Kafa Hana a Neng a Bona Kagiso ka Teng
MOSADI mongwe yo o ikanyegang o rapelela kwa godimo a baka Jehofa. O dumela gore Modimo o mo ntshitse mo loroleng, mme a emisetsa go sulafalelwa ga gagwe ka boitumelo.
Leina la mosadi yoo ke Hana. Ke eng se se neng sa fetola tsela e a neng a ikutlwa ka yone thata jaana? Ke eng fa a itumetse jaanong? Se se mo diragaletseng se ka re solegela molemo jang? Go bona dikarabo tsa dipotso tseno, a re sekasekeng kgang ya ga Hana.
Lelapa le le Nang le Mathata
Hana ke mongwe wa basadi ba babedi ba ga Elekana, yo e leng Molefi yo o nnang mo nageng ya Eferaime. (1 Samuele 1:1, 2; 1 Ditiragalo 6:33, 34) Le fa Modimo kwa tshimologong a ne a sa ikaelela gore batho ba nyale lefufa, go ne go letlelelwa e bile go laolwa ke Molao wa ga Moshe. Lelapa la ga Elekana le obamela Jehofa, mme go nyala lefufa gantsi go ne go baka mathata, jaaka re bona mo lelapeng la ga Elekana.
Hana ke moopa, mme Penina, mosadi yo mongwe wa ga Elekana ene o na le bana ba le mmalwa. Penina ke mogadikane wa ga Hana.—1 Samuele 1:2b.
Basadi ba Baiseraele ba tsaya boopa e le kgobo e bile e le letshwao la gore motho ga a tshwanelege fa pele ga Modimo. Mme ga go na sepe se se bontshang gore Hana o ne a sa kgone go tshola bana ka gonne Modimo a ne a sa mo amogele. Le fa go ntse jalo, go na le gore Penina a leke go gomotsa Hana, o ne a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go tshola bana go utlwisa Hana botlhoko.
Maeto A go Ya Kwa Lefelong la ga Jehofa le le Boitshepo
Le fa go ne go na le mathata ano, lelapa la ga Elekana le ne le tsaya loeto lwa ngwaga le ngwaga go ya go ntsha ditlhabelo kwa lefelong la ga Jehofa le le boitshepo kwa Shilo.a Go lebega ba ne ba tsamaya sekgala seno sa dikilometara di le 60 go ya le go boa ka maoto. Go tshwanetse ga bo go ne go le thata tota mo go Hana gore a nne teng mo ditiragalong tseno ka gonne Penina le bana ba gagwe ba ne ba newa dikarolo di le mmalwa tsa setlhabelo sa kabelano, mme Hana ene a newa karolo e le nngwe fela. Penina o ne a dirisa dinako tse di tshwanang le tseno go rumola Hana, a dira gore a utlwe botlhoko ka gonne go bonala Jehofa a “tswetse sebopelo sa gagwe.” O ne a mo sotla jalo ngwaga le ngwaga, mme seno se ne se felela ka gore Hana a lele mme a gane go ja. Mesepele e a neng a tshwanetse go e itumelela jaanong e nna dinako tsa bohutsana. Le fa go ntse jalo, Hana o ne a tsaya mesepele eno a ya kwa lefelong le le boitshepo la ga Jehofa.—1 Samuele 1:3-7.
A o bona kafa Hana a neng a re tlhomela sekao se se molemo ka gone? Fa o utlwile botlhoko, o itshwara jang? A o a ikgogona mme ga o kopanele le badumedi mmogo le wena? Hana ga a ka a dira jalo. O ne a dira go nna gareng ga baobamedi ba ga Jehofa tlwaelo. Le rona re tshwanetse go dira jalo le fa re le mo maemong a a lekang.—Pesalema 26:12; 122:1; Diane 18:1; Bahebera 10:24, 25.
Elekana o leka go gomotsa Hana le go mo kgothaletsa go ntsha maikutlo a gagwe. O a mmotsa: “Hana, o lelela eng, le gone ke ka ntlha yang fa o sa je, mme ke ka ntlha yang fa pelo ya gago e sulafaletswe? A ga ke botoka mo go wena go na le bana ba le lesome ba basimane?” (1 Samuele 1:8) Gongwe Elekana ga a itse bopeloethata jwa ga Penina mme Hana o tlhopha gore a swele mo teng go na le gore a ngongorege. Le fa boemo e ka tswa e ne e le bofe, Hana yo e leng motho wa semoya o ipatlela kagiso ka go rapela Jehofa.
Hana o a Ikana
Ditlhabelo tsa kabelano di ne di jewa kwa lefelong le le boitshepo la ga Jehofa. Fa Hana a sena go tswa kwa ntlwaneng ya bojelo, o rapela Modimo. (1 Samuele 1:9, 10) O kopa jaana: “Ao Jehofa wa masomosomo, fa ruri o ka leba pogisego ya lelata la gago mme wa nkgakologelwa ruri, mme wa se ka wa lebala lelata la gago mme ruri wa naya lelata la gago ngwana wa mosimane, ke tla mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, mme legare ga le kitla le tla mo tlhogong ya gagwe.”—1 Samuele 1:11.
Thapelo ya ga Hana ga e potologe. O kopa ngwana wa mosimane mme o ikana gore ngwana yoo o tla ineela mo go Jehofa e le Monasirite botshelo jwa gagwe jotlhe. (Dipalo 6:1-5) Monna wa gagwe o tshwanetse go dumalana le maikano ao mme se Elekana a neng a se dira moragonyana se bontsha gore o ne a dumalana le tsholofetso ya mosadi wa gagwe yo a mo ratang.—Dipalo 30:6-8.
Tsela e Hana a rapelang ka yone e dira gore Moperesiti yo Mogolo Eli a akanye gore o tagilwe. Dipounama tsa gagwe di a roroma, mme ga a utlwe mafoko, ka gonne Hana o buela mo pelong. O rapela ka tlhoafalo tota. (1 Samuele 1:12-14) Akanya fela gore Hana o ne a ikutlwa jang fa Eli a ne a mo kgalema a re o tagilwe! Le fa go ntse jalo, o araba moperesiti yo mogolo ka tlotlo. Fa Eli a lemoga gore Hana o ntse a rapela “ka ntlha ya go tshwenyega ga [gagwe] mo go golo le khutsafalo ya [gagwe]” o mo raya a re: “E kete Modimo wa Iseraele a ka go naya kopo e o e kopileng.” (1 Samuele 1:15-17) Go tswa foo Hana o a tsamaya mme o a ja, mme “sefatlhego sa gagwe sa se ka sa tlhola se tshwenyega.”—1 Samuele 1:18.
Ke eng se re ka se ithutang mo go seno sotlhe? Fa re rapela Jehofa ka dilo tse di re tshwenyang, re ka mmolelela kafa re ikutlwang ka teng mme ra kopa go tswa pelong. Fa go se na sepe se sengwe se re ka se dirang go rarabolola bothata, re tshwanetse go tlogela kgang mo diatleng tsa ga Jehofa. Seo ke sone se se molemo go se dira.—Diane 3:5, 6.
Fa batlhanka ba ga Jehofa ba sena go rapela ka tlhoafalo, gantsi ba nna le kagiso e e tshwanang le e e neng ya tlela Hana. Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana malebana le thapelo: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Fa re latlhela mokgweleo wa rona mo go Jehofa, re tshwanetse go mo letla go o rwala. Go tswa foo, jaaka Hana, ga go tlhokege gore re tswelele re tshwenyegile.—Pesalema 55:22.
Morwa yo o Adimilweng Jehofa
Modimo o gopola Hana; mme o a ima a bo a tshola ngwana wa mosimane. (1 Samuele 1:19, 20) Leno ke lengwe la makgetlho a le mmalwa mo Baebeleng mo Modimo a dirang gore mongwe yo o tla nnang motlhanka wa gagwe a tsholwe. Ngwana wa ga Elekana le Hana, e bong Samuele o tlile go nna moporofeti wa ga Jehofa, mme o tlile go nna le seabe sa botlhokwa mo go tlhomiweng ga bogosi jwa Iseraele.
Ga go na pelaelo gore Hana o simolotse go ruta Samuele ka Jehofa go tloga boseeng. A mme Hana o lebala maikano a a dirileng? Le e seng! Hana a re: “Fela fa mosimane a sena go kgwisiwa, ke tla mo tlisa, mme o tla bonala fa pele ga ga Jehofa a bo a nne koo ka bosakhutleng.” Fa Samuele a kgwisiwa, gongwe fa a na le dingwaga di le tharo kana go feta foo, Hana o mo isa gore a ye go nna kwa lefelong la ga Jehofa le le boitshepo, fela jaaka a ne a ikanne.—1 Samuele 1:21-24; 2 Ditiragalo 31:16.
Fa Jehofa a se na go ntshediwa setlhabelo, Hana le monna wa gagwe ba isa Samuele kwa go Eli. Go ka direga gore Hana o ne a tshwere mosimane ka seatla mme a raya Eli a re: “Intshwarele, morena wa me! Ka botshelo jwa moya wa gago, morena wa me, ke nna mosadi yo o neng a eme le wena mo lefelong leno a rapela Jehofa. Ke ne ke rapela ka ga mosimane yo gore Jehofa a nneye topo ya me e ke e kopileng mo go ene. Mme le nna ke mo adimile Jehofa. Mo malatsing otlhe a go nna gone ga gagwe, ke yo o lopetsweng Jehofa.” Samuele o ne a simolola jalo botshelo jwa gagwe jwa go direla Jehofa ka tsela e e kgethegileng.—1 Samuele 1:25-28; 2:11.
Fa nako e ntse e ya, Hana ga a lebale Samuele. Baebele ya re: “Mmaagwe o ne a tle a mo direle seaparo se sennye se se se nang mabogo, mme a se tlise kwa go ene ngwaga le ngwaga fa a tla le monna wa gagwe go tla go ntsha setlhabelo sa ngwaga le ngwaga.” (1 Samuele 2:19) Hana o tshwanetse a bo a ntse a rapelela Samuele. Fa a tla go mo etela ngwaga le ngwaga o tshwanetse a bo a mo kgothatsa gore a tswelele a ikanyega mo tirelong ya gagwe mo Modimong.
Nako nngwe fa batsadi ba ga Samuele ba tlile, Eli o a ba baka mme o raya Elekana a re: “E kete Jehofa a ka go naya bana ka mosadi yono mo boemong jwa se se adimilweng, se se neng sa adimiwa Jehofa.” Go dumalana le mafoko ao, Hana le Elekana ba segofadiwa ka bana ba bangwe ba le bararo ba basimane le basetsana ba babedi.—1 Samuele 2:20, 21.
Elekana le Hana ruri ke dikao tse di molemo mo batsading ba Bakeresete! Re ka re batsadi ba bantsi ba ntse ba iketleeleditse ka go rata go adima Jehofa bana ba bone, ka go ba kgothaletsa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng kgakala le magae a bone. Batsadi ba ba ntseng jalo ba ba lorato ba tshwanetse go akgolwa ka tsela e ba intshang setlhabelo ka yone. Mme Jehofa o tla ba segofatsa.
Thapelo ya ga Hana ya Boipelo
Hana yo pele a neng a le moopa o itumela tota! Ga se gantsi dithapelo tse di neng di rapelwa ke basadi di kwalwang mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, re itse di le pedi tsa ga Hana. Ya ntlha ke fa a ne a rapela a utlwile botlhoko mme ya bobedi ke fa a ne a rapela a itumetse thata a leboga. Hana a re: “Pelo ya me e itumela mo go Jehofa.” O itumelela gore “le ene moopa tota o belege,” mme o baka Jehofa a re ke “Mogodisi . . . , yo o kakatlololang motho wa maemo a a kwa tlase mo loroleng.” Eleruri, ‘o kakatlolola motho wa maemo a a kwa tlase mo loroleng.’—1 Samuele 2:1-10.
Pego eno e e tlhotlheleditsweng ya ga Hana e bontsha gore re ka utlwisiwa botlhoko ke bosaitekanelang le bopeloemaswe jwa batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go letla diteko tse di ntseng jalo go re amoga boitumelo jwa go direla Jehofa. Ke Moutlwi yo mogolo wa dithapelo, yo o thusang batho ba gagwe ba ba ikanyegang fa ba kopa thuso mo go ene, a ba golola mo tlalelong mme a ba naya kagiso e e boitshegang le masego a mangwe.—Pesalema 22:23-26; 34:6-8; 65:2.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Baebele e bitsa boremelelo jono jwa kobamelo ya boammaaruri e re ke “tempele” ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, mo nakong eno mo hisitoring ya Iseraele, letlole la kgolagano le sa ntse le le mo mogopeng, kana mo motlaaganeng. Tempele ya ntlha ya ga Jehofa e ne e tla agiwa ka nako ya puso ya ga Kgosi Solomone.—1 Samuele 1:9; 2 Samuele 7:2, 6; 1 Dikgosi 7:51; 8:3, 4.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Hana o ne a adima Jehofa Samuele