Lefoko la ga Jehofa le a Tshela
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esethere
LEANO leno le ka se ka la folotsa. Leano la go gaila Bajuda le tlile go tsamaya sentle le ka thelelo. Mo letsatsing le le beilweng, Bajuda botlhe ba ba nnang mo mmusomogolong oo, o o anameng go tloga kwa India go ya kwa Ethiopia ba tla nyelediwa. Seno ke se motho yo o logang leano leno a se akanyang. Le fa go ntse jalo, go na le ntlha e le nngwe ya botlhokwa e a sa e tlhokomeleng. Modimo wa magodimo a ka kgona go golola batho ba a ba itlhophetseng, a ba golola mo maemong le fa e ka nna afe a a kotsi. Tsela e a neng a ba golola ka yone e begilwe mo bukeng ya Baebele ya Esethere.
Buka ya Esethere e kwadilwe ke monna yo o setseng a tsofetse wa Mojuda e bong Moredekai, mme e akaretsa lobaka lwa dingwaga di ka nna 18 tsa puso ya Kgosi ya Peresia e bong Ahasueruse, kana Serese I. Pego eno e e kgatlhang e bontsha kafa Jehofa a bolokang batho ba gagwe ka gone mo maanong a a bosula a baba ba bone, le fa gone batlhanka ba gagwe ba phatlaletse mo mmusong o mogolo. Gompieno, go itse kgang eno go nonotsha tumelo ya batho ba Modimo ba ba mo direlang tirelo e e boitshepo mo dinageng di le 235. Mo godimo ga moo, batho bangwe ba go buiwang ka bone mo bukeng ya Esethere ke dikai tse re ka di etsang fa ba bangwe bone e le dikai tse re tshwanetseng go di tila. Eleruri “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”—Bahebera 4:12.
KGOSIGADI E TSHWANETSE GO BA BUELELA
Kgosi Ahasueruse o dira mokete mo ngwageng wa boraro wa puso ya gagwe (493 B.C.E.). Kgosigadi Fasheti yo o itsegeng ka bontle jwa gagwe o dira sengwe se se sa itumediseng kgosi, mme o tseelwa maemo a gagwe a go nna kgosigadi. Mosadi wa Mojuda e bong Hadasa o tlhophiwa mo makgarebaneng otlhe a mantle a a leng teng mo nageng gore a tle go tsaya maemo a ga Fasheti. Fela jaaka ntsalae e bong Moredekai a mo gakolotse o fitlha leina la gagwe la Sejuda mme o dirisa la Seperesia e bong Esethere.
Fa nako e ntse e tsamaya, monna mongwe yo o mabela yo o bidiwang Hamane o tlhatlosiwa maemo mme o nna tonakgolo. Hamane o galefisiwa thata ke go bona gore Moredekai o gana go ‘ikoba le fa e le go obama fa pele ga gagwe,’ ka jalo o loga leano la go nyeletsa Bajuda botlhe ba ba nnang mo Mmusomogolong wa Peresia. (Esethere 3:2) Hamane o tlhotlheletsa Ahasueruse gore a dumalane le ene, mme o a atlega mo go direng gore kgosi e ntshe molao wa gore Bajuda ba bolawe ka go gailwa. Moredekai o “apara letsela la kgetsi le melora.” (Esethere 4:1) Jaanong Esethere o tshwanelwa ke go tsereganya. O laletsa kgosi le tonakgolo ya gagwe kwa moletlong o a o diretseng bone fela. Fa go lebega ba itumeletse go nna mo moletlong oo, Esethere o ba kopa gore ba tle mo moletlong o mongwe gape mo letsatsing le le latelang. Hamane o itumetse tota. Le fa go ntse jalo, o galefisiwa ke go bo Moredekai a gana go mo tlotla. Hamane o loga leano la go bolaya Moredekai pele ga moletlo oo wa letsatsi le le latelang.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
1:3-5—A moletlo o ne wa tsaya malatsi a le 180? Ditemana tseno ga di re bolelele gore moletlo ono o ne wa tsaya malatsi ao, mme gone di bua gore kgosi e ne ya bontsha badiredibagolo dikhumo le bontle jwa bogosi jwa gagwe jo bo galalelang ka malatsi a le 180. Gongwe kgosi e ile ya dirisa kokoano eo ya malatsi a le mantsi go tlotlomatsa bogosi jwa gagwe jo bo galalelang gore a kgatlhe babusi bano le go dira gore ba bone gore ene o na le bokgoni jwa go diragatsa maano a gagwe. Fa go le jalo, temana 3 le 5 di ka tswa di bua ka moletlo wa malatsi a le 7 o o neng wa nna gone kwa bofelong jwa kokoano ya malatsi a le 180.
1:8—Ke ka tsela efe go neng go se ‘ope yo o patelelwang ka nako ya go nwa go ya ka molao’? Mo lekgetlong leno Kgosi Ahasueruse o ne a dira gore go se ka ga dirwa se go lebegang e ne e le tlwaelo ya Baperesia ya go rotloetsana go nwa selekanyo se se rileng kwa meletlong e e ntseng jalo. Tshupiso nngwe ya re “ba ne ba nwa go le gontsi kgotsa go le gonnye kafa ba neng ba eletsa ka gone.”
1:10-12—Ke ka ntlha yang fa Kgosigadi Fasheti a ne a nna a gana go tla kwa kgosing? Bakanoki bangwe ba akantsha gore kgosigadi o ne a gana go ikobela taolo ya kgosi gonne a ne a sa batle go inyenyefatsa fa pele ga baeng ba kgosi ba ba tagilweng. Kana gongwe tota kgosigadi eno e ntle e ne e le lonyatso. Le fa gone Baebele e sa tlhalose maitlhomo a gagwe, banna ba ba botlhale ba mo motlheng oo ba ne ba tsaya kgang ya go ikobela monna e le kgang e kgolo, le gore sekao se se maswe sa ga Fasheti se ne se tla tlhotlheletsa basadi botlhe ba ba nyetsweng ba ba nnang mo dikgaolong tsa Peresia.
2:14-17—A Esethere o ne a tlhakanela dikobo le kgosi go sa tshwanela? Nnyaa. Pego eno ya re, mo mosong basadi ba bangwe ba ba neng ba tliseditswe kgosi ba ne ba busediwa kwa ntlong ya bobedi e e neng e tlhokometswe ke moopafadiwa wa kgosi e leng “motlhokomedi wa bagadingwana.” Ka jalo basadi ba ba feditseng bosigo jotlhe le kgosi ba ne ba nna bagadingwana ba gagwe, kana basadi ba maemo a bobedi. Le fa go ntse jalo, Esethere ene ga a ka a isiwa kwa ntlong ya bagadingwana fa a sena go bona kgosi. Fa Esethere a ne a tlisitswe fa pele ga ga Ahasueruse, “kgosi ya rata Esethere go feta basadi ba bangwe botlhe, mo o neng a bona kamogelo e ntsi le bopelonomi jwa lorato mo go yone go feta makgarebane a mangwe otlhe.” (Esethere 2:17) Ke eng se se neng sa dira gore Esethere a bone ‘kamogelo le bopelonomi jwa lorato’ mo go Ahasueruse? Ka yone tsela e e neng e dirile gore ba bangwe ba mo rate. “Morweetsana yono o ne a itumedisa mo matlhong a [ga Hegai], mo o neng a bona bopelonomi jwa lorato mo go ene.” (Esethere 2:8, 9) Hegai o ne a mo rata fela ka ntlha ya se a neng a se lemogile ka ene—tebego ya gagwe le dinonofo tse di molemo tse a neng a na le tsone. Totatota, “Esethere o ne a tswelela a bona kamogelo mo matlhong a mongwe le mongwe yo o mmonang.” (Esethere 2:15) Ka jalo he, kgosi le yone e ne ya kgatlhiwa thata ke se e neng ya se bona mo go Esethere mme ya simolola go mo rata.
3:2; 5:9—Ke ka ntlha yang fa Moredekai a ne a gana go obama fa pele ga ga Hamane? Go ne go se phoso gore Moiseraele a tlotle maemo a motho yo o tlhatlositsweng ka go obama. Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng eno ya ga Hamane go ne go na le dilo di le dintsi tse di neng di amega. Hamane e ne e le Moagage, gongwe Moamaleke, mme Jehofa o ne a ikaeletse go nyeletsa Baamaleke. (Duteronome 25:19) Ka jalo fa Moredekai a ne a ka obama fa pele ga ga Hamane, o ne a tla bo a sa ikanyege mo go Jehofa. O ne a gana a tiisitse mme a bolela gore ene ke Mojuda.—Esethere 3:3, 4.
Se re Ithutang Sone:
2:10, 20; 4:12-16. Esethere o ne a amogela kaelo le kgakololo e a neng a e newa ke moobamedi yo o godileng wa ga Jehofa. Le rona re tla bo re le botlhale fa re ‘utlwa ba ba etelelang pele mo gare ga rona mme re ikoba.’—Bahebera 13:17.
2:11; 4:5. Re tshwanetse go ‘tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang rona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.’—Bafilipi 2:4.
2:15. Esethere o ne a supa boingotlo le boikgapo ka go se kope dibenyane tse di oketsegileng kana diaparo tse di botoka tse di fetang tse Hegai a neng a mo neile tsone. Esethere o ne a ratiwa ke kgosi ka ntlha ya “motho wa sephiri wa pelo yo o apereng diaparo tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bonolo.”—1 Petere 3:4.
2:21-23. Esethere le Moredekai e ne e le dikai tse di molemo tsa batho ba ba neng ba ikobela ‘taolo ya balaodi ba bagolo.’—Baroma 13:1.
3:4. Mo maemong a mangwe go ka nna botlhale go se itlhalose gore re bomang, fela jaaka Esethere a ne a dira. Le fa go ntse jalo, fa re tshwanelwa ke go emelana le dikgang dingwe tsa botlhokwa tse di jaaka bolaodi jwa ga Jehofa le bothokgami jwa rona ga re a tshwanela go boifa go ikitsise gore re Basupi ba ga Jehofa.
4:3. Fa re lebane le diteko, re tshwanetse go rapela Jehofa gore a re neye nonofo le botlhale.
4:6-8. Moredekai o ne a batla thuso ya semolao fa a ne a lebane le matshosetsi a a neng a bakilwe ke leano la boferefere la ga Moredekai.—Bafilipi 1:7.
4:14. Moredekai o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go tshepa Jehofa.
4:16. E re ka Esethere a ne a ikaegile ka Jehofa ka mo go feletseng, o ne a lebana ka boikanyegi le ka bopelokgale le boemo jo bo neng bo ka dira gore a bolawe. Go botlhokwa gore re ithute go ikaega ka Jehofa e seng ka botlhale jwa rona.
5:6-8. Esethere o ne a laletsa Ahasueruse kwa moletlong wa bobedi, gore Ahasueruse a tle a mo amogele. O ne a dira ka botlhale, le rona re tshwanetse go dira jalo.—Diane 14:15.
DILO DI A FETOGA
Fa kgang e senoga, dilo di a fetoga. Hamane o kalediwa mo koteng e a neng a e baakanyeditse Moredekai, mme Moredekai ene o nna tonakgolo! Go tweng ka leano le a neng a le logile la go ripitla Bajuda? Le lone le tla menoga ka tsela e e gakgamatsang.
Esethere yo o ikanyegang o ntsha maikutlo a gagwe gape. O tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go ya go dira kopo nngwe kwa kgosing gore a kgone go bona tsela ya go thibela leano la ga Hamane. Ahasueruse o itse se a tshwanetseng go se dira. Ka jalo fa letsatsi le le neng le beilwe la go gaila Bajuda le goroga, Bajuda ga ba bolawe mme go bolawa ba ba neng ba logile leano la go ba utlwisa botlhoko. Moredekai o ntsha molawana wa gore Moletlo wa Purime o tshwarwe ngwaga le ngwaga go gopola tsela eno e e gakgamatsang e ba neng ba gololwa ka yone. E re ka e ne e le ene wa bobedi ka maemo morago ga Kgosi Ahasueruse, Moredekai ‘o direla batho ba gagabo molemo e bile o bua kagiso le bana botlhe ba bone.’—Esethere 10:3.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
7:4—Go nyelediwa ga Bajuda go ne go tla ‘lere tshenyegelo jang mo kgosing’? Fa Esethere a ne a bontsha kgosi ka botlhale gore Bajuda ba ne ba ka nna ba rekisiwa go nna makgoba, tota o ne a batla go gatelela ntlha ya gore kgosi e ne e tla senyegelwa fa ba bolawa. Dipapetlana di le 10-000 tsa selefera tse Hamane a neng a di solofeditse di ne di le kwa tlase tota fa di bapisiwa le khumo e e neng e tla bonwa fa Hamane a ne a logile leano la go rekisa Bajuda gore ba nne makgoba. Gape fa leano la ga Hamane le ne le tsweletse, kgosi e ne e tla latlhegelwa ke kgosigadi.
7:8—Ke ka ntlha yang fa badiredi ba ntlo ya kgosi ba ne ba bipa Hamane sefatlhego? Gongwe seno se ne se raya go tlhabisiwa ditlhong kana go tlelwa ke katlholo. Tshupiso nngwe ya re: “Ka dinako tse dingwe batho ba bogologolo ba ne ba bipa ditlhogo tsa batho ba ba neng ba le gaufi le go bolawa.”
8:17—Ke ka tsela efe ‘ba le bantsi ba ditšhaba tsa lefatshe leo ba neng ba ipolela gore ke Bajuda’? Go bonala bontsi jwa batho ba kwa Peresia ba ne ba fetoga Bajuda ba basokologi ba akanya gore go phimolwa ga molao o pele o neng o beilwe, go ne go bontsha gore Modimo o amogela Bajuda. One molaomotheo oo, o sa ntse o dira e le go diragatsa boporofeti jo bo fitlhelwang mo bukeng ya Sekarea. Bo bolela jaana: “Batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’”—Sekarea 8:23.
9:10, 15, 16—Le fa gone molawana o o neng o ntshitswe o ne o dumelela gore Bajuda ba ikgapele dilo dingwe, ke ka ntlha yang fa ba ne ba se ka ba dira jalo? Ga go pelaelo gore go gana ga bone go ne go supa gore maitlhomo a bone e ne e le go boloka batho ba gabone e seng go ikhumisa.
Se re Ithutang Sone:
6:6-10. “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.”—Diane 16:18.
7:3, 4. A re pelokgale go ikitsise gore re Basupi ba ga Jehofa le fa seo se ka dira gore re bogisiwe?
8:3-6. Re ka kgona go ikuela kwa balaoding ba puso le kwa dikgotlatshekelo tsa molao e bile re tshwanetse go go dira gore ba re sireletse mo babeng ba rona.
8:5. Esethere o ne a nna kelotlhoko gore a se ka a umaka maikarabelo a kgosi mo molawaneng o o neng o diretswe go bolaya batho ba gagabo. Le rona ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re rerela badiredibagolo.
9:22. Ga re a tshwanela go lebala batho ba ba humanegileng ba ba leng fa gare ga rona.—Bagalatia 2:10.
Jehofa o Tla ba ‘Golola’
Moredekai o umaka maikaelelo a Modimo ka go dira gore Esethere a bone tlotlo ya segosi. Fa Bajuda ba tshosediwa, ba itima dijo mme ba rapela Jehofa gore a ba thuse. Kgosigadi e tlhaga fa pele ga kgosi e sa bidiwa, mme nako nngwe le nngwe e amogelwa ka diatla tsoopedi. Kgosi ga e bone boroko mo bosigong joo jo bo masisi. Eleruri buka ya Esethere e bua ka tsela e Jehofa a kaelang dilo ka yone gore batho ba gagwe ba solegelwe molemo.
Pego eno e e kgatlhang ya Esethere e re kgothatsa tota rona ba re tshelang mo ‘motlheng wa bokhutlo.’ (Daniele 12:4) “Kwa bofelong jwa metlha,” kana kwa bofelong jwa motlha wa bokhutlo, Gogo wa Magogo—Satane Diabolo—o tla tlhasela batho ba ga Jehofa. Maikaelelo a gagwe e tla bo e se ape fela fa e se go nyeletsa baobamedi ba boammaaruri. Mme fela jaaka mo motlheng wa ga Esethere, Jehofa o tla ‘golola’ baobamedi ba gagwe.—Esekiele 38:16-23; Esethere 4:14.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Esethere le Moredekai fa pele ga ga Ahasueruse