyadi a goroga. Ka gone, ke bone fela ba ba ileng ba letlwa go tsena mo moketeng. Fa makgarebane a matlhano a a dieleele a boa, go ne go setse go le thari gore ba ka tsena.
5. Ke dikwalo dife tse di re nayang lesedi malebana le bokao jwa tshwantshetso jwa setshwantsho sa makgarebane?
5 Bontsi jwa dikarolo tsa setshwantsho seno di ka tsewa e le tsa tshwantshetso. Ka sekai, Dikwalo di bitsa Jesu gore ke monyadi. (Johane 3:28-30) Jesu o ile a itshwantsha le morwa kgosi yo o neng a direlwa moletlo wa lenyalo. (Mathaio 22:1-14) Mme Baebele e tshwantshanya Keresete le monna yo o nyetseng. (Baefeso 5:23) Selo se se kgatlhang ke gore, le fa mo dikarolong tse dingwe Bakeresete ba ba tloditsweng ba tlhalosiwa e le “monyadiwa” wa ga Keresete, mo setshwantshong seno ga go umakiwe monyadiwa. (Johane 3:29; Tshenolo 19:7; 21:2, 9) Le fa go ntse jalo, se bua ka makgarebane a a lesome mme golo gongwe batlodiwa ba tshwantshiwa le lekgarebane le le beeleditsweng ke Keresete.—2 Bakorintha 11:2.a
6. Jesu o ile a naya kgothatso efe fa a konela setshwantsho sa makgarebane?
6 Kwantle ga dintlha tseo le dilo dipe fela tsa seporofeti tse setshwantsho seno se di tshwantshetsang, ruri go na le melaometheo e e molemo e re ka e ithutang mo go sone. Ka sekai, ela tlhoko gore Jesu o ile a se konela ka mafoko a a reng: “Nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi lefa e le ura.” Ka jalo setshwantsho seno se re ruta gore go botlhokwa gore mongwe le mongwe wa rona a nne tlhaga, a nne a ntshitse matlho dinameng go lemoga fa bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo bo atamela. Ga go na pelaelo gore bokhutlo jono bo a tla, le fa gone re sa itse letlha la jone. Malebana le seno, ela tlhoko boikutlo jo ditlhopha tseno tse pedi tsa makgarebane di ileng tsa nna le jone.
7. Ke ka tsela efe makgarebane a matlhano a setshwantsho a ileng a supa fa a le dieleele?
7 Jesu o ile a re: “A le matlhano a one a ne a le dieleele.” A e ne e le ka go bo ba ne ba sa dumele gore monyadi o e tla? A ba ne ba ile go inaakanya le go ijesa menate? Kana a ba ile ba tsiediwa? Ga go a nna jalo. Jesu o ile a re botlhano jono bo ile jwa “ya go kgatlhantsha monyadi.” Ba ne ba itse gore o e tla, e bile ba ne ba batla go nna gone, le e leng go nna le seabe mo “moketeng wa lenyalo.” Le fa go ntse jalo, a ba ne ba ipaakantse sentle? Ba ile ba mo letela lobakanyana, go fitlha “gare ga mpa ya bosigo,” mme gone, ba ne ba sa ipaakanyetsa go mo letela go fitlha nako nngwe le nngwe fela e a tla gorogang ka yone—e ka ne o tla goroga go sa le gale kana morago thata ga nako e ba neng ba e solofetse.
8. Makgarebane a le matlhano a setshwantsho a ile a supa jang fa a le bonokopela?
8 A mangwe a matlhano—a Jesu a a bitsang gore ke a a bonokopela—le one a ile a ya ka mabone a a tshubilweng, a solofetse go bona monyadi a goroga. Le one a ile a tshwanelwa ke go leta, mme one a ne a le “bonokopela.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “bonokopela” le ka naya kgopolo ya go nna “kelotlhoko, manontlhotlho, botlhale.” A matlhano ano a ile a bontsha bonokopela ka go tla le leokwane le lengwe ka dielo gore a tle a tlatse dipone tsa one gape fa go tlhokega. Tota e bile, ba ne ba tsaya go ipaakanyetsa go goroga ga monyadi go le botlhokwa thata jaana mo ba neng ba ka se dumele go aba leokwane la bone. Botlhaga joo jwa bone e ne e se jwa lefela, ka gonne ba ne ba le teng e bile ba ipaakantse ka botlalo fa monyadi a goroga. Ano “a a neng a iketleeditse a tsena le ene mo moketeng wa lenyalo; mme setswalo sa tswalwa.”
9, 10. Kgangkgolo ya setshwantsho sa makgarebane ke eng, mme ke dipotso dife tse re tshwanetseng go ipotsa tsone?
9 Jesu o ne a sa rute maitsholo a a siameng malebana le mekete ya manyalo, e bile o ne a sa ntshe kgakololo malebana le go abela ba bangwe dilo tsa rona. Kgang ya gagwe e ne e le: “Nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi lefa e le ura.” Ipotse, ‘A ruri ke tlhaga malebana le go nna gone ga ga Jesu?’ Re dumela gore gone jaanong Jesu o a busa kwa legodimong, mme gone, re tsaya kgang ya gore ‘Morwa motho o tla tloga a tla a le mo marung a legodimo ka maatla le kgalalelo e kgolo’ e le botlhokwa go le kana kang? (Mathaio 24:30) Fa “gare ga mpa ya bosigo,” go goroga ga monyadi go ne go setse go le gaufi thata go feta ka nako ya fa makgarebane a ne a simolola go tswa a ya go mo kgatlhantsha. Go goroga ga Morwa motho a tla go senya tsamaiso ya gone jaanong ya dilo le gone go gaufi thata go feta fa re ne re simolola go letela go tla ga gagwe. (Baroma 13:11-14) A re sa ntse re le tlhaga jaaka pele, re le tlhaga le e leng go feta fa nako eo e ntse e atamela?
10 Re tshwanetse go nna re le tlhaga fa e le gore re batla go ikobela taelo e e reng, “nnang lo disitse.” Makgarebane a matlhano a ne a tlogela leokwane la one le fela a bo a tswa a ya go reka le lengwe. Le gompieno Mokeresete a ka nna a iteega tsebe jalo mo e leng gore ga a ipaakanyetse ka botlalo go tla ga ga Jesu mo go setseng go le gaufi. Go ile ga diragalela Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Go ka nna ga diragalela bangwe le gompieno. Ka jalo, a re ipotseng jaana, ‘A go a ntiragalela?’—1 Bathesalonika 5:6-8; Bahebera 2:1; 3:12; 12:3; Tshenolo 16:15.
Tlhoafala fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela
11. Jesu o ile a bua setshwantsho sefe se sengwe, mme se ne se tshwana le eng?
11 Mo setshwantshong sa gagwe se se latelang, Jesu ga a ka a kgothaletsa balatedi ba gagwe go nna tlhaga fela. Fa a sena go ba bolelela ka makgarebane a a bonokopela le a a dieleele, o ile a ba lotlegela setshwantsho sa ditalenta. (Bala Mathaio 25:14-30.) Setshwantsho seno se tshwana ka dilo di le dintsi le sa bomaena, se Jesu a ileng a ba bolelela sone pelenyana ka gonne ba le bantsi “ba ne ba ithaya ba re bogosi jwa Modimo bo ne bo tlile go iponatsa ka ponyo ya leitlho.”—Luke 19:11-27.
12. Kgangkgolo ya setshwantsho sa ditalenta ke eng?
12 Mo setshwantshong sa ditalenta, Jesu o ile a bua ka monna yo e neng ya re pele ga a tsaya loeto a ya kgakala, a bitsa batlhanka ba le bararo. Yo mongwe o ile a mo naya ditalenta tse tlhano, yo mongwe tse pedi mme wa bofelo e le nngwe fela—“mongwe le mongwe go ya ka kgono ya gagwe.” Go ka direga gore talenta eno e ne e le ya selefera, e leng tlhotlhwa e mo motlheng oo e neng e lekana le tuelo ya mmereki ya dingwaga tse 14—madi a mantsi tota! Fa monna yono a sena go boa, o ile a dira gore batlhanka ba tlhalose se ba neng ba se dirile mo ‘nakong e telele’ e a neng a seyo ka yone. Batlhanka ba ntlha ba babedi ba ne ba atisitse se ba neng ba se filwe go menagane gabedi. O ile a re “o dirile sentle,” a solofetsa mongwe le mongwe wa bone maikarabelo a magolwane, a bo a konela jaana: “Tsena mo boipelong jwa mong wa gago.” Motlhanka wa talenta e le nngwe o ile a se ka a e tsadisa ka gope mme a ntsha seipato sa gore mongwagwe o ne a batla mo gontsi thata. O ile a fitlha madi ao, le e seng go a tsenya mo baboloking ba madi gore a bone morokotso. Mongwagwe o ile a mmitsa “yo o boikepo le yo o bobodu” ka gonne a ile a se ka a tlhokomela dilo tsa mongwagwe. Ka gone, o ne a tseelwa talenta eo mme a latlhelwa kwantle “koo selelo sa gagwe le phuranyo ya meno a gagwe di tla nnang gone.”
13. Jesu o ile a supa jang gore o tshwana le mong wa mo setshwantshong?
13 Setshwantsho seno le sone dintlha tsa teng di ka tlhaloganngwa ka tsela ya tshwantshetso. Ka sekai, Jesu, yo o emelwang ke monna yono yo o yang kwa kgakala, o ne a tla tlogela barutwa ba gagwe a ya kwa legodimong, a bo a fitlha a leta lobaka lo loleele go fitlha a newa taolo ya go busa.b (Pesalema 110:1-4; Ditiro 2:34-36; Baroma 8:34; Bahebera 10:12, 13) Mme gape, re ka ithuta thuto kana molaomotheo o o botlhokwa thata mo go sone o rotlhe re tshwanetseng go o dirisa mo botshelong jwa rona. Ke ofe?
14. Setshwantsho sa ditalenta se gatelela eng se se botlhokwa?
14 E ka ne tsholofelo ya rona ke ya botshelo jwa bosasweng kwa legodimong kana botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, go phepafetse go tswa mo setshwantshong seno sa ga Jesu gore re tshwanetse go dira ka natla mo ditirong tsa Bokeresete. Tota e bile, molaetsa wa setshwantsho seno o ka sobokanngwa ka lefoko le le lengwe: tlhoafalo. Baaposetoloi ba ile ba re tlhomela sekao go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele. Re bala jaana: “[Petere] a naya bosupi ka botlalo ka mafoko a mangwe a le mantsi a ba a nna a ba rotloetsa, a re: ‘Bolokwang mo kokomaneng eno e e kgopameng.’” (Ditiro 2:40-42) A bo a ile a bona matswela a a molemo jang ne ka ntlha ya maiteko a gagwe! Fa batho ba bangwe ba ntse ba pata baaposetoloi mo tirong ya go rera ya Bokeresete, le bone ba ne ba tlhoafetse, dikgang tse di molemo di ntse di “oketsega mo lefatsheng lotlhe.”—Bakolosa 1:3-6, 23; 1 Bakorintha 3:5-9.
15. Ke ka tsela efe e e kgethegileng re tshwanetseng go diragatsa kgangkgolo ya setshwantsho sa ditalenta?
15 Se lebale kgangkgolo ya setshwantsho seno—boporofeti kaga go nna gone ga ga Jesu. Re na le bosupi jo bontsi jwa gore re mo motlheng wa pa·rou·siʹa ya ga Jesu mme e tla tloga e fitlha mo setlhoeng sa yone. Gakologelwa kafa Jesu a ileng a amanya “bokhutlo” ka teng le tiro e Bakeresete ba tshwanetseng go e dira: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Re akantse ka seno, re tshwana le motlhanka ofe? Ipotse: ‘A go ka tswa go na le lebaka la go swetsa ka gore ke tshwana le motlhanka yo o neng a fitlha se a neng a abetswe go se tlhokomela, gongwe fa a ntse a tsweletse ka go dira dilo tsa gagwe ka namana? Kana a ga go na pelaelo gore ke tshwana le ba ba neng ba le molemo e bile ba ikanyega? A ke ititeile sehuba go dirisa tshono nngwe le nngwe go oketsa dilo tsa Mong?’
Go Nna Tlhaga le go Tlhoafala ka Nako ya go Nna Gone ga Gagwe
16. Ke molaetsa ofe o ditshwantsho tse pedi tse re tlotlileng ka tsone di go tshwaretseng one?
16 Ee, kwantle ga bokao jwa tshwantshetso le jwa seporofeti jwa ditshwantsho tseno tse pedi, gape di re naya kgothatso e e tlhamaletseng e e tswang mo go Jesu ka boene. Molaetsa wa gagwe ke gore: Nna tlhaga; tlhoafala, segolobogolo fa sesupo sa pa·rou·siʹa ya ga Keresete se bonala. Ke gore, gone jaanong. Ka jalo, a eleruri re tlhaga e bile re tlhoafetse?
17, 18. Morutwa Jakobe o ile a neela kgakololo efe malebana le go nna gone ga ga Jesu?
17 Monnawe Jesu ka mmaagwe e bong Jakobe o ne a seyo kwa Thabeng ya Lotlhware fa Jesu a ne a bua boporofeti jono; mme gone, moragonyana o ile a utlwa ka jone mme go bonala sentle gore o ile a tlhaloganya botlhokwa jwa jone sentle. O ile a kwala jaana: “Supang bopelotelele, bakaulengwe, go fitlha mo go nneng gone ga Morena. Bonang! Molemi o nna a letetse leungo le le botlhokwatlhokwa la lefatshe, a supa bopelotelele malebang le lone go fitlha a bona pula ya ntlha le pula ya morago. Le lona supang bopelotelele; nitamisang dipelo tsa lona, ka gonne go nna gone ga Morena go atametse.”—Jakobe 5:7, 8.
18 Morago ga gore Jakobe a tlhomamisetse Bakeresete gore Modimo o tla atlhola batho ba ba sa diriseng dikhumo tsa bone sentle, o ile a ba kgothaletsa gore ba se ka ba fela pelo fa ba ntse ba letile Jehofa go tsaya kgato. Mokeresete yo o felang pelo a ka nna a rata go ipusolosetsa, go nna jaaka e kete ene ka boene o na le tshwanelo ya go baakanya diphoso tse di dirilweng. Le fa go ntse jalo, ga go a tshwanela ga nna jalo, ka gonne ruri nako ya katlholo e tla goroga. Setshwantsho sa molemi se supa seo, jaaka Jakobe a ile a tlhalosa.
19. Molemi wa Moiseraele o ne a ka bontsha bopelotelele jo bo ntseng jang?
19 Molemi wa Moiseraele yo o neng a jetse peo o ne a tshwanelwa ke go leta, sa ntlha a letela letlhare go tlhaga, go tswa foo a letele semela go gola mme kwa bofelong a letele thobo. (Luke 8:5-8; Johane 4:35) Mo dikgweding tseo, go ne go nna le dinako tse a tlhobaelang ka tsone gongwe e bile go nna le mabaka a a mo tlhobaetsang. A dipula tsa ntlha di tla na, di na mo go lekaneng? Go tweng ka dipula tsa morago? A ga go ne go nna le ditshenekegi kana sefefo se se bolayang dijalo? (Bapisa Joele 1:4; 2:23-25.) Le fa go ntse jalo, gantsi molemi wa Moiseraele o ne a ka ikanya Jehofa le medikologo ya gagwe ya tlholego e a e dirileng. (Duteronome 11:14; Jeremia 5:24) Bopelotelele jwa molemi tota bo ne bo ka tshwana le go nna le tsholofelo e e sa reketleng. Ka ntlha ya tumelo o ne a itse gore se a se letetseng se tla tla. Ruri se ne se tla tla!
20. Re ka bontsha bopelotelele jang go ya ka kgakololo ya ga Jakobe?
20 Le mororo molemi a ne a ka itse gore thobo e tla nna leng, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga bone ba ne ba ka se kgone go bala nako go bona gore Jesu o ne a tla nna gone leng. Mme gone e ne e tla tla. Jakobe o ile a kwala jaana: “Go nna gone [pa·rou·siʹa ka Segerika] ga Morena go atametse.” Ka nako ya fa Jakobe a kwala mafoko ao, go ne go ise go bonale bosupi jo bogolo kana jwa lefatshe lotlhe jwa go nna gone ga ga Keresete. Mme gone jaanong bo a bonala! Ka jalo, re tshwanetse go ikutlwa jang mo nakong eno? Tota sesupo se a bonala. Re a se bona. Re ka bua jaana re sa belaele, ‘Ke bona sesupo se diragadiwa.’ Re ka bua jaana ka tsholofelo, ‘Go nna gone ga Morena go gorogile, mme setlhoa sa gone se atametse.’
21. Re ititeile sehuba ka botlalo gore re tla dira eng?
21 E re ka go ntse jalo, re na le lebaka le le nonofileng la gore re tseye tsia le go dirisa dithuto tsa botlhokwa tse Jesu a re rutang tsone mo ditshwantshong tse pedi tse re tlotlileng ka tsone. O ile a re: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi lefa e le ura.” (Mathaio 25:13) Jaanong ke nako ya gore re nne tlhaga le e leng go feta mo tirong ya rona ya Bokeresete. A re bontsheng mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi gore re tlhaloganya kgang ya ga Jesu. A re nneng tlhaga! A re tlhoafaleng!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona dintlha ka botlalo malebana le se se tshwantshediwang ke setshwantsho seno, bona God’s Kingdom of a Thousand Years Has Approached, ditsebe 169-211, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Bona God’s Kingdom of a Thousand Years Has Approached, ditsebe 212-56.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke molaetsa ofe wa konokono o o itseetseng one mo setshwantshong sa makgarebane a a botlhale le a a dieleele?
◻ Ka setshwantsho sa ditalenta, Jesu o go neela kgakololo efe e e botlhokwa?
◻ Bopelotelele jwa gago malebana le pa·rou·siʹa bo tshwana ka tsela efe le jwa molemi wa Moiseraele?
◻ Ke eng fa nako eno e re tshelang mo go yone e le nako e e kgatlhang le e e gwetlhang thata?
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Re ithuta eng mo setshwantshong sa makgarebane le sa ditalenta?