Buka ya Bibela ya bo 13—1 Ditihalō
Mokwadi: Esere
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema (?)
Nako E E Kwadilweng ka Yone: mo e ka nnang ka 460 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: Morago ga 1 Ditihalō 9:44: 1077–1037 B.C.E.
1. Ke ka ditsela dife Ditihalō wa Ntlha e leng karolo ya botlhokwa le e e nang le mosola ya rekoto ya bomodimo?
A Ditihalō wa Ntlha ke lenane fela le le senang mosola la masika? A ke poeletso fela ya dibuka tsa Samuele le Dikgosi? Legoka! Seno ke karolo e e sedifatsang le ya botlhokwa thata ya rekoto ya bomodimo—e e neng e le botlhokwa thata mo motlheng o e kwadilweng ka one mo go rulaganyeng morafe le kobamelo ya one sesha, ebile e botlhokwa le go nna mosola mo go bontsheng mo malatsing a morago jaana sekao sa kobamelo ya bomodimo, go akaretsa le motlha ono. Ditihalō wa Ntlha ke yone fela e nang le dipolelo tse dintle thata tsa go baka Jehofa go gaisa dipe fela tse di ka fitlhelwang mo Dikwalong tsotlhe. E na le dipolelelopele tse di molemo tsa Bogosi jwa ga Jehofa jwa tshiamo, mme e tshwanetse gore e ithutiwe gore e tle e solegele molemo botlhe bao ba solofetseng mo Bogosing joo. Dibuka tse pedi tsa Ditihalō di ile tsa tsewa jaaka tse di botlhokwa thata ke Bajuda le Bakeresete ka go tshwana go ralala dingwaga. Moranodi mongwe wa Bibela Jerome o ne a tseela Ditihalō wa Ntlha le wa Bobedi kwa godimo mo eleng gore o ne a di leba jaaka “tshobokanyo ya Tesetamente e Kgologolo” mme a gatelela gore “di molemo thata ebile di botlhokwa, mo eleng gore motho yo o iphakang gore o itse dikwalo tse di boitshepo sentlentle, mme a sa di itse, o itsietsa fela.”a
2. Ke ka ntlhayang fa Ditihalō e ne ya kwalwa?
2 Go lebega dibuka tse pedi tsa Ditihalō kwa tshimologong e ne e le buka, kana momeno, o le mongwe oo moragonyana o neng wa kgaoganngwa. Ke ka ntlhayang fa Ditihalō e ne ya kwalwa? Sekaseka kafa dilo di neng di ntse ka gone. Botshwarwa jwa kwa Babelona bo ne bo khutlile dingwaga tse di ka nnang 77 pele ga foo. Bajuda ba ne ba boetse gape kwa nageng ya bone. Lefa go ntse jalo, kwa tempeleng e e agilweng sesha kwa Jerusalema go ne go sa obamelwe Jehofa ka tsela ya gagwe. Esere o ne a filwe taolo ke kgosi ya Peresia go tlhoma baatlhodi le baruti ba molao wa Modimo (le eleng wa kgosi) le go kgabisa ntlo ya ga Jehofa. Lenane le le tlhomameng la losika lo ne lo tlhokega go tlhomamisa gore ke fela batho bao ba letleletsweng ke molao bao ba neng ba tla direla jaaka baperisiti mme gape le go tlhomamisa gore batho ba bona boswa jwa bone, joo baperisiti ba neng ba tshegediwa ka jone. Malebana le boperofeti jwa ga Jehofa mabapi le Bogosi, go ne go le botlhokwa gape gore go nne le lenane le le phepafetseng le le le ka ikanngwang la losika lwa Juda le lwa ga Dafide.
3. (a) Esere o ne a eletsa go tlhotlheletsa Bajuda go dira eng? (b) Ke ka ntlhayang fa a ne a tlhomolola hisitori ya Juda, mme o ne a gatelela botlhokwa jwa kobamelo e e itshekileng jang?
3 Esere ka tlhoafalo o ne a eletsa go tsosa kgatlhego ya Bajuda ba ba buseditsweng gae bao le go ba dira gore ba lemoge fa eleruri e ne e le bajaboswa ba ba mo kgolaganong ya bopelotlhomogi jo bo lorato jwa ga Jehofa. Ka gone ke mo go Ditihalō, koo a neng a ba naya pego yotlhe ya hisitori ya morafe oo le tshimologo ya motho, a boela kwa morago kwa mothong wa ntlha, Adame. Ereka bogosi jwa ga Dafide e ne e le jone jo go remeletsweng mo go jone, o ne a bua ka hisitori ya Juda, a batla a sa kwale sepesepe ka rekoto e e bosulasula ya ditso tse di lesome. O ne a bua ka dikgosi tse dikgolo tsa Juda jaaka di ne tsa aga kana tsa tsosolosa tempele mme ka botlhaga di etelela pele kobamelo ya Modimo. O ne a ba supetsa boleo jwa bodumedi joo bo ileng jwa gogela kwa go senngweng ga bogosi joo, mme a ntse a gatelela ditsholofetso tsa Modimo tsa go bo tsosolosa. O ne a gatelela botlhokwa jwa kobamelo e e itshekileng a lebisa tlhokomelo mo dikarolong di le dintsi tsa tempele, boperisiti, Balefi, baeteledipele ba dipina, jalo le jalo. Go tshwanetse ga bo go ne go kgothatsa Baiseraele go nna le rekoto ya hisitori eo e neng e ganeletse mo go tlhaloseng lebaka la go bo ba ne ba busitswe kwa botshwarong—go tsosolosa kobamelo ya ga Jehofa kwa Jerusalema.
4. Ke bosupi bofe joo bo bontshang gore Esere ke mokwadi wa Ditihalō?
4 Go na le bosupi bofe jwa gore Esere ke ene a kwadileng Ditihalō? Ditemana tse pedi tse di konelang Ditihalō wa Bobedi di tshwana le ditemana tse pedi tse di simololang Esere, mme Ditihalō wa Bobedi o felela mo bogareng jwa mola o o feleletsang Esere 1:3. Mokwadi wa Ditihalō ka gone o tshwanetse ya bo e le mokwadi wa Esere gape. Seno se bonwa gape ka go tshwana ga mokgwa, puo, go bewa ga mafoko, le mopeleto wa Ditihalō le Esere. Dingwe tsa dipolelo tse di mo dibukeng tse pedi tseno ga di fitlhelwe mo dibukeng dipe tse dingwe gape tsa Bibela. Esere, yo o kwadileng buka ya Esere, o tshwanetse a bo a kwadile gape le Ditihalō. Dipolelo tsa Bajuda le tsone di tshegetsa konelo eno.
5. Esere o ne a na le dinonofo dife tsa semoya le tsa bokwadi?
5 Ga go ope yo a neng a tshwanela go gaisa Esere yo a neng a ka kopanya hisitori eno e e boammaaruri le e e tlhomameng. “Gonne Esere o na a itlhōmamisitse pelo go re, o tla batla molaō oa ga Yehofa, a ba a o diha, a ba a ruta batho melaō le dikatlholō mo Iseraela.” (Esere 7:10) Jehofa o ne a mo thusa ka moya wa gagwe o o boitshepo. Mmusi wa lefatshe wa Moperesia o ne a lemoga botlhale jwa Modimo mo go Esere mme a mo roma a mo neile maatla a magolo a go busa mo kgaolong ya Juda. (Esere 7:12-26) Ka a ne a neilwe taolo ya bomodimo le ya go busa, Esere o ne a ka kwala lenane leno go tswa mo dikwalong tse di neng di tshwanela sentle go gaisa tsotlhe tse di neng di le gone.
6. Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega ka go tlhomama ga Ditihalō?
6 Esere e ne e le mmatlisisi yo o tlhomologileng. O ne a batla mo direkotong tsa bogologolo tsa hisitori ya Bajuda tseo di neng di kokoantswe ke baperofeti ba ba neng ba tshela mo nakong ya ditiragalo tse di umakiwang le mo go tseo di neng di kokoantswe ke bakwadi ba ba neng ba filwe tiro ya go kwala le bao ba neng ba kwala ditiragalo tsa morafe. Dingwe tsa dikwalo tseo a neng a batla mo go tsone e ka tswa e ne e le mekwalo ya semmuso ya dinaga tsa Iseraele le Juda, manane a masika, dikwalo dingwe tsa hisitori tseo di kwadilweng ke baperofeti, le dikwalo tseo di neng di tsholwa ke ditlhogo tsa lotso kana tsa malapa. Esere o tsopola mo e ka nnang dikwalo di le 20 tseo a boneng tshedimosetso eo go tswa mo go tsone.b Ka ditsopolo tsa gagwe tse di tlhamaletseng, Esere ka boikanyegi o ne a naya batho bao ba neng ba tshela mo nakong ya gagwe tshono ya go tlhomamisa dikwalo tseo a neng a tsere tshedimosetso eo mo go tsone fa ba ne ba eletsa jalo, mme seno se fa bosupi jo bo oketsegileng jwa gore lefoko la gagwe le ka ikanngwa le bile le boammaaruri. Rona gompieno re ka ikanya gore dibuka tsa Ditihalō di tlhomame fela jaaka Bajuda ba motlha wa ga Esere le bone ba ne ba di ikantse.
7. Ditihalō e ne ya kwalwa leng, mme ke bomang bao ba neng ba e leba e le boammaaruri, mme e akaretsa lobaka lofe lwa nako?
7 Ereka Esere a ne a “tlhatloga a cwa Babelona” ka ngwaga wa bosupa wa puso ya ga Artaxerxes Longimanus wa Moperesia, ka 468 B.C.E., mme ebile Esere a sa bege sepe kaga go goroga ga ga Nehemia ka 455 B.C.E., Ditihalō di tshwanetse tsa bo di weditswe fa gare ga matlha ano, gongwe mo e ka nnang ka ngwaga wa 460 B.C.E., kwa Jerusalema. (Esere 7:1-7; Neh. 2:1-18) Bajuda ba motlha wa ga Esere ba ne ba amogela Ditihalō jaaka karolo ya mmatota ya ‘dikwalo tsotlhe tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo di bile di le mosola.’ Ba ne ba di bitsa Div·rehʹ Hai·ya·mimʹ, eo e rayang “Ditiragalo tsa Malatsi,” ke go re, hisitori ya malatsi kana ya dinako. Dingwaga tse di ka nnang 200 moragonyana, baranodi ba Septuagint ya Segerika le bone ba ne ba akaretsa Ditihalō jaaka karolo ya Dikwalo. Ba ne ba kgaoganya buka eno ka dikarolo di le pedi mme, jaaka ba ne ba akanya gore e ne e le karolo e e tlatsang Samuele le Dikgosi kana Bibela yotlhe ka nako eo, ba ne ba e bitsa Pa·ra·lei·po·meʹnon, e e rayang “Dilo tse di Tlolagantsweng (Tse Di Tlogetsweng Fela Di sa Buiwa; Di Tlodilwe).” Lemororo leina leo tota le sa tshwanele, lefa go le jalo kgato eo ya bone e bontsha gore ba ne ba leba Ditihalō jaaka tse di tlhomameng, Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Fa ba kwala Vulgate ya Selatine, Jerome o ne a akantsha jaana: “Go botlhokwa gore re [di] bitse Khro·ni·konʹ ya hisitori yotlhe ya bomodimo.” Leina “Ditihalō” le lebega le tswa mo go leno. Ditihalō ke rekoto ya ditiragalo tseo di kwadilweng ka tsela eo di diragetseng ka yone. Morago ga go neela lenane la masika, Ditihalō wa Ntlha e bua thatathata ka nako ya ga Kgosi Dafide, go tloga ka 1077 B.C.E. go fitlha ka loso lwa gagwe.
SEO SE LENG MO GO DITIHALŌ WA NTLHA
8. Buka ya Ditihalō wa Ntlha e kgaogantswe ka dikarolo dife tse pedi?
8 Buka eno ya Ditihalō wa Ntlha e ka kgaoganngwa sentle fela ka dikarolo di le pedi: dikgaolo tsa ntlha tse 9, tseo di buang segolobogolo ka go tlhatlhamana ga losika, le dikgaolo tse 20 tsa bofelo, tseo di akaretsang ditiragalo mo dingwageng tse 40 tsa go tloga ka loso lwa ga Saulo go ya kwa bokhutlong jwa puso ya ga Dafide.
9. Ke ka ntlhayang fa go sa utlwale go bolela gore Ditihalō e kwadilwe ka letlha la moragonyana?
9 Manane a masika (1:1–9:44). Dikgaolo tseno di re naya lenane la losika go tloga kwa go Adame go fitlha kwa go Serubabele. (1:1; 3:19-24) Dithanolelo di le dintsi di tsere moralo wa losika lwa ga Serubabele go fitlha kwa kokomaneng ya bolesome. Ereka a ne a boela kwa Jerusalema ka 537 B.C.E., go ne go ka se ka ga nna le nako e e lekaneng go letlelela gore dikokomana tse di bontsi jo bo kalo di bo di ne di setse di tsetswe ka 460 B.C.E., eleng nako e go lebegang Esere a weditse go kwala ga gagwe ka yone. Lefa go ntse jalo, mokwalo ono wa Sehebera ga o a felela mo karolong eno, mme ga go kgonege gore go batlisisiwe gore banna ba bantsi ba ba leng mo lenaneng leo ba ne ba amana jang le Serubabele. Ka gone, ga go na lebaka la go bolela gore Ditihalō di kwadilwe ka letlha le le fa moragonyana, jaaka bangwe ba rialo.
10. (a) Ke dikokomana dife tse di umakiwang pele? (b) Ke lenane lefe la losika leo le tlhomagantsweng kwa tshimologong ya kgaolo ya bobedi? (c) Ke manane afe a mangwe a a leng gone, mme a felela ka eng?
10 Lantlha go buiwa ka dikokomana di le lesome go tswa kwa go Adame go fitlha ka Noa, le dikokomana di le lesome go fitlha ka Aberahame. Barwa ba ga Aberahame le ditlogolwana tsa bone; ditlogolwana tsa ga Esau le tsa ga Seire, yo a neng a nna mo dithabeng tsa Seira; le dikgosi tsa ntlha tsa Edoma di teng foo. Lefa go ntse jalo, go tloga ka kgaolo ya bobedi, rekoto eno e bua thata ka bana ba Iseraele, kana Jakobe, bao losika lwa bone lo balwang go tloga ka Juda pele mme morago ka dikokomana di le lesome go ya kwa go Dafide. (2:1-14) Ditso tse dingwe le tsone di mo lenaneng, go remeletswe thata mo lotsong lwa Lefi le lwa baperisiti ba bagolo, mme losika loo lo felela ka losika lwa ga Benjamine fa lo itsise ka kgosi Saulo wa Mobenjamine, yoo tota pego eno ya hisitori e simololang ka ene. Ka nako nngwe go ka lebega ekete ditshika tse di umakiwang ke Esere ga di tsamaisane le dikarolo tse dingwe tsa Bibela. Lefa go le jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore batho ba bangwe ba ne ba itsiwe gape ka maina a mangwe le gore go fetoga ga puo le go feta ga nako go ne go ka nna ga fetola go kwalwa ga maina a mangwe. Ka jalo, go ithuta seno ka kelotlhoko go rarabolola mathata a le mantsi.
11. Naya dikai tsa tshedimosetso e e mosola eo e etlang e latlhelwa mo rekotong ya lenane la ditshika.
11 Esere o etla a tlhakanya lenane leno la losika fale le fale ka tshedimosetso ya hisitori le ya tikologo eo e phepafatsang e bo e re gakolola dilo tsa botlhokwa. Ka sekai, fa e re naya lenane la ditlogolwana tsa ga Rubene, Esere o oketsa ka karolwana eno ya tshedimosetso: “Le bomorwa Rubene motsalwa pele oa ga Iseraela, (gonne e ne e le èna motsalwa pele; me ereka a na a leshwèhaditse bolaō yoa ga rragwè, tshiamèlō ea botsalwa pele ea nèwa bomorwa Yosefe morwa Iseraele; me losika ga lo na go balwa kaha botsalweñ pele. Gonne Yuda o na a henya mo godimo ga bomorwa rragwè, me kgōsana ea cwa mo go èna; me botsalwa pele e ne e le yoa ga Yosefe:).” (5:1, 2) Mafoko ano a le mmalwa fela a tlhalosa go le gontsi. Mo godimo ga moo, ke mo go Ditihalō fela koo re fitlhelang gore Joabe, Amase le Abishai e ne e le ditlogolwana tsa ga Dafide, seo se re thusang go tlhaloganya ditiragalo tse dintsi tse di amanang le bone.—2:16, 17.
12. Go ne ga diragala eng fa Saulo a tlhokafala?
12 Go sa ikanyegeng ga ga Saulo go felela ka loso lwa gagwe (10:1-14). Kgang eno e simolola ka tlhaselo ya Bafilisitia mo ntweng e e neng e le kwa Thabeng ya Gileboa. Barwa ba bararo ba ga Saulo, go akaretsa le Jonathane, baa bolawa. Saulo o a gobadiwa. Ka a ne a sa batle go bolawa ke baba, o kopa motshwaradibolao tsa gagwe a re: “Shomola chaka ea gago, me u mphololetsè ka eōna: nka tla ka shotlwa ke ba ba sa rupañ ba.” Fa motshwaradibolao tsa gagwe a gana, Saulo o a ipolaya. Ka jalo Saulo o swa ka “ntlha ea lehoko ya ga Yehofa ye o se kañ a le tshegetsa; le ka gonne o na a lōpa kgakololō mo go moñwe eo o buañ le badimo, gore a tlè a botsè ka gōna, Me a se ka a botsa mo go Yehofa.” (10:4, 13, 14) Jehofa o naya Dafide bogosi joo.
13. Dafide o ne a tswelela jang mo bogosing jwa gagwe?
13 Dafide o tlhomamisiwa mo bogosing (11:1–12:40). Fa nako e ntse e tsamaya ditso tse 12 di phuthegela Dafide kwa Heberona mme di mo tlotsa jaaka kgosi ya Iseraele. O gapa Sione mme o tswelela pele go “nna a kōkōtlègèlèla pele hèla.” (11:9) O tlhoma banna ba dinatla go okamela masole, mme ke ka bone Jehofa a ba gololang ka “phenyo e kgolo.” (11:14) Batho botlhe ba ema Dafide nokeng jaaka banna ba ntwa ba phuthega ka pelo e le nngwe fela go mo dira kgosi. Go a ketekiwa ebile go itumetswe mo Iseraele.
14. Dafide o ne a felela jang mo ntweng ya gagwe le Bafilisitia, mme ke tiragalo efe e e nonotshang tumelo e e bakang gore go nne le pina eno ya boipelo?
14 Dafide le letlole la ga Jehofa (13:1–16:36). Dafide o bua le baeteledipele ba morafe, mme ba dumela go fudusetsa Letlole kwa Jerusalema go tswa kwa Kiriathe-jearime, koo le neng le ntse le le gone ka dingwaga tse di ka nnang 70. Mo tseleng, Use o a swa ka go bo a ne a itlhokomolosa ditaolo tsa ga Jehofa ka go tlhoka tlotlo, mme letlole le tlogelwa ka nakwana kwa ntlong ya ga Obede-edome. (Dipa. 4:15) Bafilisitia ba tswelela pele ka tlhaselo ya bone mme Dafide o ba fenya mo go setlhogo mo makgetlong a le mabedi, kwa Baale-perasine le kwa Gibeona. Balefi jaanong ba latela thulaganyo ya bolegodimo ka ba laetswe ke Dafide mme ba fudusetsa letlole ka polokesego ba le isa Jerusalema, koo le tsenngwang mo tenteng eo Dafide a e agileng, mme go a binwa ebile go itumetswe. Go isiwa setlhabelo mme go a opelwa, Dafide ka boene a tlhama pina ya go lebogela Jehofa seno. Mme go konelwa ka pina e e reng: “A magodimo a itumèlè, a lehatshe le ipelè; me a go buiwè mo merahiñ, go twe, Yehofa oa busa.” (1 Ditih. 16:31) Abo nako eo e ne e kgatlha ebile e nonotsha tumelo jang ne! Moragonyana, pina eno ya ga Dafide e ya tlhabololwa mme go tlhamiwa dipina tse disha ka yone, tseo nngwe ya tsone eleng Pesalema 96. E nngwe e kwadilwe mo ditemaneng tse 15 tse di simololang tsa Pesalema 105.
15. Jehofa o dira ditsholofetso dife tse di gakgamatsang morago ga fa Dafide a sena go supa keletso ya gagwe ya go batla go agela Jehofa ntlo e a tla obamelwang mo go yone ke batho botlhe?
15 Dafide le ntlo ya ga Jehofa (16:37–17:27). Jaanong go nna le thulaganyo e e sa tlwaelegang mo Iseraele yotlhe. Letlole la kgolagano le mo tenteng kwa Jerusalema koo Asafe le bomorwarraagwe jaanong ba le tlhokometseng gone, fa dimaele di sekae go ya kwa bokonebophirima jwa Jerusalema kwa Gibeona, Sadoke moperisiti yo mogolo le bomorwarraagwe ba tsweletse ka go dira ditlhabelo tse di laotsweng mo motlaaganeng. Ka go bo a nna a akantse ka go goletsa le go nonotsha kobamelo ya ga Jehofa ka metlha yotlhe, Dafide o supa keletso ya gagwe ya go agela letlole la ga Jehofa la kgolagano ntlo. Mme Jehofa o bolela gore yo a tla Mo agelang ntlo e tla nna morwawe Dafide mme eseng ene ka go bo Ene o “tlhōmamisa setulō sa gagwè sa bogosi ka bosakhutleñ,” a bontsha bopelotlhomogi jo bo lorato jaaka rre a bo bontsha morwawe. (17:11-13) Tsholofetso eno ya ga Jehofa e e gakgamatsang—kgolagano eno ya bogosi jo bosakhutleng—e rotloetsa Dafide tota. Go leboga ga gagwe go penologa fa a rapelela gore leina la ga Jehofa le “tlhōmamisiwè, le godisiwè ka bosakhutleñ” le gore masego a Gagwe a nne mo ntlong ya ga Dafide.—17:24.
16. Ke tsholofetso efe e Jehofa a e diragatsang ka Dafide, mme Dafide o leofa jang?
16 Diphenyo tsa ga Dafide (18:1–21:17). Jehofa jaanong o diragatsa tsholofetso ya Gagwe ya go naya losika lotlhe lo lo solofeditsweng lwa ga Aberahame Lefatshe le le Solofeditsweng ka Dafide. (18:3) Mo motseletseleng o o bofefo wa ditlhaselo, Jehofa o naya “Dafide phenyo” gongwe le gongwe kwa a yang gone. (18:6) Mo diphenyong tse di senyang tsa bosole, Dafide o fenya Bafilisitia, o bolaya Bamoaba, o fenya Basoba, a dira gore Basiria ba mo duele madi, mme o gapa Edoma le Amona le Amaleke. Lefa go ntse jalo, Satane o tlhotlheletsa Dafide go bala Baiseraele mme ka gone o a leofa. Jehofa o romela kotlhao ya kgogodi mme ka kutlwelobotlhoko o emisa masetlapelo ao fa segotlong se se phothelang sa ga Orenane, morago ga go bolawa ga batho ba le 70 000.
17. Dafide o baakanyetsa go agiwa ga ntlo ya ga Jehofa jang, mme o kgothatsa Solomone jang?
17 Dafide o baakanyetsa tempele (21:18–22:19). Dafide o amogela kitsiso ya moengele ka Gade gore a “agèlè Yehofa sebesho mo sebopiñ sa pholèlō sa ga Orenane oa Moyebusa.” (21:18) Morago ga go reka lefelo leo mo go Orenane, Dafide ka boikobo o isa ditlhabelo mme o rapela Jehofa mme o mo araba ka “molelō mo sebeshoñ sa chupèlō e e hisiwañ.” (21:26) Dafide o konela ka go re Jehofa o batla gore ntlo ya gagwe e agiwe koo, mme o simolola go betla didirisiwa le go di phutha a re: “Solomone morwaake o sa le lekau ye le nana, me ntlo e e agèlwañ Yehofa e chwanetse go nna bontlè yo bo heteletseñ, e nne e e itsegeñ le e e galalèlañ mo mahatshiñ aotlhe tikologoñ: me ka re, ke rata go e baakanyetsa dilō.” (22:5) O tlhalosetsa Solomone gore Jehofa ga a mo letla go mo agela ntlo, jaaka ene e ne e le monna wa dintwa le madi. O kgothatsa morwawe gore a nne pelokgale a nne thata mo tirong eno, a re: “Nanoga u dihè, me a Yehofa a nnè nau.”—22:16.
18. Batho ba balwa ka boikaelelo bofe?
18 Dafide o rulaganyetsa kobamelo ya ga Jehofa (23:1–29:30). Go balwa batho, mme ka nako eno e le ka go rata ga Modimo, gore go tle go rulaganngwe gape baperisiti le ditiro tsa Balefi. Ditiro tsa Balefi di tlhalosiwa ka botlalo fano go na le gope fela mo Dikwalong. Go bolelwa le mephato e e tla dirang ditiro tsa kgosi.
19. Dafide o ne a roma Solomone ka mafoko afe, mme o ne a mo naya dithulaganyo dife, mme o tlhoma sekao sefe se se molemo?
19 Go ya kwa bokhutlong jwa puso ya gagwe e e tletseng ditiragalo eno, Dafide o phutha baemedi ba morafe oo otlhe, “phuthègō ea ga Yehofa.” (28:8) Kgosi e ema ka dinao. “Ntheetsañ, bana ba ga rra, le batho ba me.” Morago o bua le bone ka se se elediwang ke pelo ya gagwe, “ntlo ea ga Yehofa.” O laela Solomone fa pele ga bone jaana: “Me wèna, Solomona morwaaka, u itse Modimo oa ga rrago, me u o dihèlè ka pelo e e itekanetseñ, le ka mogopolō o o tletseñ: gonne Yehofa o kheleisa dipelo cotlhe, me o tlhaloganya diakanyo cotlhe tsa mogopolō: ha u mmatla, o tla bōnwa ke wèna; me ha u mo tlogèla o tla gu latlha ka bosakhutleñ. Me u itisè yana; gonne Yehofa o gu itshenketse go tla u agèla helō ga boitshèpō ntlo: u thatahalè, me u go dihè.” (28:2, 9, 10, 12) O naya Solomone yo mmotlana dithulaganyo tsotlhe tsa go aga tseo a di boneng ka tlhotlheletso go tswa mo go Jehofa mme o mo naya mahumo a le mantsi a e leng a gagwe a go aga kago eno—ditalenta tsa gouta di le 3 000 le ditalenta tsa selefera di le 7 000, tseo a neng a di boloketse seno. Ka ba ne ba bona sekao se se molemo seo, dikgosana le batho ba arabela ka go ntsha ditalenta tsa gouta di le 5 000, le didarike di le 10 000 le ditalenta tsa selefera di le 10 000, mmogo le tshipi le kgotlho e ntsi.c (29:3-7) Batho ba ipelela tshiamelo eno.
20. Thapelo ya ga Dafide ya bofelo e bua ka dilo dife tse di goletsegileng?
20 Dafide jaanong o baka Jehofa mo thapelong, a tlhalosa tumalanong le gore dimpho tseno tse dintsi di tswa mo letsogong la Gagwe mme o rapelela gore A tswelele a ntse a segofatsa batho ba gagwe le Solomone. Thapelo eno ya ga Dafide ya bofelo e fitlha kwa setlhoeng sa yone ka go goletsa Bogosi jwa ga Jehofa le leina la Gagwe le le galalelang a re: “A go bakwè wèna Yehofa, Modimo oa Iseraela, rra echo, ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae. Bogolo ke yoa gago, Yehofa, le thata, le kgalalèlō, le phenyo, le borèna: gonne cotlhe tse di kwa legodimoñ le tse di mo lehatshiñ ke tsa gago; bogosi ke yoa gago, Yehofa, me u goledicwe u le tlhōgō mo godimo ga cotlhe. Khumō le eōna tlotlō di cwa mo go wèna, me u busa gotlhe hèla; me mo seatleñ sa gago go na le nonohō le bonatla; le go godisa go mo seatleñ sa gago, le go abèla batho thata. Me ke gōna yana, Modimo oa rona, rea gu leboga, re baka leina ya gago ye le galalèlañ.”—29:10-13.
21. Ditihalō wa Ntlha e konela ka mafoko afe a a kgatlhisang thata?
21 Solomone o tlodiwa labobedi mme o simolola go nna mo “setuloñ sa bogosi sa ga Yehofa” mo boemong jwa ga Dafide yo o tsofetseng. Morago ga go busa ka dingwaga di le 40, Dafide o a swa “a cohetse thata sentlè.” (29:23, 28) Esere o konela Ditihalō wa Ntlha ka mafoko a a kgatlhisang thata, a otlelela go goletsega ga bogosi jwa ga Dafide mo godimo ga magosi otlhe a merafe.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
22. Baiseraele ba kgothadiwa ke Ditihalō wa Ntlha e e kwadilweng ke Esere jang?
22 Baiseraele ba bangwe le bone ba ne ba solegelwa molemo ke buka eno e e kwadilweng ke Esere. Ka go ba ne ba na le hisitori eno e e sobokantsweng le e fang kgothatso, ba ne ba kgona go lemoga boutlwelobotlhoko jo bo lorato jo Jehofa a bo ba bontshitseng ka ntlha ya go ikanyega ga gagwe mo kgolaganong ya Bogosi e a e dirileng le Kgosi Dafide le ka ntlha ya leina la gagwe. Ka ntlha ya go bo ba kgothaditswe ke seno, ba ne ba kgona go tsweledisa kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa ka botlhaga. Lenane la ditshika lo ne lo dirile gore ba ikanye baperisiti ba ba neng ba direla mo tempeleng e e tsosolositsweng.
23. Mathaio, Luke le Setefane ba ne ba dirisa Ditihalō wa Ntlha ka tsela e e molemo jang?
23 Ditihalō wa Ntlha e ne e le mosola thata mo phuthegong ya Bakeresete ba pele. Mathaio le Luke ba ne ba kgona go bona thuso mo lenaneng la ditshika le le mo go yone gore ba bone ka phepafalo gore Jesu Keresete e ne e le “morwa Dafide” le Mesia go ya kafa molaong. (Math. 1:1-16; Luke 3:23-38) Fa a konela bosupi jwa gagwe jwa bofelo, Setefane o ne a bua ka kopo ya ga Dafide ya go agela Jehofa ntlo le ka go aga ga ga Solomone kago eo. Morago o ne a bontsha gore “Mogodimodimo ga o age mo matluñ a a agilweñ ke diatla,” a bontsha gore tempele ya motlha wa ga Solomone e ne e tshwantshetsa dilo tse di galalelang thatathata tsa selegodimo.—Ditihō 7:45-50.
24. Ke eng seo re ka se etsang mo sekaong se se amang maikutlo sa ga Dafide gompieno?
24 Go tweng ka Bakeresete ba boammaaruri gompieno? Ditihalō wa Ntlha e tshwanetse go aga le go nonotsha tumelo ya rona. Go na le dilo di le dintsi tseo re ka di etsang mo sekaong se se amang maikutlo sa ga Dafide. Abo a ne a farologane le Saulo jang ne, ka go bo ka metlha a ne a botsa Jehofa! (1 Ditih. 10:13, 14; 14:13, 14; 17:16; 22:17-19) Ka go isa letlole la ga Jehofa mo Jerusalema, ka dipesalema tsa gagwe tsa pako, le ka go rulaganyetsa Balefi tirelo ya bone, le ka go kopa gore a agele Jehofa ntlo e e galalelang, Dafide o ne a bontsha gore o ne a baya Jehofa le kobamelo ya Gagwe kwa pele. (16:23-29) E ne e se mongongoregi. O ne a sa ipatlele ditshiamelo tse di kgethegileng mme o ne a batla go dira go rata ga ga Jehofa. Ka gone, fa Jehofa a ne a tlhopha morwawe gore a age ntlo, o ne ka pelo yotlhe a mo naya ditaolo mme a dirisa nako ya gagwe, maatla a gagwe, le khumo ya gagwe mo go baakanyetseng tiro eo e neng e tla simolola morago ga loso lwa gagwe. (29:3, 9) Abo seo e ne e le sekao se se molemo jang ne sa boineelo!—Baheb. 11:32.
25. Ditihalō wa Ntlha e tshwanetse go re tlhotlheletsa go anaanela leina la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe jang?
25 Morago go na le dikgaolo tse di kgatlhisang tse di konelang. Puo e ntle eo Dafide a neng a baka Jehofa le ‘leina la gagwe le le galalelang’ ka yone e tshwanetse go re tlhotlheletsa go anaanela ka boitumelo tshiamelo ya segompieno ya go itsise go galalela ga ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe ka Keresete. (1 Ditih. 29:10-13) A tumelo ya rona le boipelo di tshwane le tsa ga Dafide ka metlha jaaka fa re ntse re bontsha go lebogela Bogosi jwa ga Jehofa jo bosakhutleng ka go tsenelela mo tirelong ya Gagwe ka bojotlhe jwa rona. (17:16-27) Ka boammaaruri, Ditihalō wa Ntlha e dira gore setlhogo sa Bibela sa Bogosi jwa ga Jehofa le Losika lwa gagwe di phatsime go gaisa pele, e re tlogela re lebeletse go phuthololwa go go oketsegileng ga boikaelelo jwa ga Jehofa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Commentary ya ga Clarke, Bol. 2, tsebe 574.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 444-5.
c Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 1076.