Adame Le Efa—A e Ne e Le Batho ba Mmatota?
BATHO ba le bantsi ba tsaya pego ya Genesise e e kaga Adame le Efa e le pego fela e e kgatlhang. Lekwalo le le kwaletsweng morulaganyi wa Time la re: “Batho ba le bantsi ba ba tsenang dikereke ga ba bolo go dumela gore dipego tse go buiwang ka tsone mo go Genesise tse di jaaka ya ga Adame le Efa ga se tsa mmatota.” Bakanoki ba le bantsi ba Katoliki, ba Porotesetanta le ba Bajuda ba dumalana le seo. Ba re bontsi jwa dilo tse di kwadilweng mo go Genesise ga di dumalane le hisitori kgotsa saense.
O akanyang? A o akanya gore Adame le Efa e ne e le batho ba mmatota? A go na le bosupi bongwe jo bo bontshang gore ba kile ba tshela? Ka fa letlhakoreng le lengwe, a go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore pego ya Genesise ke tlhamane fela?
A Pego ya Genesise e Boammaaruri?
Sa ntlha, mma re sekaseke ditiragalo tsa botlhokwa tsa pego eno, tse di buang ka go bopiwa ga motho wa ntlha. Baebele e bua jaana kaga Adame: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung a ba a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe, mme motho a nna moya o o tshelang.” (Genesise 2:7) A mafoko ano a dumalana le se saense e se fitlheletseng?
Buka ya Nanomedicine ya re mmele wa motho o na le dielemente tsa dikhemikale di le 41. Dielemente tseno—khabone, aene, okosejene le tse dingwe—tsotlhe di teng mo ‘loroleng’ lwa lefatshe. Ka jalo, jaaka Genesise e tlhalosa, batho ba dirilwe “ka lorole lo lo tswang mo mmung.”
Go tlile jang gore dielemente tseno tse di sa tsheleng di kopanngwe mmogo gore go dirwe motho yo o tshelang? Ka sekai, go tlhaloganya kafa go leng thata ka gone, akanya ka sesutlhalefaufau sa NASA, mongwe wa metšhine e e raraaneng thata e e kileng ya dirwa mo lefatsheng. Motšhine ono wa thekenoloji o dirilwe ka dikarolo di le dimilione di le 2.5. Go ne ga tsaya ditlhopha tsa baenjeniri dingwagangwaga gore ba o tlhame le go o kopanya. Jaanong akanya ka mmele wa motho. O dirilwe ka diatomo di ka nna 7 000 quadrillion, disele di le dibilione di le 100, diokene di le dintsi le diokene tsa konokono di ka nna 9.a Mmele ono wa motho o o raraaneng e bile e le wa maemo a a kwa godimo o ne wa dirwa jang? A o ne wa itlhagela fela kgotsa o ne wa bopiwa ke Mmopi yo o botlhale?
Mo godimo ga moo, ke eng se se dirang gore batho ba tshele? Ke mang yo o re nayang botshelo? Baitsesaense ba re ga ba itse. Tota e bile, ga ba dumalane kafa botshelo bo simologileng ka gone. Batho ba ba dumelang mo Mmoping ba itse dikarabo. Modimo ke ene Motswedi wa botshelo.b
Go tweng ka se Genesise e se buang fa e re Efa o bopilwe ka logopo lwa ga Adame? (Genesise 2:21-23) Pele o swetsa ka gore pego eno ke tlhamane kgotsa kgopolo fela, akanya ka dintlha tse di latelang: Ka January 2008, e ne e le lekgetlo la ntlha mo lefatsheng baitsesaense ba kwa California, U.S.A., ba dirisa disele tsa letlalo la motho yo o godileng go dira disele tse di ikatisang (embryos) tse di neng di ka ata tsa nna masea. Tota e bile, baitsesaense ba ne ba dirisa mokgwa o o tshwanang go dira gore go nne le diphologolo di ka nna 20. Nngwe ya diphologolo tse di itsegeng thata mo go tseno ke nku e e bidiwang Dolly e e ileng ya tsalwa ka 1996 ka go bo go ntshitswe disele tsa nku e namagadi.c
Ga re itse gore go lekeletsa gono ga baitsesaense go tla felela kae. Mme ntlha ya botlhokwa ke eno: Fa batho ba kgona go dira gore disele tse di tswang mo setsheding se sengwe di nne setshedi se sengwe sa mofuta oo, a Mmopi mothatayotlhe a ka palelwa ke go bopa motho go tswa mo go yo mongwe? Se se kgatlhang ke gore gantsi dingaka tse di arang di dirisa logopo fa di ara motho yo o nang le bogole bongwe ka gonne lo kgona go gola gape.
Se Baebele e se Buang ka Adame le Efa
Batho bangwe ba a gakgamala fa ba lemoga gore Adame le Efa ba umakiwa gangwe le gape mo Baebeleng. Go umakiwa ga bone go supa jang gore pego ya Genesise e boammaaruri?
Ka sekai, akanya ka lenaane la masika a Bajuda le le begilweng mo bukeng ya Baebele ya Ditiragalo wa Ntlha kgaolo 1 go ya go 9 le mo Efangeleng ya ga Luke mo go kgaolo 3. Lenaane leno le legolo le tlhalosa dikokomana di le 48 mo go Ditiragalo wa Ntlha le di le 75 mo bukeng ya Luke. Luke e bua ka tatelano ya losika lwa ga Jesu Keresete mme buka ya Ditiragalo yone e bua ka losika lwa segosi le lwa boperesiti lwa setšhaba sa Iseraele. Manaane ao ka bobedi a na le maina a batho ba ba itsegeng thata ba ba jaaka Solomone, Dafide, Jakobe, Isake, Aborahame, Noa le Adame. Maina otlhe a a mo manaaneng ao a mabedi ke a batho ba mmatota mme Adame yo o leng teng mo manaaneng ao ke motho wa mmatota wa kwa tshimologong.
Mo godimo ga moo, gangwe le gape Baebele e bua ka Adame le Efa e le batho ba mmatota e seng batho ba ditlhamane. Dikai dingwe ke tseno:
• “[Modimo] o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe.”—DITIRO 17:26.
• “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, . . . loso lo ne lwa busa jaaka kgosi go tswa kwa go Adame go tla go fitlha mo go Moshe.”—BAROMA 5:12, 14.
• “Motho wa ntlha Adame o ne a nna moya o o tshelang.”—1 BAKORINTHA 15:45.
• “Adame o ne a bopiwa pele, go tswa foo Efa.”—1 TIMOTHEO 2:13.
• “Wa bosupa mo tlhatlhamanong go tswa kwa go Adame, e bong Enoke, le ene o ne a porofeta ka [baikepi].”—JUDE 14.
Sa botlhokwa le go feta, mosupi yo o ikanyegang e bong Jesu Keresete o ne a dumela gore Adame le Efa ba ne ba le teng. Fa Jesu a ne a bodiwa ka kgang ya tlhalo, o ne a araba jaana: “Go tswa kwa tshimologong ya popo ‘[Modimo] o ne a ba dira monna le mosadi. Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’ . . . Jalo se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se ka a se kgaoganya.” (Mareko 10:6-9) A Jesu o ne a ka dirisa setshwantsho go tlhalosa sengwe se se diragetseng? Nnyaa! Jesu o ne a nopola mo go Genesise go bontsha gore ntlha eo e boammaaruri.
Fa The New Bible Dictionary e sobokanya bosupi jwa Dikwalo e konela jaana: “Tesetamente e Ntšha e tlhomamisa gore pego eno ya dikgaolo tse di simololang tsa Genesise e boammaaruri.”
Fa Adame le Efa E ne E se Batho ba Mmatota Seno se Raya Gore Dithuto Tse Dingwe Tsa Baebele ga di Boammaaruri
Batho ba le bantsi ba ba tsenang dikereke ba akanya gore go dumela gore Adame le Efa ba kile ba nna teng ga go botlhokwa gore motho e nne Mokeresete yo o molemo. Fa go sa dirwe dipatlisiso tse di oketsegileng seno se ka lebega se le boammaaruri. Mma re sekaseke mabaka a a latelang.
Ka sekai, akanya ka thuto ya Baebele e batho ba ba tsenang dikereke ba e tsayang e le botlhokwa—thekololo. Go ya ka thuto eno, Jesu Keresete o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go nna thekololo gore a boloke batho ba le bantsi mo maleong a bone. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Jaaka re itse, thekololo ke tuelo e e lekanang le sengwe se se rekololwang kgotsa ke go reka gape sengwe se se latlhegileng. Ke gone ka moo Baebele e tlhalosang Jesu e le “thekololo e e lekanang.” (1 Timotheo 2:6) Gongwe re ka ipotsa gore, e e lekanang le eng? Baebele e araba jaana: “Fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.” (1 Bakorintha 15:22) Botshelo jo bo itekanetseng jo Jesu a neng a bo ntsha setlhabelo go rekolola batho ba ba kutlo bo lekana le jo bo itekanetseng jo Adame a neng a bo latlha ka ntlha ya go leofa kwa Edene. (Baroma 5:12) Eleruri fa e le gore Adame ga a ise a nne gone, seno se kaya gore setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo ga se na molemo wa sepe.
Go itlhokomolosa pego ya Genesise e e kaga Adame le Efa go kaya gore mo e ka nnang dithuto tsotlhe tsa konokono tse di mo Baebeleng ga di boammaruri!d Go akanya ka tsela eo go ka dira gore o nne le dipotso tse dintsi tse di sa arabiweng e bile go ka dira gore o se nne le tumelo e e nonofileng.—Bahebera 11:1.
A Botshelo Bo na Le Bokao?
Potso ya botlhokwa ke eno: A go itlhokomolosa pego ya Genesise go dira gore batho ba itse gore botshelo bo na le bokao? Richard Dawkins yo e leng rrathutotlholelo e bile a sa dumele mo Modimong, o leba lobopo lo “sa bopiwa, lo se na bokao, lo se na bosula le molemo e bile lo sa kgatlhe.” Ruri o leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng le e batho ba di lebang ka yone!
Go farologana le tsela e Dawkin a lebang dilo ka yone, Baebele e na le dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di botlhokwa mo botshelong tse di jaaka: Re tswa kae? Boikaelelo jwa botshelo ke bofe? Ke ka ntlha yang fa go tletse boikepo le pogo e kana kana mo lefatsheng? A boikepo bo tla tsamaya bo fela? Le dipotso tse dingwe. Mo godimo ga moo, go dumela mo thekololong ya ga Keresete go dira gore re nne le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise jaaka e e kwa Edene kwa Modimo a neng a baya batho ba ntlha e bong Adame le Efa gone. (Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3-5) A bo eno e le tsholofetso e e itumedisang jang ne!e
Le fa pego ya ga Adame le Efa e sa dumalane le kgopolo ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe, e dumalana le se se itsegeng mo go tsa saense. Mo godimo ga moo, e dumalana ka botlalo le Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele, le le tlhalosang sentle bokao le boikaelelo jwa botshelo.
Ka jalo, ke eng o sa itshekatshekele se Baebele e se buang? Basupi ba ga Jehofa ba ikemiseditse go go thusa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go ya ka tsela e go balwang dipalo ka yone mo Afrika Borwa, dipalo tseno ke 7 a latelwa ke bonnoto ba le 27 le 100 a latelwa ke bonnoto ba le 12.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Is There a Creator Who Cares About You? le ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
c Ke boammaaruri gore baitsesaense bano ga ba dire gore go nne le botshelo. Go na le moo, ba dirisa disele tse di tshelang tse di leng gone.
d Dithuto tseo di akaretsa tse di ka ga bolaodi jwa Modimo, go ikanyega ga batho, molemo le bosula, kgololesego ya go itlhophela, boemo jwa baswi, lenyalo, Mesia yo o solofeditsweng, lefatshe la paradaise, Bogosi jwa Modimo le tse dingwe tse dintsi.
e Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona buka e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ya Totatota Baebele e Ruta Eng? mo setlhogong se se mo go kgaolo 3 se se reng “Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?” le se se mo go kgaolo 5 se se reng “Thekololo—Mpho ya Modimo e e Botlhokwatlhokwa.”
[Mafoko a a mo go tsebe 14]
Eleruri fa e le gore Adame ga a ise a nne gone, seno se kaya gore setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo ga se na molemo wa sepe
[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]
Fela jaaka sesutlhalefaufau se dirilwe ka kelotlhoko, mmele wa motho le one o dirilwe jalo
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Jesu o ne a dumela gore Adame le Efa ba ne ba le gone