“Botlhale ke Tshireletso”
DIANE 16:16 ya re: “A bo go bona botlhale go le botoka thata jang ne go na le gouta! Mme go bona tlhaloganyo go tshwanetse ga tlhophiwa go gaisa selefera.” Ke ka ntlha yang fa botlhale bo le botlhokwa thata jaana? Ka gonne “botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso; mme molemo wa kitso ke gore botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela.” (Moreri 7:12) Le fa go ntse jalo, botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela jang?
Go nna botlhale ka tsela ya bomodimo, ke gore go nna le kitso e e tlhomameng ka Lefoko la Modimo, Baebele, le go dira dilo tumalanong le lone, go re thusa go tsamaya mo tseleng e Jehofa a e amogelang. (Diane 2:10-12) Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo a re: “Tsela e kgolo ya bathokgami ke go fapoga bosula. Yo o dibelang tsela ya gagwe o boloka moya wa gagwe.” (Diane 16:17) Ee, botlhale bo golola beng ba jone mo ditseleng tse di bosula mme bo ba boloka ba tshela! Dipolelwana tse dikhutshwane tse di mo go Diane 16:16-33 di bontsha kafa botlhale jwa bomodimo bo ka amang boikutlo jwa rona, puo, le ditiro tsa rona ka tsela e e molemo ka teng.a
“Nna le Moya o o Ikokobeditseng”
Botlhale jo bo mothofaditsweng jwa re: “Boikgodiso le boikgogomoso . . . ke di tlhoile.” (Diane 8:13) Boikgogomoso bo farologane thata le botlhale. Re tshwanetse go dira dilo ka botlhale mme re ele tlhoko gore re se ka ra ikgodisa kana ra nna mabela. Re tshwanetse go ikela tlhoko segolobogolo fa e le gore re atlegile mo dilong dingwe mo botshelong kana re neilwe maikarabelo mangwe mo phuthegong ya Bokeresete.
Diane 16:18 e tlhagisa jaana: “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.” Akanya ka go thubagana mo gogolo mo lobopong lotlhe—go wa ga morwa wa moya yo o itekanetseng wa Modimo yo o neng a itira Satane Diabolo. (Genesise 3:1-5; Tshenolo 12:9) A o ne a sa bontsha moya wa boikgogomoso pele ga a thubagana? Baebele e bua ka boikgogomoso jono jwa gagwe fa e re monna yo o sa tswang go sokologa a se ka a newa maikarabelo a go nna molebedi mo phuthegong ya Bokeresete “e se re kgotsa a gogomosiwa ke boikgogomoso mme a wele mo katlholong e Diabolo a atlhotsweng ka yone.” (1 Timotheo 3:1, 2, 6) Go botlhokwa thata gore re itise gore re se ka ra kgothaletsa ba bangwe go ikgogomosa mme le rona re se ka ra ikgogomosa!
Diane 16:19 ya re: “Go botoka go nna le moya o o ikokobeditseng le ba ba pelonolo go na le go kgaogana thopo le ba ba ikgodisang.” Boammaaruri jwa gore kgakololo eno e molemo bo bonala sentle mo go se se neng sa diragalela Kgosi Nebukadenesare wa Babelona wa bogologolo. Ka boikgogomoso o ne a dira setshwantsho se segolo thata—se se ka tswang se ne se emela ene—mo lebaleng la Dura. Setshwantsho seo se ka tswa se ne se beilwe mo godimo ga motheo o o kwa godimo thata gore se nne bogodimo jwa dimetara di le 27. (Daniele 3:1) Sefikantswe seno se segolo thata se ne se diretswe go emela mmusomogolo wa ga Nebukadenesare. Le fa dilo tse di kwa godimo jaaka sefikantswe seo mmogo le ditora le dikago tse di kwa godimo thata di ka kgatlha batho, ga di kgatlhe Modimo. Mopesalema o ne a opela jaana: “Jehofa o kwa godimo, mme le fa go ntse jalo o bona yo o ikokobeditseng; mme yo o ikgodisang o mo itsetse kgakala fela.” (Pesalema 138:6) Tota e bile, “se batho ba se tseelang kwa godimo se ferosa sebete mo ponong ya Modimo.” (Luke 16:15) Go botoka gore re ye “le dilo tse di kwa tlase” go na le go “tlhoma megopolo mo dilong tse di kwa godimo.”—Baroma 12:16.
Bua ka “Temogo” le “Tlhotlheletso”
Go bona botlhale go ama jang puo ya rona? Kgosi e e botlhale ya re: “Yo o bontshang temogo mo kgannyeng o tla bona molemo, mme go itumela yo o ikanyang Jehofa. Yo o pelo e botlhale o tla bidiwa tlhaloganyo, mme yo o dipounama di monate o oketsa tlhotlheletso. Temogo ke sediba sa botshelo mo go beng ba yone; mme kotlhao ya dieleele ke boeleele. Pelo ya yo o botlhale e dira gore molomo wa gagwe o bontshe temogo, mme e tsenya tlhotlheletso mo dipounameng tsa gagwe.”—Diane 16:20-23.
Botlhale bo re thusa go bua ka temogo le ka tlhotlheletso. Ka ntlha yang? Ka gonne motho yo o botlhale mo pelong o leka go “bona molemo” mo kgannyeng mme o ‘ikanya Jehofa.’ Fa re leka go bona molemo mo go ba bangwe, re tla bua sentle ka bone. Go na le gore re nne peloethata le go rata dikomang, mafoko a rona a tla nna monate e bile a tla tlhotlheletsa. Go nna le temogo ka maemo a ba bangwe ba leng mo go one go re thusa go tlhaloganya mathata a ba ka tswang ba na le one le kafa ba lebanang le one ka teng.
Go bua ka tsela e e tlhotlhelediwang ke botlhale gape go botlhokwa mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. Fa re ruta ba bangwe Lefoko la Modimo, maikaelelo a rona ga se fela go ba naya tshedimosetso e e mo Baebeleng. Maikaelelo a rona ke go fitlhelela dipelo tsa batho. Seno se tlhoka gore re bue ka tsela e e tlhotlheletsang. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa mokaulengwe wa gagwe Timotheo go tswelela mo dilong tse a ileng a “tlhotlhelediwa go di dumela.”—2 Timotheo 3:14, 15.
An Expository Dictionary of New Testament Words, by W. E. Vine ya re, lefoko la Segerika le le rayang “go tlhotlheletsa” le kaya “go fetola mogopolo ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke mabaka le go akanya ka se se siameng.” Go bua ka tsela e e tlhatswang moreetsi pelo gore a bo a fetole mogopolo go tlhoka gore re lemoge tsela e a akanyang ka yone, dilo tse a di ratang, maemo a a leng mo go one, le tsela e a godisitsweng ka yone. Re ka nna jang le temogo e e ntseng jalo? Morutwa Jakobe a re: “Nna bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Ka go botsa moreetsi dipotso le go mo reetsa ka kelotlhoko fa a bua re ka kgona go itse se se mo pelong ya gagwe.
Moaposetoloi Paulo o ne a na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go tlhotlheletsa ba bangwe. (Ditiro 18:4) Le e leng mongwe wa baganetsi ba gagwe, e bong Dimeterio, mothudi wa selefera, o ne a re: “Paulo yono, e seng mo Efeso fela, mme mo e ka nnang mo kgaolong yotlhe ya Asia, a tlhotlheleditseng boidiidi jo bogolo go dumela a ba a dira gore ba nne le kgopolo e sele.” (Ditiro 19:26) A Paulo o ne a ipolela gore o ne a nna le matswela mo tirong ya go rera ka gonne a na le bokgoni? Le e seng. O ne a tsaya tiro ya gagwe ya go rera e le “pontsho ya moya [wa Modimo] le maatla.” (1 Bakorintha 2:4, 5) Le rona re thusiwa ke moya wa Modimo o o boitshepo. Ka gonne re ikanya Jehofa, re tlhomamisegile gore o tla re thusa fa re leka go bua ka tsela e e nang le temogo le e e tlhotlheletsang mo bodireding jwa rona.
Ga go gakgamatse go bo go twe “yo o pelo e botlhale” o “na le temogo”! (Diane 16:21, An American Translation; New International Version) Ee, temogo ke “sediba sa botshelo” mo go ba ba nang le yone. Mme go tweng ka dieleele? Di “nyaditse botlhale le kotlhao.” (Diane 1:7) Ba nna le diphelelo dife ka ntlha ya go gana kotlhao ya ga Jehofa? Jaaka go kwadilwe fa godimo, Solomone a re: “Temogo ke sediba sa botshelo mo go beng ba yone; mme kotlhao ya dieleele ke boeleele.” (Diane 16:22) Ba otlhaiwa gape, mme gantsi e le ka tsela e e botlhoko thata. Dieleele gape di ka nna tsa itlisetsa mathata, ditlhong, bolwetse le go swa pele ga nako.
Fa kgosi ya Iseraele e bua ka tsela e botlhale bo amang puo ya rona ka tsela e e molemo ka teng, a re: “Mafoko a a itumedisang ke lomepe lwa tswina ya dinotshe, a monate mo moyeng e bile ke phodiso ya marapo.” (Diane 16:24) Jaaka tswina e le monate mme e kgorisa motho yo o tshwerweng ke tlala, mafoko a a itumedisang a a kgothatsa e bile a a lapolosa. Gape tswina e ka dira gore motho a itekanele e bile e a fodisa mme e siametse motho. Mafoko a a itumedisang le one a ntse jalo; a dira gore motho a itekanele ka tsela ya semoya.—Diane 24:13, 14.
Itise mo ‘Tseleng e e Lebegang e Thokgame’
Solomone a re: “Go na le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.” (Diane 16:25) Eno ke tlhagiso e e kgatlhanong le dikakanyo tsa maaka le go tshela botshelo jo bo sa tsamaisaneng le molao wa Modimo. Go ka nna le tsela e e lebegang e siame go ya ka pono ya batho ya nama mme tota e le kgatlhanong le melaometheo e e siameng ya Lefoko la Modimo. Gape, Satane a ka nna a leka go anamisa tsietso e e ntseng jalo gore motho a patelesege go tsaya tsela e a dumelang gore e siame, mme tota e isa losong.
Tshireletso e e molemo go di gaisa tsotlhe kgatlhanong le go itsietsa ke pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang le segakolodi se se kaelwang ke kitso ya Lefoko la Modimo. Fa re tla mo kgannyeng ya go dira ditshwetso mo botshelong—e ka tswa e le mo kgannyeng ya boitsholo kana ya kobamelo kana le fa e le eng fela se sengwe—tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe kgatlhanong le go itsietsa ke go kaelwa ke melao ya Modimo ya se se siameng le se se sa siamang.
“Keletso ya Dijo ya Monna yo o Dirang ka Natla e mo Direla ka Natla”
Kgosi e e botlhale e tswelela ka gore: “Moya wa yo o dirang ka natla o mo diretse ka natla, ka gonne molomo wa gagwe o mo pitlaganyeditse.” (Diane 16:26) Solomone a re keletso ya dijo ya motho yo o dirang e ka mo direla ka natla ka gonne tlala e e mo tshwereng ‘e a mo pitlaganya’ kana e a mo rotloetsa. An American Translation ya re: “Keletso ya dijo ya monna yo o dirang ka natla e mo direla ka natla; ka gonne tlala e e mo tshwereng e a mo rotloetsa.” Keletso e e tlwaelegileng, jaaka go eletsa dijo, e ka re rotloetsa gore re dire ka natla. Keletso e e ntseng jalo e molemo. Le fa go ntse jalo, go ka diregang fa keletso e e siameng e ka fetelediwa thata mo e fetogang bopelotshetlha? Go ka nna fela jaaka fa molelo o o dirisiwang go apaya dijo o nna mogolo thata mo o ka fisang sekgwa sotlhe. Bopelotshetlha ke keletso e e sa laolegeng mme bo kotsi. Motho yo o botlhale fa a lemoga kotsi eo o laola le e leng dikeletso tsa gagwe tse di siameng.
O se Ka wa ‘Tsamaya mo Tseleng E e Sa Siamang’
Mafoko a a tswang mo molomong wa rona a ka nna kotsi jaaka molelo o o tutumang. Fa Solomone a tlhalosa kafa go leng kotsi ka teng go batla diphoso tsa ba bangwe le go di anamisa, a re: “Motho yo o se nang molemo wa sepe o epolola se se bosula, mme mo dipounameng tsa gagwe go na le molelo o o fisang, jaaka go ka tualo. Motho wa maano o nna a baka manganga, mme yo o senyang batho leina o kgaoganya ba ba tlwaelaneng.”—Diane 16:27, 28.
Motho yo o batlang go senya leina la mong ka ene ga a na “molemo wa sepe.” Re tshwanetse go leka go batla molemo mo go ba bangwe le go bua dilo tse di dirang gore ba bangwe ba ba tlotle. Go tweng ka go reetsa batho ba ba anamisang tshebo e e senyang? Mafoko a bone a ka dira gore re belaele ba bangwe kwantle ga mabaka, a ka kgaoganya ditsala mme a baka dikgaogano mo phuthegong. Botlhale bo tla re tlhotlheletsa gore re se ka ra ba reetsa.
Fa Solomone a bua ka maatla a a faposang a a ka dirang gore motho a tsamaye mo tseleng e e seng yone, a re: “Motho wa thubakanyo o tla faposa mongwe ka ene, mme ruri o mo tsamaisa mo tseleng e e sa siamang. O bonya ka matlho a gagwe gore a loge maano. Ruri o wetsa bosula ka go moma dipounama tsa gagwe thata.”—Diane 16:29, 30.
A thubakanyo e ka faposa baobamedi ba boammaaruri? Batho ba bantsi gompieno ba fapositswe gore ba “loge maano.” Ba rotloetsa kana ba dira ditiro tsa thubakanyo. Re ka nna ra iphitlhela re se na bothata jwa go tila go dira thubakanyo jalo ka tlhamalalo. Mme go tweng ka go gogelwa ka ditsela tse di bofitlha go e dira? Batho ba bantsi ba ile ba gogelwa mme ba itumelela boitlosobodutu kana metshameko e e rotloetsang thubakanyo. Tlhagiso ya Baebele e tlhamaletse: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Botlhale jwa bomodimo bo sireletsa eletota!
Mme go tweng ka motho yo o tshelang botshelo jwa gagwe jotlhe a na le botlhale le temogo mme ‘a sa tsamaya mo tseleng e e sa siamang’? Fa motho a tshetse ka go tsamaya mo tseleng e e siameng o tshwanelwa ke go akgolwa mo matlhong a Modimo mme o tshwanelwa ke tlotlo. Diane 16:31 ya re: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.”
Ga go na sepe se se kgatlhang ka motho yo o bogale jo bo sa laolegeng. Morwa wa leitibolo wa ga Adame le Efa, e bong Kaine, o ne “a tuka bogale jo bogolo” a galefetse monnawe, e bong Abele mme a mo ‘tlhasela mme a mmolaya.’ (Genesise 4:1, 2, 5, 8) Le fa go ka tswa go na le dinako tse re nang le mabaka a go galefa, re tshwanetse go itisa gore re se ka ra galefa ka tsela e e feteletseng. Diane 16:32 e baya kgang sentle fa e re: “Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata, mme yo o laolang moya wa gagwe o botoka go gaisa yo o thopang motse.” Bogale jo bo feteletseng ga se letshwao la gore motho o nonofile kana o molemo. Ke bokoa jo bo ka ‘tsamaisang motho mo tseleng e e sa siamang.’
Fa ‘Tshwetso Nngwe le Nngwe e Tswa Kwa go Jehofa’
Kgosi ya Iseraele ya re: “Bola bo latlhelwa mo seropeng, mme tshwetso nngwe le nngwe ya jone e tswa kwa go Jehofa.” (Diane 16:33) Kwa Iseraele wa bogologolo, Jehofa ka dinako tse dingwe o ne a dirisa bola go dira gore thato ya gagwe e itsiwe. Bola e ne e le matlapana kana matlapanakwalelo a logong kana a leje. Sa ntlha, Jehofa o ne a kopiwa gore a dire tshwetso ka kgang. Go tswa foo bola bo ne bo latlhelwa mo memenong ya diaparo bo bo bo ntshiwa. Go tswa foo se se neng se direga se ne se tsewa se tswa kwa Modimong.
Jehofa ga a tlhole a dirisa bola go bolelela batho se a se akanyang. O senotse thato ya gagwe mo Lefokong la gagwe, Baebele. Gore motho a nne le botlhale jwa bomodimo, kitso e e tlhomameng ya se se kwadilweng mo Baebeleng e botlhokwa thata. Ka jalo, ga re a tshwanela go tlolwa ke letsatsi re sa bala Baebele e e tlhotlheleditsweng.—Pesalema 1:1, 2; Mathaio 4:4.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tlhaloso ya Diane 16:1-15, bona tsebe 17-20 ya makasine wa May 15, 2007, wa Tora ya Tebelo.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Ke ka ntlha yang fa botlhale bo le botoka go na le gouta?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Ke eng se se tsenyang tlhotlheletso mo dipounameng tsa gago fa o le mo bodireding?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
“Motho yo o se nang molemo wa sepe o epolola se se bosula”
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Bogale jo bo feteletseng bo ka tsamaisa motho “mo tseleng e e sa siamang”
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Thubakanyo e na le maatla a go faposa