Lefoko la ga Jehofa le a Tshela
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ditiragalo wa Bobedi
MO TSHIMOLOGONG ya buka ya Baebele ya Ditiragalo wa Bobedi, Solomone o busa e le kgosi mo Iseraele. Buka eno e konela ka mafoko a Kgosi ya Peresia e bong Kurose a a kwaletseng Bajuda ba ba leng kwa botshwarwa kwa Babelona a a reng: “[Jehofa] ka boene o nthomile gore ke mo agele ntlo kwa Jerusalema, o o kwa Juda. Le fa e le mang mo go lona wa batho botlhe ba gagwe, Jehofa Modimo wa gagwe a nne le ene. Ka jalo a a tlhatlogele kwa [Jerusalema].” (2 Ditiragalo 36:23) Buka eno e e neng ya konelwa ke moperesiti Esera ka 460 B.C.E. e akaretsa ditiragalo tse di diragetseng mo dingwageng di le 500—go tloga ka 1037 B.C.E. go ya go 537 B.C.E.
Taelo e Kurose a neng a e ntsha e ne ya dira gore Bajuda ba kgone go boela kwa Jerusalema go ya go tsosolosa kobamelo ya ga Jehofa teng. Le fa go ntse jalo, go nna ga bone dingwaga di le dintsi kwa Babelona e le batshwarwa, go ne ga nna le matswela a a sa siamang mo go bone. Batshwarwa bano ba ba boetseng kwa nageng ya bone ba ne ba sa itse sepe ka hisitori ya setšhaba sa bone. Lekwalo leno la Ditiragalo wa Bobedi le sobokanya ka tsela e e utlwalang sentle ditiragalo tse di neng tsa direga fa go ne go busa dikgosi tsa losika lwa ga Dafide. Tsela e ditiragalo tseno di anelwang ka yone e a re ama le rona ka gonne e gatelela masego a re ka nnang le one fa re utlwa Modimo wa boammaaruri le matswela a go se mo utlwe.
KGOSI E AGELA JEHOFA NTLO
Jehofa o naya Kgosi Solomone kopo ya pelo ya gagwe—botlhale le kitso—mmogo le dikhumo le tlotlo. Kgosi e agela Jehofa ntlo e ntle kwa Jerusalema mme batho “ba ipela e bile ba itumetse mo pelong.” (2 Ditiragalo 7:10) Solomone o nna “mogolo ka dikhumo le botlhale go feta dikgosi tse dingwe tsotlhe tsa lefatshe.”—2 Ditiragalo 9:22.
Fa Solomone a sena go busa Iseraele ka dingwaga di le 40, o ‘lala le borraagwemogologolwane, mme Rehoboame morwawe o simolola go busa mo boemong jwa gagwe.’ (2 Ditiragalo 9:31) Esera ga a kwala sepe ka go fapoga ga ga Solomone mo kobamelong ya boammaaruri. Diphoso fela tse a neng a di umaka ka kgosi ke tshwetso e e seng botlhale e a neng a e dira ya go ya go batla dipitse tse dintsi kwa Egepeto le go nyala ga gagwe morwadia Faro. Ka jalo, mo pegong eno, Esera o re bolelela fela dintlha tse di molemo.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
2:14—Ke ka ntlha yang fa ba losika lwa modiri yo o tlhalosiwang mono ba farologana le ba ba tlhalosiwang mo go 1 Dikgosi 7:14? Dikgosi wa Ntlha e bua ka mmaagwe modiri yono e re ke “motlholagadi wa lotso lwa Nafetali” ka gonne o ne a nyetswe ke monna wa lotso loo. Le fa go ntse jalo, ene o ne a tswa mo lotsong lwa Dana. Fa monna wa gagwe a sena go swa o ne a nyalwa ke monna wa kwa Ture, mme modiri yono ke ngwana yo o tlhagileng mo lenyalong leo.
2:18; 8:10—Ditemana tseno di bolela gore palo ya bathusi ba ba neng ba direla jaaka balebedi e ne e le 3 600 mmogo le ba bangwe ba le 250, fa 1 Dikgosi 5:16; 9:23 tsone di bontsha gore palo ya bone e ne e le 3 300 le ba bangwe ba le 550. Ke ka ntlha yang fa dipalo tseno di sa tshwane? Go lebega pharologanyo e bakiwa ke tsela e ditlhopha tseno tsa bathusi di neng di kgaogantswe ka yone. Go ka nna ga direga gore mo go Ditiragalo wa Bobedi go tlhaolwa bathusi ba le 3 600 ba e neng e se Baiseraele mo go ba le 250 ba e neng e le Baiseraele fa mo go Dikgosi wa Ntlha gone go tlhaolwa balebedi ba le 3 300 mo baokameding ba le 550 ba ba neng ba le mo maemong a a kwa godimo. Go sa kgathalesege gore lebaka e ka tswa e le lefe, palogotlhe ya ba e neng e le bathusi e ne e le 3 850.
4:2-4—Ke ka ntlha yang fa go ne ga dirisiwa setshwantsho sa dipoo fa go agiwa motheo wa lewatle le le thetsweng? Mo Dikwalong, dipoo di tshwantshetsa maatla. (Esekiele 1:10; Tshenolo 4:6, 7) Go ne go tshwanela gore go tlhophiwe setshwantsho sa dipoo ka gonne dipoo tseno tse 12 tsa kopore di ne di tshegeditse “lewatle” le legolo le le neng le le boima jwa ditone di le 30. Go dirisa dipoo ka tsela eno e ne e se go tlola taelo ya bobedi ka tsela epe e e neng e iletsa go dirwa ga ditshwantsho gore di obamelwe.—Ekesodo 20:4, 5.
4:5—Lewatle le le thetsweng le ne le le bogolo jo bokae? Lewatle leno fa le tletse le ne le kgona go tshola dilekanyo tsa bata di le dikete tse tharo kana dilitara tse di ka nnang 66 000 tsa metsi. Le fa go ntse jalo, gantsi le ne le tsenya selekanyo sa peditharong ya dilitara di le 66 000 tsa metsi. Dikgosi wa Ntlha 7:26 e bolela jaana: “[Lewatle] le ne le ka tshola dilekanyo tsa bata di le dikete tse pedi [dilitara di le 44 000].”
5:4, 5, 10—Ke fanitšhara efe e e neng e dirisiwa mo motlaaganeng wa bogologolo e e neng ya dirisiwa mo tempeleng ya ga Solomone? Sedirisiwa se le sengwe fela se se tswang mo mogopeng wa bokopanelo wa bogologolo se se neng sa tsenngwa mo tempeleng ya ga Solomone e ne e le Letlole. Fa tempele e sena go agiwa, motlaagana o ne wa tlosiwa kwa Gibeone wa isiwa kwa Jerusalema kwa go lebegang o ne wa bolokwa gone.—2 Ditiragalo 1:3, 4.
Se re Ithutang Sone:
1:11, 12. Dilo tse Solomone a neng a di kopa di ne tsa bontsha Jehofa gore ruri kgosi e ne e batla go nna le botlhale le kitso. Dilo tse re di rapelelang mo Modimong di supa se tota se leng mo dipelong tsa rona. Re tla bo re le botlhale fa re ka sekaseka dilo tse re di rapelelang.
6:4. Fa re anaanela bopelonomi le bomolemo jwa ga Jehofa go tswa pelong, seno se tla re tlhotlheletsa gore re bake Jehofa—seno se raya go mmaka ka lorato le tebogo.
6:18-21. Le fa go se kago epe e e ka kgonang go tshola Modimo, tempele e ne e tla nna lefelo la konokono le Jehofa a obamelwang mo go lone. Gompieno, Diholo Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa ke mafelo a konokono a kobamelo ya boammaaruri mo mafelong a di agilweng mo go one.
6:19, 22, 32. Jehofa o ne a kgona go utlwa dithapelo tsa batho botlhe—go simolola ka kgosi go fitlha ka batho ba maemo a a kwa tlase mo setšhabeng—tota o ne a utlwa le motho yo o tswang kwa nageng e sele yo o neng a mo rapela ka tlhoafalo.a—Pesalema 65:2.
TATELANO YA DIKGOSI TSA LOSIKA LWA GA DAFIDE
Bogosi jo bo kopaneng jwa Iseraele bo kgaogantswe go nna magosi a mabedi—bogosi jwa bokone jwa ditso di le lesome le bogosi jwa borwa jwa ditso di le pedi tsa ga Juda le Benjamine. Baperesiti le Balefi mo Iseraele yotlhe ba ikantse kgolagano ya Bogosi go na le bosetšhaba mme ba ema morwa Solomone e bong Rehoboame nokeng. Matlotlo a a mo tempeleng a a gapiwa ka bonako fela morago ga sebaka sa dingwaga tse di fetang 30 e se na go agiwa.
Mo dikgosing di le 19 tse di neng tsa tlhatlhama Rehoboame, di le 5 tsa tsone di a ikanyega, tse dingwe di le 3 di ne di ikanyega kwa tshimologong mme moragonyana tsa se ka tsa tlhola di ikanyega mme e le nngwe ya tsone e ne ya tlogela tsela ya yone e e sa siamang. Babusi ba bangwe botlhe bone ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.b Go buiwa thata ka ditiro tsa dikgosi tse tlhano tse di neng di ikanyega mo go Jehofa. Pego e e buang ka Hesekia a tsosolosa ditiro tse di dirwang mo tempeleng le e e buang ka Josia a rulaganya moletlo o mogolo wa Tlolaganyo, di tshwanetse tsa bo di ne tsa nonotsha thata Bajuda ba ba neng ba eletsa go tsosolosa kobamelo ya ga Jehofa mo Jerusalema.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
13:5—Mafoko a a reng “kgolagano ya letswai” a bolelang? E re ka letswai le kgona go sireletsa dijo gore di se ka tsa bola, le ne la dirisiwa go tshwantshetsa dilo tse di nnelang ruri kana tse di sa fetofetogeng. Ka jalo, “kgolagano ya letswai” e tshwantshetsa tumalano e e sa fetogeng.
14:2-5; 15:17—A Kgosi Asa o ne a tlosa ‘mafelo otlhe a a kwa godimo’? Go lebega a sa dira jalo. Go ka nna ga direga gore Asa o ne a tlosa fela mafelo a a kwa godimo a a neng a amana le kobamelo ya medimo ya maaka mme a se ka a tlosa a batho ba neng ba obamela Jehofa kwa go one. Gape go ka nna ga direga gore mafelo a a kwa godimo a ne a agiwa gape go ela kwa bofelong jwa puso ya ga Asa. Mme a ne a tlosiwa ke morwawe e bong Jehoshafate. Totatota, mafelo ano a a kwa godimo ga a ka a nyelela gotlhelele le e leng mo pusong ya ga Jehoshafate.—2 Ditiragalo 17:5, 6; 20:31-33.
15:9; 34:6—Lotso lwa ga Simeone lo ne lo wela kafa kae fa bogosi jwa Iseraele bo sena go kgaoganngwa? E re ka Simeone a ne a neilwe mafelo a mangwe mo Juda go nna boswa jwa gagwe, karolo ya naga e lotso lwa ga Simeone lo neng lo le mo go yone e ne e le mo gare ga bogosi jwa Juda le jwa Benjamine. (Joshua 19:1) Le fa go ntse jalo, fa go tla mo dilong tse di amanang le bodumedi le dipolotiki, lotso lono lo ne lwa ikamanya le bogosi jo bo kafa bokone. (1 Dikgosi 11:30-33; 12:20-24) Ka jalo Simeone o ne a wela mo bogosing jwa ditso di le lesome.
16:13, 14—A setopo sa ga Asa se ne sa fisiwa? Nnyaa, fa go buiwa ka “phiso e kgolo fela thata ya phitlho” ga go buiwe ka go fisiwa ga setopo sa ga Asa, go tewa go fisiwa ga dinkgisa monate tse di mo lebitleng.—Mokwalo o o kwa tlase mo go NW.
35:3—Letlole le le boitshepo le Josia a neng a le tlisa mo tempeleng le ne le tswa kae? Baebele ga e re bolelele gore a dikgosi tse di boikepo di ne tsa ntsha Letlole pelenyana mo tempeleng kana gore a Josia o ne a le fudusetsa kwa lefelong lengwe le le bolokesegileng fa go ne go dirwa tiro e kgolo ya go baakanya tempele. Lekgetlo le le lengwe fela le go umakiwang Letlole mo go lone morago ya motlha wa ga Solomone ke fa Josia a ne a le busetsa mo tempeleng.
Se re Ithutang Sone:
13:13-18; 14:11, 12; 32:9-23. A bo re ithuta thuto e e botlhokwa jang ne ka botlhokwa jwa go ikaega ka Jehofa!
16:1-5, 7; 18:1-3, 28-32; 21:4-6; 22:10-12; 28:16-22. Go dira dikgolagano le batho ba dinaga di sele kana le batho ba e seng badumedi go ne go na le matswela a a botlhoko. Re tla bo re le botlhale fa re ka tila go ikamanya le lefatshe ka tsela le fa e ka nna efe go sa tlhokege.—Johane 17:14, 16; Jakobe 4:4.
16:7-12; 26:16-21; 32:25, 26. Go itseela kwa godimo go ne ga dira gore Kgosi Asa a itshware ka tsela e e sa siamang mo dingwageng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe. Moya wa boikgodiso o ne wa dira gore Usia a leofe. Hesekia o ne a se ka a dira ka botlhale gongwe e bile o ne a ikgodisa fa a ne a bontsha barongwa ba kwa Babelona matlotlo a gagwe. (Isaia 39:1-7) Baebele e re tlhagisa jaana: “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.”—Diane 16:18.
16:9. Jehofa o thusa ba dipelo tsa bone di feletseng mo go ene, mme o tlhoafaletse go ba thusa ka nonofo ya gagwe.
18:12, 13, 23, 24, 27. Fela jaaka Mikaia, re tshwanetse go nna pelokgale fa re bua ka Jehofa le boikaelelo jwa gagwe.
19:1-3. Jehofa o leka go batla dinonofo tse di molemo tse re nang le tsone, tota le fa ka dinako dingwe re mo galefisa.
20:1-28. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla dira gore re mmone fa re retologela kwa go ene ka boikobo gore a re kaele.—Diane 15:29.
20:17. Gore re “bone poloko ya ga Jehofa,” re tshwanetse go ‘ema mo maemong a rona’ ka go ema nokeng Bogosi jwa Modimo ka tlhagafalo. Go na le gore re ipagololele mogodu, re tshwanetse go ‘ema fela’ mme re ikanye Jehofa ka botlalo.
24:17-19; 25:14. Jehoashe le morwawe e bong Amasia ba ne ba wela mo seraing sa go obamela medingwana. Tota le gompieno, re ka wela mo seraing seo sa go obamela medingwana, segolobogolo fa kobamelo eo e tlhaga ka tsela e e bofitlha ya bopelotshetlha kana bosetšhaba.—Bakolosa 3:5; Tshenolo 13:4.
32:6, 7. Le rona re tshwanetse go nna pelokgale mme re nonofe fa re ntse re ‘apara diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong’ mme re tswelele ka ntwa eno ya semoya.—Baefeso 6:11-18.
33:2-9, 12, 13, 15, 16. Motho o supa go ikwatlhaya ga boammaaruri ka go tlogela tsela e e sa siamang mme a leke ka natla go dira se se siameng. Fa motho a ikwatlhaya go tswa pelong, tota le fa a ne a dirile ditiro tse di boikepo jaaka Kgosi Manase, Jehofa o kgona go mo utlwela botlhoko.
34:1-3. Maemo le fa e ka nna afe a a sa rategeng a re neng ra lebana le one fa re sa ntse re le bana, ga a tshwanela go re thibela go itse Modimo le go mo direla. Tlhotlheletso e e siameng e Josia a neng a ka tswa a na le yone fa a sa ntse a gola e ka tswa e ne e tlhaga mo go rraagwemogolo, e bong Manase, yo o neng a ikwatlhaile. Kgabagare, tlhotlheletso epe fela e e siameng e Josia a neng a e bona e ne ya nna le matswela a a molemo mo go ene. Ka jalo, go ka nna ga direga se se tshwanang le ka rona.
36:15-17. Jehofa o pelotlhomogi e bile o pelotelele. Le fa go ntse jalo, bopelotlhomogi jwa gagwe le bopelotelele jwa gagwe bo na le melelwane. Batho ba tshwanetse go amogela molaetsa wa Bogosi fa ba batla go falola fa Jehofa a fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo.
36:17, 22, 23. Lefoko la ga Jehofa le a diragadiwa ka dinako tsotlhe.—1 Dikgosi 9:7, 8; Jeremia 25:9-11.
Buka E e Mo Tlhotlheleditseng go Tsaya Kgato
Ditiragalo wa Bobedi 34:33 e bolela jaana: “Josia a tlosa dilo tsotlhe tse di makgapha mo mafatsheng otlhe a bomorwa Iseraele, mme a dira gore botlhe ba ba neng ba fitlhelwa mo Iseraele ba tsene mo tirelong, ba direle Jehofa Modimo wa bone.” Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Josia gore a dire seno? Fa Shafane yo e neng e le mokwaledi a ne a naya Kgosi Josia buka e e neng e sa tswa go bonwa ya Molao wa ga Jehofa, kgosi e ne ya dira gore o balelwe kwa godimo. Josia o ne a amiwa thata ke se a neng a se utlwa mo go yone mo a neng a rotloetsa kobamelo e e itshekileng ka tlhagafalo botshelo jotlhe jwa gagwe.
Go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka se re se balang go ka re ama thata. A go akanya ka kelotlhoko ka pego ya dikgosi tsa losika lwa ga Dafide ga go re tlhotlheletse gore re etse dikai tsa ba ba neng ba ikanya Jehofa mme re se ka ra itshwara ka tsela e e tshwanang le ya ba ba neng ba sa mo ikanye? Ditiragalo wa Bobedi e re tlhotlheletsa gore re ineele mo Modimong wa boammaaruri ka mo go feletseng mme re nne re ikanyega mo go ene. Ruri molaetsa wa yone o a tshela e bile o naya maatla.—Bahebera 4:12.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona dikarabo tsa dipotso tse di malebana le go neelwa ga tempele le dilo dingwe tse re ithutang tsone mo thapelong e Solomone a neng a e rapela ka nako eo, bona Tora ya Tebelo, ya July 1, 2005, ditsebe 28-31.
b Go bona lenaane la tatelano ya dikgosi tsa Juda, bona Tora ya Tebelo, ya August 1, 2005, tsebe 12.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
A o a itse gore ke ka ntlha yang fa dipoo e ne e le tsone setshwantsho se se tshwanetseng go ka emela motheo wa lewatle le le thetsweng?
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Le fa go ne go se na batho ba bantsi go le kalo ba ba neng ba thusa Josia fa a sa ntse a le ngwana, o ne a ikanyega mo go Jehofa fa a gola