Kgaolo ya Borobongwe
Ikanye Jehofa Fa o Le mo Pitlaganong
1. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete gompieno ba tla solegelwa molemo ke go tlhatlhoba Isaia kgaolo 7 le 8?
ISAIA kgaolo ya 7 le ya 8 di bua ka ditsela tse pedi tse di sa tshwaneng tsa go itshwara. Isaia le Ahase ka bobedi e ne e le ba setšhaba se se ineetseng mo go Jehofa; ka bobedi ba ne ba na le dikabelo tse di tswang kwa Modimong, yo mongwe e le moporofeti, yo mongwe e le kgosi ya Juda; mme ka bobedi ba ne ba lebanwe ke matshosetsi a a tshwanang—go tlhaselwa ga Juda ke masole a a nonofileng a baba. Le fa go ntse jalo, Isaia ene o ne a lebana le matshosetsi ao a ikantse Jehofa, fa Ahase ene a ne a boifa. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba itshwara ka ditsela tse di sa tshwaneng? E re ka Bakeresete gompieno ba dikanyeditswe ke baba ka tsela e e tshwanang, ba tla bo ba dira sentle go tlhatlhoba dikgaolo tseno tse pedi tsa Isaia gore ba bone dithuto tse di leng mo go tsone.
Go Lebana le Tshwetso
2, 3. Isaia o sobokanya dilo jang mo mafokong a gagwe a kwa tshimologong?
2 Fela jaaka motaki yo o ralang setshwantsho se a tlileng go se taka ka matshwao a sekae a a akaretsang, Isaia o simolola pego ya gagwe ka mafoko a sekae a a nang le bokao jo bogolo a a tshwayang tshimologo le bokhutlo jwa ditiragalo tse a tlileng go di anela: “Ga diragala mo metlheng ya ga Ahase morwa Jothame morwa Usia, kgosi ya Juda, gore Resine kgosi ya Siria le Peka morwa Remalia, kgosi ya Iseraele, ba tlhatlogele kwa Jerusalema go ya go e lwantsha, mme a se ka a kgona go e lwantsha.”—Isaia 7:1.
3 Ke lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E. Ahase o tlhatlhame rraagwe e bong Jothame go nna kgosi ya Juda. Resine kgosi ya Siria, le Peka kgosi ya bogosi jwa bokone jwa Iseraele, ba tlhasela Juda, mme masole a bone a tlhasela ka bogale. Kgabagare, a tla dikanyetsa Jerusalema ka boyone. Le fa go ntse jalo, tlhaselo eo e ka se ka ya atlega. (2 Dikgosi 16:5, 6; 2 Ditiragalo 28:5-8) Ka ntlha yang? Seo re tla se utlwa moragonyana.
4. Ke ka ntlha yang fa pelo ya ga Ahase le ya batho di le mo poifong?
4 E ne e rile pelenyana mo ntweng, “ga begelwa ntlo ya ga Dafide, go twe: ‘Siria o ikaegile ka Eferaime.’ Mme pelo ya gagwe le pelo ya batho ba gagwe ya simolola go roroma jaaka go roroma ga ditlhare tsa sekgwa di roromisiwa ke phefo.” (Isaia 7:2) Ee, Ahase le batho ba gagwe ba tshosiwa ke go utlwa gore Basiria le Baiseraele ba itirile seoposengwe le gore masole a bone ka yone nako eno a thibeletse mo mmung wa ga Eferaime (wa ga Iseraele). Go ka ba tsaya mosepele wa malatsi a le mabedi kana a le mararo fela go tla Jerusalema!
5. Batho ba Modimo gompieno ba tshwana le Isaia jang?
5 Jehofa o bolelela Isaia jaana: “Tsweetswee, tswa o ye go kgatlhantsha Ahase, wena le Sheare-jashube morwao, go ya kwa bofelelong jwa mosele wa mogobe o o fa godimo fa tseleng e kgolo ya tshimo ya motlhatswi wa matsela.” (Isaia 7:3) A ko o akanye fela! Ka nako e kgosi e kabong e batla moporofeti wa ga Jehofa le go kopa kaelo, ke moporofeti yo o tshwanetseng a ya go batla kgosi! Le fa go ntse jalo, Isaia o ikobela Jehofa ka boitumelo. Ka tsela e e tshwanang, batho ba Modimo gompieno ba tswa ka pelo e e ratang go ya go batla batho ba ba tshositsweng ke dikgatelelo tsa lefatshe leno. (Mathaio 24:6, 14) A bo go kgotsofatsa jang ne gore ngwaga le ngwaga batho ba le dikete di le makgolokgolo ba tsibogela maeto a bareri bano ba dikgang tse di molemo ba bo ba tshwara seatla sa ga Jehofa se se sireletsang!
6. (a) Moporofeti o bolelela Kgosi Ahase molaetsa ofe o o kgothatsang? (b) Ke seemo sefe se se leng teng gompieno?
6 Isaia o fitlhela Ahase kafa ntle ga dipota tsa Jerusalema, kwa kgosi e tlhatlhobang metsi a motse teng, e ipaakanyetsa tlhaselo e e tlang. Isaia o mo neela molaetsa wa ga Jehofa: “Itise mme o nne o sa tshwenyege. O se ka wa boifa, mme a pelo ya gago e se ka ya nna boi ka ntlha ya dintlha tse pedi tse di setseng tsa dikota tseno tse di kuang mosi, ka ntlha ya bogale jo bo tukang jwa ga Resine le Siria le morwa Remalia.” (Isaia 7:4) Fa batlhasedi bano ba ne ba ripitla Juda pelenyana, bogale jwa bone bo ne bo tuka jaaka malakabe. Jaanong ke ‘dintlha tse pedi tse di setseng tsa dikota tse di kuang mosi’ fela. Ahase ga a tshwanela go boifa Kgosi Resine wa Siria kana Kgosi Peka wa Iseraele, morwa Remalia. Go ntse jalo le gompieno. Baeteledipele ba Labokeresete ba ile ba bogisa Bakeresete ba boammaaruri ka makgolo a dingwaga ka tsela e e botlhoko. Le fa go ntse jalo, jaanong Labokeresete o tshwana le kota e e batlileng e shele yotlhe. Malatsi a gagwe a badilwe.
7. Ke ka ntlha yang fa leina la ga Isaia le la ga morwawe a naya tsholofelo?
7 Mo motlheng wa ga Ahase, ga se molaetsa wa ga Isaia fela o o nayang batho ba ba ikanyang Jehofa tsholofelo, mme le bokao jwa leina la ga Isaia le morwawe. Ke boammaaruri gore Juda o mo kotsing, mme leina Isaia, le le kayang “Poloko ya ga Jehofa,” le bontsha gore Jehofa o tla ba golola. Jehofa o bolelela Isaia gore a tsamaye le morwawe, Sheare-jashube, yo leina la gagwe le kayang “Go Tla Boa Masalela Fela.” Le fa kgabagare bogosi jwa Juda bo wa, Modimo ka kutlwelobotlhoko o tla busetsa masalela mo lefatsheng leno.
Ga se Ntwa Fela ya Ditšhaba
8. Ke ka ntlha yang fa go tlhaselwa ga Jerusalema e se ntwa fela ya ditšhaba?
8 Jehofa o dirisa Isaia go senola mokgwa wa baba ba Juda. Ba rulagantse jaana: “A re yeng go tlhasela Juda re e thubaganye mme re e itseele ka go e phunyeletsa; mme re direng gore go buse kgosi e nngwe mo teng ga yone, morwa Tabeele.” (Isaia 7:5, 6) Seoposengwe sa Siria le Iseraele se rera go fenya Juda le go emisetsa Ahase, morwa Dafide, ka motho wa bone. Go phepafetse gore go tlhaselwa ga Jerusalema jaanong ga e tlhole e le ntwa fela ya ditšhaba. E setse e le kgogakgogano fa gare ga Satane le Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa Modimo o ne a dira kgolagano le Kgosi Dafide, ka go rialo a mo tlhomamisetsa gore bomorwawe ba ne ba tla busa batho ba ga Jehofa. (2 Samuele 7:11, 16) A bo Satane a ne a tla bo a fentse jang ne fa a ne a ka tlhoma motho wa losika lo sele lwa babusi mo setulong sa bogosi sa Jerusalema! A ka nna a ba a senya boikaelelo jwa ga Jehofa jwa gore losika lwa ga Dafide lo tlhagise moruaboswa yo o nnelang ruri, “Kgosana ya Kagiso.”—Isaia 9:6, 7.
Dikgothatso Tse di Lorato Tsa ga Jehofa
9. Ahase le Bakeresete gompieno ba tshwanetse ba kgothadiwa ke mafoko afe a a nametsang?
9 A leano la Siria le Iseraele le tla atlega? Nnyaa. Jehofa o bolela jaana: “Ga go kitla go ema, le gone ga go kitla go diragala.” (Isaia 7:7) Jehofa o dirisa Isaia go bolela gore ga se fela gore go tlhaselwa ga Jerusalema ga go ne go atlega, mme e bile “mo dingwageng di le masome a marataro le botlhano fela Eferaime o tla tšhwetlakanngwa gore a se ka a nna setšhaba.” (Isaia 7:8) Ee, mo dingwageng di le 65 Iseraele e tla bo e sa tlhole e le teng go nna setšhaba.a Kgothatso eno, ka dinako tsa yone tse di tlhomameng, e tshwanetse ya dira gore Ahase a nne pelokgale. Ka tsela e e tshwanang, batho ba Modimo gompieno ba nonotshiwa ke go itse gore lefatshe la ga Satane le saletswe ke nako e khutshwane.
10. (a) Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba ka etsa Jehofa jang? (b) Jehofa o solofetsa Ahase eng?
10 Gongwe sefatlhego sa ga Ahase se bontsha go se dumele, ka gonne Jehofa o dirisa Isaia go bua mafoko ano: “Fa lo se na tumelo, foo lo ka se ka lwa nna lobaka lo loleele.” Jehofa ka bopelotelele o ne “a tswelela a bua gape le Ahase.” (Isaia 7:9, 10) A sekao se sentle! Gompieno, le fa batho ba le bantsi ba sa tsibogele molaetsa wa Bogosi ka bonako, re dira sentle fa re etsa Jehofa ka go “bua gape” fa re ntse re ba etela gangwe le gape. Go tswa foo Jehofa o raya Ahase a re: “Ikopele sesupo mo go Jehofa Modimo wa gago, o se dire boteng fela jaaka Sheole kgotsa o se dire gore se nne kwa godimo fela jaaka dikgaolo tse di kwa godimo.” (Isaia 7:11) Ahase a ka kopa sesupo, mme Jehofa o tla se diragatsa gore a mo tlhomamisetse gore o tla sireletsa ntlo ya ga Dafide.
11. Fa Jehofa a re “Modimo wa gago” seo se re tlhomamisetsa eng?
11 Ela tlhoko gore Jehofa a re: ‘Kopa sesupo mo Modimong wa gago.’ Ruri Jehofa o pelontle. Go setse go begwa fa Ahase a obamela medimo ya maaka e bile a latela mekgwa e e makgapha ya boheitane. (2 Dikgosi 16:3, 4) Go sa kgathalesege seo, e bile go sa kgathalesege go boifa ga ga Ahase, Jehofa o sa ntse a ipitsa Modimo wa ga Ahase. Seno se re tlhomamisetsa gore Jehofa ga a phuaganye batho fela. O iketleeditse go thusa ba ba dirang phoso kana ba tumelo ya bone e leng bokoa. A lebaka leno la go bo Modimo a mo tlhomamiseditse lorato lwa gagwe le tla tlhotlheletsa Ahase gore a tshware seatla sa ga Jehofa?
Go Belaela go Latelwa ke go Tlhoka Kutlo
12. (a) Ahase o nna le boikutlo bofe jwa boikgogomoso? (b) Go na le gore Ahase a ye kwa go Jehofa, o batla thuso kwa go mang?
12 Ahase o fetola jaana ka bodipa: “Ga nkitla ke kopa le fa e le go leka Jehofa.” (Isaia 7:12) Fano ga se gore Ahase o diragatsa mafoko ano a molao: “Lo se ka lwa leka Jehofa Modimo wa lona.” (Duteronome 6:16) Makgolo a dingwaga moragonyana, Jesu o nopola one molao ono fa Satane a mo leka. (Mathaio 4:7) Le fa go ntse jalo, fa e le ka Ahase, Jehofa o mo laletsa gore a boele mo kobamelong ya boammaaruri e bile o ithaopa go nonotsha tumelo ya gagwe ka go dira sesupo. Le fa go ntse jalo, Ahase o tlhopha go kopa tshireletso go sele. E ka tswa e le ka nako eno fa kgosi e ne e romela madi a mantsi kwa Asiria, e kopa go thusiwa baba ba yone ba bokone. (2 Dikgosi 16:7, 8) Fa go ntse go le jalo masole a Siria le Iseraele a potapota Jerusalema a e dikanyetsa.
13. Re bona phetogo efe mo go temana 13, mme seo se supa eng?
13 Isaia o bolela jaana a akantse go tlhoka tumelo ga kgosi: “Reetsa tsweetswee, wena ntlo ya ga Dafide. A ke selo se sennye jaana mo go lona gore lo lapise batho, gore lo lapise le Modimo wa me?” (Isaia 7:13) Ee, Jehofa a ka lapisiwa ke go dipelwa ruri. Ela tlhoko gape gore jaanong moporofeti a re “Modimo wa me,” e seng “Modimo wa gago.” Phetogo eno e supa sengwe se se bosula! Fa Ahase a tlhanogela Jehofa mme a leba kwa Asiria, o latlhegelwa ke tshono e ntle ya go tsosolosa kamano ya gagwe le Modimo. E kete le ka motlha re ka se ka ra tlhokomologa kamano ya rona le Modimo ka go tlogela dilo tse re di dumelang tse di mo Dikwalong e le fela gore re bone melemo mengwe ya nakwana.
Sesupo sa ga Imanuele
14. Jehofa o bontsha jang gore o a ikanyega malebana le kgolagano ya gagwe le Dafide?
14 Jehofa o tswelela a ikanyega malebana le kgolagano ya gagwe le Dafide. Go ne ga solofediwa sesupo, mme sesupo se tla newa! Isaia o tswelela jaana: “Jehofa ka boene o tla lo naya sesupo: Bona! Morweetsana o tla ima, mme o tshola ngwana wa mosimane, mme ruri o tla mo raya leina a re Imanuele. O tla bo a setse a ja botoro le tswina ya dinotshe ka nako ya fa a itse go gana bosula le go tlhopha molemo. Gonne pele ga mosimane a itse go gana bosula le go tlhopha molemo, lefatshe la dikgosi tse pedi tse lo ikutlwang lo di boifa mo go bobodisang le tla tlogelwa gotlhelele.”—Isaia 7:14-16.
15. Boporofeti kaga Imanuele bo araba dipotso dife tse pedi?
15 Dikgang tse di molemo ke tseno mo go ope fela yo o boifang gore batlhasedi ba tla fedisa losika lwa ga Dafide lwa dikgosi. “Imanuele” o raya gore “Modimo O na Le Rona.” Modimo o na le Juda mme ga a kitla a letla kgolagano ya gagwe le Dafide e senngwa. Mo godimo ga moo, Ahase le batho ba gagwe ga ba bolelelwe fela se Jehofa a tla se dirang mme ba bolelelwa le gore o tla se dira leng. Pele mosimanyana Imanuele a ka gola mo a ka farologanyang se se molemo le se se bosula, ditšhaba tsa baba di tla bo di sentswe. Mme seno se a diragala!
16. Jehofa a ka tswa a ile a tlogela go sa tlhomamisege gore Imanuele ke mang mo motlheng wa ga Ahase ka lebaka lefe?
16 Baebele ga e bolele gore Imanuele ke ngwana wa ga mang. Mme e re ka Imanuele yo mmotlana a tla nna sesupo e bile moragonyana Isaia a bolela gore ene le bana ba gagwe ba “ntse jaaka ditshupo,” Imanuele e ka nna ya bo e le ngwana wa moporofeti yono. (Isaia 8:18) Gongwe Jehofa o tlogela go sa tlhomamisege gore Imanuele ke mang mo motlheng wa ga Ahase gore go se ka ga itaya dikokomane tsa moragonyana tsebe fa Imanuele yo Mogolwane a tla. Ke mang yoo?
17. (a) Imanuele yo Mogolwane ke mang, mme go tsholwa ga gagwe go ne ga supa eng? (b) Ke ka ntlha yang fa batho ba Modimo ba ka goa jaana gompieno, “Modimo o na le rona”?
17 Kwantle ga mo bukeng ya Isaia, leina lmanuele le fitlhelwa gangwe fela mo Baebeleng, mo go Mathaio 1:23. Jehofa o ne a tlhotlheletsa Mathaio gore a lebise boporofeti jwa go tsholwa ga ga Imanuele mo go tsholweng ga ga Jesu, Moruaboswa yo o tshwanetseng wa setulo sa bogosi sa ga Dafide. (Mathaio 1:18-23) Go tsholwa ga ga Imanuele wa ntlha e ne e le sesupo sa gore Modimo o ne a sa latlha ntlo ya ga Dafide. Ka tsela e e tshwanang, go tsholwa ga ga Jesu, Imanuele yo Mogolwane, e ne e le sesupo sa gore Modimo o ne a sa latlha batho kana kgolagano ya gagwe ya Bogosi le ntlo ya ga Dafide. (Luke 1:31-33) E re ka moemedi yo mogolo wa ga Jehofa jaanong a ne a le mo bathong, Mathaio o ne a ka bolela jaana ka boammaaruri, “Modimo o na le rona.” Gompieno, Jesu o busa e le Kgosi ya selegodimo e bile o na le phuthego ya gagwe mo lefatsheng. (Mathaio 28:20) Eleruri, batho ba Modimo ba na le lebaka le lengwe gape la go goa jaana ka bopelokgale: “Modimo o na le rona!”
Ditlamorago Tse Dingwe Tsa go sa Ikanyege
18. (a) Ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Isaia a a latelang a tsenya bareetsi ba gagwe tsebetsebe? (b) Go tla tloga go nna le phetogo efe ya ditiragalo?
18 Le fa mafoko a Isaia a sa tswang go a bolela a nametsa, mafoko a gagwe a a latelang a tsenya bareetsi ba gagwe tsebetsebe: “Jehofa o tla tlisetsa wena le batho ba gago le ntlo ya ga rrago malatsi a a sa tshwaneng le ape a a kileng a nna gone fa e sale ka motlha wa go fapoga ga ga Eferaime a tswa fa thoko ga Juda, ke gore, kgosi ya Asiria.” (Isaia 7:17) Ee, masetlapelo a etla, a tlisiwa ke kgosi ya Asiria. Kgang ya gore Baasiria ba go itsegeng ba le setlhogo ba tlile go ba gatelela e tshwanetse ya bo e tlhora Ahase le batho ba gagwe boroko. Ahase o akantse gore go itsalanya le Asiria go ne go ka mo golola mo go Iseraele le Siria. Ee gone, kgosi ya Asiria e tla arabela kopo ya ga Ahase ka gore kgabagare e tlhasele Iseraele le Siria. (2 Dikgosi 16:9) Seno e tshwanetse ya bo e le sone se tla dirang gore Peka le Resine ba tlogele go dikanyetsa Jerusalema. Ka jalo, seoposengwe sa Siria le Iseraele se tla bo se sa kgona go gapa Jerusalema. (Isaia 7:1) Le fa go ntse jalo, jaanong Isaia o bolelela bareetsi ba gagwe ba ba tshogileng gore Asiria, yo ba neng ba solofetse gore o tla ba sireletsa, ke ene a tla ba gatelelang!—Bapisa Diane 29:25.
19. Tiragalo eno ya hisitori e tshwaretse Bakeresete tlhagiso efe gompieno?
19 Pego eno ya boammaaruri ya hisitori e tshwaretse Bakeresete gompieno tlhagiso. Fa re le mo mathateng re ka nna ra raelesega go tlola melaometheo ya Bokeresete, mme ka jalo re gana tshireletso ya ga Jehofa. Seno ga se go lebela dilo kwa pele, tota e bile ke go ipolaya, jaaka mafoko a mangwe a ga Isaia a bontsha. Moporofeti o tswelela pele go tlhalosa se tlhaselo ya Baasiria e tla se dirang mo lefatsheng le mo bathong ba lone.
20. “Dintshi” le “dinotshe” ke bomang, mme di tla dira eng?
20 Isaia o kgaoganya dipolelo tsa gagwe go nna dikarolo tse nné, nngwe le nngwe e bolelela pele se se tla diragalang “mo letsatsing leo”—ke gore, letsatsi la fa Asiria e tlhasela Juda. “Go tla diragala gore mo letsatsing leo Jehofa o tla leletsa dintshi molodi tse di kwa ntlheng ya mesele ya noka ya Nile ya Egepeto le dinotshe tse di mo lefatsheng la Asiria, mme tsotlhe di tla tsena di bo di nna mo mekgatšheng e e phothoselang e e mokgokolosa le mo mapharong a mafika a magolo le mo masuthung otlhe a mitlwa le mo mafelong otlhe a a nosediwang.” (Isaia 7:18, 19) Masole a Egepeto le Asiria, jaaka dintshi tse dintsintsi le metshitshi ya dinotshe, di tla lebisiwa kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Ga di kitla di tlhasela fela di feta. “Dintshi” le “dinotshe” di tla kotama, di lalaana mo mafelong otlhe a lefatshe.
21. Kgosi ya Asiria e tla nna jaaka legare jang?
21 Isaia o tswelela jaana: “Mo letsatsing leo, Jehofa o tla dirisa legare le le thapilweng ka tuelo mo kgaolong ya Noka, a bo a dirise kgosi ya Asiria, go beola tlhogo le moriri wa dinao, mme le tla gogola le tsone ditedu tota.” (Isaia 7:20) Jaanong go umakiwa Asiria fela, matshosetsi a magolo. Ahase o thapa kgosi ya Asiria go “beola” Siria le Iseraele. Le fa go ntse jalo “legare le le thapilweng ka tuelo” leno le tswa kwa kgaolong ya Euferate le tla ya kgatlhanong le “tlhogo” ya Juda le bo le e beole e nne borethe, le tlosa le tsone ditedu tota!
22. Isaia o dirisa dikai dife go bontsha ditlamorago tsa tlhaselo e e tlang ya Asiria?
22 Go tla felela ka eng? “Go tla diragala gore mo letsatsing leo motho o tla boloka kgongwana ya motlhape e tshela le dinku di le pedi. Mme go tla diragala gore, ka ntlha ya letlotlo la mashi a a tla bong a tlhagisiwa, o tla ja botoro; ka gonne mongwe le mongwe yo o tla bong a setse mo lefatsheng o tla ja botoro le tswina ya dinotshe.” (Isaia 7:21, 22) Fa Baasiria ba setse ba ‘beotse’ lefatshe, go tla sala batho ba sekae fela mo e leng gore go tla tlhokega diphologolo di se kae fela go di ja. Go tla bo go jewa “botoro le tswina ya dinotshe”—go sa jewe sepe se sele, le fa e le beine, le fa e le senkgwe, le fa e le mefuta e mengwe ya dijo. Jaaka e kete o batla go gatelela kafa go tla bong go swafetse thata ka teng, Isaia o bolela gararo gore kwa go neng go ntse go na le lefatshe le le tlhwatlhwakgolo, le le ungwang gone, jaanong go tla nna ditlhatshana tse di mitlwa le mefero. Ba ba yang mo nageng ba tla tlhoka “metswi le . . . bora” go itshireletsa mo diphologolong tsa naga tse di bobileng mo dikgweng. Masimo a a tlhagotsweng e tla nna a go gatakwa ke dikgomo le dinku. (Isaia 7:23-25) Boporofeti jono bo simolola go diragadiwa mo motlheng wa ga Ahase ka boene.—2 Ditiragalo 28:20.
Dipolelelopele Tse di Tlhomameng
23. (a) Jaanong Isaia o laelwa gore a dire eng? (b) Sesupo sa sekwalelo se tlhomamisiwa jang?
23 Jaanong Isaia o boela mo seemong sa nako eo. Fa Jerusalema a sa ntse a dikanyeditswe ke mophato wa Siria le Iseraele, Isaia o bega jaana: “Jehofa a nthaya a re: ‘Itseele sekwalelo se segolo mme o kwale mo go sone ka pene e e setang ya motho yo o nang le go swa, o re, “Mahere-shalale-hashe-base.” Mme mma ke supelwe ke basupi ba ba ikanyegang, moperesiti Uria le Sekarea morwa Jeberekia.’” (Isaia 8:1, 2) Leina Mahere-shalale-hashe-base le raya gore “Itlhaganele, wena Thopo! O Itlhaganeletse kwa Kgapong.” Isaia o kopa banna ba ba tlotlegang ba le babedi mo setšhabeng gore e nne basupi ba gore o kwadile leina leno mo sekwalelong se segolo, gore moragonyana ba kgone go tlhomamisa gore lokwalo lono lo boammaaruri. Le fa go ntse jalo, sesupo seno se tshwanetse sa tlhomamisiwa ka sesupo sa bobedi.
24. Sesupo sa ga Mahere-shalale-hashe-base se tshwanetse sa ama batho ba Juda jang?
24 Isaia a re: “Foo ka atamela moporofeti wa mosadi, mme a ima mme morago ga nako a belega ngwana wa mosimane. Jaanong Jehofa a nthaya a re: ‘Mo reye leina o re Mahere-shalale-hashe-base, gonne e tla re mosimane a ise a itse go tlhaeletsa a re “Rre!” le “Mme!” mongwe o tla tsaya dikhumo tsa Damaseko le thopo ya Samarea fa pele ga kgosi ya Asiria.’” (Isaia 8:3, 4) Sekwalelo se segolo mmogo le mosimane yo o sa tswang go tsholwa e tla nna ditshupo tsa gore Asiria o tloga a thopa bagateledi ba Juda, e leng Siria le Iseraele. Go setse go le gaufi go le kana kang? Mosimane a ise a itse go bua mafoko a ntlha a masea a le mantsi a a ithutang—“Rre” le “Mme.” Polelelopele e e tlhomameng jalo e tshwanetse ya dira gore batho ba tshepe Jehofa. E seng jalo e ka baka gore batho bangwe ba sotle Isaia le bomorwawe. Le fa seemo e ka tswa e le sefe, mafoko a ga Isaia a boporofeti a a diragala.—2 Dikgosi 17:1-6.
25. Metlha ya ga Isaia le nako ya jaanong di tshwana ka eng?
25 Bakeresete ba ka ithuta sengwe mo ditlhagisong tsa ga Isaia tse di boaboelediwang. Moaposetoloi Paulo o re senoletse gore mo tiragalong eno ya botlhokwa, Isaia o ne a tshwantshetsa Jesu Keresete mme bomorwa Isaia ba ne ba tshwantshetsa barutwa ba ba tloditsweng ba ga Jesu. (Bahebera 2:10-13) Jesu o ntse a dirisa balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng go gakolola Bakeresete ba boammaaruri kafa go tlhokegang ka gone go ‘nna ba tsogile’ mo metlheng eno ya mathata. (Luke 21:34-36) Go ntse go le jalo, baganetsi ba ba sa ikwatlhaeng ba tlhagisiwa gore ba tlile go senngwa, le fa gantsi ba sotla ditlhagiso tse di ntseng jalo. (2 Petere 3:3, 4) Go diragadiwa ga boporofeti jo bo beetsweng nako mo motlheng wa ga Isaia go re tlhomamisetsa gore thulaganyo ya Modimo malebana le motlha wa rona le yone “ruri e tla diragala. Ga e kitla e tla morago ga nako.”—Habakuke 2:3.
“Metsi” a a Senyang
26, 27. (a) Isaia o bolelela pele ditiragalo dife? (b) Mafoko a ga Isaia a supa eng mo batlhankeng ba ga Jehofa gompieno?
26 Isaia o tswelela ka ditlhagiso tsa gagwe: “Ka lebaka la gore setšhaba seno se ganne metsi a Shiloa a a elelang bonolo, mme go na le boitumelo ka ntlha ya Resine le morwa Remalia; ka jalo bona! Jehofa o ba tlhatlosetsa metsi a a maatla a mantsi a Noka, kgosi ya Asiria le kgalalelo ya gagwe yotlhe. Mme o tla tlhatlogela kwa godimo ga melatswana yotlhe ya gagwe a bo a feta kwa godimo ga dintshi tsotlhe tsa gagwe a bo a tswelele pele go kgabaganya Juda. Mme o tla rwalelela a bo a fete. O tla fitlha fa molaleng. Mme o tla tsharolola diphuka tsa gagwe gore di tlale bophara jwa lefatshe la gago, wena Imanuele!”—Isaia 8:5-8.
27 “Setšhaba seno,” bogosi jwa bokone jwa Iseraele, se gana kgolagano ya ga Jehofa le Dafide. (2 Dikgosi 17:16-18) Mo go bone, e lebega e le bokoa fela jaaka metsi a a elelang ka bosesane a Shiloa, e leng molatswana wa metsi a Jerusalema. Ba ikgantsha ka ntwa ya bone le Juda. Mme ruri ba tla otlhaelwa lonyatso lo. Jehofa o tla letla Baasiria gore ba ‘rwalelele,’ kana ba fekeetse Siria le Iseraele, fela jaaka Jehofa a tloga a letla karolo ya gone jaanong ya dipolotiki gore e rwalelele mmuso wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 17:16; bapisa Daniele 9:26.) Isaia o bolela gore morago ga foo “metsi” a a rwaleletseng a tla ‘tswelela pele go kgabaganya Juda,’ a bo a fitlhe “fa molaleng,” kwa Jerusalema, kwa tlhogo (kgosi) ya Juda e busang teng.b Mo motlheng wa rona badiragatsakatlholo ba dipolotiki mo bodumeding jwa maaka le bone ba tla dikanyetsa batlhanka ba ga Jehofa, ba ba dikanyetsa go “fitlha fa molaleng.” (Esekiele 38:2, 10-16) Go tla felela ka eng? Ebu, go diragala eng mo motlheng wa ga Isaia? A Baasiria ba ralala dipota tsa motse ba bo ba gogola batho ba Modimo? Nnyaa. Modimo o na le bone.
Lo se Ka Lwa Boifa—“Modimo O na Le Rona!”
28. Le fa baba ba Juda ba leka ka natla, Jehofa o tlhomamisetsa Juda eng?
28 Isaia o tlhagisa jaana: “Utlwisang botlhoko, lona ditšhaba [tse di kgatlhanong le batho ba kgolagano ya Modimo], lo tšhwetlakanngwe; sekegang tsebe lona lotlhe ba lo kwa dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe! Ikgatlheng, mme lo tšhwetlakanngwe! Ikgatlheng, mme lo tšhwetlakanngwe! Logang leano, mme le tla senngwa! Buang lefoko lepe fela, mme ga le kitla le ema, gonne Modimo o na le rona! (Isaia 8:9, 10) Mafoko ano a diragala dingwaga moragonyana, fa go busa morwa yo o ikanyegang wa ga Ahase e bong Hesekia. Fa Baasiria ba tshosetsa Jerusalema, moengele wa ga Jehofa o kgemetha ba le 185 000 ba bone. Go phepafetse gore Modimo o thusa batho ba gagwe le losika lwa segosi lwa ga Dafide. (Isaia 37:33-37) Ka tsela e e tshwanang, mo ntweng e e tlang ya Aramagedona, Jehofa o tla romela Imanuele yo Mogolwane e seng fela gore a tle go ripitla baba ba Gagwe mme gape gore a falotse botlhe ba ba Mo ikanyang.—Pesalema 2:2, 9, 12.
29. (a) Bajuda ba motlha wa ga Ahase ba farologana jang le ba metlha ya ga Hesekia? (b) Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba tila go dira dikgolagano tsa bodumedi le tsa dipolotiki?
29 Batho ba motlha wa ga Ahase ga ba tshwane le Bajuda ba motlha wa ga Hesekia ka gonne bone ga ba dumele gore Jehofa o tla ba sireletsa. Ba tlhopha go dira tumalano, kana “leano la boferefere,” le Baasiria gore ba itshireletse kgatlhanong le seoposengwe sa Siria le Iseraele. Le fa go ntse jalo, “seatla” sa ga Jehofa se rotloetsa Isaia gore a bue kgatlhanong le ‘tsela ya batho bano,’ kana mokgwa o o tlwaelegileng. O tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa boifa se ba se boifang, le fa e le go roromisiwa ke sone. Jehofa wa masomosomo—ke Ene yo lo tshwanetseng go mo tsaya a le boitshepo, mme lo tshwanetse go boifa ene, mme e nne Ene a lo roromisang.” (Isaia 8:11-13) Ka ntlha ya seno, batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba tila go dira dikgolagano le makgotla a bodumedi le makoko a dipolotiki kana go a ikanya. Batlhanka ba ga Jehofa ba ikantse maatla a Modimo a a sireletsang gotlhelele. Kana gone, fa ‘Jehofa a le kafa letlhakoreng la rona, motho wa mo lefatsheng a ka re dirang?’—Pesalema 118:6.
30. Go tla diragala eng ka ba ba sa ikanyeng Jehofa?
30 Isaia o boaboeletsa gore Jehofa o tla nna “lefelo le le boitshepo,” tshireletso, mo go ba ba mo ikanyang. Go farologana le seo, ba ba mo ganang “ruri ba tla kgopiwa mme ba we ba robege, ba raelwe ba bo ba tshwarwe”—madiri a matlhano a a tlhamaletseng a a bontshang ka phepafalo gore ba ba sa ikanyeng Jehofa ba tla diragalelwa ke eng. (Isaia 8:14, 15) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba ba neng ba gana Jesu le bone ba ne ba kgopiwa ba bo ba wa. (Luke 20:17, 18) Batho ba gompieno ba sa emeng Jesu nokeng, yo e leng Kgosi ya selegodimo e e beilweng mo setulong sa bogosi, ba tla diragalelwa ke se se tshwanang.—Pesalema 2:5-9.
31. Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba ka latela sekao sa ga Isaia le ba ba reetsang thuto ya gagwe jang?
31 Mo motlheng wa ga Isaia, ga se batho botlhe ba ba kgopegang. Isaia a re: “Phuthelang bosupi, bayang sekano mo molaong mo gare ga barutwa ba me! Mme ke tla nna ke lebeletse Jehofa, yo o subelang ntlo ya ga Jakobe sefatlhego sa gagwe, mme ke tla solofela mo go ene.” (Isaia 8:16, 17) Isaia le ba ba utlwang thuto ya gagwe ga ba kitla ba latlha Molao wa Modimo. Ba nna ba ikantse Jehofa, le mororo ba gagabo ba ba diganana ba gana go dira jalo mme ka jalo Jehofa a ba fitlhela sefatlhego sa gagwe. A re lateleng sekao sa ba ba ikanyang Jehofa mme re ititeye sehuba jaaka bone gore re tla ngaparela kobamelo e e itshekileng!—Daniele 12:4, 9; Mathaio 24:45; bapisa Bahebera 6:11, 12.
“Ditshupo” le “Dikgakgamatso”
32. (a) Ke bomang ba gompieno ba direlang “jaaka ditshupo le dikgakgamatso”? (b) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go bonala sentle mo lefatsheng?
32 Jaanong Isaia o bolela jaana: “Bona! Nna le bana ba Jehofa a ba nneileng re ntse jaaka ditshupo le dikgakgamatso mo Iseraele go tswa kwa go Jehofa wa masomosomo, yo o nnang kwa Thabeng ya Siona.” (Isaia 8:18) Ee, Isaia, Sheare-jashube, le Mahere-shalale-hashe-base ke ditshupo tsa se Jehofa a se ikaeletseng ka Juda. Gompieno, Jesu le bomorwarraagwe ba ba tloditsweng le bone ke ditshupo. (Bahebera 2:11-13) Mme “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” bo kopanela le bone mo tirong ya bone. (Tshenolo 7:9, 14; Johane 10:16) Gone ke boammaaruri, sesupo se mosola fa fela se bonala sentle mo se beilweng teng. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba diragatsa thomo ya bone jaaka ditshupo fa fela go bonala sentle gore ba farologane le lefatshe leno, ba ikanya Jehofa gotlhelele e bile ba bolela maikaelelo a gagwe ka bopelokgale.
33. (a) Bakeresete ba boammaaruri ba ititeile sehuba gore ba tla dira eng? (b) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba tla kgona go ema ba nonofile?
33 Ka jalo, a rotlhe re diragatseng melao ya Modimo, e seng ya lefatshe leno. Tswelelang pele lo bonala sentle lo sa boife sepe—jaaka ditshupo—lo diragatsa thomo eno e e neilweng Isaia yo Mogolwane, Jesu Keresete: “Bolela ngwaga wa kamogelo . . . le letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona.” (Isaia 61:1, 2; Luke 4:17-21) Eleruri, fa morwalela wa Baasiria o tla o rwaleletse go kgabaganya lefatshe—le fa o fitlha mo melaleng ya rona—Bakeresete ba boammaaruri ga ba kitla ba gogolwa. Re tla ema re nonofile ka gonne “Modimo o na le rona.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Gore o nne le tshedimosetso e e oketsegileng kaga tiragatso ya boporofeti jono, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, ditsebe 62 le 758, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Gape Asiria o tshwantshiwa le nonyane e diphuka tsa yone tse di tsharolotsweng di ‘tlalang bophara jwa lefatshe la gago.’ Ka gone, gongwe le gongwe kwa lefatshe le anamelang teng, le tla apesiwa ke masole a Asiria.
[Setshwantsho mo go tsebe 103]
Isaia o ne a tsamaya le Sheare-jashube fa a ne a isa molaetsa wa ga Jehofa kwa go Ahase
[Setshwantsho mo go tsebe 111]
Ke ka ntlha yang fa Isaia a ne a kwala “Mahere-shalale-hashe-base” mo sekwalelong se segolo?