Kgaolo ya Lesomenne
Jehofa o Kokobetsa Motse o o Ikgodisang
1. Jaanong buka ya Isaia e leba kwa pele go le kana kang?
BUKA ya boporofeti ya ga Isaia e kwadilwe mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. ka nako ya fa Asiria e ne e tlhasela Naga e e Solofeditsweng. Jaaka go bonwe mo dikgaolong tse di fetileng tsa buka ya gagwe, Isaia o bolelela pele kafa dilo di tla diragalang ka teng a di nepa ka tsela e e tlhomologileng. Le fa go ntse jalo, buka eno ga e bue fela ka nako ya fa Asiria e busa. E bolelela pele go boa ga batho ba kgolagano ya ga Jehofa kwa botshwarong kwa dinageng di le dintsi, go akaretsa Shinare, kwa Babelona a leng teng. (Isaia 11:11) Mo go Isaia kgaolo 13, re fitlhela boporofeti jo bo gakgamatsang jo e tla reng bo diragadiwa bo bule tsela ya gore ba boe jalo. Boporofeti jono bo simolola ka mafoko a a reng: “Polelo kgatlhanong le Babelona e Isaia morwa Amosi a e boneng mo ponatshegelong.”—Isaia 13:1.
‘Mabela ke Tla a Kokobetsa’
2. (a) Hesekia o dirisana le Babelona jang? (b) “Sesupo” se se tla tsholediwang ke eng?
2 Juda o dirisana le Babelona ka nako ya fa Isaia a sa ntse a tshela. Kgosi Hesekia o lwala mo go botlhoko a bo a fola. Baemedi ba tswa kwa Babelona ba tlile go mo akgolela gore o fodile, gongwe ba na le boikaelelo jwa sephiri jwa go laletsa Hesekia go nna kafa letlhakoreng la bone fa ba lwa le Asiria. Kgosi Hesekia o tsaya kgato e e seng botlhale ka go ba bontsha dikhumo tsa gagwe tsotlhe. Ka ntlha ya seo, Isaia o bolelela Hesekia gore morago ga loso lwa kgosi, khumo eo yotlhe e tla isiwa Babelona. (Isaia 39:1-7) Seno se diragadiwa ka 607 B.C.E. fa Jerusalema a senngwa setšhaba se bo se isiwa botshwarwa. Le fa go ntse jalo, batho ba Modimo ba ba tlhophilweng ga ba kitla ba nnela ruri kwa Babelona. Jehofa o bolelela pele kafa a tla ba bulelang tsela ya go boela gae ka teng. O simolola jaana: “Tsholetsang sesupo mo thabeng ya mafika a a borethe. Ba tsholeletseng lentswe, kgatikanyang seatla, gore ba tsene mo dikgorong tsa batlotlegi.” (Isaia 13:2) “Sesupo” ke mmuso wa lefatshe o o tlhagogang o o tla digang Babelona go tswa mo boemong jwa yone jo bo tlotlometseng. Se tla tsholelediwa “mo thabeng ya mafika a a borethe”—mo se tla bong se bonala sentle go tswa kgakala. E re ka mmuso oo o mosha wa lefatshe o tla bo o bileditswe go tla go tlhasela Babelona, o tla phunyeletsa o tsena mo “dikgorong tsa batlotlegi,” dikgoro tsa motse o mogolo oo, o bo o o fenya.
3. (a) Batho “ba ba itshepisitsweng” ba Jehofa a tla ba tlhomang ke bomang? (b) Masole a baheitane a ‘itshepisiwa’ ka tsela efe?
3 Jaanong Jehofa a re: “Ke ntshitse taelo e e yang kwa bathong ba me ba ba itshepisitsweng. Gape ke biditse bathata ba me go bontsha bogale jwa me, ba ba itumelang ka tsela e e tlhomologileng. Reetsang! Boidiidi mo dithabeng, e kete batho ba bantsi! Reetsang! Pheretlhego ya magosi, ya ditšhaba tse di phuthegileng mmogo! Jehofa wa masomosomo o phutha masole a ntwa.” (Isaia 13:3, 4) Batho bano “ba ba itshepisitsweng” ba ba tlhomilweng gore ba kokobetse Babelona yo o ikgodisang ke bomang? Ke masole a a kopaneng a ditšhaba, “ditšhaba tse di phuthegileng mmogo.” Ba tlhasela Babelona ba tswa kwa kgaolong e e kwa kgakala ya dithaba. “Ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala, kwa ntlheng ya magodimo.” (Isaia 13:5) Ba itshepisitswe ka tsela efe? Kwantle ga pelaelo ga se gore ba boitshepo. Ke masole a baheitane a a sa kgatlhegeleng go direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, mo Dikwalong Tsa Sehebera, ‘go itshepisiwa’ go kaya “go tlhaolelwa go dirisiwa ke Modimo.” Jehofa a ka itshepisa masole a ditšhaba a bo a dirise dikeletso tsa bone tsa bogagapa go bontsha bogale jwa gagwe. O ne a dirisa Asiria jalo. O tla dirisa Babelona ka tsela e e tshwanang. (Isaia 10:5; Jeremia 25:9) Mme o tla dirisa ditšhaba tse dingwe go otlhaya Babelona.
4, 5. (a) Jehofa o bolelela pele eng ka Babelona? (b) Batho ba ba tlhaselang Babelona ba tla tshwanelwa ke go lebana le eng?
4 Babelona ga e ise e nne one mmuso o mogolo wa lefatshe o o laolang. Le fa go ntse jalo, Jehofa o dirisa Isaia go bolela polelo a bonela pele nako e Babelona a tla bong a le mo boemong joo ka yone, e bile o bolelela pele go wa ga gagwe. A re: “Bokolelang, gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi! Le tla tla jaaka thopo e e tswang kwa go Mothatayotlhe.” (Isaia 13:6) Ee, go ikgantsha ga Babelona go tla fetoga go bokolela ka khutsafalo. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya “letsatsi la ga Jehofa,” letsatsi le Jehofa a diragatsang katlholo mo go ene ka lone.
5 Le fa go ntse jalo, go tla kgonega jang gore Babelona a thopiwe? Fa nako ya ga Jehofa ya gore seno se diragale e tla, motse o tla bo o lebega o sireletsegile. Masole a a tlhaselang a tla lebana pele le tsela e Noka ya Euferatese e sireleditseng motse ka yone, e re ka e ralala motse fa gare mme metsi a yone a dirisiwa go tlatsa mosele wa tshireletso le go nosa motse. Go tswa foo go tla bo go na le dipota tse dikgolo tsa Babelona tse di gabedi, tse go lebegang di ka se ka tsa ralalwa. Mo godimo ga moo, motse o tla bo o na le mokoa wa dijo mo mabolokelong. Buka ya Daily Bible Illustrations e bolela gore Nabonidase—kgosi ya bofelo ya Babelona—“o ne a tsere matsapa a magolo go boloka dijo mo mabolokelong a motse, mme go ne go akanngwa gore motse o ne o na le [dijo] tse di lekaneng go fepa banni ba koo ka dingwaga di le masome a mabedi.”
6. Go tla diragala eng go sa lebelelwa fa Babelona a tlhaselwa jaaka go boleletswe pele?
6 Le fa go ntse jalo, tebego ya kafa ntle e ka tsietsa. Isaia a re: “Ke gone ka moo diatla tsotlhe di tla repang, mme pelo yotlhe ya motho yo o nang le go swa e tla nyera. Mme batho ba fuduegile. Ba tshwarwa ke metotwane le ditlhabi tsa pelegi; ba na le ditlhabi tsa pelegi jaaka mosadi yo o belegang. Ba lebana ba gakgametse. Difatlhego tsa bone ke difatlhego tse di fisang.” (Isaia 13:7, 8) Fa masole a a thopang a tlhasela motse, boiketlo jwa banni ba one bo tla fetoga botlhoko jwa tshoganetso e bile e le jo bo tseneletseng jaaka jwa mosadi yo o belegang. Dipelo tsa bone di tla nyera ka go boifa. E re ka ba tla bo ba gamaregile, diatla tsa bone di tla repa, ba sa kgone go itshireletsa. Difatlhego tsa bone di tla bo di ‘fisa’ ka ntlha ya poifo le tlalelo. Ba tla lebana ba gakgametse, ba ipotsa gore go tla jang gore motse wa bone o mogolo o we.
7. “Letsatsi la ga Jehofa” le le tlang ke eng, mme le tla nna le diphelelo dife mo Babelona?
7 Le fa go ntse jalo, gone o tla wa. Babelona o tla lebana le letsatsi la go sekisiwa, “letsatsi la ga Jehofa,” le le tla bong le le botlhoko ruri. Moatlhodi yo mogolo o tla bontsha bogale jwa gagwe a bo a tlisetsa banni ba Babelona ba baleofi katlholo e e ba tshwanetseng. Boporofeti jwa re: “Bona! Letsatsi la ga Jehofa le etla, le setlhogo ka tšhakgalo le ka bogale jo bo tukang, gore lefatshe le dirwe selo sa go akabalelwa, le gore le nyeletse baleofi ba lefatshe mo go lone.” (Isaia 13:9) Babelona ga a na isagwe e e itumedisang. Go ntse jaaka e kete letsatsi, ngwedi, le dinaledi tsotlhe di kgaotsa go ntsha lesedi. “Gonne dinaledi tsa magodimo le masomo a tsone a Kesile ga di kitla di phatsimisa lesedi la tsone; letsatsi le tla fifala fa le tswa, le ngwedi ga e kitla e dira gore lesedi la yone le phatsime.”—Isaia 13:10.
8. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a laela gore Babelona a we?
8 Ke ka ntlha yang fa motse ono o o ikgantshang o diragalelwa ke selo se se ntseng jaana? Jehofa a re: “Ke tla tlisetsa naga e e ungwang kotlhao ka ntlha ya bosula jwa yone, le baikepi ka ntlha ya tlolo ya bone. Mme ke tla dira gore boikgogomoso jwa baikgodisi bo kgaotse, le mabela a bapatiki ke tla a kokobetsa.” (Isaia 13:11) Go tshololwa ga bogale jwa ga Jehofa e tla bo e le go otlhaiwa ga Babelona a otlhaelwa bosetlhogo jo a bo diretseng batho ba Modimo. Lefatshe lotlhe le tla boga ka ntlha ya bosula jwa Bababelona. Bagateledi bano ba ba ikgogomosang ga ba kitla ba tlhola ba tlontlolola Jehofa phatlalatsa!
9. Ke eng se se tla diragalelang Babelona ka letsatsi la ga Jehofa la katlholo?
9 Jehofa a re: “Ke tla dira gore motho yo o nang le go swa a bonwe sewelo go feta gouta e e itshekileng, le motho wa mo lefatsheng a bonwe sewelo go feta gouta ya Ofire.” (Isaia 13:12) Ee, motse o tla nna kgakgabalo. Jehofa o tswelela pele jaana: “Ke gone ka moo ke tla dirang gore legodimo le fuduege, le lefatshe le tla reketla le tswe mo lefelong la lone ka ntlha ya tšhakgalo ya ga Jehofa wa masomosomo le ka letsatsi la bogale jwa gagwe jo bo tukang.” (Isaia 13:13) “Legodimo” la Babelona, medimo le medimo ya gagwe ya sesadi e mentsintsi, e tla fuduega, e sa kgone go thusa motse ka nako e o tlhokang thuso ka yone. “Lefatshe,” Mmusomogolo wa Babelona, o tla reketlisiwa o tlosiwa mo lefelong la one o bo o gakologelwa fela jaaka mmusomogolo mongwe o o fedileng. “Go tla diragala gore, jaaka tshephe e e lelekiwang le jaaka letsomane le le se nang ope yo o ka le phuthang mmogo, ba tla retologa, mongwe le mongwe a ya kwa bathong ba gagabo; mme ba tla tshaba, mongwe le mongwe a tshabela kwa lefatsheng la gagabo.” (Isaia 13:14) Batshegetsi botlhe ba Babelona ba dinaga di sele ba tla mo latlha mme ba tshabe, ba solofetse go nna le botsalano jo bosha le mmuso wa lefatshe o o tla fenyang. Labofelo Babelona o tla nna le tlalelo ya motse o o fentsweng, tlalelo eo a e diretseng ba bangwe ba bantsintsi ka nako ya fa a ne a busa: “Mongwe le mongwe yo o tla fitlhelwang o tla tlhabiwa, mme mongwe le mongwe yo o tshwarwang mo kgailong o tla wa ka tšhaka; mme bana ba bone ba tla phatlakanngwa fa pele ga matlho a bone. Matlo a bone a tla thopiwa, le basadi ba bone ba tla betelelwa.”—Isaia 13:15, 16.
Se Modimo a se Dirisang go Senya
10. Jehofa o tla dirisa mang go fenya Babelona?
10 Jehofa o tla dirisa mmuso ofe go diga Babelona? Dingwaga di ka nna 200 pele ga nako, Jehofa o senola karabo: “Bona, ke kurusa Bameda kgatlhanong le bone, ba ba kayang selefera e se sepe, le ba ba sa natefelelweng ke gouta. Mme mara a bone a tla phatlakanya le one makawana tota. Mme ga ba kitla ba tlhomogela maungo a sebopelo pelo; leitlho la bone ga le kitla le utlwela barwa botlhoko. Mme Babelona, mokgabiso wa magosi, bontle jwa boikgogomoso jwa Bakaladia, o tla nna jaaka fa Modimo a ne a ribegetsa Sodoma le Gomora.” (Isaia 13:17-19) Babelona yo o tlotlometseng o tla wa, mme Jehofa o tla dirisa masole a a tswang kwa nageng e e kgakala e e dithaba ya Media go dira seno.a Kgabagare, Babelona o tla swafala fela jaaka metse e e tletseng boitsholo jo bo maswe thata ya Sodoma le Gomora.—Genesise 13:13; 19:13, 24.
11, 12. (a) Media o nna mmusomogolo wa lefatshe jang? (b) Boporofeti bo umaka mokgwa ofe o o sa tlwaelegang wa masole a Media?
11 Mo motlheng wa ga Isaia, Media mmogo le Babelona ba laolwa ke Asiria. Dingwaga di ka nna lekgolo moragonyana, ka 632 B.C.E., Media le Babelona ba ikopanya go diga Ninife, motsemogolo wa Asiria. Seno se bulela Babelona sebaka sa gore a nne mmusomogolo o o laolang. Ga a lemoge gore dingwaga di ka nna 100 morago ga moo, Media o tla mo senya! Ke mang yo o neng a ka dira polelelopele e e tlhomameng jaana fa e se Jehofa Modimo fela?
12 Fa Jehofa a tlhalosa se a tlhophileng go se dirisa fa a senya, o bolela gore masole a Media ‘a kaya selefera e se sepe, le gone ga a natefelelwe ke gouta.’ A mokgwa o o sa tlwaelegang jang ne ka masole a a ratang ntwa! Mokanoki mongwe wa Baebele e bong Albert Barnes a re: “Ga se masole a mantsi a a ileng a tlhasela a sa tlhotlhelediwe ke tsholofelo ya go bona thopo.” A masole a Bameda a diragatsa mafoko a ga Jehofa mo ntlheng eno? Ee. Akanya ka mafoko ano a a mo bukeng ya The Bible-Work, e e kwadilweng ke J. Glentworth Butler: “Bameda, le Baperesia bogolo jang, ba ne ba farologane le bontsi jwa ditšhaba tse di kileng tsa lwa ka gonne bone ba ne ba se na sepe le gouta mme ba ne ba amegile fela ka go fenya le kgalalelo.”b Ka ntlha ya seno, ga go gakgamatse gore fa mmusi wa Peresia e bong Kurose a golola Baiseraele mo botshwarong jwa Babelona, o ba busetsa diketekete tsa dijana tsa gouta le selefera tse Nebukadenesare a di thopileng kwa tempeleng ya Jerusalema.—Esera 1:7-11.
13, 14. (a) Le fa batlhabani ba Bameda le ba Baperesia ba sa kgatlhegele thopo, ba rata eng? (b) Kurose o fenya jang dithibedi tsa tshireletso tse Babelona a ikgantshang ka tsone?
13 Le fa batlhabani ba Media le ba Peresia ba se na sepe le thopo, gone ba rata maemo. Ga ba batle go fetwa ke setšhaba sepe fela mo lefatsheng ka maemo. Mo godimo ga moo, Jehofa o tsenya “thopo” mo dipelong tsa bone. (Isaia 13:6) Ka gone, ba ititeile sehuba gore ba tla fenya Babelona ka mara a bone a tshipi—a a ka dirisiwang e seng fela go hula marumo mme gape le go itaya le go tlantla masole a baba, bana ba basadi ba Bababelona.
14 Kurose, moeteledipele wa masole a Bameda le Baperesia, ga a kgobiwe marapo ke dikago tsa itshireletso tsa Babelona. Mo bosigong jwa October 5/6, 539 B.C.E., o laela gore metsi a Noka ya Euferatese a faposiwe. Fa metsi a ntse a ngotlega, batlhasedi ba nanabela mo motseng, ba tsamaya ba ipaphathile ka lotshitshi lwa noka mo metsing a a fitlhang fela mo diropeng. Banni ba Babelona ba a tshoganediwa, mme Babelona o a wa. (Daniele 5:30) Jehofa Modimo o tlhotlheletsa Isaia gore a bolelele ditiragalo tseno pele, a dira gore go phepafale gore ke Ene a kaelang dilo.
15. Babelona o tlile go diragalelwa ke eng mo isagweng?
15 Babelona o tla senngwa gotlhelele ka selekanyo se se kana kang? Reetsa polelo ya ga Jehofa: “Ga a kitla a nniwa, le fa e le go nna le lefelo la bonno kokomana morago ga kokomana. Mme Moaraba ga a kitla a tlhoma mogope wa gagwe gone, e bile ga go na badisa ba ba tla letlang matsomane a bone a botha gone. Tse di nnang mo dikgaolong tse di se nang metsi di tla botha gone, mme matlo a tsone a tla tlala ka merubisi ya sekantsu. Bontšhe ba tla aga gone, le madimona a a bopegileng jaaka dipodi a tla tlolaka gone. Bophokoje ba tla bokolela mo ditoreng tsa gagwe tsa bonno, mme noga e kgolo e tla bo e le mo matlong a segosi a a itumedisang thata. Mme paka ya gagwe e gaufi le go tla, mme malatsi a gagwe ga a kitla a busediwa morago.” (Isaia 13:20-22) Motse o tla swafadiwa gotlhelele.
16. Seemo se Babelona a leng mo go sone gone jaanong se re tlhomamisetsa eng?
16 Seno ga se a ka sa diragala ka bonako ka 539 B.C.E. Le fa go ntse jalo, gompieno go bonala sentle gore sengwe le sengwe se Isaia a se boleletseng pele kaga Babelona se diragetse. Mokanoki mongwe wa Baebele a re Babelona, “gone jaanong le ka makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, e ntse e le tshwafalo e kgolo, le mokoa wa marope.” Go tswa foo o oketsa jaana: “Fa o a bona o setse o gakologelwa kafa dipolelelopele tsa ga Isaia le Jeremia di diragaditsweng ka tlhomamo ka teng.” Go phepafetse gore ga go na motho ope mo motlheng wa ga Isaia yo o neng a ka bolelela pele go wa ga Babelona le go swafala ga gagwe morago ga moo. Kana gone, Babelona o ne a digwa ke Bameda le Baperesia dingwaga di ka nna 200 Isaia a se na go kwala buka ya gagwe! Mme o ne a swafadiwa gotlhelele makgolo a sekae a dingwaga moragonyana. A seno ga se nonotshe tumelo ya rona mo Baebeleng gore ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng? (2 Timotheo 3:16) Mo godimo ga moo, e re ka Jehofa a ile a diragatsa boporofeti mo dinakong tse di fetileng, re ka dumela re sa belaele gore boporofeti jwa Baebele jo bo iseng bo diragale bo tla diragadiwa ka nako ya Modimo e e tshwanetseng.
“Boikhutso mo Botlhokong Jwa Gago”
17, 18. Go fenngwa ga Babelona go tla tlisetsa Iseraele masego afe?
17 Go wa ga Babelona go tla tlisetsa Iseraele kgololo. Go tla raya gore ba gololwa mo botshwarong mme ba nna le sebaka sa go boela kwa Nageng e e Solofeditsweng. Ka gone, jaanong Isaia a re: “Jehofa o tla bontsha Jakobe kutlwelobotlhoko, mme ruri o sa ntse a tla tlhopha Iseraele; o tla ba naya boikhutso mo lefatsheng la bone, mme moagi wa moeng o tla kopanngwa le bone, mme ba tla ikgolaganya le ntlo ya ga Jakobe. Mme ditšhaba di tla ba tsaya di ba isa kwa lefelong la bone, mme ntlo ya Iseraele e tla ba itseela jaaka thuo mo lefatsheng la ga Jehofa e le batlhanka le malata; mme ba tla nna batshwari ba batho bao ba ba dirileng batshwarwa, mme ba tla laola ba ba neng ba ba gatelela go dira.” (Isaia 14:1, 2) Fano “Jakobe” o emela Iseraele yotlhe fela—ditso tsotlhe tse 12. Jehofa o tla bontsha “Jakobe” kutlwelobotlhoko ka go letla gore setšhaba se boele gae. Ba tla bo ba patilwe ke diketekete tsa batswakwa, mme bontsi jwa bone bo tla direla Baiseraele e le batlhanka ba tempele. Bangwe ba Baiseraele e bile ba tla laola batho bao e neng e ntse e le batshwari ba bone ba nako e e fetileng.c
18 Botlhoko jwa go nna kwa botshwarwa bo tla bo bo fetile. Mo boemong jwa seo, Jehofa o tla naya batho ba gagwe “boikhutso mo botlhokong jwa [bone] le mo khuduegong ya [bone] le mo botlhankeng jo bo thata jo [ba] neng [ba] dirwa [batlhanka] mo go jone.” (Isaia 14:3) E re ka Iseraele a tla bo a golotswe mo maikarabelong a a lapisang a bokgoba, ga a kitla a tlhola a nna le botlhoko le matshwenyego a go nna mo gare ga baobamedi ba medimo ya maaka. (Esera 3:1; Isaia 32:18) Fa e akgela ka seno, buka ya Lands and Peoples of the Bible ya re: “Mobabelona o ne a tshwana kgo! le medimo ya gagwe, ka mekgwa ya gagwe yotlhe e e bosula. E ne e le magatlapa, matagwa le dimaumau.” A bo ba ne ba gololesega jang ne gore ba falole mo tikologong e e bosula jalo ya bodumedi!
19. Ke eng se se tlhokegang gore Iseraele a itshwarelwe ke Jehofa, mme re ithuta eng mo go seno?
19 Le fa go ntse jalo, kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa ga e itlele fela. Batho ba gagwe ba tshwanetse ba bontsha go ikwatlhaela boikepo jwa bone, jo bo neng jwa dira gore Modimo a ba otlhaye mo go botlhoko jaana. (Jeremia 3:25) Go ipolela ka kgololesego go tswa pelong go tla dira gore Jehofa a ba itshwarele. (Bona Nehemia 9:6-37; Daniele 9:5.) Molaomotheo ono o a dira le gompieno. E re ka ‘go se na motho ope yo o sa leofeng,’ rotlhe re tlhoka kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa. (2 Ditiragalo 6:36) Jehofa, Modimo o o kutlwelobotlhoko, o re kopa ka lorato gore re ipolele maleo a rona mo go ene, re ikotlhae, mme re tlogele tsela epe fela e e phoso, gore re tle re fodisiwe. (Duteronome 4:31; Isaia 1:18; Jakobe 5:16) Seno ga se dire fela gore a boe a re amogele mme gape se a re gomotsa.—Pesalema 51:1; Diane 28:13; 2 Bakorintha 2:7.
‘Polelo ya Seane’ Kgatlhanong le Babelona
20, 21. Baagelani ba Babelona ba itumela jang fa a wa?
20 Dingwaga di feta 100 pele Babelona a nna mmusomogolo wa lefatshe, Isaia o bolelela pele kafa lefatshe le tla itshwarang ka teng fa a wa. Ka tsela ya boporofeti, o laela Baiseraele ba ba golotsweng mo botshwarong jwa gagwe jaana: “O tla ntshetsa kgosi ya Babelona polelo eno ya seane o re: ‘A bo yo o gatelelang ba bangwe go dira a eme, go gatelela go eme! Jehofa o robile thobane ya baikepi, lore lwa ba ba busang, yo o itayang ditšhaba ka tšhakgalo ka titeo a sa kgaotse, yo o fenyang ditšhaba ka bogale ka pogiso e e sa thibelweng.’” (Isaia 14:4-6) Babelona o setse a dirile gore a itsiwe e le mofenyi, mogateledi yo o fetolang batho ba ba gololesegileng a ba dira makgoba. A bo go tshwanela jang ne gore go wa ga gagwe go itsisiwe ka “polelo ya seane” e e lebisitsweng thata kwa losikeng lwa segosi lwa Babelona—go simolola ka Nebukadenesare go felela ka Nabonidase le Beleshasare—lo lo neng lo busa ka nako ya malatsi a kgalalelo a motse o mogolo ono!
21 A bo go wa ga gagwe go tla tlisa phetogo e kgolo jang ne! “Lefatshe lotlhe le ikhuditse, le dule mo matshwenyegong. Batho ba thamile e bile ba goa ka boipelo. Le eleng ditlhare tsa mofira di ile tsa ipela ka wena, masedara a Lebanona, a re, ‘Fa e sale o rapama, ga go na moremi ope wa logong yo o re tsogologelang.’” (Isaia 14:7, 8) Mo babusing ba Babelona, dikgosi tsa ditšhaba tse di neng di ba dikologile di ne di tshwana le ditlhare tse ba tshwanetseng go di kgaola ba bo ba di itirisetsa. Ebu, seo sotlhe se fedile. Moremi wa dikgong wa Mobabelona o remile setlhare sa gagwe sa bofelo!
22. Ka tsela ya poko, Sheole e amiwa jang ke go wa ga losika lwa segosi lwa Babelona?
22 Go wa ga Babelona go gakgamatsa mo eleng gore phupu ka boyone e a gakgamala: “Le eleng Sheole kafa tlase e go fuduegetse gore e go kgatlhantshe fa o tsena. E go tsoseditse batho ba ba se nang maatla mo losong, baeteledipele botlhe ba sekadipodi ba lefatshe. E dirile gore dikgosi tsotlhe tsa ditšhaba di nanoge mo ditulong tsa tsone tsa bogosi. Botlhe ba bua ba go raya ba re, ‘A le wena o koafaditswe fela jaaka rona? A o tshwantshitswe le rona? Boikgogomoso jwa gago bo foloseditswe kwa Sheole, leratla la diletswa tsa gago tsa megala. Kafa tlase ga gago, dibokwana di ikadile jaaka sekanamelo; mme diboko ke sebipo sa gago.’” (Isaia 14:9-11) A tlhaloso e e maatla ya poko! Go ntse jaaka e kete phupu e e tlwaelegileng ya batho e ne e tla tsosa dikgosi tsotlhe tse di suleng pele ga losika lwa segosi lwa Sebabelona gore di dumedise yo o magorogomasha. Ba kgesa mmuso wa Bababelona, o jaanong o se nang maatla, o robetse mo bolaong jwa dibokwana go na le go robala mo bolaong jo bo turang, o bipilwe ke diboko mo boemong jwa matsela a a tlhwatlhwakgolo.
“Jaaka Setoto se se Gatakilweng”
23, 24. Dikgosi tsa Babelona di bontsha boikgodiso jang ka tsela e e feteletseng?
23 Isaia o tsweledisa polelo ya seane pele: “A bo o ole kwa legodimong, wena yo o phatsimang, morwa bosa! A bo o kgaoletswe mo lefatsheng, wena yo o neng o koafatsa ditšhaba!” (Isaia 14:12) Boikgogomoso jwa bogagapa bo rotloetsa dikgosi tsa Babelona gore di itseele kwa godimo ga tse di di dikologileng. Jaaka naledi e e phatsimang mo loaping ka makuku, di dirisa thata le taolo ka boikgodiso. Selo se segolo se se dirang gore ba ikgogomose ke gore Nebukadenesare o fentse Jerusalema, selo se Asiria a paletsweng ke go se dira. Polelo ya seane e bontsha fa losika lo lo ikgogomosang lwa segosi lwa Babelona lo re: “Ke tla tlhatlogela kwa magodimong. Ke tla tsholeletsa setulo sa me sa bogosi kwa godimo ga dinaledi tsa Modimo, mme ke tla nna fa fatshe mo thabeng ya bokopanelo, mo dikarolong tse di kwa kgakala thata tsa bokone. Ke tla tlhatlogela kwa godimo ga mafelo a a kwa godimo a maru; ke tla itira gore ke tshwane le Mogodimodimo.” (Isaia 14:13, 14) A go ka nna le boikgodiso jo bo fetang jo?
24 Mo Baebeleng dikgosi tsa losika lwa segosi lwa ga Dafide di tshwantshiwa le dinaledi. (Dipalo 24:17) Go tloga ka Dafide go ya pele, “dinaledi” tseo di ne di busa di le kwa Thabeng ya Siona. Fa Solomone a se na go aga tempele kwa Jerusalema, leina Siona le ne la akaretsa motse otlhe. Mo kgolaganong ya Molao, Baiseraele botlhe ba banna ba ne ba tlamega go ya Siona gararo ka ngwaga. Ka gone, e ne ya nna ‘thaba ya bokopanelo.’ Ka go ikaelela gore a fenye dikgosi tsa Judea a bo a di tlosa mo thabeng eo, Nebukadenesare o bolela gore o ikaeletse go ipaya kwa godimo ga “dinaledi” tseo. Ga a neye Jehofa tlotlo ka go mo thusa go ba fenya. Go na le moo, tota o ipaya ka boikgogomoso mo boemong jwa ga Jehofa.
25, 26. Losika lwa segosi lwa Babelona lo fela ka matlhabisaditlhong jang?
25 A bo losika lo lo ikgogomosang lwa dikgosi tsa Babelona lo tla fetogelwa ke dilo jang ne! Ga go ka ke ga direga gore Babelona a nne kwa godimo ga dinaledi tsa Modimo. Go na le moo, Jehofa a re: “O tla folosediwa kwa Sheole, kwa tengteng ga kgatampi. Ba ba go bonang ba tla go tlhoma matlho; ba tla go tlhatlhoba thata, ba re, ‘A yo ke ene motho yo o neng a fudua lefatshe, yo o neng a reketlisa magosi, yo o neng a dira gore naga e e ungwang e nne jaaka naga le yo o neng a ribegetsa metse ya yone, yo o neng a se ka a bulela le one magolegwa a gagwe tsela ya go ya gae?’” (Isaia 14:15-17) Losika lwa segosi lo lo ikgogomosang lo tla fologela kwa Hadese (Sheole), fela jaaka mongwe le mongwe.
26 O tla bo o le kae he, mmuso o o neng wa fenya magosi, wa senya naga e e ungwang, wa diga metse e mentsintsi? O tla bo o le kae mmuso wa lefatshe o o neng wa tsaya batshwarwa mme wa se ka wa tlhola o ba letla go boela gae? Ebu, tota le e leng go fitlhwa, losika lwa segosi lwa Babelona ga lo kitla lo fitlhwa sentle! Jehofa a re: “Dikgosi tse dingwe tsotlhe tsa ditšhaba, ee tsotlhe, di rapame ka kgalalelo, nngwe le nngwe mo ntlong ya yone. Mme fa e le wena, o latlhilwe o se na lefelo la go fitlhela, jaaka letlhogela le le tlhoilweng, o apere banna ba ba bolailweng ba ba tlhabilweng ka tšhaka ba ba fologelang kwa majeng a kgatampi, jaaka setoto se se gatakilweng. Ga o kitla o kopanngwa le bone mo phupung, ka gonne o sentse lefatshe la gago, o bolaile batho ba gago. Bana ba badirabosula ga ba kitla ba umakiwa ka bosakhutleng.” (Isaia 14:18-20) Mo metlheng ya bogologolo, go ne go tsewa e le matlhabisaditlhong fa kgosi e sa fitlhwa ka tsela e e kgethegileng. Ka jalo go tweng ka losika lwa segosi lwa Babelona? Ke boammaaruri gore gongwe dikgosi di fitlhwa ka tlotlo ka bongwe ka bongwe, mme losika lwa segosi lwa mmusomogolo lwa ditlogolwana tsa ga Nebukadenesare lo latlhiwa “jaaka letlhogela le le tlhoilweng.” Go ntse jaaka e kete losika lono lwa segosi lo ne lo latlhelwa mo phupung e e sa tshwaiwang—jaaka lesole fela la dinao le le bolailweng kwa ntweng. A ditlhong!
27. Dikokomana tse di latelang tsa Bababelona di boga jang ka ntlha ya tlolo ya borraabonemogologolwane?
27 Polelo ya seane e felela ka ditaelo tsa bofelo tse di yang kwa Bamedeng le Baperesieng ba ba fenyang: “Baakanyetsang barwa ba gagwe lefelo la go bolawa ka ntlha ya tlolo ya borraabonemogologolwane, gore ba se ka ba nanoga mme ba rua lefatshe ba tlatsa naga e e ungwang ka metse.” (Isaia 14:21) Babelona o tla wela ruri. Losika lwa Babelona lwa segosi lo tla bo lo phimotswe. Ga lo kitla lo tsosolosiwa. Dikokomana tsa nako e e tlang tsa Bababelona di tla boga ka ntlha ya “tlolo ya borraabonemogologolwane.”
28. Ke eng se se neng sa baka boleo jwa dikgosi tsa Babelona, mme seno se re ruta eng?
28 Katlholo e e bolelwang kgatlhanong le losika lwa Babelona lwa segosi ke thuto e e mosola mo go rona. Selo se se bakileng boleo jwa dikgosi tsa Babelona e ne e le go rata maemo ga bone mo go sa feleng. (Daniele 5:23) Dipelo tsa bone di ne di tletse keletso ya go nna le taolo. Ba ne ba batla go laola batho ba bangwe. (Isaia 47:5, 6) Gape ba ne ba rata thata gore batho ba ba galaletse ka kgalalelo e tota e leng ya Modimo. (Tshenolo 4:11) Seno ke tlhagiso mo go ope fela yo o nang le taolo—tota le mo phuthegong ya Bokeresete. Go rata maemo le boikgogomoso jwa bogagapa ke mekgwa e Jehofa a se kitlang a e letlelela, e ka tswa e le mo bathong kana mo ditšhabeng.
29. Boikgodiso le go rata maemo ga babusi ba Bababelona go ne go bontsha eng?
29 Boikgodiso jwa babusi ba Babelona bo ne bo bontsha gore ba na le moya wa “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” Satane Diabolo. (2 Bakorintha 4:4) Le ene o eletsa go nna le taolo mme o batla go ipaya kwa godimo ga ga Jehofa Modimo. Fela jaaka go ne ga diragala ka kgosi ya Babelona le batho ba e neng ya ba fenya, go rata maemo ga ga Satane ga boikepo go tliseditse batho botlhe mathata le matshwenyego.
30. Mo Baebeleng go umakiwa Babelona ofe yo mongwe, mme o bontshitse moya ofe?
30 Mo godimo ga moo, mo bukeng ya Tshenolo, re utlwa ka Babelona yo mongwe—“Babelona o Mogolo.” (Tshenolo 18:2) Mokgatlho ono, mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, le one o bontshitse moya wa boikgodiso, wa go gatelela le wa bosetlhogo. Ka ntlha ya seo, le ene o tshwanelwa ke go lebana le “letsatsi la ga Jehofa” mme a senngwe ka nako ya Modimo e e tshwanetseng. (Isaia 13:6) Fa e sa le ka 1919 molaetsa ono o ntse o utlwala mo lefatsheng lotlhe: “Babelona o Mogolo o ole!” (Tshenolo 14:8) E rile a sa kgone go nna a beile batho ba Modimo kwa botshwarwa, a wa. Go ise go ye kae o tla senyediwa ruri. Jehofa o ne a laela jaana ka Babelona wa bogologolo: “Mo dueleng go ya ka tiro ya gagwe. Mo direleng go ya ka sotlhe se a se dirileng. Gonne o diretse Jehofa ka boikgodiso, e bong Moitshepi wa Iseraele.” (Jeremia 50:29; Jakobe 2:13) Babelona o Mogolo le ene o tla atlholwa ka tsela e e tshwanang.
31. Ke eng se se tla tlogang se diragalela Babelona o Mogolo?
31 Ka gone, mafoko a ga Jehofa a bofelo a boporofeti jono mo bukeng ya Isaia ga a dire mo go Babelona wa bogologolo fela mme a dira le mo go Babelona o Mogolo: “Ke tla ba tsogologela . . . Ke tla kgaola leina le masalela le lotsalo le ditlogolwana mo Babelona . . . Ke tla mo dira gore a nne thuo ya dinoko le megobe ya metsi e e tletseng lotlhaka, mme ke tla mo feela ka lofeelo lo lo nyeletsang.” (Isaia 14:22, 23) Matlotla a a swafetseng a Babelona wa bogologolo a bontsha se Jehofa a tla tlogang a se direla Babelona o Mogolo. A bo seo se gomotsa batho ba ba ratang kobamelo ya boammaaruri jang ne! Seo se re kgothatsa tota gore re leke ka natla gore le ka motlha re se ka ra letla mekgwa e e bosula ya boikgogomoso, manganga, kana bosetlhogo ya tsena mo go rona!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Isaia o umaka Bameda fela ka leina, mme ke ditšhaba di le mmalwa tse di tla bong di itirile seoposengwe kgatlhanong le Babelona—Media, Peresia, Elama, le ditšhaba tse dingwe tse dipotlana. (Jeremia 50:9; 51:24, 27, 28) Ditšhaba tse di dikologileng di bitsa Bameda mmogo le Baperesia di re “Bameda.” Mo godimo ga moo, mo motlheng wa ga Isaia, Media ke one mmuso o o laolang. Peresia e simolola go laola fa e busiwa ke Kurose.
b Le fa go ntse jalo, go bonala gore moragonyana Bameda le Baperesia ba ne ba simolola go rata dikhumo thata.—Esethere 1:1-7.
c Ka sekai, Daniele o ne a tlhomiwa go nna modiredimogolo kwa Babelona fa go ne go busa Bameda le Baperesia. Mme mo e ka nnang dingwaga di le 60 moragonyana, Esethere o ne a nna mohumagadi wa Kgosi ya Peresia e leng Ahasueruse, mme Moredekai a nna tonakgolo ya Mmusomogolo otlhe wa Peresia.
[Setshwantsho mo go tsebe 178]
Babelona o o oleng o tla fetoga lefelo la ditshedi tsa sekaka
[Ditshwantsho mo go tsebe 186]
Fela jaaka Babelona wa bogologolo, Babelona o Mogolo o tla nna mokoa wa marope