Kgaolo ya Lesometharo
Poloko le Boipelo mo Pusong ya ga Mesia
1. Tlhalosa seemo sa bomoya jwa batho ba kgolagano ya Modimo mo metlheng ya ga Isaia.
MO METLHENG ya ga Isaia, seemo sa bomoya jwa batho ba kgolagano ya Modimo se ne se le maswe. Tota le fa go ne go busa dikgosi tse di ikanyegang, tse di jaaka Usia le Jothame, batho ba le bantsi ba ne ba obamela mo mafelong a a kwa godimo. (2 Dikgosi 15:1-4, 34, 35; 2 Ditiragalo 26:1, 4) Fa Hesekia a nna kgosi, o ne a tshwanelwa ke go tlosa dilo tse di amanang le kobamelo ya ga Baale mo nageng eno. (2 Ditiragalo 31:1) Ke gone ka moo Jehofa a neng a rotloetsa batho ba gagwe gore ba boele kwa go ene le go ba tlhagisa ka kotlhao e e tlang!
2, 3. Jehofa o kgothatsa jang batho ba ba eletsang go mo direla le fa bosaikanyegeng bo aname?
2 Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba e neng e le batsuolodi ba ba tlhogo e thata. Jehofa o ne a na le baporofeti ba ba ikanyegang, mme go tshwanetse ga bo go ne go na le Bajuda bangwe ba ba neng ba ba reetsa. Jehofa o ne a na le mafoko a a ka gomotsang batho bano. Fa moporofeti Isaia a sena go tlhalosa go thopiwa mo go botlhoko mo go neng go tla diragalela Juda fa a tlhaselwa ke Asiria, o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale dingwe tsa ditemana tse di monate go gaisa tsotlhe mo Baebeleng, tlhaloso ya masego a a tla tlang fa go busa Mesia.a Mangwe a masego ano a ne a diragadiwa ka tsela e potlana fa Bajuda ba ne ba boa kwa botshwarong kwa Babelona. Mme boporofeti jono fa bo feletse bo diragadiwa ka tsela e kgolwane gompieno. Ke boammaaruri, Isaia le Bajuda ba bangwe ba ba ikanyegang ba motlha wa gagwe ga ba a ka ba tshela go fitlha ba bona masego ano a diragala. Le fa go ntse jalo, ba ne ba a emetse ka tlhoafalo ba na le tumelo mme ba tla bona tiragatso ya mafoko a ga Isaia morago ga tsogo.—Bahebera 11:35.
3 Batho ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno le bone ba tlhoka go kgothadiwa. Botlhe ba tshwenngwa ke maitsholo a a ntseng a senyega ka bonako mo lefatsheng, kganetso e e setlhogo kgatlhanong le molaetsa wa Bogosi, le makoa a motho ka namana. Mafoko a a monate a ga Isaia kaga Mesia le puso ya gagwe a ka nonotsha le go thusa batho ba Modimo gore ba lebane le mathata ano.
Mesia—Moeteledipele yo o Nang le Bokgoni
4, 5. Isaia o ne a porofeta eng malebana le go tla ga ga Mesia, mme go lebega Mathaio a ne a tlhalosa tiragatso efe ya mafoko a ga Isaia?
4 Makgolo a dingwaga pele ga motlha wa ga Isaia, bakwadi ba bangwe ba Baebele ba Bahebera ba ne ba umaka go tla ga ga Mesia, Moeteledipele wa boammaaruri yo Jehofa a neng a tla mo romelela Iseraele. (Genesise 49:10; Duteronome 18:18; Pesalema 118:22, 26) Jaanong Jehofa o dirisa Isaia go fa tshedimosetso e e oketsegileng. Isaia o kwala jaana: “Go tla tswa kalana mo sesaneng sa ga Jese; mme letlhogela le le tswang mo meding ya gagwe le tla ungwa.” (Isaia 11:1; bapisa Pesalema 132:11.) Mafoko “kalana” le “letlhogela” ka bobedi a bontsha gore Mesia o tla nna setlogolwana sa ga Jese ka morwawe e bong Dafide, yo o neng a tloditswe ka leokwane gore a nne kgosi ya Iseraele. (1 Samuele 16:13; Jeremia 23:5; Tshenolo 22:16) Fa Mesia wa boammaaruri a goroga “letlhogela” leno le le tswang mo ntlong ya ga Dafide, le tla nna le maungo a a molemo.
5 Jesu ke ene Mesia yo o solofeditsweng. Mokwadi wa efangele e bong Mathaio o ne a umaka mafoko a Isaia 11:1 e se ka tlhamalalo fa a ne a bolela gore lebaka la go bo Jesu a bidiwa “Monasaretha” le diragatsa mafoko a baporofeti. E re ka Jesu a goletse mo motseng wa Nasaretha, o ne a bidiwa Monasaretha, e le leina le go bonalang le amana le lefoko la Sehebera le le dirisitsweng mo go Isaia 11:1 go kaya “letlhogela.”b—Mathaio 2:23, ntlhanyana e e kwa tlase go NW; Luke 2:39, 40.
6. Go porofetiwa fa Mesia e tla nna mmusi yo o ntseng jang?
6 Mesia o tla nna mmusi yo o ntseng jang? A o tla tshwana le Moasiria yo o setlhogo, yo o itaolang, yo o senyang bogosi jwa ditso tse di lesomepedi jwa bokone jwa Iseraele? Le eseng. Isaia o bolela jaana kaga Mesia: “Moya wa ga Jehofa o tla nna mo go ene, moya wa botlhale le wa go tlhaloganya, moya wa kgakololo le wa thata, moya wa kitso le wa go boifa Jehofa; mme o tla ipelela go boifa Jehofa.” (Isaia 11:2, 3a) Mesia ga a tlodiwe ka leokwane, mme o tlodiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo. Seno se diragala fa Jesu a kolobediwa, fa Johane Mokolobetsi a bona moya o o boitshepo wa Modimo o fologela mo go Jesu o le mo sebopegong sa lephoi. (Luke 3:22) Moya wa ga Jehofa o “nna mo go” Jesu, mme ene o naya bosupi jwa seno fa a dira ka botlhale, ka tlhaloganyo, ka boikaelelo, ka maatla, le ka kitso. A bo tseno e le dinonofo tse di molemo jang ne tse mmusi a ka nnang le tsone!
7. Jesu o ne a solofetsa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang eng?
7 Balatedi ba ga Jesu le bone ba ka amogela moya o o boitshepo. Mo go nngwe ya dithero tsa gagwe, Jesu o ne a re: “Fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:13) Ka gone, le ka motlha ga re a tshwanela go tshaba go kopa Modimo moya o o boitshepo, le gone ga re a tshwanela go emisa go tlhagolela maungo a one a a siameng—“lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” (Bagalatia 5:22, 23) Jehofa o solofetsa gore o tla araba kopo ya balatedi ba ga Jesu ya “botlhale jo bo tswang kwa godimo” gore a ba thuse go dirisana le mathata a botshelo ka katlego.—Jakobe 1:5; 3:17.
8. Jesu o itumedisiwa jang ke go boifa Jehofa?
8 Mesia o boifa Jehofa ka tsela efe? Eleruri, Jesu ga a tshosiwe ke Modimo, a boifa gore o tla mo kgala. Go na le moo, Mesia o boifa Modimo ka tlotlo le ka lorato. Motho yo o boifang Modimo ka metlha o eletsa go “dira dilo tse di mo itumedisang,” fela jaaka Jesu a dira. (Johane 8:29) Jesu o ruta ka lefoko le ka sekao gore ga go na sepe se se itumedisang go feta go tshela o boifa Jehofa ka tsela e e siameng letsatsi le letsatsi.
Moatlhodi yo o Siameng Le yo O Kutlwelobotlhoko
9. Jesu o tlhomela batho ba ba tshwanelwang ke go atlhola dikgang mo phuthegong ya Bokeresete sekao sefe?
9 Isaia o bolelela pele mo go oketsegileng ka mekgwa ya ga Mesia: “Ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe.” (Isaia 11:3b) Fa o ne o ka tshwanelwa ke go ema fa pele ga kgotlatshekelo ya molao, a o ne o ka se rate go nna le moatlhodi yo o ntseng jalo? Mesia mo maemong a gagwe a go nna Moatlhodi wa batho botlhe ga a tsiediwe ke go tatalala ka maaka, mekgwa ya boferefere ya kgotlatshekelo, magatwe, kana dilo tsa kafa ntle, tse di jaaka khumo. O kgona go bona ka kwa ga tsietso e bile o bona go pota ka kwa ga ditebego tsa kafa ntle tse di sa rategeng, mme a bone “motho wa sephiri wa pelo,” “motho yo o fitlhegileng.” (1 Petere 3:4, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Sekao sa ga Jesu sa maemo a a kwa godimo ke sekao mo go botlhe ba ba tshwanelwang ke go atlhola dikgang mo phuthegong ya Bokeresete.—1 Bakorintha 6:1-4.
10, 11. (a) Jesu o gakolola balatedi ba gagwe jang? (b) Jesu o atlhola baikepi jang?
10 Dinonofo tsa ga Mesia tsa maemo a a kwa godimo di tla tlhotlheletsa jang ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi? Isaia o tlhalosa jaana: “O tla atlhola ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo, mme o tla naya ba ba pelonolo ba lefatshe kgalemelo ka thokgamo. O tla itaya lefatshe ka thobane ya molomo wa gagwe; mme o tla bolaya moikepi ka moya wa dipounama tsa gagwe. Mme tshiamo e tla nna moitlamo wa dinōka tsa gagwe, le boikanyegi e nne moitlamo wa lotheka lwa gagwe.”—Isaia 11:4, 5.
11 Fa balatedi ba ga Jesu ba tlhoka go gakololwa, o ba gakolola ka tsela e e ba solegelang molemo thata—sekao se sentle thata mo bagolwaneng ba Bakeresete. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba dirang boikepo ba ka lebelela go atlholwa ka tsela e e botlhoko. Fa Modimo a sekisa tsamaiso eno ya dilo, Mesia o tla “itaya lefatshe” ka lentswe la gagwe la motho yo o nang le taolo, a ntsha katlholo ya gore go senngwe batho botlhe ba ba boikepo. (Pesalema 2:9; bapisa Tshenolo 19:15.) Kgabagare, go tla bo go sa tlhole go na le batho bape ba ba boikepo ba ba ka kgoreletsang kagiso ya batho. (Pesalema 37:10, 11) Jesu o na le maatla a go diragatsa seno, a ikgatlhile ka tshiamo le boikanyegi mo dinokeng le mo lothekeng.—Pesalema 45:3-7.
Maemo a a Fetogileng mo Lefatsheng
12. Ke dilo dife tse Mojuda a ka tshwenyegang ka tsone fa a akanya ka go boa kwa Babelona a ya kwa Nageng e e Solofeditsweng?
12 A ko o akanye fela ka leitlho la mogopolo Moiseraele yo o sa tswang go utlwa taelo ya ga Kurose ya gore Bajuda ba boele kwa Jerusalema ba ye go aga tempele sesha. A o tla tlogela Babelona e e sireletsegileng a bo a tsaya mosepele o moleele o o yang gae? Mo dingwageng tse 70 tse Iseraele e seyong ka tsone, masimo a a tlogetsweng fela a setse a tletse mofero. Diphiri, mangau, ditau le dibera jaanong di tsoma ka kgololesego mo masimong ano. Bokake le bone ba agile foo. Bajuda ba ba boang ba tla tshwanelwa ke go itshedisa ka diruiwa—matsomane le metlhape e tla ba fa mashi, boboa le nama, mme dikgomo di tla goga megoma. A di tla bolawa ke dibatana? A bananyana ba tla longwa ke dinoga? Go tweng ka kotsi ya go tlhaselwa fa ba le mo mosepeleng?
13. (a) Isaia o dirisa mafoko a a nametsang pelo go tlhalosa eng? (b) Re itse jang gore kagiso e e tlhalosiwang ke Isaia ga e akaretse go sireletsega mo diphologolong tsa naga fela?
13 Jaanong Isaia o dirisa mafoko a a nametsang pelo go tlhalosa maemo a Modimo a tla a tlisang mo lefatsheng. A re: “Phiri e tla nna nakonyana le kwanyana e tonanyana, mme lengau le tla botha le potsane, le namane le tawana e e seriri le phologolo e e fepilweng sentle tsotlhe di tla nna mmogo; mme mosimanyana o tla di etelela pele. Le kgomo le bera di tla fula mmogo; bana ba tsone ba tla botha mmogo. Le tau e tla ja lotlhaka jaaka poo. Mme ngwana yo o anyang o tla tshameka fa mosimeng wa kake; ngwana yo o kgwisitsweng o tla baya seatla sa gagwe mo mosimeng o o tsenyang lesedi wa noga e e botlhole. Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:6-9) A mafoko ano ga a nametse pelo? Ela tlhoko gore kagiso e e tlhalosiwang fano e tla ka ntlha ya go itse Jehofa. Ka gone, ga go akarediwe go sireletsega mo diphologolong tsa naga fela. Go itse Jehofa ga go kitla go fetola diphologolo, mme go tla ama batho. Baiseraele ga ba kitla ba boifa dibatana kana batho ba ba tshwanang le dibatana tsa naga mo tseleng fa ba ya gae le fa ba setse ba le mo nageng ya bone e e tsosolositsweng.—Esera 8:21, 22; Isaia 35:8-10; 65:25.
14. Isaia 11:6-9 e diragadiwa jang ka tsela e kgolwane?
14 Le fa go ntse jalo, boporofeti jono bo diragadiwa gape ka tsela e kgolwane. Ka 1914, Jesu, yo e leng Mesia, o ne a bewa bogosi kwa Thabeng ya Siona ya selegodimo. Ka 1919 ba ba setseng ba “Iseraele wa Modimo” ba ne ba gololwa mo botshwarong jwa Babelona mme ba thusa mo go tsosoloseng kobamelo ya boammaaruri. (Bagalatia 6:16) Ka ntlha ya seo, go ne ga bulega sebaka sa gore boporofeti jwa ga Isaia jwa Paradaise bo diragadiwe mo motlheng wa gompieno. “Kitso ya boammaaruri,” kitso ya go itse Jehofa, e fetotse batho. (Bakolosa 3:9, 10) Batho ba ba kileng ba bo ba rata dikgoka jaanong ba rata kagiso. (Baroma 12:2; Baefeso 4:17-24) Ditiragalo tseno jaanong di amile dimilione tsa batho ka gonne boporofeti jwa ga Isaia bo setse bo akaretsa palo e e ntseng e oketsega ka bofefo ya Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. (Pesalema 37:29; Isaia 60:22) Ba ithutile go emela nako e ka yone lefatshe lotlhe le tla bong le tsosolositswe e le paradaise e e sireletsegileng, e e nang le kagiso, go ya ka boikaelelo jwa Modimo jwa ntlhantlha.—Mathaio 6:9, 10; 2 Petere 3:13.
15. A go a utlwala gore re bo re ka lebelela gore mafoko a ga Isaia a diragadiwe ka tsela ya mmatota mo lefatsheng le lesha? Tlhalosa.
15 Mo Paradaiseng eo e e tsosolositsweng, a boporofeti jwa ga Isaia bo tla diragadiwa ka tsela e nngwe, gongwe e le ka tsela ya mmatota? Go lebega go utlwala go akanya jalo. Boporofeti jono bo tlhomamisetsa botlhe ba ba tshelang mo pusong ya ga Mesia fela jaaka bo ne jwa tlhomamisetsa Baiseraele ba ba neng ba boa; bone le bana ba bone ga ba kitla ba ikutlwa ba tshosediwa ke kotsi ya mofuta ope fela—batho kana diphologolo. Fa go busa Bogosi jwa ga Mesia, batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng ba tla nna le kagiso e e tshwanang le e Adame le Efa ba neng ba na le yone kwa Edene. Gone ke boammaaruri, Dikwalo ga di tlhalose sengwe le sengwe gore botshelo bo ne bo ntse jang kwa Edene—kana gore bo tla nna jang kwa Paradaiseng. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore mo pusong e e tsamaisiwang ka botlhale le lorato ya ga Kgosi Jesu Keresete, sengwe le sengwe se tla nna fela jaaka se tshwanetse.
Kobamelo e e Itshekileng e Buseditswe ka Mesia
16. Ke eng se e neng ya nna sesupo sa batho ba Modimo ka 537 B.C.E.?
16 Kobamelo e e itshekileng e ne ya tlhaselwa la ntlha kwa Edene fa Satane a ne a atlega go tlhotlheletsa Adame le Efa gore ba se ka ba utlwa Jehofa. Le gompieno, Satane ga a ise a tlogele boikaelelo jwa gagwe jwa go faposa batho ba le bantsi kafa a ka kgonang ka teng gore ba fularele Modimo. Mme Jehofa ga a kitla a letla kobamelo e e itshekileng gore e nyelele mo lefatsheng. Leina la gagwe le a amega, mme o amega ka batho ba ba mo direlang. Ka gone, o dirisa Isaia go dira tsholofetso eno e e kgatlhang: “Go tla diragala mo letsatsing leo gore go tla nna le modi wa ga Jese o o tla bong o eme jaaka sesupo sa ditšhaba. Ditšhaba di tla retologa di ya go botsa kwa go ene, mme lefelo la gagwe la boikhutso le tla galalela.” (Isaia 11:10) Morago kwa ka 537 B.C.E., Jerusalema, motse o Dafide a neng a o dirile motsemogolo wa setšhaba, e ne e le sesupo se se neng se biletsa masalela a a ikanyegang a Bajuda ba ba phatlaletseng gore ba boe ba tle go aga tempele sesha.
17. Jesu o ne a ‘ema gore a buse ditšhaba’ jang ka lekgolo la ntlha la dingwaga le mo motlheng wa rona?
17 Le fa go ntse jalo, boporofeti jono bo bua ka sengwe se se fetang seo. Jaaka go setse go bonwe, bo bua ka puso ya ga Mesia, Moeteledipele yo o esi wa boammaaruri wa batho ba ditšhaba tsotlhe. Moaposetoloi Paulo o ne a nopola Isaia 11:10 go bontsha gore mo motlheng wa gagwe batho ba ditšhaba ba ne ba tla nna le seabe mo phuthegong ya Bokeresete. Fa a nopola thanolo ya Septuagint ya temana eno, o ne a kwala jaana: “Isaia a re: ‘Go tla nna le modi wa ga Jese, mme go tla nna le yo o emang gore a buse ditšhaba; ditšhaba di tla solofela mo go ene.’” (Baroma 15:12) Mo godimo ga moo, boporofeti jono bo fitlhelela se se fetang seo—bo fitlha le mo motlheng wa rona fa batho ba ditšhaba ba bontsha gore ba rata Jehofa ka go tshegetsa bomonnawe Mesia ba ba tloditsweng.—Isaia 61:5-9; Mathaio 25:31-40.
18. Mo motlheng wa rona, Jesu e ntse e le lefelo la bophuthegelo ka tsela efe?
18 Mo tiragatsong ya motlha wa gompieno, ‘letsatsi leo’ le Isaia a buang ka lone le simologile fa Mesia a ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo ka 1914. (Luke 21:10; 2 Timotheo 3:1-5; Tshenolo 12:10) Fa e sa le ka nako eo, Jesu Keresete e ntse e le sesupo se se phepafetseng, lefelo la bophuthegelo, la Iseraele wa semoya le la batho ba ditšhaba tsotlhe ba ba eletsang puso e e siameng. Kafa tlase ga kaelo ya ga Mesia, dikgang tse di molemo tsa Bogosi di isitswe kwa ditšhabeng tsotlhe, jaaka Jesu a boleletse pele. (Mathaio 24:14; Mareko 13:10) Dikgang tseno tse di molemo di maatla. “Boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o [kgonang] go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe” bo ineela mo go Mesia ka go kopanela le masalela a a tloditsweng mo kobamelong e e itshekileng. (Tshenolo 7:9) Fa batho ba bantsi ba basha ba ntse ba kopanela le masalela mo ‘ntlong ya thapelo’ ya semoya ya ga Jehofa, ba oketsa kgalalelo ya ‘lefelo la boikhutso’ la ga Mesia, tempele e kgolo ya Modimo ya semoya.—Isaia 56:7; Hagai 2:7.
Batho ba ba Utlwanang ba Direla Jehofa
19. Jehofa o tsosolosa masalela a batho ba gagwe ba ba gasameng mo lefatsheng lotlhe ka makgetlho afe a mabedi?
19 Go tswa foo Isaia o gakolola Baiseraele gore Jehofa o kile a ba boloka fa setšhaba seno se ne se lebane le go gatelelwa ke mmaba yo o nonofileng. Karolo eo ya hisitori ya Iseraele—fa Jehofa a ne a golola setšhaba mo botshwarong jwa Egepeto—e ratiwa thata ke Bajuda botlhe ba ba ikanyegang. Isaia o kwala jaana: “Go tla diragala mo letsatsing leo gore Jehofa a ntshe seatla sa gagwe gape, lekgetlo la bobedi, gore a tseye masalela a batho ba gagwe a a tla salang go tswa kwa Asiria le kwa Egepeto le kwa Patherose le kwa Kushe le kwa Elama le kwa Shinare le kwa Hamathe le kwa ditlhaketlhakeng tsa lewatle. Mme ruri o tla tsholeletsa ditšhaba sesupo a bo a phuthe ba ba phatlaladitsweng ba Iseraele; le ba ba gasamisitsweng ba Juda o tla ba phutha mmogo go tswa kwa dintlheng tse nnè tsa lefatshe.” (Isaia 11:11, 12) Jehofa o tla etelela masalela a a ikanyegang a Iseraele pele mmogo le a Juda jaaka e kete o ba tshwere ka seatla, a ba ntsha mo ditšhabeng tse ba phatlalaletseng kwa go tsone mme o tla ba tlisa gae ba babalesegile. Seno se diragala ka tsela e potlana ka 537 B.C.E. Le fa go ntse jalo, a bo tiragatso e kgolwane e galalela go feta eo jang ne! Ka 1914, Jehofa o ne a baya Jesu Keresete yo o beilweng bogosi go nna ‘sesupo sa ditšhaba.’ Fa e sa le ka 1919 ba ba setseng ba “Iseraele wa Modimo” ba ne ba simolola go thelesegela kwa sesupong seno, ba tlhoafaletse go nna le seabe mo kobamelong e e itshekileng fa go busa Bogosi jwa Modimo. Setšhaba seno sa semoya se se sa tshwaneng le sepe se sele se tswa “mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba.”—Tshenolo 5:9.
20. Batho ba Modimo ba tla nna le kutlwano efe fa ba boa kwa Babelona?
20 Jaanong Isaia o tlhalosa kutlwano ya setšhaba se se tsosolositsweng. O bua jaana a bitsa bogosi jwa bokone a re Eferaime le jwa borwa a re Juda: “Lefufa la ga Eferaime le tla tloga, le ba ba bontshang Juda bobaba ba tla kgaolwa. Eferaime ga a kitla a fufegela Juda, le fa e le Juda go bontsha Eferaime bobaba. Mme ba tla fofela mo legetleng la Bafilisitia go ya bophirima; ba tla gapa barwa ba Botlhaba mmogo. Ba tla ntshetsa Edoma le Moabe seatla, mme bomorwa Amona e tla nna babusiwa ba bone.” (Isaia 11:13, 14) Fa Bajuda ba boa kwa Babelona, ba tla bo ba sa tlhole ba kgaogane e le ditšhaba tse pedi. Maloko a ditso tsotlhe tsa Iseraele a tla boela kwa nageng ya one a le seoposengwe. (Esera 6:17) Ga ba kitla ba tlhola ba ilana le go tlhoana. Ba tla nna setšhaba se se utlwanang go fenya baba ba bone ba ditšhaba tse di ba dikologileng.
21. Kutlwano ya batho ba Modimo gompieno e tlhomologile ka tsela efe?
21 Se se kgatlhang le go gaisa ke kutlwano ya “Iseraele wa Modimo.” Ba ditso tse 12 tsa tshwantshetso tsa Iseraele wa semoya ba setse ba na le dingwaga di ka nna 2 000 ba na le kutlwano e e bakwang ke go rata Modimo le bakaulengwe le bokgaitsadiabone ba semoya. (Bakolosa 3:14; Tshenolo 7:4-8) Gompieno, batho ba ga Jehofa—Baiseraele ba semoya mmogo le ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng—ba na le kagiso le kutlwano mo lefatsheng lotlhe ba busiwa ke Mesia, maemo a a seyong mo dikerekeng tsa Labokeresete. Basupi ba ga Jehofa ba nna seoposengwe ka tsela ya semoya go nna kgatlhanong le Satane fa a ntse a leka go ba kgoreletsa mo kobamelong ya bone. Jaaka setšhaba se le sengwe, ba diragatsa thomo ya ga Jesu ya gore ba rere le go ruta dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa ga Mesia mo ditšhabeng tsotlhe.—Mathaio 28:19, 20.
Dikgoreletsi di Tla Fenngwa
22. Jehofa o tla “kgaola loleme lwa lewatle la Egepeto” jang a bo a “kgatikanyetse Noka seatla”?
22 Go na le dikgoreletsi di le dintsi, tsa mmatota mmogo le tsa tshwantshetso, tse di ka kgoreletsang Baiseraele go boa kwa botshwarong. Di tla fenngwa jang? Isaia a re: “Ruri Jehofa o tla kgaola loleme lwa lewatle la Egepeto, a bo a kgatikanyetse Noka seatla moya wa gagwe o tuka. Mme o tla e itaya mo melatswaneng ya yone e e phothoselang e supa, mme o tla dira gore batho ba tsamaye ka bompaatšhane ba bone.” (Isaia 11:15) Jehofa ke ene a tla tlosang dilo tsotlhe tse di kgoreletsang batho ba gagwe go boa. Tota le sekgoreletsi se se boitshegang jaaka loleme lwa Lewatle le Lehibidu (jaaka Kgogometso ya Suez) kana se go leng thata go se kgabaganya jaaka Noka e kgolo ya Euferatese se tla kgala, jaaka go ka tualo, mo e leng gore motho a ka kgona go kgabaganya mme go sa tlhokege gore a role bompaatšhane ba gagwe!
23. “Go tla nna le tsela e kgolo e e tswang mo Asiria” jang?
23 Mo motlheng wa ga Moshe, Jehofa o ne a baakanyetsa Iseraele tsela gore a falole kwa Egepeto mme a gwantele kwa Nageng e e Solofeditsweng. O tla dira sengwe se se tshwanang gone jaanong: “Go tla nna le tsela e kgolo e e tswang mo Asiria ya masalela a batho ba gagwe ba ba tla salang, fela jaaka go ne ga nna le ya Iseraele mo letsatsing la fa a tla a tswa mo lefatsheng la Egepeto.” (Isaia 11:16) Jehofa o tla etelela batshwarwa ba ba boang pele jaaka e kete ba tsamaya mo tseleng e kgolo ba tswa botshwarong ba ya kwa nagagaeng ya bone. Baganetsi ba tla leka go ba emisa, mme Modimo wa bone, Jehofa, o tla bo a na le bone. Bakeresete ba ba tloditsweng le balekane ba bone gompieno le bone ba tlhaselwa mo go botlhoko, mme ba gatela pele ka bopelokgale! Ba dule mo Asiria wa segompieno, lefatshe la ga Satane, mme ba thusa ba bangwe gore ba dire se se tshwanang. Ba itse gore kobamelo e e itshekileng e tla atlega e bile e tla ata. Ga se tiro ya motho, ke ya Modimo.
Boipelo Jo bo Sa Feleng Jwa Babusiwa ba ga Mesia!
24, 25. Batho ba ga Jehofa ba tla goa ka mafoko afe a pako le tebogo?
24 Jaanong Isaia o dirisa mafoko a a bontshang boipelo go tlhalosa kafa batho ba ga Jehofa ba tla itumelang ka teng fa lefoko la Gagwe le diragadiwa: “Mo letsatsing leo ruri o tla re: ‘Ke tla go leboga, wena Jehofa, gonne le fa o ne wa ntukela bogale, bogale jwa gago bo ne jwa boela morago ka iketlo, mme o ne wa nkgomotsa.’” (Isaia 12:1) Jehofa o otlhaya batho ba gagwe ba diganana ka tsela e e gagametseng. Mme kotlhao eno e diragatsa boikaelelo jwa yone jwa go tokafatsa kamano ya setšhaba seno le ene le go busetsa kobamelo e e itshekileng. Jehofa o tlhomamisetsa baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang gore kgabagare o tla ba boloka. Ga go gane ba leboga!
25 Tsholofelo ya Baiseraele mo go Jehofa e tlhomame tota, mme ba goa jaana: “‘Bona! Modimo ke poloko ya me. Ke tla ikanya mme ga nkitla ke boifa; gonne Jah Jehofa ke nonofo ya me le thata ya me, mme o ne a nna poloko ya me.’ Ruri lo tla ga metsi ka boitumelo mo metsweding ya poloko.” (Isaia 12:2, 3) Lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka gore “thata” mo temaneng ya 2 le tlhaga e le “pako” mo thanolong ya Septuagint. Baobamedi ba simolola go opela dipina tsa pako ka gonne ba bolokilwe ke “Jah Jehofa.” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa, mme mo Baebeleng e dirisiwa go bontsha maikutlo a a boteng a pako le tebogo. Fa go dirisiwa polelwana “Jah Jehofa”—go boelediwa leina la Modimo gabedi—go a bo go bontshiwa go baka Jehofa ka selekanyo se segolo go feta.
26. Ke bomang ba gompieno ba itsiseng ditiro tsa Modimo mo ditšhabeng?
26 Baobamedi ba ga Jehofa ba boammaaruri ga ba kgone go fitlha boipelo jwa bone. Isaia o bolelela pele jaana: “Mo letsatsing leo ruri lo tla re: ‘Ntshetsang Jehofa ditebogo! Bitsang leina la gagwe. Itsiseng ditšhaba ditiro tsa gagwe. Umakang gore leina la gagwe le godisitswe. Leletsang Jehofa pina, gonne o dirile ka tsela e e gaisang. Seno se itsisiwe mo lefatsheng lotlhe.’” (Isaia 12:4, 5) Fa e sa le ka 1919, Bakeresete ba ba tloditsweng—ba moragonyana ba neng ba thusiwa ke balekane ba bone ba “dinku tse dingwe”—ba ile ba ‘bolela dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe tsa yo o neng a ba bitsa mo lefifing a ba isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.’ Bone ke “lotso lo lo tlhophilweng, . . . setšhaba se se boitshepo” se se seegetsweng kwa thoko go diragatsa boikaelelo jono. (Johane 10:16; 1 Petere 2:9) Batlodiwa ba bolela gore leina la ga Jehofa le le boitshepo le godisitswe mme ba thusa go le itsise mo lefatsheng lotlhe. Ba etelela baobamedi botlhe ba ga Jehofa pele mo go itumeleleng thulaganyo ya gagwe ya gore ba bolokwe. Go ntse fela jaaka Isaia a bolela: “Goa ka go tlerebetsa o bo o goe ka boipelo, wena mosadi yo o nnang mo Siona, gonne Moitshepi wa Iseraele o mogolo mo gare ga gago”! (Isaia 12:6) Moitshepi wa Iseraele ke Jehofa Modimo ka boene.
Leba Kwa Isagweng O na Le Tsholofelo!
27. Fa Bakeresete ba ntse ba letetse gore tsholofelo ya bone e diragadiwe, ba tlhomamisega ka eng?
27 Gompieno dimilione tsa batho di thelegetse kwa ‘sesupong sa ditšhaba’—Jesu Keresete yo o tlhomilweng go nna kgosi mo Bogosing jwa Modimo. Ba itumelela go busiwa ke Bogosi joo e bile ba kgatlhegela go itse Jehofa Modimo le Morwawe. (Johane 17:3) Ba itumedisiwa thata ke go nna mo kutlwanong ya Bokeresete mme ba leka thata go tshela ka kagiso, kagiso e e leng letshwao la batlhanka ba ga Jehofa ba boammaaruri. (Isaia 54:13) E re ka ba tlhomamisega gore Jah Jehofa ke Modimo yo o diragatsang ditsholofetso tsa gagwe, ba na le tsholofelo e e tlhomameng mme ba itumelela thata go e bolelela ba bangwe. E kete moobamedi mongwe le mongwe wa ga Jehofa a ka tswelela pele a dirisa maatla a gagwe otlhe go direla Modimo le go thusa ba bangwe gore le bone ba dire jalo. E kete rotlhe re ka isa mafoko a ga Isaia pelong mme ra itumelela go bolokwa ke Mesia wa ga Jehofa!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lefoko “Mesia” le tswa mo go la Sehebera e bong ma·shiʹach, le le kayang “Motlodiwa.” Ka Segerika ke Khri·stosʹ, kana “Keresete.”—Mathaio 2:4, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW.
b Lefoko la Sehebera le le kayang “letlhogela” ke neʹtser, mme le le kayang “Monasaretha” ke Nots·riʹ.
[Ditshwantsho mo go tsebe 158]
Mesia ke “letlhogela” le le tswang mo go Jese, ka Kgosi Dafide
[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 162]
[Setshwantsho mo go tsebe 170]
Isaia 12:4, 5 jaaka e ntse mo Memenong ya Lewatle le le Suleng (Fa leina la Modimo le tlhagang gone go bontshitswe ka tsela e e tlhomologileng)