Jehofa o Araba Thapelo e e Tswang Pelong
“Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—PES. 83:18.
1, 2. Batho ba le bantsi ba kile ba diragalelwa ke eng, mme go ka bodiwa dipotso dife?
MO DINGWAGENG dingwe tse di fetileng, mosadi mongwe o ne a ngomolwa pelo thata ke tiragalo ya masetlapelo e e neng e diragetse mo lefelong la gagabo. E re ka a ne a tsholetswe mo lelapeng le le tsenang kereke ya Katoliki ya Roma, o ne a ya go kopa thuso mo moruting, mme moruti o ne a sa batle le go bua le ene. Ka jalo mosadi yono o ne a rapela Modimo a re: “Ga ke itse gore o mang . . . , mme ke itse gore o teng. Tsweetswee nthuse gore ke go itse!” Moragonyana fela ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etela mme ba mo naya kgomotso le kitso e a neng a ntse a e batla. Ba ne ba mo ruta dilo tse dintsi, tse di jaaka gore Modimo o na le leina, ke Jehofa. O ne a amega maikutlo tota fa a utlwa seo. O ne a re: “Akanya fela, yono e ne e le ene Modimo yo ke neng ke sa bolo go batla go mo itse ke sa le ngwana!”
2 Batho ba le bantsi ba ile ba diragalelwa ke se se tshwanang. Gantsi ba ne ba bona leina la ga Jehofa la ntlha fa ba bala Pesalema 83:18 mo Baebeleng. Temana eo e balega jaana mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” A mme o kile wa ipotsa gore Pesalema 83 e kwaletsweng? Ke ditiragalo dife tse di neng di tla pateletsa batho botlhe go dumela gore Jehofa ke ene Modimo yo o esi wa boammaaruri? Re ka ithuta eng mo pesalemeng eno gompieno? Re tla sekaseka dipotso tseo mo setlhogong seno.a
Batho ba ga Jehofa ba Logelwa Leano
3, 4. Pesalema 83 e tlhamilwe ke mang, mme mopesalema yono o tlhalosa matshosetsi afe?
3 Go ya ka mafoko a a fa godimo ga Pesalema 83, pesalema eno ke “molodi wa pina ya ga Asafe.” Motlhami wa pesalema eno e ka tswa e ne e le setlogolwana sa ga Asafe wa Molefi, yo e neng e le seopedi se se itsegeng thata ka nako ya fa go ne go busa Kgosi Dafide. Mo pesalemeng eno, mopesalema o rapela Jehofa gore a tseye kgato go tlotlomatsa bolaodi jwa Gagwe le go dira gore batho ba itse leina la Gagwe. Pesalema eno e tshwanetse ya bo e tlhamilwe nako nngwe morago ga loso lwa ga Solomone. Ka ntlha yang? Ka gonne ka nako ya fa go ne go busa Dafide le fa go ne go busa Solomone, kgosi ya Ture e ne e le botsalano mo Baiseraeleng. Fa Pesalema 83 e tlhamiwa, banni ba Ture ba ne ba tlhanogetse Baiseraele mme ba ikgolagantse le baba ba bone.
4 Mopesalema o umaka ditšhaba di le lesome tse di neng di loga leano la go fedisa batho ba Modimo. Baba bao ba ne ba le mo dikgaolong tse di dikologileng Iseraele, mme maina a bone ke ano: “Megope ya Edoma le Baishemaele, Moabe le Bahagere, Gebale le Amona le Amaleke, Filisitia mmogo le banni ba Ture. Le Asiria o golagane le bone.” (Pes. 83:6-8) Pesalema eno e bua ka tiragalo efe ya mo hisitoring? Bangwe ba re pesalema eno e bua ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba tlhaselwa ke Baamona ba ba neng ba ikgolagantse le Bamoabe le banni ba Thaba ya Seire mo metlheng ya ga Jehoshafate. (2 Ditir. 20:1-26) Ba bangwe ba dumela gore e bua ka letlhoo le Baiseraele ba neng ba tlhoilwe ka lone ke baagelani ba bone mo hisitoring yotlhe ya bone.
5. Pesalema 83 e solegela Bakeresete molemo jang gompieno?
5 Go sa kgathalesege gore pesalema eno e bua ka tiragalo efe, go bonala sentle gore Jehofa Modimo o ne a tlhotlheletsa gore pesalema eno e kwalwe ka nako ya fa setšhaba sa gagwe se ne se le mo kotsing. Gape pesalema eno e kgothatsa batlhanka ba Modimo gompieno, ba mo hisitoring yotlhe ba ntseng ba tlhaselwa gangwe le gape ke baba ba ba batlang go ba fedisa. Mme ruri e tla re nonotsha mo isagweng e e fa gaufi fa Gogo wa Magogo a phutha mephato ya gagwe mmogo a bo a leka la bofelo go fedisa batho botlhe ba ba obamelang Modimo ka moya le ka boammaaruri.—Bala Esekiele 38:2, 8, 9, 16.
Se a Neng a Tshwenyegile Thata ka Sone
6, 7. (a) Mopesalema o rapelela eng mo mafokong a a simololang a Pesalema 83? (b) Mopesalema o ne a tshwenyegile thata ka eng?
6 Reetsa jaaka mopesalema a tshololela Jehofa mafatlha mo thapelong: “Ao tlhe Modimo, o se ka wa didimala fela; o se ka wa tlhoka puo, e bile o se ka wa nna o sisibetse, wena Yo o Leng Modimo. Gonne, bona! baba ba gago ba mo pheretlhegong; le bone ba ba go tlhoileng thata ba tsholeditse tlhogo ya bone. Ba tsweledisa puo ya bone ya sephiri ka boferefere kgatlhanong le batho ba gago . . . Gonne ba gakololane mmogo ka pelo; ba dirile kgolagano kgatlhanong le wena.”—Pes. 83:1-3, 5.
7 Mopesalema o ne a tshwenyegile thata ka eng? Ee, gone o tshwanetse a bo a ne a tshwenyegile thata ka gore ene le ba lelapa la gagwe ba babalesege. Le fa go ntse jalo, se a neng a rapela thata ka sone e ne e le tsela e leina la ga Jehofa le neng le kgobiwa ka yone le kafa setšhaba se se neng se bidiwa ka leina leo se neng se tshosediwa ka teng. E kete rotlhe re ka tswelela re leba dilo ka yone tsela eo e e tekatekano fa re ntse re itshokela dinako tse di thata tsa metlha ya bofelo ya lefatshe leno le legologolo.—Bala Mathaio 6:9, 10.
8. Ditšhaba di ne di logela Baiseraele leano ka boikaelelo bofe?
8 Mopesalema o nopola baba ba Iseraele fa ba ne ba re: “Tlang mme re ba nyeletse gore ba se ka ba nna setšhaba, gore leina la Iseraele le se ka la tlhola le gopolwa.” (Pes. 83:4) A bo ditšhaba tseo di ne di tlhoile setšhaba se Modimo a se itlhophetseng jang ne! Mme di ne di na le lebaka le lengwe gape la go loga leano. Di ne di tswela naga ya Iseraele pelo mme di ikgantsha di re: “A re ithueleng mafelo a Modimo a bonno.” (Pes. 83:12) A go diragetse sengwe se se ntseng jalo mo motlheng wa rona? Ee!
‘Lefelo la Gago la Bonno le le Boitshepo’
9, 10. (a) Mo metlheng ya bogologolo, lefelo la Modimo la bonno le le boitshepo e ne e le eng? (b) Masalela a batlodiwa le ba “dinku tse dingwe” ba itumelela masego afe gompieno?
9 Mo metlheng ya bogologolo, Lefatshe le le Solofeditsweng le ne le bidiwa lefelo la Modimo la bonno le le boitshepo. Gopola pina ya phenyo e Baiseraele ba ileng ba e opela fa ba sena go gololwa kwa Egepeto: “Wena mo bopelonoming jwa gago jwa lorato o eteletse pele batho ba o ba golotseng; wena mo nonofong ya gago ruri o tla ba isa kwa lefelong la gago la bonno le le boitshepo.” (Ekes. 15:13) Moragonyana, mo ‘lefelong leo la bonno’ go ne go na le tempele le baperesiti ba yone le motsemogolo, Jerusalema, mme dikgosi tse e neng e le ditlogolwana tsa ga Dafide e ne e le tsone di busang ka go latelana mo setulong sa ga Jehofa sa bogosi. (1 Ditir. 29:23) Go a tshwanela go bo Jesu a ne a bitsa Jerusalema a re ke “motse wa Kgosi e kgolo.”—Math. 5:35.
10 Go tweng ka motlha wa rona? Ka 33 C.E., go ne ga tsalwa setšhaba se sesha, e leng “Iseraele wa Modimo.” (Bagal. 6:16) Setšhaba seo, se e leng bomonnawe Jesu Keresete ba ba tloditsweng, se ne sa dira tiro e kgabagare e neng ya palela Baiseraele ba tlholego ya go nna basupi ba leina la Modimo. (Isa. 43:10; 1 Pet. 2:9) Jehofa o ne a ba solofetsa se a neng a se solofeditse Baiseraele ba bogologolo: “Ke tla nna Modimo wa bone, le bone ba tla nna batho ba me.” (2 Bakor. 6:16; Lefi. 26:12) Ka 1919, Jehofa o ne a nna le kamano e e kgethegileng le masalela a “Iseraele wa Modimo,” mme ka nako eo ba ne ba gapa “lefatshe,” lefelo la tiro la semoya le ba ntseng ba itumelela paradaise ya semoya mo go lone. (Isa. 66:8) Fa e sale ka bo1930, batho ba “dinku tse dingwe” ba le dimilionemilione ba ntse ba ologela kafa letlhakoreng la bone. (Joh. 10:16) Tsela e Bakeresete bano ba motlha wa gompieno ba itumetseng ka yone le e ba atlegileng ka yone semoyeng ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore Jehofa o tshwanelwa ke go nna Molaodimogolo. (Bala Pesalema 91:1, 2.) A bo seo se galefisa Satane jang ne!
11. Ke eng se e sa ntseng e le mokgele o mogolo wa baba ba Modimo?
11 Mo metlheng eno ya bofelo, Satane o ntse a tlhotlheletsa baemedi ba gagwe ba mo lefatsheng gore ba ganetse masalela a batlodiwa le ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe. Seo se diragetse kwa Yuropa Bophirima fa go ne go busa Banasi le kwa Yuropa Botlhaba fa go ne go busa puso ya Bokomonise ya Soviet Union. Go diragetse le mo dinageng tse dingwe tse dintsi, mme go tla diragala gape, bogolo jang ka nako ya tlhaselo ya bofelo ya ga Gogo wa Magogo. Mo tlhaselong eo, baganetsi ba ka gapa matlo le dithoto tsa batho ba ga Jehofa ka bopelotshetlha, fela jaaka baba ba ile ba dira mo nakong e e fetileng. Le fa go ntse jalo, mokgele o mogolo wa ga Satane e ntse e le go re fedisa rotlhe gore leina le re le neilweng ke Modimo le se ka la tlhola le gopolwa. Jehofa o dirang fa bolaodi jwa gagwe bo nyadiwa jalo? Akanya gape ka mafoko a mopesalema.
Ka Metlha Jehofa o a Fenya
12-14. Mopesalema o kwala ka diphenyo dife tse pedi tsa botlhokwa tse di diragetseng gaufi le motse wa Megido?
12 Ela tlhoko tsela e mopesalema a nang le tumelo e e nonofileng ka yone gore Jehofa a ka kgona go dira gore maano a ditšhaba tsa baba a folotse. O opela ka ga makgetlho a mabedi a ka one Baiseraele ba neng ba fenya baba ba bone gaufi le motse wa bogologolo wa Megido, o o neng o laola dipoa tsa mokgatšha tse di bidiwang ka leina leo. Fa go le selemo, Noka e e kgadileng ya Kishone e bonala e itsoketsa fa gare ga dipoa tsa mokgatšha oo. Mme fa dipula tsa mariga di sena go tsorotla, noka eno e tlhatsetsa mo dipoeng tseo. Gongwe ke sone se gape noka eno e bidiwang ‘metsi a Megido.’—Baatlh. 4:13; 5:19.
13 Thota ya More e bokgakala jwa dikilometara di ka nna 15 go tswa kwa Megido kwa moseja ga mokgatšha. Mo metlheng ya ga Moatlhodi Gidione, mephato e e kopaneng ya masole a Bamidiana, Baamaleke le Babotlhaba, e ne e phuthega e tla go lwela mo thoteng eno. (Baatlh. 7:1, 12) Kwa bofelong, mophato o monnye wa ga Gidione o ne o na le banna ba le 300 fela, mme ka thuso ya ga Jehofa ba ne ba fenya mophato o mogolo wa baba. Jang? Ba ne ba latela taelo ya Modimo, mme ba dikanyetsa bothibelelo jwa baba bosigo ba tshotse dinkgo tse di neng di khurumeditse dirumola tse di tukang molelo. Fa Gidione a letsa lonaka, banna ba gagwe ba ne ba thubaganya dinkgo mme ka tshoganetso dirumola tse di neng di fitlhilwe tsa senoga. Ka yone nako eo, ba ne ba letsa dinaka mme ba goa ba re: “Tšhaka ya ga Jehofa le ya ga Gidione!” Baba ba ne ba tlhakana tlhogo mme ba simolola go bolaana; ba ba falotseng ba ne ba tshabela kwa moseja ga Noka ya Joredane. Mme go ne ga tla Baiseraele ba bangwe gape le bone ba tla go latelela baba. Go ne ga bolawa masole a baba a le 120 000.—Baatlh. 7:19-25; 8:10.
14 Thaba ya Tabore e dikilometara di ka nna thataro go tswa fa thoteng ya More, kwa moseja ga mokgatšha fa o le mo Megido. Moatlhodi Barake o ne a kile a phuthela masole a Baiseraele a le 10 000 mo thabeng eno a eteletswe pele ke molaodi wa gagwe wa masole e bong Sisera go tla go lwantsha masole a ga Jabine, kgosi ya Mokanana ya kwa Hasore. Masole ano a Bakanana a ne a na le dikara tsa ntwa di le 900 tse di neng di tlhometswe ditshipi tse ditelele tse di kotsi tse di neng di dikologa fa maotwana a dikologa. Fa masole a Baiseraele a a sa tlhomelelang go le kalo a phuthega kwa Thabeng ya Tabore, masole a ga Sisera a ne a raelesega gore a tsene mo mokgatšheng. Go tswa foo, “Jehofa a tsenya tlhakatlhakano mo go Sisera le mo dikareng tsotlhe tsa gagwe tsa ntwa le mo bothibelelong jotlhe.” Go ka direga gore pula e ne ya tsorotla ka tshoganetso mme ya dira gore dikara di nwele mo seretseng ka gonne Noka ya Kishone e ne e tletse e bile e penologa. Baiseraele ba ne ba kgemetha mophato oo otlhe wa masole.—Baatlh. 4:13-16; 5:19-21.
15. (a) Mopesalema o rapelela gore Jehofa a dire eng? (b) Leina la ntwa ya Modimo ya makgaolakgang le re gopotsa eng?
15 Mopesalema o rapela Jehofa gore a dire sengwe se se tshwanang le seo ka ditšhaba tse di tshosetsang go nyeletsa Baiseraele mo motlheng wa gagwe. O rapela jaana: “Ba direle jaaka o diretse Midiana, jaaka o diretse Sisera, jaaka o diretse Jabine kwa mokgatšheng o o phothoselang wa Kishone. Ba ne ba nyelediwa kwa Ene-dore; ba ne ba nna motshotelo mo mmung.” (Pes. 83:9, 10) Go bo ntwa ya Modimo ya makgaolakgang kgatlhanong le lefatshe la ga Satane e bidiwa Haramagedona (ke gore “Thaba ya Megido”) go na le bokao bongwe. Leina leo le re gopotsa dintwa tsa makgaolakgang tse di lwetsweng gaufi le Megido. Lebaka la go bo Jehofa a ile a fenya dintwa tseo tsa bogologolo le re tlhomamisetsa gore ruri o tlile go fenya ka ntwa ya Haramagedona.—Tshen. 16:13-16.
Rapelela Gore Jehofa a Tlotlomadiwe
16. Difatlhego tsa baganetsi di ‘tletse ka tlontlologo’ jang gompieno?
16 Go ralala ‘metlha eno ya bofelo,’ Jehofa o ile a dira gore maiteko otlhe a go fedisa batho ba gagwe a iteye sefololetse. (2 Tim. 3:1) Seno se feletse ka gore baganetsi ba tlhabisiwe ditlhong. Pesalema 83:16 e ne ya bolelela seno pele fa e re: “Tlatsa difatlhego tsa bone ka tlontlologo, gore batho ba tle ba batle leina la gago, tlhe Jehofa.” Mo dinageng tse dintsi ka go latelana ga tsone, baganetsi ba ile ba palelwa gotlhelele ke go didimatsa Basupi ba ga Jehofa. Mo dinageng tseo, go nitama le go itshoka ga baobamedi ba Modimo yo o esi wa boammaaruri e ile ya nna bosupi mo bathong ba ba dipelo di siameng, mme ba le bantsi ba ile ba ‘batla leina la ga Jehofa.’ Kwa dinageng dingwe tse Basupi ba ga Jehofa ba kileng ba bo ba bogisiwa setlhogo kwa go tsone, jaanong go na le batho ba ba itumetseng ba ba bakang Jehofa ba le dikete di le masomesome, tota le e leng dikete di le makgolokgolo. Ruri seo se bontsha gore Jehofa o fentse! Mme a bo baba ba gagwe ba swabisitswe jang ne!—Bala Jeremia 1:19.
17. Batho ba lebane le seemo sefe se se masisi, mme re tla tloga re gopola mafoko afe?
17 Gone re itse gore ntwa ga e ise e fele. Mme re ntse re tswelela pele re rera dikgang tse di molemo—re rerela le baganetsi tota. (Math. 24:14, 21) Le fa go ntse jalo, baganetsi ba ba ntseng jalo ba tloga ba felelwa ke nako e e sa ntseng e ba bulegetse gore ba ka ikwatlhaya mme ba bolokwa. Go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa go botlhokwa thata go feta go bolokwa ga batho. (Bala Esekiele 38:23.) Fa ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di kopana di bo di leka go fedisa batho ba Modimo jaaka go boleletswe pele, re tla gopola mafoko ano a thapelo ya mopesalema: “E kete ba ka tlhabiwa ke ditlhong ba bo ba fuduege ka bosakhutleng, mme e kete ba ka swabisiwa ba bo ba nyelela.”—Pes. 83:17.
18, 19. (a) Go tlile go diragala eng ka baganetsi ba ba sa ikwatlhayeng ba bolaodi jwa ga Jehofa? (b) Go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa ga makgaolakgang mo go ntseng go atamela go go ama jang?
18 Batho ba ba ikemiseditseng go ganetsa bolaodi jwa ga Jehofa ba tla fedisiwa ka tsela ya matlhabisaditlhong. Lefoko la Modimo le bolela gore batho “ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo”—ba bo ba bolaelwa seo ka Haramagedona—ba tla bona “tshenyego ya bosakhutleng.” (2 Bathes. 1:7-9) Go senngwa ga bone le go falola ga ba ba obamelang Jehofa ka boammaaruri e tla bo e le bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Jehofa ke Modimo yo o esi wa boammaaruri. Mo lefatsheng le lesha, phenyo eo e kgolo e ka se lebalwe. Ba ba tla bong ba tsositswe ka “tsogo ya ba ba siameng . . . le ba ba sa siamang” ba tla utlwa ka tiro eno e kgolo ya ga Jehofa. (Dit. 24:15) Mo lefatsheng le lesha, ba tla bona bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa kafa go leng botlhale ka teng go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa. Mme ba ba pelonomi mo go bone ba tla tlhatswega pelo gore Jehofa ke Modimo yo o esi wa boammaaruri.
19 A bo Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong a baakanyeditse baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang isagwe e e molemo jang ne! A ga o ikutlwe o tlhotlheletsega go rapelela gore mo bogautshwaneng Jehofa a neye karabo ya makgaolakgang ya thapelo e mopesalema a neng a e rapela Jehofa a re: “E kete [baba ba gago] ba ka swabisiwa ba bo ba nyelela; gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe”?—Pes. 83:17, 18.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Pele o ithuta setlhogo seno, go ka nna molemo gore o bale Pesalema 83 gore o itse gore kgaolo eno e bua ka eng.
A o ka Tlhalosa?
• Baiseraele ba ne ba le mo seemong sefe fa Pesalema 83 e ne e kwalwa?
• Mokwadi wa Pesalema 83 o ne a tshwenyegile thata ka eng?
• Ke bomang ba Satane a ntseng a ba tlhoile gompieno?
• Kwa bofelong Jehofa o tla araba jang thapelo e e mo go Pesalema 83:18?
[Mmapa mo go tsebe 15]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Dintwa tse di lolweng gaufi le Megido wa bogologolo di ama isagwe ya rona jang?
Noka ya Kishone
Haroshethe
Thaba ya Karemele
Mokgatšha wa Jesereele
Megido
Taanake
Thaba ya Gileboa
Sediba sa ga Harode
More
Ene-dore
Thaba ya Tabore
Lewatle la Galalea
Noka ya Joredane
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa mopesalema mongwe go tlhama thapelo e e tswang pelong?