Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 2
Asiria mo Hisitoring ya Baebele
Setlhogo seno ke sa bobedi mo motseletseleng wa ditlhogo di le supa tse di tlhagang mo dikgatisong tse di latelanang tsa “Tsogang!” tse di buang ka mebusomegolo e supa ya hisitori ya Baebele. Boikaelelo jwa go bo ditlhogo tseno di kwadilwe ke go bontsha gore Baebele e ka ikanngwa le gore e tlhotlheleditswe ke Modimo e bile molaetsa wa yone o naya tsholofelo ya gore pogo e e bakilweng ke go sa buseng sentle go go setlhogo ga dipuso tsa batho e tla fela.
GO UMAKA Asiria mo bathong ba kwa Botlhabagare jwa bogologolo go ka tswa go ne go ba tshosa fela thata. Go ya ka buka ya Baebele ya Jona, fa moporofeti yoo a ne a amogela kabelo e e tswang kwa Modimong ya gore a ye go bolela molaetsa wa katlholo kwa Ninife e leng motsemogolo wa Asiria, o ne a tshabela go sele! (Jona 1:1-3) Gongwe seno e ka tswa e le ka go bo Baasiria ba ne ba boifiwa thata.
Hisitori E e Ka Ikanngwang
Moporofeti wa Baebele e bong Nahume o ne a tlhalosa Ninife e le “mongobo wa ditau” le “motse wa tshololo ya madi.” O ne a oketsa jaana: “Dilo tse di tsomilweng [ga] di tloge! Go na le modumo wa seme le modumo wa go tlharakana ga leotwana, le pitse e e betsegang le kara e e tlolang. Mopalami wa pitse yo o e palameng, le kgabo ya tšhaka, le logadima lwa lerumo, le bontsintsi jwa ba ba bolailweng setlhogo, le selekanyo se se boima sa ditoto; mme ditopo ga di na bokhutlo. Ba nna ba kgotšwa mo gare ga ditopo tsa bone.” (Nahume 2:11; 3:1-3) A hisitori ya lefatshe e tshegetsa tlhaloso ya Baebele ka Asiria wa bogologolo?
Buka ya Light From the Ancient Past ya re: “Baasiria ba ne ba boifiwa gongwe le gongwe ka gonne ba ne ba itsege ka go bolaya batho setlhogo e bile ka metlha ba ne ba fenya baba ba bone.” Mafoko a a latelang a bontsha tsela e nngwe ya dikgosi tsa Asiria e bong Ashurnasirpal II a neng a ipelafatsa ka yone malebana le kafa a neng a tshwara batho ba ba neng ba mo ganetsa ka yone:
“Ke ne ka aga pilara fa kgorong ya motse wa gagwe, ka obola matlalo a banna botlhe ba bagolo ba ba neng ba ntsuologetse mme ka apesa pilara ka matlalo a bone; ba bangwe ka ba manega mo loboteng lwa pilara, ba bangwe ka ba kokotela mo pilareng, . . . mme ke ne ka kgaola maoto le matsogo a badiredibagolo, badiredibagolo ba segosi ba ba neng ba ntsuologetse. . . . Batshwarwa ba le bantsi go tswa mo go bone ke ne ka ba fisa ka molelo mme ba bangwe ka ba dira batshwarwa ba ntse ba tshela.” Fa baithutamarope ba ne ba epolola matlo a segosi a Baasiria, ba ne ba fitlhela mabota a a kgabisitsweng ka ditshwantsho tse di bontshang tsela e e setlhogo e batshwarwa ba neng ba tshwarwa ka yone.
Ka ngwaga wa 740 B.C.E., Asiria e ne ya fenya Samarea, e leng motsemogolo wa bogosi jwa bokone jwa Iseraele mme ya isa batho ba yone botshwarwa. Dingwaga di le robedi moragonyana, Asiria e ne ya tlhasela Juda.a (2 Dikgosi 18:13) Kgosi Senakaribe wa Asiria o ne a laela Kgosi Hesekia wa Juda gore a mo ntshetse mpho ya ditalenta tsa gouta di le 30 le ditalenta tsa selefera di le 300. Pego ya Baebele e bontsha gore mpho eo e ne ya duelwa. Le fa go ntse jalo, Senakaribe gape o ne a gatelela gore motsemogolo wa Juda e leng Jerusalema o ineele mo go ene ka mo go feletseng.—2 Dikgosi 18:9-17, 28-31.
Kwa Ninife, baithutamarope ba ne ba fitlhela pego e e nang le ditiragalo tse di tshwanang le tse di mo pegong ya ditiragalo ya ga Senakaribe. Mo mokwalong o o gabilweng mo letlapeng le le dirilweng ka letsopa, le le nang le matlhakore a le marataro, kgosi ya Asiria e ne ya ipelafatsa jaana: “Ka ga Hesekia wa Mojuda, o ne a se ka a tsena ka fa tlase ga jokwe ya me, ke ne ka dikanyetsa metse ya gagwe e e nonofileng e le 46, dikago tsa gagwe tse di thekeleditsweng ka dithako le metsana e le mentsintsi e e neng e le fa go tsone, mme ka (e) fenya . . . [Hesekia] ene ke ne ka mo dira legolegwa mo Jerusalema, e leng bonno jwa gagwe jwa segosi, jaaka nonyane e e mo serobing.” Gape Senakaribe o ne a tlhalosa gore Hesekia o ne a mo romelela “ditalenta tsa gouta di le 30, ditalenta tsa selefera di le 800, maje a a tlhokegang, . . . (le) mefuta yotlhe ya matlotlo a a tlhwatlhwakgolo,” a oketsa palo ya ditalenta tsa selefera tse tota a di amogetseng.
Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Senakaribe ga a ka a tlhalosa gore o ne a fenya Jerusalema. Tota e bile, ga a bue sepe ka go fenngwa ga masole a gagwe ka go bo Modimo a ile a tsenelela mo kgannyeng eo. Go ya ka Baebele, moengele wa Modimo o ne a bolaya masole a Baasiria a le 185 000 mo bosigong bo le bongwe. (2 Dikgosi 19:35, 36) Mokanoki mongwe e bong Jack Finegan o bolela jaana: “Fa re akanya ka boipelafatso jo bo anameng mo mekwalong ya dikgosi tsa Asiria, go ka nna thata go akanya gore Senakaribe o ne a ka kwala ka phenyo e e ntseng jalo.”
Boporofeti Jo bo Ka Ikanngwang
Mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo pele ga Mmusomogolo wa Asiria o wa, Isaia o ne a bolela gore Jehofa Modimo o tla dira gore bafenyi bao ba ba boikgogomoso ba ikarabelele bosetlhogo jo ba neng ba bo dira mo bathong ba gagwe. Jehofa o ne a re: “Ke tla dira gore go ikarabelwe maungo a go tlhoka maitseo ga pelo ya kgosi ya Asiria le boikgodiso jwa go ipega ga matlho a gagwe.” (Isaia 10:12) Mo godimo ga moo, moporofeti wa Modimo e bong Nahume o ne a bolelela pele gore Ninife e tla senngwa, dikgoro tsa gagwe di ne di tla bulelwa baba ba gagwe le gore badisa ba gagwe ba ne ba tla tshaba. (Nahume 2:8, 9; 3:7, 13, 17, 19) Moporofeti wa Baebele e bong Sefania o ne a kwala gore motse oo o tla nna “kgakgabalo.”—Sefania 2:13-15.
Boporofeti joo jwa go senngwa ga motse oo, bo ne jwa diragadiwa ka 632 B.C.E. E ne e le fa Ninife e ne e tlhaselwa ke masole a a kopaneng a Bababelona le Bameda mme ba fedisa Mmusomogolo oo wa Asiria ka tsela e e tlhabisang ditlhong. Pego nngwe ya ditiragalo ya kwa Babelona e tlhalosa gore bafenyi “ba ne ba tsaya thopo e ntsi thata ya motse le ya tempele” mme ba dira Ninife “mokoa wa marope.” Le gompieno, lefelo le le kgakgabetseng le e kileng ya bo e le Ninife, le lemogiwa ka mekoa ya matlotla a a ka fa lotshitshing lo lo ka fa botlhaba jwa Noka ya Tigris, go lebagana le motsemogolo wa Mosul, kwa Iraq.
Go senngwa ga Asiria gape go nnile le seabe mo go diragadiweng ga boporofeti jo bongwe jwa Baebele. Pelenyana ka 740 B.C.E., Asiria e ile ya isa bogosi jwa ditso tse di lesome botshwarwa. Ka yone nako e Asiria e neng e dira seno ka yone, moporofeti wa Modimo e bong Isaia o ne a bolelela pele gore Jehofa o tla ‘robaganya Moasiria, a mo gataka’ mme o tla busetsa Iseraele kwa nagagaeng ya yone. Isaia o ne a kwala jaana: “Masalela a batho ba gagwe a a tla salang go tswa kwa Asiria . . . , [Modimo] o tla ba phutha mmogo.” Go ile ga diragala fela jalo—mo e ka nnang dingwaga di le 200 moragonyana!—Isaia 11:11, 12; 14:25.
Tsholofelo E o Ka e Ikanyang
Bogologolo pele Ninife e wa, fa dikgosi tsa yone di ne di sa ntse di boifisa baba ba tsone, Isaia o ne a bolelela pele go tla ga mofuta o o farologaneng gotlhelele wa mmusi. O ne a kwala jaana: “Gonne re tsaletswe ngwana, re neilwe ngwana wa mosimane; mme go busa e le kgosana go tla nna mo legetleng la gagwe. Mme o tla tewa leina go twe . . . Kgosana ya Kagiso. Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela, mo setulong sa bogosi sa ga Dafide le mo bogosing jwa gagwe gore bo tlhomamisiwe thata le go bo tshegetsa ka tshiamiso le ka tshiamo, go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tla dira seno.”—Isaia 9:6, 7.
Bolaodi jwa “Kgosana ya Kagiso,” e bong Jesu Keresete, bo tla busa mo lefatsheng lotlhe. Pesalema 72:7, 8 ya re: “Mo metlheng ya gagwe mosiami o tla tlhoga, le letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng. Mme o tla nna le babusiwa go tswa lewatleng go ya lewatleng le go tswa Nokeng [ya Euferatese] go ya kwa mafelelong a lefatshe.”
Jehofa Modimo o tla dirisa “Kgosana ya Kagiso” e e maatla, go diragatsa tsholofetso eno e e mo go Pesalema 46:8, 9: “Tlang, lona batho, lo bone ditiro tsa ga Jehofa, kafa a beileng ditiragalo tse di akabatsang ka teng mo lefatsheng. O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.”
Jaaka tshimologo ya go diragadiwa ga boporofeti jono jwa Baebele, Basupi ba ga Jehofa ba na le thulaganyo ya go ithuta Baebele, e e thusang batho go itse ditsela tsa kagiso, jaaka Jesu a ne a dira. Ee ruri, ga go na motho ope, fa e se Modimo fela yo o tla diragatsang boporofeti jono jwa Baebele jo bo mo go Isaia 2:4: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” Go farologana le seno, gompieno babusi ba lefatshe ba dirisa ditrilione tsa didolara ngwaga le ngwaga mo sesoleng!
Hisitori le boporofeti jo bo boammaaruri bo dira gore go bonale sentle gore Baebele ke buka e e tlhomologileng, e leng selo se se ka thusang batho ba eleruri ba batlang boammaaruri go bona gore tota ke buka e e ka ikanngwang. Mo setlhogong se se latelang sa motseletsele ono, re tla sekaseka Babelona wa bogologolo e leng motsemogolo wa mmusomogolo wa boraro wa hisitori ya Baebele.
a Morago ga puso ya ga Kgosi Solomone, ditso di le 12 tsa Iseraele di ne tsa kgaogana. Juda le Benjamine di ne tsa bopa mmuso o o kwa borwa; mme ditso tse dingwe tse di lesome tsa bopa mmuso o o kwa bokone. Jerusalema e ne e le motsemogolo wa mmuso o o kwa borwa mme Samarea e ne e le motsemogolo wa mmuso o o kwa bokone.
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Letlapa le go neng go kwadilwe tsela e Senakaribe a neng a ipelafatsa ka yone malebana le kafa a neng a tlhasela Juda ka gone
[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]
Matlapanakwalelo a a bontshang magolegwa a obolwa matlalo a ntse a tshela
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Page 26, top, time line: Egyptian wall relief and bust of Nero: Photograph taken by courtesy of the British Museum; Persian wall relief: Musée du Louvre, Paris; bottom, winged bull and page 27, both images: Photograph taken by courtesy of the British Museum