Kgaolo ya Botlhano
Modimo wa Boammaaruri o Bolelela Pele Kgololo
1, 2. (a) Jehofa o tsosa dipotso dife? (b) Jehofa o tla supa jang gore ke ene fela Modimo wa boammaaruri?
‘MODIMO wa boammaaruri ke mang?’ Potso eno e ile ya bodiwa mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga. A bo go gakgamatsa jang he, gore mo bukeng ya ga Isaia, Jehofa ka boene o botsa potso eno! O kopa batho gore ba akanye ka seno: ‘A Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri? Kana go na le yo mongwe yo a ka lwelang maemo a gagwe le ene?’ Fa Jehofa a sena go simolola motlotlo ono, o ntsha mabaka a a utlwalang a go ka atlhola kgang eno ya go nna Modimo. Mabaka a a ntshiwang a dira gore batho ba ba dipelo di ikanyegang ba dire tshwetso e le nngwe fela e e motlhofo.
2 Mo metlheng ya ga Isaia, batho ba le bantsi ba obamela ditshwantsho. Mo tlhalosong e e tlhamaletseng le e e utlwalang sentle e e kwadilweng mo go kgaolo 44 ya buka ya ga Isaia ya boporofeti, a bo kobamelo ya ditshwantsho e bontshiwa e se na mosola jang ne! Le fa go ntse jalo, batho ba Modimo tota ba wetse mo serung sa go obamela medingwana. Ka gone, jaaka re bone mo dikgaolong tse di fetileng tsa Isaia, Baiseraele ba lebanwe ke kotlhao e e bogale. Le fa go ntse jalo, Jehofa ka lorato o tlhomamisetsa setšhaba gore le mororo a tla letla Bababelona go isa batho ba gagwe botshwarwa, o tla ba golola ka nako ya gagwe e e tshwanetseng. Go diragadiwa ga dipolelelopele tsa go gololwa kwa botshwarwa le go tsosolosiwa ga kobamelo e e itshekileng go tla supa gore kwantle ga pelaelo Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri, mme seo se tla tlhabisa botlhe ba ba obamelang medingwana e e sa tsheleng ya ditšhaba ditlhong.
3. Mafoko a ga Isaia a boporofeti a thusa Bakeresete jang gompieno?
3 Dipolelelopele tse di mo karolong eno ya Isaia le ditiragatso tsa tsone mo metlheng ya bogologolo di nonotsha tumelo ya Bakeresete gompieno. Mo godimo ga moo, mafoko a ga Isaia a boporofeti a diragadiwa mo motlheng wa rona tota le mo isagweng. Mme ditiragalo tseo di akaretsa mogolodi yo mogolo le kgololo e kgolo le e leng go feta e e neng ya bolelelwa pele malebana le batho ba Modimo ba bogologolo.
Tsholofelo Ya ba E Leng ba ga Jehofa
4. Jehofa o kgothatsa Iseraele jang?
4 Kgaolo 44 e simolola ka mafoko a a monate a go gopotsa gore Iseraele o tlhophilwe ke Modimo, o tlhaotswe mo ditšhabeng tse di fa gaufi go nna motlhanka wa gagwe. Boporofeti jono jwa re: “Jaanong reetsa, wena Jakobe motlhanka wa me, le wena, Iseraele yo ke go tlhophileng. Jehofa o buile jaana, Modiri wa gago le Mmopi wa gago, yo o neng a nna a go thusa le eleng go tswa mo sebopelong, ‘O se ka wa boifa, tlhe motlhanka wa me Jakobe, le wena Jeshurune, yo ke go tlhophileng.’” (Isaia 44:1, 2) Jehofa o ntse a tlhokometse Iseraele go tswa sebopelong sa ga mmaagwe, jaaka go ka tualo, fa e sa le Iseraele a nna setšhaba a sena go tswa kwa Egepeto. O bitsa batho ba gagwe fa ba le setlhopha a re ke “Jeshurune,” e e kayang “Yo o Thokgameng,” leina le le bontshang lorato le neneketso. Leina leno gape le gopotsa Baiseraele gore ba tshwanetse go nna ba thokgame, e leng se ba paletsweng ke go se dira gantsi.
5, 6. Jehofa o naya Iseraele eng se se lapolosang, mme diphelelo e nna dife?
5 A bo mafoko a a latelang a ga Jehofa a le monate e bile a lapolosa jang ne! A re: “Ke tla tshela metsi mo go yo o nyorilweng, le melatswana mo lefelong le le omeletseng. Ke tla tshela moya wa me mo losikeng lwa gago, le tshegofatso ya me mo ditlogolwaneng tsa gago. Mme ruri ba tla mela jaaka e kete mo gare ga bojang jo botala, jaaka ditlhare tsa modibonoka fa meseleng ya metsi.” (Isaia 44:3, 4) Tota le mo nageng e e fisang, e e omeletseng, lesuthu la ditlhare le ka gola sentle fa metsweding ya metsi. Fa Jehofa a naya metsi a gagwe a a nayang botshelo a e leng boammaaruri a bo a tsholola moya wa gagwe o o boitshepo, Iseraele o tla atlega tota, fela jaaka ditlhare tse di fa thoko ga mesele ya metsi a a nosetsang. (Pesalema 1:3; Jeremia 17:7, 8) Jehofa o tla naya batho ba gagwe maatla a go diragatsa seabe sa bone sa go nna basupi ba gore ke ene Modimo.
6 Phelelo nngwe ya go tshololwa jalo ga moya o o boitshepo e tla nna go anaanela sesha ga batho bangwe kamano e Iseraele a nang le yone le Jehofa. Ka jalo, re bala jaana: “Yono o tla re: ‘Nna ke wa ga Jehofa.’ Mme yole o tla ipitsa ka leina la ga Jakobe, mme yo mongwe o tla kwala jaana mo seatleng sa gagwe: ‘Wa ga Jehofa.’ Mme motho o tla ipha sereto ka leina la Iseraele.” (Isaia 44:5) Ee, go sikara leina la ga Jehofa e tla bo e le sengwe se se tlotlegang, ka gonne o tla bo a itsewe e le ene fela Modimo wa boammaaruri.
Medimo e a Gwetlhwa
7, 8. Jehofa o gwetlha medimo ya ditšhaba jang?
7 Mo molaong wa ga Moshe, morekolodi—yo gantsi e neng e le monna yo o atamalaneng le motho ka losika—o ne a ka rekolola motho yoo mo botshwarong. (Lefitiko 25:47-54; Ruthe 2:20) Jaanong Jehofa o itshupa e le Morekolodi wa Iseraele—ene yo o tla rekololang setšhaba, mme Babelona le medimo ya gagwe yotlhe e swabe. (Jeremia 50:34) O bua le medimo ya maaka le baobamedi ba yone, a re: “Jehofa o buile jaana, Kgosi ya Iseraele le Morekolodi wa gagwe, Jehofa wa masomosomo, ‘Ke nna wa ntlha e bile ke nna wa bofelo, mme kwantle ga me ga go na Modimo ope. Mme ke mang yo o tshwanang le nna? A a tlhaeletse, gore a go bolele a bo a go nkitsise. Go simolola fa ke ne ke tlhoma batho ba bogologolo, dilo tse di tlang mmogo le dilo tse di tla tsenang a ba di bolele. Lo se ka lwa boifa, le gone lo se ka lwa gamarega. A go tloga ka nako eo ga ke a dira gore mongwe le mongwe wa lona a go utlwe ka ba ka go bolela? Mme lo basupi ba me. A go na le Modimo o mongwe kwantle ga me? Nnyaa ga go na Lefika. Ga ke itse lepe.’”—Isaia 44:6-8.
8 Jehofa o gwetlha medimo ka kgwetlho ya gore e tlise bosupi go tshegetsa kgetsi ya yone. A e ka kgona go umaka dilo tse di seyong jaaka e kete di teng, e bolelela pele ditiragalo tsa isagwe ka go di nepa go bo go nne e kete di setse di diragala? ‘Wa ntlha le wa bofelo’ yo o nnileng teng pele go ka akanngwa ka medimo yotlhe ya maaka e bile a tla tswelela a le teng lobaka lo loleele fa e se na go lebalwa, ke ene fela a ka dirang selo se se ntseng jalo. Batho ba gagwe ga ba tlhoke go boifa go supa ka boammaaruri jono, e re ka ba tshegediwa ke Jehofa, yo o nonofileng e bile a itshetletse jaaka lefika le le boitshegang!—Duteronome 32:4; 2 Samuele 22:31, 32.
Boeleele Jwa go Obamela Ditshwantsho
9. A go ne go le phoso gore Baiseraele ba itirele setshwantsho sa mofuta ope fela sa sengwe se se tshelang? Tlhalosa.
9 Kgwetlho ya ga Jehofa mo medimong ya maaka e re gopotsa molao wa bobedi wa Melao e e Lesome. Molao oo o ne wa bolela jaana ka tlhamalalo: “O se ka wa itirela setshwantsho se se setilweng kgotsa popego e e tshwanang le epe fela e e kwa magodimong kwa godimo kgotsa e e mo lefatsheng fa tlase kgotsa e e mo metsing kafa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela lefa e le go tlhotlhelediwa go di direla.” (Ekesodo 20:4, 5) Gone ke boammaaruri gore thibelo eno e ne e sa reye gore Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go itirela ditshwantsho tse di kgabisang. Jehofa ka boene o laetse gore ditshwantsho tsa dimela le ditšheruba, di bewe mo motlaaganeng. (Ekesodo 25:18, 33; 26:31) Le fa go ntse jalo, di ne di sa tshwanela go tlotlomadiwa, kgotsa go obamelwa. Ditshwantsho tseno di ne di sa tshwanela go rapelwa kana go ntshediwa ditlhabelo. Molao ono o o tlhotlheleditsweng ke Modimo o ne o thibela go dirwa ga setshwantsho sa mofuta ope fela se bo se obamelwa. Go obamela ditshwantsho kgotsa go di ikobela ka tlotlo ke kobamelo ya medingwana.—1 Johane 5:21.
10, 11. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a leba ditshwantsho e le tse di tlhabisang ditlhong?
10 Jaanong Isaia o tlhalosa go tlhoka thuso ga ditshwantsho tse di sa tsheleng le ditlhong tse di tla tlelang batho ba ba di dirang: “Badiri ba setshwantsho se se setilweng botlhe ke selo se e seng sa mmatota, le baratiwa ba bone ga ba kitla ba ba tswela mosola; e bile ga ba bone sepe le fa e le go itse sepe jaaka basupi ba bone, gore ba tle ba tlhabiwe ke ditlhong. Ke mang yo o bopileng modimo kgotsa yo o dirileng setshwantsho se se thetsweng? Ga se a nna le mosola ope gotlhelele. Bona! Balekane ba gagwe botlhe ba tla tlhabiwa ke ditlhong, le badiri ba ba ditswerere ba tswa mo bathong ba mo lefatsheng. Botlhe ba tla phuthega mmogo. Ba tla ema fela. Ba tla boifa. Ka nako e e tshwanang ba tla tlhabiwa ke ditlhong.”—Isaia 44:9-11.
11 Ke ka ntlha yang fa Modimo a leba ditshwantsho tseno e le tse di tlhabisang ditlhong thata jaana? Sa ntlha, ga go ka ke ga kgonega go tshwantsha Mothatayotlhe sentle ka dilo tse di bonalang. (Ditiro 17:29) Mo godimo ga moo, go obamela selo se se bopilweng go na le go obamela Mmopi ke go nyatsa gore Jehofa ke ene Modimo. E bile a ga se go nyatsa le sone seriti sa motho tota, yo o bopilweng “mo setshwanong sa Modimo”?—Genesise 1:27; Baroma 1:23, 25.
12, 13. Ke ka ntlha yang fa motho a ka se ka a dira setshwantsho sepe se se tshwanelwang ke go obamelwa?
12 A selo fela se ka nna boitshepo fela ka gonne se betletswe gore se obamelwe? Isaia o re gakolola gore go dira setshwantsho ke maiteko fela a motho. Didirisiwa le mekgwa ya modiri wa setshwantsho di tshwana fela le tse di dirisiwang ke mmetli ope fela yo mongwe: “Fa e le mogabi wa tshipi yo o dirisang sedirisiwa sa go seta, o ntse a tshwaregile mo go yone ka magala; mme o e bopa ka dinoto, mme o nna a tshwaregile mo go yone ka lebogo la gagwe le le maatla. Gape, o tshwerwe ke tlala, mme ka jalo ga a na maatla. Ga a nwa metsi; ka jalo o a lapa. Fa e le mogabi wa logong ene, o otlolotse thapo e e lekanyang; o se thalela ka taka e khibidu; o se dira ka sefadi sa logong; mme o nna a se thalela ka khampase, mme ka iketlo o se dira jaaka setshwano sa motho, jaaka bontle jwa batho, gore se nne mo ntlong.”—Isaia 44:12, 13.
13 Modimo wa boammaaruri o dirile dibopiwa tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng leno, go akaretsa le motho. Dilo tse di tshelang ke bosupi jo bo gakgamatsang jwa gore Jehofa ke Modimo, mme gone, sengwe le sengwe se Jehofa a se bopileng se kwa tlase ga gagwe. A motho a ka dira sengwe se se fetang seo? A o ka dira sengwe se se mo fetang—se mo feta mo e leng gore se ka tshwanelwa ke gore a se obamele? Fa motho a dira setshwantsho, o a lapa, o tshwarwa ke tlala, e bile o tshwarwa ke lenyora. Tseno ke dilo tse motho a tlhaelang mo go tsone, mme gone di bontsha gore o a tshela. Setshwantsho se a se dirang se ka tswa se lebega jaaka motho. Se ka tswa e bile se le sentle. Mme ga se tshele. Ditshwantsho ga se medimo ka tsela epe fela. Mo godimo ga moo, ga go ise go ke go nne le setshwantsho sepe se se betlilweng se se ileng sa “wa kwa legodimong,” jaaka e kete ga se a dirwa ke motho fela yo o swang.—Ditiro 19:35.
14. Batho ba ba dirang ditshwantsho ba ikaegile gotlhelele ka Jehofa ka tsela efe?
14 Go tswa foo Isaia o bontsha gore batho ba ba dirang ditshwantsho ba ikaegile gotlhelele ka dithulaganyo le dilo tsa tlholego tse di bopilweng ke Jehofa: “Go na le yo tiro ya gagwe e leng go rema masedara; mme o tsaya mofuta mongwe wa setlhare, le eleng setlhare se segolo thata, mme o se inonotshetsa mo gare ga ditlhare tsa sekgwa. O jadile setlhare sa motalafadi, mme pula e e tshologang e nna e se dira segolo. Mme ke sengwe se motho a ka tukisang molelo ka sone. Ka jalo o tsaya karolo ya sone gore a ithuthafatse ka yone. Tota e bile o gotsa molelo a bo a besa senkgwe. Gape o dira modimo o a ka o ikobelang. O se dirile setshwantsho se se setilweng, e bile o a se obamela. O fisa sephatlo sa sone mo molelong. Mo sephatlong se sengwe sa sone o besa sentle nama e a tla e jang, mme o a kgotsofala. Gape o a ithuthafatsa a bo a re: ‘Aha! Ke ithuthafaditse. Ke bone lesedi la molelo.’ Mme mo go salang o go dira modimo, o itirela setshwantsho se se setilweng. O a se obamela a se ikobela a bo a se rapele a re: ‘Nkgolola, gonne o modimo wa me.’”—Isaia 44:14-17.
15. Motho yo o dirang ditshwantsho o bontsha jang gore ga a na tlhaloganyo gotlhelele?
15 A karolo e e sa shang ya logong e ka golola mongwe? Nnyaa ruri. Modimo wa boammaaruri ke ene fela a ka gololang. Batho ba ka dira medingwana jang ka dilo tse di sa tsheleng? Isaia o bontsha gore bothata tota bo mo pelong ya motho: “Ga ba itse, le gone ga ba tlhaloganye, ka gonne matlho a bone a motilwe gore ba se ka ba bona, le pelo ya bone gore e se ka ya nna le temogo. Mme ga go na ope yo o gakologelwang mo pelong ya gagwe kgotsa yo o itseng kgotsa yo o tlhaloganyang, a re: ‘Ke fisitse sephatlo sa yone mo molelong, mme ke besitse senkgwe mo magaleng a sone; Ke besa nama ke bo ke ja. Mme mo gongwe gotlhe ga yone a ke tla go dira selo se se makgapha fela? A ke tla obamela logong lo lo omeletseng lwa setlhare?’ O iphepa ka melora. Pelo ya gagwe e e tsieditsweng e mo timeditse. Mme ga a golole moya wa gagwe, le gone ga a re: ‘A ga go na maaka mo seatleng sa me sa moja?’” (Isaia 44:18-20) Ee, go akanya gore kobamelo ya medingwana e ka tlisa sepe se se molemo semoyeng, go tshwana le go ja melora mo boemong jwa dijo tse di nang le dikotla.
16. Kobamelo ya medingwana e simologile jang, mme e direga fa go rileng?
16 Kobamelo ya medingwana tota e simologile kwa magodimong fa sebopiwa se se maatla sa moya se se ileng sa fetoga Satane se ne se eletsa kobamelo e e neng e tshwanetse Jehofa a le esi. Keletso ya ga Satane e ne e le kgolo mo e leng gore e ne ya mo tlhoboganya le Modimo. Ke gone fa kobamelo ya medingwana tota e simologileng teng, ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore keletso ya bopelotshetlha e tshwana le kobamelo ya medingwana. (Isaia 14:12-14; Esekiele 28:13-15, 17; Bakolosa 3:5) Satane o ne a tlhotlheletsa banyalani ba ntlha gore ba nne le dikakanyo tsa bopelotshetlha. Efa o ne a eletsa se Satane a neng a se mo solofetsa: “Matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” Jesu o ne a bolela gore keletso ya bopelotshetlha e tswa mo pelong. (Genesise 3:5; Mareko 7:20-23) Kobamelo ya medingwana e diragala fa dipelo di le bosula. A bo go le botlhokwa jang he, gore rotlhe re ‘dibele dipelo tsa rona,’ le ka motlha re sa letle ope kgotsa sepe go tsaya maemo a tota e leng a ga Jehofa!—Diane 4:23; Jakobe 1:14.
Jehofa o Ikuela mo Dipelong
17. Iseraele o tshwanetse a gakologelwa eng?
17 Go tswa foo Jehofa o ikuela mo Baiseraeleng gore ba gakologelwe gore ba na le maemo a a kwa godimo le a a nang le maikarabelo. Ke basupi ba gagwe! A re: “Gakologelwa dilo tseno, wena Jakobe, le wena Iseraele, ka gonne o motlhanka wa me. Ke go bopile. O motlhanka wa me. Wena Iseraele, ga nkitla ke go lebala. Ke tla phimola ditlolo tsa gago fela jaaka e kete ka leru, le maleo a gago fela jaaka e kete ka leru le legolo. A ko o boele kwa go nna, gonne ke tla go rekolola. Goang ka boipelo, lona magodimo, gonne Jehofa o tsere kgato! Goang ka phenyo, lona dikarolo tse di kwa tlasetlase tsa lefatshe! Itumeleng, lona dithaba, ka go goa ka boipelo, wena sekgwa le lona ditlhare tsotlhe tse di mo go sone! Gonne Jehofa o rekolotse Jakobe, mme o bontsha bontle jwa gagwe mo Iseraele.”—Isaia 44:21-23.
18. (a) Ke ka ntlha yang fa Iseraele a na le lebaka la gore a ipele? (b) Batlhanka ba ga Jehofa ba ka etsa sekao sa gagwe sa bopelotlhomogi jang gompieno?
18 Iseraele ga a ka a bopa Jehofa. Ga se modimo o o itiretsweng ke batho. Go na le moo, Jehofa o dirile Iseraele gore a nne motlhanka wa gagwe yo a mo itlhophetseng. Mme o tla supa gape gore ke Modimo fa a tla bo a golola setšhaba seno. O bua le batho ba gagwe ka lorato, a ba tlhomamisetsa gore fa ba ikotlhaya, o tla bipa maleo a bone gotlhelele, a bipa ditlolo tsa bone jaaka e kete ke ka maru a a ka se kang a sutlhelelwa. A bo seo e le lebaka le legolo la gore Iseraele a ipele! Sekao sa ga Jehofa se rotloetsa batlhanka ba gagwe ba motlha wa gompieno gore ba etse bopelotlhomogi jwa gagwe. Ba ka dira seo ka go leka go thusa ba ba dirileng diphoso—ba leka go ba tsosolosa semoyeng fa go kgonega.—Bagalatia 6:1, 2.
Konelo ya Teko ya go Bona Gore Modimo ke Mang
19, 20. (a)Jehofa o konela kgetsi ya gagwe jang? (b) Jehofa o porofeta dilo dife tse di itumedisang malebana le batho ba gagwe, mme o tla dirisa mang go diragatsa dilo tseno?
19 Jaanong Jehofa o konela kgang ya gagwe ya semolao ka tsela e e tlhomologileng. O tla tloga a tlisa karabo ya gagwe ya teko e kgolo thata ya go bona gore Modimo ke mang—go kgona go bolelela isagwe pele ka go e nepa. Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a bitsa ditemana tse tlhano tse di latelang tsa Isaia kgaolo 44 a re ke “leboko la bogolo jo bo gaisang jotlhe jwa Modimo wa Iseraele,” Mmopi yo o esi, Mosenodi yo o esi wa isagwe le ene yo Iseraele a ka solofelang go gololwa ke ene. Kgaolo eno ka iketlo e fitlha mo setlhoeng sa yone ka go itsise leina la monna yo o neng a tla golola setšhaba seno mo Babelona.
20 “Jehofa o buile jaana, Morekolodi wa gago le Mmopi wa gago go tswa mo sebopelong: ‘Nna, Jehofa, ke dira sengwe le sengwe, ke otlolola magodimo ke le nosi, ke namalatsa lefatshe. Ke mang yo o neng a na le nna? Ke kgoreletsa ditshupo tsa ba ba buang dilo tse di se nang mosola, mme ke nna yo o dirang gore ba ba dirang tiro ya boitseanape ba itshware jaaka ditsenwa; Yo o retolosetsang banna ba ba botlhale kwa morago, le Yo o fetolang kitso ya bone boeleele; Yo o dirang gore lefoko la motlhanka wa gagwe le diragale, le Yo o diragatsang boikaelelo jwa barongwa ba gagwe ka botlalo; Yo o buang ka Jerusalema a re, “O tla nniwa,” le ka metse ya Juda a re, “E tla agiwa sesha, le mafelo a gagwe a a kgakgabetseng ke tla a tsosolosa”; Ene Yo o rayang bodiba jo bo boteng jwa metsi a re, “Tšha; mme ke tla kgadisa dinoka tsa gago tsotlhe”; Ene Yo o buang ka Kurose a re, “Ke modisa wa me, mme sotlhe se ke se ratang o tla se diragatsa ka botlalo”; le fa ke bua ka Jerusalema ke re, “O tla agiwa sesha,” le ka tempele ke re, “Motheo wa gago o tla thewa.”’”—Isaia 44:24-28.
21. Mafoko a ga Jehofa a tlhomamisa eng?
21 Ee, Jehofa ga a na bokgoni jwa go bolelela ditiragalo pele fela mme gape o na le maatla a go diragatsa boikaelelo jo a bo senotseng jotlhe fela. Polelo eno e tla naya Iseraele tsholofelo. E tlhomamisa gore le fa masole a Babelona a tla swafatsa naga, Jerusalema le metse ya teng e tla tsoga gape mme kobamelo ya boammaaruri e tla boa e tlhomiwa sesha koo. Mme jang?
22. Tlhalosa kafa Noka ya Euferatese e tšhang ka teng.
22 Gantsi baitseanape ba ba sa tlhotlhelediwang le go leka ga ba leke go bua dilo tse di tlhomameng fa ba bolelela pele ka gonne go ka tla ga senoga fa ba le phoso fa nako e ntse e ya. Go fapaana le seo, Jehofa o dirisa Isaia go senola leina la motho yo a tla mo dirisang go golola batho ba gagwe mo botshwarong gore ba kgone go ya gae le go aga Jerusalema le tempele sesha. Leina la gagwe ke Kurose, mme o itsewe e le Kurose yo Mogolo wa Peresia. Gape Jehofa o naya tshedimosetso malebana le tsela e Kurose a tla e dirisang go phunyeletsa thulaganyo e kgolo le e e matsetseleko ya Babelona ya go iphemela. Babelona o tla bo a sireleditswe ke dipota tse ditelele le mesele ya metsi e e tsamayang go ralala motse le go o dikologa. Kurose o tla dirisa karolo ya konokono ya tsamaiso eo—Noka ya Euferatese—gore e mo thuse. Go ya ka bakwalahisitori ba bogologolo e bong Herodotus le Xenophon, Kurose o ne a faposa metsi a Euferatese kwa lefelong lengwe kgakalanyana le Babelona go fitlha metsi a nna mannye mo masole a gagwe a neng a ka kgona go a gobua. Fa go akanyediwa kafa noka e kgolo ya Euferatese e neng e ka sireletsa Babelona ka teng, ke monka e a tšha.
23. Ke eng se se kwadilweng malebana le go diragadiwa ga boporofeti jwa gore Kurose o ne a tla golola Iseraele?
23 Go tweng ka tsholofetso ya gore Kurose o tla golola batho ba Modimo le gore o tla tlhomamisa gore Jerusalema le tempele di tla agiwa sesha? Kurose ka boene, mo polelong e e itseweng e e kwadilweng mo Baebeleng, o bolela jaana: “Kurose kgosi ya Peresia o buile jaana, ‘Jehofa Modimo wa magodimo o nneile magosi otlhe a lefatshe, e bile ene ka boene o nthomile gore ke mo agele ntlo kwa Jerusalema, o o kwa Juda. Le fa e le mang mo go lona wa batho botlhe ba gagwe, e kete Modimo wa gagwe o ka nna le ene. Ka gone a a tlhatlogele kwa Jerusalema, o o kwa Juda, mme a age sesha ntlo ya ga Jehofa Modimo wa Iseraele—ke Modimo wa boammaaruri—e e neng e le kwa Jerusalema.’” (Esera 1:2, 3) Lefoko la ga Jehofa ka Isaia le diragadiwa lotlhe fela!
Isaia, Kurose le Bakeresete Gompieno
24. Go tswa ga taelo ya ga Aretaserese ya gore ‘Jerusalema e tsosolosiwe le go agiwa sesha’ go amana jang le go tla ga ga Mesia?
24 Kgaolo ya bo44 ya Isaia e tlotlomatsa Jehofa gore ke Modimo yo o esi wa boammaaruri le Mogolodi wa batho ba gagwe ba bogologolo. Mo godimo ga moo, boporofeti jono bo na le bokao jo bogolo mo go rona rotlhe gompieno. Taelo ya ga Kurose ya gore go agiwe tempele ya Jerusalema sesha, e a e ntshitseng ka 538/537 B.C.E., e ne ya simolola ditiragalo tse di neng tsa felela ka go diragadiwa ga boporofeti jo bongwe jo bo gakgamatsang. Taelo ya ga Kurose e ne ya latelwa ke ya mmusi yo mongwe moragonyana, Aretaserese, yo o neng a laela gore motse wa Jerusalema o agiwe sesha. Buka ya ga Daniele e ne ya senola gore “go simolola ka nako e lefoko le tswang ka yone la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha [ka 455 B.C.E.] go fitlha Mesia, Moeteledipele a goroga” go ne go tla feta “dibeke” di le 69 tsa dingwaga di le 7 nngwe le nngwe ya tsone. (Daniele 9:24, 25) Boporofeti jono le jone bo ne jwa diragala. Fela jaaka go ne go boletswe, ka ngwaga wa 29 C.E., dingwaga di le 483 taelo ya ga Aretaserese e sena go diragadiwa kwa Nageng e e Solofeditsweng, Jesu o ne a kolobediwa mme a simolola bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng.a
25. Go wa ga Babelona a digwa ke Kurose go tshwantshetsa eng mo metlheng ya gompieno?
25 Go gololwa ga Bajuda ba ba ikanyegang kwa botshwarwa, mo go neng ga kgonega fa Babelona a wa, go ne go tshwantshetsa e sa le pele go gololwa ga Bakeresete ba ba tloditsweng ba gololwa mo botshwarong jwa semoya ka 1919. Go gololwa moo e ne e le bosupi jwa gore Babelona o mongwe, o o tlhalosiwang e le seaka, Babelona o Mogolo—o o emelang ditumelo tsotlhe tsa maaka tsa lefatshe fa di kopane—o ne o ole. Jaaka go kwadilwe mo bukeng ya Tshenolo, moaposetoloi Johane o ne a bonela pele go wa ga gagwe. (Tshenolo 14:8) Gape o ne a bonela pele go senngwa ga gagwe ka tshoganetso. Tlhaloso ya ga Johane ya go senngwa ga mmusomogolo oo o o tletseng medingwana e tshwana ka ditsela dingwe le tlhaloso ya ga Isaia ya fa Kurose a kgona go fenya motse wa bogologolo wa Babelona. Fela jaaka ditsamaiso tsa metsi tse di neng di sireletsa Babelona di sa ka tsa kgona go mo namola mo go Kurose, ‘metsi’ a e leng batho ba ba tshegetsang le go sireletsa Babelona o Mogolo le one a tla “kgala” go tswa foo ene a bo a senngwa jaaka go tshwanetse.—Tshenolo 16:12.b
26. Boporofeti jwa ga Isaia le go diragadiwa ga jone bo nonotsha tumelo ya rona jang?
26 Go ya kafa dilo di leng ka teng mo motlheng wa rona, dingwaga di feta dikete di le pedi le sephatlo Isaia a sena go bolela boporofeti jwa gagwe, re kgona go bona gore eleruri Modimo o ‘diragatsa boikaelelo jwa barongwa ba gagwe ka botlalo.’ (Isaia 44:26) Ka jalo go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Isaia ke sekao se se molemolemo sa gore dipolelelopele tsotlhe tse di mo Dikwalong Tse di Boitshepo di a ikanyega.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona kgaolo 11 ya buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Bona kgaolo 35 le kgaolo 36 tsa buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 63]
A logong lo lo sa shang lo ka golola motho ope?
[Setshwantsho mo go tsebe 73]
Tlhogo ya mmabole ya kgosi nngwe ya Iran, yo e ka tswang e le Kurose
[Setshwantsho mo go tsebe 75]
Kurose o diragatsa boporofeti ka go faposa metsi a Euferatese