Modimo le Keresete ba Leba Basadi Jang?
RE KA itse jang gore Jehofa Modimo o leba basadi jang? Tsela e nngwe ke ka go sekaseka boikutlo le boitshwaro jwa ga Jesu Keresete yo e leng “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng” le yo o bontshang ka botlalo tsela e Modimo a lebang dilo ka yone. (Bakolosa 1:15) Tsela e Jesu a neng a dirisana le basadi ka yone mo motlheng wa gagwe e bontsha gore Jehofa le Jesu ba tlotla basadi le gore ga ba amogele gotlhelele tsela e e makgwakgwa e basadi ba tshwarwang ka yone e e tlwaelegileng mo dinageng di le dintsi gompieno.
Ka sekai, akanya ka nako ya fa Jesu a ne a bua le mosadi kwa sedibeng. Pego ya Efangele ya ga Johane ya re: “Mosadi mongwe wa Samarea a tla go ga metsi. Jesu a mo raya a re: ‘Ntshiele ke nwe.’” Jesu o ne a ikemiseditse go bua le mosadi wa Mosamarea a bonwa ke batho, le fa gone bontsi jwa Bajuda ba ne ba sa utlwane le Basamarea. Go ya ka The International Standard Bible Encyclopedia, mo Bajudeng “go tlotla le mosadi mo lefelong le o bonwang ke botlhe mo go lone e ne e le selo se se tlhabisang ditlhong thata.” Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlotla basadi e bile a ba akanyetsa mme o ne a sa ba tlhaole ka ntlha ya morafe kgotsa ka ntlha ya bong jwa bone. Go na le moo, e ne ya nna mo mosading yono wa Mosamarea mo Jesu a neng a itlhalosa ka tlhamalalo ka lekgetlho la ntlha gore ke ene Mesia.—Johane 4:7-9, 25, 26.
Mo lekgetlhong lengwe, go ne ga tla mosadi mongwe kwa go Jesu yo o neng a na le dingwaga di le lesome le bobedi a tshwenngwa ke bolwetse jo bo tlhabisang ditlhong le jo bo koafatsang jwa kelelo ya madi. E ne ya re a ama Jesu, a fola ka yone nako eo. “Jesu a retologa mme, ya re a mmona, a re: ‘Nna pelokgale, morwadiaka; tumelo ya gago e go fodisitse.’” (Mathaio 9:22) Go ya ka Molao wa ga Moshe, mosadi yo o neng a na le bolwetse jo bo ntseng jalo o ne a sa tshwanela go nna fa gare ga boidiidi jwa batho tota le go ba ama a sa tshwanela go ba ama. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a mo omanya. Go na le moo, o ne a mo gomotsa ka bopelotlhomogi mme a mmitsa “morwadiaka.” A bo lefoko leo le tshwanetse la bo le ile la mo gomotsa jang ne!
Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a iponatsa la ntlha mo go Marea Magadalena le morutwa wa gagwe yo mongwe yo Baebele e mmitsang “Marea yo mongwe.” O ne a ka nna a iponatsa pele mo go Petere, Johane kgotsa mongwe wa barutwa ba gagwe ba banna. Go na le moo, o ne a naya basadi seriti ka go dira gore e nne bone basupi ba ntlha go mmona a tsositswe mo baswing. Moengele o ne a ba laela gore ba ye go bolelela barutwa ba gagwe ba banna ka tiragalo eno e e gakgamatsang e ba e boneng. Fa basadi bano ba le mo tseleng ba ya go bega tiragalo eno, Jesu ka boene o ne a iponatsa mo go bone mme a ba raya a re: “Tsamayang, begelang bomorwarre.” (Mathaio 28:1, 5-10) Ruri Jesu o ne a sa tlhotlhelediwe ke boikutlo jwa go tlhaola basadi jo bo neng bo aname mo Bajudeng ba motlha wa gagwe jwa gore basadi ba ne ba sa tshwanelege go nna basupi mo ditshekong.
Ka jalo, go na le gore Jesu e nne motho yo o tlhaolang basadi kgotsa yo o dumalanang le boikutlo jwa go tseela basadi kwa tlase ka tsela epe fela, o ne a ba tlotla e bile a ba anaanela. Go tshwara basadi makgwakgwa go ne go sa dumalane gotlhelele le se a neng a se ruta, mme re ka tlhomamisega gore tsela e a neng a ikutlwa ka yone e ne e supa sentle kafa Rraagwe e bong Jehofa a lebang dilo ka teng.
Tsela e Modimo a Tlhokomelang Basadi ka Yone
“Ga go na gope kwa Mediterranean ya bogologolo kgotsa kwa dinageng tsa Botlhaba jo bo Gaufi koo basadi ba neng ba neelwa kgololesego e gone jaanong ba nang le yone mo dinageng tsa gompieno tsa Bophirima. Mokgwa o o tlwaelegileng e ne e le gore basadi ba ikobele banna fela jaaka batlhanka ba ne ba ikobela beng ba bone, le jaaka basha ba ikobela bagolo. . . . Bana ba basimane ba ne ba tseelwa kwa godimo go feta ba basetsana mme ka dinako tse dingwe masea a basetsana a ne a tlogelwa fela gore a swe.” Ke kafa dikishinare nngwe ya Baebele e neng ya tlhalosa tsela e basadi ba neng ba tshela ka yone mo metlheng ya bogologolo. Gantsi ba ne ba tsewa ba tshwana fela le batlhanka.
Baebele e ne ya kwalwa ka nako ya fa boikutlo jo bo ntseng jalo bo neng bo aname mo dingwaong tsa batho. Le fa go ntse jalo, Molao wa Modimo o o mo Baebeleng o tseela basadi kwa godimo e leng selo se se farologaneng thata le boikutlo jo bo neng bo le teng mo ditsong di le dintsi tsa bogologolo.
Tsela e Jehofa a amegang ka basadi ka yone e bonala mo makgetlhong a mantsi a mo go one a neng a tsaya kgato go thusa baobamedi ba gagwe ba basadi. Ka makgetlho a mabedi o ne a sireletsa mosadi yo montle wa ga Aborahame e bong Sara gore a se ka a betelelwa. (Genesise 12:14-20; 20:1-7) O ne a tlhomogela Lea pelo, mosadi yo Jakobe a neng a sa mo rate thata, ka go “bula sebopelo sa gagwe” gore a tshole ngwana wa mosimane. (Genesise 29:31, 32) Fa babelegisi ba babedi ba Baiseraele ba ba boifang Modimo ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba boloke bana ba basimane ba Bahebera gore ba se ka ba bolawa fa go bolawa masea kwa Egepeto, Jehofa o ne a ba duela ka go ba “naya malapa.” (Ekesodo 1:17, 20, 21) O ne a araba le thapelo ya ga Hana e a neng a e rapela go tswa pelong. (1 Samuele 1:10, 20) Mme fa motlholagadi mongwe wa moporofeti a ne a tshwanelwa ke go emelana le motho yo a neng a mo kolota yo o neng a batla go tsaya bana ba gagwe gore e nne batlhanka ba gagwe gore a duelele molato wa gagwe, Jehofa ga a ka a mo latlha. Ka lorato, Modimo o ne a dira gore moporofeti Elisha a oketse lookwane lo a neng a na le lone gore motlholagadi yoo a kgone go duelela molato wa gagwe mme a bo a sala a ntse a na le lookwane lo lo lekaneng go le dirisetsa lelapa la gagwe. Ka go dira jalo, Modimo o ne a namola lelapa la gagwe mme a dira gore a nne a ntse a na le seriti sa gagwe.—Ekesodo 22:22, 23; 2 Dikgosi 4:1-7.
Gangwe le gape baporofeti ba ne ba kgala go tshwarwa makgwakgwa ga basadi kgotsa go ba sotla. Moporofeti Jeremia o ne a bolelela Baiseraele jaana ka leina la ga Jehofa: “Dirang tshiamiso le tshiamo, mme lo golole yo o thukuthiwang mo seatleng sa motsietsi; mme lo se ka lwa tshwara moagi ope wa moeng setlhogo, mosimane yo o se nang rre kgotsa motlholagadi. Lo se ka lwa ba direla tshiamololo epe. Lo se ka lwa tsholola madi ape a a se nang molato mo lefelong leno.” (Jeremia 22:2, 3) Moragonyana, Baiseraele ba ba humileng le ba ba nang le taolo ba ne ba kgalwa ka gonne ba ne ba leleka basadi mo matlong a bone mme ba tshwara bana ba bone setlhogo. (Mika 2:9) Modimo wa tshiamiso o a bona fa basadi le bana ba sotliwa e bile o kgala mokgwa o o ntseng jalo o o bosula.
“Mosadi yo o Nang le Bokgoni”
Mokwadi wa bogologolo wa Diane o tlhalosa tsela e e siameng e mosadi yo o nang le bokgoni a tshwanetseng go tshwarwa ka yone. E re ka tlhaloso e ntle eno e e malebana le seabe le seemo sa mosadi e tsentswe mo Lefokong la ga Jehofa, re ka tlhomamisega gore o a e amogela. Mo boemong jwa gore mosadi yo o ntseng jalo a gatelelwe kgotsa a tsewe e le motho wa maemo a a kwa tlase, o tseelwa kwa godimo, o a tlotlwa e bile o a ikanngwa.
“Mosadi yo o nang le bokgoni” yo o tlhalosiwang mo go Diane kgaolo 31 ke motho yo o dirang ka natla. Mo go “sengwe le sengwe se diatla tsa gagwe di se kgatlhegelang,” o dira ka natla mme o dira kgwebo le e leng go rekisa ditsha. O bona setsha mme a bo a se reka. O dira diaparo tsa kafa teng a bo a di rekisa. O naya bagwebi maitlamo. O na le nonofo e bile o dira ka natla. Mme gape, botlhale jwa gagwe le bopelonomi jwa gagwe bo anaanelwa thata. Ka ntlha ya seo, o tseelwa kwa godimo thata ke monna wa gagwe, bomorwawe mme segolobogolo ke Jehofa.
Banna ga ba a tshwanela go gatelela basadi ka go ba tshwara makgwakgwa kgotsa go ba sotla ka tsela epe fela. Go na le moo, mosadi yo o nyetsweng o tshwanetse go nna “motlatsi” yo o itumetseng le yo o nang le bokgoni wa monna wa gagwe.—Genesise 2:18.
Ba Neyeng Tlotlo
Fa mokwadi yo o tlhotlheleditsweng e bong Petere a ne a kwalela banna ba Bakeresete malebana le kafa ba tshwanetseng go tshwara basadi ba bone ka teng, o ne a ba rotloetsa gore ba etse boikutlo jo Jehofa le Jesu Keresete ba nang le jone. O ne a re: “Lona banna ba lo nyetseng, tswelelang . . . lo ba naya tlotlo.” (1 Petere 3:7) Go naya motho tlotlo go raya go mo tseela kwa godimo le go mo tlotla thata. Ka jalo, monna yo o tlotlang mosadi wa gagwe ga a mo tlhabise ditlhong, ga a mo nyenyefatse kgotsa go mo tshwara makgwakgwa. Go na le moo, o bontsha ka mafoko le ka ditiro—mo gare ga batho le fa ba le bosi—gore o a mo anaanela le go mo rata.
Ga go pelaelo gore fa monna a tlotla mosadi wa gagwe go tla nna le boitumelo mo lenyalong la bone. Akanya ka sekai sa ga Carlos le Cecilia. Nako nngwe mo lenyalong la bone ba ne ba tlhola ba ngangisana mme ba sa dumalane ka sepe. Ka dinako tse dingwe, ba ne ba se ka ba tlhola ba buisana. Ba ne ba sa itse gore ba rarabolole mathata a bone jang. Carlos o ne a le bogale mme Cecilia ene e ne e le motho yo o sa kgotsofaleng e bile a le mabela. Le fa go ntse jalo, fa ba simolola go ithuta Baebele mme ba dirisa dilo tse ba di ithutang, dilo di ne tsa simolola go tokafala. Cecilia a re: “Ke lemoga gore dithuto tsa ga Jesu le sekao se a se re tlogeletseng di fetotse botho jwa me le jwa monna wa me. Ka ntlha ya sekao sa ga Jesu, ke ne ka nna motho yo o boikokobetso le yo o akanyetsang. Ke ithutile go senka thuso ya ga Jehofa ka thapelo jaaka Jesu. Carlos o ithutile go nna pelotelele le go nna boikgapo—a tlotla mosadi wa gagwe jaaka Jehofa a batla.”
Ga se gore lenyalo la bone ga le na mathata mme gone, ba kgonne go itshokela mathata a lone ka dingwaga di le dintsi. Mo dingwageng tsa bosheng jaana ba ile ba lebana le mathata a a masisi—Carlos o ne a latlhegelwa ke tiro mme o ne a tshwanelwa ke go arelwa bolwetse jwa kankere. Le fa go ntse jalo, mathata ano ga a ka a koafatsa lenyalo la bone le le ileng la nna la nonofa fa nako e ntse e tsamaya.
Fa e sa le batho ba nna le boleo, basadi mo ditsong di le dintsi ba ile ba tlontlololwa. Ba ile ba sotlwa mo mmeleng, mo maikutlong le ka thobalano. Mme eo ga se tsela e Jehofa a neng a batla ba tshwarwa ka yone. Pego ya Baebele e bontsha sentle gore le fa ditso di ka tswa di na le boikutlo bofe, basadi botlhe ba tshwanetse go tlotlwa. Ke tshwanelo e ba e filweng ke Modimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]
Mosadi wa Mosamarea
[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]
Mosadi yo o lwalang
[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]
Marea Magadalena
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Jehofa o ne a sireletsa Sara ka makgetlho a le mabedi
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Lenyalo la ga Carlos le Cecilia le ne le le mo kotsing
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Carlos le Cecilia gompieno