Buka ya Bibela ya Ntlha—Genesise
Mokwadi: Moshe
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Kwa Gareng ga Naga
Go Wediwa ga go E Kwala: 1513 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: “Kwa tshimologong” go ya go 1657 B.C.E.
1. Dingwe tsa ditlhogo tse di botlhokwa tseo go buiwang ka tsone mo go Genesise ke dife?
AKANYA fela o sela buka e e nang le dikgaolo tse dikhutshwane di le 50 mme o fitlhela mo ditsebeng tsa yone di sekae tsa ntlha pego eo e leng yone fela e e boammaaruri kaga hisitori ya ntlhantlha ya motho le rekoto e e bontshang kamano ya motho le Modimo, ebong Mmopi wa gagwe, mmogo le ya lefatshe le dibopiwa tsa lone tse di diketekete! Mo ditsebeng tse di seng kae tseo, gape, o kgona go bona temogo e e boteng ya boikaelelo jwa Modimo jwa go bo a ile a baya motho mo lefatsheng. Fa o bala go ya kwa pele, o kgona go bona gore ke ka ntlhayang fa motho a swa le lebaka la go bo a le mo maemong a a nang le mathata ano a gompieno, ebile o fiwa tshedimosetso malebana le motheo wa mmatota wa tumelo le tsholofelo, le eleng ka ga go bona seo Modimo o tla se dirisang go tlisa kgololo—eleng Losika lo lo solofeditsweng. Buka e e tlhomologileng e e nang le dilo tseno tsotlhe ke Genesise, eleng buka ya ntlha mo dibukeng tse 66 tsa Bibela.
2. Leina Genesise le kaya eng, mme ke karolo ya ntlha ya eng?
2 “Genesise” e kaya “Tshimologo; Botsalo,” eleng leina leo le tserweng mo thanolong ya Segerika ya Septuagint ya buka eo. Mo mekwalong ya Sehebera, leina la buka eno ke lone le go simololwang ka lone, eleng, Bereʼ·shithʹ, “mo tshimologong” (ka Segerika, en ar·kheiʹ). Genesise ke buka ya ntlha ya Dikwalo Tse Tlhano tsa Ntlha tsa Bibela (eleng lefoko la Segerika leo Seesemane se le adimileng leo le kayang “memeno e le metlhano” kana “bolumo e e menaganeng ga tlhano”). Seno go lebega kwa tshimologong e ne e le buka e le nngwe e bidiwa Torah (Molao) kana “buka ya molao ya ga Moshe” mme moragonyana e ne ya kgaoganngwa ka memeno e metlhano gore e kgone go tshwarwa sentle.—Yosh. 23:6; Esere 6:18.
3. (a) Ke mang Motlhami wa Genesise, mme e kwadilwe ke mang? (b) Moshe a ka tswa a bone tshedimosetso eo a e akareditseng mo go Genesise jang?
3 Jehofa Modimo ke Mokwadi wa Bibela, mme o ne a tlhotlheletsa Moshe go kwala buka ya Genesise. Moshe o ne a bona tshedimosetso e e kwadilweng mo go Genesise kae? Nngwe ya yone o tshwanetse a bo a e amogetse ka go e senolelwa ke Modimo ka tlhamalalo mme e nngwe, ka go kaelwa ke moya o o boitshepo, nngwe ka go e bolelelwa ka molomo. Gape Moshe a ka tswa a ne a na le dikwalo dingwe tseo borraagwemogolo ba neng ba di bolokile jaaka tse di tlhotlhwakgolo, direkoto tse di botlhokwa tsa kafa motho a simologileng ka gone.a
4. (a) Moshe o ne a simolola go kwala kwa kae mme o ne a go fetsa leng? (b) Moshe a ka tswa a bone dintlha tseo a di kwadileng mo karolong ya bofelo ya ga Genesise jang?
4 Go lebega Moshe a ne a wetsa go kwala ga gagwe, a le kafa tlase ga tlhotlheletso, a go wetsa a le kwa nageng ya Sinai ka 1513 B.C.E. (2 Tim. 3:16; Yoh. 5:39, 46, 47) Moshe o ne a bona tshedimosetso ya karolo ya bofelo ya Genesise kae? Ereka rraagwemogologolwane ebong Lefi e ne e le morwarraagwe Josefa ka rraagwe, lelapa la gaabo le tshwanetse la bo le ne le itse dikgang tseno ka tlhomamo. Lefi a ka tswa a ne a tshela le eleng fa rraagwe Moshe, ebong Amerame, a ne a santse a tshela. Mo godimo ga moo, moya wa ga Jehofa gape o ne o tla tlhomamisa gore karolo eno ya Dikwalo e kwalwe ka tshwanelo.—Ekes. 6:16, 18, 20; Dipa. 26:59.
5. Ke bosupi bofe jo bo mo Bibeleng jo bo supang gore Moshe ke ene a e kwadileng?
5 Ga go na pelaelo gore Genesise e kwadilwe ke mang. Go umakiwa ga “buka ya molao ya ga Moshe” le dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Bibela, tseo Genesise eleng nngwe ya tsone, gantsi go fitlhelwa go tloga ka nako ya motlhatlhami wa ga Moshe, ebong Joshua, go ya pele. Ebile tota, dibuka tsa Bibela tse 27 tsa moragonyana di umaka Moshe kgapetsa kgapetsa ka makgetlo a le 200. Go kwala ga ga Moshe ga go ise go ko go ganediwe ke Bajuda. Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di umaka Moshe kgapetsa kgapetsa jaaka mokwadi wa “molao,” mme bosupi jo bogolo go gaisa jwa seno ke jwa ga Jesu Keresete. Moshe o ne a kwala a laelwa ke Jehofa ka tlhamalalo le kafa tlase ga tlhotlheletso ya Gagwe.—Ekes. 17:14; 34:27; Yosh. 8:31; Dan. 9:13; Luke 24:27, 44.
6. Ke eng seo se ka bontshang gore go kwala go simologile mo tshimologong ya hisitori ya motho?
6 Bangwe ba batho bao ba belaelang melaometheo ya Bibela ba ile ba botsa jaana, Moshe le bao a neng a ba tlhatlhama ba ile ba kgona go kwala jang? A go kwala ga se selo seo motho o se ribolotseng moragonyana? Go lebega go kwala go ile ga simolola bogologolo mo hisitoring ya motho, gongwe pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, o o nnileng gone ka 2370 B.C.E. A go na le bosupi bope jwa gore motho o ne a kgona go kwala bogologolo koo? Lemororo e le boammaaruri gore baithutamarope ba ile ba bolela gore letlha la dikwalo dingwe tsa mmopa tseo ba di epolotseng e ne e le la pele ga 2370 B.C.E., matlha a a ntseng jalo ke a a ikakanyeditsweng fela. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go tlhokomela gore Bibela e bontsha ka phepafalo fela gore go agiwa ga metse e megolo, go dirwa ga diletso tsa mmino, le go betliwa ga dithulusu tsa tshipi go ile ga simolola bogologolo pele ga Morwalela. (Gen. 4:17, 21, 22) Go a utlwala, he, gore batho ba ne ba seka ba nna le bothata jo bo kalo fa ba tlhama mokgwa mongwe wa go kwala.
7. Ke bosupi bofe jwa lefatshe jo bo leng gone ka morwalela wa lefatshe lotlhe le jwa dikarolo tse tharo tse losika lwa motho lo duleng mo go tsone, jaaka di tlhalosiwa mo pegong ya Bibela?
7 Genesise e ile ya itshupa e dumalana ka mo go gakgamatsang le dintlha dingwe tseo di ileng tsa fitlhelwa di le boammaaruri ka mekgwa e mengwe e mentsi. Ke Genesise fela eo e re nayang pego ya boammaaruri le e e utlwalang ka Morwalela le bafalodi ba one, lefa dipego tsa morwalela le go falola ga batho (mo mabakeng a le mantsi e le ka ntlha ya go bolokiwa ga bone ka sekepe) di fitlhelwa mo ditlhamaneng tsa dikarolo di le dintsi tsa lelapa la motho. Pego ya Genesise gape e re bolelela koo dikarolo tse di farologaneng tsa batho di neng di nna gone, tseo di ileng tsa tswa mo barweng ba bararo ba ga Noa—Sheme, Hame, le Jafethe.b Dr. Melvin G. Kyle, wa Xenia Theological Seminary, kwa Missouri, kwa U.S.A. o bolela jaana: “Ntlha ya gore, karolo ya ga Hame ya losika e ne ya fudugela kwa borwa bophirima, karolo ya ga Jafethe ya ya kwa bokone bophirima, le karolo ya ga Sheme ‘kwa botlhaba’ go ya ntlheng ya ‘naga ya Shinara’ di tswa kwa lefelong le le lengwe le le fa gare gongwe kwa Mesopotamia ga e kake ya ganediwa.”c
8. Ke mefuta efe e mengwe ya bosupi e e supang gore Genesise e boammaaruri?
8 Boammaaruri jwa gore Genesise ke karolo ya pego ya bomodimo go bontshiwa ke go utlwana ga yone ka boyone, le go dumalana ga yone ka botlalo le Dikwalo tse dingwe tsotlhe tse di tlhotlheleditsweng. Go tlhamalala ga yone go supa gore mokwadi wa yone o ne a boifa Jehofa ebile a rata boammaaruri le gore o ne a se ka a okaoka go kwala ka maleo a morafe le a batho ba bagolo kwa Iseraeleng. Mo godimo ga tsotlhe, tsela e e sa fetogeng eo boperofeti jwa yone bo diragadiwang fela jaaka bo boleletswe pele, jaaka fa go tla bontshiwa mo kgaolong eno go ela kwa bokhutlong, go supa gore Genesise ke sekao se se tlhomologileng sa lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng ke Jehofa Modimo.—Gen. 9:20-23; 37:18-35; Bagal. 3:8, 16.
SEO SE LENG MO GO GENESISE
9. (a) Ke eng seo se umakiwang mo kgaolong ya ntlha ya Genesise malebana le kafa Modimo o neng wa bopa ka gone? (b) Ke dilo dife tse di oketsegileng tseo kgaolo ya bobedi e di tlhalosang malebana le motho?
9 Go bopiwa ga legodimo le lefatshe, le go baakanngwa ga lefatshe gore motho a kgone go tshela mo go lone (1:1–2:25). E boela kwa morago moo go bonalang e ka nna dibilionebilione tsa dingwaga, Genesise e simolola jaana ka tsela e e bonolo ka mo go kgatlhisang: “Mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.” Se se botlhokwa ke gore, seele seno se se simololang se supa Modimo jaaka Mmopi le popo ya gagwe jaaka magodimo le lefatshe. Ka mafoko a magolo, le a a tlhophilweng sentle, kgaolo eno ya ntlha e tswelela go re naya pego ya kakaretso ya tiro ya go bopa e e amanang le lefatshe. E wediwa ka dipaka di le thataro tsa nako tse di bidiwang malatsi tseo, nngwe le nngwe ya tsone e simololang ka maitseboa, tiro ka nako ya fa eo ya go bopa ya lobaka loo e sa tlhaloganyesege sentle mme e felela mo mosong, letsatsi le penne, ka nako ya fa kgalalelo ya tiro eo ya popo e bonala sentle. Mo “malatsing” a a latelanang go bonala lesedi; loapi; naga e e omeletseng le dijalo; masedi ao a kgaoganyang motshegare le bosigo; ditlhapi le dinonyane; le diphologolo tsa mo lefatsheng mme kwa bokhutlong motho. Fano Modimo o itsise molao wa gagwe o o tla laolang mefuta eno, eleng sekgoreletsi se se ka sekeng sa tlosiwa seo se thibelang gore mofuta o mongwe o seka wa itlhagelela go fetoga o mongwe. Fa a setse a dirile motho mo setshwanong sa Gagwe, Modimo o itsise boikaelelo jono jwa Gagwe jo bo menaganeng gararo ka motho mo lefatsheng: go le tlatsa ka batho ba ba siameng, gore a le laole, le gore a laole diphologolo tse di bopilweng. “Letsatsi” la bosupa le a segofadiwa mme le bolelwa e le le boitshepo ke Jehofa, yoo jaanong a tswelelang go ‘ikhutsa mo tirong yotlhe eo a e dirileng.’ Morago pego eno e re bolelela ka seo se bonweng se atametswe, kana eo e godisitsweng, ka tiro ya Modimo ya popo e e mabapi le motho. E tlhalosa tshimo ya Edena le koo e leng gone, e bolela molao wa Modimo o o malebana le setlhare se se ileditsweng, e bolela kafa Adame a neng a sha diphologolo maina ka gone, mme morago e bolela ka pego ya kafa Jehofa a neng a rulaganyetsa lenyalo la ntlha ka gone ka go direla Adame mosadi go tswa mo mmeleng wa gagwe mme a mo tlisa kwa go Adame.
10. Genesise e tlhalosa jang kafa boleo le loso di simologileng ka gone, mme ke boikaelelo bofe jwa botlhokwa jo bo itsisitsweng fano?
10 Boleo le loso di tsena mo lefatsheng; “losika” lo bolelelwa pele jaaka mogolodi (3:1–5:5). Mosadi o ja setlhare se se ileditsweng mme o tlhotlheletsa monna wa gagwe gore a kopanele le ene mo botsuoloding joo, mme ka jalo Edena e a kgotlhelwa ka ntlha ya go tlhoka kutlo. Modimo ka bonako fela o bolela mokgwa oo boikaelelo jwa gagwe bo tla diragadiwang ka one: “Me Yehofa Modimo a raea nōga [Satane, motlhotlheletsi yo o sa bonaleng wa botsuolodi joo] a re, . . . ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.” (3:14, 15) Motho o kobiwa mo tshimong, gore a ye go tshela ka kutlobotlhoko le ka go dira ka natla mo mebitlweng le mo mesitlwasitlwaneng. Kwa bokhutlong, o tshwanetse go swa mme a boele mo loroleng loo a ntshitsweng mo go lone. Ke bana ba gagwe fela ba ba ka nnang le tsholofelo mo Losikeng lo lo solofeditsweng.
11. Mathata a a tlisiwang ke boleo a ile a tswelela jang ka kwa ntle ga Edena?
11 Tshenyo ya boleo e a tswelela ka kwa ntle ga Edena. Kaine, ngwana wa ntlha wa mosimane yo o ileng a tsholwa, o fetoga mmolai wa ga morwarraagwe ebong Abele, motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa. Jehofa o kobela Kaine kwa lefatsheng la Noda, koo a nnang le bana gone bao moragonyana ba neng ba senngwa ke Morwalela. Adame jaanong o nna le morwa yo mongwe gape, ebong Sethe, yo a nnang rraagwe Enoshe; mme ka nako eno batho ba simolola go bitsa leina la ga Jehofa ka boitimokanyi. Adame o swa a na le dingwaga di le 930.
12. Lefatshe le senngwa jang mo motlheng wa ga Noa?
12 Banna ba ba bosula le baengele ba senya lefatshe; Modimo o tlisa Morwalela (5:6–11:9). Re bolelelwa fano malebana le kafa ditshika di neng tsa kolagana ka gone go tswa mo go Sethe. Yo o tlhomologileng mo gare ga bana ba ga Sethe ke Enoke, yoo o itshepisang leina la ga Jehofa ka go “sepela le Modimo.” (5:22) Monna yo o latelang morago ga moo yo o nang le tumelo e e tlhomologileng ke setlogolwana sa ga Enoke ebong Noa, yo o tshotsweng dingwaga di le 1 056 morago ga go bopiwa ga ga Adame. Mo nakong eno go diragala sengwe seo se ileng sa oketsa thubakanyo mo lefatsheng. Baengele ba Modimo ba tlogela lefelo la bone la selegodimo go tla go nyala barwadi ba bantle ba batho. Go nna mmogo gono go go sa letlelelweng go tlhagisa setso sengwe sa diganka tse di bidiwang Banifilimo (eleng seo se kayang “Bao Ba Digang Ba Bangwe”), bao ba itirelang leina, ba sa le direle Modimo. Ka gone Jehofa o bolelela Noa gore O tlile go nyeletsa motho le phologolo ka gonne bosula jwa motho bo a tswelela. Noa ke ene fela yo o bonang go selwa sefatlhego ke Jehofa.
13. Jehofa o itshepisa leina la gagwe jang jaanong?
13 Noa o tsala Sheme, Hame, le Jafethe. Jaaka fa thubakanyo le tshenyego di tswelela mo lefatsheng, Jehofa o senolela Noa gore O tloga a itshepisa leina la Gagwe ka morwalela o mogolo, mme O laela Noa gore a age araka ya phaloso, a mo naya ditsela tsotlhe tsa kafa a neng a tla e aga ka gone. Noa o ikobela seo ka bonako mme o phutha lelapa la gagwe la batho ba le robedi, mmogo le diphologolo le dinonyane; mme Morwalela o simolola mo ngwageng wa bo 600 wa botshelo jwa gagwe (2370 B.C.E.). Pula e tshologa ka malatsi a le 40, go fitlha fa le dithaba tse di kwa godimo di khurumediwa ke metsi a a ka nnang dikhubita di le 15. Fa, morago ga ngwaga o sena go feta, Noa kgabagare a kgona go ntsha lelapa la gagwe mo arakeng, seo a se dirang lantlha e nna go direla Jehofa setlhabelo se segolo sa tebogo.
14. Jehofa jaanong o dira taolo efe le kgolagano efe, mme go ne ga diragala eng mo botshelong jwa ga Noa?
14 Jehofa jaanong o segofatsa Noa le lelapa la gagwe mme o ba laela gore ba tlatse lefatshe ka bana ba bone. Molao wa Modimo o letla gore go ka jewa nama mme lefa go ntse jalo o ba laela gore ba ithibe mo mading, ao e leng moya, kana botshelo jwa nama, mme o laela gore mmolai a bolawe. Modimo o tlhomamisa kgolagano ya gagwe ya gore ga a kitla a tlhola a tlisa morwalela mo lefatsheng a e tlhomamisa ka go dira gore go nne le mola wa godimo mo legodimong. Moragonyana ga moo, Hame o bontsha go tlhoka tlotlo mo moperofeting wa ga Jehofa ebong Noa. Fa Noa a lemoga seno, o hutsa morwa Hame ebong Kanane, mme lefa go ntse jalo o segofatsa Sheme mo godimo ga moo a supa gore o tla bona masego a a kgethegileng le gore Jafethe le ene o tla segofala. Noa o swa a le dingwaga di le 950.
15. Batho ba leka go itirela leina le legolo jang, mme Jehofa o senya boikaelelo joo jwa bone jang?
15 Barwa ba ga Noa ba bararo ba diragatsa taolo ya Modimo ya gore ba ntsifale, ba dira gore go nne le malapa a le 70, ke bone borremogologolwane ba batho bao ba leng teng gompieno. Nimerode, setlogolwana sa ga Hame, ga a balwa, go lebega e le ka gonne a ile a nna “mocumi eo o nonohileñ ha pele ga Yehofa.” (10:9) O itlhomela puso mme o simolola go aga metse. Ka nako eno lefatshe lotlhe le bua puo e le nngwe fela. Mo boemong jwa gore ba phatlalale le lefatshe ba le tlatse ka baagi le go le lema, batho ba dira tshwetso ya gore ba age motse le tora eo bogodimo jwa yone bo tla fitlhang kwa legodimong gore ba itirele leina le legolo. Lefa go ntse jalo, Jehofa o senya maikaelelo ao a bone ka go tlhakatlhakanya puo ya bone, ka jalo o a ba phatlalatsa. Motse oo o bidiwa Babele (se se kayang “Tlhakatlhakano”).
16. (a) Ke ka ntlhayang fa tatelano ya ditshika ya ga Sheme e le botlhokwa? (b) Go tlile jang gore Aberame a bidiwe “tsala ea Modimo,” mme o amogela masego afe?
16 Kafa Modimo o neng wa dirisana le Aberahame ka gone (11:10–25:26). Re bona go latelana ga botlhokwa ga ditshika go tswa kwa go Sheme go ya kwa go Aberame morwa Tera, go go re nayang kafa ditshika tseno di neng di amana ka gone go ya ka tsamao ya nako. Go na le go ipatlela leina ka boene, Aberame o bontsha tumelo mo Modimong. O tlogela motse wa Bakaladea wa Ura a laelwa ke Modimo, o na le dingwaga di le 75, mme o tshela Uferatese a le mo tseleng a lebile kwa lefatsheng la Kanana, a bitsa leina la ga Jehofa. Ka ntlha ya tumelo ya gagwe le go nna kutlo ga gagwe, o bidiwa “tsala [moratwa] ea Modimo,” mme Modimo o dira kgolagano le ene. (Yak. 2:23; 2 Ditih. 20:7; Isa. 41:8) Modimo o sireletsa Aberame le mosadi wa gagwe mo nakong e khutshwane e ba e ntseng kwa Egepeto. Fa a boela kwa Kanana, Aberame o bontsha kafa a leng pelotshweu ka gone le kafa a ratang kagiso ka gone ka go letla setlogolo sa gagwe seo ebileng e le modumedi ka ene, ebong Lote, gore a itlhophele karolo e e di gaisang tsotlhe ya naga. Moragonyana ga moo, o falotsa Lote mo dikgosing tse nnè tseo di neng di mo thopile. Morago, fa a bowa kwa ntweng eo, Aberame o kopana le Melekisedeke, kgosi ya Salema, yoo jaaka moperesiti wa Modimo a segofatsang Aberame, mme Aberame o mo naya tsa bolesome.
17. Modimo o godisa kgolagano ya gagwe jang, mme seo se senola eng malebana le losika lwa ga Aberame?
17 Moragonyana ga moo Modimo o itlhagisa mo go Aberame, a mmolelela gore ke Ene thebe ya ga Aberame mme o oketsa tsholofetso ya gagwe ya kgolagano ka go senola gore losika lwa ga Aberame lo tla lekana le dinaledi tsa legodimo ka palo. Aberame o bolelelwa gore losika lwa gagwe lo tla bogisiwa ka dingwaga di le 400 mme Modimo o tla lo golola, mme o tla atlhola morafe oo o o lo bogisitseng. Fa Aberame a nna le dingwaga di le 85, mosadi wa gagwe ebong Sarai, yo a santseng a sena bana, o mo naya lelata la gagwe la mosadi la Moegepeto ebong Hagare gore a nne le ngwana ka ene. Ishemaele oa tsholwa mme o lejwa jaaka ene yoo a tla nnang mojaboswa. Lefa go ntse jalo, boikaelelo jwa Jehofa bo farologane le seo. Fa Aberame a le dingwaga di le 99, Jehofa o fetola leina la gagwe go nna Aberahame, a fetola leina la Sarai go nna Sara, mme a solofetsa gore Sara o tla tshola morwa. Go dirwa kgolagano ya go rupa le Aberahame, mme ka bonako fela o rupisa bantlo ya gagwe.
18. Ke ditiragalo dife tsa botlhokwa tseo di leng mo botshelong jwa ga Lote fa bo fitlha kwa setlhoeng?
18 Modimo jaanong o bolelela tsala ya Gagwe ebong Aberahame ka boikaelelo jwa Gagwe jwa go senya Sodoma le Gomora ka gonne boleo jwa yone bo le bogolo. Baengele ba ga Jehofa ba tlhagisa Lote mme ba mo thusa go tswa mo Sodoma a na le mosadi wa gagwe le bomorwadie ba babedi. Lefa go ntse jalo, mosadi wa gagwe, o a etsaetsega mme o leba dilo tse di kwa morago, a bo a fetoga motlhoboloko wa letswai. E le gore ba bone bana, bomorwadia Lote ba nosa rraabo beine gore e bo e mo tage, mme ka go tlhakanela le ene dikobo, ba nna le barwa ba babedi, bao e nnang borraagwe merafe ya Moaba le Amone.
19. Aberahame o ne a fenya teko efe e e malebana le Losika, mme ke eng seo Jehofa a se senolang fa a tlhomamisa tsholofetso ya Gagwe?
19 Modimo o sireletsa Sara gore a seka a itshekololwa ke Abimeleke wa Mofilisitia. Mojaboswa yo o solofeditsweng, ebong Isake, o tsholwa ka nako ya fa Aberahame a na le dingwaga di le 100 mme Sara a na le di ka nna 90. Dingwaga di ka nna tlhano morago ga seno, Ishemaele yo o dingwaga di 19 o sotla Isake, yoo e leng ene mojaboswa, seo se neng sa felela ka gore Hagare le Ishemaele ba kobiwe, mme seo se letlwa ke Modimo. Dingwaga di sekae moragonyana, Modimo o leka Aberahame ka go mo laela gore a ntshe morwawe ebong Isake setlhabelo kwa go nngwe ya dithaba tsa Moria. Tumelo e kgolo eo Aberahame a nang le yone mo go Jehofa ga e reketle. O leka go isa morwawe yo ebileng e le mojaboswa setlhabelo mme lefa go ntse jalo Jehofa o a mo thibela, a bo a mo naya phelehu gore a e ise setlhabelo mo boemong jwa gagwe. Jehofa gape o tlhomamisa tsholofetso ya gagwe mo go Aberahame, a bolela gore O tla ntsifatsa losika lwa ga Aberahame jaaka dinaledi tsa legodimo le jaaka moshawa o o leng fa losing lwa lewatle. O bontsha gore losika lono lo tla thopa kgoro ya baba ba lone le gore merafe yotlhe ya lefatshe eleruri e tla segofala ka Losika loo.
20. Aberahame o ne a tlhokomela eng fa a neela Isake mosadi, mme go dirwa jang gore Isake e nne mojaboswa a le esi?
20 Sara o tlhokafala a le dingwaga di le 127 mme o fitlhwa mo tshimong eo Aberahame a e rekang mo barweng ba ga Hethe. Aberahame jaanong o roma motlhanka wa gagwe yo mogolo mo ntlong gore a ye go batlela Isake mosadi kwa nageng ya balosika lwa gagwe. Jehofa o etelela motlhanka yoo go ya kwa lelapeng la ga Bethuele morwa Nahore, mme go dirwa dithulaganyo tsa gore Rebeka a boe nae. Rebeka o tsamaya ka pelo e e ratang, lelapa laabo le dumela seo, mme o nna mosadi wa ga Isake. Aberahame, kafa letlhakoreng le lengwe, o tsaya mosadi yo mongwe gape, ebong Ketura, mme o mo tsholela barwa ba le barataro. Lefa go ntse jalo, bano o ba naya dimpho mme a ba laela gore ba tsamaye gore Isake e tle e nne ene mojaboswa a le esi. Morago ga moo, Aberahame o tlhokafala a le dingwaga di le 175.
21. Go tla jang gore Isake le Rebeka ba nne le bana ba basimane ba mawelana?
21 Fela jaaka fa Jehofa a ne a boleletse pele, Ishemaele, morwarraagwe Isake ka rraagwe o nna tlhogo ya morafe o mogolo, oo o eteletsweng pele ke barwa ba gagwe ba dikgosana ba le 12. Rebeka o nna a le moopa ka dingwaga di le 20, mme Isake o tswelapele a rapela Jehofa, mme o tshola bana ba mawelana, ebong Esau le Jakobe, bao Jehofa a neng a mmoleletse gore yo mogolo o ne a tla direla yo mmotlana. Isake jaanong o na le dingwaga di le 60.
22. Esau le Jakobe ba leba jang kgolagano ya ga Aberahame, mme go felela ka eng?
22 Jakobe le barwa ba gagwe ba ba 12 (25:27–37:1). Esau o fetoga yo o ratang go tsoma. Ka a ne a sa anaanele kgolagano eo e neng e dirilwe le Aberahame, tsatsi lengwe o boa kwa go tsomeng mme o rekisetsa Jakobe tshiamelo ya gagwe ya botsalwapele ka dikgobenyana di sekae fela. Mo godimo ga moo o nyala basadi ba babedi ba Bahita (mme moragonyana ga moo o nyala Moishemaele), bao ba neng ba utlwisa batsadi ba gagwe botlhoko. Jakobe o thusiwa ke mmaagwe mme o itira jaaka ekete ke Esau gore a tle a bone masego a motsalwapele. Esau, yo o neng a sa bolelela Isake gore o rekisitse tshiamelo ya gagwe ya botsalwapele, jaanong o batla go bolaya Jakobe fa a utlwa se Jakobe a se dirileng, ka jalo Rebeka o gakolola Jakobe gore a tshabele kwa Harana kwa go kgaitsadie ebong Labane. Pele ga fa Jakobe a tsamaya, Isake o mo segofatsa gape mme o mo laela gore a seka a nyala mosadi wa moheitane, mme a nyale mongwe go tswa mo losikeng lwa ga mmaagwe. Fa a le kwa Bethele, a le mo tseleng ya gagwe go leba kwa Harana, o bona Jehofa mo torong, yoo a mo tlhomamisetsang a bo a tiisa tsholofetso ya gagwe ya kgolagano le ene.
23. (a) Go tla jang gore Jakobe a nne le barwa ba le 12? (b) Rubene o latlhegelwa jang ke tshiamelo ya botsalwapele?
23 Kwa Harana, Jakobe o berekela Labane, a bo a nyala bomorwadie ba babedi, Lea le Ragele. Lemororo lenyalo leno la basadi ba bantsi a ile a nna le lone ka ntlha ya go tsiediwa ke Labane, Modimo o le segofatsa ka go naya Jakobe barwa ba le 12 le morwadi a le mongwe ka basadi ba gagwe le batlhanka ba babedi ba basadi ba gagwe, ebong Silepa le Bileha. Modimo o tlhomamisa gore matsomane a ga Jakobe a ate thata mme morago ga moo o mo laela gore a boele kwa nageng ya borraagwemogolo. Labane o mo sala morago, mme ba dira kgolagano kwa lefelong le le bidiwang Galeeda le Tora ya Tebelod (ka Sehebera, ham·Mits·pahʹ). Fa a tswelela ka loeto lwa gagwe, Jakobe o tlhomamisediwa ke baengele a bo a kampana le moengele mongwe mo bosigong joo, yoo kwa bokhutlong a mo segofatsang a bo a fetola leina la gagwe go tswa go Jakobe gore e nne Iseraele. Jakobe o rulaganya go kopana le Esau ka kagiso mme o tswelela a ya kwa Shekema. Fano morwadie, ebong Dina, o senngwa ke morwa kgosi ya Bahifa. Bokgaitsadie ebong Simione le Lefi ba ipusolosetsa ka go bolaya banna ba Shekema. Seno ga se itumedise Jakobe ka gonne se mo senya, leina mo nageng eno, jaaka e le moemedi wa ga Jehofa. Modimo o mmolelela gore a ye kwa Bethele a age sebeso gone. Fa a fuduga go tswa kwa Bethele, Ragele o tlhokafala ka nako ya fa a tsholela Jakobe morwa wa bo 12, ebong Benjamine. Rubene o senya motlhanka wa ga Ragele wa mosadi, ebong Bileha, mmaagwe barwa ba babedi ba ga Jakobe, mme ka go dira seno o latlhegelwa ke tshiamelo ya botsalwapele. Go ise go e kae morago ga foo Isake o swa a na le dingwaga di le 180, mme Esau le Jakobe ba a mo fitlha.
24. Ke ka ntlhayang fa Esau le balelapa la gagwe ba fudugela kwa lefelong le le dithaba la Seira?
24 Esau le bantlo ya gagwe ba fudugela kwa lefelong le le dithaba la Seira, ka go bo khumo ya ga Esau le Jakobe e ne e le ntsi mme ba se kake ba kgona go tshela mmogo. Go neelwa lenane la bana ba ga Esau mmogo le dikgosana le dikgosi tsa Baedoma. Jakobe o tswelela a nna mo Kanana.
25. Ke ditiragalo dife tseo di felelang ka gore Josefa a nne motlhanka kwa Egepeto?
25 Go ya kwa Egepeto go boloka botshelo (37:2–50:26). Bomorwarraagwe Josefa ba bagolwane ba a mo ila ka gonne Jehofa a mo rata le ka ntlha ya ditoro tseo a neng a dira gore Josefa a di lore. Ba loga leano la go mmolaya mme go na le moo ba mo rekisetsa bagwebi bangwe ba Baishemaele ba ba fetang. Ba ina kobo ya ga Josefa mo mading a podi, mme ba e naya Jakobe jaaka bosupi jwa gore lekawana leo la dingwaga tse 17 le bolailwe ke dibatana. Josefa o tseelwa kwa Egepeto mme o rekisediwa Potifaro, modisa yo mogolo mo badiseng ba ga Faro.
26. Ke ka ntlhayang fa pego ya go tsalwa ga ga Perese e le botlhokwa?
26 Kgaolo 38 e fapoga go le gonnye mme e re begela ka go tsalwa ga ga Perese ke Tamare, yoo, ka maano, a dirang gore rratsalaagwe ebong Jude a tlhakanele dikobo nae eleng seo se neng se tshwanetse sa bo se dirilwe ke morwawe. Pego eno gape e otlelela tsela eo Dikwalo di begang sengwe le sengwe ka kelotlhoko e kgolo ka gone se se neng se lebisa kwa go tsholweng ga Losika lo lo solofeditsweng. Ngwana wa ga Juda ebong Perese, o nna mongwe wa borraagwemogologolwane ba ga Jesu.—Luke 3:23, 33.
27. Josefa o fetoga jang molaodi wa Egepeto?
27 Fa go ntse go diragala jalo, Jehofa o segofatsa Josefa kwa Egepeto, mme Josefa o nna mogolo mo ntlong ya ga Potifaro. Lefa go ntse jalo, o nna le mathata fa a gana go kgoba leina la Modimo ka go gokafala le mosadi wa ga Potifaro, ka jalo o latlhelwa mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka. Koo Jehofa o mo dirisa go phutholola ditoro tsa magolegwa ka ene a mabedi, ebong motshwaraphafana wa ga Farwe, le moapei wa gagwe. Moragonyana ga moo, fa Faro a lora toro nngwe e e mo tshwenyang thata, o bolelelwa ka nonofo eo Josefa a nang nayo, mme o ntshiwa ka bonako fela mo kgolegelong a isiwa kwa go Farwe. Josefa o galaletsa Modimo, o phutholola toro eo mme o bolelela pele dingwaga di le supa tsa kgora, tseo di tla latelwang ke dingwaga di le supa tsa tlala. Farwe o lemoga gore “mōea oa Modimo” o mo go Josefa me o mo tlhoma go nna mookamedi gore a tle a tlhokomele boemo joo. (Gen. 41:38) Jaanong Josefa a le dingwaga di le 30, o laola ka botlhale ka go dira gore dijo di bolokiwe mo dingwageng tse supa tsa kgora. Morago ga moo ka nako ya leuba leo le neng la latela leo le neng le aparetse lefatshe ka bophara, o rekisetsa Baegepeto le batho ba merafe e e tlang go batla dijo kwa Egepeto mabele.
28. Ke ditiragalo dife tseo di diragalang fa lelapa la ga Jakobe le fudugela kwa Egepeto?
28 Kgabagare Jakobe o roma bomorwawe ba bagolo ba ba lesome go ya go reka mabele kwa Egepeto. Josefa o a ba lemoga gore ke bomang, mme bone ga ba mo lemoge gore ke mang. O tshwara Simione, mme a bo a ba laela gore ba tle le morwarraabone yo mmotlana fa ba tla mo loetong lwa bone lo lo latelang go tla go reka mabele. Fa barwa ba ba robong bao ba tla le Benjamene, Josefa o a ba itshenolela, a bolelela ba ba lesome ba ba molato bao gore o ba itshwaretse, mme o ba laela gore ba ye go tsaya Jakobe mme ba fudugele kwa Egepeto gore ba tle ba tshele mo leubeng leo. Ka gone, Jakobe le ba losika lwa gagwe ba le 66 ba fudugela kwa Egepeto. Farwe o ba fa naga e e di gaisang tsotlhe, eleng ya Goshena, gore ba nne mo go yone.
29. Ke metseletsele efe ya boperofeti eo Jakobe a e bolelang fa a setse a le gaufi le go swa?
29 Fa Jakobe a setse a le gaufi le go swa, o segofatsa Eferaime le Manase, eleng bana ba ga Josefa, mme o bitsa bomorwawe ba ba 12 go ba bolelela seo se tla ba diragalelang “mo metlheñ e e tla tlañ.” (49:1) Jaanong o bolela ka botlalo metseletsele ya boperofeti, joo bo ileng jwa diragadiwa jotlhe ka tsela e e gakgamatsang go tloga ka nako eo.e Fano o bolelela pele gore lore lwa bogosi lo tla nna mo lotsong lwa Juda go fitlhela go tla Shilo (e e kayang “Ene Yo E Mo Tshwanetseng; Ene Yo Eleng ya Gagwe”), eleng Losika lo lo solofeditsweng. Morago ga fa a sena go segofatsa ditlhogo tsa ditso tse 12 le go ba naya melao malebana le ka moo a tla fitlhwang ka gone mo isagweng kwa Lefatsheng la Tsholofetso, Jakobe o tlhokafala a le dingwaga di le 147. Josefa o tswelela ka go tlhokomela bomorwarraagwe le bamalapa a bone go fitlha fa a tlhokafala a le dingwaga di le 110, eleng ka nako eo a ileng a bontsha tumelo ya gagwe ka yone gore Modimo o tla busetsa Baiseraele gape kwa lefatsheng la bone mme o kopa gore marapo a gagwe a tseelwe kwa Lefatsheng leo la Tsholofetso.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
30. (a) Genesise e re thusa jang go tlhaloganya dibuka tse di latelang moragonyana ga yone tsa Bibela? (b) Genesise e re bontsha boikaelelo bofe jwa botlhokwa?
30 Jaaka e e simololang Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, Genesise e na le mosola o mogolo mo go itsiseng maikaelelo a a galalelang a ga Jehofa Modimo. Abo e re thusa jang ne go tlhaloganya dibuka tse di latelang moragonyana ga yone tsa Bibela! Ka go bo e le kgolo, e tlhalosa kafa lefatshe le le siameng la kwa Edena le simologileng ka gone le kafa le neng la khutla ka gone, kafa lefatshe la ntlha la baikepi le neng la nna teng ka gone le go nyelediwa ka gone, le kafa lefatshe la gompieno le le boikepo le simologileng ka gone. Ka mo go tlhomologileng, e tlhoma setlhogo sa Bibela yotlhe eleng, go golediwa ga ga Jehofa ka Bogosi jwa puso ya “losika” lo lo solofeditsweng. E bontsha lebaka la go bo motho a swa. Go tloga mo go Genesise 3:15 go ya pele—mme segolobogolo mo rekotong ya kafa Modimo o neng wa dirisana le Aberahame, Isake, le Jakobe ka gone—e re naya tsholofelo ya botshelo mo lefatsheng le lesha kafa tlase ga Bogosi jwa Losika. E mosola mo go tlhaloseng boikaelelo jo bo tshwanetseng jwa batho botlhe—eleng go nna babolokabothokgami le bao ba itshepisang leina la ga Jehofa.—Bar. 5:12, 18; Baheb. 11:3-22, 39, 40; 12:1; Math. 22:31, 32.
31. Ka go lebelela mo tšhateng e e leng fano, bontsha gore Genesise e na le (a) boperofeti jwa botlhokwa (b) melaometheo e e mosola.
31 Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di umaka tiragalo nngwe le nngwe e e tlhomologileng le batho ba ba tumileng bao ba leng mo bukeng ya Genesise. Mo godimo ga moo, jaaka fa Dikwalo tsotlhe di bontsha, boperofeti jo bo kwadilweng mo go Genesise bo ile jwa diragadiwa kwantle ga phoso epe. Nngwe ya tseno, eleng “dinyaga di le makgolo a manè” tsa go bogisiwa ga losika lwa ga Aberahame, di simolotse fa Ishemaele a ne a sotla Isake ka 1913 B.C.E. mme tsa khutla ka go gololwa ga bone kwa Egepeto ka 1513 B.C.E.f (Gen. 15:13) Dikai tsa boperofeti jo bongwe jo bo nang le bokao le kafa bo neng jwa diragadiwa ka teng di bontshiwa mo tšhateng e e leng fano. Gape se se mosola thata mo go ageng tumelo le mo go tlhaloganyeng ke melaometheo ya bomodimo eo e neng ya bolelwa lantlha mo go Genesise. Baperofeti ba bogologolo, mmogo le Jesu le barutwa ba gagwe, ba ile ba nna ba tsopola ditemana go tswa mo bukeng ya Genesise le go di dirisa. Re tla bo re dira sentle fa re latela sekao sa bone, mme fa re ithuta tšhate e e leng fano go tla re thusa mo go seno.
32. Ke tshedimosetso efe ya botlhokwa eo Genesise e nang nayo e e malebana le lenyalo, tatelano ya ditshika, le, go balwa ga nako?
32 Genesise e senola go rata ga Modimo le boikaelelo jwa gagwe ka phepafalo malebana le lenyalo, kamano e e tshwanetseng fa gare ga monna le mosadi, le melaometheo ya botlhogo le kafa lelapa le ka thapisiwang ka gone. Jesu ka boene o ne a dirisa tshedimosetso eno, a tsopola kgaolo ya ntlha le ya bobedi ya Genesise mo polelong eno ya gagwe e le nngwe: “A ga lo e se lo ko lo bale ha eo o ba dihileñ mo tshimologoñ a ba dihile nona le tshadi, A ba a re, Ke gōna ka mouō, motho o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, a ñaparèla mosadi oa gagwè; me bobedi yo bo tla nna nama e le ñwe hèla?” (Math. 19:4, 5; Gen. 1:27; 2:24) Rekoto ya Genesise e botlhokwa mo go bontsheng tatelano ya ditshika ya lelapa la motho gape le mo go baleng boleele jwa lobaka loo motho a lo ntseng mo lefatsheng.—Gen., dikg. 5, 7, 10, 11.
33. Bolela mengwe ya melaometheo le ditiro tsa setlhopha sa ditlhogo tsa lotso tseo di leng botlhokwa gore re tlhaloganye Bibela.
33 Sengwe gape se se mosola thata mo seithuting sa Dikwalo ke go ithuta ka setlhopha sa ditlhogo tsa lotso seo Genesise e re bolelelang ka sone. Setlhopha seno sa ditlhogo tsa lotso e ne e le mofuta wa puso ya lelapa o o neng o dirisiwa mo bathong ba Modimo go tloga ka motlha wa ga Noa go fitlha fa go ne go ntshiwa Molao kwa Thabeng ya Sinai. Bontsi jwa dintlha ka botlalo tseo di neng tsa tsenngwa mo kgolaganong ya Molao di ne di setse di dirisiwa ke setlhopha seno sa ditlhogo tsa lotso. Melaometheo e e jaaka go direla batho ba mo tikologong molemo (18:32), boikarabelo jwa morafe (19:15), kotlhao mmogo le go itshepa ga madi le ga botshelo (9:4-6), le kafa Modimo o galalediwang ke batho ka gone (11:4-8) di ile tsa ama batho go ralala hisitori. Ditiro tse dintsi tsa kafa molaong mmogo le mafoko a semolao di sedifatsa ditiragalo tsa moragonyana, le eleng tsa go fitlha mo metlheng ya ga Jesu. Molao wa ditlhogo tsa lotso o o neng o sireletsa batho le dithoto tsa bone (Gen. 31:38, 39; 37:29-33; Yoh. 10:11, 15; 17:12; 18:9) le mokgwa wa go abalana dithoto (Gen. 23:3-18), mmogo le molao o o neng o laola go bona boswa ga yo a neng a na le tshiamelo ya botsalwapele (48:22), re tshwanetse go di itse fa re batla go tlhaloganya Bibela ka phepafalo. Ditiro tse dingwe tsa setlhopha seno sa ditlhogo tsa lotso tseo di neng tsa tsenngwa mo Molaong e ne e le ditlhabelo, go rupisiwa (goo Aberahame eleng ene wa ntlha yo o neng a go laelwa), go dirwa ga dikgolagano, go nyalwa ke morwarraagwe monna wa gago (38:8, 11, 26), le go ikana o tlhomamisa sengwe.—22:16; 24:3.g
34. Ke dithuto dife tse di botlhokwa thata mo Bakereseteng, tseo di ka ithutiwang ka go ithuta Genesise?
34 Genesise, jaaka buka ya ntlha ya Bibela, e re naya dithuto di le dintsi ka bothokgami, tumelo, boikanyegi, kutlo, tlotlo, maitseo a a siameng, le bopelokgale. Dikai di le mmalwa tsa seno ke tseno: Tumelo ya ga Enoke le bopelokgale jwa gagwe fa a ne a sepela le Modimo mo gare ga baba ba ba kotsi; tshiamo ya ga Noa, go tlhoka molato ga gagwe, go nna kutlo a sa dikadike; tumelo ya ga Aberahame, boikaelelo jwa gagwe, le boitshoko jwa gagwe, go tlhokomela balelapa la gagwe jaaka tlhogo le go ruta bana ba gagwe melao ya Modimo, go nna pelotshweu ga gagwe, le lorato lwa gagwe; go ikoba ga ga Sara mo monneng wa gagwe yo e neng e le tlhogo ya gagwe le go dira ga gagwe ka natla; go nna le moya o oleng ga ga Jakobe le go amega ga gagwe ka tsholofetso ya Modimo; go utlwa ga ga Josefa rraagwe, go nna ga gagwe le boitsholo jo bo siameng, bopelokgale jwa gagwe, go itshola sentle ga gagwe fa a ne a le kwa kgolegelong, go tlotla ga gagwe babusi ba bagolo, boikobo jwa gagwe mo go galaletseng Modimo, le go itshwarela ga gagwe bomorwarraagwe ka go ba utlwela botlhoko; le keletso ya banna botlhe bano ya go itshepisa leina la ga Jehofa. Dinonofo tseno tse di tlhomang sekao di tlhomologile mo matshelong a bao ba neng ba sepela le Modimo mo lobakeng lo loleele lwa dingwaga di le 2 369 go tloga ka go bopiwa ga ga Adame go fitlha ka loso lwa ga Josefa, jaaka go kwadilwe ka seno mo bukeng ya Genesise.
35. Genesise e supa eng se se kwa pele seo se agang tumelo?
35 Ke boammaaruri, pego ya Genesise e mosola mo go ageng tumelo, ka go bo e re naya dikai tse di molemolemo tsa tumelo, mofuta oo wa tumelo eo e lekilweng eo e eletsang motse o Modimo o o agileng ebile e le ene a o bopileng, oo eleng puso ya Bogosi eo a sa bolong go simolola go e baakanyetsa ka Losika lo lo solofeditsweng, ebong ene yo o kwa pele mo go itshepiseng leina la ga Jehofa.—Baheb. 11:8, 10, 16.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 919-20; Bol. 2, tsebe 1212.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 328-9.
c Biblical History in the Light of Archaeological Discovery, ya 1934, ya ga D. E. Hart-Davies, tsebe 5.
d Bibela E E Boitshèpō, “Misepa.”
e The Watchtower, 1962, ditsebe 360-74, 392-408.
f Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 460-1, 776.
g The Watchtower, 1952, ditsebe 432-45.
[Tšhate mo go tsebe 18]
GENESISE—E TLHOTLHELEDITSWE EBILE E MOSOLA
Ditemana tsa Molaomotheo Ditsopolo Tse Di
Genesise Tserweng mo go Yone
ke Bakwadi ba Bangwe
1:27; 2:24 Boitshepo, kgolagano ya
lenyalo ke ya goyagoile Math. 19:4, 5
2:7 Motho ke moya 1 Bakor. 15:45
2:22, 23 Botlhogo 1 Tim. 2:13;
9:4 Go itsheka ga madi Dit. 15:20, 29
20:3 Boaka ga bo a siama 1 Bakor. 6:9
24:3; 28:1-8 Nyala yo o dumelang fela 1 Bakor. 7:39
28:7 Go utlwa batsadi Baef. 6:1
Boperofeti jo bo Diragaditsweng le Boperofeti jo bo Tshwanang
12:1-3; Go supiwa gore Losika lwa
22:15-18 ga Aberahame ke mang Bagal. 3:16, 29
14:18 Melekisedeke o Baheb. 7:13-15
tshwantshetsa Keresete
49:1-28 Go segofatsa ga ga Jakobe
ditso tse 12 Yosh. 14:1–21:45
49:9 Tau e eleng ya lotso lwa
Juda Tshen. 5:5
Ditemana Tse Dingwe Tse Di Dirisitsweng ke Baperofeti, Jesu, le Barutwa—Mo Setshwantshong, ka go Di Dirisa, kana jaaka Sekai—Go Supa ka mo go Oketsegileng Gore Genesise E Boammaaruri
1:1 Modimo o tlhodile legodimo
le lefatshe Isa. 45:18; Tshen. 10:6
1:26 Motho o dirilwe mo
tshwanong ya Modimo 1 Bakor. 11:7
1:27 Motho o dirilwe e le nona
le tshadi Math. 19:4; Mar. 10:6
2:2 Modimo o ne wa ikhutsa
ka letsatsi la bosupa Baheb. 4:4
3:1-6 Noga e tsieditse Efa 2 Bakor. 11:3
3:20 Batho botlhe ba tswa mo
go ba babedi ba ntlha Dit. 17:26
4:8 Kaine o bolaile Abele Yude 11; 1 Yoh. 3:12
4:9, 10 Madi a ga Abele Math. 23:35
Dikg. 5, 10, 11 Tatelano ya ditshika Luke, kga. 3
5:29 Noa Esek. 14:14;
6:13, 17-20 Morwalela Isa. 54:9; 2 Pet. 2:5
12:1-3, 7 Kgolagano ya ga Aberahame Bagal. 3:15-17
15:6 Tumelo ya ga Aberahame Bar. 4:3; Yak. 2:23
15:13, 14 Go nna ka nakwana kwa Egepeto Dit. 7:1-7
18:1-5 Go tshola baeng Baheb. 13:2
19:24, 25 Go senngwa ga Sodoma le
Gomora 2 Pet. 2:6; Yude 7
19:26 Mosadi wa ga Lote Luke 17:32
20:7 Moperofeti Aberahame Pes. 105:9, 15
21:9 Ishemaele o sotla Isake Bagal. 4:29
22:10 Aberahame o leka go isa
Isake setlhabelo Baheb. 11:17, NW
25:23 Jakobe le Esau Bar. 9:10-13;
25:32-34 Esau o rekisa tshiamelo ya
gagwe ya botsalwapele Baheb. 12:16, 17
37:28 Josefa o rekisediwa kwa
Egepeto Pes. 105:17
41:40 Josefa o dirwa molaodi Pes. 105:20, 21