Kgaolo ya Lesomepedi
Kgomotso mo Bathong ba Modimo
1. Jerusalema le banni ba yone ba na le isagwe efe e e letobo, mme go na le tsholofelo efe?
DINGWAGA di le 70—lobaka lo lo tlwaelegileng lwa botshelo jwa motho—ke lone lobaka lo setšhaba sa Juda se tla bong se le kwa botshwarwa kwa Babelona ka lone. (Pesalema 90:10; Jeremia 25:11; 29:10) Bontsi jwa Baiseraele ba ba isitsweng botshwarwa ba tla tsofala ba bo ba swele kwa Babelona. Akanya fela kafa ba tla tlhabisiwang ditlhong ka teng ke ditshotlo tsa baba ba bone. Akanya le kafa Modimo wa bone, Jehofa, a tla kgobiwang ka teng fa motse o a beileng leina la gagwe mo go one o nna o swafetse ka lobaka lo lo kana. (Nehemia 1:9; Pesalema 132:13; 137:1-3) Tempele e e rategang, e e neng ya tlala ka kgalalelo ya Modimo fa e ne e neelwa ke Solomone, e tla bo e sa tlhole e le teng. (2 Ditiragalo 7:1-3) A isagwe e e letobo! Mme Jehofa o dirisa Isaia go bolelela pele ka tsosoloso. (Isaia 43:14; 44:26-28) Mo go kgaolo 51 ya buka ya Isaia, re fitlhela dipolelelopele tse dingwe tse di malebana le kgang eno ya kgomotso le kgothatso.
2. (a) Jehofa o dirisa Isaia go isa molaetsa wa gagwe wa kgomotso kwa go mang? (b) Bajuda ba ba ikanyegang ba ‘latelela tshiamo’ jang?
2 Jehofa o raya ba ba kwa Juda ba dipelo tsa bone di sekametseng kwa go ene a re: “Ntheetsang, lona ba lo latelelang tshiamo, lona ba lo batlang go bona Jehofa.” (Isaia 51:1a) ‘Go latelela tshiamo’ go kaya go tsaya kgato. Ba ba “latelelang tshiamo” ga ba ne ba ipolela fela gore ke batho ba Modimo. Ba tla leka ka tlhoafalo gore ba nne tshiamo le go tshela tumalanong le thato ya Modimo. (Pesalema 34:15; Diane 21:21) Ba tla leba kwa go Jehofa go nna ene fela Motswedi wa tshiamo, mme ba tla ‘batla go bona Jehofa.’ (Pesalema 11:7; 145:17) Ga se gore ba tla bo ba ise ba itse gore Jehofa ke mang kgotsa ba sa itse go mo rapela. Go na le moo, ba tla leka go mo atamela, go mo obamela, go mo rapela le go batla kaelo ya gagwe mo go sengwe le sengwe se ba se dirang.
3, 4. (a) ‘Lefika’ le Bajuda ba neng ba betliwa go tswa mo go lone ke mang mme ‘khuti ya kgatampi’ e ba epolotsweng mo go yone ke mang? (b) Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba tla gomodiwa ke go gopola kwa ba tswang teng?
3 Le fa go ntse jalo, batho ba ruri ba latelelang tshiamo ba mmalwa fela kwa Juda, mme seno se ka dira gore ba nne boi le go kgobega marapo. Ka jalo Jehofa o ba kgothatsa jaana a dirisa setshwantsho sa go epa: “Lebang kwa lefikeng le lo betlilweng go tswa mo go lone, le kwa khuting ya kgatampi e lo epolotsweng mo go yone. Lebang kwa go Aborahame rraalona le kwa go Sara yo kgabagare a neng a lo belega ka ditlhabi tsa pelegi. Gonne o ne a le mongwe fa ke mmitsa, mme ke ne ka mo segofatsa ka ba ka mo ntsifatsa.” (Isaia 51:1b, 2) ‘Lefika’ le Bajuda ba betlilweng go tswa mo go lone ke Aborahame, yo o itsegeng thata mo hisitoring yo setšhaba sa Iseraele se ikgantshang ka ene. (Mathaio 3:9; Johane 8:33, 39) Ke ene mogologolwane, motho yo setšhaba se duleng mo go ene. ‘Khuti ya kgatampi’ ke Sara, yo mogologolwane wa Iseraele e bong Isake a duleng mo sebopelong sa gagwe.
4 Aborahame le Sara ba ne ba sa tlhole ba le mo dingwageng tsa go tshola e bile ba ne ba se na bana. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a solofetsa go segofatsa Aborahame le go “mo ntsifatsa.” (Genesise 17:1-6, 15-17) Fa Modimo a sena go busetsa Aborahame le Sara kgono ya go tshola bana, ba ne ba tshola ngwana mo botsofeng jwa bone, mme setšhaba seno se Modimo a dirileng kgolagano le sone se ne sa tswa mo go ene. Ka jalo Jehofa o ne a dira gore monna yo o mongwe fela yoo a nne rraagwe setšhaba se segolo se palo ya batho ba sone e neng ya nna kgolo thata fela jaaka ya dinaledi tsa magodimo. (Genesise 15:5; Ditiro 7:5) Fa Jehofa a ne a ka kgona go tsaya Aborahame jalo go tswa kwa nageng e e kwa kgakala a bo a mo dira setšhaba se se nonofileng, eleruri a ka diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go golola masalela a a ikanyegang mo botshwarong kwa Babelona, go ba busetsa kwa nagagaeng ya bone, le go boa a ba dira setšhaba se segolo. Se Modimo a neng a se solofeditse Aborahame se ne sa diragadiwa; se a se solofeditseng Bajuda bao ba ba ileng botshwarwa le sone se tla diragadiwa.
5. (a) Aborahame le Sara ba tshwantshetsa mang? Tlhalosa. (b) Mo tiragatsong ya bofelo, ke bomang ba ba tswang mo “lefikeng”?
5 Go epa ga tshwantshetso ga Isaia 51:1, 2 go tshwanetse ga bo go na le tiragatso e nngwe gape. Duteronome 32:18 e bitsa Jehofa “Lefika” le le neng la tshola Iseraele le “One o o . . . tsholang [Iseraele] ka ditlhabi tsa pelegi.” Mo polelwaneng eno ya bofelo, go dirisiwa lediri la Sehebera le le tshwanang le le le mo go Isaia 51:2 malebana le Sara a tshola Iseraele. Ka gone, mo boporofeting Aborahame o tshwantshetsa Jehofa, Aborahame yo Mogolwane. Mosadi wa ga Aborahame, Sara, o tshwantshetsa sentle phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo ya lobopo lotlhe ya dibopiwa tsa semoya, e mo Dikwalong Tse di Boitshepo e bidiwang mosadi wa Modimo. (Genesise 3:15; Tshenolo 12:1, 5) Mo tiragatsong ya bofelo ya mafoko ano a boporofeti jwa ga Isaia, setšhaba se se tswang mo “lefikeng” ke “Iseraele wa Modimo,” phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, e e neng ya tsholwa ka Pentekosete ya 33 C.E. Jaaka go tlhalositswe mo dikgaolong tse di fetileng tsa buka eno, setšhaba seo se ne sa isiwa botshwarwa kwa Babelona ka 1918 mme sa tsosolosiwa ka 1919 gore se boe se nne mo letlepung la semoya.—Bagalatia 3:26-29; 4:28; 6:16.
6. (a) Ke eng se se tla diragalelang naga ya Juda, mme go tla bo go tshwanela gore go dirwe tsosoloso efe? (b) Isaia 51:3 e re gopotsa ka tsosoloso efe ya motlha wa gompieno?
6 Se Jehofa a gomotsang Siona, kgotsa Jerusalema ka sone, ga se fela tsholofetso ya go tlhagisa setšhaba se segolo. Re bala jaana: “Jehofa ruri o tla gomotsa Siona. Ruri o tla gomotsa mafelo a gagwe otlhe a a swafetseng, mme o tla dira naga ya gagwe gore e tshwane le Edene le lebala la gagwe le le sekaka gore le tshwane le tshingwana ya ga Jehofa. Boitumelo le boipelo di tla fitlhelwa mo go ene, go ntshiwa ga ditebogo le lentswe la pina.” (Isaia 51:3) Mo dingwageng tse 70 tsa tshwafalo, naga ya Juda e tla boela e nna sekaka, e tletse ka mebitlwa, mekaikai le dimela tse dingwe tsa naga. (Isaia 64:10; Jeremia 4:26; 9:10-12) Ka jalo mo godimo ga go dira gore Juda e nniwe gape, tsosoloso e tla tshwanelwa ke go akaretsa go tsosolosiwa ga naga, e e tla fetolwang tshingwana ya Edene e e nang le masimo a a ungwang le ditshingwana tsa maungo tse di ungwang. Naga e tla lebega e itumetse. Naga e tla bo e tshwana le paradaise fa e bapisiwa le kafa e neng e swafetse ka teng ka nako ya botshwarwa. Masalela a a tloditsweng a Iseraele wa Modimo a ne a tsena mo paradaiseng e e ntseng fela jalo ka tsela ya semoya ka 1919.—Isaia 11:6-9; 35:1-7.
Mabaka a go Tshepa Jehofa
7, 8. (a) Fa Jehofa a re ba mo sekegele tsebe o raya goreng? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore Juda a reetse Jehofa?
7 Jehofa o bolela jaana a rotloetsa batho gore ba boe ba tlhwaye tsebe: “Ntlhwaeleng tsebe, lona batho ba me; le wena setlhopha sa me sa setšhaba, ntshekegela tsebe. Gonne go tla tswa molao mo go nna, le tshwetso ya me ya boatlhodi ke tla dira gore e nne jaaka lesedi mo ditšhabeng. Tshiamo ya me e gaufi. Ruri poloko ya me e tla tswa, le mabogo a me a tla atlhola ditšhaba. Ditlhaketlhake di tla solofela mo go nna, mme di tla letela lebogo la me.”—Isaia 51:4, 5.
8 Fa Jehofa a re ba mo sekegele tsebe ga a reye fela gore ba utlwe molaetsa wa gagwe. O raya gore ba tlhwaye tsebe gore ba bo ba tseye kgato ka se ba se utlwileng. (Pesalema 49:1; 78:1) Setšhaba se tshwanetse sa lemoga gore Jehofa ke Motswedi wa thuto, tshiamiso le poloko. Ke ene fela Motswedi wa tshedimosetso ya semoya. (2 Bakorintha 4:6) Ke ene Moatlhodi yo mogolo wa batho. Melao le ditshwetso tsa boatlhodi tse di tswang mo go Jehofa ke lesedi mo go ba ba dumelang gore di ba kaele.—Pesalema 43:3; 119:105; Diane 6:23.
9. Kwantle ga batho ba ba nang le kgolagano le Modimo, ke bomang ba ba tla solegelwang molemo ke ditiro tsa ga Jehofa tse di bolokang?
9 Sotlhe seno se tshwanetse sa diragala e seng ka batho ba kgolagano ya Modimo fela mme le ka batho ba ba dipelo di siameng gongwe le gongwe, tota le kwa ditlhaketlhakeng tse di kgakala thata tsa lewatle. Tsholofelo ya bone mo Modimong le mo bokgoning jwa gagwe jwa go tsaya kgato go thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang le go ba boloka ga e kitla e swabisiwa. Maatla a gagwe, kgotsa nonofo, e e tshwantshediwang ke lebogo la gagwe, e teng tota; e ka se ka ya thijwa ke ope. (Isaia 40:10; Luke 1:51, 52) Le gompieno fela jalo, tiro ya go rera ka tlhoafalo ya maloko a a setseng a Iseraele wa Modimo e ile ya gogela batho ba le dimilione, ba bontsi jwa bone bo tswang kwa ditlhaketlhakeng tse di kgakala tsa lewatle, gore ba retologele kwa go Jehofa mme ba dumele mo go ene.
10 .(a) Kgosi Nebukadenesare o tla patelesega go lemoga kgang efe? (b) Ke “magodimo” afe le “lefatshe” tse di tla fedisiwang?
10 Go tswa foo Jehofa o umaka kgang e Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a tla tshwanelwang ke go e lemoga. Ga go na sepe kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng se se ka thibelang Jehofa go diragatsa thato ya gagwe. (Daniele 4:34, 35) Re bala jaana: “Tsholeletsang matlho a lona kwa magodimong, lo lebe lefatshe kwa tlase. Gonne magodimo a tla kaologa a nna makgaoganyane fela jaaka mosi, mme lefatshe le tla onala jaaka seaparo, le banni ba lone ba tla swa jaaka montsana fela. Mme poloko ya me yone, e tla nna ka bosakhutleng, le tshiamo ya me ga e kitla e tšhwetlakanngwa.” (Isaia 51:6) Le fa gone e se mokgwa wa babusi ba Babelona go letla batshwarwa ba bone go boela gae, Jehofa ga a ne a kgorelediwa go boloka batho ba gagwe. (Isaia 14:16, 17) “Magodimo” a Babelona, kgotsa babusi ba yone, ba tla fenngwa mo go botlhoko. “Lefatshe” la Babelona, babusiwa ba babusi bao, ba tla fedisiwa ka iketlo. Ee, tota le mmuso o mogolo thata wa nako eo o ka se ka wa thibela maatla a ga Jehofa kgotsa wa thibela ditiro tsa gagwe tsa poloko.
11. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete gompieno ba kgothadiwa ke go diragadiwa ka botlalo ga boporofeti jwa gore “magodimo” le “lefatshe” tsa Babelona di tla fedisiwa?
11 A bo Bakeresete gompieno ba kgothadiwa jang ne ke go itse gore mafoko ano a boporofeti a ile a diragadiwa otlhe fela! Ka ntlha yang? Ka gonne moaposetoloi Petere o ne a dirisa mafoko a a tshwanang fa a bua ka tiragalo e e sa ntseng e tla direga mo isagweng. O ne a bua ka letsatsi la ga Jehofa le le ntseng le atamela ka bofefo, “le mo go lone magodimo ka a tla bo a le mo molelong a tla nyerologang le dilo tse di a bopang ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologang!” Go tswa foo o ne a re: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:12, 13; Isaia 34:4; Tshenolo 6:12-14) Le fa ditšhaba tse di nonofileng le babusi ba tsone ba ba nang le maemo a a kwa godimo jaaka dinaledi di ka ema kgatlhanong le Jehofa, di tla fedisiwa ka nako ya gagwe e e tshwanetseng—di senngwa motlhofo jaaka montsana fela. (Pesalema 2:1-9) Puso ya Modimo ya tshiamo ke yone fela e e tla busang ka bosakhutleng, e busa setšhaba se se siameng sa batho.—Daniele 2:44; Tshenolo 21:1-4.
12. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba Modimo ba sa tshwanela go boifa fa ba kgobiwa ke baganetsi ba batho?
12 Jaanong Jehofa o bolela jaana a bua le batho ba ba latelelang tshiamo: “Ntheetsang, lona ba lo itseng tshiamo, batho ba molao wa me o leng mo pelong ya bone. Lo se ka lwa boifa kgobo ya batho ba ba nang le go swa, le gone lo se ka lwa welwa ke poifo fela ka ntlha ya mafoko a bone a a kgobang. Gonne motoutwane o tla ba ja jaaka e kete ke seaparo, le motoutwane wa diaparo o tla ba ja fela jaaka e kete ke boboa. Mme fa e le tshiamo ya me yone, e tla nna ya bosakhutleng, le poloko ya me e tla nna mo dikokomaneng tse di se nang palo.” (Isaia 51:7, 8) Batho ba ba ikanyang Jehofa ba tla kgobiwa le go sotlwa ka ntlha ya bopelokgale jwa bone, mme seno ga se a tshwanela go boifiwa. Ba sotliwa ke batho fela ba ba swang, ba ba tla ‘jewang,’ jaaka seaparo sa boboa se jewa ke motoutwane.a Jaaka Bajuda ba ba ikanyegang ba bogologolo, Bakeresete ba boammaaruri gompieno ga ba tlhoke go boifa ope yo o ba ganetsang. Jehofa, Modimo wa bosakhutleng, ke ene poloko ya bone. (Pesalema 37:1, 2) Go sotlwa ke baba ba Modimo ke bosupi jwa gore batho ba ga Jehofa ba na le moya wa gagwe.—Mathaio 5:11, 12; 10:24-31.
13, 14. Dipolelwana “Rahabe” le “setshedi se setona thata sa lewatle” di tshwantshetsa eng, mme e ‘thubaganngwa’ le go ‘tlhabiwa’ jang?
13 Isaia o bolela jaana jaaka e kete o ipiletsa kwa go Jehofa gore a tseye kgato ka batho ba Gagwe ba ba kwa botshwarwa: “Tsoga, tsoga, ikapese nonofo, wena lebogo la ga Jehofa! Tsoga jaaka mo malatsing a bogologolo, jaaka mo dikokomaneng tsa bogologolo. A ga se wena yo o neng wa thubaganya Rahabe, yo o neng wa tlhaba setshedi se setona thata sa lewatle? A ga se wena yo o neng wa kgadisa lewatle, metsi a boteng jo bogolo? Yo o neng wa dira gore boteng jwa lewatle e nne tsela ya gore ba ba rekolotsweng ba kgabaganye?”—Isaia 51:9, 10.
14 Dikai tsa mo hisitoring tse Isaia a buang ka tsone di tshwanela sentle. Moiseraele mongwe le mongwe o itse ka go gololwa ga setšhaba seno kwa Egepeto le go kgabaganya ga sone Lewatle le Lehibidu. (Ekesodo 12:24-27; 14:26-31) Mafoko “Rahabe” le “setshedi se setona thata sa lewatle” a lebisitse go Egepeto fa a busiwa ke Faro yo o neng a ganetsa go Fuduga ga Iseraele kwa Egepeto. (Pesalema 74:13; 87:4; Isaia 30:7) Egepeto wa bogologolo o ne a tshwana le noga e e boitshegang, tlhogo ya yone e le fa Molomong wa Nile mme mmele wa yone o moleele o ikadile dikilometara di le makgolokgolo o iphaphathile ka Mokgatšha o o ungwang wa Nile. (Esekiele 29:3) Mme noga e kgolo eno e ne ya thubaganngwa fa Jehofa a ne a tshololela Dipetso Tse di Lesome mo go yone. E ne e tlhabilwe, e gobaditswe thata, e bile e le bokoa fa masole a yone a ne a senngwa mo metsing a Lewatle le Lehibidu. Ee, Jehofa o ne a bontsha maatla a lebogo la gagwe fa a ne a dirisana le Egepeto. A o tla bo a sa iketleetsa fela jalo go lwela batho ba gagwe ba ba isitsweng botshwarwa kwa Babelona?
15. (a) Khutsafalo le go fegelwa ga Siona di tla tshaba leng le gone jang? (b) Khutsafalo le go fegelwa di ne tsa tshabela Iseraele wa Modimo jang mo metlheng ya gompieno?
15 Jaanong boporofeti bo tswelela jaana bo lebisitse kwa go gololweng ga Iseraele kwa Babelona: “Foo ba ba rekolotsweng ba ga Jehofa ba tla boa mme ba tle mo Siona ba goa ka boipelo, mme go ipela ka bosakhutleng go tla bo go le mo tlhogong ya bone. Ba tla bona boitumelo le boipelo. Ruri khutsafalo le go fegelwa di tla tshaba.” (Isaia 51:11) Go sa kgathalesege gore seemo sa bone se tla bo se hutsafatsa jang kwa Babelona, ba ba batlang tshiamo ya ga Jehofa ba na le isagwe e e molemolemo. Go tla tla nako e ka yone khutsafalo le go fegelwa di tla bong di sa tlhole di le teng. Go goa ka boipelo, go ipela, boitumelo—di tla utlwiwa mo melomong ya ba ba rekolotsweng. Fa mafoko ao a boporofeti a ne a diragadiwa mo motlheng wa gompieno, Iseraele wa Modimo o ne a gololwa mo botshwarong jwa Babelona ka 1919. Ba ne ba boela mo maemong a bone a semoya ka boipelo jo bogolo—boipelo jo bo tsweletseng pele go fitlha le gompieno.
16. Bajuda ba rekololwa ka eng?
16 Bajuda ba tla rekololwa ka eng? Boporofeti jwa ga Isaia bo setse bo senotse gore Jehofa o naya “Egepeto go nna thekololo ya gago, Ethiopia le Seba mo boemong jwa gago.” (Isaia 43:1-4) Seno se tla diragala moragonyana. Fa Mmusomogolo wa Peresia o sena go fenya Babelona le go golola batshwarwa ba Bajuda, o tla fenya Egepeto, Ethiopia le Seba. Bao ba tla newa mo boemong jwa meya ya Baiseraele. Seno se dumalana le molaomotheo o o boletsweng mo go Diane 21:18: “Moikepi ke thekololo ya mosiami; mme yo o dirang ka boferefere o tsaya boemo jwa bathokgami.”
Kgothatso e Nngwe Gape
17. Ke ka ntlha yang fa go sa tlhokege gore Bajuda ba boife tšararego ya Babelona?
17 Jehofa o kgothatsa batho ba gagwe gape jaana: “Nna—ke nna Yo o lo gomotsang. O mang gore o boife motho yo o nang le go swa yo o tla swang, le morwa batho yo o tla dirwang jaaka bojang fela jo botala? Le gore o lebale Jehofa Modiri wa gago, Yo o phuthololang magodimo a bo a thaya motheo wa lefatshe, mo o neng o nna o le mo poifong letsatsi lotlhe ka ntlha ya tšararego ya yo o go pitlaganyang, jaaka e kete o ne a ipaakanyeditse go go senya? Mme tšararego ya yo o go pitlaganyang e kae?” (Isaia 51:12, 13) Go sa ntse go larile dingwaga tse dintsi tsa botshwarwa kwa pele. Le fa go ntse jalo ga go na lebaka la go boifa tšararego ya Babelona. Le fa setšhaba seo, mmuso wa boraro wa lefatshe mo pegong ya Baebele, se tlile go fenya batho ba Modimo le go leka go ba ‘pitlaganya,’ kgotsa go thiba tsela ya bone ya phalolo, Bajuda ba ba ikanyegang ba itse gore Jehofa o boleletse pele go wa ga Babelona a digwa ke Kurose. (Isaia 44:8, 24-28) Go fapaana le Mmopi—Modimo wa bosakhutleng, Jehofa—banni ba Babelona ba tla nyelela jaaka bojang bo swabisiwa ke marang a a bogale thata a letsatsi fa dipula di sa ne. Foo matshosetsi a bone le tšararego ya bone di tla bo di le kae? A bo e le boeleele jang ne go boifa motho le go lebala Jehofa, ene yo o dirileng legodimo le lefatshe!
18. Le fa batho ba ga Jehofa e tla nna magolegwa ka nakonyana, o ba kgothatsa jang?
18 Le fa batho ba ga Jehofa ba tla nna batshwarwa ka lobakanyana, ‘ba iname ba le mo dikeetaneng,’ jaaka go ka tualo, kgololo ya bone e tla tla ka tshoganyetso. Ga ba kitla ba senngwa kwa Babelona kgotsa ba bolawa ke tlala e le magolegwa—ba nna ba sule mo Sheole, mo kgatamping. (Pesalema 30:3; 88:3-5) Jehofa o ba tlhomamisetsa jaana: “Yo o inamang a le mo dikeetaneng ruri o tla gololwa ka bofefo, gore a se ka a swa a tsena mo kgatamping le gore senkgwe sa gagwe se se ka sa tlhaela.”—Isaia 51:14.
19. Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba ba ikanyegang ba ka tshepa mafoko a ga Jehofa ka botlalo?
19 Jehofa o tswelela jaana a ntse a kgothatsa Siona: “Mme nna, Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo o fuduang lewatle gore makhubu a lone a fuduege. Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe. Ke tla tsenya mafoko a me mo molomong wa gago, mme ke tla go bipa ka moriti wa seatla sa me, gore ke jale magodimo ke bo ke theye motheo wa lefatshe mme ke reye Siona ke re, ‘Lo batho ba me.’” (Isaia 51:15, 16) Gangwe le gape Baebele e umaka kafa Modimo a kgonang ka teng go dirisa maatla a gagwe mo lewatleng le go le laola. (Jobe 26:12; Pesalema 89:9; Jeremia 31:35) O laola maatla a popo ka botlalo, jaaka a ile a bontsha fa a ne a golola batho ba gagwe kwa Egepeto. Ka jalo ke mang yo o ka bang a bapisiwa le “Jehofa wa masomosomo” le fa go le gonnye fela?—Pesalema 24:10.
20. Ke “magodimo” afe le “lefatshe” a a tla nnang teng fa Jehofa a tsosolosa Siona, mme o tla bua mafoko afe a a kgothatsang?
20 Bajuda e sa ntse e le batho ba Modimo a dirileng kgolagano le bone, mme Jehofa o ba tlhomamisetsa gore ba tla boela kwa nagagaeng ya bone, gore ba boe ba tshele gape kafa tlase ga Molao wa gagwe. Fa ba le koo ba tla aga Jerusalema le tempele sesha le go boa ba dira maikarabelo a bone mo kgolaganong e a e dirileng le bone ka Moshe. Fa Baiseraele ba ba boileng le diruiwa tsa bone ba simolola go nna mo nageng eno, e tla nna “lefatshe le lesha.” Mo godimo ga lone go tla bewa “magodimo a masha,” tsamaiso e ntšha ya puso. (Isaia 65:17-19; Hagai 1:1, 14) Jehofa o tla boa a raya Siona a re: “Lo batho ba me.”
Kopo ya Gore go Tsewe Kgato
21. Jehofa o laela gore go tsewe kgato efe?
21 Fa Jehofa a sena go kgothatsa Siona, o laela gore go tsewe kgato. O bua jaana jaaka e kete mathata a gagwe a setse a fedile: “Itsose, itsose, nanoga, wena Jerusalema, wena yo o noleng senwelo sa ga Jehofa sa tšararego mo seatleng sa gagwe. Phafana, senwelo se se bakang go theekela, o se nole, o se minolositse.” (Isaia 51:17) Ee, Jerusalema o tshwanetse a nanoga mo boemong jwa gagwe jwa matlhotlhapelo mme a boela mo maemong le mo kgalalelong ya gagwe ya pele. Go tla tla nako e ka yone a tla bong a minolositse senwelo sa tshwantshetso sa kotlhao ya Modimo. Bogale jwa Modimo mo go ene bo tla bo bo fedile.
22, 23. Jerusalema o tla diragalelwa ke eng fa a nwa senwelo sa tšararego ya ga Jehofa?
22 Le fa go ntse jalo, fa Jerusalema a ntse a otlhaiwa, ga go banni bape ba gagwe, “barwa” ba gagwe, ba ba tla kgonang go thibela se se diragalang. (Isaia 43:5-7; Jeremia 3:14) Boporofeti jono jwa re: “Go ne go se na ope wa barwa botlhe ba a ba tshotseng ba ba mo felegetsang, le gone go ne go se na ope wa barwa botlhe ba a ba godisitseng yo o mo tshwereng ka seatla.” (Isaia 51:18) A bo a tla bogisiwa jang ne ke Bababelona! “Dilo tse pedi tseo di ne di go diragalela. Ke mang yo o tla go utlwelang botlhoko? Go thopa le go senya, tlala le tšhaka! Ke mang yo o tla go gomotsang? Bomorwao ba idibetse. Ba rapame kwa tshimologong ya mebila yotlhe jaaka dinku tsa naga mo letloweng, jaaka ba ba tletseng tšararego ya ga Jehofa, kgalemo ya Modimo wa gago.”—Isaia 51:19, 20.
23 A Jerusalema wa batho! O tla itshokela ‘go thopiwa le go senngwa’ mmogo le “tlala le tšhaka.” E re ka “barwa” ba gagwe ba sa kgone go mo kaela le go mo tshegetsa, ba tla ema foo ba se na thuso, ba le bokoa, ba se na nonofo e e lekaneng go koba batlhasedi ba Bababelona. Ba tla rapama fa ba bonwang motlhofo teng, kwa tshimologong ya mebila, ba le mo sediding, ba le bokoa, ba lapile. (Dikhutsafalo 2:19; 4:1, 2) Ba tla bo ba nole senwelo sa tšararego ya Modimo mme ba tla bo ba se na maatla fela jaaka diphologolo di tshwerwe mo letloweng.
24, 25.(a) Ke eng se se se kitlang se diragalela Jerusalema gape? (b) Ke mang yo o tla nwang senwelo sa bogale jwa ga Jehofa morago ga Jerusalema?
24 Mme seemo se se botlhoko seno se tla fela. Isaia o bua jaana a gomotsa: “Ka jalo reetsa seno, tsweetswee, wena mosadi yo o bogisitsweng le yo o tagilweng mme e seng ke beine. Morena wa gago, Jehofa, Modimo wa gago, yo o lwelang batho ba gagwe, o rile: ‘Bona! Ke tla tlosa senwelo se se bakang go theekela mo seatleng sa gago. Phafana, senwelo sa me sa tšararego—ga o kitla o tlhola o se nwa gape. Mme ke tla e tsenya mo seatleng sa ba ba go tshwenyang, ba ba reileng moya wa gago ba re, “Ikobe gore re kgabaganye,” mo o neng o tlhola o dira mokwatla wa gago gore o nne fela jaaka lefatshe, le jaaka mmila mo go ba ba kgabaganyang.’” (Isaia 51:21-23) Fa Jehofa a sena go otlhaya Jerusalema, o iketleeditse go dira dilo ka bopelotlhomogi le go mo itshwarela.
25 Jaanong Jehofa o tla tlosa bogale jwa gagwe mo Jerusalema mme a bo lebise Babelona. Babelona o tla bo a sentse Jerusalema e bile a mo tlhabisitse ditlhong. (Pesalema 137:7-9) Mme Jerusalema ga a ne a tshwanelwa ke go nwa ka senwelo se se ntseng jalo gape a se nosiwa ke Babelona le ditsala tsa gagwe. Go na le moo, senwelo seno se tla tlosiwa mo seatleng sa Jerusalema se bo se newa batho ba ba neng ba itumelela go tlhabisiwa ditlhong ga gagwe. (Dikhutsafalo 4:21, 22) Babelona o tla wa, a tagilwe tota. (Jeremia 51:6-8) Fa go ntse go le jalo, Siona o tla tsoga! A phetogo e kgolo jang ne! Eleruri, Siona a ka gomodiwa ke tebelelo e e ntseng jalo. Mme batlhanka ba ga Jehofa ba ka tlhomamisega gore leina la gagwe le tla itshepisiwa ka ditiro tsa gagwe tse di bolokang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Motoutwane o go buiwang ka one fano go lebega e le motoutwane o o jang diaparo o o dirang bobi, bogolo jang fa o sa ntse o le sebokwana se se tshenyo thata.
[Setshwantsho mo go tsebe 167]
Jehofa, Aborahame yo Mogolwane, ke ‘lefika’ le batho ba gagwe ba ‘betlilweng go tswa mo go lone’
[Setshwantsho mo go tsebe 170]
Baganetsi ba batho ba Modimo ba tla fela, jaaka seaparo se jewa ke motoutwane
[Setshwantsho mo go tsebe 176, 177]
Jehofa o bontshitse maatla a gagwe a go laola maatla a lobopo
[Setshwantsho mo go tsebe 178]
Senwelo se Jerusalema a tla bong a nole mo go sone se tla fetisediwa mo go Babelona le ditsala tsa gagwe