Kgaolo ya Lesome
‘Motlha wa Kamogelo’
1, 2. (a) Isaia o ne a nna le lesego lefe? (b) Mafoko a boporofeti a a kwadilweng mo karolong ya ntlha ya Isaia kgaolo 49 a ama bomang?
BATHO botlhe ba ba ikanyegang ga ba bolo go nna ba amogelwa le go sirelediwa ke Modimo. Mme le fa go ntse jalo Jehofa ga a dirise kamogelo ya gagwe mo go mongwe le mongwe fela. Motho o tshwanetse go tshwanelegela lesego leno le le sa tshwaneng le lepe. Isaia o ne a tshwanelega. O ne a amogelwa ke Modimo e bile Jehofa o ne a mo dirisa go itsise batho ba bangwe thato ya Gagwe. Sekai sa seno se kwadilwe mo karolong ya ntlha ya kgaolo 49 ya boporofeti jwa ga Isaia.
2 Mafoko ano a lebisitswe ka tsela ya boporofeti kwa losikeng lwa ga Aborahame. Mo tiragatsong ya ntlha, losika loo ke setšhaba sa Iseraele, se se duleng mo go Aborahame. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa se se bolelwang go bonala sentle gore se lebisitse go Losika lwa ga Aborahame lo lo sa bolong go solofelwa, Mesia yo o solofeditsweng. Gape mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a lebisitswe kwa go bomonnawe Mesia ba semoya, ba ba neng ba nna karolo ya losika lwa ga Aborahame lwa semoya le ya “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 3:7, 16, 29; 6:16) Karolo eno ya boporofeti jwa ga Isaia e tlhalosa segolobogolo kamano e e kgethegileng e Jehofa a nang le yone le Morwawe yo o rategang, Jesu Keresete.—Isaia 49:26.
O Tlhomilwe e Bile o Sirelediwa ke Jehofa
3, 4.(a) Mesia o engwa nokeng ke mang? (b) Mesia o bua le mang?
3 Mesia o amogelwa ke Modimo. Jehofa o mo naya taolo le ditshwanelego tse di tlhokegang gore a diragatse thomo ya gagwe. Go a tshwanela he go bo yono yo o tlileng go nna Mesia a re: “Ntheetsang, lona ditlhaketlhake, lo tlhwaye tsebe, lona ditlhopha tsa ditšhaba tse di kgakala. Jehofa o mpiditse ke le mo sebopelong. O umakile leina la me ke le mo teng ga ga mmè.”—Isaia 49:1.
4 Fano Mesia o bua le ditšhaba tse di “kgakala.” Le fa Mesia a solofeditswe Bajuda, bodiredi jwa gagwe bo tla solegela ditšhaba tsotlhe molemo. (Mathaio 25:31-33) “Ditlhaketlhake” le “ditlhopha tsa ditšhaba,” le fa di se mo kgolaganong le Jehofa, di tshwanetse go reetsa Mesia wa Iseraele ka gonne o romilwe gore a tlisetse batho botlhe poloko.
5. Mesia o umakwa jang ka leina le e leng pele a tsholwa go nna motho?
5 Boporofeti bo bolela gore Jehofa o tla umaka Mesia ka leina pele a tsholwa go nna motho. (Mathaio 1:21; Luke 1:31) Nako e telele pele a tsholwa, Jesu o bidiwa “Mogakolodi yo o Gakgamatsang, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.” (Isaia 9:6) Imanuele, le e ka tswang e ne e le leina la ga morwa Isaia, le lone e nna leina la ga Mesia la boporofeti. (Isaia 7:14; Mathaio 1:21-23) Tota le leina le Mesia a tla itsiweng ka lone—Jesu—le bolelelwa pele a ise a tsholwe. (Luke 1:30, 31) Leina leno le tswa mo lefokong la Sehebera le le rayang gore “Jehofa ke Poloko.” Ga go pelaelo gore Jesu ga a itlhoma go nna Keresete.
6. Molomo wa ga Mesia o ntse jaaka tšhaka e e bogale ka tsela efe, mme ene o fitlhilwe ka tsela efe?
6 Mafoko a ga Mesia a boporofeti a tswelela jaana: “Mme a dira molomo wa me jaaka tšhaka e e bogale. O mphitlhile mo moriting wa seatla sa gagwe. Mme ka iketlo o ne a ntira motswi o o phatsimisitsweng. O ne a mphitlha mo mokotlopong wa gagwe.” (Isaia 49:2) Fa go tla nako ya gore Mesia wa ga Jehofa a simolole bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka 29 C.E., mafoko a ga Jesu le ditiro tsa gagwe ruri di itshupa di tshwana le dibetsa tse di bogale, tse di looditsweng, di kgona go fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba gagwe. (Luke 4:31, 32) Mafoko a gagwe le ditiro di tsosa bogale jwa mmaba wa ga Jehofa yo mogolo, Satane le baemedi ba gagwe. Go simolola ka nako ya fa Jesu a tsholwa, Satane o leka go fedisa botshelo jwa Gagwe, mme Jesu o ntse jaaka motswi o o fitlhilweng mo mokotlopong wa ga Jehofa ka boene.a A ka ikanya go sirelediwa ke Rraagwe a sa belaele sepe. (Pesalema 91:1; Luke 1:35) Ka nako e e beilweng, Jesu o ntshetsa batho botlhe botshelo jwa gagwe. Mme go tla tla nako e ka yone a tla tswang jaaka lesole le le nonofileng la selegodimo a tlhomeletse ka tsela e nngwe, ka tšhaka e e bogale e tswa mo molomong wa gagwe. Mo lekgetlhong leno, tšhaka e e bogale e tshwantshetsa taolo ya ga Jesu ya go bolela le go diragatsa dikatlholo kgatlhanong le baba ba ga Jehofa.—Tshenolo 1:16.
Ditiro Tsa Motlhanka wa Modimo ga se Tsa Lefela
7. Mafoko a ga Jehofa a a mo go Isaia 49:3 a diragala mo go mang, mme ka ntlha yang?
7 Jaanong Jehofa o bua mafoko ano a boporofeti: “O motlhanka wa me, wena Iseraele, wena yo ke tla bontshang bontle jwa me mo go ene.” (Isaia 49:3) Jehofa o bitsa setšhaba sa Iseraele motlhanka wa gagwe. (Isaia 41:8) Mme Jesu Keresete ke Motlhanka yo mogolo wa Modimo. (Ditiro 3:13) Ga go na sebopiwa sepe sa Modimo se se ka bontshang “bontle” jwa ga Jehofa go feta Jesu. Ka gone, le fa mafoko ano a lebisitswe kwa go Iseraele, tota a diragala mo go Jesu.—Johane 14:9; Bakolosa 1:15.
8. Batho ba gaabo Mesia ba mo tshwara jang, mme Mesia o lebeletse gore go atlega ga gagwe go atlholwe ke mang?
8 Le fa go ntse jalo, a ga go boammaaruri gore bontsi jwa batho ba gaabo Jesu ba a mo nyatsa le go mo gana? Ee. Ka kakaretso, setšhaba sa Iseraele ga se amogele Jesu e le Motlhanka wa Modimo yo o tloditsweng. (Johane 1:11) Sotlhe se Jesu a kgonang go se dira fa a sa ntse a le mo lefatsheng se ka lebega se se botlhokwa go le kalo mo bathong ba motlha wa gagwe, e bile se se na mosola. Jaanong Mesia o umaka seno se se lebegang e kete ke go palelwa mo bodireding jwa gagwe: “Ke diretse ka natla lefela. Ke diriseditse maatla a me selo se e seng sa mmatota le lefela.” (Isaia 49:4a) Mesia ga a bue mafoko ano ka gonne a kgobegile marapo. Ela tlhoko se a se buang go tswa foo: “Ruri katlholo ya me e mo go Jehofa, le dituelo tsa me di mo Modimong wa me.” (Isaia 49:4b) Modimo ke ene a ka atlholang gore Mesia o atlegile go le kana kang, e seng batho.
9, 10. (a) Jehofa o romile Mesia eng, mme o nna le matswela afe? (b) Gompieno Bakeresete ba ka kgothadiwa jang ke se se diragaletseng Mesia?
9 Se Jesu a se batlang thata ke gore a amogelwe ke Modimo. Mesia o bolela jaana mo boporofeting: “Jaanong Jehofa, Yo o mpopang mo sebopelong ke le motlhanka wa gagwe, o rile ke busetse Jakobe kwa go ene, gore Iseraele a tle a phuthelwe kwa go ene. Mme ke tla galalediwa mo matlhong a ga Jehofa, mme Modimo wa me o tla bo a fetogile nonofo ya me.” (Isaia 49:5) Mesia o tlela go busetsa dipelo tsa bomorwa Iseraele kwa go Rraabone wa selegodimo. Bontsi ga bo tseye kgato, mme bangwe bone ba a e tsaya. Le fa go ntse jalo, tota Jehofa Modimo ke ene a tla mo duelang. Go atlega ga gagwe ga go lejwe ka leitlho la motho, mme go ya ka ditekanyetso tsa ga Jehofa ka boene.
10 Gompieno, balatedi ba ga Jesu ka dinako tse dingwe ba ka ikutlwa e kete ba fufulela lefela. Mo mafelong mangwe, matswela a bodiredi jwa bone a ka lebega e se a sepe fa a bapisiwa le tiro e ntsi le maatla a ba a dirisang. Le fa go ntse jalo, ba a itshoka, ba kgothadiwa ke sekao sa ga Jesu. Gape ba nonotshiwa ke mafoko a ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala jaana: “Ka gone, bakaulengwe ba me ba ba rategang, nitamang, lo sa tshikhinyege, ka metlha lo na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, ka lo itse gore tiro ya lona e lo e dirang ka natla ga se ya lefela mo Moreneng.”—1 Bakorintha 15:58.
“Lesedi la Ditšhaba”
11, 12. Mesia o ntse a le “lesedi la ditšhaba” ka tsela efe?
11 Mo boporofeting jwa ga Isaia, Jehofa o kgothatsa Mesia ka go mo gopotsa gore go nna Motlhanka wa Modimo ga se “kgang e e seng ya sepe fela.” Jesu o tshwanetse gore a “tsose ditso tsa ga Jakobe le gore [a] buse ba ba dibetsweng ba Iseraele.” Jehofa o tswelela pele ka go tlhalosa jaana: “Gape ke go neile go nna lesedi la ditšhaba, gore poloko ya me e nne go ya fela kwa ntlheng ya lefatshe.” (Isaia 49:6) Jesu o nna lesedi la ditšhaba jang “go ya kwa ntlheng ya lefatshe” ntswa a dira bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng mo Iseraele fela?
12 Pego ya Baebele e bontsha gore “lesedi la ditšhaba” la Modimo ga le a ka la tima fa Jesu a tswa mo lefatsheng. Mo e ka nnang dingwaga di le 15 Jesu a sena go swa, barongwa Paulo le Barenabase ba ne ba nopola boporofeti jo bo mo go Isaia 49:6 mme ba bo lebisa mo barutweng ba ga Jesu, bomonnawe ba semoya. Ba ne ba tlhalosa jaana: “Jehofa o re laetse ka mafoko ano, ‘Ke go tlhomile jaaka lesedi la ditšhaba, gore o nne poloko go ya fela kwa ntlheng ya lefatshe.’” (Ditiro 13:47) Pele Paulo a swa, o ne a bona dikgang tse di molemo tsa poloko di itsisiwe e seng Bajuda fela mme le “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.” (Bakolosa 1:6, 23) Gompieno, masalela a bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng a sa ntse a tsweletse ka tiro eno. Ke “lesedi la ditšhaba” mo dinageng di feta 230 mo lefatsheng lotlhe, ba engwe nokeng ke “boidiidi jo bogolo” jo palo ya jone e setseng e tshwere dimilione.—Tshenolo 7:9.
13, 14.(a) Mesia le balatedi ba gagwe ba ile ba tshwarwa jang ka ntlha ya dikgang tse di molemo? (b) Go ile ga nna le phetogo efe?
13 Eleruri Jehofa o itshupile e le ene yo o nonotshang Motlhanka wa gagwe e bong Mesia, bomonnawe Mesia ba ba tloditsweng, le botlhe ba boidiidi jo bogolo, ba le bone ba tsweledisang tiro ya go rera dikgang tse di molemo pele. Gone ke boammaaruri gore barutwa ba ga Jesu ba ile ba nyadiwa le go ganediwa jaaka ene. (Johane 15:20) Mme ka nako ya gagwe e e tshwanetseng, Jehofa ka metlha o dira gore maemo a fetoge gore a kgone go golola le go duela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Malebana le Mesia, yo o “nyaditsweng mo moyeng” le yo o “tlhoilweng ke ditšhaba,” Jehofa o solofetsa jaana: “Dikgosi di tla bona mme di nanoge, le dikgosana, mme di tla ikoba, ka ntlha ya ga Jehofa, yo o ikanyegang, Moitshepi wa Iseraele, yo o go tlhophang.”—Isaia 49:7.
14 Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete kwa Filipi kaga phetogo eno e e boleletsweng pele. O ne a tlhalosa Jesu e le yo o neng a nyenyefaditswe mo koteng ya tlhokofatso mme morago a godisiwa ke Modimo. Jehofa o ne a naya Motlhanka wa gagwe “[boemo] jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele, gore ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame.” (Bafilipi 2:8-11) Balatedi ba ba ikanyegang ba ga Keresete ba ile ba tlhagisiwa gore le bone ba tla bogisiwa. Mme jaaka Mesia, ba tlhomamisediwa gore ba tla amogelwa ke Jehofa.—Mathaio 5:10-12; 24:9-13; Mareko 10:29, 30.
“Nako e e Amogelesegang Segolobogolo”
15. Boporofeti jwa ga Isaia bo umaka ‘motlha’ ofe o o kgethegileng, mme o bontsha eng?
15 Boporofeti jwa ga Isaia bo tswelela ka mafoko a botlhokwa thata. Jehofa o bolelela Mesia jaana: “Ke go arabile mo motlheng wa kamogelo, mme ke go thusitse mo letsatsing la poloko; ke ne ka nna ka go dibela gore ke tle ke go ntshe gore o nne kgolagano ya batho.” (Isaia 49:8a) Go na le boporofeti jo bo tshwanang le jono mo go Pesalema 69:13-18. Mopesalema o bua ka ‘motlha wa kamogelo,’ a dirisa polelwana e e reng “nako e e amogelesegang.” Mafoko ano a bontsha gore kamogelo ya ga Jehofa le tshireletso ya gagwe di dirisiwa ka tsela e e kgethegileng, mme e le ka lobaka lo lo rileng fela lo lokhutshwane.
16. Kwa Iseraeleng wa bogologolo motlha wa ga Jehofa wa kamogelo e ne e le eng?
16 Motlha oo wa kamogelo o nnile teng leng? Kwa tshimologong, mafoko ano e ne e le karolo ya boporofeti jwa go tsosolosa mme a bolelela pele go boa ga Bajuda kwa botshwarwa. Setšhaba sa Iseraele se ne sa nna mo motlheng wa kamogelo fa ba ne ba kgona go “tsosolosa lefatshe” le go boelwa ke sa bone “se se ruilweng boswa se se kgakgabetseng.” (Isaia 49:8b) Ba ne ba sa tlhole e le “magolegwa” kwa Babelona. Fa ba le mo mosepeleng wa go ya gae, Jehofa o ne a tlhomamisa gore ga ba tshwarwe ke “tlala” kgotsa ke “lenyora,” le fa e le “go itewa ke mogote o o phaphalatsang kgotsa letsatsi.” Baiseraele ba ba gasaganeng ba ne ba bothologela gape kwa nagagaeng ya bone “ba tswa kgakala . . . , kwa bokone le kwa bophirima.” (Isaia 49:9-12) Le fa go ile ga nna le tiragatso eno ya ntlha e e gakgamatsang jaana, Baebele e bontsha gore boporofeti jono bo diragadiwa ka ditsela tse dingwe gape.
17, 18. Jehofa o ne a tlhoma motlha ofe wa kamogelo mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
17 Sa ntlha, fa Jesu a tsholwa, baengele ba ne ba bolela kagiso le kamogelo ya Modimo mo bathong. (Luke 2:13, 14) Kamogelo eno e ne e sa newe batho ka kakaretso, mme e ne e newa fela ba ba neng ba dumela mo go Jesu. Moragonyana Jesu o ne a bala phatlalatsa boporofeti jwa Isaia 61:1, 2 a bo a bo lebisa mo go ene a re ke ene mmoledi wa “ngwaga o o amogelesegang wa ga Jehofa.” (Luke 4:17-21) Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka Keresete a newa tshireletso e e kgethegileng ke Jehofa mo metlheng ya fa a le mo nameng. (Bahebera 5:7-9) Ka jalo motlha ono wa kamogelo o kaya tsela e Modimo a neng a amogela Jesu ka yone fa a sa ntse a tshela e le motho.
18 Le fa go ntse jalo, go na le tiragatso e nngwe ya boporofeti jono. Fa Paulo a sena go nopola mafoko a ga Isaia malebana le motlha wa kamogelo, o ne a tswelela pele go bolela jaana: “Bona! Jaanong ke nako e e amogelesegang segolobogolo. Bona! Jaanong ke letsatsi la poloko.” (2 Bakorintha 6:2) Paulo o kwadile mafoko ano dingwaga di le 22 morago ga loso lwa ga Jesu. Kafa go bonalang ka teng fa phuthego ya Bokeresete e bopiwa ka Pentekosete ya 33 C.E., Jehofa o ne a atolosa ngwaga wa gagwe o o amogelesegang gore o akaretse balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng.
19. Bakeresete gompieno ba ka solegelwa molemo jang ke motlha wa ga Jehofa wa kamogelo?
19 Go tweng ka balatedi ba ga Jesu gompieno ba ba sa tlolediwang go nna baruaboswa ba bogosi jwa Modimo jwa selegodimo? A batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ka solegelwa molemo ke nako eno e e amogelesegang? Ee. Buka ya Baebele ya Tshenolo e bontsha gore ono ke motlha wa kamogelo wa fa Jehofa a amogela boidiidi jo bogolo jo bo tla bong bo tswa “mo pitlaganong e kgolo” go tla go itumelela botshelo mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolo 7:13-17) Ka gone, Bakeresete botlhe ba ka sola lobaka lono lo lokhutshwane molemo lo Jehofa a ithaopang go amogela batho ba ba sa itekanelang ka lone.
20. Bakeresete ba ka tila jang go fosa boikaelelo jwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa?
20 Moaposetoloi Paulo o ne a simolola polelo ya nako ya ga Jehofa e e amogelesegang ka tlhagiso. O ne a kgothaletsa Bakeresete gore ‘ba se ka ba amogela bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang jwa Modimo mme ba fosa boikaelelo jwa jone.’ (2 Bakorintha 6:1) Ka gone, Bakeresete ba dirisa sebaka sengwe le sengwe go itumedisa Modimo le go dira thato ya gagwe. (Baefeso 5:15, 16) Go ka nna molemo gore ba latele kgakololo eno ya ga Paulo: “Elang tlhoko bakaulengwe, gore ope wa lona a se ka a nna le pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo yo o tshelang; mme nnang lo rotloetsane letsatsi lengwe le lengwe, fa fela go sa ntse go ka bidiwa ‘Gompieno,’ e se re kgotsa mongwe wa lona a kgwaraladiwa ke maatla a a tsietsang a boleo.”—Bahebera 3:12, 13.
21. Ke mafoko afe a a itumedisang a a konelang karolo ya ntlha ya Isaia kgaolo 49?
21 Fa mafoko a boporofeti fa gare ga Jehofa le Mesia a wela, Isaia o bua mafoko a a itumedisang: “Ntshang selelo sa boitumelo, lona magodimo, o ipele, wena lefatshe. A dithaba di thame ka selelo sa boitumelo. Gonne Jehofa o gomoditse batho ba gagwe, mme o tlhomogela batho ba gagwe ba ba bogisiwang pelo.” (Isaia 49:13) A mafoko a a molemo jang ne a a gomotsang Baiseraele ba bogologolo le Motlhanka yo mogolo wa ga Jehofa, Jesu Keresete, mmogo le batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” gompieno!—Johane 10:16.
Jehofa ga a Lebale Batho ba Gagwe
22. Jehofa o gatelela jang gore ga a kitla a tsamaya a lebala batho ba gagwe?
22 Jaanong Isaia o tswelela pele go bega dipolelo tsa ga Jehofa. O bolelela pele gore Baiseraele ba ba isitsweng botshwarwa ba tla lapa ba bo ba felelwe ke tsholofelo. Isaia a re: “Siona a nna a re: ‘Jehofa o ntlogetse, Jehofa o ntebetse.’” (Isaia 49:14) A ke boammaaruri? A Jehofa o latlhile batho ba gagwe a bo a ba lebala? Isaia o tswelela jaana, a direla jaaka mmueledi wa ga Jehofa: “A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang gore a bo a tlhoke go tlhomogela morwa wa sebopelo sa gagwe pelo? Le e leng basadi bano ba ka lebala, mme nna ga nkitla ke go lebala.” (Isaia 49:15) A karabo e e lorato e e tswang kwa go Jehofa! Lorato lo Modimo a ratang batho ba gagwe ka lone lo feta lwa mmè mo ngwaneng wa gagwe. Ka metlha o nna a akantse ka batho ba gagwe ba ba ikanyegang. O ba gakologelwa jaaka e kete maina a bone a ne a gabilwe mo diatleng tsa gagwe: “Bona! Ke go gabile mo magofing a me. Dipota tsa gago di fa pele ga me ka metlha.”—Isaia 49:16.
23. Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete jang gore ba ikanye gore Jehofa a ka se ka a ba lebala?
23 Fa moaposetoloi Paulo a kwalela Bagalatia, o ne a rotloetsa Bakeresete jaana: “A re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.” (Bagalatia 6:9) O ne a kwalela Bahebera mafoko ano a a kgothatsang: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.” (Bahebera 6:10) Le ka motlha ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa o lebetse batho ba gagwe. Fela jaaka Siona wa bogologolo, Bakeresete ba na le lebaka le le utlwalang la go itumela le go letela Jehofa ka bopelotelele. O tshegetsa ditumalano tsa kgolagano ya gagwe le ditsholofetso tsa gagwe ka tlhomamo.
24. Siona o tla tsosolosiwa jang, mme o tla botsa dipotso dife?
24 Jehofa o dirisa Isaia go gomotsa ka tsela e nngwe gape. Ba ba “rutlololang [Siona],” e ka tswa e le Bababelona kgotsa Bajuda ba batenegi, ga ba tlhole ba tshosetsa ka gope. “Barwa” ba Siona, Bajuda ba ba ileng botshwarwa ba ba nnang ba ikanyega mo go Jehofa, “ba itlhaganetse.” Ba tla ‘phuthega mmogo.’ Fa ba sena go itlhaganelela go boela kwa Jerusalema, Bajuda ba ba buseditsweng gae ba tla nna mekgabisa ya motse wa bone, fela jaaka “monyadiwa” a apara “mekgabisa.” (Isaia 49:17, 18) Mafelo a Siona a ‘swafetse.’ Akanya kafa a gakgamalang ka teng fa ka tshoganyetso a nna le banni ba bantsi mo e leng gore lefelo la gagwe la bonno le lebega le pitlagane. (Bala Isaia 49:19, 20.) Go a utlwala go bo a botsa gore bana bano botlhe ba tswa kae: “Ruri o tla bua mo pelong ya gago o re, ‘Ke mang yo o nnileng rraagwe bana bano mo boemong jwa me, e re ka ke le mosadi yo o amogilweng bana e bile ke le moopa, ke isitswe botshwarwa ka ba ka dirwa legolegwa? Fa e le bano, ke mang yo o ba godisitseng? Bona! Nna ke ne ke tlogetswe kwa morago ke le esi. Bano—ba ntse ba le kae?’” (Isaia 49:21) A seemo se se itumedisang jang ne mo Siona yo o kileng a bo a le moopa!
25. Iseraele wa semoya o ne a tsosolosiwa jang mo metlheng ya gompieno?
25 Mafoko ano a na le tiragatso ya motlha wa gompieno. Mo dingwageng tse di bokete tsa ntwa ya ntlha ya lefatshe, Iseraele wa semoya o ne a nna mo motlheng wa tshwafalo le wa botshwarwa. Mme o ne a tsosolosiwa a bo a nna mo paradaiseng ya semoya. (Isaia 35:1-10) Fela jaaka motse o o kileng wa bo o swafetse o o tlhalositsweng ke Isaia, o ne a itumetse—jaaka go ka tualo—fa a bona a tletse ka baobamedi ba ba tlhoafetseng le ba ba itumetseng ba ga Jehofa.
“Sesupo sa Ditšhaba”
26. Jehofa o naya batho ba gagwe ba ba golotsweng kaelo efe?
26 Ka tsela ya boporofeti, Jehofa jaanong o isa Isaia kwa nakong ya fa batho ba Gagwe ba tla bo ba gololwa kwa Babelona. A ba tla kaelwa ke Modimo ka tsela epe? Jehofa o araba jaana: “Bona! Ke tla tsholeletsa ditšhaba seatla sa me, le ditšhaba ke tla di tsholeletsa sesupo sa me. Ba tla tlisa bomorwao mo sehubeng, mme ba tla tshola bomorwadio mo legetleng.” (Isaia 49:22) Mo tiragatsong ya ntlha, Jerusalema, yo pele e neng e le lefelo la goromente le bonno jwa tempele ya ga Jehofa, o fetoga “sesupo” sa ga Jehofa. Tota le batho ba maemo le ba ba maatla ba ditšhaba tse dingwe, ba ba jaaka “dikgosi” le “bahumagadi ba tsone,” ba thusa Baiseraele mo mosepeleng wa bone wa go boela teng. (Isaia 49:23a) Dikgosi tsa Peresia e bong Kurose le Artaxerxes Longimanus le ba malapa a bone e nna bangwe ba bathusi bano. (Esera 5:13; 7:11-26) Mme mafoko a ga Isaia a na le tiragatso e nngwe gape.
27. (a) Mo tiragatsong e kgolwane, ke “sesupo” sefe se ditšhaba di tla thelegelang kwa go sone? (b) Go tla felela ka eng fa ditšhaba tsotlhe di patelesega go ikobela puso ya ga Mesia?
27 Isaia 11:10 e bua ka “sesupo sa ditšhaba.” Moaposetoloi Paulo o ne a lebisa mafoko ano kwa go Keresete Jesu. (Baroma 15:8-12) Ka gone, mo tiragatsong e kgolwane, Jesu le babusikaene ba ba tloditsweng ka moya ke “sesupo” sa ga Jehofa se ditšhaba di thelegelang kwa go sone. (Tshenolo 14:1) Ka nako e e tshwanetseng ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe—tota le babusi ba gone jaanong—di tla tshwanelwa ke go ikobela puso ya ga Mesia. (Pesalema 2:10, 11; Daniele 2:44) Go tla felela ka eng? Jehofa a re: “O tla itse gore ke nna Jehofa, yo ba ba solofetseng mo go nna ba se kitlang ba ntlhabelwa ke ditlhong.”—Isaia 49:23b.
“Jaanong Poloko ya Rona e Gautshwane”
28. (a) Jehofa o boa gape a tlhomamisetsa batho ba gagwe gore ba tla gololwa ka mafoko afe? (b) Jehofa o sa ntse a ititeile sehuba jang ka batho ba gagwe?
28 Bangwe ba batho ba ba ileng botshwarwa kwa Babelona ba ka tswa ba ipotsa gore, ‘A ruri go ka kgonega gore Iseraele a gololwe?’ Jehofa o akanyetsa potso eo ka go botsa jaana: “A ba ba setseng ba tserwe ba ka tsewa mo monneng yo o thata, kgotsa a setlhopha sa batshwarwa sa mopatiki se ka falola?” (Isaia 49:24) Karabo ke ee. Jehofa o ba kgothatsa jaana: “Tota le setlhopha sa batshwarwa sa monna yo o thata se tla tsewa, mme ba ba setseng ba tserwe ke mopatiki ba tla falola.” (Isaia 49:25a) A kgothatso e e gomotsang ruri! Mo godimo ga moo, fa Jehofa a amogela batho ba gagwe gape, o ititeile sehuba tota gore o tla ba sireletsa. O bolela jaana a tlhamaletse: “Ke tla ganetsana le ope fela yo o ganetsanang le wena, le bomorwao ke tla ba boloka.” (Isaia 49:25b) O sa ntse a ititeile sehuba fela jalo. Jehofa o raya batho ba gagwe jaana jaaka go kwadilwe mo go Sekarea 2:8: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la me.” Ke boammaaruri gore gone jaanong re mo motlheng wa kamogelo o mo go one ditšhaba tse di mo lefatsheng lotlhe di nang le sebaka sa go ka thelegela kwa Siona wa semoya. Le fa go ntse jalo, motlha oo wa kamogelo o tla fela.
29. Batho ba ba ganang go utlwa Jehofa ba na le isagwe efe e e letobo?
29 Go tla diragala eng ka batho ba ka botlhogoethata ba ganang go utlwa Jehofa e bile ba bogisa baobamedi ba gagwe? A re: “Ke tla dira gore ba ba go tshwarang setlhogo ba je nama ya bone; mme ba tla tagwa ke madi a bone fela jaaka ba tagwa ke beine e e monate.” (Isaia 49:26a) A isagwe e e letobo! Baganetsi ba ba tlhogoethata jalo ga ba na isagwe e e nnelang ruri. Ba tla senngwa. Ka gone, ka go boloka batho ba gagwe le ka go fedisa baba ba bone, Jehofa o tla bonala e le Mmoloki. “Nama yotlhe e tla tshwanelwa ke go itse gore nna, Jehofa, ke Mmoloki wa gago le Morekolodi wa gago, Yo o Maatla wa ga Jakobe.”—Isaia 49:26b.
30. Jehofa o diretse batho ba gagwe ditiro dife tse di bolokang, mme o sa ntse a tla dira eng?
30 Mafoko ao la ntlha a ne a dira fa Jehofa a ne a dirisa Kurose go golola batho ba Gagwe mo bokgobeng jwa Babelona. A ne a dira jalo le ka 1919 fa Jehofa a ne a dirisa Morwawe yo o mo setulong sa bogosi Jesu Keresete, go golola batho ba Gagwe mo bokgobeng jwa semoya. Ka gone Baebele e bitsa Jehofa mmogo le Jesu e re ke baboloki. (Tito 2:11-13; 3:4-6) Jehofa ke Mmoloki wa rona, mme Jesu, Mesia, ke “Moemedi [wa gagwe] yo Mogolo.” (Ditiro 5:31) Eleruri, ditiro tsa Modimo tsa poloko tse a di dirang ka Jesu Keresete di molemo. Jehofa o dirisa dikgang tse di molemo go golola batho ba ba dipelo di siameng mo bokgobeng jwa bodumedi jwa maaka. Ka setlhabelo sa thekololo, o ba golola mo bokgobeng jwa boleo le loso. Ka 1919, o ne a golola bomonnawe Jesu mo bokgobeng jwa semoya. Mme mo ntweng e e ntseng e atamela ka bofefo ya Haramagedona, o tla golola boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba ikanyegang mo tshenyegong e e tla tlelang baleofi.
31. Bakeresete ba tshwanetse ba itshwara jang malebana le go amogelwa ke Modimo?
31 A bo e le tshiamelo jang he, go amogelwa ke Modimo! A rotlhe re diriseng nako eno e e amogelesegang ka botlhale. Mme e kete re ka dira tumalanong le go potlaka ga metlha ya rona, re reetsa mafoko ano a Paulo a a kwaletseng Baroma: “Lo itse paka, gore e setse e le nako ya gore lo thanye mo borokong, gonne jaanong poloko ya rona e gautshwane go na le ka nako e re neng re nna badumedi ka yone. Bosigo bo tloga bo sa; motshegare o atametse. Jalo a re apoleng ditiro tsa lefifi mme a re apareng dibetsa tsa lesedi. Jaaka mo nakong ya motshegare a re tsamayeng ka mokgwa o montle, e seng mo medirong ya ditlhapelo le mo medirong ya botagwa, e seng mo tlhakanelodikobong e e seng ya kafa molaong le boitshwaro jo bo repileng, e seng mo kgogakgoganong le mo lefufeng. Mme aparang Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa bo lo rulaganyetsa dikeletso tsa nama go sa le pele.”—Baroma 13:11-14.
32. Batho ba Modimo ba kgothaditswe jang?
32 Jehofa o tla tswelela pele a amogela batho ba ba utlwang kgakololo ya gagwe. O tla ba naya maatla le bokgoni jo bo tlhokegang go rera dikgang tse di molemo. (2 Bakorintha 4:7) Jehofa o tla dirisa batlhanka ba gagwe fela jaaka a dirisa Moeteledipele wa bone, Jesu. O tla dira gore molomo wa bone o nne “jaaka tšhaka e e bogale” gore ba fitlhelele dipelo tsa batho ba ba pelonomi ka molaetsa wa dikgang tse di molemo. (Mathaio 28:19, 20) O tla sireletsa batho ba gagwe “mo moriting wa seatla sa gagwe.” Fela jaaka “motswi o o phatsimisitsweng,” ba tla fitlhiwa “mo mokotlopong wa gagwe.” Eleruri, Jehofa ga a kitla a latlha batho ba gagwe!—Pesalema 94:14; Isaia 49:2, 15.
[Ntlha e e kwa tlase]
a “Satane, yo kwantle ga pelaelo a neng a itse Jesu e le Morwa Modimo e bile e le ene yo go neng go porofetilwe ka ene go twe o tla mo gobatsa mo tlhogong (Ge 3:15), o ne a dira sengwe le sengwe se a neng a ka se kgona go bolaya Jesu. Mme fa moengele Gabariele a ne a itsise Marea ka go imiwa ga ga Jesu o ne a mo raya a re: ‘Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena, le maatla a Mogodimodimo a tla go okama. Ka lebaka leo le se se tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.’ (Luk 1:35) Jehofa o ne a dibela Morwawe. Maiteko a go bolaya Jesu fa a ne a sa le losea ga a ka a atlega.”—Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 868, e gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 139]
Mesia o ntse jaaka “motswi o o phatsimisitsweng” mo mokotlopong wa ga Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 141]
Mesia e ntse e le “lesedi la ditšhaba”
[Setshwantsho mo go tsebe 147]
Lorato lwa Modimo mo bathong ba gagwe lo logolo go feta lwa mmè mo ngwaneng wa gagwe